“Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole.”—MATH. 16:24.

1. Jesu o re tlhometse jang sekao se se molemo sa go intsha setlhabelo?

FA JESU a ne a le mo lefatsheng, o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go intsha setlhabelo. Go dira thato ya Modimo go ne go tla pele ga dilo tse ene a di ratang. (Joh. 5:30) Fa a ne a ikanyega go isa losong mo koteng ya tlhokofatso, o ne a bontsha gore ga go sepe se se ka fedisang moya wa gagwe wa go intsha setlhabelo.—Bafil. 2:8.

2. Re ka bontsha jang moya wa go intsha setlhabelo, mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

2 E re ka re le balatedi ba ga Jesu, le rona re tshwanetse go bontsha moya wa go intsha setlhabelo. Go kaya eng go nna le moya wa go intsha setlhabelo? Go kaya gore motho o iketleeditse go tlogela dilo tse a di ratang e le gore a thuse ba bangwe. Tota e bile, go farologana le go ikakanyetsa re le rosi. (Bala Mathaio 16:24.) Fa re se na moya wa bogagapa seo se tla re thusa gore re beye dilo tse ba bangwe ba di ratang kwa pele le go dira gore maikutlo a bone a tle pele ga a rona. (Bafil. 2:3, 4) Kana e bile, Jesu o ne a ruta gore moya wa bopelotshweu ke sengwe se se botlhokwa thata mo kobamelong ya rona. Jang? Lorato lwa Bokeresete, le e leng lone le re tlhotlheletsang gore re intshe setlhabelo, ke letshwao la barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu. (Joh. 13:34, 35) Mme akanya ka ditshegofatso tse re nnang le tsone ka gonne re le karolo ya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba ba bontshang moya wa go intsha setlhabelo.

3. Ke eng se se ka re thibelang go bontsha moya wa go intsha setlhabelo?

 3 Mme gone, re lebane le mmaba yo ka bofitlha a ka dirang gore re se ka ra nna le moya wa go intsha setlhabelo. Mmaba yoo ke mokgwa wa bogagapa o re ka tswang re na le one. Gopola kafa Adame le Efa ba neng ba bontsha bogagapa ka gone. Efa o ne a bontsha keletso ya bogagapa ka go batla go tshwana le Modimo. Monna wa gagwe le ene o ne a bontsha keletso ya bogagapa ka go batla go itumedisa mosadi wa gagwe. (Gen. 3:5, 6) Fa Diabolo a sena go faposa Adame le Efa mo kobamelong ya boammaaruri, o ne a tswelela go raela batho gore ba nne bogagapa. O ne a leka go dirisa one mokgwa oo fa a ne a raela Jesu. (Math. 4:1-9) Mo motlheng wa rona, Satane o kgonne go tsietsa batho ba le bantsi, a ba tlhotlheletsa gore ba bontshe bogagapa ka ditsela di le dintsi. Re tshwanetse go lemoga seno ka gonne moya wa bogagapa o o anameng, le rona o ka re ama.—Baef. 2:2.

4. (a) A gone jaanong re ka kgona go fedisa mokgwa wa bogagapa? Tlhalosa. (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

4 Bogagapa bo ka tshwantshanngwa le ruse e e nnang gone mo tshiping. Fa tshipi e le mo dipuleng le mo diphefong, e ka simolola go rusa. Kotsi e kgolo e ka nna go itlhokomolosa ruse eo, o e letla gore e oketsege go fitlha e senya tshipi. Ka tsela e e tshwanang, le fa gone jaanong re ka se ka ra tlosa bosaitekanelang jwa rona le mokgwa wa rona wa bogagapa, re tshwanetse go ela tlhoko dikotsi tse di ka nnang gone mme re lwantshe mekgwa eo. (1 Bakor. 9:26, 27) Re ka lemoga jang gore re na le matshwao a bogagapa? Mme re ka leka jang go nna le moya wa go intsha setlhabelo ka tsela e kgolwane?

