Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Obamela Jehofa, Kgosi ya Bosakhutleng

Obamela Jehofa, Kgosi ya Bosakhutleng

“A Kgosi ya bosakhutleng . . . e nne le tlotlo le kgalalelo ka bosaengkae le go ya go ile.”—1 TIM. 1:17.

1, 2. (a) Ke mang yo e leng “Kgosi ya bosakhutleng,” mme ke ka ntlha yang fa sereto seo se mo tshwanela? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Ke eng se se dirang gore re rate tsela e Jehofa a busang ka yone?

KGOSI SOBHUZA II wa kwa Swaziland o ne a busa dingwaga di ka nna 61. O busitse nako e telele go feta kgosi epe fela mo motlheng wa rona. Le fa gone go kgatlha go itse gore Kgosi Sobhuza o busitse ka lobaka lo loleele jalo, go na le kgosi e e ka se buseng ka lobaka lo lo khutshwane lwa botshelo jwa motho. Tota e bile, Baebele e mmitsa “Kgosi ya bosakhutleng.” (1 Tim. 1:17) Mopesalema o ne a bitsa Mogodimodimo yono ka leina a re: “Jehofa ke Kgosi ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae.”—Pes. 10:16.

2 Go busa ga Modimo lobaka lo loleele go dira gore puso ya gagwe e se ka ya tshwana le epe ya batho. Le fa go ntse jalo, tsela e Jehofa a busang ka yone ke yone e dirang gore re mo rate. Kgosi e e busitseng dingwaga di le 40 kwa Iseraele wa bogologolo e ne ya baka Modimo ka mafoko ano: “Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle, o bonya go galefa e bile o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato. Jehofa o tlhomamisitse ka thata setulo sa gagwe sa bogosi kwa magodimong; mme bogosi jwa gagwe bo laola sengwe le sengwe.” (Pes. 103:8, 19) Jehofa ga se Kgosi ya rona fela, gape ke Rraarona—Rre yo o lorato yo o kwa legodimong. Seno se dira gore re ipotse dipotso tseno tse pedi: Jehofa o itshupile jang gore ke Rre? Jehofa o ile a busa jang fa e sa le ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edene?  Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re tlhotlheletsa gore re atamalane le Jehofa le go mo obamela ka pelo yotlhe.

KGOSI YA BOSAKHUTLENG E BOPA LELAPA LA LOBOPO LOTLHE

3. Ke mang yo o bopilweng la ntlha mo lelapeng la ga Jehofa la lobopo lotlhe, mme ke bomang gape ba ba bopilweng gore e nne “bomorwa” Modimo?

3 Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a ne a bopa Morwaawe yo o tsetsweng a le esi! Modimo ga a ka a tseela leitibolo leno la gagwe kwa tlase. Go na le moo, o ne a rata Morwaawe a bo a mo laletsa gore a dire le ene fa a ntse a bopa dibopiwa tse dingwe tse di itekanetseng. (Bakol. 1:15-17) Dibopiwa tseno di ne di akaretsa dimiriate tsa baengele. Baengele bano ba ba tlhalosiwang e le “badiredi ba gagwe” ba direla Modimo ba itumetse mme o ba tlotla ka go ba bitsa ‘bomorwawe.’ Ke karolo ya lelapa la ga Jehofa la lobopo lotlhe.—Pes. 103:20-22; Jobe 38:7.

4. Go tlile jang gore batho e nne karolo ya lelapa la Modimo la lobopo lotlhe?

4 Fa Jehofa a sena go bopa magodimo le lefatshe, o ne a atolosa lelapa la gagwe la lobopo lotlhe. Fa a sena go baakanya lefatshe gore e nne legae le lentle, o ne a bopa motho wa ntlha e bong Adame, mo setshwanong sa Gagwe. (Gen. 1:26-28) E re ka Jehofa e le Mmopi, go ne go tshwanela gore a lebelele gore Adame a mo ikobele. E re ka e le Rre, o ne a bolelela batho ditaelo tsa gagwe tsotlhe ka lorato le ka bopelonomi. Ditaelo tseo di ne di ka se dire gore motho a se ka a nna le kgololesego.—Bala Genesise 2:15-17.

