“Ga ba karolo ya lefatshe.”—JOHANE 17:16.

PINA: 63, 129

1, 2. (a) Go Ikanyega mo go Jehofa go amana jang le go sa tseye karolo mo dikgogakgoganong tsa lefatshe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Batho ba le bantsi ba ikanyega mo go eng, mme go nna le diphelelo dife?

BATLHANKA ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dilong tse di kgaoganyang batho, tse di jaaka bosetšhaba, bomorafe kgotsa setso. Ka ntlha yang? Ka gonne re rata Jehofa, re a mo ikanya e bile re a mo ikobela. (1 Johane 5:3) Go sa kgathalesege gore re nna kae kgotsa gore re tswa kae, re ikobela melao ya Modimo. Go ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe go botlhokwa go gaisa sepe fela se re ka se akanyang. (Mathaio 6:33) Ke gone ka moo re ka buang re re, ‘ga re karolo ya lefatshe.’—Bala Johane 17:11, 15, 16; Isaia 2:4.

2 Gompieno batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ikanyega mo dinageng, mo lotsong, mo dingwaong tota le mo ditlhopheng tsa bone tsa metshameko. Ka maswabi, seno se dirile gore bontsi jwa bone bo simolole go gaisana, go tlhoana tota le e leng go bolaana. Le fa re sa tseye karolo mo dilong tseno, di ka nna tsa re ama kgotsa tsa ama ba malapa a rona, mme re ka nna ra direlwa tshiamololo e e setlhogo. Go nna motlhofo go tsaya letlhakore  fa puso e dira ditshwetso tse di sa siamang, ka gonne Modimo o re bopile re na le bokgoni jwa go lemoga fa dilo di sa dirwe sentle. (Genesise 1:27; Duteronome 32:4) O ikutlwa jang fa o bona tshiamololo e dirwa? A o tsaya letlhakore kana jang?

Bakeresete ba boammaaruri ga ba akanye gore go na le sengwe se se botoka mo lefatsheng leno la ga Satane se ba tshwanetseng go nna karolo ya sone

3, 4. (a) Ke eng fa re sa tseye karolo mo dikgogakgoganong? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Batho ba le bantsi ba tsaya letlhakore mo dikgogakgoganong ka gonne puso e ba tlhotlheletsa gore ba dire jalo go itshupa gore ke baagi ba ba molemo. E re ka rona re le balatedi ba ga Jesu, ga re tseye karolo mo dipolotiking e bile ga re ye ntweng. (Mathaio 26:52) Bakeresete ba boammaaruri ga ba akanye gore go na le sengwe se se botoka mo lefatsheng leno la ga Satane se ba tshwanetseng go nna karolo ya sone. (2 Bakorintha 2:11) Ga re batle go utlwa sepe ka dikgotlhang tsa lefatshe leno.—Bala Johane 15:18, 19.

4 E re ka re sa itekanela, bangwe ba rona re ka tswa re sa ntse re na le maikutlo a a sa siamang ka batho ba ba sa tshwaneng le rona. (Jeremia 17:9; Baefeso 4:22-24) Mo setlhogong seno, re tla ithuta ka melaometheo e e tla re thusang gore re kgone go lwantsha maikutlo ano a a kgaoganyang batho le go a fenya. Gape re tla sekaseka kafa re ka kgonang ka gone go ikanyega mo Bogosing ka go ithuta go akanya ka tsela e Jehofa le Jesu ba akanyang ka yone.

LEBAKA LA GO BO RE SE KAROLO YA LEFATSHE

5, 6. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a leba jang ditlhopha tse di farologaneng tsa batho, mme ka ntlha yang?

5 Fa o fitlhela go le thata go se tseye letlhakore, ipotse gore, ‘Jesu ene o ka bo a dirile eng.’ Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, batho ba kwa Judea, Galalea le Samarea ba ne ba itaana ka noga e tshela. Ka sekai, Bajuda le Basamarea ba ne ba sa dirisane. (Johane 4:9) Bafarasai le Basadukae ba ne ba sa dumalane ka dilo di le dintsi. (Ditiro 23:6-9) Bajuda ba ba neng ba ithutile molao ba ne ba nyatsa batho ba ba sa rutegang. (Johane 7:49) Gape batho ba le bantsi ba ne ba sa batle bakgethisi le Baroma mo ba gatileng teng. (Mathaio 9:11) Mme Jesu e ne e se karolo ya dikgotlhang tseno tsotlhe. Le fa ka dinako tsotlhe a ne a femela boammaaruri ka Jehofa e bile a ne a itse gore Iseraele e ne e le setšhaba se se kgethegileng sa Modimo, le ka motlha ga a ise a ko a rute balatedi ba gagwe go akanya gore ba botoka go gaisa batho ba bangwe. (Johane 4:22) Go na le moo, o ne a ba ruta gore ba rate batho botlhe.—Luke 10:27.

