Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Ope Yo o Ka Nnang Motlhanka wa Beng ba Babedi

Ga go Ope Yo o Ka Nnang Motlhanka wa Beng ba Babedi

“Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi . . . Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—MATH. 6:24.

1-3. (a) Batho ba le bantsi ba lebane le mathata afe a madi, mme ba bangwe ba leka go a rarabolola jang? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke dilo dife tse bangwe ba tshwenyegang ka tsone malebana le go godisa bana?

MARILYN o tlhalosa jaana: “Monna wa me e bong James, o ne a fitlha gae go tswa kwa tirong a lapile letsatsi le letsatsi, mme madi a a neng a a amogela a ne a sa kgone go duelela dilo tse re di tlhokang. * Ke ne ke batla go fokotsa morwalo wa gagwe mme ke mo thuse go rekela morwarona e bong Jimmy, dingwe tsa dilo tse dintle tse bana ba a tsenang sekolo le bone ba nang le tsone.” Gape Marilyn o ne a batla go thusa ba masika a bone le go boloka madi a ba tla a dirisang mo isagweng. Bontsi jwa ditsala tsa gagwe di ne di fudugetse kwa dinageng tse dingwe go ya go dira madi a a oketsegileng. Mme fa ene a ne a batla go fuduga, o ne a sa itse gore a dire eng. Ka ntlha yang?

2 Marilyn o ne a tshaba go tlogela lelapa la gagwe le a le ratang le dilo tsa semoya tse ba neng ba di dira ka metlha. Le fa go ntse jalo, o ne a akanya gore, ba bangwe ba ile ba ya moseja ka nakwana mme go bonala ba malapa a bone ba tswelela pele sentle semoyeng. Mme o ne a ipotsa gore o tla godisa Jimmy jang a le kgakala le ene. A o ne a tla atlega go thusa go godisa morwawe “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” a dirisa Internet?—Baef. 6:4.

3 Marilyn o ne a batla kgakololo. Monna wa gagwe o ne a sa batle gore a tsamaye le fa gone a ne a re a ka se mo thibele go tsamaya.  Bagolwane le batho ba bangwe mo phuthegong ba ne ba mo gakolola gore a se ka a tsamaya, mme bokgaitsadi bangwe ba ne ba mo rotloetsa gore a ye moseja. Ba ne ba mo raya ba re: “Fa e le gore o rata lelapa la gago, o tla tsamaya. O sa ntse o ka direla Jehofa.” Le fa Marilyn a ne a na le dipelaelo, o ne a sadisa James le Jimmy sentle mme a tsamaya go ya go bereka kwa moseja. O ne a ba solofetsa a re: “Nka se tsamaye nako e telele.”

MAIKARABELO A LELAPA LE MELAOMETHEO YA BAEBELE

4. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi fa ba fudugela kwa dinageng tse dingwe, mme gantsi ke bomang ba ba feleletsang ba tlhokomela bana ba batho bao?   

4 Jehofa ga a batle gore batlhanka ba gagwe ba tshelele mo lehumeng le legolo mme go fudugela kwa dinageng tse dingwe ke nngwe ya dilo tse batho ba sa bolong go di dira go rarabolola bothata jwa lehuma. (Pes. 37:25; Dia. 30:8) Go tila go bolawa ke tlala, tlhogo ya lotso e bong Jakobe o ne a roma bomorwawe kwa Egepeto go ya go reka dijo. * (Gen. 42:1, 2) Gompieno, bontsi jwa batho ba ba tlhophang go fuduga ga ba tlogele magae a bone ka go bo ba bolawa ke tlala. Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba kgamilwe ke dikoloto. Ba bangwe ba batla fela go tokafatsa tsela e malapa a bone a tshelang ka yone. E le gore ba fitlhelele mekgele ya bone mo ikonoming e e reketlang, ba le bantsi ba feleletsa ba nna kgakala le ba malapa a bone e ka tswa e le mo nageng ya bone kgotsa kwa nageng e sele. Gantsi ba tlogela bana ba bannye ba godisiwa ke motsadi a le mongwe, nkgonne, rremogolo le mmèmogolo, ba bangwe ba masika kgotsa ditsala. Le fa go utlwisa batho ba ba fudugang botlhoko go tlogela molekane kgotsa bana, batho ba le bantsi ba ba yang kwa moseja ba akanya gore ga go na se ba ka se dirang.

