“Disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” —1 PETERE 5:8.

1. Tlhalosa gore go tlile jang gore moengele mongwe a bidiwe Satane.

NAKO nngwe o ne a na le kamano e e molemo le Jehofa. Mme moragonyana sebopiwa seno sa semoya kgotsa moengele yono, o ne a batla gore batho ba mo obamele. Go na le gore a lwantshe keletso eo, o ne a e letla gore e gole go fitlha a leofa. (Jakobe 1:14, 15) Ga re itse gore kwa tshimologong leina la gagwe e ne e le mang mme gone jaanong re mmitsa Satane. “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring.” O ne a tsuologela Jehofa mme a nna “ramaaka.”—Johane 8:44.

2, 3. Mafoko a a reng “Satane,” “Diabolo,” “noga,” le “kgogela” a re lemotsha eng ka mmaba yo mogolo wa ga Jehofa?

2 Fa e sa le Satane a tsuologa, o ne a nna mmaba yo mogolo wa ga Jehofa le wa batho botlhe. Tsela e Baebele e tlhalosang Satane ka yone e dira gore re kgone go lemoga gore ke motsietsi. Lefoko Satane le kaya “Moganetsi,” se se bontshang gore moengele yono yo o boikepo o tlhoile puso ya Modimo e  bile o e lwantsha ka sotlhe se a nang le sone. Tota se Satane a se batlang ke go fedisa puso ya ga Jehofa.

3 Tshenolo 12:9 e bitsa Satane e re ke Diabolo, lefoko le le kayang “Mosebi.” Satane o tlontlolotse Modimo ka go mmitsa moaki. Mafoko a a reng “noga ya kwa tshimologong,” a re gopotsa kafa Satane a ileng a dirisa noga ka gone go tsietsa Efa. Gape mafoko a a reng “kgogela e kgolo,” a tlhalosa sentle se Satane a leng sone. O shakgetse, o setlhogo e bile o boikepo. O batla gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo se ka jwa diragadiwa e bile o batla go nyeletsa batho ba Modimo.

4. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Ga go pelaelo gore Satane o ikemiseditse go dira gore re se ka ra ikanyega mo go Jehofa. Ke ka moo Baebele e re tlhagisang jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Ka jalo, mo setlhogong seno, re tla sekaseka mekgwa e meraro ya ga Satane e e bontshang lebaka la go bo re tshwanetse go nna re itshireleditse kgatlhanong le mmaba yono yo o boikepo wa ga Jehofa le wa batho ba Gagwe.

SATANE O MAATLA

5, 6. (a) Tlhalosa dikai tse di bontshang gore baengele ba “maatla” tota? (b) Ke ka tsela efe Satane a nang le “dithata tsa go baka loso”?

5 Baengele ba “maatla” tota. (Pesalema 103:20) Ba botlhale thata e bile ba maatla go feta batho. Ke boammaaruri gore baengele ba ba siameng ba dirisa maatla a bone ka tsela e e molemo. Ka sekai, moengele a le mongwe wa ga Jehofa o ne a bolaya masole a a boikepo a Baasiria a le 185 000. Motho a le mongwe o ne a ka se kgone go dira jalo tota le e leng mophato wa masole. (2 Dikgosi 19:35) Nako nngwe moengele o ne a dirisa bokgoni le maatla a gagwe go golola baaposetoloi ba ga Jesu mo kgolegelong. Le fa batlhokomedi ba ne ba le gaufi, ga ba a ka ba lemoga fa moengele a bula dikgoro, a ntsha baaposetoloi go tswa foo a bo a tswala dikgoro gape.—Ditiro 5:18-23.

6 Baengele ba ba ikanyegang ba dirisa maatla a bone ka tsela e e molemo mme Satane ene o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, ga go pelaelo gore Satane o na le maatla le tlhotlheletso e kgolo tota. Baebele ya re ke “mmusi wa lefatshe leno” le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (Johane 12:31; 2 Bakorintha 4:4) E bile o na le “dithata tsa go baka loso.” (Bahebera 2:14) Seno ga se reye gore o kgona go bolaya batho botlhe ka tlhamalalo. Goreng re rialo? Sa ntlha, batho ba lefatshe leno la ga Satane ba tletse letlhoo e bile ba rata thubakanyo. Sa bobedi, e re ka Efa a ile a dumela maaka a ga Satane mme Adame a se ka a ikobela Modimo, batho botlhe ba leofile e bile ba a swa. (Baroma 5:12) Fela jaaka Jesu a ile a bua, Satane ke “mmolai.” (Johane 8:44) Ruri ke mmaba yo o maatla!

