Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go A Kgonega go Nna le Lorato Lo lo Sa Feleng?

A go A Kgonega go Nna le Lorato Lo lo Sa Feleng?

“Go tuka ga [lorato] ke go tuka ga molelo, kgabo ya ga Jah.”—SEFELA 8:6.

1, 2. Ke bomang ba ba ka solegelwang molemo ke go sekaseka ka kelotlhoko buka ya Sefela sa Difela, mme ka ntlha yang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

‘GO ITUMEDISA jang ne go ba bona ba lebane mo matlhong e bile ba tshwarane ka diatla! Botlhe ba a bona gore batho bano ba a ratana.’ Seno ke se mogolwane mongwe yo o sa tswang go nyadisa banyalani bano a se akanyang fa a ntse a ba lebile. Fa batho bano ba ba sa tswang go nyalana ba ntse ba tansa kwa lefelong la moletlo, o ipotsa gore: ‘A lenyalo la bone le tla kgona go emelana le diteko tse di larileng kwa pele? Fa dingwaga di ntse di ya, a lorato lwa bone lo tla nonofa le go feta kgotsa a lo tla tsidifala?’ Go itumedisa tota go bona monna le mosadi ba ratana ka lorato lo lo nonofileng e bile ba itshokile. E re ka go na le manyalo a le mantsi jaana a a thubegang, go a utlwala go ipotsa gore a ruri go a kgonega gore batho ba ratane go ya go ile.

2 Tota le mo motlheng wa ga Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo, lorato lwa mmatota lo ne lo bonwa sewelo. Fa Solomone a ne a bua ka tsela e batho ba neng ba itshwere ka yone mo motlheng wa gagwe, o ne a kwala jaana: “Ke bone monna a le mongwe [yo o siameng] mo go ba le sekete, mme ga ke a bona mosadi mo gare ga bano botlhe. Bona! Ke bone seno fela, gore Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba thokgame, mme bone ba senkile maano a le  mantsi.” (Mor. 7:26-29, ntlha e e kwa tlase mo NW.) Ka ntlha ya tlhotlheletso ya basadi ba baditšhaba ba ba neng ba obamela Baale, boitsholo bo ne bo senyegile thata jaana mo motlheng wa ga Solomone, mo a neng a fitlhela go le thata go bona monna kgotsa mosadi yo o nang le maitsholo a a siameng. * Le fa go ntse jalo, leboko le a neng a le kwala dingwaga di le 20 pelenyana, le le bidiwang Sefela sa Difela, le bontsha gore go a kgonega gore monna le mosadi ba nne le lorato lo lo nnelang ruri. Gape leboko leo le tlhalosa sentle se lorato loo e leng sone le kafa lo ka bontshiwang ka gone. Baobamedi ba ga Jehofa ba ba leng mo lenyalong le ba ba seng mo lenyalong ba ka ithuta go le gontsi ka lorato loo fa ba sekaseka ka kelotlhoko buka eno ya Baebele.

LORATO LWA MMATOTA LO A KGONEGA!

3. Ke ka ntlha yang fa go kgonega gore monna le mosadi ba ratane ka lorato lwa mmatota?

3 Bala Sefela sa Difela 8:6. Polelwana e e tlhalosang lorato e e reng, “kgabo ya ga Jah,” e kaya dilo di le dintsi. Lorato lwa mmatota ke “kgabo ya ga Jah” ka tsela ya gore Jehofa ke Mosimolodi wa lorato lo lo ntseng jalo. O bopile batho mo setshwanong sa gagwe ba na le bokgoni jwa go rata. (Gen. 1:26, 27) Fa Modimo a ne a tlisa mosadi wa ntlha e bong Efa fa pele ga monna wa ntlha e bong Adame, mafoko a Adame a neng a a bua e ne e le a poko. Ga go pelaelo gore Efa yo o “ntshitsweng” mo go Adame, o ne a ikutlwa a atamalane thata le ene. (Gen. 2:21-23) E re ka Jehofa a bopile monna le mosadi ba na le bokgoni jwa go rata, go a kgonega gore ba ratane ka lorato lo lo nonofileng le lo lo nnelang ruri.