5, 6. (a) Jesu o ne a ruta eng ka boitumelo le pabalesego? (b) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela dilo dife tse di bonalang? (c) Jehofa o re segofatsa ka tsela efe?

5 Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba le bantsi ba ne ba humanegile mme ba ka tswa ba ne ba akanya gore ba tla itumela le go ikutlwa ba babalesegile thata fa fela ba ka bo ba na le madi a a oketsegileng. (Mar. 14:7) Mme Jesu o ne a batla gore batho ba ikanye sengwe se sele. O ne a batla gore ba ikaege ka Motswedi wa dikhumo tse di tla nnelang ruri—Jehofa. Mo Therong ya ga Jesu ya kwa Thabeng, o ne a tlhalosa gore boitumelo jwa mmatota le pabalesego ga di a ikaega ka dilo tse di bonalang kgotsa matsapa a re a dirang mme di ikaegile ka kamano ya rona le Rraarona yo o kwa legodimong.

6 Mo thapelong ya gagwe ya sekao, Jesu o ne a re ruta go rapela, e seng go rapelela go nna le madi mme gore re rapelele dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, “senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” O ne a bolelela bareetsi ba gagwe jaana a sa potapote: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng . . . Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.” (Math. 6:9, 11, 19, 20) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa jaaka a solofeditse. Masego a Modimo ga se tsholofetso fela e e se nang bokao; ke kgato e a tla e tsayang go re naya se re se tlhokang tota. Ee ruri, tsela e le nngwe fela ya gore re nne le boitumelo le pabalesego ya mmatota ke go ikanya Rraarona yo o amegang ka rona, go na le gore re ikanye madi.—Bala Mathaio 6:24, 25, 31-34.

7. (a) Jehofa o neile bomang boikarabelo jwa go godisa bana? (b) Ke ka ntlha yang fa batsadi ka bobedi ba tshwanetse go nna gone go godisa bana ba bone?

7 ‘Go batla tshiamo ya Modimo pele’ go akaretsa go leba maikarabelo a rona a lelapa ka tsela e Jehofa a a lebang ka yone. Molao wa ga Moshe o na le molaomotheo ono o o dirang le mo Bakereseteng: Batsadi ba tshwanetse go thapisa bana ba bone mo dilong tsa semoya. (Bala Duteronome 6:6, 7.) Modimo o neile batsadi boikarabelo jono, e seng rremogolo le mmèmogolo kgotsa ope o sele. Kgosi Solomone o ne a re: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Dia. 1:8)  Jehofa o ne a batla gore batsadi e nne bone ba kaelang le go ruta bana ba bone. (Dia. 31:10, 27, 28) Dilo tse dintsi tse bana ba di ithutang mo batsading ba bone, segolobogolo dilo tsa semoya, ba di ithuta ka go ba utlwa ba bua ka Jehofa letsatsi le letsatsi le go bona sekao sa bone.

DITLAMORAGO TSE DI SA LEBELELWANG

8, 9. (a) Gantsi go nna le diphetogo dife fa motsadi a nna kgakala le ba lelapa la gagwe? (b) Go kgaogana le ba lelapa go senya jang boitshwaro jwa bone le go ba gobatsa mo maikutlong?

8 Pele ga batho ba fudugela kwa moseja, ba sekaseka dikotsi tsa gone le dilo tse ba tlhokang go di itima, mme ba le bantsi ga ba bonele pele ditlamorago tsa go tlogela ba malapa a bone. (Dia. 22:3) * Ka bonako morago ga gore Marilyn a tsamaye, o ne a simolola go utlwa kutlobotlhoko ya go kgaogana le ba lelapa la gagwe. Go ne ga nna jalo le ka monna wa gagwe le morwawe. Jimmy yo mmotlana o ne a nna a mmotsa gore, “Ke ka ntlha yang fa o ntlogetse?” Mme fa dikgwedi tse Marilyn a neng a ikaeletse go tsamaya ka tsone di fetoga dingwaga, o ne a lemoga diphetogo tse di sa itumediseng mo lelapeng la gagwe. Jimmy o ne a simolola go ikgogona thata mme o ne a sa tlhole a na le kamano le ene. O gakologelwa jaana a utlwile botlhoko: “Lorato lo a neng a nthata ka lone lo ne lwa fela.”