Jehofa le Jesu ga ba akanye gore morafe, setšhaba kgotsa puo nngwe e botoka go gaisa e nngwe

6 Ke eng fa Jesu a ne a sa tseye batho ba bangwe ba le botlhokwa go feta ba bangwe? Lebaka ke ka gonne ene le Rraagwe ba ne ba bopa batho gore lefatshe le tlale ka merafe e e farologaneng. (Genesise 1:27, 28) Ka jalo, Jehofa le Jesu ga ba akanye gore morafe, setšhaba kgotsa puo nngwe e  botoka go gaisa e nngwe. (Ditiro 10:34, 35; Tshenolo 7:9, 13, 14) Re tshwanetse go latela sekao sa bone.—Mathaio 5:43-48.

7, 8. (a) Re mo letlhakoreng la ga mang, mme ka ntlha yang? (b) Ke mang yo o tla rarabololang mathata a batho?

7 Ke ka ntlha yang fa re sa eme nokeng mmusi ope kgotsa puso epe fela? Ka gonne Mmusi wa rona o mongwe fela, ke Jehofa. Satane o ne a re Jehofa ga a buse batho sentle. O ne a batla gore batho ba dumele gore tsela ya gagwe ya go busa e gaisa ya Modimo. Jehofa o re letleletse gore re itlhophele gore re batla go tsaya letlhakore la ga mang. Wena o tla tlhopha eng? A o ikobela Jehofa ka gonne o dumela gore tsela e a dirang dilo ka yone e botoka go gaisa e wena o di dirang ka yone? A o tlhomamisegile gore Bogosi jwa gagwe ke jone fela bo tla rarabololang mathata a rona? Kgotsa a o akanya gore batho ba ka kgona go ipusa?—Genesise 3:4, 5.

8 Ka sekai, o ne o tla reng fa mongwe a ne a ka go botsa gore o akanyang ka mokgatlho mongwe wa sepolotiki, ka setlhopha sengwe sa ditshwanelo tsa batho kgotsa mokgatlho mongwe fela o o rileng? Mengwe ya mekgatlho eno e ka tswa e na le maitlhomo a a siameng e bile e batla go thusa batho mme rona re a itse gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo ka rarabololang mathata a batho le go tlisa tshiamiso mo lefatsheng. Go na le gore mongwe le mongwe wa rona a dire se a se ratang mo phuthegong, re latela kaelo ya ga Jehofa. Ke ka lebaka leo go nang le kutlwano mo phuthegong.

9. Ke bothata bofe jo Bakeresete bangwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba neng ba na le jone, mme ba ne ba tshwanetse go dira eng?

9 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete bangwe ba kwa Korintha ba ne ba ngangisana ba re: “‘Ke wa ga Paulo,’ ‘Nna ke wa ga Apolose,’ ‘Nna ke wa ga Kefase,’ ‘Nna ke wa ga Keresete.’” Paulo o ne a gamaregile tota fa a utlwa ka kgang eo. E ne e le bothata jo bo masisi tota ka gonne bo ne bo tla kgoreletsa kagiso ya phuthego. Ke ka moo a ileng a botsa bakaulengwe le bokgaitsadi a re: “Keresete o gone a kgaogane?” Go tswa foo o ne a ba kgalemela a re: “Ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” Ka tsela e e tshwanang, le rona ga re a tshwanela go baka dikgaogano mo phuthegong.—1 Bakorintha 1:10-13; bala Baroma 16:17, 18.

10. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ka eng, mme re ithuta eng mo go seo?

10 Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba ba tloditsweng gore ke baagi ba kwa legodimong le gore ba se ka ba tlhoma mogopolo “mo dilong tse di mo lefatsheng.” (Bafilipi 3:17-20) * (Bala ntlha e e kwa tlase.) Batlodiwa  ke baemedi ba ba emelang Modimo le Keresete. Moemedi fa a le kwa nageng e sele ga a itshunye nko mo mathateng le mo dipolotiking tsa naga eo. Ka tsela e e tshwanang, go tla bo go le phoso gore batlodiwa ba tsenelele mo dipolotiking le mo mathateng a lefatshe leno. (2 Bakorintha 5:20) Batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba ikanyega mo Bogosing e bile ga ba itshunye nko mo dilong tsa lefatshe leno.

