Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi—Nnang Badisa ba Bana ba Lona

Batsadi—Nnang Badisa ba Bana ba Lona

“O tshwanetse go itse ponalo ya letsomane la gago sentle.” —DIA. 27:23.

1, 2. (a) Mangwe a maikarabelo a modisa wa Moiseraele e ne e le afe? (b) Batsadi ba tshwana jang le badisa?

KWA Iseraele wa bogologolo, badisa ba ne ba tshela botshelo jo bo boima. Ba ne ba sa tshwanelwa fela ke go itshokela mogote le serame mme gape ba ne ba tshwanetse go sireletsa letsomane la bone mo dibataneng le mo bathong ba ba neng ba ka le tlhasela. Badisa ba ne ba tlhatlhoba dinku ka metlha le go alafa dipe fela tse di neng di lwala kgotsa di gobetse. Ba ne ba neneketsa dikwanyana ka gonne di le bokoa mme di se na maatla a a tshwanang le a dinku tse di setseng di godile.—Gen. 33:13.

2 Ka tsela nngwe, batsadi ba Bakeresete ba tshwana le badisa, ba bontsha dinonofo tse di tshwanang le tse badisa ba mmatota ba tshwanetseng go nna le tsone. Ba na le boikarabelo jwa go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) A ke tiro e e motlhofo? Nnyaa! Bana ba lebane le tshedimosetso e ntsi ya maaka ya ga Satane mmogo le makoa a bone a a bakwang ke bosaitekanelang. (2 Tim. 2:22; 1 Joh. 2:16) Fa o na le bana, o ka ba thusa jang? Mma re sekaseke dilo di le tharo tse o ka di dirang go nna modisa wa bana ba gago—go ba itse, go ba fepa le go ba kaela.

 ITSE BANA BA GAGO

3. Batsadi ba ka “itse ponalo” ya bana ba bone jang?

3 Modisa yo o molemo o sekaseka nku nngwe le nngwe go tlhomamisa gore e itekanetse. Ka tsela ya tshwantshetso, le wena o ka dira jalo ka bana ba gago. Baebele ya re: “Itse ponalo ya letsomane la gago sentle.” (Dia. 27:23) Gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go ela tlhoko boitshwaro jwa bana ba gago mmogo le dikakanyo le maikutlo a bone. O ka dira seo jang? Tsela nngwe e e molemolemo ke go buisana ka metlha le bana ba gago.

4, 5. (a) Ke dikakantsho dife tse di mosola tse di ka thusang bana go bulela batsadi ba bone mafatlha? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke eng se o se dirileng go thusa ngwana wa gago gore a se ka a thatafalelwa ke go tlotla le wena?

4 Batsadi bangwe ba etse tlhoko gore fa bana ba bone ba tsena mo dingwageng tsa bosha, go buisana le bone go nna thata le go feta—ba ka nna ba ikgogona le go ikutlwa ba sa phuthologe go tlhalosa se ba se akanyang le tsela e ba ikutlwang ka yone. Fa e le gore go ntse jalo ka bana ba gago, o ka dirang? Go na le go pateletsa morwao kgotsa morwadio gore lo nne fa fatshe mme lo nne le metlotlo e meleele, leka go bua le ene mo maemong a lo a bong lo iketlile mo go one. (Dute. 6:6, 7) O ka nna wa tlhoka go dira maiteko a a oketsegileng gore lo dire dilo mmogo. Lo ka nna lwa iphutholola maoto kgotsa lwa intsha ka koloi, lwa tshameka mmogo kgotsa lwa dira tiro nngwe ya mo ntlong mmogo. Fa lo le mo maemong a a ntseng jalo a a iketlileng, bana ba ba simololang dingwaga tsa bosha ba ka ikutlwa ba phuthologile e bile ba kgona go tlhalosa maikutlo a bone.

