“Fa a sena go leboga, a . . . ngathoganya [senkgwe] a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’”—1 BAKOR. 11:24.

1, 2. Baaposetoloi ba ka tswa ba ile ba akanya ka eng malebana le loeto lwa go ya Jerusalema?

‘MARU a apogile jaanong, re kgona go bona karolwana ya ngwedi. Maabane bosigo, badisa kwa Jerusalema ba tshwanetse ba bo ba ile ba bona karolwana ya ngwedi. Fa Sanehederine e sena go lemoga seno, e ne ya itsise gore kgwedi e ntšha e leng Nisane e simolotse. Go tswa foo, barongwa ba ne ba simolola go anamisa dikgang, tota le go fitlha fano. Ga go pelaelo gore Jesu o tla batla go ya kwa Jerusalema gore a goroge koo pele ga Tlolaganyo.’

2 Re ka akanya gore batho bangwe ba ba neng ba na le Jesu kwa Perea (ka kwa ga Joredane) fa a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa bofelo go ya kwa Jerusalema, ba ne ba akanya jalo. (Math. 19:1; 20:17, 29; Mar. 10:1, 32, 46) Fela fa letsatsi la ntlha la kgwedi ya Sejuda ya Nisane le tlhomamisitswe, Tlolaganyo e ne e tla tshwarwa malatsi a le 13 moragonyana, morago ga phirimo ya letsatsi ka Nisane 14.

3. Ke eng fa go tshwanela gore Bakeresete ba kgatlhegele letsatsi la Tlolaganyo?

3 Letlha la Sejo sa Morena sa Maitseboa, le le tsamaisanang le letlha la Tlolaganyo e tla nna fa letsatsi le se na go phirima ka Moranang 14, 2014. E tla nna letsatsi le le kgethegileng mo Bakereseteng ba boammaaruri le mo bathong ba ba kgatlhegang. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se re se balang mo go 1 Bakorintha 11:23-25: “Jesu mo bosigong jo a neng a tlile go neelwa ka jone o ne a tsaya senkgwe mme, fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo.”

4. (a) Ke dipotso dife tse di ka tsogang malebana le Segopotso? (b) Re lemoga jang letlha la Segopotso ngwaga le ngwaga? (Bona lebokose le le reng  “Segopotso sa 2014.”)

4 Ga go pelaelo gore o tla nna gone mo tiragalong e le nngwe fela e Jesu a neng a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go e gopola ngwaga le ngwaga. Mme gone jaanong, ipotse jaana: ‘Ke tshwanetse go baakanyetsa jang maitseboa ao? Ke dilo dife tse di tla dirisiwang? Go tla latelwa  thulaganyo efe ka nako ya tiragalo eo? Mme gone, tiragalo eo le dilo tse di tla dirisiwang, di tshwanetse go nna le bokao bofe mo go nna?’

DITSHWANTSHETSO

5. Jesu o ne a laela gore go baakanyediwe eng mo Tlolaganyong ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe?

5 Fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi gore ba ye go baakanya phaposi e ba neng ba tla e dirisetsa go ja dijo tsa Tlolaganyo, ga a ka a bua ka mekgabiso e e magasigasi; go na le moo, go bonala a ne a batla fela lefelo le le tshwanelang, phaposi e e phepa e e ka lekanang batho ba ba laleditsweng. (Bala Mareko 14:12-16.) Ba ne ba tshwanetse go baakanya dilo dingwe tse di neng di tla dirisiwa, go akaretsa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu. Fa go se na go jewa dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo ditshwantshetsong tseo tse pedi.

6. (a) Morago ga dijo tsa Tlolaganyo, Jesu o ne a reng ka senkgwe? (b) Go dirisiwa senkgwe se se ntseng jang mo Segopotsong?

6 Moaposetoloi Mathaio yo o neng a le gone, moragonyana o ne a kwala jaana: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang.’” (Math. 26:26) “Senkgwe” e ne e le se se sa bedisiwang, jaaka se se neng se dirisiwa mo Tlolaganyong. (Ekes. 12:8; Dute. 16:3) Senkgwe se ne se dirilwe ka folouru le metsi, mme se ne se sa tsenngwa sebediso le letswai. E re ka senkgwe se ne se se na sebediso, se ne se ka se kokomoge. Se ne se tla omelela, se nne motlhofo go se ngathoganya. Gompieno, fa bagolwane ba phuthego ba baakanyetsa Segopotso, ba ka nna ba kopa mongwe gore a dire senkgwe seo ka folouru ya korong le metsi, a se apeye mo paneng e e tshasitsweng mafura go se kae. (Fa e le gore ga go kgonege go bona folouru ya korong, se ka nna sa diriwa ka folouru ya raese, barele, mmidi kgotsa thoro nngwe e e tshwanang le eo.) Kgotsa go ka dirisiwa senkgwe sa Bajuda sa matzoth, se se se nang momela, mae kgotsa dieiye.