4, 5. Anela ka bokhutshwane kgang e e mo bukeng ya Sefela sa Difela.

4 Lorato lo batho ba bong bo sele ba ratanang ka lone lo na le dilo tse dingwe gape tse lo di akaretsang ntle le gore lo kgona go nnela ruri. Dingwe tsa tsone di tlhalosiwa sentle mo bukeng ya Sefela sa Difela. Buka eno e tshwana le mafoko a pina ya motshameko wa opera, ke kgang magareng ga lekgarebe lengwe la kwa motseng wa Shuneme kgotsa Shulema le moratiwa wa lone wa modisa. E re ka Solomone a ne a thibeletse gaufi le tshingwana ya mofine e lekgarebe leno le neng le e disitse, o ne a kgatlhiwa ke bontle jwa lone mme a laela gore le tlisiwe mo bothibelelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, go tloga fela kwa tshimologong, go bonala sentle gore lekgarebe leno le ne le rata modisa. Fa Solomone a ntse a leka go gapa pelo ya lone, le bua le sa kgale mathe ganong gore le tlhologeletswe moratiwa wa lone. (Sefela 1:4-14) Modisa o tsena mo kampeng mme ene le lekgarebe ba raana mafoko a a monate a lorato.—Sefela 1:15-17.

5 Fa Solomone a boela kwa Jerusalema, o tsamaya le lekgarebe leno mme modisa o ba setse morago. (Sefela 4:1-5, 8, 9) Maiteko otlhe a ga Solomone a go gapa pelo ya lekgarebe leno, a itaya se fololetse. (Sefela 6:4-7; 7:1-10) Kgabagare, kgosi e letla lekgarebe leno gore le boele kwa gabone. Pina eno e konela fa mosetsana yono a eletsa e kete moratiwa wa gagwe a ka ‘itira tshepe’ mme a taboge ka lobelo go tla kwa go ene.—Sefela 8:14.

6. Ke ka ntlha yang fa go le thata go lemoga batho ba ba buang mo terameng eno?

6 Le fa buka ya ga Solomone ya “sefela sa difela” e kwadilwe ka tsela e e nang le bokao e bile e le monate, go thata go lemoga mo pineng eno gore ke bomang ba ba buisanang, ke bomang ba ba buang ba le bosi le gore ke eng se ba se eletsang. (Sefela 1:1) Go ya ka The New Interpreter’s Dictionary of the Bible, “dilo tse di jaaka ditiragalo, kgang, moanedi le badiragatsi, ga di botlhokwa thata go le kalo.” Go thusa motho gore a tlhome mogopolo mo mokgweng o poko eno e rulagantsweng ka yone, maina a batho ba ba buang a ka tswa a sa umakiwa. Mme gone, motho a ka kgona go lemoga gore mafoko a a rileng a buiwa ke mang ka go lemoga gore ke eng se a se buang kgotsa gore o bolelelwa eng.

 “DIPONTSHO TSA GAGO TSA LORATO DI BOTOKA GO NA LE BEINE”

7, 8. Re ka reng ka ‘dipontsho tsa lorato’ tse di mo bukeng ya Sefela sa Difela? Naya dikai.

7 Buka ya Sefela sa Difela e tletse ka ‘dipontsho tsa lorato’ tse di buiwang ke lekgarebe le modisa. Le fa mokgwa wa go bua o o mo bukeng eno o ne o dirisiwa dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng kwa dinageng tsa kwa Botlhaba e bile go ka tswa go le thata gore babadi ba gompieno ba o tlhaloganye, mafoko a buka eno a na le bokao jo bogolo tota mme re tlhaloganya maikutlo a a tlhalosiwang mo go one. Ka sekai, modisa o boka matlho a mantle a lekgarebe a a tshwantsha le “a maeba.” (Sefela 1:15) Lekgarebe lone ga le tshwantshe matlho a modisa le a maeba, go na le moo, le a tshwantsha le maeba ka boone. (Bala Sefela sa Difela 5:12.) Thaka e ntsho ya leitlho e e dikologilweng ke bosweu e lebega e le ntle e kete ke leeba le tlhapa mo mashing.