5 Go tweng fa ngwana wa gago a sa ntse a sa phuthologe go ka bua le wena? O ka leka tsela e nngwe ya go buisana le ene. Ka sekai, go na le go botsa morwadio gore ene o tlhotse jang, o ka nna wa mmolelela gore wena o tlhotse jang. Gongwe a ka go tlhalosetsa gore ene o tlhotse jang. Kgotsa fa o batla go utlwa gore ngwana wa gago o ikutlwa jang ka kgang nngwe, o ka mmotsa dipotso tse di jaaka, “A o kile wa bona batho ba dira selo seno?” e seng “A o kile wa dira selo seno?” O ka nna wa mmotsa gore tsala nngwe ya gagwe e ikutlwa jang ka kgang eo. Go tswa foo, o ka mmotsa gore o ne a ka gakolola tsala eo jang.

6. Go kayang go nna o le teng fa bana ba gago ba go tlhoka le go atamelesega?

6 Gone ke boammaaruri gore fa o batla gore bana ba gago ba go bulele mafatlha, ba tshwanetse go itse gore o teng fa ba go tlhoka e bile o a atamelesega. Fa batsadi ba nna ba lebega e kete ba tshwaregile thata gore ba ka bua le bana ba bone, go ka direga gore bana ba ba mo dingwageng tsa bosha ba se ka ba bua ka mathata a bone. Mme go tweng ka go nna motho yo o atamelesegang? O tshwanetse go dira se se fetang fela go bua o re, “O ka bua le nna nako nngwe le nngwe.” Bana ba gago ba tlhoka go itse gore o ka se tseye mathata a bone e se a sepe kgotsa wa tseega maikutlo fa ba go bolelela mathata a bone. Batsadi ba le bantsi ba tlhoma sekao se se molemo mo ntlheng eno. Kayla wa dingwaga di le 19 a re: “Ke kgona go bua le Papa ka sengwe le sengwe. Ga a ntsene ganong, e bile ga a ntshwaye diphoso; o a ntheetsa. Mme ka metlha o nnaya kgakololo e e molemolemo.”

7. (a) Batsadi ba ka nna tekatekano jang fa ba bua le bana ba bone ka kgang e e jaaka ya go intsha? (b) Batsadi ba ka galefisa bana ba bone jang ba sa lemoge?

7 Le fa o tlotla le bana ba gago ka dikgang tse go seng motlhofo go bua ka tsone—ka sekai, go intsha le mongwe—ela tlhoko gore o se ka wa nnela go ba tlhagisa fela mo o feleletsang o sa ba rute tsela e e tshwanetseng ya go lebana le kgang eo. Ka sekai: A re re o ya kwa resetšhurenteng nngwe o bo o lemoga gore lenaane la dijo le tshotse fela ditlhagiso tsa gore dijo dingwe le dingwe tse o di jang moo di ka go lwatsa. Ga go pelaelo gore o tla ya kwa resetšhurenteng e nngwe. Bana ba gago ba ka dira se se tshwanang fa e le gore fa ba kopa kgakololo mo go wena se ba se fitlhelang mo go se re ka reng ke “lenaane la dijo,” ke ditlhagiso fela tse di gagametseng. (Bala Bakolosa 3:21.) Go na le moo, leka go nna tekatekano. Kgaitsadi mongwe yo mosha e bong Emily a re:  “Fa batsadi ba me ba tlotla le nna ka go intsha le mongwe, ga ba dire gore kgang eno e lebege e le sengwe se se maswe. Ba gatelela kafa go itumedisang ka teng go ithuta mongwe le go batla molekane wa lenyalo. Seno se nthusitse gore ke kgone go bua le bone ka tshosologo ka kgang eno. Tota e bile, ke batla gore ba itse ka motho ope fela yo nka intshang le ene go na le go ba mo fitlhela.”

8, 9. (a) Go reetsa bana ba gago o sa ba tsene ganong go na le melemo efe? (b) Go reetsa bana ba gago go nnile le diphelelo dife tse di molemo?

