Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Lenyalo le le Nonofileng e Bile le Itumetse

Nna le Lenyalo le le Nonofileng e Bile le Itumetse

“Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.”—PES. 127:1a.

1-3. Ke dikgwetlho dife tse banyalani ba lebanang le tsone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

MONNA mongwe yo o nang le dingwaga di le 38 a le mo lenyalong le le itumetseng a re: “Fa o tsaya matsapa e bile o bontsha gore o batla gore lenyalo la gago le atlege, Jehofa o tla go segofatsa.” Ee, go a kgonega gore banna le basadi ba ba mo lenyalong ba nne le dinako tse di itumedisang e bile ba tshegetsane ka dinako tsa mathata.—Dia. 18:22.

2 Le fa go ntse jalo, go tlwaelegile gore banyalani ba lebane le “pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakor. 7:28) Ka ntlha yang? Ka gonne matshwenyego a letsatsi le letsatsi a ka baka mathata mo lenyalong. Kutlobotlhoko, go sa tlhaloganyane le go tlhoka puisano e e molemo go go bakwang ke loleme lo lo sa itekanelang, go ka baka mathata tota le mo manyalong a a atlegileng thata. (Jak. 3:2, 5, 8) Gape banyalani ba le bantsi ba fitlhela go le thata go lepalepana le tiro e e ba tlhokang go le gontsi mme ka fa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba tlhokometse bana ba bone. Go ngomoga pelo le go nna le letsapa le le tseneletseng go dira gore go nne thata gore banyalani bangwe ba fetse nako ba le mmogo go nonotsha lenyalo la bone. Lorato le tlotlo tse ba tshwanetseng go bontshana tsone di ka amega ka tsela nngwe fa ba lebane le mathata a tsa madi, a botsogo kgotsa dikgwetlho tse dingwe.  Mo godimo ga moo, motheo wa lenyalo le le neng le bonala e kete le nonofile o ka nna wa senngwa ke “ditiro tsa nama,” tse di jaaka boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, boitshwaro jo bo repileng, dikgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale le manganga.—Bag. 5:19-21.

3 Se se dirang dilo maswe le go feta ke ka go bo re tshela mo “metlheng ya bofelo,” e mo go yone batho ba leng bogagapa e bile ba nang le mekgwa e e sa siamang e e kotsi mo lenyalong. (2 Tim. 3:1-4) Sa bofelo, manyalo a tshwanetse go emelana le ditlhaselo tse di sa feleng tsa mmaba yo o setlhogo. Moaposetoloi Petere o re tlhagisa jaana: “Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Pet. 5:8; Tsh. 12:12.

4. A go a kgonega gore motho a nne le lenyalo le le nonofileng e bile le itumetse?

4 Monna mongwe yo o nyetseng wa kwa Japane a re: “Mathata a tsa madi a ke neng ke na le one, a ne a ngomola pelo fela thata. Mme e re ka ke ne ke sa buisane le mogatsake ka kgang eno, le ene o ne a ikutlwa a imetswe fela thata. Mo godimo ga moo, bosheng jaana o ne a lebana le mathata a a masisi a botsogo. Ka dinako tse dingwe, go ngomoga pelo jalo go ne go dira gore re feleletse re lwa.” Go na le dikgwetlho tse dingwe mo lenyalong tse re sa kgoneng go di tila mme ga go reye gore ga di kgone go rarabololwa. Jehofa a ka thusa banyalani gore ba nne le lenyalo le le nonofileng e bile le itumetse. (Bala Pesalema 127:1.) Mma re tlotle ka dintlha di le tlhano tse di thusang gore lenyalo e nne le le nonofileng le le le nnelang ruri. Mme go tswa foo, re tla bona kafa lorato lo ka dirisiwang ka gone mo dintlheng tseo.

AKARETSA JEHOFA MO LENYALONG LA GAGO

5, 6. Banyalani ba ka dira eng gore ba akaretse Jehofa mo lenyalong la bone?

5 Selo sa konokono mo lenyalong le le nonofileng ke go ikanyega le go ikobela Mosimolodi wa lenyalo. (Bala Moreri 4:12.) Banyalani ba ka akaretsa Jehofa mo lenyalong la bone ka go latela kaelo ya gagwe e e lorato. Baebele e bua jaana ka batho ba Modimo ba bogologolo: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isa. 30:20, 21) Gompieno banyalani ba ka “utlwa” lentswe la ga Jehofa ka go bala Lefoko la Modimo mmogo. (Pes. 1:1-3) Gape ba ka nonotsha lenyalo la bone ka go nna le thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa e ba ka iitumelelang e bile e le e e ba lapolosang semoyeng. Gape go botlhokwa thata gore ba rapele mmogo letsatsi le letsatsi gore ba nne le lenyalo le le ka kgonang go emelana le ditlhaselo tsa lefatshe la ga Satane.