9 Fa batsadi le bana ba sa nne mmogo go ka ba utlwisa botlhoko mme ga senya boitshwaro jwa bone. * Fa bana ba le bannye thata mme batsadi ba kgaogana le bone ka lobaka lo loleele, seo se ka ba utlwisa botlhoko thata. Marilyn o ne a tlhalosetsa Jimmy gore o ne a direla ene dilo tseno tsotlhe. Mme mo go Jimmy, e ne e kete mmaagwe o mo latlhile. Kwa tshimologong, o ne a sa itumela go bo mmaagwe a seyo. Mme moragonyana fa a ne a boa a etile, o ne a sa itumela go bo a boile. Jaaka go tlwaelegile ka bana ba ba tlogelwang kwa gae, Jimmy o ne a ikutlwa e kete mmaagwe ga a tshwanelwe ke gore a mo ikobele le gore a mo rate.—Bala Diane 29:15.

Ga o kgone go tlamparela ngwana wa gago mo Internet (Bona serapa 10)

10. (a) Go romela dimpho fa motsadi a seyo go ka ama bana jang? (b) Ke eng se se seyong fa motsadi a leka go godisa bana ba gagwe a le kgakala?

10 Le fa Marilyn a ne a leka go tokafatsa kamano ya bone ka go romela madi le dimpho, o ne a lemoga gore o dira gore morwawe a mo katoge mme o mo thapisetsa gore a beye dilo tse di bonalang kwa pele ga dilo tsa semoya le kamano ya lelapa. (Dia. 22:6) Jimmy o ne a tle a mo reye a re: “O se ka wa boa. Tswelela o romela dimpho.” Marilyn o ne a lemoga gore a ka se kgone go godisa morwawe a le kgakala ka go kwala makwalo, go mo leletsa mogala kgotsa ka go tlotla le ene mo Internet. O tlhalosa jaana: “O ka se kgone go tlamparela kgotsa go atla ngwana wa gago mo Internet.”

Fa o nna kgakala le molekane wa gago, o ka lebana le kotsi efe? (Bona serapa 11)

11. (a) Go sa nne mmogo ga banyalani ka ntlha ya tiro ya boitshediso go ama lenyalo la bone jang? (b) Ke eng se se dirileng gore kgaitsadi mongwe a lemoge gore o tshwanetse go boela kwa lelapeng la gagwe?

 11 Kamano ya ga Marilyn le Jehofa le monna wa gagwe e bong James le yone e ne e senyega. O ne a kopana le Bakeresete ka ene le go ya bodireding gangwe ka beke e bile o ne a tshwanelwa ke go ema kgatlhanong le mothapi wa gagwe yo o neng a batla go tlhakanela dikobo le ene. E re ka James le Marilyn ba ne ba sa kgone go bulelana mafatlha, ba ne ba bolelela batho ba bangwe mathata a bone mme ba batla ba wela mo boitsholong jo bo sa siamang. Marilyn o ne a simolola go lemoga gore le fa ene le monna wa gagwe ba sa dira boaka, fa yo mongwe a ntse a nna kgakala le yo mongwe ba ne ba sa kgone go diragatsa maikarabelo a bone a Baebele, a go kgotsofatsana mo maikutlong le ka tlhakanelodikobo. Ba ne ba sa kgone go bolelelana sengwe se ba se akantseng, go lebana kgotsa go nyenya, go tshwara seatla sa yo mongwe ka tsela e e bonolo, go tlamparelana ka lorato go bontshana ‘dipontsho tsa lorato’ kgotsa go naya yo mongwe “tshwanelo” ya lenyalo. (Sefela 1:2; 1 Bakor. 7:3, 5) E bile ba ne ba sa kgone go obamela Jehofa ka botlalo mmogo le morwabone. Marilyn o gakologelwa jaana: “Fa ke utlwa kwa kopanong gore go nna le kobamelo ya lelapa ka metlha go botlhokwa gore re falole letsatsi le legolo la ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go boela gae. Ke tshwanetse go simolola go baakanya bomoya jwa lelapa la me le botshelo jwa lone.”