8 Go dumalana le se Kayla a se buileng, o ka bontsha gore o a atamelesega ka go reetsa bana ba gago ka bopelotelele. (Bala Jakobe 1:19.) Mmè mongwe yo o godisang bana a le nosi e bong Katia a re: “Nkile ka bo ke felela morwadiake pelo fela thata. Ke ne ke sa mo letle gore a feleletse se a se buang. Ka dinako dingwe ke ne ke lapile thata kgotsa ke sa batle go tshwenngwa. E re ka jaanong ke fetotse tsela e ke dirang dilo ka yone, ngwanake le ene o fetogile. Jaanong go motlhofo thata go dirisana le ene go feta pele.”

Reetsa, gore o ba itse (Bona serapa 3-9)

9 Rre mongwe yo o bidiwang Ronald le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang ka morwadie yo o mo dingwageng tsa bosha. A re: “Fa a ne a mpolelela gore o ratana le mosimane mongwe kwa sekolong, kwa tshimologong ke ne ka galefa tota. Mme fa ke akanya kafa Jehofa a leng pelotelele le kafa a leng tekatekano ka teng mo batlhankeng ba gagwe, ke ne ka akanya gore go ka nna botoka gore ke neye morwadiake tshono ya gore a tlhalose maikutlo a gagwe pele ke leka go mo kgalemela. Ke itumelela go bo ke dirile jalo! E ne ya nna lekgetlo la ntlha ke tlhaloganya tsela e morwadiake a ikutlwang ka yone. Fa a fetsa go bua, go ne ga nna motlhofo gore ke bue le ene ka tsela e e bontshang lorato. Se se gakgamatsang ke gore, o ne a amogela kgakololo ya me ka pelo yotlhe. O ne a ntlhalosetsa gore o ikemiseditse go tswa pelong go fetola mekgwa ya gagwe.” Go tlotla le bana ba gago ka metlha go dira gore o kgone go itse maikutlo le dikakanyo tsa bone botoka. Mme gape seo se tla go thusa gore o nne le seabe mo ditshwetsong tse ba ka di dirang mo botshelong. *

FEPA BANA BA GAGO

10, 11. O ka thusa bana ba gago jang gore ba se ka ba katogela kgakala?

10 Modisa yo o molemo o itse gore nku nngwe le nngwe fela ya gagwe e ka katogela kgakala le letsomane. Gongwe e ka gogelwa ke bojang jo bo kgakajana, go tswa foo e bo e bona jo bongwe gape jo bo kgakala le go feta, mme seo se bo se dira gore e katogele kgakala le letsomane. Ka tsela e e tshwanang, ngwana  a ka nna a katoga ka iketlo mme a tsena mo tseleng e e ka mo ntshang kotsi semoyeng, a raelwa ke ditsala tse di sa siamang kgotsa boitlosobodutu jo bo leswe. (Dia. 13:20) O ka thusa jang gore go se ka ga nna le seemo se se ntseng jalo?

11 Fa o ruta bana ba gago, tsaya kgato ka bonako fa o lemoga makoa mangwe a ba ka nnang le one. Lwela go nonotsha dinonofo tsa Bokeresete tse bana ba gago ba nang le tsone mme gongwe di tlhoka go tokafadiwa. (2 Pet. 1:5-8) Kobamelo ya lelapa e e tshwarwang ka metlha ke yone nako e e molemolemo ya go dira jalo. Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2008 e ne ya tlhalosa thulaganyo eno jaana: “Ditlhogo tsa malapa di kgothalediwa gore di rwale maikarabelo a tsone a di a filweng ke Jehofa a go tlhomamisa gore go latelwa thulaganyo ya ka metlha ya thuto ya Baebele ya lelapa.” A o dirisa ka botlalo thulaganyo eno e e lorato ya go nna modisa wa bana ga gago? Itse gore bana ba gago ba anaanela thata go bo o dira gore go ba tlhokomela ka dilo tsa semoya e nne selo se se tlang pele mo go wena.—Math. 5:3; Bafil. 1:10.