5. Modimo o ile a dira thulaganyo efe ya go tlatsa lefatshe ka batho?

5 Go farologana le dikgosi tsa batho, Jehofa o itumelela go naya babusiwa ba gagwe maikarabelo, a ba tshwara jaaka karolo ya lelapa la gagwe le le ikanyegang. Ka sekai, o ne a naya Adame taolo mo ditsheding tsotlhe tse dingwe, a bo a mo naya tiro e e itumedisang le e e gwetlhang ya go naya diphologolo maina. (Gen. 1:26; 2:19, 20) Modimo ga a ka a bopa dimilione tsa batho ba ba itekanetseng gore ba tlatse lefatshe. Go na le moo, o ne a tlhopha go bopela Adame mosadi yo e neng e tla nna mothusi, e bong Efa. (Gen. 2:21, 22) Go tswa foo, o ne a naya banyalani bano tshono ya gore ba tlatse lefatshe ka bana ba bone. E re ka ba ne ba tshela mo maemong a a siameng, ba ne ba ka kgona go tswelela ba atolosa melelwane ya Paradaise go fitlha e anamela mo lefatsheng lotlhe. Bone mmogo le baengele ba ne ba ka kgona go obamela Jehofa ka bosakhutleng e le karolo ya lelapa la gagwe la lobopo lotlhe. Ruri eo e ne e le tsholofelo e e molemo! Mme ruri Jehofa o ile a bontsha gore ke Rre yo o lorato!

BARWA BA BATSUOLODI BA GANA GO BUSIWA KE MODIMO

6. (a) Botsuolodi bo simologile jang mo lelapeng la Modimo? (b) Ke eng fa botsuolodi bo sa kaye gore Jehofa ga a tlhole a na le taolo?

6 Se se utlwisang botlhoko ke gore, Adame le Efa ga ba a ka ba kgotsofalela gore Jehofa e nne Molaodimogolo wa bone. Go na le moo, ba ne ba tlhopha go latela morwa Modimo wa motsuolodi e bong Satane. (Gen. 3:1-6) Go tshela ba sa busiwe ke Modimo go ne ga leretse bone le bana ba bone botlhoko, pogo le loso. (Gen. 3:16-19; Bar. 5:12) Modimo o ne a sa tlhole a na le batho ba ba mo ikobelang mo lefatsheng. A seno se ne se raya gore o latlhegetswe ke taolo le bolaodi jwa gagwe mo lefatsheng le mo banning ba lone? Le e seng! O ne a bontsha bolaodi jwa gagwe ka go leleka monna le mosadi mo tshimong ya Edene mme a ba thibela go boela mo go yone ka go baya ditšheruba gore ba dise dikgoro. (Gen. 3:23, 24) Mme gape Modimo o ne a bontsha lorato lwa gagwe jaaka rre ka go tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a go nna le lelapa la lobopo lotlhe le le ineetseng la barwa ba semoya mmogo le bomorwa batho a tla diragadiwa. O ne a solofetsa gore go tla nna le “losika” lo lo tla fedisang Satane le go dirolola diphelelo tsa boleo jwa ga Adame.—Bala Genesise 3:15.

7, 8. (a) Maemo a ne a le maswe go le kana kang mo motlheng wa ga Noa? (b) Jehofa o ne a dira dithulaganyo dife gore a phepafatse lefatshe le go dira gore batho ba tswelele ba tshela?

 7 Mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a latela, batho bangwe ba ne ba tlhopha go ikanyega mo go Jehofa. Bangwe ba bone e ne e le Abele le Enoke. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ne ba gana gore Jehofa e nne Kgosi ya bone le Rraabone. Mo motlheng wa ga Noa, lefatshe le ne le ‘tletse thubakanyo.’ (Gen. 6:11) A seno se ne se kaya gore Jehofa o ne a sa tlhole a na le taolo mo go se se diregang mo lefatsheng? Pego ya mo nakong e e fetileng e re senolela eng?