7. Jesu o ne a bua ka mofuta ofe wa beine, mme ke mofuta ofe wa beine o o ka dirisiwang gompieno mo Segopotsong?

7 Mathaio o tswelela ka gore: “[Jesu o ne] a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe.’” (Math. 26:27, 28) Se Jesu a neng a se tshotse e ne e le senwelo sa beine e khibidu. (E ne e ka se nne matute a morara o mosha ka gonne  thobo ya morara e ne e sa bolo go fela.) Beine ga e a ka ya dirisiwa mo Tlolaganyong ya ntlha ya kwa Egepeto, le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a gana fa e ne e dirisiwa mo Tlolaganyong. O ne a bo a e dirisa ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ke gone ka moo, Bakeresete ba dirisang beine mo Segopotsong. E re ka go ne go sa tlhokege gore boleng jwa madi a ga Jesu bo okediwe, beine e e dirisiwang ga e tlhoke go tsenngwa borenti kgotsa ditswaiso dingwe. Go tshwanetse ga dirisiwa beine e khibidu e e se nang sepe, beine e e itiretsweng kgotsa e e rekisiwang e e jaaka Beaujolais, Burgundy kgotsa Chianti.

DITSHWANTSHETSO TSE DI NANG LE BOKAO

8. Ke eng fa Bakeresete ba kgatlhegela botlhokwa jwa senkgwe le beine?

8 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa sentle gore Bakeresete ba bangwe ba e seng baaposetoloi le bone ba ne ba tshwanetse go gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa. O ne a kwalela badumedimmogo le ene ba kwa Korintha jaana: “Ke ne ka amogela mo Moreneng se gape ke neng ka se fetisetsa kwa go lona, gore Morena Jesu . . . o ne a tsaya senkgwe mme fa a sena go leboga, a se ngathoganya a ba a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o o mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’” (1 Bakor. 11:23, 24) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete le bone gompieno ba tshwara tiragalo eno e e kgethegileng ngwaga le ngwaga e bile ba kgatlhegela tsela e senkgwe le beine di leng botlhokwa ka yone.

9. Batho bangwe ba dumela eng ka senkgwe se Jesu a neng a se dirisa?

9 Batho bangwe ba ba tsenang kereke ba re Jesu o ne a bua jaana ka tsela ya mmatota: ‘Seno ke mmele wa me,’ ka jalo ba dumela gore senkgwe se ne sa fetoga ka kgakgamatso go nna nama ya ga Jesu. Le fa go ntse jalo, seno ga se boammaaruri. * Mmele wa ga Jesu le senkgwe se se sa bedisiwang se ba neng ba tlile go se ja di ne di le fa pele ga baaposetoloi ba gagwe. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a bua  ka tsela ya tshwantshetso, fela jaaka a ile a dira ka makgetlho a mangwe a mantsi.—Joh. 2:19-21; 4:13, 14; 10:7; 15:1.

10. Ke eng se se emelwang ke senkgwe se se dirisiwang mo letsatsing la Sejo sa Morena sa Maitseboa?

10 Senkgwe se baaposetoloi ba neng ba se bona, se ba neng ba tlile go se ja se ne se kaya mmele wa ga Jesu. Ka ntlha yang? Nako nngwe, batlhanka ba Modimo ba ne ba akanya gore Jesu o ne a ngathoganya senkgwe mme e seng marapo a gagwe, senkgwe se kaya ‘mmele wa ga Keresete,’ phuthego ya batlodiwa. (Baef. 4:12; Bar. 12:4, 5; 1 Bakor. 10:16, 17; 12:27) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, fa go sekasekiwa mabaka le Dikwalo go ne ga lemogiwa gore senkgwe se emela mmele wa ga Jesu, o o neng o baakanyeditswe ene. Jesu o ne a “boga mo mmeleng,” a bo a bapolwa. Ka jalo, mo Sejong sa Morena sa Maitseboa, senkgwe se emela mmele wa mmatota wa ga Jesu o o neng wa “sikara maleo a rona.”—1 Pet. 2:21-24; 4:1; Joh. 19:33-36; Baheb. 10:5-7.

