Monna a re: “Fa nna le Sarah * re sena go nyalana re ne ra ya go nna le ba lelapa la gaetsho. Letsatsi lengwe, kgarebe ya ga nnake e ne ya nkopa gore ke mo ise gae ka koloi ya rona. Ke ne ka dumela mme ka tsamaya le morwaake yo mmotlana. Mme fa ke boa, ke ne ka fitlhela Sarah a galefile thata. Re ne ra simolola go omana, mme o ne a ntatofatsa ka gore ke rata basadi, a bua jalo fa pele ga ba lelapa la gaetsho. Ke ne ka galefa mme ka simolola go bua dilo tse di neng tsa mo galefisa le go feta.”

Mosadi a re: “Morwaarona o ne a lwala fela thata mme ka nako eo re ne re na le mathata a madi. Ka jalo, fa Fernando a ne a tsaya koloi a bo a tsamaya le kgarebe ya ga monnawe le morwaarona, ke ne ke utlwisitswe botlhoko ke dilo di le mmalwa. Fa a goroga, ke ne ka mmolelela kafa ke ikutlwang ka teng. Re ile ra omana thata le go bitsana ka maina a a sotlang. Morago ga moo ke ne ke utlwile botlhoko thata.”

FA BANYALANI ba omana, a seo se bolela gore ga ba tlhole ba ratana? Nnyaa! Fernando le Sarah, ba ba umakilweng fa godimo, ba ratana thata. Le fa go ntse jalo, tota le mo manyalong a a atlegileng, go nna le dikgotlhang ka dinako tse dingwe.

Ke ka ntlha yang fa go nna le dikgotlhang, mme o ka dirang gore di se ka tsa senya lenyalo la gago? E re ka lenyalo le simolotswe ke Modimo, go a utlwala go sekaseka gore Lefoko la gagwe, Baebele, la reng ka kgang eno.—Genesise 2:21,22; 2 Timotheo 3:16,17.

Go Tlhaloganya Mathata

Banyalani ba le bantsi ba batla go tshwarana ka tsela e e pelonomi le e e lorato. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua boammaaruri fa e re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo, fa go nna le dikgotlhang go ka nna thata go itshwara. Mme fa go nna le komano, bangwe ba ka go fitlhela go le thata go tila mekgwa e e sa siamang, e e jaaka go goa le go dirisa puo e e sotlang. (Baroma 7:21; Baefeso 4:31) Ke dilo dife tse dingwe tse di ka bakang bothata?

Gantsi banna le basadi ba bua ka ditsela tse di sa tshwaneng. Michiko a re: “Fa re sena go nyalana, ke ne ka lemoga gore re na le mekgwa e e sa tshwaneng ya go bua. Ga ke rate go tlotla fela ka se se diragetseng mme gape ke rata go tlotla le gore goreng se diregile le gore se diregile jang. Go bonala monna wa me ene a kgatlhegela go itse fela gore kgang e feletse jang.”

Ga se Michiko fela yo o nang le bothata joo. Mo manyalong a le mantsi, molekane yo mongwe a ka batla gore go buiwe ka botlalo ka kganetsano e e leng teng, fa yo mongwe ene a sa rate kganetsano mme a bona go le molemo gore go se ka ga buiwa gotlhelele ka kgang eo. Ka dinako tse dingwe fa molekane yo mongwe a nnela go tlotla ka kgang eo, seo se dira gore yo mongwe a leke thata gore go se ka ga buiwa ka yone. A mokgwa ono o setse o le teng mo lenyalong la gago? A ka metlha go lebega yo mongwe a batla gore go buiwe ka botlalo ka kgang fa yo mongwe ene a sa batle gore go buiwe ka yone gotlhelele?

Ntlha e nngwe gape e re tlhokang go e akanyetsa   ke ya gore tsela e motho a godisitsweng ka yone e ka tlhotlheletsa tsela e a lebang puisano mo lenyalong ka yone. Justin, yo o nang le dingwaga di le tlhano a nyetse a re: “Ke goletse mo lelapeng la batho ba ba sa bueng thata mme ke fitlhela go le boima go bolelela ba bangwe kafa ke ikutlwang ka teng. Seno se betisa mosadi wa me pelo. Ba lelapa la gagwe ke batho ba ba kgonang go tlhalosa maikutlo a bone fela thata mme le ene ga a na bothata go mpolelela kafa a ikutlwang ka gone.”