8 Akanya ka pego ya ga Noa. Jehofa o ne a naya Noa dipolane tsa kago tse di tlhalosang dintlha ka botlalo le ditaelo tsa go aga araka e kgolo e e neng e tla boloka ene le lelapa la gagwe. Gape Modimo o ne a bontsha gore o rata thata lelapa la gagwe lotlhe la batho fa a ne a laela Noa gore e nne “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Ga go pelaelo gore Noa o ne a rerela batho gore ba ikwatlhaye le go ba tlhagisa ka tshenyego e e neng e tla, le fa go ntse jalo batho ga ba a ka ba reetsa. Ka masomesome a dingwaga, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tshela mo lefatsheng le le neng le tletse thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, o ne a sireletsa meya eo e e ikanyegang e robedi le go e segofatsa. Jehofa o ne a bontsha gore ke ene a nang le maatla go gaisa batho ba ba neng ba mo tsuologela le baengele ba ba bosula ka go tlisa Morwalela mo lefatsheng lotlhe. Ruri Jehofa o ne a sa ntse a na le taolo.—Gen. 7:17-24.

Jehofa ga a bolo go nna Kgosi (Bona serapa 6, 8, 10, 12, 17)

PUSO YA GA JEHOFA MORAGO GA MORWALELA

9. Jehofa o ne a naya batho tshono efe morago ga Morwalela?

9 Fa Noa le lelapa la gagwe ba tswa mo arakeng mme ba tswela mo lefatsheng le le phepafaditsweng ba bo ba hema moya o o phepa, ga go pelaelo gore ba ne ba leboga Jehofa go bo a ile a ba tlhokomela le go ba sireletsa. Ka bonako fela, Noa o ne a aga sebeso mme a ntshetsa Jehofa ditlhabelo e le go mo obamela. Modimo o ne a segofatsa Noa le lelapa la gagwe mme a ba naya ditaelo tsa gore ba ‘ate ba ntsifale ba tlatse lefatshe.’ (Gen. 8:20–9:1) Batho ba ne ba na le tshono e nngwe gape ya go nna seoposengwe mo kobamelong mme ba tlatse lefatshe.

10. (a) Botsuolodi kgatlhanong le Jehofa bo ile jwa simolola kae morago ga Morwalela, mme gone jang? (b) Jehofa o ne a dira eng go tlhomamisa gore thato ya gagwe e a dirwa?

10 Mme gone, Morwalela ga o a ka wa fedisa bosaitekanelang, e bile batho ba ne ba sa ntse ba tshwanelwa ke go lwa le tlhotlheletso e e sa bonaleng ya ga Satane le ya baengele ba gagwe ba batsuolodi. Go ise go ye kae, batho ba ne ba boa gape ba tsuologela puso e e molemo ya ga Jehofa. Ka sekai, setlogotlogolwana sa ga Noa, e bong Nimerode o ne a nna kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa. Nimerode o tlhalosiwa e le “motsomi yo o thata kgatlhanong le Jehofa.” O ne a aga metse e megolo, e e jaaka Babele mme a itira kgosi “mo lefatsheng la Shinare.” (Gen. 10:8-12) Kgosi ya bosakhutleng e ne e tla tsaya kgato efe kgatlhanong le kgosi eno ya motsuolodi le maiteko a gagwe a go senya maikaelelo a Modimo a gore batho ba “tlatse lefatshe”? Modimo o ne a tlhakatlhakanya puo ya batho a dira gore babusiwa ba ba neng ba tlhakane tlhogo ba ga Nimerode ba gasame “mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Ba ne ba tsamaya le kobamelo ya bone ya maaka le mokgwa wa go batla go busiwa ke batho.—Gen. 11:1-9.