8 Ga se gore mafoko otlhe a a mo sefeleng seno a bua fela ka ditebego tse dintle. Ela tlhoko se modisa a se buang ka tsela e lekgarebe leno le buang ka yone. (Bala Sefela sa Difela 4:7, 11.) A re dipounama tsa gagwe di “rotha tswina ya dinotshe ya lomepe.” Ke ka ntlha yang fa a rialo? Ka gonne tswina ya mamepe a dinotshe e botshe thata e bile e monate. “Tswina ya dinotshe le mashi di kafa tlase ga loleme lwa [gagwe],” se se kayang gore fela jaaka tswina le mashi di le monate, puo ya gagwe le yone e monate e bile e a itumedisa. Ga go pelaelo gore fa modisa a raya lekgarebe a re, “o montle gotlhelele, . . . ga go na bogole bope mo go wena,” o ne a sa bue fela ka ditebego tsa gagwe tse dintle.

9. (a) Lorato lo banyalani ba ratanang ka lone lo akaretsa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore banyalani ba bontshane lorato?

9 Thulaganyo ya lenyalo ga se tumalano ya semolao fela e mo go yone go se nang lorato. Tota e bile, lorato ke nonofo ya konokono e e tshwanetseng go nna gone mo lenyalong la Mokeresete. Mme gone, lorato loo ke lwa mofuta mang? A ke lorato lo lo theilweng mo melaometheong ya Baebele? (1 Joh. 4:8) A ke lorato lwa tlholego lo maloko a lelapa a ratanang ka lone? A lorato lono lo akaretsa kamano e e atamalaneng thata e e leng teng fa gare ga ditsala tse di ntshanang seinong? (Joh. 11:3) A ke lorato lo monna le mosadi ba ratanang ka lone? (Dia. 5:15-20) Boammaaruri ke gore, lorato lwa mmatota lo lo nnelang ruri lo banyalani ba ratanang ka lone lo akaretsa dilo tseno tsotlhe. Lorato lo bonala sentle fa motho a lo bontsha ka ditiro. A bo go le botlhokwa jang ne gore banyalani ba se ka ba letlelela ditiro tsa letsatsi le letsatsi go ba thibela go bontshana lorato! Go bontshana lorato ka tsela eo go ka dira gore banyalani ba ikutlwe ba sireletsegile e bile ba itumetse. Mo ditsong tse gantsi banna le basadi ba rulaganyediwang lenyalo ba sa itse motho yo ba tsenang mo lenyalong le ene, go bontshana lorato go tla thusa gore lorato lwa bone lo gole e bile go tla dira gore lenyalo la bone le atlege.

10. Go gopola dipontsho tse di itumedisang tsa lorato go ka nna le diphelelo dife?

10 Go nna le diphelelo tse dingwe tse di molemo fa banyalani ba bontshana lorato. Kgosi Solomone o ne a solofetsa lekgarebe la Moshulame gore o tla le direla “mefitshane ya gouta, e na le ditalama tsa selefera.” O ne a le boka go tswa pelong a re, ‘o montle jaaka ngwedi yo o tletseng, o itshekile jaaka letsatsi le le phatsimang.’ (Sefela 1:9-11; 6:10) Le fa go ntse jalo, lekgarebe leno le ne la tswelela le ikanyega mo modiseng wa lone yo le neng le mo rata. Ke eng se se neng sa dira gore lekgarebe leno le nne le ikanyega e bile le sa tshwenyege le fa le ne le le kgakala le moratiwa wa lone? Le a tlhalosa. (Bala Sefela sa Difela 1:2, 3.) E ne e le ka gonne le ne le gopola ‘dipontsho tsa lorato’ tsa moratiwa wa lone. Dipontsho tseo di ne di le “botoka go na le beine” e e ipedisang pelo, mme leina la gagwe le ne le lapolosa fela jaaka “leokwane le le tshololwang” mo tlhogong. (Pes. 23:5; 104:15) Ee, go  gopola dipontsho tse di itumedisang tsa lorato go ka dira gore lorato lo nnele ruri. A bo go le botlhokwa jang ne gore banyalani ba bontshane lorato ka dinako tsotlhe!

