Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Reetsa O bo O Tlhaloganye Bokao’

‘Reetsa O bo O Tlhaloganye Bokao’

“Ntheetsang, lona lotlhe, lo bo lo [tlhaloganye] bokao.”—MAR. 7:14.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa mafoko a gagwe?

MOTHO a ka nna a utlwa fa yo mongwe a bua le ene. A ka nna a ba a lemoga le segalo sa lentswe la gagwe. Mme go ne go ka mo thusa ka eng fa a sa tlhaloganye bokao jwa mafoko a a buiwang? (1 Bakor. 14:9) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba ne ba utlwa se Jesu a neng a se bua. Tota e bile o ne a bua le bone ka puo e ba neng ba kgona go e tlhaloganya. Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba neng ba tlhaloganya se a neng a se bua. Ke ka lebaka leo Jesu a neng a bolelela batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Ntheetsang, lona lotlhe, lo bo lo [tlhaloganye] bokao.”—Mar. 7:14.

2 Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa se Jesu a neng a se bua? Bangwe ba ne ba setse ba feditse mogopolo ka se ba se dumelang e bile ba na le maitlhomo a a phoso. Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Ka botlhajana lo beela kwa thoko taelo ya Modimo gore lo tshegetse ngwao ya lona.” (Mar. 7:9) Tota batho bano ba ne ba sa leke go tlhaloganya bokao jwa se a neng a se bua. Ba ne ba sa batle go fetola mekgwa le dikgopolo tsa bone. Ditsebe tsa bone di ka tswa di ne di bulegile mme dipelo tsa bone di ne di tswalegile thi! (Bala Mathaio 13:13-15.) Mme gone,  re ka tlhomamisa jang gore dipelo tsa rona di nna di bulegile gore re kgone go solegelwa molemo ke dithuto tsa ga Jesu?

TSELA YA GO SOLEGELWA MOLEMO KE THUTO YA GA JESU

3. Ke ka ntlha yang fa barutwa ba ne ba kgona go tlhaloganya mafoko a ga Jesu?

3 Re tshwanetse go latela sekao sa barutwa ba ba ikokobeditseng ba ga Jesu. Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Go itumela matlho a lona ka gonne a a bona, le ditsebe tsa lona ka gonne di a utlwa.” (Math. 13:16) Ke ka ntlha yang fa ba ne ba kgona go tlhaloganya fa ba bangwe bone ba ne ba sa kgone? Sa ntlha, ba ne ba iketleeleditse go botsa dipotso le go batlisisa gore tota mafoko a ga Jesu a ne a kaya eng. (Math. 13:36; Mar. 7:17) Sa bobedi, ba ne ba iketleeleditse go oketsa mo go se ba neng ba setse ba se amogetse mo dipelong tsa bone. (Bala Mathaio 13:11, 12.) Sa boraro, ba ne ba iketleeleditse go dirisa se ba se utlwileng le se ba se tlhalogantseng, e seng fela mo matshelong a bone mme gape le ka go tsaya matsapa gore ba thuse ba bangwe ka sone.—Math. 13:51, 52.

4. Re tlhoka go tsaya dikgato dife tse tharo gore re tlhaloganye ditshwantsho tsa ga Jesu?

4 Fa re batla go tlhaloganya ditshwantsho tsa ga Jesu, re tshwanetse go latela sekao sa barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang. Seno le sone se akaretsa dikgato di le tharo. Sa ntlha, re tlhoka go iketleeletsa go ipha nako ya go ithuta le go tlhatlhanya ka se Jesu a neng a se bua, go dira dipatlisiso tse di tlhokegang le go botsa dipotso tse di tshwanetseng. Seno se tla dira gore re feleletse re na le kitso. (Dia. 2:4, 5) Go tswa foo, re tlhoka go bona kafa seo se tsamaisanang ka gone le se re setseng re se itse, le go lemoga kafa se re solegelang molemo ka teng mo botshelong jwa rona. Seno se tla dira gore re feleletse re tlhaloganya. (Dia. 2:2, 3) Sa bofelo, re tshwanetse go dirisa se re se ithutileng, re se dirisa mo matshelong a rona. Seno se tla bontsha gore re botlhale.Dia. 2:6, 7.

5. Bontsha kafa kitso, go tlhaloganya le botlhale di farologanang ka gone.

5 Kitso, go tlhaloganya le botlhale di farologana ka eng? Seno se ka tshwantshiwa jaana: Akanya o eme mo gare ga tsela mme bese e tla e go lebile. Sa ntlha, o lemoga gore selo se se tlang ke bese—seo ke kitso. Go tswa foo, o lemoga gore fa o ka tswelela o eme foo, bese e tla go thula—seo se bontsha go tlhaloganya! Ka jalo, o tswa mo tseleng ya bese ka bonako—seo ke botlhale! Ke gone ka moo Baebele e gatelelang botlhokwa jwa gore re ‘dibele botlhale jo bo mosola.’ Bo ka boloka matshelo a rona!—Dia. 3:21, 22; 1 Tim. 4:16.

