Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Anaanela Se o Se Amogetseng?

A o Anaanela Se o Se Amogetseng?

“Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong, gore re itse dilo tse Modimo a di re neileng ka bopelonomi.”—1 BAKOR. 2:12.

1. Ka dinako dingwe batho ba leba dilo ka tsela e e ntseng jang?

BATHO ba le bantsi ba kile ba utlwa mongwe a bua jaana: ‘Le aramele le sa ntse le go tlhabetse.’ A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Fa motho a godile a na le dilo, gantsi ga a di anaanele ka botlalo. Ka sekai, motho yo o goletseng mo lelapeng le le humileng, a ka nna a se ka a anaanela dilo tse dintsi tse a nang le tsone. Go ka nna jalo le ka basha ba ka go tlhoka maitemogelo ba ka tswang ba sa lemoge ka botlalo gore ke dilo dife tse di botlhokwa mo botshelong.

2, 3. (a) Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tila eng? (b) Ke eng se se ka re thusang go anaanela se re nang le sone?

2 Fa o sa ntse o le mo dingwageng tsa bosha kgotsa o sa tswa go simolola dingwaga tsa bo20, ke eng se se botlhokwa mo go wena? Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tsaya dithoto e le tsone dilo tsa botlhokwa—go amogela madi a mantsi, go nna le legae le lentle kgotsa go nna le didirisiwa tsa bosheng tsa ileketeroniki. Le fa go ntse jalo, fa e le gore re amegile fela ka dilo tseno, go na le sengwe sa botlhokwa se se tlhaelang—dikhumo tsa semoya. Ka maswabi, batho ba le dimilionemilione gompieno ga ba ise ba simolole go di batla. Lona basha ba ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete, lo tshwanetse go nna kelotlhoko gore lo se ka lwa lebala botlhokwa  jwa se lo se amogetseng e le boswa jwa semoya. (Math. 5:3) Go sa bontshe go bo anaanela go ka felela ka diphelelo tse di botlhoko tse di ka amang botshelo jwa gago jotlhe.

3 Mme gone, o ka kgona go thibela seo go direga. Ke eng se se tla go thusang go anaanela boswa jwa gago jwa semoya? Mma re sekaseke dikao dingwe tsa Baebele tse di ka re thusang go bona lebaka la go bo go le botlhale go anaanela boswa jwa rona jwa semoya. Dikao tse re tla di sekasekang di ka thusa Bakeresete botlhe e seng basha fela gore ba anaanele boswa jwa bone jwa semoya.

BA NE BA SE NA KANAANELO

4. Buka ya 1 Samuele 8:1-5 ya reng ka bomorwa Samuele?

4 Go na le dipego tsa Baebele tsa batho bangwe ba ba neng ba na le boswa jwa semoya mme ba ile ba palelwa ke go bo anaanela. Go ne go ntse jalo mo lelapeng la moporofeti mongwe yo o bidiwang Samuele, yo o neng a direla Jehofa go tloga fa a sa le mosha mme a ile a itirela leina le lentle le Modimo. (1 Sam. 12:1-5) Samuele o ne a tlhoma sekao se go ka bong go ile ga nna molemo gore bomorwawe e bong Joele le Abija ba se latele. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba anaanela seo mme ba ne ba nna bosula. Pego ya Baebele e re bolelela gore, go farologana le rraabone, ba ne ba “sokamisa katlholo.”—Bala 1 Samuele 8:1-5.

5, 6. Ke eng se bomorwa Josia le setlogolo sa gagwe ba ileng ba se dira?

5 Go ne go ntse fela jalo le ka bomorwa Kgosi Josia. Josia o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go obamela Jehofa. Fa go ne go fitlhelwa buka ya Molao wa Modimo mme e balelwa Josia, o ne a dira bojotlhe jwa gagwe go diragatsa ditaelo tsa ga Jehofa. O ne a dira ka natla gore a tlose kobamelo ya medingwana le tirisabadimo mo nageng, mme o ne a kgothaletsa batho gore ba ikobele Jehofa. (2 Dikg. 22:8; 23:2, 3, 12-15, 24, 25) A bo bomorwawe ba ile ba amogela boswa jo bogolo jang ne jwa semoya! Fa nako e ntse e ya, bomorwawe ba bararo le setlogolo sa gagwe ba ne ba nna dikgosi mme ga go ope wa bone yo o neng a bontsha gore o anaanela boswa jo a ba tlogeletseng jone.