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Leka go Rarabolola Mathata?

Babatlisisi ba lemogile gore selo sa botlhokwa se se bontshang gore a lenyalo e tla nna le le itumetseng, ga se gore banyalani ba bolelelana ga kae gore ba a ratana. Go nna le kamano e e molemo ya tlhakanelodikobo le go nna le madi a mantsi le tsone ga se dilo tsa botlhokwa. Go na le moo, selo sa botlhokwa se se bontshang gore lenyalo le tla atlega ke fa monna le mosadi ba kgona go rarabolola dikgotlhang dipe fela tse di nnang teng.

Mo godimo ga moo, Jesu o ne a re fa batho ba nyalana, ga ba kopanngwe ke motho go na le moo ba kopanngwa ke Modimo. (Mathaio 19:4-6) Ka jalo, lenyalo le le molemo le tlotla Modimo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa monna a sa bontshe mosadi wa gagwe lorato le go mo akanyetsa, Jehofa Modimo a ka nna a se ka a araba dithapelo tsa gagwe. (1 Petere 3:7) Fa mosadi a sa tlotle monna wa gagwe, totatota o tlontlolola Jehofa yo o tlhomileng monna go nna tlhogo ya lelapa.—1 Bakorintha 11:3.

Ditsela Tsa go Atlega—Tila go Bua ka Tsela E e Sa Siamang

Go sa kgathalesege gore o tlwaetse go bua jang kana gore o godisitswe jang, go na le ditsela dingwe tse di sa siamang tsa go bua tse di tshwanetseng go tilwa fa e le gore o batla go dirisa melaometheo ya Baebele le go rarabolola dikgotlhang ka tsela e e molemo. Ipotse dipotso tse di latelang:

‘A ke lwantsha keletso ya go batla go ipusolosetsa?’

Seane se se botlhale sa re: “Go tamola nko go ntsha madi, go tlhotlheletsa bogale gone go tlisa komano.” (Diane 30:33) Seo se bolela eng? Akanya ka sekai seno. Se se simologang e le go nna le maikutlo a a sa tshwaneng malebana le kafa madi a ka dirisiwang ka teng mo lelapeng (“re tshwanetse go laola tsela e re dirisang karata ya sekoloto ka yone”) ka bonako fela se ka fetoga go tshwaana diphoso (“ga o na maikarabelo”). Ke boammaaruri gore fa molekane wa gago a “go tamola nko” ka go go tshwaya diphoso, o ka nna wa ikutlwa o batla go ipusolosetsa ka go mo “tamola” le wena. Le fa go ntse jalo, go ipusolosetsa go tsosa bogale e bile go oketsa dikomano.

Mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Bonang! Abo go tlhokega molelo o monnye jang ne go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo! Ebu, loleme ke molelo.” (Jakobe 3:5, 6) Fa banyalani ba sa laole maleme a bone, dikganetsano tse dinnye di ka gola go nna dikgotlhang tse di sa laolesegeng. Mme lorato ga lo gole mo manyalong a gangwe le gape go nnang le dikganetsano tse di ntseng jalo mo go one.

Go na le gore o ipusolosetse, a o ka etsa Jesu yo e rileng a gobololwa “a se ka a gobolola le ene”? (1 Petere 2:23) Tsela e e bonako ya go tima bogale mo kganetsanong ke go amogela tsela e molekane wa gago a lebang dilo ka yone le go kopa maitshwarelo ka se se phoso se o se buileng.

LEKA SENO: Mo nakong e e tlang fa go nna le kganetsano, ipotse jaana: ‘Ke tla latlhegelwa ke eng fa nka tlotla maikutlo a molekane wa me? Ke dirile eng go baka kganetsano eno? Ke eng se se nthibelang go kopa maitshwarelo ka phoso e ke e dirileng?

‘A ke itlhokomolosa maikutlo a molekane wa me kgotsa ke a nyatsa?’

Lefoko la Modimo le laela jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko.” (1 Petere 3:8) Akanya ka mabaka a mabedi a a ka nnang a dira gore o palelwe ke go dirisa kgakololo eno. Lebaka lengwe ke gore o ka tswa o sa itse gore molekane wa gago o akanya eng kgotsa gore o ikutlwa jang. Ka sekai, fa molekane wa gago a tshwenyegile thata ka kgang nngwe go feta wena, o ka nna wa re, “O feteletsa dilo.” Gongwe maikaelelo a gago ke go thusa molekane wa gago go bona dilo ka tsela e di leng ka yone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba kgopisiwa ke dikakgelo  tse di ntseng jalo. Banna le basadi ba tlhoka go itse gore batho ba ba ba ratang ba a ba tlhaloganya le go ba utlwela botlhoko.

