Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”

Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”

“Lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.”—EKES. 19:6.

1, 2. Losika lwa mosadi lo ne lo tlhoka go sirelediwa mo go eng, mme ka ntlha yang?

BOPOROFETI jwa ntlha jo bo kwadilweng mo Baebeleng bo botlhokwa thata gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo diragadiwe. Fa Modimo wa boammaaruri a ne a dira tsholofetso ya kwa Edene, o ne a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago [Satane] le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe.” Bobaba jono bo ne bo tla nna maswe go le kana kang? Jehofa o ne a re: “O [losika lwa mosadi] tla go [Satane] gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Gen. 3:15) Bobaba fa gare ga noga le mosadi bo ne bo tla nna maswe thata jaana mo Satane a neng a tla dira sotlhe se a ka se kgonang go fedisa losika lwa mosadi.

2 Ga go gakgamatse go bo mopesalema a ne a rapela jaana a ikuela mo Modimong ka batho ba Gagwe ba ba tlhophilweng: “Bona! baba ba gago ba mo pheretlhegong; le bone ba ba go tlhoileng thata ba tsholeditse tlhogo ya bone. Ba tsweledisa puo ya bone ya sephiri ka boferefere kgatlhanong le batho ba gago; mme ba logela batho ba gago ba ba fitlhilweng leano la boferefere. Ba rile: ‘Tlang mme re ba nyeletse gore ba se ka ba nna setšhaba.’” (Pes. 83:2-4) Tatelano ya losika lwa mosadi e ne e tshwanetse go sirelediwa gore e se ka ya senngwa le go kgotlelwa ke sepe. E le  gore Jehofa a diragatse seo, o ne a dira dithulaganyo tse dingwe tse di mo tlamang tsa semolao tse di neng di tla tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo a diragadiwa.

KGOLAGANO E E SIRELETSANG LOSIKA

3, 4. (a) Kgolagano ya Molao e simolotse go dira leng mme setšhaba sa Baiseraele se ne sa dumela go dira eng? (b) Kgolagano ya Molao e ne e diretswe go thibela eng?

3 Fa ditlogolwana tsa ga Aborahame, Isake le Jakobe di ntse di ata e nna dimilione tsa batho, Jehofa o ne a ba dira setšhaba—setšhaba sa Iseraele wa bogologolo. Jehofa o ne a dirisa Moshe go dira kgolagano e e kgethegileng le setšhaba sa Iseraele ka go ba naya Molao, mme setšhaba seno se ne sa dumalana le dintlha tsa kgolagano eo. Baebele ya re: “[Moshe] a tsaya buka ya kgolagano a e bala mo ditsebeng tsa batho. Mme ba re: ‘Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng le go nna kutlo.’ Ka jalo Moshe a tsaya madi [a dipoo tse di ntshitsweng setlhabelo] a kgatšha batho ka one mme a re: ‘Ano ke madi a kgolagano e Jehofa a e dirileng le lona ka ga mafoko ano otlhe.’”—Ekes. 24:3-8.

4 Kgolagano ya Molao e ne ya simolola go dira kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Ka ntlha ya kgolagano eo, setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se ne sa tlhaolwa go nna setšhaba se Modimo a se itlhophetseng. Jaanong Jehofa o ne a nna ‘Moatlhodi wa bone, Moneimolao wa bone le Kgosi ya bone.’ (Isa. 33:22) Se se diragaletseng Baiseraele se bontsha se se diregang fa batho ba ikobela melao ya Modimo e e siameng kgotsa ba e tlhokomologa. E re ka Molao o ne o thibela go nyalana le baheitane le go ikamanya le kobamelo ya maaka, o ne o diretswe go sireletsa losika lwa ga Aborahame gore lo se ka lwa kgotlelwa.—Ekes. 20:4-6; 34:12-16.

5. (a) Kgolagano ya Molao e ne e naya Baiseraele tshono efe? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a latlha Baiseraele?

