Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 26

Thusa ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

Thusa ba ba Gateletsweng mo Maikutlong

“Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso.”—1 PET. 3:8.

PINA 107 Sekao sa Modimo sa Lorato

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re ka etsa Jehofa jang?

JEHOFA o re rata fela thata. (Joh. 3:16) Re batla go mo etsa, ka jalo, re leka ka natla go bontsha batho ‘kutlwelobotlhoko, lorato lwa bokaulengwe le bopelotlhomogi,’ segolobogolo “ba ba amanang le rona mo tumelong.” (1 Pet. 3:8; Bagal. 6:10) Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba na le mathata, re leka go ba thusa.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Batho botlhe ba ba batlang go nna karolo ya lelapa la ga Jehofa ba tla lebana le mathata. (Mar. 10:29, 30) Fa bokhutlo jwa lefatshe leno la ga Satane bo ntse bo atamela, ga go pelaelo gore mathata a rona a tla nna a oketsega. Re ka thusana jang go emelana le mathata ao? Mma re bone gore re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Lote, Jobe le Naomi. Gape re tla tlotla ka mathata mangwe a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba lebanang le one gompieno. Go tswa foo, re tla bona gore re ka ba thusa jang go a itshokela.

NNA PELOTELELE

3. Go ya ka 2 Petere 2:7 le 8, Lote o ile a dira tshwetso efe e e sa siamang, mme go ile ga diregang?

3 Lote o ne a fudugela kwa Sodoma mme eo e ne e le tshwetso e e sa siamang ka gonne batho ba motse oo ba ne ba le bosula tota. (Bala 2 Petere 2:7, 8.) Gone ke boammaaruri gore motse oo o ne o humile, le fa go ntse jalo, Lote o ile a lebana le mathata a le mantsi kwa go one. (Gen. 13:8-13; 14:12) Go bonala mosadi wa ga Lote a ne a rata motse oo kgotsa batho bangwe mo motseng oo thata, ka ntlha ya seo, ga a ka a ikobela  Jehofa. Fa Jehofa a ne a senya motse wa Sodoma, mosadi wa ga Lote le ene o ne a swa. Bomorwadie Lote ba ne ba beeleditswe ke banna ba kwa Sodoma, mme banna bao le bone ba ile ba swa. Lote o ile a latlhegelwa ke legae la gagwe le dithoto tsa gagwe mme se se utlwisang botlhoko le go feta, o ne a swelwa ke mosadi. (Gen. 19:12-14, 17, 26) Fa dilo tseo tsotlhe di ntse di direga, a Jehofa o ile a felela Lote pelo? Nnyaa.

Jehofa o ile a romela baengele gore ba falotse Lote le lelapa la gagwe (Bona serapa 4)

4. Jehofa o ile a bontsha jang gore o pelotelele? (Bona setshwantsho sa khabara.)

4 Le fa gone Lote a ne a itlhophetse go nna kwa Sodoma, Jehofa o ile a mo utlwela botlhoko fa a ne a senya motse oo. O ile a romela baengele gore ba ye go mo falotsa le ba lelapa la gagwe. Le fa go ntse jalo, fa baengele ba ne ba mo laela gore a tswe mo motseng ka bonako, o ile a “nnela go diega.” Ka ntlha ya seo, baengele ba ile ba tshwanelwa ke go mo tshwara ka seatla gore ba thuse ene le ba lelapa la gagwe go tswa mo motseng. (Gen. 19:15, 16) Go tswa foo, baengele ba ile ba mo laela gore a tshabele kwa dithabeng. Go na le gore a ikobele taelo eo ya ga Jehofa, o ile a kopa go tshabela kwa motseng o o gaufi. (Gen. 19:17-20) Jehofa o ile a mo reetsa, a bo a mo letla go tshabela kwa go one. Moragonyana, o ne a ikutlwa a sa sireletsega kwa motseng oo, ka jalo, o ile a fudugela kwa dithabeng, gone kwa Jehofa a neng a mo laetse gore a tshabele gone. (Gen. 19:30) Eleruri, Jehofa o ne a le pelotelele le Lote! Re ka mo etsa jang?

5-6. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go 1 Bathesalonika 5:14?

5 Fela jaaka Lote, mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa rona a ka dira tshwetso e e sa siamang a bo a tsena mo mathateng. Fa seo se ka direga, re tshwanetse go dira eng? Re ka nna ra raelesega go mmolelela gore o roba se a se jetseng. (Bagal. 6:7) Le fa gone seo e le boammaaruri, ga re a tshwanela go dira jalo. Go ka nna botoka gore re mo thuse fela jaaka Jehofa a ile a thusa Lote. Re ka mo thusa jang?