Rona ka borona re ka se kgone go emelana le Satane fa Jehofa a sa re thuse

7. Madimona a ile a itshupa jang gore a maatla?

 7 Fa re ganetsana le Satane, gape re ganetsana le botlhe ba ba mo emang nokeng mmogo le ba ba tsuologelang bolaodi jwa Modimo. Bone ba akaretsa setlhopha se segolo sa baengele ba batsuolodi, ba ba bidiwang madimona. (Tshenolo 12:3, 4) Baengele bano ba ile ba itshupa ka makgetlo a le mantsi gore ba maatla go feta batho e bile ke bone ba ba bogisang batho. (Mathaio 8:28-32; Mareko 5:1-5) Le ka motlha o se ka wa lebala gore madimona ano le mmusi wa bone ba maatla tota. (Mathaio 9:34) Rona ka borona re ka se ka ra emelana le Satane fa Jehofa a sa re thuse.

SATANE O SETLHOGO

8. (a) Boikaelelo jwa ga Satane ke eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng se se bontshang gore lefatshe leno le setlhogo fela jaaka Satane?

8 Moaposetoloi Petere o tshwantsha Satane le “tau e e kurutlang.” Buka nngwe e e tlhalosang mafoko ya re lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go kurutla,’ le kaya “modumo wa sebatana se se tshwerweng ke tlala thata.” A bo seo se tlhalosa sentle jang ne tsela e e setlhogo le e e boikepo e Satane a leng ka yone! O laola lefatshe lotlhe mme le fa go ntse jalo ga a kgotsofale. Satane o tshwana le tau e e sa kgoreng. (1 Johane 5:19) O kwaile thata batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo  lefatsheng mmogo le ba “dinku tse dingwe” ba ba ba emang nokeng. (Johane 10:16; Tshenolo 12:17) Boikaelelo jwa ga Satane ke go nyeletsa batho ba ga Jehofa. Tsela e Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba bogisiwa ka yone go tla go fitlha le gompieno, e bontsha gore Satane o setlhogo.

9, 10. (a) Satane o ne a tlhasela jang setšhaba sa Baiseraele? (Naya dikai.) (b) Ke ka ntlha yang fa Satane a ne a tlhasela Baiseraele? (c) O akanya gore Diabolo o ikutlwa jang fa motlhanka wa ga Jehofa a dira boleo jo bo masisi?

9 Go na le tsela e nngwe gape e Satane a ileng a bontsha ka yone gore o setlhogo. Tau e e tshwerweng ke tlala ga e rekegele phologolo epe fela e e e bolayang. Ga e e utlwele botlhoko pele e e bolaya e bile ga e kgathale le gore e e bolaile jang. Satane le ene ga a utlwele botlhoko batho ba a ba tlhaselang. Ka sekai, o akanya gore Satane o ne a ikutlwa jang fa Baiseraele ba ne ba bontsha bopelotshetlha le fa ba ne ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo? Satane o ne a itumetse fa a bona diphelelo tse di botlhoko tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa ga Simeri le bopelotshetlha jwa ga Gehasi.—Dipalo 25:6-8, 14, 15; 2 Dikgosi 5:20-27.

Satane o itumela thata fa motlhanka wa ga Jehofa a dira boleo jo bo masisi (Bona serapa 10)

10 Satane o ne a na le lebaka la go tlhasela Baiseraele. Gakologelwa gore Mesia o ne a tshwanetse go tswa mo setšhabeng seo e bile ke ene a neng a tla tapeta Satane le go bontsha gore Jehofa ke ene a nang le tshwanelo ya go busa batho. (Genesise 3:15) Satane o ne a batla go senya kamano ya Baiseraele le Modimo, ka jalo, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go ba leofisa. O se ka wa akanya gore fa Dafide a sena go dira boaka, Satane o ne a mo utlwela botlhoko. O se ka wa akanya gore o ne a utlwa botlhoko fa Moshe a latlhegelwa ke tshiamelo ya go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Tota Satane o itumela thata fa motlhanka wa Modimo a dira boleo jo bo masisi. Tota e bile, o dirisa seo go kgoba Jehofa.—Diane 27:11.