5 Gape kgolagano ya Molao e ne ya dira gore go nne le thulaganyo ya boperesiti, e e neng e tshwantshetsa thulaganyo e kgolwane e e neng e larile kwa pele. (Baheb. 7:11; 10:1) E bile tota, ka ntlha ya kgolagano eo, Baiseraele ba ile ba nna le tshono le tshiamelo e e tlhomologileng ya go nna “bogosi jwa baperesiti,” fa fela ba ne ba ikobela melao ya ga Jehofa. (Bala Ekesodo 19:5, 6.) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba dira jalo. Mo boemong jwa gore setšhaba seno se amogele Mesia, karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame, se ne sa mo gana. Ka jalo, Modimo o ne a latlha setšhaba seo.

Go tlhoka kutlo ga Baiseraele go ne go sa kaye gore kgolagano ya Molao e ne e paletswe (Bona serapa 3-6)

6. Molao o ne wa fitlhelela eng?

6 Lebaka la go bo Baiseraele ba ile ba se ka ba nna ba ikanyega mo go Jehofa mme ka jalo ga se ka ga nna le ba ba tla nnang karolo ya bogosi jwa baperesiti, le ne le sa kaye gore Molao o ne o paletswe. Molao o ne o tshwanetse go sireletsa losika mme o dire gore batho ba lemoge Mesia. Fa Keresete a goroga mme batho ba mo lemoga, Molao o ne o diragaditse boikaelelo jwa one. Baebele ya re: “Keresete ke bokhutlo jwa Molao.”  (Bar. 10:4) Le fa go ntse jalo, potso e e salang ke go re: Mme ke bomang ba ba neng ba tla nna le tshono ya go nna bogosi jwa baperesiti? Jehofa Modimo o ne a dira tumalano e nngwe gape ya semolao ya go bopa setšhaba se sesha.

SETŠHABA SE SESHA SE A BOPIWA

7. Jehofa o ne a dirisa Jeremia go bolelela pele eng ka kgolagano e ntšha?

7 Lobaka lo loleele pele kgolagano ya Molao e fedisiwa, Jehofa o ne a bolelela pele a dirisa moporofeti Jeremia gore o ne a tla dira “kgolagano e ntšha” le setšhaba sa Iseraele. (Bala Jeremia 31:31-33.) Kgolagano eo e ne e se kitla e tshwana le kgolagano ya Molao ka gonne yone e ne e tla dira gore batho ba itshwarelwe maleo a bone ntle le gore ba ntshe ditlhabelo tsa diphologolo. E ne e tla dira seo jang?

8, 9. (a) Madi a ga Jesu a a tsholotsweng a fitlhelela eng? (b) Ba ba mo kgolaganong e ntšha ba ne ba bulegelwa ke tshono efe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

8 Makgolo a dingwaga moragonyana, Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Nisane 14, 33 C.E. O ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba le 11 mafoko ano, a bua ka senwelo sa beine: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.” (Luke 22:20) Pego ya ga Mathaio e nopola Jesu a bua jaana ka beine: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.”—Math. 26:27, 28.

9 Madi a ga Jesu a a tsholotsweng a tlhomamisa kgolagano e ntšha. Gape madi ao a dira gore batho ba kgone go itshwarelwa maleo ka bosakhutleng. Jesu ga a mo kgolaganong e ntšha. E re ka a se na boleo, ga a tlhoke go itshwarelwa. Mme Modimo o ne a ka dirisa boleng jwa madi a ga Jesu a a tsholotsweng mo ditlogolwaneng tsa ga Adame. Gape o ne a ka dira gore bangwe ba batho ba ba ineetseng ba nne “jaaka bana” ba gagwe ka go ba tlotsa ka moya o o boitshepo. (Bala Baroma 8:14-17.) E re ka Modimo a ne a tla ba tsaya ba se na boleo, ka tsela nngwe ba ne ba tla tshwana le Jesu, Morwa yo o se nang boleo wa Modimo. Batlodiwa bano ba ne ba tla nna “baruaboswammogo le Keresete” mme ba nne le tshiamelo ya go nna “bogosi jwa baperesiti.” Eno ke tshiamelo e setšhaba sa Iseraele se se neng se le ka fa tlase ga Molao se ka bong se nnile le yone. Moaposetoloi Petere o ne a bua jaana malebana le “baruaboswammogo le Keresete”: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9) A bo kgolagano e ntšha e le botlhokwa jang ne! E dira gore barutwa ba ga Jesu ba kgone go nna karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame.