6 Jehofa o ile a romela baengele, e seng gore ba tlhagise Lote fela, go na le moo, gore ba mo thuse go tshaba fa motse o ne o senngwa. Le rona re ka nna ra tshwanelwa ke go thiba mokaulengwe kgotsa kgaitsadi fa re bona a dira sengwe se se tla mo tsenyang mo mathateng. Gape re ka nna ra tshwanelwa ke go mo thusa. Le fa go ka tsaya nako gore a dirise kgakololo ya rona, ga re a tshwanela go mo felela pelo. A re lekeng ka natla go tshwana le baengele ba ba ileng ba thusa Lote. Re tshwanetse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mme re se ka ra ba tlhoboga. Re se ka ra ba thusa ka mafoko fela, mme re dire jalo le ka ditiro. (1 Joh. 3:18) Re tshwanetse go ba thusa go dirisa kgakololo e ba e neilweng.—Bala 1 Bathesalonika 5:14.

7. Re ka etsa Jehofa jang?

7 Jehofa ga a ka a tlhoma mogopolo mo diphosong tsa ga Lote. Go na le moo, o ile a tlhotlheletsa Petere go kwala gore Lote e ne e le monna yo o siameng. Eleruri, re leboga gore Jehofa ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona. (Pes. 130:3) E kete re ka etsa sekao sa gagwe. Fa re tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re tla nna pelotelele fa re dirisana le bone. Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo gore ba dirise kgakololo ya rona.

NNA KUTLWELOBOTLHOKO

8. Fa re le kutlwelobotlhoko, re tla dira eng fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba na le mathata?

8 Go farologana le Lote, Jobe ene ga a ka a dira tshwetso e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, o ile a lebana le mathata a mantsi. O ile a latlhegelwa ke dithoto tsotlhe tsa gagwe, a  latlhegelwa ke maemo a gagwe mo setšhabeng e bile o ile a lwala fela thata. Mme se se botlhoko le go feta, bana botlhe ba gagwe ba ile ba swa. Mo godimo ga moo, ditsala tsa gagwe di ile tsa mo latofatsa. Ke eng fa banna bao ba ile ba palelwa ke go mo utlwela botlhoko? Ga ba a ka ba leka go tlhaloganya maemo a gagwe. Ka ntlha ya seo, ba ne ba simolola go tshwaya Jobe diphoso. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dira phoso eo? O se ka wa lebala gore Jehofa ke ene fela a itseng dintlha tsotlhe ka maemo a motho yo mongwe. Ka jalo, fa motho yo o nang le mathata a go tlhalosetsa maemo a gagwe, mo reetse ka kelotlhoko. Leka go akanya gore a ka tswa a ikutlwa jang. Seno se tla go thusa gore o mo utlwele botlhoko.

9. Fa re le kutlwelobotlhoko ga re kitla re dira eng, mme ka ntlha yang?

9 Fa re le kutlwelobotlhoko, ga re kitla re seba ba bangwe fa ba na le mathata. Motho yo o sebang ba bangwe o dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. (Dia. 20:19; Bar. 14:19) Ga a akanyetse maikutlo a ba bangwe e bile dilo tse a di buang di ka dira gore motho yo o nang le mathata a utlwe botlhoko le go feta. (Dia. 12:18; Baef. 4:31, 32) Fa motho a na le mathata, re tshwanetse go leka ka natla go tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa gagwe tse di molemo le go mo thusa gore a itshokele mathata a gagwe.

Fa Mokeresetemmogo a ipuela fela ka gonne a utlwile botlhoko, mo reetse o le pelotelele mme o mo gomotse ka nako e e tshwanetseng (Bona serapa 10-11) *

10. Mafoko a a mo go Jobe 6:2 le 3 a re ruta eng?

10 Bala Jobe 6:2, 3Ka dinako tse dingwe, Jobe o ne a bua dilo dingwe tse di sa siamang ka gonne a galefile. Mme gone, moragonyana o ile a di ikwatlhaela. (Jobe 42:6) Ka tsela e e tshwanang, fa motho a gateletswe mo maikutlong, a ka nna a bua dilo dingwe tse di sa siamang, moragonyana a bo a di ikwatlhaela. Re tshwanetse go dira eng mo maemong ao? Ga re a tshwanela  go mo tshwaya phoso, go na le moo, re tshwanetse go mo utlwela botlhoko. Gopola gore Jehofa o ne a sa ikaelela gore re lebane le mathata a re lebanang le one gompieno. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa motlhanka wa ga Jehofa a bua dilo tse di sa siamang fa a gateletswe mo maikutlong. Le fa a ka bua dilo tse di sa siamang ka Jehofa kgotsa ka rona, ga re a tshwanela go mo galefela kgotsa go mo tshwaya phoso.—Dia. 19:11.