DIRISA BAEBELE GO BONA GORE A O NA LE MOKGWA WA BOGAGAPA

5. (a) Baebele e tshwana jang le seipone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Fa re itlhatlhoba go bona gore re na le bogagapa, ke eng se re tshwanetseng go se tila?

5 Fela jaaka re ka dirisa seipone go bona gore re lebega jang, re ka dirisa Baebele go bona motho wa ka fa gare, re bo re baakanya makoa ape a re ka tswang re na le one. (Bala Jakobe 1:22-25.) Le fa go ntse jalo, seipone se tla re thusa fela fa re se dirisa ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, fa re iteba ka bonako fela mo seiponeng, re ka nna ra se ka ra kgona go bona phoso nngwe e nnye mme gone e le masisi. Kgotsa fa re leba seipone re le fa thoko, re ka nna ra bona motho yo mongwe. Ka tsela e e tshwanang, e le gore Baebele e re thuse go bona bokoa jwa rona jo bo jaaka bogagapa, ga re a tshwanela go e bala re feta fela kgotsa go e dirisa go bona diphoso tsa ba bangwe.

6. Ke jang re ka ‘nnelang ruri mo molaong o o itekanetseng’?

6 Ka sekai, re ka nna ra bala Lefoko la Modimo ka metlha, le e leng letsatsi le letsatsi, mme ra se ka ra bona mekgwa ya bogagapa e re simololang go nna le yone. Seo se ka kgonega jang? Akanya ka seno: Mo sekaing sa ga Jakobe sa seipone, bothata e ne e se gore monna yoo o ne a palelwa ke go iteba ka kelotlhoko. Jakobe a re, monna yoo “o a iteba.” Fano Jakobe o dirisitse lefoko la Segerika le le bontshang go itshekatsheka ka kelotlhoko. Ka jalo, bothata jwa monna yoo e ne e le eng? Jakobe a re: ‘O a tswa a tsamaye mme ka yone nako eo a lebale gore ke motho wa mofuta ofe.’ Eleruri, monna yoo o tloga mo seiponeng a sa baakanya se a se boneng. Go farologana le monna yoo, monna yo o atlegileng ga a ‘tlhodumele mo molaong o o itekanetseng’ fela mme gape ‘o nnela ruri mo go one.’ Go na le gore a itlhokomolose molao o o itekanetseng o o mo Lefokong la Modimo, o tswelela a latela dithuto tsa one. Jesu o ne a tlhalosa ntlha e e tshwanang le eo fa a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me.”—Joh. 8:31.

7. Re ka dirisa jang Baebele go bona mekgwa ya bogagapa e re ka tswang re na le yone?

7 Ka jalo, gore o kgone go lwantsha mekgwa ya bogagapa, sa ntlha o tshwanetse go bala Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. Seo se ka go thusa gore o lemoge dikarolo tse o tlhokang go dira diphetogo mo go tsone. Mme gone ga o a  tshwanela go felela foo. Dira dipatlisiso tse di tseneletseng. Fa o setse o badile pego nngwe ya Baebele e bile o e tlhaloganya sentle, ipeye mo seemong seo mme o ipotse dipotso tse di jaaka: ‘Nkabo ke dirile eng mo boemong joo? A nkabo ke dirile dilo ka tsela e e tshwanetseng?’ Sa botlhokwa le go feta, fa o sena go tlhatlhanya ka se o se badileng, leka go se dirisa. (Math. 7:24, 25) Mma re sekasekeng kafa pego ya ga Kgosi Saulo le ya moaposetoloi Petere e ka re thusang ka gone gore re kgone go tswelela re na le moya wa go intsha setlhabelo.