Ba fepe sentle (Bona serapa 10-12)

12. (a) Basha ba solegetswe molemo jang ke kobamelo ya lelapa e e tshwarwang ka metlha? (Akaretsa le lebokose le le reng “ Ba a E Anaanela.”) (b) Wena o solegetswe molemo jang ke kobamelo ya lelapa?

12 Ela tlhoko se mosha mongwe e bong Carissa a neng a se bua malebana le tsela e thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa e thusitseng lelapa la gabone ka yone. “Ke itumelela gore rotlhe re kgona go nna mmogo re bo re tlotla. Fa re ntse re dira jalo, re a atamalana e bile re nna le dinako tse di monate tse re tla di gopolang. Rre o dira gore Kobamelo ya Lelapa e tshwarwe ka metlha. Go a kgothatsa go bona gore o e tsaya masisi—mme seo se dira gore le nna ke batle go e tsaya masisi. Gape seo se dira gore ke nne le mabaka a a oketsegileng a go mo tlotla le go feta ka gonne e le rre e bile e le tlhogo e e etelelang pele mo dilong tsa semoya.” Kgaitsadi mongwe yo mosha e bong Brittney o ne a re: “Kobamelo ya lelapa e dirile gore ke atamalane le batsadi ba me go feta pele. E nthusa go bona gore tota ba batla go utlwa mathata a me le gore ruri ba amega ka nna. E re thusa go nna lelapa le le nonofileng le le le kitlaneng.” Go bonala sentle gore go fepa bana ba gago semoyeng—segolobogolo o dirisa kobamelo ya lelapa—ke tsela ya konokono ya go nna modisa yo o molemo. *

KAELA BANA BA GAGO

13. Ngwana a ka kgothalediwa jang gore a direle Jehofa?

13 Modisa yo o molemo o dirisa thobane go kaela le go sireletsa letsomane la gagwe. Mangwe a maikaelelo a gagwe a magolo ke go kaela dinku tsa gagwe kwa “mafulong a a siameng.” (Esek. 34:13, 14) A wena motsadi ga o na maikaelelo a a ntseng jalo mo dilong tsa semoya? O batla go kaela bana ba gago gore ba direle Jehofa. O batla gore bana ba gago ba ikutlwe jaaka mopesalema yo o neng a re: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pes. 40:8) Basha ba ba nang le kanaanelo e e ntseng jalo ba tla ineela mo go Jehofa ba bo ba kolobediwa. Go a utlwala go bo ba tshwanetse go tsaya kgato eo fa ba setse ba godile sentle gore ba ka dira tshwetso eo e bile ba eletsa go direla Jehofa go tswa pelong.

14, 15. (a) Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna le maikaelelo afe? (b) Ke eng se se ka dirang gore mosha a belaele kobamelo ya boammaaruri?

14 Mme ke eng se o ka se dirang fa go lebega bana ba gago ba sa gatele pele semoyeng—gongwe e bile ba belaela se ba se dumelang? Leka ka natla go dira gore ba rate Jehofa Modimo ba bo ba anaanele sotlhe se a se dirileng. (Tshen. 4:11) Mme fa ba setse ba siametse go dira jalo, ba tla kgona go itirela tshwetso ya go obamela Modimo.

15 Le fa go ntse jalo, fa bana ba gago ba ise ba fitlhe mo seemong seo, o ka dirang fa ba simolola go nna le dipelaelo? O ka nna modisa wa bone jang mme wa ba thusa go bona gore ruri go direla Jehofa ke tsela e e molemolemo  ya botshelo e bile go tla dira gore ba nne ba itumetse? Leka go bona gore tota ke eng se se bakang dipelaelo tsa bone. Ka sekai, a tota morwao ga a dumalane le dithuto tsa Baebele kgotsa a ke fela gore ga a itshepe gore a ka di buelela mo balekaneng ba gagwe? A tota morwadio ga a bone botlhale jwa go dirisa melao ya Modimo kgotsa a ke fela gore o jewa ke bodutu kgotsa o ikutlwa a kgaphetswe kwa thoko ke ba bangwe?