11. Bagolwane ba ka etsa Elihu jang fa ba naya ba bangwe kgakololo?

11 Ka dinako tse dingwe, motho yo o gateletsweng mo maikutlong a ka nna a tlhoka go gakololwa. (Bagal. 6:1) Bagolwane ba ka dira seo jang? Ba tshwanetse go etsa Elihu, yo o ileng a reetsa Jobe a le pelotelele. (Jobe 33:6, 7) O ile a naya Jobe kgakololo fa fela a sena go tlhaloganya maemo a gagwe. Bagolwane ba ba etsang sekao sa ga Elihu, ba reetsa ka kelotlhoko fa motho a tlhalosa maemo a gagwe. Fa ba dira jalo, ba tla kgona go mo naya kgakololo e e tla mo fitlhelelang pelo.

GOMOTSA BA BANGWE

12. Naomi o ile a amiwa jang ke loso lwa monna wa gagwe le bomorwawe?

12 Naomi e ne e le mosadi yo o ikanyegang e bile a rata Jehofa. Fa a sena go swelwa ke monna le bomorwawe ba babedi, o ne a batla go fetola leina la gagwe gore e nne “Mara” mo go kayang “Bogalaka.” (Ruthe 1:3, 5, 20, 21) Ngwetsi ya gagwe e bong Ruthe o ne a mo eme nokeng mo nakong eo e e thata. Ruthe o ne a sa thuse Naomi ka dilo tse a di tlhokang fela, gape o ne a mo gomotsa. O ile a bontsha gore o rata Naomi e bile o mo eme nokeng ka go mmolelela mafoko a a gomotsang.—Ruthe 1:16, 17.

13. Ke eng fa re tshwanetse go thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o swetsweng?

13 Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa rona a swelwa ke molekane wa lenyalo, re tshwanetse go mo ema nokeng. Re ka tshwantsha banyalani le ditlhare tse pedi tse di golang di bapile. Fa dingwaga di ntse di ya, medi ya tsone e a golagana. Fa se le sengwe se kumolwa se bo se swa, se sengwe se ka utlwa botlhoko. Ka tsela e e tshwanang, fa motho a swelwa ke molekane wa lenyalo, go ka feta nako e telele a ntse a utlwile botlhoko thata. Ka sekai, Paula, * yo monna wa gagwe a ileng a tlhokafala ka tshoganyetso a re: “Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga gotlhelele, mme go ne go se na sepe se nka se dirang. Ke ne ke latlhegetswe ke tsala ya me ya tlhogo ya kgomo. Ke ene yo ke neng ke mmolelela sengwe le sengwe. Re ne re wa re tsoga mmogo. Ka metlha fa ke na le mathata, o ne a ntheetsa. Fa a sena go tlhokafala, pelo ya me e ne ya rotha madi.”

Re ka thusa jang Bakeresete ba ba sa tlholeng ba na le balekane? (Bona serapa 14-15) *

14-15. Re ka gomotsa jang motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa lenyalo?

14 Re ka gomotsa jang motho yo o tlhokafaletsweng ke molekane wa lenyalo? Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira ke go bua le ene, le fa re ka tswa re sa itse gore re mo reye re reng. Paula yo re buileng ka ene a re: “Ke a itse gore fa motho a tlhokafaletswe, batho ga ba itse gore ba mo reye ba reng. Ba tshaba gore ba tla bua sengwe se se tla mo utlwisang botlhoko. Mme go utlwisa botlhoko le go feta fa batho ba sa bue sepe le wena.” Motho yo o swetsweng ga a lebelela gore re bue sengwe se se tlhomologileng. Paula a re: “Ke ne ke gomotsega fa ditsala tsa me di nthaya fela di re, ‘Re lela le wena.’”