Fa banyalani ba dira dilo tsa semoya mmogo, seo se ba thusa gore ba nne le kamano e e itumedisang le e e atamalaneng thata le Modimo e bile bone ka bobone ba a atamalana (Bona serapa 5, 6)

6 Gerhard wa kwa Jeremane a re: “Fa mathata a botho kgotsa go sa tlhaloganyane go kgoreletsa boitumelo jwa rona mo lelapeng, kgakololo e e mo Lefokong la Modimo e re thusitse go lwela go nna pelotelele le go itlwaetsa go itshwarelana. Dinonofo tseno di botlhokwa thata go thusa gore lenyalo le atlege.” Fa banyalani ba leka ka natla go akaretsa Modimo mo lenyalong la bone ka go dira dilo tsa semoya mmogo, seo se ba thusa gore ba nne le kamano e e itumedisang le e e atamalaneng thata le Modimo e bile bone ka bobone ba a atamalana.

BANNA—BONTSHANG LORATO MO BOTLHOGONG JWA LONA

7. Banna ba tshwanetse go dirisa botlhogo jwa bone jang?

7 Tsela e monna yo o nyetseng a dirisang botlhogo jwa gagwe ka yone e ka nonotsha thata lenyalo la gagwe le go le dira gore le itumele. Baebele ya re: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna.” (1 Bakor. 11:3) Dintlha tse di dikologileng kgang eno, di bolelela banna kafa ba tshwanetseng go dirisa botlhogo jwa bone ka gone—ka tsela e e tshwanang le e Keresete a dirisang taolo ya gagwe ka yone mo banneng. Jesu ga a ise a ko a nne makgwakgwa kgotsa bogale go na le moo, ka dinako tsotlhe o ne a le  lorato, a le pelonomi, a le tekatekano, a le bonolo e bile a le boikokobetso mo pelong.—Math. 11:28-30.

8. Monna a ka dira jang gore mosadi wa gagwe a mo tlotle le go mo rata?

8 Banna ba Bakeresete ba ba nyetseng ga ba tlhoke go laela basadi ba bone kgapetsakgapetsa gore ba ba tlotle. Go na le moo, ba ‘tswelela go nna le bone go ya ka kitso [go ba akanyetsa; go ba tlhaloganya, ntlha e e kwa tlase mo NW].’ Ba “ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi.” (1 Pet. 3:7) Fa banna ba ba nyetseng ba le mo gare ga batho kgotsa ba le bosi le basadi ba bone, ba bontsha ka mafoko a tlotlo le ka ditiro tsa bopelotlhomogi gore ba tsaya basadi ba bone ba le botlhokwa thata. (Dia. 31:28) Go dirisa botlhogo ka tsela eno e e lorato go dira gore mosadi a rate monna wa gagwe le go mo tlotla e bile go dira gore Modimo a segofatse lenyalo la bone.

BASADI—NNANG BOIKOKOBETSO

9. Mosadi yo o nyetsweng a ka bontsha jang boikokobetso?

9 Go rata Jehofa ka lorato lo lo seng bogagapa e bile lo theilwe mo melaometheong go re thusa rotlhe gore re ikokobeletse seatla sa gagwe se se thata. (1 Pet. 5:6) Tsela nngwe ya botlhokwa e mosadi yo o boikokobetso a bontshang ka yone gore o tlotla taolo ya ga Jehofa ke ka go dirisana mmogo le lelapa la gagwe le go le tshegetsa. Baebele ya re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e re ka go tshwanela mo Moreneng.” (Bakol. 3:18) Boammaaruri ke gore, ga se ka metlha mosadi a dumalanang le ditshwetso tsotlhe tse monna wa gagwe a di tsayang. Le fa go ntse jalo, fa tshwetso e monna wa gagwe a e tsayang e se kgatlhanong le melao ya Modimo, mosadi yo o ikokobeditseng o iketleeleditse go ineela.—1 Pet. 3:1.

10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ikokobetsa ka lorato?

10 Mosadi yo o nyetsweng o na le karolo ya botlhokwa ya go nna “molekane” wa monna wa gagwe. (Mal. 2:14) O nna le seabe sa botlhokwa mo ditshwetsong tse di amang lelapa ka go tlhalosa ka tlotlo se a se akanyang le tsela e a ikutlwang ka yone mme gone a ntse a le boikokobetso. Monna yo o botlhale o tla reetsa ka kelotlhoko se mosadi wa gagwe a se buang. (Dia. 31:10-31) Fa mosadi a ikokobetsa jalo ka  lorato, seo se tla dira gore go nne le boipelo, kagiso le kutlwano mo lelapeng le gore ene le monna wa gagwe ba kgotsofale ka gonne ba itse gore ba itumedisa Modimo.—Baef. 5:22.