KGAKOLOLO E E MOLEMO LE E E SA SIAMANG

12. Batho ba ba nnang kgakala le ba malapa a bone ba ka newa kgakololo efe ya Dikwalo?

12 Fa Marilyn a dira tshwetso ya go boela gae o ne a amogela dikgakololo tse di farologaneng. Bagolwane ba phuthego e a neng a le mo go yone kwa moseja ba ne ba mo akgolela tumelo ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe. Mme batho ba bangwe ba le bone ba neng ba nna kgakala le balekane ba bone le ba malapa a bone ga ba a ka ba dira jalo. Go na le gore ba latele sekao sa gagwe se se molemo, ba ne ba leka go mo kgoba marapo. Ba ne ba re: “Go ise go ye kae o tla bo o boile. O tla tlamela jang lelapa fa o boetse gae?” Go na le gore Bakeresetemmogo ba dire dikakgelo tse di ntseng jalo tse di kgobang marapo, ba tshwanetse gore ba “tsibose makgarebe go rata banna ba bone, go rata bana ba bone, . . . e le badiri kwa gae,” kwa malapeng a bone, “gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.”—Bala Tito 2:3-5.

13, 14. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega tumelo go baya Jehofa kwa pele ga se se lebeletsweng ke ba lelapa? Bontsha.

13 Batho ba le bantsi ba ba fudugelang kwa dinageng di sele ba goletse mo ditsong tse di bayang ngwao le boikarabelo jwa bone mo lelapeng, segolobogolo batsadi, kwa pele ga sengwe le sengwe. Gore Mokeresete a dire sengwe se se kgatlhanong le se se tlwaelegileng kgotsa se se kgatlhanong le dikeletso tsa ba lelapa, e le gore a itumedise Jehofa, ke go bontsha tumelo tota.

 14 Akanya ka kgang eno ya ga Carin: “Fa morwaake e bong Don a tsholwa, nna le monna wa me re ne re bereka kwa moseja mme ke ne ke sa tswa go simolola go ithuta Baebele. Mongwe le mongwe mo lelapeng la gaetsho o ne a lebeletse gore ke romele Don kwa gae gore a godisiwe ke batsadi ba me go fitlha maemo a rona a madi a siama.” Fa Carin a gatelela gore o tla ikgodisetsa ngwana wa gagwe e bong Don, ba masika a gagwe, go akaretsa le monna wa gagwe, ba ne ba re o botswa mme ba mo ja ditshego. Carin a re: “Go bua boammaaruri, ka nako eo, ke ne ke sa tlhaloganye sentle gore ke eng se se phoso ka go tlogela Don le batsadi ba me ka dingwaga di sekaenyana. Mme ke ne ke itse gore Jehofa o re neile tiro eno ya go godisa morwarona—rona batsadi ba gagwe.” Fa Carin a ima gape, monna wa gagwe yo e neng e se Mosupi o ne a mo laela gore a ntshe mpa. Tshwetso e e botlhale e Carin a ne a e dirile pelenyana ga foo e ne ya nonotsha tumelo ya gagwe mme o ne a emela Jehofa gape a nitame. Gone jaanong, ene le monna wa gagwe le bana ba bone ba itumetse go bo ba nna mmogo botlhe. Fa Carin a ka bo a ile a romela ngwana a le mongwe kgotsa boobabedi kwa gae gore ba ye go godisiwa ke mongwe o sele, diphelelo e ka bo e nnile tse di farologaneng.

15, 16. (a) Tlhalosa maitemogelo a kgaitsadi mongwe yo o neng a tlogelwa ke batsadi ba gagwe fa e ne e le ngwana. (b) Ke ka ntlha yang fa a ne a swetsa ka gore a dire se se farologaneng ka morwadie?