ITHUTE GO IKANYEGA MO BOGOSING JWA GA JEHOFA

11, 12. (a) Ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go bo tila fa re batla go nna re ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo? (b) Kgaitsadi mongwe o ne a ikutlwa jang ka batho bangwe mme ke eng se se mo thusitseng go fetoga?

11 Mo mafelong mangwe, batho ba ba godileng ka tsela e e tshwanang, ba ngwao le puo e e tshwanang, ba utlwana fela thata. Gantsi ba motlotlo ka lefelo le ba goletseng kwa go lone. Mme rona ga re a tshwanela go nna le maikutlo a a ntseng jalo go na le moo, re tshwanetse go fetola tsela e re akanyang ka yone e bile re tlhoka go thapisa digakolodi tsa rona gore re kgone go nna re sa tseye letlhakore mo dilong tse di ntseng jalo. Re ka dira seo jang?

12 Ka sekai, Mirjeta * (bona ntlha e e kwa tlase) o tsholetswe kwa nageng e pele e neng e bidiwa Yugoslavia. Kwa lefelong le a goletseng kwa go lone, batho ba koo ba ne ba tlhoile ba-Serbia. Fa a sena go ithuta ka Jehofa, o ne a lemoga gore Modimo ga a tlhaole batho go ya ka ditso tsa bone le gore Satane o batla gore batho ba tlhoane. Ka jalo, o ne a leka ka natla go fetola tsela e a neng a ikutlwa ka yone. Mme e rile go runya ntwa magareng ga ditlhopha tse di farologaneng tsa mo lefelong leo, Mirjeta o ne a simolola go tlhoa ba-Serbia gape. O ne a sa batle le go ba rerela. O ne a itse gore se a se dirang se phoso, ke ka moo a ileng a kopa Jehofa gore a mo thuse go lwantsha maikutlo ao. Gape o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go nna mmulatsela. Mirjeta a re: “Ke lemogile gore go tlhoma mogopolo mo bodireding go thusa fela thata. Fa ke le mo bodireding, ke leka go etsa botho jwa ga Jehofa mme ke lemogile gore go dira jalo go nthusa go lwantsha maikutlo ao a a sa siamang.”

13. (a) Zoila o ile a diragalelwa ke eng mme o ne a tsiboga jang? (b) Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Zoila?

13 Kgaitsadi mongwe wa kwa Mexico e bong Zoila, o ne a fudugela kwa Yuropa. Phuthego e a neng a le kwa go yone e ne e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang kwa karolong nngwe ya Latin America. Zoila a re bangwe ba bone ba ne ba dira metlae ka naga, dingwao le mmino wa naga e a tswang kwa go yone. O ne a galefile, ka jalo a rapela Jehofa gore a mo thuse gore a se ka a kgopisega. Wena o ka bo o ile wa dira eng? Bangwe ba rona re sa ntse re kgopisega fa mongwe a bua sengwe se se bosula ka lefelo le re tswang kwa go lone. Ka jalo, le ka motlha ga re batle go bua kgotsa go dira sengwe se se nyenyefatsang setlhopha sengwe se se rileng sa batho. Ga re batle go lotlhanya bakaulengwe ba rona kgotsa batho ba bangwe.—Baroma 14:19; 2 Bakorintha 6:3.

Kopa Jehofa gore a go thuse go leba batho ka tsela e a ba lebang ka yone

14. Ke eng se se ka go thusang gore o lebe batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone?

14 Re a itse gore rona batlhanka ba ga Jehofa re ngata e le nngwe, ka jalo le ka motlha ga re a tshwanela go akanya gore lefelo kgotsa naga nngwe e botoka mo go e nngwe. Le fa go ntse jalo, ba lelapa la gago  mmogo le batho ba o godileng le bone ba ka nna ba bo ba go tlhotlheleditse gore o rate lefelo le o tswang kwa go lone. Gongwe go a tle go direge gore o nne le maikutlo a a sa siamang ka batho ba ditšhaba, ba dingwao, ba dipuo kgotsa ba ditso tse dingwe. Ke eng se se ka go thusang go fetola tsela e o ikutlwang ka yone? Tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a lebang ka teng batho ba ba ikgantshang ka naga ya bone kgotsa ba ba iponang ba le botoka mo go ba bangwe. Batlisisa thata ka kgang eno ka nako ya fa o ithuta o le nosi kgotsa ka nako ya kobamelo ya lelapa. Go tswa foo, kopa Jehofa gore a go thuse go leba batho ka tsela e a ba lebang ka yone.—Bala Baroma 12:2.