KGOLAGANO E NTŠHA E SIMOLOLA GO DIRA

10. Kgolagano e ntšha e ne ya simolola go dira leng, mme ke ka ntlha yang fa e ile ya se ka ya simolola go fitlha ka nako eo?

10 Kgolagano e ntšha e simolotse go dira leng? Ga e a simolola fa Jesu a ne a e umaka mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng. Gore e simolole go dira, madi a ga Jesu a ne a tshwanetse go tshololwa mme boleng jwa one bo bo bo neelwa Jehofa kwa legodimong. Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo o ne o tshwanetse go tshololelwa mo go ba ba neng ba tla nna “baruaboswammogo le Keresete.” Ka jalo, kgolagano e ntšha e simolotse go dira ka Pentekosete ya 33 C.E. fa barutwa ba ba ikanyegang ba ga Jesu ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo.

11. Kgolagano e ntšha e ne e dira jang gore Bajuda mmogo le Baditšhaba ba nne karolo ya Iseraele wa semoya mme ba ba neng ba tla nna mo kgolaganong e ntšha ba ne ba le kae ka palo?

11 Le fa ka tsela nngwe kgolagano ya pele ya Molao e ne ya “se ka ya tlhola e dira” fa  Jehofa a ne a dirisa Jeremia go itsise gore O ne a tla dira kgolagano e ntšha le Iseraele, tota ga e a ka ya khutla go fitlha kgolagano e ntšha e simolola go dira. (Baheb. 8:13) Fa seo se ne se direga, Modimo o ne a ka leba Bajuda le badumedi ba ba sa rupisiwang ba Baditšhaba ka tsela e e tshwanang, ka gonne ‘go rupa ga bone ke ga pelo ka moya, mme e seng ka melao e e kwadilweng.’ (Bar. 2:29) Ka go dira kgolagano e ntšha le bone, Modimo o ne a tla tsenya melao ya gagwe “mo mogopolong wa bone, [a bo a e kwale] mo dipelong tsa bone.” (Baheb. 8:10) Palo e e feletseng ya ba ba mo kgolaganong e ntšha e ne e tla nna 144 000, e le setšhaba se sesha—“Iseraele wa Modimo”—Iseraele wa semoya.—Bagal. 6:16; Tshen. 14:1, 4.

12. Re lemoga eng fa re bapisa kgolagano ya Molao le kgolagano e ntšha?

12 Re lemoga eng fa re bapisa kgolagano ya Molao le kgolagano e ntšha? Kgolagano ya Molao e ne e le magareng ga ga Jehofa le setšhaba sa Iseraele wa tlholego; kgolagano e ntšha e magareng ga ga Jehofa le Iseraele wa semoya. Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano ya bogologolo; Jesu ke Motsereganyi mo kgolaganong e ntšha. Kgolagano ya Molao e ne ya tlhomamisiwa ka madi a phologolo; kgolagano e ntšha e ne ya tlhomamisiwa ka madi a a ileng a tshololwa a ga Jesu. Mme setšhaba sa Iseraele se ne se rulagantswe ka kgolagano ya Molao se etelelwa pele ke Moshe; ba ba mo kgolaganong e ntšha ba rulagantswe gore ba etelelwe pele ke Jesu—Tlhogo ya phuthego.—Baef. 1:22.

13, 14. (a) Kgolagano e ntšha e amana jang le Bogosi? (b) Go tlhokega eng gore Iseraele wa semoya a kgone go busa le Keresete kwa legodimong?

13 Kgolagano e ntšha e amana le Bogosi ka gonne e bopa setšhaba se se boitshepo se se nang le tshiamelo ya go nna dikgosi le baperesiti mo Bogosing joo jwa kwa legodimong. Setšhaba seo ke karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame. (Bagal. 3:29) Ka jalo, kgolagano e ntšha e nonotsha kgolagano ya ga Aborahame.