15 William yo mosadi wa gagwe a tlhokafetseng dingwaga di le mmalwa tse di fetileng a re: “Ke a itumela fa batho ba bua dilo tse di molemo ka mosadi wa me, seno se  mpontsha gore ba ne ba mo rata e bile ba mo tlotla. Seno se a nthusa e bile se a nkgomotsa ka gonne ke ne ke mo rata e bile o ne a le botlhokwa thata mo go nna.” Motlholagadi mongwe yo o bidiwang Bianca a re: “Ke a gomotsega fa ba bangwe ba rapela le nna e bile ba mpalela dikwalo. Gape go a nkgomotsa fa ba bua ka monna wa me e bile ba ntheetsa fa ke bua ka ene.”

16. (a) Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a swetswe? (b) Go ya ka Jakobe 1:27, Jehofa o re neile maikarabelo afe?

16 Fela jaaka Ruthe a ile a tswelela a eme Naomi nokeng, le rona re tshwanetse go tswelela re thusa motho yo o swetsweng. Paula yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Fa monna wa me a sena go tlhokafala, batho ba le bantsi ba ne ba tla go nkgomotsa. Mme morago ga nako, ba ne ba tswelela ka matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, nna botshelo jwa me bo ne bo fetogile. Motho yo o tlhokafaletsweng ga a tlhoke thuso fela ka yone nako eo, tota le morago ga dikgwedi kgotsa dingwaga di le mmalwa, o sa ntse a e tlhoka.” Gone batho ga ba tshwane. Ba bangwe ba kgona go tlwaela maemo a bone a masha ka bonako. Ba bangwe bone, nako le nako fa ba dira sengwe se ba neng ba tlwaetse go se dira le motho yo o tlhokafetseng, ba utlwa botlhoko. A re nneng re gopotse gore Jehofa o re neile maikarabelo a go tlhokomela batho ba ba swetsweng ke balekane ba lenyalo.—Bala Jakobe 1:27.

17. Ke eng fa re tshwanetse go thusa batho ba ba tlogetsweng ke balekane?

17 Bakeresete bangwe ba utlwa botlhoko thata fa molekane wa bone wa lenyalo a ba phuaganya. Joyce yo monna wa gagwe a  ileng a mo tlogela a bo a nna le mosadi yo mongwe a re: “Go utlwisa botlhoko tota fa monna wa gago a go tlogela mme a sa ntse a tshela. Fa a ka bo a bolailwe ke kotsi kgotsa ke bolwetse, ke akanya gore nka bo ke sa ikutlwe jaana ka gonne ke ne ke se kitla ke mo pega molato. Ka jalo, ke utlwisiwa botlhoko thata ke gore o ile a tlhopha go ntlogela. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.”

18. Re ka thusa jang batho ba ba sa tlholeng ba na le balekane?

18 Fa re direla batho ba ba sa tlholeng ba na le balekane dilo tse di molemo, re ba bontsha gore re a ba rata. Ba tlhoka ditsala tse di molemo. (Dia. 17:17) O ka bontsha jang gore o tsala ya bone? O ka ba laletsa gore ba tle go ja le wena. Gape o ka tsamaya le bone fa o ya go iphokisa phefo kgotsa fa o ya bodireding. Ka dinako tse dingwe o ka ba laletsa mo kobamelong ya lona ya lelapa. Fa o dira jalo, Jehofa o tla itumela ka gonne “o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng” e bile ke mosireletsi wa “batlholagadi.”—Pes. 34:18; 68:5.

19. Go ya ka 1 Petere 3:8, re tshwanetse go dira eng?

19 Go ise go ye kae, Bogosi Jwa Modimo bo tla busa lefatshe, mme “matshwenyego a pele a tla bo a lebetswe.” Ka nako eo, “dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isa. 65:16, 17) Mme fa nako eo e ise e fitlhe, a re tsweleleng re thusana e bile re bontsha ka mafoko le ka ditiro gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe.—Bala 1 Petere 3:8.

PINA 111 Mabaka a Rona a go Ipela

^ ser. 5 Lote, Jobe le Naomi ba ne ba direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, ba ne ba lebana le mathata. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore re ka ithuta eng mo go se se ba diragaletseng. Gape re tla bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore re nne pelotelele, re nne kutlwelobotlhoko e bile re gomotse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa ba na le mathata.

^ ser. 13 Maina a fetotswe.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o utlwile botlhoko thata, ka jalo, o ipuela fela. Mogolwane o mo reeditse a le pelotelele. Moragonyana fa mokaulengwe yoo a sena go wela makgwafo, mogolwane o a mo kgothatsa.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Banyalani bangwe ba itisitse le mokaulengwe yo mosadi wa gagwe a sa tswang go tlhokafala. Ba bua ka dilo tse di molemo tse a neng a di dira.