6 Jehoahase e bong morwa Josia o ne a mo tlhatlhama e le kgosi, mme a “dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.” O ne a busa dikgwedi di le tharo fela pele ga Faro wa Egepeto a mo isa kwa kgolegelong mme Jehoahase o ne a swela kwa botshwarwa. (2 Dikg. 23:31-34) Go tswa foo, morwarraagwe e bong Jehoiakime o ne a busa dingwaga di le 11. Le ene ga a ka a anaanela boswa jo rraagwe a mo tlogeletseng jone. E re ka Jehoiakime a ne a dira dilo tse di bosula, Jeremia o ne a bolelelapele jaana ka ene: “O tla fitlhwa ka phitlho ya esele e tonanyana.” (Jer. 22:17-19) Batlhatlhami ba bangwe ba ga Josia—morwawe e bong Sedekia le setlogolo sa gagwe e bong Jehoiakine—le bone ba ne ba dira se se tshwanang; ga go ope wa bone yo o neng a tlhopha go latela ditsela tse di siameng tsa ga Josia.—2 Dikg. 24:8, 9, 18, 19.

7, 8. (a) Ke ka tsela efe Solomone a neng a senya boswa jwa gagwe jwa semoya? (b) Re ithuta eng mo dikaong tse di mo Baebeleng tsa batho ba ba ileng ba latlha boswa jwa bone jwa semoya?

7 Solomone e ne e le kgosi e e neng ya amogela go le gontsi go tswa mo go rraagwe, e bong Dafide. Le fa Solomone a ne a tswa mo lelapeng le le neng le anaanela dilo tsa semoya mme a simolotse sentle, moragonyana o ne a sa tlhole a anaanela tsela e e siameng. “Mo nakong ya fa Solomone a tsofala basadi ba gagwe ba ne ba fapositse pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago; mme pelo ya gagwe e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa Modimo wa gagwe jaaka pelo ya ga Dafide rraagwe.” (1 Dikg. 11:4) Kgabagare Jehofa ga a ka a tlhola a amogela Solomone.

8 Ruri go utlwisa botlhoko gore banna bano ba ba neng ba tswa mo malapeng a a siameng mme ba ne ba na le tshono ya go dira se se siameng, ga ba a ka ba dira jalo! Le fa go ntse jalo, ga se basha botlhe ba ba ileng ba dira jalo mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, mme ga go a nna jalo le gompieno. A re  sekasekeng dikao dingwe tse di siameng tsa basha ba bogologolo tse basha ba Bakeresete ba ka di latelang.

BA NE BA ANAANELA SE BA SE AMOGETSENG

9. Bomorwa Noa ba ne ba tlhoma sekao sefe se se molemo? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

9 Bomorwa Noa ba re tlhomela sekao se se molemo tota. Rraabone o ne a neilwe taelo ya gore a age araka le go tsenya lelapa la gagwe mo go yone. Go bonala bomorwa Noa ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go dira thato ya ga Jehofa. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba dirisana sentle le rraabone. Fa nako e ntse e ya, ba ile ba mo thusa go aga araka, mme go tswa foo ba tsena mo go yone. (Gen. 7:1, 7) Boikaelelo jwa bone e ne e le bofe? Genesise 7:3 ya re ba ne ba tsenya diphologolo mo arakeng gore ba “boloke losika lwa tsone lo tshela mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Batho le bone ba ne ba bolokwa. E re ka bomorwa Noa ba ne ba anaanela boswa jo rraabone a ba neileng jone, ba ne ba nna le tshiamelo ya go thusa gore batho ba bolokwe le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng le le phepafaditsweng.—Gen. 8:20; 9:18, 19.