11. Ke ka ntlha yang fa Satane a ka tswa a ne a kwaile Sara?

11 Satane o ne a tlhoile thata losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa Jehofa a sena go bolelela Aborahame gore o tla nna “setšhaba se segolo.” (Genesise 12:1-3) Fa Aborahame le Sara ba ne ba le kwa Egepeto, Faro o ne a tsaya Sara a mo isa kwa ntlong ya gagwe ka maikaelelo a gore a nne mosadi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sireletsa Sara mo maemong ao a a thata. (Bala Genesise 12:14-20.) Go ile ga direga se se tshwanang kwa motseng wa Gerare pele Isake a tsholwa. (Genesise 20:1-7) A ga o akanye gore Satane ke ene a neng a baka maemo ano? Gakologelwa gore Sara o ne a fudugile mo motseng o o neng o humile wa Ure mme a nna mo ditenteng. Ka jalo, a Satane o ne a leka go mo raela ka matlo a mantlentle a segosi a ga Faro le Abimeleke? A Satane o ne a akanya gore Sara o tla tlogela monna wa gagwe le Jehofa mme a nyalwe ke nngwe ya dikgosi tseo? Baebele ga e tlhalose mme gone go bonala Diabolo a ne a ka itumela tota fa Sara a ne a ka latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna karolo ya losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone. Satane o ne a se kitla a kgathala fa lenyalo la mosadi yono, tsela e a neng a itsege  ka yone le fa kamano ya gagwe le Jehofa di ne di ka senyega. Tota Satane o setlhogo e bile o boikepo!

Satane ga a kgathale le e seng

12, 13. (a) Fa Jesu a sena go tsholwa, Satane o ne a bontsha jang gore o setlhogo? (b) O akanya gore Satane o ikutlwa jang ka bana ba ba ratang Jehofa e bile ba leka go Mo direla?

12 Jesu o ne a tsholwa dingwagangwaga morago ga Aborahame. Mme gone, o se ka wa akanya gore Satane o ne a kgatlhiwa ke bontle jwa losea lono. Satane o ne a itse gore losea lono lo ne lo tla nna Mesia yo o solofeditsweng. Jesu e ne e le losika lwa konokono la ga Aborahame mme moragonyana o ne a tla “senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) A Satane o ne a tsaya e le bosetlhogo go bolaya ngwana yoo? Nnyaa. Ga a kgathale le e seng. O ile a itlhaganelela go leka go bolaya Jesu. Jang?

13 Fa balepadinaledi ba bolelela Kgosi Herode gore “kgosi ya Bajuda” e tshotswe, o ne a galefa thata mme a batla go bolaya losea lono. (Mathaio 2:1-3, 13) Ka jalo, o ne a laela gore mo Bethelehema le mo dikgaolong tsa yone, go bolawe bana botlhe ba basimane ba dingwaga tse pedi go ya kwa tlase. (Bala Mathaio 2:13-18.) Jesu ga a ka a bolawa, mme seno se re ruta eng ka mmaba wa rona Satane? Diabolo ga a kgathalele matshelo a batho. Ga a na sepe le ka bana. Ruri Satane ke “tau e e kurutlang”! Le ka motlha, o se ka wa lebala gore Satane o setlhogo!

SATANE O A TSIETSA

14, 15. Satane o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng’ jang?

14 Tsela e le nngwe fela e Satane a e dirisang go kgaoganya batho le Modimo wa rona yo o lorato Jehofa, ke ka go ba tsietsa. (1 Johane 4:8) Satane o tsietsa batho gore ba se ka ba lemoga “se ba se tlhokang semoyeng” ke gore, ba se ka ba lemoga gore ba tlhoka go nna le kamano le Modimo. (Mathaio 5:3) Diabolo o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng’ gore ba se ka ba itse boammaaruri ka Jehofa.—2 Bakorintha 4:4.

