“E kete Modimo wa kagiso . . .a ka lo tlhomelela ka sengwe le sengwe se se molemo gore lo dire thato ya gagwe.”—BAHEBERA 13:20, 21.

PINA: 136, 14

1. Go rera go ne go le botlhokwa go le kana kang mo go Jesu? Tlhalosa.

JESU o ne a rata go bua ka Bogosi Jwa Modimo. Fa a ne a le mo lefatsheng o ne a bua ka Bogosi go gaisa sengwe le sengwe. Mo bodireding, o ne a umaka Bogosi makgetlo a feta 100. Ga go pelaelo gore Bogosi bo ne go le botlhokwa thata mo go Jesu.—Bala Mathaio 12:34.

2. Ke batho ba le kae ba ba neng ba le gone fa taelo e e mo go Mathaio 28:19, 20 e ne e ntshiwa, mme ke eng fa re ka rialo?

2 Morago fela ga fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a kopana le setlhopha sa batho ba le 500 ba go neng go ka direga gore e nne balatedi ba gagwe. (1 Bakorintha 15:6) Gongwe e ka tswa e le ka nako ya fa Jesu a ntsha taelo ya gore go rerelwe “batho ba ditšhaba tsotlhe.” Tiro eno e ne e se kitla e nna motlhofo. * (Bala  ntlha e e kwa tlase.) O ne a ba bolelela gore tiro eno ya go rera e tla tsaya lobaka lo loleele go fitlha kwa “bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Fa o rera dikgang tse di molemo, o thusa gore boporofeti joo bo diragadiwe.—Mathaio 28:19, 20.

3. Ke dilo dife di le tharo tse di ileng tsa re thusa go rera dikgang tse di molemo?

3 Fa Jesu a sena go ntsha taelo ya go rera, o ne a re: “Ke na le lona.” (Mathaio 28:20) Jesu o ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla kaela tiro ya go rera le gore o tla ba thusa go rera mo lefatsheng lotlhe. Jehofa le ene o re eme nokeng. O re neile “sengwe le sengwe se se molemo” go re thusa gore re kgone go rera. (Bahebera 13:20, 21) Mo setlhogong seno re tla sekaseka dilo di le tharo tse di molemo: (1) dithulusu tse re di neilweng, (2) ditsela tse re di dirisitseng go rera, le (3) kafa re thapisitsweng ka gone. Sa ntlha, mma re sekaseke dithulusu tse re ileng ra di dirisa mo dingwageng di le 100 tse di fetileng.

DITHULUSU TSE DI THUSANG BATLHANKA BA MODIMO GO RERA

4. Dithulusu tse di farologaneng di re thusitse jang go rera?

4 Jesu o ne a tshwantsha molaetsa wa Bogosi le peo e e jalwang mo mebung e e farologaneng. (Mathaio 13:18, 19) Molemi o dirisa dithulusu tse di sa tshwaneng go baakanya mmu. Ka tsela e e tshwanang, Kgosi ya rona e re neile dithulusu tse re ka di dirisang go thusa batho gore ba amogele molaetsa wa rona. Dithulusu tse dingwe di dirisitswe ka nakwana fela mme tse dingwe di sa ntse di dirisiwa le gompieno. Mme dithulusu tseno tsotlhe di ile tsa re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go rera.

Karata ya go naya bosupi e ne ya thusa batho ba le bantsi go simolola go rera

5. Karata ya go naya bosupi e ne e le eng, e bile e ne e dirisiwa jang?

5 Ka 1933, baboledi ba ne ba simolola go dirisa karata ya go naya bosupi, sedirisiwa se se neng sa thusa batho ba le bantsi go simolola go rera. E ne e le karata e nnye e go kwadileng molaetsa o o motlhofo mo go yone o o tswang mo Baebeleng. Ka dinako tse dingwe go ne go gatisiwa karata e ntšha e tshotse molaetsa o mosha. Mokaulengwe Erlenmeyer o ne a na le dingwaga di le lesome fa karata eo e ne e simolola go dirisiwa. A re: “Matseno a karata eo a ne a re, ‘A o ka rata go bala karata eno.’ Fa mong wa ntlo a sena go bala karata re mo naya kgatiso re bo re tsamaya.”