10. Makawana a le manè a Bahebera a a neng a le kwa Babelona a ne a bontsha jang gore a anaanela dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di rutilwe?

10 Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, makawana a manè a Bahebera a ne a bontsha gore a ithutile gore ke eng se tota se leng botlhokwa. Hanania, Mishaele, Asaria le Daniele ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 617 B.C.E. E ne e le makawana a maratagolejwa, ba le botlhale mme go ka bo go ile ga nna motlhofo gore ba tlwaele go tshela jaaka Bababelona. Mme ga ba a ka ba dira jalo. Tsela e ba neng ba dira dilo ka yone e ne e bontsha sentle gore ba gopola boswa jwa bone, e leng se ba neng ba se rutilwe. Makawana ano a manè a ne a segofadiwa ka ntlha ya go ikobela dithuto tsa semoya tse ba neng ba di rutilwe fa ba ne ba sa ntse ba le basha.—Bala Daniele 1:8, 11-15, 20.

11. Batho ba bangwe ba ne ba solegelwa molemo jang ke dilo tsa semoya tse Jesu a neng a di rutilwe?

11 Go sekaseka ga rona dikao tse di molemo go tla bo go sa felela fa re sa bue ka Jesu, Morwa Modimo. O ne a amogela go le gontsi go tswa mo go Rraagwe, mme o ne a anaanela seo tota. Go anaanela se a neng a se rutilwe go bonala sentle mo mafokong ano a gagwe: “Ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Joh. 8:28) Mme o ne a eletsa gore ba bangwe ba solegelwe molemo ke se a se amogetseng. O ne a raya boidiidi jwa batho a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:18, 43) O ne a thusa bareetsi ba gagwe go bona botlhokwa jwa go sa nne “karolo ya lefatshe” le le sa tseyeng dilo tsa semoya di le botlhokwa.—Joh. 15:19.

ANAANELA SE O SE AMOGETSENG

12. (a) Basha ba le bantsi ba ka dirisa jang 2 Timotheo 3:14-17 gompieno? (b) Ke dipotso dife tse basha ba Bakeresete ba tshwanetseng go di sekaseka?

12 Fela jaaka makawana a re buileng ka one, le wena o kwa tswa o godisitswe ke batsadi ba ba ineetseng mo go Jehofa Modimo. Fa go ntse jalo, se Dikwalo di se buang ka Timotheo se ka nna sa tshwanela boemo jwa gago. (Bala 2 Timotheo 3:14-17.) ‘O ithutile’ mo batsading ba gago ka Modimo wa boammaaruri le kafa o ka mo itumedisang ka gone. Batsadi ba gago ba ka tswa ba ile ba simolola go go ruta go tswa boseeng. Ga go pelaelo gore seno se ‘go tlhalefisitse gore o bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu,’ le gore o “tshwanelege ka botlalo” go dira tirelo ya Modimo. Potso ya konokono ke go re: A o tla bontsha gore o anaanela se o se neilweng? Seo se tla go tlhoka gore o itshekatsheke. Ipotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘Ke ikutlwa jang ka go nna mongwe wa basupi ba bantsi ba ba ikanyegang? Ke ikutlwa jang ka go nna mongwe wa batho ba le mmalwa gompieno mo lefatsheng ba ba itseweng ke Modimo?  A ke anaanela tshiamelo e kgolo le e e tlhomologileng ya go itse boammaaruri?’

O ikutlwa jang ka go nna mongwe wa basupi ba bantsintsi ba ba ikanyegang? (Bona serapa 9, 10, 12)

13, 14. Basha bangwe ba Bakeresete ba lebana le dithaelo dife, mme ke eng fa go ineela mo go tsone go tla bo go se botlhale? Naya sekai.