ITHUTE MO SEKAONG SA GA SAULO SE SE RE TLHAGISANG

8. Fa Saulo a ne a nna kgosi o ne a na le boikutlo bofe, mme o ne a bontsha seo jang?

8 Kgosi Saulo wa Iseraele ke sekao se se re tlhagisang malebana le kafa bogagapa bo ka senyang moya wa go intsha setlhabelo ka teng. Fa Saulo a ne a nna kgosi o ne a le boingotlo e bile a ikokobeditse. (1 Sam. 9:21) O ne a gana go otlhaya Baiseraele ba ba neng ba bua kgatlhanong le puso ya gagwe, tota le fa a ne a ka ikutlwa a tshwanelwa ke go femela boemo jwa gagwe jo a bo neilweng ke Modimo. (1 Sam. 10:27) Kgosi Saulo o ne a amogela kaelo ya moya wa Modimo fa a ne a etelela Baiseraele pele go fenya ntwa kgatlhanong le Baamona. Morago ga foo, ka boikokobetso o ne a re Jehofa ke ene a fentseng ntwa eo.—1 Sam. 11:6, 11-13.

9. Saulo o ne a simolola jang go nna le bopelotshetlha?

9 Moragonyana Saulo o ne a letla gore bogagapa le boikgogomoso bo gole mo go ene, fela jaaka ruse e e senyang. Fa a ne a fenya Baamaleke mo ntweng, o ne a amega thata ka dilo tse a di ratang, go na le go amega ka go ikobela Jehofa. Saulo o ne a nna pelotshetlha mme a itseela dilo tse a di gapileng go na le gore a di senye jaaka Modimo a mo laetse. Saulo o ne a ikgogomosa mo a ileng a ikagela sefikantswe. (1 Sam. 15:3, 9, 12) Fa moporofeti Samuele a mmolelela gore Jehofa ga a itumelela se a se dirileng, Saulo o ne a leka go ipuelela a tlhoma mogopolo mo karolong ya taolo ya Modimo e a ikobetseng yone, a bo a pega ba bangwe molato ka ntlha ya phoso ya gagwe. (1 Sam. 15:16-21) Mo godimo ga moo, boikgogomoso bo ne jwa dira gore Saulo a amege thata ka gore batho ba mo amogele go na le gore a itumedise Modimo. (1 Sam. 15:30) Re ka dirisa jang pego eno ya ga Saulo e le seipone se se ka re thusang gore re tswelele re na le moya wa go intsha setlhabelo?

10, 11. (a) Sekao sa ga Saulo se re rutang eng malebana le go tswelela re na le moya wa go intsha setlhabelo? (b) Re ka tila jang go latela sekao sa ga Saulo se se sa siamang?

10 Sa ntlha, se se diragaletseng Saulo se bontsha gore ga re a tshwanela go itshepa thata re akanya gore go bo mo nakong e e fetileng re ile ra bontsha moya wa go intsha setlhabelo, go kaya gore re tla tswelela re ntse re o bontsha. (1 Tim. 4:10) Se lebale gore Saulo o ne a dira dilo sentle ka nakwana e bile Modimo o ne a mo amogela, le fa go ntse jalo, o ne a palelwa ke go ntsha moya wa bogagapa o a neng a simolola go nna le one. Kgabagare Jehofa ga a ka a tlhola a amogela Saulo ka ntlha ya botlhokakutlo jwa gagwe.

11 Sa bobedi, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tlhoma mogopolo fela mo dilong tse re dirang sentle mo go tsone, re itlhokomolosa dilo tse re tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone. Seno se tla bo se tshwana le go dirisa seipone go leba diaparo tsa rona tse disha, mme re sa ele tlhoko leswe le le mo sefatlhegong sa rona. Le fa re ka se ka ra ikgogomosa kgotsa ra itshepa thata jaaka Saulo, ga go pelaelo gore re tshwanetse go tila mekgwa epe fela e e ka dirang gore re latele sekao sa gagwe se se sa siamang. Fa re newa kgakololo a re se ka ra ipuelela ka ntlha ya se re se dirileng, ra nyenyefatsa phoso eo kgotsa ra pega ba bangwe molato. Go na le gore re tshwane le Saulo, go molemo gore re amogele kgakololo.—Bala Pesalema 141:5.