14 Kgolagano e ntšha e bopa Iseraele wa semoya e bile e dira gore maloko a yone a kgone go nna “baruaboswammogo le Keresete.” Le fa go ntse jalo, go tlhokega thulaganyo e e tlamang ya semolao gore ba kgone go kopanela le Jesu mo Bogosing jwa gagwe e le dikgosi le baperesiti kwa legodimong.

KGOLAGANO E E DIRANG GORE BA BANGWE BA BUSE LE KERESETE

15. Jesu o ne a dira kgolagano efe le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang?

15 Fa Jesu a sena go tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ne a dira kgolagano le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, e gantsi e bidiwang kgolagano ya Bogosi. (Bala Luke 22:28-30.) Go farologana le dikgolagano tse dingwe tse mo go tsone Jehofa e leng mongwe wa ba ba mo kgolaganong, eno ke kgolagano e Jesu a e dirang ka tlhamalalo le balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. Fa Jesu a ne a re, “fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna,” go lebega a ne a bua ka kgolagano e Jehofa a neng a e dirile le ene ya gore a nne “moperesiti ka bosaengkae kafa mokgweng wa ga Melekisedeke.”—Baheb. 5:5, 6.

16. Kgolagano ya Bogosi e dira gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba kgone go dira eng?

16 Baaposetoloi ba ba ikanyegang ba le 11 ba ne ba ile ba ‘ngaparagana le Jesu mo ditekong tsa gagwe.’ Kgolagano ya Bogosi e ne e ba tlhomamisetsa gore ba ne ba tla nna le ene kwa legodimong le go nna mo ditulong tsa bogosi gore ba buse e le dikgosi e bile e le baperesiti. Le fa go ntse jalo, ba ba 11 bao, e ne e ka se nne bone fela ba nnang le tshiamelo eo. Jesu yo o galaleditsweng o ne a bonala mo go moaposetoloi Johane mo ponatshegelong mme a re: “Yo o fenyang ke tla dira gore a nne le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka ke ne ka fenya mme ka nna le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi.” (Tshen. 3:21) Ka jalo, kgolagano ya Bogosi e dirwa le Bakeresete  ba ba tloditsweng ba ba 144 000. (Tshen. 5:9, 10; 7:4) Kgolagano eno ke yone e dirang gore ba tshwanelege semolao go busa le Jesu kwa legodimong. Seno se tshwana le fa monyadiwa yo o tswang mo lelapeng le le tlotlegang a nyalwa ke kgosi e e busang mme a bo a nna le maatla a go busa mmogo le ene. Tota e bile, Dikwalo di bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng di re ke “monyadiwa” wa ga Keresete, “kgarebane e e itshekileng” e e solofeditsweng go nyalwa ke Keresete.—Tshen. 19:7, 8; 21:9; 2 Bakor. 11:2.

NNA LE TUMELO E E SA REKETLENG MO BOGOSING JWA MODIMO

17, 18. (a) Tlhalosa dikgolagano tse thataro tse re tlotlileng ka tsone tse di amanang le Bogosi. (b) Ke ka ntlha yang fa re ka nna le tumelo e e sa reketleng mo Bogosing?

17 Dikgolagano tsotlhe tse re di sekasekileng mo ditlhogong tseno tse pedi di amana le karolo e le nngwe kgotsa di le mmalwa tsa botlhokwa tsa Bogosi. (Bona tšhate ya setlhogo se se reng, “Kafa Modimo a Tla Diragatsang Boikaelelo Jwa Gagwe ka Gone mo setlhogong se se fetileng.”) Seno se gatelela ntlha ya gore thulaganyo ya Bogosi e theilwe thata mo ditumalanong tsa semolao. Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya ka botlalo gore Modimo o dirisa Bogosi jwa ga Mesia go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong ka lefatshe le batho.—Tshen. 11:15.

Jehofa o tla dirisa Bogosi jo bo eteletsweng pele ke Mesia go diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe (Bona serapa 15-18)

18 Kwantle ga pelaelo, se Bogosi bo tla se fitlhelelang se tla leretse batho masego a bosakhutleng. Re ka itsise batho re tlhatswegile pelo gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo tla tlisang tharabololo ya leruri ya mathata otlhe a batho. E kete re ka bolelela ba bangwe boammaaruri jono ka tlhagafalo!—Math. 24:14.