Go ikgogomosa ka tsela e e feteletseng le gone go ka dira gore motho a nyatse maikutlo a molekane wa gagwe. Motho yo o ikgodisang o leka go ipaya kwa godimo ka go nna a nyatsa batho ba bangwe. A ka dira seno ka go bitsa ba bangwe ka maina a a sotlang kgotsa ka go ba tshwantsha le ba bangwe ka tsela e e sa siamang. Akanya ka sekai sa Bafarasai le bakwadi ba motlha wa ga Jesu. Fa mongwe—tota le fa e ne e le Mofarasai—a ne a akanya ka tsela e e farologaneng le ya banna bano ba ba boikgogomoso, ba ne ba mmitsa ka maina a a sa siamang le go dirisa puo ya lenyatso. (Johane 7:45-52) Jesu o ne a farologane le bone. O ne a utlwela batho botlhoko fa ba ne ba mo kopa gore a ba thuse.—Mathaio 20:29-34; Mareko 5:25-34.

Akanya kafa o itshwarang ka gone fa molekane wa gago a go bolelela kafa a ikutlwang ka teng. A tsela e o buang ka yone, segalo sa lentswe la gago le tebego ya sefatlhego sa gago di bontsha gore o mo utlwela botlhoko? Kgotsa a o itlhaganelela go itlhokomolosa maikutlo a molekane wa gago?

LEKA SENO: Mo dibekeng tse di latelang, ela tlhoko tsela e o buang le molekane wa gago ka yone. Fa o mo itlhokomolosa kgotsa o bua sengwe se se bontshang lonyatso, kopa maitshwarelo ka yone nako eo.

‘A ka dinako dingwe ke akanya gore molekane wa me o na le maitlhomo a bopelotshetlha?’

“A Jobe o boifa Modimo lefela? A wena ka bowena ga wa tlhoma legora go mo dikologa le go dikologa ntlo ya gagwe le go dikologa sengwe le sengwe se a nang le sone gotlhe fela?” (Jobe 1:9, 10) Mafoko ano a bontsha gore Satane o ne a belaela lebaka la go bo Jobe a ne a direla Modimo.

Fa banyalani ba se kelotlhoko ba ka nna ba dira se se tshwanang. Ka sekai, fa molekane wa gago a go direla sengwe se se molemo, a o ipotsa gore ke eng se a batlang o mo direla sone kgotsa gore o go fitlhela eng? Fa molekane wa gago a dira phoso, a o tsaya seo e le sesupo sa gore o bogagapa le gore ga a amege ka wena? A ka yone nako eo o gopola diphoso tse di tshwanang le eno tse a di dirileng mo nakong e e fetileng mme o bo o ipolelela gore ga o na go mo itshwarela phoso e a fetsang go e dira?

LEKA SENO: Dira lenaane la dilo tse di molemo tse molekane wa gago a go diretseng tsone le maitlhomo a a molemo a a ka tswang a mo tlhotlheleditse go di dira.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lorato . . . ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Lorato lwa mmatota lo a itse gore ga re a itekanela e bile re dira diphoso. E bile ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Gape Paulo o ne a bolela gore lorato “lo dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Ga se gore mofuta ono wa lorato o dira gore batho ba dumele sengwe le sengwe se ba se bolelelwang, go na le moo o iketleeleditse go ikanya. Ga lo belaele. Mofuta wa lorato o Baebele o re kgothaletsang go nna le one o iketleeleditse go itshwarela le go akanya dilo tse di molemo ka batho ba bangwe. (Pesalema 86:5; Baefeso 4:32) Fa banyalani ba bontshana lorato lwa mofuta ono, ba tla nna le lenyalo le le itumetseng.

IPOTSE JAANA . . .

  • Banyalani ba ba umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno ba dirile diphoso dife?
  • Nka tila jang go dira diphoso tse di tshwanang le tseno mo lenyalong la me?
  • Ke dintlha dife tse di umakilweng mo setlhogong seno tse ke tlhokang go tokafatsa mo go tsone?

^ ser. 3 Maina a fetotswe.