12. Moya wa go intsha setlhabelo o ka re thusa jang fa re dirile boleo jo bo masisi?

12 Mme gone, go tweng fa e le gore re dirile boleo jo bo masisi? Saulo o ne a batla go  tswelela a itirela leina le le molemo, mme seo se ne sa dira gore a se ka a baakanya kamano ya gagwe le Jehofa. Go farologana le seo, moya wa go intsha setlhabelo o ka dira gore re batle thuso le fa re ka tswa re tlhabilwe ke ditlhong. (Dia. 28:13; Jak. 5:14-16) Ka sekai, mokaulengwe mongwe o ne a simolola go leba ditshwantsho tsa thobalano a na le dingwaga di le 12, mme o ne a tswelela a di leba mo sephiring ka dingwaga di feta lesome. O tlhalosa jaana: “Go ne go le thata gore ke bolelele mosadi wa me le bagolwane ka se ke ntseng ke se dira. Mme e re ka jaanong ke ba boleletse, ke ikutlwa ke imologile thata. Dingwe tsa ditsala tsa me di ne di swabile fa ke ne ke tseelwa ditshiamelo tsa go nna motlhanka wa bodiredi, jaaka e kete ke diretse bone phoso. Le fa go ntse jalo, ke a itse gore Jehofa o itumedisiwa thata ke tirelo ya me gone jaanong, go feta fa ke ne ke lebelela ditshwantsho tsa thobalano, mme tsela e a ntebang ka yone ke yone ya botlhokwa.”

PETERE O NE A FENYA MOYA WA BOGAGAPA

13, 14. Petere o ne a bontsha jang gore o na le mokgwa wa bogagapa?

13 Moaposetoloi Petere o ne a bontsha moya wa go intsha setlhabelo fa a ne a thapisiwa ke Jesu. (Luke 5:3-11) Le fa go ntse jalo, o ne a tshwanelwa ke go lwa le moya wa bogagapa. Ka sekai, o ne a galefile fa moaposetoloi Jakobe le Johane ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo a go busa le ene mo Bogosing jwa Modimo. Gongwe Petere o ne a akanya gore maemo ao ke a gagwe ka gonne Jesu o ne a setse a mmoleletse gore o tla nna le seabe se se kgethegileng. (Math. 16:18, 19) Le fa boemo e ka tswa e le bofe, Jesu o ne a tlhagisa Jakobe le Johane mmogo le Petere le baaposetoloi botlhe, kgatlhanong le gore ba leke go “rena mo” bakaulengweng ba bone ka bogagapa.—Mar. 10:35-45.

14 Tota le fa Jesu a ne a lekile go fetola tsela e Petere a neng a akanya ka yone, Petere o ne a tswelela a bontsha mokgwa wa bogagapa. Fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi gore ba ne ba tla mo tlogela ka nakwana, Petere o ne a nyatsa ba bangwe mme a itira botoka ka gore ene o tla ikanyega. (Math. 26:31-33) O ne a sa tshwanela go itshepa jalo, ka gonne mo go jone bosigo joo, o ne a palelwa ke go bontsha moya wa go intsha setlhabelo. E re ka a ne a batla go itshireletsa, o ne a itatola Jesu makgetlho a le mararo.—Math. 26:69-75.

15. Ke ka ntlha yang fa sekao sa ga Petere se kgothatsa?

 15 Le fa Petere a ne a na le makoa, sekao sa gagwe se a kgothatsa. Petere o ne a kgona go fenya mekgwa e e sa siamang mme a bontsha boikgapo le lorato lwa go intsha setlhabelo, ka ntlha ya maiteko a gagwe le go thusiwa ke Modimo ka moya o o boitshepo. (Bagal. 5:22, 23) O ne a itshokela diteko tse di ka tsewang di le masisi thata go feta tse a neng a wela mo go tsone. O ne a bontsha boikokobetso ka tsela e a tsibogileng ka yone fa moaposetoloi Paulo a ne a mo kgalemela fa pele ga batho. (Bagal. 2:11-14) Fa Petere a sena go kgalemelwa, ga a ka a tshwara sekgopi, a ikutlwa e kete Paulo o sentse serodumo sa gagwe. Petere o ne a tswelela a rata Paulo. (2 Pet. 3:15) Sekao sa ga Petere se ka re thusa gore re leke go nna le moya wa go intsha setlhabelo.