Ba kaele (Bona serapa 13-18)

16, 17. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go dira gore boammaaruri e nne jwa bone?

16 Le fa dipelaelo tseo di ka tswa di bakwa ke eng, o ka thusa ngwana wa gago go tlhaloganya se se bakang gore a belaele dilo tse a di ithutang mo Baebeleng. O ka dira seo jang? Kakantsho nngwe e batsadi ba le bantsi ba fitlhetseng e le mosola e bile e atlega ke go fata morwa kgotsa morwadiabone maikutlo ka go mmotsa go re: “O ikutlwa jang ka go nna Mokeresete? Wena o bona go na le masego afe? O latlhegelwa ke dilo dife ka go bo o direla Modimo? A o bona dilo tse di go latlhegelang di le botlhokwa thata go feta masego a mantsi a o itumelelang one gone jaanong le a re solofeditsweng go a bona mo isagweng? Ka tsela efe?” Mme gone o tshwanetse go botsa dipotso tseo ka mafoko a gago le ka bopelontle, o bontsha gore o a mo kgatlhegela mme go se ka ga nna jaaka e kete o mo thamathamisa ka dipotso. Fa lo ntse lo tlotla, lo ka nna lwa sekaseka Mareko 10:29, 30. Basha bangwe ba ka nna ba batla go kwala dikakanyo tsa bone ba di kgaoganya ka dikarolo tse pedi—letlhakore le lengwe e le la dilo tse di ba latlhegelang fa le lengwe e le la melemo e ba e bonang. Go dira tlhatlhobo eno go ka nna ga ba thusa go lemoga mathata ape fela le go ba thusa go bona ditharabololo. Fa e le gore re tlhoka go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng? le ya Lorato Lwa Modimo’ le batho ba ba kgatlhegang, ruri go botlhokwa le go feta gore re di ithute le bana ba rona! A o dira jalo?

17 Fa nako e ntse e ya, bana ba gago ba tla itlhophela gore ba batla go direla mang. O se ka wa akanya gore ka gonne wena o na le tumelo, go tla itiragalela fela gore le bone ba nne le yone. Ba tshwanetse go dira gore boammaaruri e nne jwa bone. (Dia. 3:1, 2) Fa go lebega go le thata gore ngwana wa gago a dire jalo, ke eng o sa mo thuse gape go tlhaloganya dithuto tsa motheo? Mo thuse go akanya ka dipotso tse di jaaka: “Ke itse jang gore Modimo o gone? Ke eng se se ntlhatswang pelo gore eleruri Jehofa Modimo o ntsaya ke le botlhokwa? Ke eng fa ke dumela gore ruri melao ya ga Jehofa e ntsholegela molemo?” Bontsha gore o modisa yo o molemo ka go kaela ngwana kgotsa bana ba gago ka bopelotelele gore ba iponele gore tsela ya ga Jehofa ke yone e e molemolemo ya botshelo. *Bar. 12:2.

18. Batsadi ba ka etsa Modisa yo Mogolo e bong Jehofa jang?

18 Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba batla go etsa Modisa yo Mogolo. (Baef. 5:1; 1 Pet. 2:25) Batsadi ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go itse ponalo ya letsomane la bone—bana ba bone ba ba rategang—le go dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba kaela kwa masegong a Jehofa a ba a beetseng. Ka jalo, dira bojotlhe go nna modisa wa bana ba gago ka go tswelela o ba godisetsa mo tseleng ya boammaaruri!

^ ser. 9 Go bona dikakantsho tse di oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya August 1, 2008, tsebe 10-12.

^ ser. 12 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Kobamelo ya Lelapa—E Botlhokwa Gore re Falole!” mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya October 15, 2009, tsebe 29-31.

^ ser. 17 Kgang eno e sekasekiwa mo go oketsegileng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2012, tsebe 18-21.