11. Jehofa o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo tsaleng ya gagwe e bong Aborahame?

11 Tota le fa batho ba le bantsi ba ile ba obamela medimo ya maaka morago ga Morwalela, batho bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba tswelela ba ikobela Jehofa. Mongwe wa bone e ne e le Aborahame, yo a neng a ikobela taelo ya gore a tlogele botshelo jwa manobonobo kwa motseng wa gaabo wa Ure mme a nna mo ditenteng dingwagangwaga. (Gen. 11:31; Baheb. 11:8, 9) Fa Aborahame a ntse a tshela e le mokgarakgatshegi, gantsi o ne a dikaganyeditswe ke dikgosi tsa batho, tse bontsi jwa  tsone di neng di nna mo metseng e e thekeleditsweng ka lobota. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sireletsa Aborahame le lelapa la gagwe. Fa mopesalema a bua kafa Jehofa a sireletsang batho ka gone jaaka Rre, o ne a re: “[Modimo] ga a ka a letlelela motho ope go ba tsietsa, mme o ne a kgalemela dikgosi ka ntlha ya bone.” (Pes. 105:13, 14) Jehofa o ne a ikanyega mo go Aborahame tsala ya gagwe ka go mo solofetsa jaana: “Go tla tswa dikgosi mo go wena.”—Gen. 17:6; Jak. 2:23.

12. Jehofa o ne a bontsha jang bolaodi jwa gagwe kwa Egepeto, mme seo se ile sa ama jang batho ba gagwe ba a ba tlhophileng?

12 Modimo o ne a boeletsa tsholofetso eo mo go morwa Aborahame e bong Isake le mo setlogolong sa gagwe e bong Jakobe mme a ba segofatsa ka tshegofatso e e neng e akaretsa go dira gore go nne le dikgosi mo losikeng lwa bone. (Gen. 26:3-5; 35:11) Le fa go ntse jalo, pele ga ditlogolwana tsa ga Jakobe di ka nna dikgosi, di ne tsa nna makgoba kwa Egepeto. A seno se ne se kaya gore Jehofa ga a kitla a diragatsa tsholofetso ya gagwe le gore ga a kitla a nna le taolo mo lefatsheng? Legoka! Ka nako e a e tlhomileng, Jehofa o ne a bontsha maatla a gagwe, a bo a bontsha Faro yo o tlhogoethata gore ke ene Mmusi. Baiseraele ba e neng e le makgoba, ba ne ba ikanya Jehofa mme o ne a ba golola ka tsela e kgolo go ralala Lewatle le Lehibidu. Ga go pelaelo gore Jehofa e ne e sa ntse e le Mogodimodimo wa Lobopo lotlhe mme jaaka Rre yo o lorato, o ne a dirisa maatla a gagwe a magolo go sireletsa batho ba gagwe.—Bala Ekesodo 14:13, 14.

JEHOFA O NNA KGOSI YA ISERAELE

13, 14. (a) Mo pineng e Baiseraele ba neng ba e opela, ba ne ba reng ka bogosi jwa ga Jehofa? (b) Modimo o ne a solofetsa Dafide eng malebana le bogosi?

13 Morago fela ga gore Baiseraele ba gololwe ka kgakgamatso kwa Egepeto, ba ne ba opelela Jehofa pina ya phenyo. Pina eo e e mo kgaolong ya 15 ya Ekesodo e akaretsa kitsiso eno e e mo temaneng ya 18: “Jehofa o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” Eleruri, Jehofa o ne a nna Kgosi ya setšhaba sa gagwe se sesha. (Dute. 33:5) Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa kgotsofalele gore Jehofa e nne Mmusi wa bone yo o sa bonaleng. Dingwaga di ka nna 400 fa ba sena go tswa kwa Egepeto, ba ne ba kopa Modimo gore a ba tlhomele kgosi ya motho fela jaaka ditšhaba tsa baheitane tse di neng di ba dikologile. (1 Sam. 8:5) Tota le morago ga seno, Jehofa e ne e sa ntse e le Kgosi ya bone, e leng se se neng sa bonala ka nako ya puso ya ga Dafide, kgosi ya bobedi ya Iseraele.