6. Re tla botsa dipotso dife tse nnè fa re ntse re sekaseka ditshwantsho tse supa tsa ga Jesu? (Bona  lebokoso le le mo setlhogong seno.)

6 Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla sekaseka ditshwantsho di le supa tse Jesu a neng a di dirisa. Fa re ntse re dira jalo, re tla botsa dipotso tse di latelang: Setshwantsho seno se kaya eng? (Seno se re thusa go nna le kitso.) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho seno? (Seno se dira gore re tlhaloganye.) Re ka dirisa jang tshedimosetso eno gore e re thuse le gore re thuse ba bangwe? (Seno ke botlhale.) Sa bofelo, seno se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

TLHAKA YA MOSEDARA

7. Setshwantsho sa tlhaka ya mosedara se kaya eng?

7 Bala Mathaio 13:31, 32. Setshwantsho sa ga Jesu sa tlhaka ya mosedara se kaya eng? Tlhaka ka boyone fela e tshwantshetsa molaetsa wa Bogosi mmogo le diphelelo tse di nnang teng fa go rerwa ka molaetsa oo—phuthego ya Bokeresete. Fela jaaka tlhaka ya mosedara “e nnye thata mo dipeong tsotlhe,” phuthego ya Bokeresete e ne ya simolola e le nnye thata ka 33 C.E. Le fa go ntse jalo, masome a se kae a dingwaga a a latelang, phuthego e ne ya gola ka lobelo lo logolo. E ne ya gola ka tsela e e neng e sa lebelelwa. (Bakol. 1:23) Go gola goo go ne go le botlhokwa ka gonne Jesu a re “dinonyane tsa legodimo” di  ne tsa kgona go “bona bonno mo dikaleng tsa sone.” Dinonyane tseno di tshwantshetsa batho ba ba dipelo di siameng ba ba bonang dijo, moriti le bonno jwa semoya mo phuthegong ya Bokeresete.—Bapisa Esekiele 17:23.

8. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho sa tlhaka ya mosedara?

8 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho seno? O ne a dirisa tsela e e gakgamatsang e tlhaka ya mosedara e golang ka yone go bontsha maatla a thulaganyo ya Bogosi Jwa Modimo a nang le one a go gola, a go sireletsa le a go fenya dikgoreletsi dipe fela. Fa e sa le ka 1914, tsela e karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo e golang ka yone, e tlhomologile fela thata! (Isa. 60:22) Ba ba kopanelang le phuthego eo ba ile ba sirelediwa semoyeng ka tsela e e gakgamatsang. (Dia. 2:7; Isa. 32:1, 2) Mo godimo ga moo, koketsego e e ntseng e tswelela pele ya dilo tse di amanang le Bogosi e bontshitse gore e ka se emisiwe le gore e kgona go fenya kganetso le fa e le epe.—Isa. 54:17.

9. (a) Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa tlhaka ya mosedara? (b) Se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

9 Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa tlhaka ya mosedara? Gongwe re nna mo lefelong le le nang le Basupi ba le mmalwa fela kgotsa mo re sa boneng ka bonako diphelelo tsa tiro ya rona ya go rera. Le fa go ntse jalo, go gopola gore thulaganyo ya Bogosi e ka kgona go fenya dikgoreletsi tsotlhe go tla re nonotsha gore re itshoke. Ka sekai, fa Mokaulengwe Edwin Skinner a ne a goroga kwa India ka 1926, go ne go na le palo e nnye thata ya Basupi kwa nageng eo. Kwa tshimologong, go ne go se na kgatelopele e e kalo mme go twe tiro e thata. Mme o ne a tswelela a rera a bo a bona kafa molaetsa wa Bogosi o fenyang dikgoreletsi tse dikgolo ka gone. Gone jaanong go na le Basupi ba feta 37 000 ba ba begang ka metlha kwa India, mme batho ba ba fetang 108 000 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong mo ngwageng o o fetileng. Gape ela tlhoko sekai sa kafa thulaganyo ya Bogosi e ileng ya oketsega thata ka gone. Ka ngwaga o Mokaulengwe Skinner a neng a goroga kwa India ka one, tiro e ne e sa tswa go simolola kwa Zambia. Gone jaanong baboledi ba feta 170 000 ba rera koo, mme batho ba le 763 915 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong ka 2013. Seno se kaya gore motho a le 1 mo go ba le 18 kwa Zambia o ne a nna gone kwa Segopotsong. A koketsego e e gakgamatsang ruri!