TSWELELANG LO ITSHWARELANA LO GOLOLESEGILE

11. Ke ka ntlha yang fa go itshwarelana go le botlhokwa?

11 Sengwe sa botlhokwa thata mo go nneng le lenyalo le le nnelang ruri, ke go itshwarelana. Lenyalo le a nonofa fa monna le mosadi ba ‘tswelela go itshokelana e bile ba itshwarelana ba gololesegile.’ (Bakol. 3:13) Ka fa letlhakoreng le lengwe, lenyalo le nna mo kotsing fa banyalani ba nnela go gopola dikganetsano tse di fetileng mme ba di dirisa gangwe le gape fa go tsogile dikganetsano tse dingwe. Fela jaaka diphatlha tse di mo loboteng lwa kago di ka dira gore go nne motlhofo gore e we, go tlhabana ka mafoko le go boloka sekgopi go ka dira gore go nne thata gore batho ba itshwarelane. Mme lenyalo le a nonofa fa monna le mosadi ba itshwarelana, fela jaaka Jehofa le ene a ba itshwarela.—Mik. 7:18, 19.

12. Lorato lo bipa “maleo a mantsi” jang?

12 Lorato lwa mmatota “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” Tota e bile, “lorato lo bipa maleo a mantsi.” (1 Bakor. 13:4, 5; bala 1 Petere 4:8.) Ka mafoko a mangwe, lorato lo tla dira gore re se ka ra bala gore re itshwarela ba bangwe makgetlo a le kae. Fa moaposetoloi Petere a ne a botsa Jesu gore o tshwanetse go itshwarela motho yo mongwe makgetlo a le kae, Jesu o ne a re: “Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.” (Math. 18:21, 22) O ne a bontsha gore tota Mokeresete ga a tshwanela go bala gore o itshwarela ba bangwe makgetlo a le kae.—Dia 10:12. *

13. Re ka tila jang mokgwa wa go sa itshwarelane?

13 Annette a re: “Fa banyalani ba sa batle go itshwarelana, seo se tla dira gore ba boloke sekgopi le go sa tshepane mme go dira jalo go tla nna kotsi mo lenyalong. Go itshwarelana go nonotsha kamano ya lona ya lenyalo e bile go dira gore lo atamalane.” Go tila mokgwa wa go sa itshwarelane, lwelang go nna batho ba ba lebogang le ba ba anaanelang. Itlwaetse go akgola molekane wa gago go tswa pelong. (Bakol. 3:15) Itumelele go nna le kagiso ya mogopolo, kutlwano le go segofadiwa ke Modimo, e leng dilo tse di tlelang batho ba ba itshwarelanang.—Bar. 14:19.

DIRISA MOLAO WA SEKAGOUTA

14, 15. Molao wa Sekagouta wa reng, mme o botlhokwa jang mo lenyalong?

14 Ga go pelaelo gore o batla gore batho ba go tshware ka seriti e bile ba go tlotle. O anaanela thata fa ba bangwe ba reetsa dikakantsho e bile ba akanyetsa maikutlo a gago. Mme a o kile wa utlwa mongwe a re: “Le nna ke tla mo dira se a ntirileng sone”? Le fa ka dinako tse dingwe go ka tswa go utlwala go bua jalo, Baebele ya re: “O se ka wa re: ‘Fela jaaka a ntirile, ke tlile go mo dira jalo.’” (Dia. 24:29) Tota e bile, Jesu o re kgothaletsa gore re dirise tsela e e molemo ya go rarabolola dikgotlhang. Molao ono wa boitsholo o itsege fela thata mo e bileng o bidiwang Molao wa Sekagouta o o reng: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Jesu o ne a kaya gore re tshwanetse go tshwara batho ba bangwe ka tsela e le rona re batlang ba re tshwara ka yone, e seng ka go busolosa bosula ka bosula. Seno se raya gore re tshwanetse go tsaya matsapa a a rileng fa re batla go nna le diphelelo tse di molemo mo lenyalong.

15 Banyalani ba ka nonotsha kamano ya bone ka go akanyetsa maikutlo a balekane ba bone. Monna mongwe wa mo Afrika Borwa  yo o nyetseng a re: “Re lekile go dirisa Molao wa Sekagouta. Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe re a tenega, mme gone re leka ka natla go tshwarana ka tsela e le rona re batlang ba bangwe ba re tshwara ka yone—ka tlotlo le ka seriti.”