15 Sedirisiwa sengwe se segolo se Satane a se dirisang go tsietsa batho, ke bodumedi jwa maaka. O a itse gore Jehofa o batla “boineelo jo bo feletseng.” (Ekesodo 20:5) Ka jalo, o itumela tota fa a bona batho ba obamela bagologolwane ba bone, tlholego, diphologolo kgotsa sepe fela ntle le Jehofa. Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ba akanyang gore Modimo o amogela kobamelo ya bone, tota ba laolwa ke ditumelo tsa maaka le dingwao tse di sa ba thuseng ka sepe. Baiseraele ba motlha wa ga Isaia ba ne ba le mo seemong se se tshwanang. Jehofa o ne a ba botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nnela go ntsha madi lo a ntshetsa se e seng senkgwe, mme ke ka ntlha yang fa lo dira ka natla lo direla selo se se felelang se sa kgotsofatse? Ntheetsang ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme a moya wa lona o itumelele monono thata.”—Isaia 55:2.

Satane o kgona go tsietsa tota le batlhanka ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a raya Petere a re: “Mpota kafa morago, Satane”? (b) Satane a ka re tsietsa jang gore re tlogele go nna re disitse?

16 Satane o kgona go tsietsa tota le batlhanka ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa.  Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa Jesu a bolelela barutwa ba gagwe gore go ise go ye kae o tlile go bolawa. Moaposetoloi yo o neng a rata Jesu e bong Petere o ne a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Jesu o ne a raya Petere a re: “Mpota kafa morago, Satane!” (Mathaio 16:22, 23) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bitsa Petere a re ke “Satane”? Ka gonne o ne a itse se se tla tlogang se direga. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o ne a tla ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo mme a bontshe gore Diabolo ke moaki. Eo e ne e se nako ya go ‘ikutlwela botlhoko,’ go na le moo e ne e le nako e e botlhokwa thata. Satane o ne a ka itumela tota fa Jesu a ka bo a ile a ineela.

17 Re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Satane o batla gore “re ikutlwele botlhoko” ka go dira gore re tlhome mogopolo thata mo go atlegeng. O batla gore re lebale gore re tshela mo metlheng ya bofelo mme re feleletse re robetse semoyeng. Se letle seo go go diragalela. Go na le moo, ‘nna o disitse.’ (Mathaio 24:42) O se ka wa dumela maaka a ga Satane a gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo kgakala thata kgotsa gore ga bo kitla bo tla.

18, 19. (a) Satane a ka leka go re tsietsa jang le go dira gore re akanye gore Jehofa ga a re rate? (b) Jehofa o re thusa jang gore re nne re disitse?

18 Go na le tsela e nngwe gape e Satane a lekang go re tsietsa ka yone. O batla gore re akanye gore Jehofa ga a re rate e bile ga a kitla a re itshwarela fa re leofile. Mme seo ke maaka a matala fela. O akanya gore ke mang yo tota Jehofa a sa mo rateng? Ke Satane. Ke mang yo Modimo a se kitlang a tsamaya a mo itshwarela? Ke ene Satane. Mme Baebele e re kgothatsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Bahebera 6:10) Jehofa o anaanela matsapa a re a tsayang go mo itumedisa e bile se re mo direlang sone mo tirelong ya gagwe ga se matsapa a bophiri. (Bala 1 Bakorintha 15:58.) Ka jalo, o se ka wa tsiediwa ke maaka a ga Satane.

19 Jaaka re setse re bone, Satane o maatla, o setlhogo e bile o a tsietsa. Re ka mo fenya jang? Jehofa o a re thusa. Lefoko la gagwe le re ruta mekgwa e Satane a e dirisang mme seo se re thusa gore re se ka ra nna “ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakorintha 2:11) Fa re itse mekgwa e Satane a e dirisang go re tlhasela, re tla kgona go nna re disitse. Mme gone, ga go a lekana go itse fela mekgwa e a e dirisang. Baebele ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditsela di le tharo tse re ka di dirisang go lwantsha le go fenya Satane.