 SEBEDISO

10. Setshwantsho sa sebediso se kaya eng?

10 Bala Mathaio 13:33. Setshwantsho sa sebediso se kaya eng? Setshwantsho seno le sone se emela molaetsa wa Bogosi le diphelelo tse di nnang gone ka ntlha ya one. “Leribi lotlhe” la bupi le tshwantshetsa ditšhaba tsotlhe, mme go bela go tshwantshetsa go anama ga molaetsa wa Bogosi ka ntlha ya tiro ya go rera. Kgolo ya tlhaka ya mosedara e bonala sentle mme go anama ga sebediso gone ga go bonale kwa tshimologong. Diphelelo tsa gone di bonala moragonyana.

11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho sa sebediso?

11 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a dirisa setshwantsho seno? O ne a bontsha gore molaetsa wa Bogosi o na le maatla a go anama le a go dira diphetogo. Molaetsa wa Bogosi o fitlhile kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha diphetogo tse di nnang gone ka ntlha ya molaetsa ono di lemotshegang; e bile dingwe tsa diphelelo tsa gone di ka nna tsa se ka tsa lemotshega kwa tshimologong. Mme gone di nna teng—e seng fela mo dipalong mme le ka go fetoga ga botho jwa ba ba amogelang molaetsa ono o o anamang.—Bar. 12:2; Baef. 4:22, 23.

12, 13. Naya dikai tsa kafa tiro ya go rera ka Bogosi e ileng ya gola ka gone fela jaaka go tlhalositswe mo setshwantshong sa sebediso.

12 Gantsi diphelelo tsa tiro ya go rera di bonala dingwagangwaga morago ga gore tiro e simololwe. Ka sekai, Franz le Margit, ba gone jaanong ba direlang kwa ofising nngwe ya lekala, ba ne ba direla kwa ofising ya lekala ya kwa Brazil ka 1982. Ba ne ba rera mo motsaneng mongwe wa selegae. Bangwe ba batho ba ba neng ba ithuta Baebele le bone e ne e le mmè mongwe le bana ba gagwe ba le banè. Morwawe yo mogolo, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le 12 fela, o ne a le ditlhong thata e bile gantsi o ne a leka go iphitlha pele thuto e simolola. E re ka banyalani bao ba ne ba newa kabelo e nngwe, ga ba a ka ba kgona go tswelela ka thuto. Mme ba ne ba kgona go etela toropo eo gape morago ga dingwaga di le 25. Ba ne ba fitlhela eng? Phuthego ya baboledi ba le 69, e mo go yone go nang le babulatsela ba ka metlha ba le 13 e bile botlhe ba kopanela mo Holong ya Bogosi e ntšha. Mme go ne ga felela kae ka mosimane yole yo o ditlhong? Gone jaanong ke morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane! Fela jaaka sebediso sa mo setshwantshong sa ga Jesu, molaetsa wa Bogosi o ile wa gola le go fetola matshelo a batho ba le bantsi—mme seno se ne sa itumedisa thata banyalani bao ba ba etileng!

13 Maatla a a sa bonaleng a molaetsa wa Bogosi a go fetola batho a ile a lemotshega segolobogolo mo dinageng tse tiro ya go rera ka Bogosi e thibetsweng semolao mo go tsone. Go thata go itse gore molaetsa o fitlhile bokgakaleng bofe kwa dinageng tse di ntseng jalo mme gantsi re gakgamadiwa ke diphelelo tse di nnang gone. Ka sekai, akanya ka Cuba. Molaetsa wa Bogosi o ne wa fitlha koo ka 1910 mme Mokaulengwe Russell o ne a etela Cuba ka 1913. Le fa go ntse jalo, kgatelopele e ne e le bonya kwa tshimologong. Mme jaanong go diragalang kwa Cuba? Go na le baboledi ba feta 96 000 ba ba rerang dikgang tse di molemo, mme batho ba le 229 726 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong ka 2013—ke gore, mo bathong ba le 48 ba ba nnang kwa setlhaketlhakeng seo, a le 1 wa bone o ne a nna gone. Tota le kwa dinageng tse tiro e sa thibelwang kwa go tsone, molaetsa wa Bogosi o ka tswa o fitlheletse kwa mafelong a Basupi ba lefelo leo ba neng ba sa akanye gore ba ka rera kwa go one. *Mor. 8:7; 11:5.