 14 Dafide o ne a isa letlole la kgolagano le le boitshepo kwa Jerusalema. Mo nakong eno e e itumedisang, Balefi ba ne ba opela pina ya pako e e neng e na le mafoko a a tlhomologileng a a kwadilweng mo go 1 Ditiragalo 16:31: “Buang mo gare ga ditšhaba lo re, ‘Jehofa ka boene ke Kgosi jaanong!’” Mongwe a ka ipotsa gore, ‘E re ka Jehofa e le Kgosi ya bosakhutleng, o ne a nna jang Kgosi ka nako eo?’ Jehofa o nna Kgosi fa a tlhoma mongwe yo o tla nnang moemedi wa gagwe ka nako e e rileng kgotsa mo maemong a a rileng. Ntlha eno e e malebana le tsela e Jehofa a busang ka yone e botlhokwa thata. Pele ga Dafide a swa, Jehofa o ne a mo solofetsa gore bogosi jwa gagwe bo tla nnela ruri, o ne a re: “Ke tla tsosa losika lwa gago morago ga gago, lo lo tla tswang mo teng ga gago; mme ruri ke tla tlhomamisa bogosi jwa gagwe ka thata.” (2 Sam. 7:12, 13) Seno se ne sa diragadiwa dingwaga tse di fetang 1 000 morago ga foo, fa “losika” lwa ga Dafide lo ne lo tlhagelela. Losika loo e ne ya nna mang, mme o ne a tla nna Kgosi leng?

JEHOFA O TLHOMA KGOSI E NTŠHA

15, 16. Jesu o ne a tlodiwa leng go nna Kgosi ya mo isagweng, mme fa a ne a le mo lefatsheng, ke dithulaganyo dife tsa puso ya gagwe tse a neng a di dira?

15 Ka ngwaga wa 29 C.E., Johane Mokolobetsi o ne a simolola go rera a re: “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Math. 3:2) Fa Johane a ne a kolobetsa Jesu, Jehofa o ne a tlotsa Jesu go nna Mesia yo o solofeditsweng le Kgosi ya mo isagweng ya Bogosi jwa Modimo. E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, o ne a bontsha gore o rata Jesu ka go bua jaana: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.”—Math. 3:17.

16 Mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a galaletsa Rraagwe. (Joh. 17:4) O ne a dira seo ka go rera ka Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43) O ne a bo a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele Bogosi joo gore bo tle. (Math. 6:10) E re ka Jesu e le Kgosi e e tlhomilweng, o ne a kgona go bolelela baganetsi ba gagwe jaana: “Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.” (Luke 17:21) Moragonyana, mo bosigong jwa pele ga a bolawa, o ne a tlhoma ‘kgolagano ya bogosi’ le balatedi ba gagwe. Ka go dira jalo, o ne a solofetsa barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang gore ba tla busa le ene e le dikgosi mo Bogosing jwa Modimo.—Bala Luke 22:28-30.

17. Ka 33 C.E., Jesu o ne a simolola go busa ka tsela efe, mme gone o ne a tla tshwanelwa ke go leta eng?

17 Jesu o ne a tla simolola leng go busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo? O ne a ka se dire seo ka yone nako eo. Mo maitseboeng a a latelang, Jesu o ne a bolawa mme balatedi ba gagwe ba gasama. (Joh. 16:32) Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a sa ntse a na le taolo. Mo letsatsing la boraro, o ne a tsosa Morwaawe, mme mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., Jesu o ne a tlhoma bogosi jwa semoya mo phuthegong ya Bokeresete ya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. (Bakol. 1:13) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa ntse a tla tshwanelwa ke go leta gore a buse ka botlalo mo lefatsheng e le “losika” lo lo solofeditsweng. Jehofa o ne a bolelela Morwaawe jaana: “Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.”—Pes. 110:1.

OBAMELA KGOSI YA BOSAKHUTLENG

18, 19. Re tlhotlheletsega go dira eng, mme re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

18 Ka diketekete tsa dingwaga, tshwanelo ya ga Jehofa ya go nna Kgosi e ntse e gwetlhiwa kwa legodimong le mo lefatsheng. Jehofa ga a ka a latlhegelwa ke bolaodi jwa gagwe; o ne a nna a ntse a na le taolo. E re ka e le Rre yo o lorato, o ne a sireletsa le go tlhokomela babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba jaaka Noa, Aborahame le Dafide. A seno ga se re tlhotlheletse gore re ikobele Kgosi ya rona le go atamalana gaufi le yone?

19 Mme gone, re ka ipotsa jaana: Jehofa o nnile jang Kgosi mo motlheng wa rona? Re ka supa jang gore re babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa ga Jehofa mme re nne barwa ba ba itekanetseng mo lelapeng la gagwe la lobopo lotlhe? Go kaya eng go rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.