15 Mosupi mongwe yo o bidiwang Vicky o anela jaana: “Ke ne ka godisiwa ke mmèmogolo ka dingwaga di sekae, mme batsadi ba me bone ba ne ba nna le nnake. Ka nako ya fa ke ne ke ya go nna le batsadi ba me, tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka bone e ne e fetogile. Nnake o ne a ikutlwa a gololesegile go bua le bone, go ba tlamparela le go nna le kamano e gaufi le bone. Ke ne ke ikutlwa ke sa atamalana le batsadi ba me, tota le e leng ka nako ya fa ke ne ke setse ke godile, go ne go le thata gore ke ba bontshe gore tota ke ikutlwa jang. Nna le nnake re ile ra tlhomamisetsa batsadi ba rona gore re tla ba tlhokomela fa ba tsofetse. Mme nna ke tla go dira fela ka go bo ke tshwanetse go dira jalo mme nnake ene o tla ba tlhokomela ka go bo a ba rata.

16 Vicky a re: “Gone jaanong mmè o batla gore ke romele morwadiake kwa go ene gore a mo godise, fela jaaka ene a ile a nthomela kwa go mmaagwe. Ke ne ka gana ka botlhale. Nna le monna wa me re batla go ikgodisetsa ngwana wa rona ka ditsela tsa ga Jehofa. Mme ga ke batle go senya kamano ya me ya nako e e tlang le morwadiake.” Vicky o lemogile gore tsela e le nngwe fela ya go atlega ke go baya Jehofa le melaometheo ya gagwe kwa pele ga mekgele ya go bona madi le dikeletso tsa ba lelapa. Jesu o ne a bolela jaana a sa potapote: “Ga go na ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi,” ba Modimo le ba Dikhumo.—Math. 6:24; Ekes. 23:2.

JEHOFA O DIRA GORE MAITEKO A RONA A “ATLEGE”

17, 18. (a) Bakeresete ba ka itirela ditshwetso mo go eng ka metlha? (b) Ke dipotso dife tse di tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?

17 Rraarona e bong Jehofa o ititeile sehuba gore o tla re thusa go bona dilo tse re di tlhokang tota, fa re ka baya Bogosi le tshiamo ya gagwe kwa pele mo botshelong jwa rona. (Math. 6:33) Ka jalo, Bakeresete ba mmatota ba ka itirela ditshwetso ka metlha. Jehofa o solofetsa gore o tla re naya “tsela ya go tswa” e e sa tlhokeng gore re itlhokomolose melaometheo ya Baebele, go sa kgathalesege gore re lebana le dikgwetlho dife. (Bala 1 Bakorintha 10:13.) Fa re ‘leta Jehofa ka tlhologelelo,’ fa re ‘mo ikanya’ ka go rapelela botlhale le kaelo ya gagwe gore re latele ditaelo le melaometheo ya gagwe, “o tla tsaya kgato [ka ntlha ya rona].” (Pes. 37:5, 7) O tla segofatsa maiteko a re a dirang go tswa pelong a go direla ene fela jaaka Mong wa rona wa mmatota. Fa re baya ene kwa pele, o tla dira gore re “atlege” mo botshelong.—Bapisa Genesise 39:3.

18 Go ka dirwa eng go baakanya tshenyo e e bakilweng ke go sa nne mmogo? Ke dikgato dife tse di tshwanelang tse di ka tsewang go tlamela ba malapa a rona kwa ntle ga go kgaogana le bone? Mme re ka kgothatsa ba bangwe jang ka lorato gore ba dire ditshwetso tse di siameng malebana le kgang eno? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.

^ ser. 1 Maina a fetotswe.

^ ser. 4 Nako nngwe le nngwe fa bomorwa Jakobe ba ya Egepeto, ba ka tswa ba ne ba nna dibeke di ka nna tharo ba le kgakala le ba malapa a bone. Moragonyana fa Jakobe le bomorwawe ba fudugela kwa Egepeto, ba ne ba tsamaya le basadi ba bone le bana ba bone.—Gen. 46:6, 7.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng “Mathata a go Fudugela—Kwa Nageng e Sele” mo makasineng wa Tsogang! wa February 2013.

^ ser. 9 Dipego tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng di bontsha gore fa motho a nna kgakala le molekane kgotsa bana, e le gore a ye go bereka kwa moseja ke nngwe ya dilo tse di bakang mathata a a masisi. Mathata ano a akaretsa go sa ikanyege ga molekane yo mongwe, bosodoma kgotsa gore wa losika a tlhakanele dikobo le bana, go oketsega ga mathata a boitshwaro le go palelwa ke go ithuta kwa sekolong, go nna le dikgoka, go tlalelwa, go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa go batla go ipolaya.