LO SE KA LWA TSOSA LORATO “GO FITLHA LONE LO TSOGA”

11. Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka ithuta thuto efe mo lekgarebeng la Moshulame fa le ne le ikanisa ba bangwe gore ba se ka ba tsosa lorato mo go ene?

11 Gape buka ya Sefela sa Difela e ruta Bakeresete ba ba seng mo lenyalong dithuto dingwe tsa botlhokwa, segolobogolo ba ba batlang balekane ba lenyalo. Lekgarebe le ne le se na maikutlo a lorato mo go Solomone. Le ne la bua jaana le bomorwadia Jerusalema le ba ikanisa: “Lo se ka lwa leka go tsosa lorato mo go nna kgotsa go lo kurusa go fitlha lone lo tsoga.” (Sefela 2:7; 3:5) Ka ntlha yang? Ka gonne ga go a siama gore o nne le maikutlo a lorato mo go mongwe le mongwe fela yo o mmonang. Ka jalo, Mokeresete yo o eletsang go tsena mo lenyalong, o dira sentle go leta ka bopelotelele go fitlha a bona motho yo a ka mo ratang ka pelo yotlhe.

12. Ke ka ntlha yang fa lekgarebe la Moshulame le ne le rata modisa?

12 Ke ka ntlha yang fa lekgarebe la Moshulame le ne le rata modisa? Ke boammaaruri gore e ne e le lekawana la maratagolejwa, le tshwana le “tshepe”; diatla tsa lone di ne di le maatla fela jaaka “diselennere tsa gouta”; maoto a lone a le mantle e bile a nonofile fela jaaka “dipilara tsa mmabole.” Mme gone, bontle le maatla a lekawana leno e ne e se tsone fela dilo tse le neng le na le tsone. “Jaaka setlhare sa diapole fa gare ga ditlhare tsa sekgwa,” moratiwa wa gagwe o ne a “ntse jalo fa gare ga bana ba basimane.” Lekawana leno le tshwanetse ya bo e ne e le monna wa semoya, gore lekgarebe leno le le ikanyegang mo go Jehofa le feleletse le ikutlwa jalo ka ene.—Sefela 2:3, 9; 5: 14, 15.

13. Ke ka ntlha yang fa modisa a ne a rata lekgarebe?

13 Mme go tweng ka lekgarebe la Moshulame? Le fa le ne le le lentle jaana mo le neng la ngoka kgatlhego ya kgosi, e ka nako eo e neng e na le “dikgosigadi di le masome a marataro le bagadingwana ba le masome a le robedi le barweetsana ba ba se nang palo,” le ne le itsaya e le “saferone fela ya lebala le le fa losing”—lelomo fela le le tlwaelegileng. Lekgarebe leno le ne le ikokobeditse thata e bile le sa itseele kwa godimo. Ga go gakgamatse go bo le ne le tshwana le “sethunya sa lesoma fa gare ga mefero e e mitlwa,” mme seo ke sone se se neng sa kgatlha modisa! Lekgarebe leno le ne le ikanyega mo go Jehofa.—Sefela 2:1, 2; 6:8.

14. Bakeresete ba ba batlang go tsena mo lenyalong ba ka ithuta eng ka lorato mo bukeng ya Sefela sa Difela?

 14 Dikwalo di laela Bakeresete gore ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Mokeresete yo o batlang go tsena mo lenyalong o tila go nna le maikutlo a lorato mo mothong yo e seng Mokeresete go na le moo, o batla go tsena fela mo lenyalong le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Mo godimo ga moo, gore o kgone go lebana le dikgwetlho tsa botshelo mme ka fa letlhakoreng le lengwe o na le kagiso le kutlwano mo lenyalong la gago, o tlhoka tumelo le go ineela mo Modimong, e leng tsone dinonofo tsa konokono tse o di tlhokang mo molekaneng wa lenyalo. Tseno ke dinonofo tse modisa le lekgarebe ba neng ba na le tsone.