11, 12. (a) Jesu o ne a reng malebana le beine? (b) Beine e e neng e dirisiwa mo Sejong sa Morena sa Maitseboa e emela eng?

11 Seno se re thusa go tlhaloganya se Jesu a se buileng ka beine. Re bala jaana: “A dira ka tsela e e tshwanang le ka senwelo le sone, fa a sena go ja dijo tsa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me.’” (1 Bakor. 11:25) Dibaebele di le dintsi di kwadilwe ka tsela e e tshwanang le thanolo eno ya ga Robert Young: “Senwelo seno ke kgolagano e ntšha mo mading a me.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A senwelo se Jesu a neng a se tshotse ke kgolagano e ntšha. Nnyaa. Lefoko “senwelo” le kaya beine e e mo teng ga sone. Jesu o ne a re beine e kaya eng kgotsa e emela eng? Madi a gagwe a a tshologileng.

12 Mo Efangeleng ya ga Mareko, re fitlhela mafoko ano a ga Jesu: “Seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi.” (Mar. 14:24) Eleruri madi a ga Jesu a ne a tla ‘tshololelwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’ (Math. 26:28) Ka jalo, go a tshwanela go bo beine e emela madi a mmatota a ga Jesu. Ka ntlha ya madi ao, re kgona go gololwa, mo ‘boitshwarelong jwa ditlolo tsa rona.’—Bala Baefeso 1:7.

Baaposetoloi ba ne ba nwa beine e e neng e emela madi a ga Jesu a kgolagano (Bona serapa 11, 12)

GO GOPOLA LOSO LWA GA KERESETE

13. Tlhalosa kafa Segopotso sa loso lwa ga Keresete sa ngwaga le ngwaga se tshwarwang ka gone.

13 Fa e le gore o tlile go kopanela le Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha mo Segopotsong, ke eng se o tshwanetseng go se solofela? Pokano eo e tla tshwarelwa mo maemong a mantle, a a phepa a botlhe ba ka kgonang go itumelela tiragalo eo mo go one. Go ka nna le malomo a a rulagantsweng sentle, mme ga o kitla o bona lefelo le le kgabisitsweng ka tsela e e feteletseng kgotsa e kete go dirwa phati. Mogolwane yo o tshwanelegang o tla sekaseka se Baebele e se buang malebana le tiragalo eno, a dira jalo ka tsela e e utlwalang sentle le e e nang le seriti. O tla thusa botlhe gore ba anaanele se Keresete a re diretseng sone. O ne a swa gore e nne thekololo gore re tle re bone botshelo. (Bala Baroma 5:8-10.) Sebui se tla tlhalosa ditsholofelo tse pedi tse Bakeresete ba di solofetseng tse di tlhalositsweng mo Baebeleng.

14. Mo puong ya Segopotso, ke ditsholofelo dife tse go tlotliwang ka tsone?

14 Tsholofelo nngwe ke ya go busa kwa legodimong le Keresete, e leng tsholofelo e balatedi ba le mmalwa fela ba ga Keresete ba nang le yone, jaaka baaposetoloi ba ba ikanyegang. (Luke 12:32; 22:19, 20; Tshen. 14:1) Tsholofelo e nngwe ke e bontsi jwa Bakeresete ba gompieno ba direlang Modimo ka boikanyegi ba nang le yone. Ba na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la paradaise. Ka jalo, thato ya Modimo e tla diragala mo lefatsheng jaaka kwa legodimong, e leng sengwe se Bakeresete ba sa bolong go nna ba se rapelela. (Math. 6:10) Dikwalo di tlhalosa maemo a a itumedisang a ba tla a itumelelang ka bosakhutleng.—Isa. 11:6-9; 35:5, 6; 65:21-23.

15, 16. Go dirwa eng ka senkgwe ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa?

15 Fa puo e ela kwa bokhutlong, sebui se  tla tlhalosa gore jaanong ke nako ya go dira se Jesu a laetseng baaposetoloi ba gagwe gore ba se dire. Jaaka re tlhalositse kwa godimo, go tla dirisiwa ditshwantshetso tse pedi, senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu. Ditshwantshetso tseo di tla nna mo tafoleng gaufi le sebui. O tla umaka pego ya Baebele e e tlhalosang se Jesu a neng a se bua le go se dira fa a ne a tlhoma tiragalo eno. Ka sekai, re bala jaana mo pegong ya Mathaio: “Jesu a tsaya senkgwe mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’” (Math. 26:26) Jesu o ne a ngathoganya senkgwe se se sa bedisiwang e le gore a se fetisetse kwa baaposetoloing ba gagwe ba ba neng ba mo dikanyeditse. Mo pokanong ya Moranang 14, o tla bona go beilwe senkgwe se se sa bedisiwang mo dipoleiting, se ngathogantswe.