13 Basha bangwe ba ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete ba ka tswa ba sa bone pharologano e kgolo e e leng teng fa gare ga paradaise ya semoya le lefifi la lefatshe la ga Satane. Ba bangwe ba ile ba bo ba raelesega go batla go tshela ka tsela ya lefatshe. Le fa go ntse jalo, a o ka ema fa pele ga koloi e e mo lobelong e le fela gore o utlwe gore e thula botlhoko jang—gongwe o bone gore a e ka go bolaya? Le e seng! Ka tsela e e tshwanang, ga re tlhoke go tsenelela mo “lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa” jwa lefatshe leno, e le fela gore re bone kafa seo se ka utlwisang botlhoko ka gone.—1 Pet. 4:4.

14 Gener, yo o nnang kwa Asia o goletse mo lelapeng la Bakeresete. O ne a kolobediwa a le dingwaga di le 12. Le fa go ntse jalo, fa a sa ntse a le mosha, o ne a kgatlhiwa ke mekgwa ya lefatshe leno. A re: “Ke ne ke batla go nna le ‘kgololesego’ e lefatshe le nang le yone.” Gener o ne a simolola go tshela botshelo jwa boitimokanyi. Fa a le dingwaga di le 15, o ne a setse a antse mekgwa e e leswe ya ditsala tsa gagwe. O ne a nwa e bile a rogana jaaka bone. Gantsi Gener o ne a tla gae bosigo, morago ga go tshameka le ditsala tsa gagwe motshameko wa billiards le metshameko ya khomputara e e tletseng thubakanyo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, o ne a simolola go lemoga gore tota dilo tse di kgatlhang tsa lefatshe leno ga di kgotsofatse. E ne e le go lelekisa phefo fela. O bua jaana malebana le go boela mo phuthegong: “Ke sa ntse ke lebana le dikgwetlho di le dintsi mme gone masego a ga Jehofa a feta dikgwetlho tseo kgakala.”

15. Ke eng se basha ba ba sa godisiwang ke batsadi ba Bakeresete ba tshwanetseng go se akanyetsa?

15 Gone ke boammaaruri gore go na le basha bangwe ba ba mo phuthegong ba ba sa godisiwang ke batsadi ba Bakeresete. Fa e le gore o mongwe wa bone, akanya ka tshiamelo e kgolo e gone jaanong o nang le yone e re ka o itse Mmopi e bile o mo direla! Go na le batho ba le dibilione mo lefatsheng. Ka jalo, ruri o segofetse tota go bo o le mongwe wa batho ba Jehofa a ba gogetseng mo go ene le go ba senolela boammaaruri jwa Baebele. (Joh. 6:44, 45) Mo bathong ba le 1 000 mo lefatsheng lotlhe ke a le mongwe fela yo o nang le kitso ya boammaaruri, mme o mongwe wa ba ba itseng boammaaruri joo. A seo ga se a tshwanela go re itumedisa, go sa kgathalesege gore re ithutile boammaaruri jang? (Bala 1 Bakorintha 2:12.) Gener a re: “Ke tsitsibana mmele fa ke akanya ka gone. Ke mang tota go bo ke itsewe  ke Jehofa, Mong wa lobopo lotlhe?” (Pes. 8:4) Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o tswang kwa lefelong le Gener a tswang kwa go lone a re: “Baithuti ba ikutlwa ba le motlotlo tota go bo ba itsewe ke morutisi wa bone. A bo rona re na le tshiamelo e kgolo jang ne go bo re itsewe ke Jehofa, Motlhatlheledi yo Mogolo Thata!”

O TLA DIRA ENG?

16. Ke tshwetso efe e e botlhale e basha ba Bakeresete ba ka e dirang gompieno?

16 Fa o akanya ka tshiamelo e e seng kana ka sepe e o nang le yone, ke eng fa o sa ikemisetse le go feta go nna mongwe wa batho ba le mmalwa ba ba dirisitseng matshelo a bone ka tsela e e siameng? Fa o dira jalo, o ka nna mongwe wa batlhanka ba le bantsintsi ba ba ikanyegang ba Modimo. Go dira jalo go tla bo go le botlhale tota go na le go latela bontsi jwa basha, ba jaaka e keteng ba mo maibing, ba yang tshenyegong le lefatshe leno.—2 Bakor. 4:3, 4.