16. Ke eng se banyalani ba sa tshwanelang go se dira?

16 O se ka wa senola makoa a molekane wa gago kgotsa go nnela go tlhoma mogopolo mo dilong tse a sa di direng sentle—tota le e leng go dira metlae ka tsone. Gopola, lenyalo ga se kgaisano ya go bona gore ke mang yo o nonofileng go gaisa yo mongwe, yo o kgonang go goela kwa godimo kgotsa yo o kgonang go akanya ka mafoko a a botlhoko a a tlhabang go gaisa yo mongwe. Ke boammaaruri gore rotlhe re na le makoa e bile ka dinako dingwe re kgopisa ba bangwe. Mme gone, ga go na lebaka lepe le le utlwalang la gore monna kgotsa mosadi a dirise puo ya go sotla le ya go nyatsa, kgotsa se se maswe le go feta, ba kgarametsane kgotsa ba itaane.—Bala Diane 17:27; 31:26.

17. Banna ba ka dirisa jang Molao wa Sekagouta?

17 Tota le fa mo ditsong tse dingwe monna yo o kgerisang kgotsa yo o itayang mosadi wa gagwe a tsewa e le monnatia, Baebele yone ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata, mme yo o laolang moya wa gagwe o botoka go gaisa yo o thopang motse.” (Dia. 16:32) Re tlhoka go tsaya matsapa a magolo thata gore re etse monna yo mogolo go ba gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela e bong Jesu Keresete le go nna boikgapo. Monna yo o itayang mosadi wa gagwe e bile a mo sotla ka mafoko ga se monnatia le e seng mme o tla latlhegelwa ke kamano ya gagwe le Jehofa. Mopesalema Dafide yo le ene e neng e le monna yo o nonofileng e bile a le pelokgale, o ne a re: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona, mme lo didimale.”—Pes. 4:4.

“APARANG LORATO”

18. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go lwela go nna le nonofo ya lorato?

18 Bala 1 Bakorintha 13:4-7. Lorato ke nonofo ya botlhokwatlhokwa mo lenyalong. “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakol. 3:12, 14) Lorato lwa go intsha setlhabelo lo lo tshwanang le lwa ga Keresete ke lone sebofo sa lenyalo le le nonofileng. Lo dira gore lenyalo le nne le nonofile le fa le lebana le makoa a molekane yo mongwe a nang le one, mathata a a masisi a botsogo, mathata a tsa madi a a ngomolang pelo le dikgwetlho tse di bakwang ke ba bogogwadi le ba bogwe.

19, 20. (a) Banyalani ba ka dira jang gore manyalo a bone e nne a a nonofileng le a a itumetseng? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Ke boammaaruri gore banyalani ba tlhoka go ineela ka lorato, go ikanyega le go tsaya matsapa a magolo gore lenyalo la bone le atlege. Go na le gore banyalani ba batle go tswa mo lenyalong fa go tlhaga mathata, ba tshwanetse go lwela gore lenyalo la bone e nne le le itumedisang—e seng fela gore ba le itshokele mme ba sa itumela. Banyalani ba Bakeresete ba ba ineetseng mo go Jehofa le mo balekaneng ba bone ba tlhotlhelediwa ke lorato lo ba ratang Modimo ka lone le lo ba ratanang ka lone gore ba rarabolole mathata a bone ka gonne lorato “ga lo ke lo fela.”—1 Bakor. 13:8; Math. 19:5, 6; Baheb. 13:4.

20 Go thata go nna le lenyalo le le nonofileng e bile le itumetse segolobogolo mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e re tshelang mo go yone. (2 Tim. 3:1) Mme Jehofa a ka re thusa go dira jalo. Le fa go ntse jalo, banyalani ba sa ntse ba tshwanetse go lwantshana le maitsholo a a ntseng a nna maswe le go feta a lefatshe leno. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka se banna le basadi ba ka se dirang go nonotsha manyalo a bone.

^ ser. 12 Le fa banyalani ba leka go itshwarelana le go rarabolola mathata a bone, fa molekane yo mongwe a dirile boaka, Baebele e letlelela molekane yo o se nang molato go dira tshwetso ya gore a o tla mo itshwarela kgotsa a o tla mo tlhala. (Math. 19:9) Bona setlhogo se se reng, “Kgopolo e e mo Bibeleng: Boaka—Ke mo Itshwarele Kgotsa Ke se Mo Itshwarele?” mo makasineng wa Tsogang! ya August 8, 1995.