16 Go tla dirisiwa dipoleiti tse di lekaneng, gore senkgwe se kgone go fetisediwa mo bathong botlhe ba ba leng gone ka nako e khutshwane. Ga go kitla go latelwa ngwao epe fa go dirwa seno. Go tla dirwa thapelo e khutshwane mme morago ga foo dipoleiti di tla fetisediwa mo bathong ka tsela e e rulaganeng, go ya ka se se tlwaetsweng go dirwa mo lefelong la lona. Ke batho ba le mmalwa fela (kgotsa ga go na ope) ba ba tla jang senkgwe, fela jaaka go diragetse mo diphuthegong di le dintsi ka 2013.

17. Kwa Segopotsong, go latelwa jang taelo ya ga Jesu malebana le beine?

17 Go tswa foo go tla tlhomiwa mogopolo mo go se Mathaio a neng a se tlhalosa, fa a ne a re: “[Jesu o ne] a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’” (Math. 26:27, 28) Fela jaaka go ne ga dirwa ka nako eo, go tla dirwa thapelo e nngwe gape mme go tswa foo ‘dinwelo’ tsa beine e khibidu di tla fetisediwa mo bathong botlhe ba ba leng gone.

18. Ke eng fa go sa ntse go le botlhokwa gore o nne gone mo tiragalong eno, le fa gone e le ba le mmalwa fela ba ba jang ditshwantshetso kgotsa go se ope yo o di jang?

18 Batho ba le bantsi ba ba leng gone ga ba je ditshwantshetso fa di ntse di fetisiwa, ka gonne Jesu o ne a re ke fela ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa kwa legodimong ba ba tshwanetseng go ja. (Bala Luke 22:28-30; 2 Tim. 4:18) Ba bangwe botlhe ba ba leng gone ba tla leba fela ka tlotlo. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go nna gone mo Sejong sa Morena sa Maitseboa, ka gonne go nna gone go bontsha gore re anaanela thata setlhabelo sa ga Jesu. Ka nako ya Segopotso botlhe ba ka akanya ka masego a ba ka nnang le one ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Ba na le tsholofelo ya go nna gareng ga “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang. Bao e tla bo e le baobamedi ba ‘ba tlhatswitseng diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.’—Tshen. 7:9, 14-17.

19. Ke eng se o ka se dirang go baakanyetsa Sejo sa Morena sa Maitseboa le go dira gore se go solegele molemo?

19 Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ipaakanyetsa pokano eno e e kgethegileng. Dibeke pele ga pokano eno, re tla nna le seabe mo go laletseng batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone gore ba nne gone. Mo godimo ga moo, malatsi pele ga Segopotso, bontsi jwa rona re tla bala dipego tsa Baebele tsa se Jesu a neng a se dira le gore ke eng se se diragetseng ka 33 C.E. Re tla bo re dirile dithulaganyo gore re nne gone. Go molemo gore re goroge pele ga pina le thapelo e e bulang gore re kgone go amogela baeng le gore re kgone go reetsa thulaganyo yotlhe. Rotlhe re le maloko a phuthego le baeng, re tla solegelwa molemo thata fa re bula ditemana tsa Baebele fa sebui se ntse se tlhalosa dintlha. Se se botlhokwa le go feta ke gore, go nna gone ga rona kwa Segopotsong go tla bontsha gore re anaanela thata setlhabelo sa ga Jesu e bile seno se tla bo se bontsha gore re ikobela taelo eno ya ga Jesu: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—1 Bakor. 11:24.

^ ser. 9 Mokanoki mongwe wa Mojeremane e bong Heinrich Meyer a re: “E re ka . . . mmele wa ga Jesu o ne o sa robiwa (o sa ntse o tshela) le madi a Gagwe a ne a sa tshololwa, ga go na ope [baaposetoloi] yo o neng a ka . . . akanya gore o ja nama le go nwa madi a Morena ka tsela ya mmatota, [ka jalo] ga go bonale Jesu a ne a ka batla gore mafoko a gagwe a a motlhofo a tlhaloganngwe ka tsela e ba neng ba ka se e dumele.”