6. Karata ya go naya bosupi e thusitse baboledi jang?

6 Karata ya go naya bosupi e ne e thusa baboledi ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, baboledi ba bangwe ba ne ba le ditlhong ka jalo le fa ba ne ba eletsa go rera, a ne a ba felela a le tlhaeng. Baboledi ba bangwe ba ne ba le pelokgale thata. Ba ne ba ka balela motho Baebele yotlhe ka letsatsi. Karata ya go naya bosupi e thusitse baboledi botlhe go rera ka tsela e e motlhofo.  

7. Go rera ka karata go ile ga lere dikgwetlho dife?

7 Lefa go ntse jalo, ga go reye gore go ne go sena dikgwetlho. Kgaitsadi Grace Estep a re: “Batho ba re ba rerelang ba ne ba tle  ba re botse gore, ‘Karata ya lona e bua ka eng? A ke tlhoka go e bala?’” Batho bangwe ba ne ba sa kgone go e bala. Ba bangwe ba ne ba e tsaya ba bo ba tswala lebati. Ba ba neng ba sa rate molaetsa wa rona ba ne ba e gagola. Le fa go ne go na le dikgwetlho, karata eo e ile ya thusa baboledi ba le bantsi gore ba kgone go rera le go itsiwe e le bareri ba Bogosi.

8. Fonokerafa e ne e dirisiwa jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Thulusu e nngwe gape e e ileng ya dirisiwa morago ga 1930 ke fonokerafa. Basupi bangwe ba ne ba e bitsa Arone ka gonne ke yone e neng e ba buelela. (Bala Ekesodo 4:14-16.) Mmoledi o ne a tshameka fonokerafa e e neng e tlhalosa kgang nngwe ya Baebele ka bokhutshwane mme morago ga moo a bo a naya mong wa ntlo dikgatiso. Ka dinako tse dingwe, lelapa lotlhe le ne le tla go e reetsa. Ka 1934, Watch Tower Society e ne ya simolola go dira difonokerafa tse baboledi ba neng ba ka di dirisa mo bodireding. Bakaulengwe ba ne ba gatisa dithero di le 92.

9. Fonokerafa e ne ya thusa jang mo tirong ya go rera?

9 Fa Hillary Goslin a utlwa nngwe ya dithero tseo, o ne a adima fonokerafa mme a e dirisa beke yotlhe go rerela baagelani ba gagwe. Seo se ne sa dira gore batho ba le mmalwa ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele ba bo ba kolobediwa. Barwadia Goslin ba babedi ba ne ba feleletsa ba ile kwa Sekolong sa Gileade mme ba nna barongwa. Fela jaaka karata ya go naya bosupi, fonokerafa le yone e ne ya thusa baboledi ba le bantsi go simolola go rera. Moragonyana Jesu o ne a tla dirisa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go ruta batho ba gagwe gore ba kgone go rera ka tsela e e nang le diphelelo tse di molemo.

GO DIRISA MEKGWA E E FAROLOGANENG GO FITLHELELA BATHO BA LE BANTSI

10, 11. Makwalodikgang le radio a ne a dirisiwa jang go rera dikgang tse di molemo, mme ke eng fa mekgwa eo e ne e atlega?

10 Kgosi ya rona e ntse e kaela batho ba Modimo gore ba dirise mekgwa e e farologaneng go fitlhelela batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone. Mekgwa eo e ne e thusa fela thata ka gonne ka nako eo go ne go na le baboledi ba le mmalwa fela. (Bala Mathaio 9:37.) Ka sekai, dingwaga di le dintsi tse di fetileng, go ne go dirisiwa makwalodikgang go bolelela batho dikgang tse di molemo. Beke le beke Mokaulengwe Russell o ne a romelela mmegadikgang mongwe thero ya Baebele. Mme ene a bo a e romelela lokwalodikgang la kwa Canada, Yuropa le United States. Ka 1913, dithero tsa ga Mokaulengwe Russell di ne di gatisiwa mo makwalodikgannyeng a le 2 000 mme e badiwa ke batho ba ka nna 15 000 000!

Makwalodikgang le radio e ne e thusa batho ba le bantsi go rera kwa mafelong a go neng go na le baboledi ba le mmalwa fela kwa go one

11 Gape go ne go dirisiwa radio go rera dikgang tse di molemo. Ka April 16, 1922, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela thero ya gagwe ya ntlha mo radiong mme go ne go reeditse batho ba ka nna 50 000. Go  ise go ye kae, re ne ra nna le radio ya rona e e bidiwang WBBR mme e ne ya simolola go gasa thulaganyo ya ntlha ka February 24, 1924. Tora ya Tebelo ya December 1, 1924 ya re: “Re lemogile gore go dirisa radio ke mokgwa o o siameng thata wa go boloka tšhelete le wa go gasa molaetsa wa boammaaruri.” Fela jaaka makwalodikgang, radio le yone e ne e re thusa go rerela batho ba le bantsi kwa mafelong a go neng go na le baboledi ba le mmalwa fela kwa go one.