14, 15. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke se re ithutang sone mo setshwantshong sa sebediso? (b) Se re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

14 Re ka solegelwa molemo jang ke se Jesu a neng a se ruta mo setshwantshong sa  sebediso? Fa re tlhatlhanya ka bokao jwa setshwantsho sa ga Jesu, re lemoga gore ga re tlhoke go tshwenyega thata ka gore dimilionemilione tse di iseng di rerelwe di tla utlwa molaetsa wa Bogosi jang. Jehofa ke ene a laolang maemo. Mme ke eng se re tshwanetseng go se dira? Lefoko la Modimo le araba ka go re: “O jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” (Mor. 11:6) Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga re a tshwanela go lebala go rapelela gore tiro ya go rera e atlege, segolobogolo kwa dinageng tse tiro eo e thibetsweng kwa go tsone.—Baef. 6:18-20.

15 Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa kwa tshimologong re sa bone diphelelo tsa tiro ya rona. Ga re a tshwanela go nyatsa “letsatsi la dilo tse di potlana.” (Seka. 4:10) Kgabagare go ka nna le diphelelo tse dikgolo le tse di itumedisang go feta kafa re neng re lebeletse ka gone!—Pes. 40:5; Seka. 4:7.

MOGWEBI YO O TSAMAYANG LE LETLOTLO LE LE FITLHILWENG

16. Setshwantsho sa mogwebi yo o tsamayang le sa letlotlo le le fitlhilweng di kaya eng?

16 Bala Mathaio 13:44-46. Setshwantsho sa mogwebi yo o tsamayang le sa letlotlo le le fitlhilweng di kaya eng? Mo motlheng wa ga Jesu, bagwebi bangwe ba ne ba tsaya maeto go ya go fitlha kwa Lewatleng la India ba batla diperela tse dintlentle. Mogwebi yo o mo setshwantshong seno o emela batho ba ba dipelo di siameng ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go kgotsofatsa keletso ya bone ya go itse Modimo. “Perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo” e emela boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Bogosi. Fa mogwebi a lemoga botlhokwa jwa perela eo, o ne a ikemiseditse go rekisa sengwe le sengwe se a neng a na le sone “kwantle ga go diega” gore a kgone go e reka. Gape Jesu o ne a bua ka monna yo o neng a bereka mo tshimong a bo a bona letlotlo le le “fitlhilweng.” Go farologana le mogwebi, monna yono o ne a sa batlane le letlotlo. Mme fela jaaka mogwebi, o ne a ikemiseditse go rekisa “dilo le fa e le dife tse a nang le tsone” gore a kgone go nna le letlotlo leno.

17. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa setshwantsho sa mogwebi yo o tsamayang le sa letlotlo le le fitlhilweng?

17 Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa ditshwantsho tseo tse pedi? O ne a bontsha gore boammaaruri bo bonwa ka ditsela tse di farologaneng. Batho bangwe ba a bo batla mme ba tsere matsapa a magolo gore ba bo bone. Mme ba bangwe, le fa ba sa bo batle, ba bo bone—gongwe ka go bo tlisediwa. Go sa kgathalesege gore maemo ke afe, banna bano ba ne ba lemoga botlhokwa jwa se ba se boneng mme ba ne ba iketleeleditse go ithontsha dilo tse dintsi gore ba nne le sone.

18. (a) Re ka solegelwa molemo jang ke ditshwantsho tseno tse pedi? (b) Di re ruta eng ka Jehofa le Jesu?

18 Re ka solegelwa molemo jang ke ditshwantsho tseno tse pedi? (Math. 6:19-21) Ipotse jaana: ‘A ke na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa banna bano? A ke anaanela boammaaruri thata jalo? A ke iketleeleditse go ithontsha dilo dingwe gore ke bo bone, kgotsa a ke letla gore dilo tse dingwe, tse di jaaka dilo tse ke di dirang letsatsi le letsatsi, di nkgoreletse gore ke se ka ka bo bona?’ (Math. 6:22-24, 33; Luke 5:27, 28; Bafil. 3:8) Boipelo jo bo tswang pelong jo re nnang le jone ka go bo re bone boammaaruri, bo dira gore re ikemisetse le go feta go dira gore boammaaruri bo tle pele mo matshelong a rona.

19. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 A re bontsheng gore re ile ra reetsa le go tlhaloganya sentle bokao jwa ditshwantsho tseno tsa Bogosi. Gopola, re dira jalo e seng fela ka go itse bokao jwa tsone mme le ka go dirisa se re se ithutang mo go tsone. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditshwantsho tse dingwe tse tharo le go bona gore re ka ithutang mo go tsone.

^ ser. 13 Go ile ga nna le diphelelo tse di ntseng jalo kwa dinageng tse di jaaka Argentina (2001 Yearbook, tsebe 186); Jeremane Botlhaba (1999 Yearbook, tsebe 83); Papua New Guinea (2005 Yearbook, tsebe 63); le Setlhaketlhake sa Robinson Crusoe (Tora ya Tebelo ya June 15, 2000, tsebe 9).