Bakeresete ba tila go nna le maikutlo a lorato mo mothong yo e seng Mokeresete (Bona serapa 14)

MONYADIWA WA ME KE “TSHINGWANA E E TSWALETSWENG”

15. Banna le basadi ba ba seng mo lenyalong ba ka ithuta eng mo sekaong sa lekgarebe la Moshulame?

15 Bala Sefela sa Difela 4:12. Ke ka ntlha yang fa modisa a re moratiwa wa gagwe ke “tshingwana e e tswaletsweng”? Fa tshingwana e ageletswe kgotsa e tsentswe legora, ga se mang le mang yo o kgonang go tsena mo go yone. O kgona go tsena fela fa o na le selotlolo. Lekgarebe la Moshulame le ne le tshwana le tshingwana eo ka gonne le ne le na le maikutlo a lorato fela mo modiseng yo a neng a tlile go nna monna wa gagwe. E re ka lekgarebe leno le ne la se ka la ineela fa kgosi e ne e le hepisa, le ne la bontsha gore le tshwana le “lobota” e seng “setswalo” se se bulegang motlhofo fela. (Sefela 8:8-10) Ka tsela e e tshwanang, basadi le banna ba ba boifang Modimo ba na le maikutlo a lorato fela mo bathong ba e tla nnang balekane ba bone ba lenyalo.

16. Buka ya Sefela sa Difela e re ruta thuto efe malebana le kgang ya go ratana?

16 Fa modisa a ne a kopa lekgarebe la Moshulame gore le tsamaye le ene go itumelela letsatsi le le monate la dikgakologo, bomorwarraagwe lekgarebe leno ga ba a ka ba dumela. Go na le moo, ba ne ba le naya tiro ya go tlhokomela tshingwana ya mofine. Ka ntlha yang? A ba ne ba sa le tshepe? A gongwe ba ne ba akanya gore lekgarebe leno le ka tswa le ne le ikaeletse go dira boitsholo jo bo sa siamang? Tota ba ne ba le kelotlhoko fela thata gore kgaitsadiabone a se ka a wela mo seemong se se raelang. (Sefela 1:6; 2:10-15) Le mo ntlheng eno, Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka ithuta thuto nngwe: Fa lo ratana, nnang kelotlhoko thata gore lo boloke thatano ya lona e le phepa. Tilang go nna mo mafelong a lo leng babedi fela mo go one. Le fa mekgwa mengwe ya go bontshana lorato e ka tswa e siame, tilang go itsenya mo boemong jo bo raelang.

17, 18. O solegetswe molemo jang ke go sekaseka buka ya Sefela sa Difela?

17 Gantsi Bakeresete ba ba tsenang mo lenyalong ba a bo ba ratana fela thata. E re ka Jehofa e le ene a dirileng gore thulaganyo ya lenyalo e nnele ruri, go botlhokwa thata gore banyalani ba boloke kgabo ya lorato e tuka mo manyalong a bone le go nna ba dira gore go nne le maemo a a tla thusang gore lorato lwa bone lo gole.—Mar. 10:6-9.

18 Fela jaaka buka ya Sefela sa Difela e bontsha, fa o batla molekane wa lenyalo, o tshwanetse go batla motho yo o mo ratang thata mme go tswa foo o dire gore lorato loo lo nonofe e bile lo tuke. Le fa o ka tswa o batla molekane wa lenyalo kgotsa o setse o le mo lenyalong, e kete o ka nna le lorato lwa mmatota—“kgabo ya ga Jah.”—Sefela 8:6.

^ ser. 2 Bona Tora ya Tebelo ya January 15, 2007, tsebe 31.