Fa re batla go ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go mo ikobela go sa kgathalesege se batho ba se dirang kgotsa ba se buang (Bona serapa 15, 16)

15, 16. (a) Batho bangwe ba tla ikutlwa jang fa re dira dilo ka tsela e e sa tshwaneng le ya bone? (b) Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba ikanyege mo go Jehofa?

15 E re ka re batla go direla Jehofa ka segakolodi se se phepa, ka dinako tse dingwe tsela e re dirang dilo ka yone e tla farologana gotlhelele le ya badirimmogo le rona, ba re tsenang sekolo le bone, baagelani ba rona kgotsa ba masika. (1 Petere 2:19) Jesu o ne a re tlhagisa gore batho bangwe ba tla re tlhoa ka ntlha ya seno. Se lebale gore bontsi jwa batho ba ba re bogisang ga ba itse sepe ka Bogosi Jwa Modimo. Ka jalo, ga ba tlhaloganye lebaka la go bo re sa ikanye dipuso tsa batho go na le moo, re ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo.

16 Fa re batla go ikanyega mo go Jehofa,  re tshwanetse go mo ikobela go sa kgathalesege se batho ba se dirang kgotsa ba se buang. (Daniele 3:16-18) Basha ke bone ba ka dinako tse dingwe ba ka fitlhelang go le thata go farologana le batho ba bangwe. Batsadi, thusang bana ba lona gore ba nne pelokgale fa ba le kwa sekolong. Bana ba lona ba ka nna ba boifa go gana go obamela folaga kgotsa go nna le seabe mo meletlong ya bosetšhaba. Lo ka ithuta gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tseno ka nako ya kobamelo ya lelapa. Ba rute go tlhalosa dilo tse ba di dumelang ka tsela e e utlwalang sentle le e e bontshang tlotlo. (Baroma 1:16) Gape fa go tlhokega, bua le barutisi ba bone mme lo ba tlhalosetse se re se dumelang.

ITUMELELE POPO YOTLHE YA GA JEHOFA

17. Ke tsela efe ya go akanya e re tshwanetseng go e tila, mme ka ntlha yang?

17 Gantsi re itumelela dijo, puo, tlhago le dingwao tsa lefelo le re goletseng mo go lone. A re akanya gore ka dinako tsotlhe dilo tse re di ratang di botoka thata go gaisa tse ba bangwe ba di ratang? Jehofa o batla gore re itumelele dilo tsotlhe tse a di bopileng. (Pesalema 104:24; Tshenolo 4:11) Ka jalo, ke eng o akanya gore tsela e o dirang dilo ka yone ke yone fela e e siameng?

Jehofa o batla gore batho ba ba farologaneng ba tshelele ruri

18. Ke eng fa re tshwanetse go leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone?

18 Jehofa o batla gore batho ba ba farologaneng ba ithute ka ene, ba mo obamele e bile ba tshelele ruri. (Johane 3:16; 1 Timotheo 2:3, 4) Ka jalo, fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba sa bone dilo ka tsela e re di bonang ka yone, re ikemiseditse go ba reetsa fa fela dikgopolo tsa bone di se kgatlhanong le Dikwalo. Fa re dira jalo, re tla itumelela botshelo e bile re nna seoposengwe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Jaaka re setse re tlhalositse, e re ka ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe, ga re itshunye nko mo dikgogakgoganong tsa lefatshe leno. Ga re beye sebete boikgogomoso le moya wa kgaisano o o tletseng mo lefatsheng leno la ga Satane. Re leboga Jehofa tota go bo a re rutile go rata kagiso le go ikokobetsa! Re ikutlwa fela jaaka mopesalema fa a ne a re: “Bona! A bo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—Pesalema 133:1.

^ ser. 10 Maloko mangwe a phuthego ya kwa Filipi a ka tswa a ne a na le boagi jwa kwa Roma mme ka ntlha ya seo ba na le ditshwanelo dingwe tse bakaulengwe ba bone ba neng ba se na tsone.

^ ser. 12 Maina mangwe a fetotswe.