Baboledi ba bantsi ba Bogosi ba itumelela go rera phatlalatsa le go bolelela batho ka website ya rona (Bona serapa 12, 13)

12. (a) Ke mokgwa ofe wa go rera phatlalatsa o o o ratang? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra boifa go rera phatlalatsa?

12 Go rera phatlalatsa ke mokgwa o o atlegileng thata o re o dirisang gompieno. Re tsaya matsapa a magolo go rerela batho kwa maemelong a dibese, diteishene tsa terena, mafelo a go emang dikoloi mo go one mmogo, mo mebileng le mo mmarakeng. A go rera phatlalatsa go a go tshosa? Fa go le jalo, rapela ka kgang eno mme o akanye ka se molebedi mongwe wa potologo e bong Mokaulengwe Manera a neng a se bua fa a ne a re: “Re ne re tsaya mokgwa o mosha wa go rera e le tsela e nngwe ya go direla Jehofa, e le tsela e nngwe ya go bontsha gore re ikanyega mo go ene, e le teko e nngwe ya go bontsha bothokgami jwa rona mo go Jehofa mme re ne re bontsha gore re ikemiseditse go mo direla ka tsela epe fela e a e batlang.” Fa re tlogela go boifa mme re dirisa mekgwa e mesha ya go rera,  re ikanya Jehofa le go feta e bile re nna bareri ba ba atlegileng.—Bala 2 Bakorintha 12:9, 10.

13. Ke eng fa go dirisa website ya rona mo bodireding go atlegile jaana mme ke maitemogelo afe a o nang le one fa o e dirisa?

13 Baboledi ba le bantsi ba itumelela go bolelela batho ka website ya rona ya jw.org, gore ba bale le go itseela dikgatiso tsa rona tsa Baebele ka dipuo di feta 700. Letsatsi le letsatsi, batho ba feta dimilione di le 1,6 ba tsena mo websiting ya rona. Bogologolo batho ba ba nnang kwa mafelong a a kwa thoko ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo mo radiong. Gone jaanong website ya rona e dira tiro eo.

GO THAPISA BARERI BA DIKGANG TSE DI MOLEMO

14. Baboledi ba ne ba tlhoka go thapisetswa eng mme ke sekolo sefe se se neng sa ba thusa go nna barutisi ba ba molemo?

14 Dithulusu le mekgwa e re tlotlileng ka yone, e thusitse fela thata. Mme gone, baboledi ba nako eo ba ne ba tlhoka go thapisiwa gore e nne bareri. Ka sekai, ka dinako tse dingwe, mong wa ntlo o ne a sa dumalane le se a neng a se utlwa se buiwa mo fonokerafeng. Ka dinako tse dingwe, mong wa ntlo o ne a kgatlhega mme a batla go utlwa mo go oketsegileng. Baboledi ba ne ba tlhoka go rutiwa gore ba tsiboge jang fa mongwe a ba ganetsa le kafa ba ka nnang barutisi ba ba molemo ka gone. Ke ka moo moya o o boitshepo o neng wa kaela Mokaulengwe Knorr gore a bone botlhokwa jwa go ruta baboledi se ba ka se buang fa ba le mo bodireding. Ka jalo, go simologa ka 1943, diphuthego di ne tsa simolola go tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Sekolo seno se thusitse baboledi botlhe gore ba nne barutisi ba ba molemo.

15. (a) Bangwe ba ne ba diragalelwa ke eng fa ba ne ba neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? (b) Mafoko a ga Jehofa a a mo go Pesalema 32:8 a ile a go thusa jang?