17-19. Ke eng se se ka go thusang go leba dilo sentle malebana le kgang ya go farologana le lefatshe?

17 Gone ke boammaaruri gore seo ga se reye gore ka dinako tsotlhe go farologana le lefatshe go tla nna motlhofo. Le fa go ntse jalo, fa o akanyetsa kgang eno sentle, botlhale bo re tlhoka gore re nne batho ba ba farologaneng. Ka sekai: Akanya ka moatlelete wa Diolimpiki. Ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a ne a farologane le batho ba bangwe gore a fitlhe mo maemong ao. O tshwanetse a bo a ne a tshwanelwa ke go itima dilo di le dintsi tse di neng di ka mo jela nako le go dira gore a se ka a tlhoma mogopolo mo go ikatiseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ka ntlha ya go bo a iketleeleditse go farologana le balekane ba gagwe, seo se ne se tla dira gore a kgone go ikatisa le go feta le gore a fitlhelele mokgele wa gagwe.

18 Go farologana le batlhanka ba ga Jehofa, batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba akanyetse diphelelo tse di bosula tsa ditiro tsa bone. Fa e le gore o farologane le lefatshe e bile o tila dilo tse di ka senyang kamano ya gago le Jehofa, o tla ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata.’ (1 Tim. 6:19) Kgaitsadi yo o umakilweng pelenyana a re: “Fa o emela se o se dumelang, kwa bofelong o tla ikutlwa o le motlotlo tota. Go tla bontsha gore o na le maatla a go emelana le tlhotlheletso ya lefatshe la ga Satane. Sa botlhokwa le go feta, go ntse jaaka e kete o kgona go bona Jehofa Modimo a le motlotlo ka wena e bile a nyenya a go lebile! Ke gone jaanong o itumelelang go bo o farologane le lefatshe!”

19 Botshelo e tla nna matsapa a bophiri fa motho a tlhomile mogopolo fela mo go se a ka se fitlhelelang gone jaanong. (Mor. 9:2, 10) Fa e le gore o mosha mme o tlhaloganya lebaka la go bo o tshela le gore o na le tshono ya go tshela ka bosakhutleng, o tla kgona go dira ditshwetso tse di molemo le go tila go “tsamaya fela jaaka ditšhaba” di tsamaya mme o tla tshela botshelo jo bo nang le bokao.—Baef. 4:17; Mal. 3:18.

20, 21. Fa re dira ditshwetso tse di siameng, re tla amogela eng, mme ke eng se se lebeletsweng mo go rona?

20 Fa re dira ditshwetso tse di siameng, re ka nna le botshelo jo bo kgotsofatsang gone jaanong, mme re ‘rue lefatshe’—re tshele ka bosakhutleng. Re letetswe ke masego a le mantsi thata jaana mo re sa kgoneng go akanya ka one otlhe. (Math. 5:5; 19:29; 25:34) Gone ke boammaaruri gore Modimo ga a re neye dilo fela. O tlhoka sengwe mo go rona. (Bala 1 Johane 5:3, 4.) Mme go mo direla ka boikanyegi gone jaanong, ruri ke selo se se molemo!

21 Ruri ke tshiamelo e kgolo go bo Modimo a re neile go le gontsi jaana! Re na le kitso ya boammaaruri ka Lefoko la gagwe e bile re tlhaloganya sentle boammaaruri ka ga gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe. Re itumelela tshiamelo ya go bidiwa ka leina la gagwe le go nna Basupi ba gagwe. Modimo o re solofetsa gore o mo letlhakoreng la rona. (Pes. 118:7) E kete rotlhe, ba basha le ba ba godileng, re ka bontsha kanaanelo ya rona ka go tshela ka tsela e e bontshang gore re eletsa go leretse Jehofa ‘kgalalelo ka bosaengkae.’—Bar. 11:33-36; Pes. 33:12.