Fa Petere a sena go gakololwa, o ne a itshwara jang? A le rona re tla itshwara fela jaaka ene? (Bona serapa 15)

16. Re ka bontsha jang moya wa go intsha setlhabelo mo maemong a a thata?

16 Akanya kafa o itshwarang ka gone mo maemong a a thata. Fa Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tshwerwe ba bo ba itewa ka ntlha ya go rera ga bone, ba ne ba ipela “ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la [ga Jesu].” (Dit. 5:41) Le wena o ka nna wa leba pogiso e le tshono ya gore o etse Petere mme o latele dikgato tsa ga Jesu ka go bontsha moya wa go intsha setlhabelo. (Bala 1 Petere 2:20, 21.) Go leba dilo jalo go tla go thusa gore o amogele kgakololo e o e tlhokang mo bagolwaneng. Latela sekao sa ga Petere go na le gore o kgopisege.—Mor. 7:9.

17, 18. (a) Re ka ipotsa eng malebana le mekgele ya rona ya semoya? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re lemoga gore re na le mokgwa wa bogagapa mo dipelong tsa rona?

17 Gape sekao sa ga Petere se ka go solegela molemo fa go tliwa mo mekgeleng ya semoya. O ka latelela mekgele eo ka tsela e e tla bontshang gore o na le moya wa go intsha setlhabelo. Le fa go ntse jalo, nna kelotlhoko gore ga o e latelele fela e le gore o tlhagelele. Ipotse gore, ‘A ke eletsa go tokafatsa kgotsa go oketsa tirelo ya me mo go Jehofa e le fela gore batho ba nkgalaletse kgotsa gore ke nne le taolo, jaaka go ne go ntse ka Jakobe le Johane fa ba ne ba kopa Jesu gore a ba neye maemo?’

18 Fa e le gore o lemoga mokgwa wa bogagapa mo pelong ya gago, kopa Jehofa gore a go thuse go fetola tsela e o ikutlwang ka yone le tsela e o akanyang ka yone; mme o dire ka natla gore o tlhome mogopolo mo kgalalelong ya gagwe go na le mo go ya gago. (Pes. 86:11) Gape o ka nna wa latelela mekgele e e ka se direng gore o tlhagelele. Ka sekai, o ka nna wa leka ka natla go nna le dinonofo tse moya o di tlhagisang tse segolobogolo o fitlhelang go le thata go nna le tsone. Kgotsa fa e le gore o baakanyetsa dipokano sentle mme gone ga o rate go phepafatsa Holo ya Bogosi, o ka ipeela mokgele wa gore o dirise kgakololo e e mo go Baroma 12:16.—E bale.

19. Ke eng se re ka se dirang gore re se ka ra kgobega marapo fa re iteba mo seiponeng sa Lefoko la Modimo?

19 Fa re iteba ka kelotlhoko mo seiponeng sa Lefoko la Modimo mme re bo re bona makoa mangwe kgotsa bosupi jwa gore re na le bogagapa, re ka nna ra kgobega marapo. Fa seo se ka go diragalela, akanya ka sekai sa monna yo o atlegileng yo o mo setshwantshong sa ga Jakobe. Jakobe ga a ka a gatelela ntlha ya gore monna yoo o ne a baakanya mathata a gagwe ka bonako, kgotsa gore o kgonne go baakanya bothata bongwe le bongwe; go na le moo, Jakobe a re ‘o tlhodumela mo molaong o o itekanetseng.’ (Jak. 1:25) Monna yoo o ne a gakologelwa se a se boneng mo seiponeng mme a tswelela go tokafatsa. Ka jalo, itebe ka tsela e e siameng mme o gakologelwe gore ga re a itekanela. (Bala Moreri 7:20.) Tswelela o tlhodumela mo molaong o o itekanetseng, mme o lwele go nna le moya wa go intsha setlhabelo. Jehofa o ikemiseditse go go thusa, fela jaaka a ile a thusa bakaulengwe ba gago ba le bantsi, ba le fa ba sa itekanela, Modimo a tswelelang a ba amogela le go ba segofatsa.