15 Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba sa kgone go bua mo pele ga setlhopha sa batho. Mokaulengwe Ramu o gakologelwa puo ya gagwe ya ntlha ka 1944. O ne a tshwanetse go bua ka Doege yo o mo Baebeleng. A re: “Mangole a me a ne a thulana, diatla tsa me di roroma mme meno a tsositse modumo.” Gape a re: “E ne e le lekgetlo la ntlha ke bua ke le mo seraleng, mme ga ke a ka ka ineela.” Le fa go ne go le thata, bana le bone ba ne ba neela dipuo mo sekolong. Mokaulengwe Manera o tlhalosa se se neng sa direga fa lekawana lengwe le ne le neela puo ya lone ya ntlha, a re: “O ne a tshogile thata jaana mo a neng a simolola go sisa pelo. Mme o ne a neela puo eo go fitlha a e fetsa a ntse sisa pelo jalo.” Gongwe ga o akgele ka nako  ya dipokano ka ntlha ya go bo o le ditlhong kgotsa o akanya gore o ka se kgone. Fa go le jalo, kopa Jehofa gore a go thuse go fenya letshogo leo. O tla go thusa fela jaaka a thusitse baithuti ba bogologolo ba Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.—Bala Pesalema 32:8.

Fa e sa le ka 1943, go alogile barongwa ba feta 8 500 kwa Sekolong sa Gileade mme ba rometswe kwa dinageng di le 170

16. Boikaelelo jwa Sekolo sa Gileade e ne e le bofe (a) mo nakong e e fetileng le (b) fa e sa le ka 2011?

16 Gape phuthego ya Modimo e ile ya thapisa baboledi mo Sekolong sa Gileade. Boikaelelo bongwe jwa sekolo seo ke go thusa baithuti gore ba eletse go rera dikgang tse di molemo. Sekolo sa Gileade se simologile ka 1943, mme fa e sa le ka nako eo go alogile baithuti ba le 8 500 mme ba rometswe kwa dinageng di le 170. Fa e sa le ka 2011, go ile ga lalediwa babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba potologo, maloko a lelapa la Bethele mmogo le barongwa ba ba iseng ba ye kwa Gileade.

17. Thapiso ya kwa Gileade e mosola go le kana kang?

17 A Sekolo sa Gileade se thusitse ka tsela nngwe? Ee. Akanya ka se se ileng sa direga kwa Japane. Ka August 1949, palo ya baboledi ba koo e ne e sa fete lesome. Pele ga ngwaga oo o fela, barongwa ba le 13 ba ne ba rera mmogo le baboledi ba koo. Gone jaanong go na le baboledi ba ka nna 216 000 kwa Japane mme halofo ya bone ke babulatsela.

18. Ke dikolo dife tse re nang le tsone?

18 Re na le dikolo di le dintsi tse di jaaka Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi, Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, Sekolo sa Baboledi ba Bogosi, Sekolo sa Balebedi ba Potologo le Basadi ba Bone le Sekolo sa Maloko a Komiti ya Lekala le Basadi ba Bone. Dikolo tseno di ile tsa thapisa bakaulengwe le bokgaitsadi mme di nonotshitse tumelo ya bone. Ga go pelaelo gore Jesu o ntse a thapisa batho ba le bantsi gore e nne bareri.

19. Mokaulengwe Russell o ne a reng ka tiro ya go rera, mme seo se nnile boammaaruri jang?

19 Bogosi Jwa Modimo bo ntse bo busa dingwaga di feta 100. Mo nakong eno yotlhe, Kgosi ya rona Jesu Keresete o ntse a kaela tiro eno ya go rera. Ka 1916, Mokaulengwe Russell o ne a dumela gore dikgang tse di molemo di tla anama mo lefatsheng lotlhe. O ne a re: “Tiro eno e ntse e gola ka lobelo lo logolo mme e sa ntse e tsweletse go gola ka gonne tiro ya go rera ‘efangele ya bogosi’ e tshwanetse go dirwa mo lefatsheng lotlhe.” (Faith on the March, ka A. H. Macmillan, tsebe 69) Tiro eo e ntse e dirwa le gompieno! Re leboga Jehofa Modimo wa kagiso ka gonne o re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang go dira thato ya gagwe!

^ ser. 2 Go ka direga gore bontsi jwa batho bao ba ile ba nna Bakeresete. Ke eng re rialo? Ka gonne moaposetoloi Paulo o ba bitsa ‘bakaulengwe ba ba fetang makgolo a matlhano.’ Gape a re: ‘Bontsi jwa bone bo sa ntse bo le gone go fitlha jaanong, mme bangwe ba robetse mo losong.’ Ka jalo go lebega Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba tlwaelane le bontsi jwa batho ba ba neng ba reeditse fa Jesu a ntsha taelo ya go rera.