BAEBELE e bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: Monna o tshwanetse go ‘rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata.’ Mme mosadi le ene o tshwanetse go “nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” Boobabedi ba tshwanetse go diragatsa maikarabelo a bone e le “nama e le nngwe.” (Baef. 5:33; Gen. 2:23, 24) Fa nako e ntse e ya, kamano e banyalani ba nang le yone e a nonofa mmogo le lorato lo ba ratanang ka lone. O ka nna wa tshwantshanya kamano ya bone le ditlhare tse pedi tse di golang di bapile. Maikutlo a monna le mosadi ba ba itumetseng mo lenyalong a a golagana.

Mme go tweng fa monna kgotsa mosadi a tlhokafala? Kamano eo ya bone ya botshelo jotlhe e a fela. Gantsi motlholagadi kgotsa moswagadi o sala a utlwile botlhoko, a jewa ke bodutu kgotsa gongwe e bile a galefile kgotsa a ipega molato. Mo dingwageng di le 58 tse Daniella a di feditseng a nyetswe, o ne a itse batho ba le bantsi ba ba swetsweng ke balekane ba bone. * Le fa go ntse jalo, fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala, o ne a re: “Pele ga ke diragalelwa ke seno, ke ne ke sa tlhaloganye botlhoko jo batho bao ba neng ba bo utlwa. Ga go jaaka o ka bo tlhaloganya go fitlha wena ka bowena o lebana le jone.”

BOTLHOKO JO GO BONALANG BO SA FELE

Babatlisisi bangwe ba dumela gore ga go na go ngomoga pelo mo go botlhoko jaaka go swelwa ke molekane yo o mo ratang. Batho ba le bantsi ba ba swetsweng ba dumalana le seo. Monna wa ga Millie o ne a tlhokafala dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Fa a tlhalosa botshelo jwa gagwe e le motlholagadi, o ne a re: “Ke ikutlwa e kete ke segole.” O ne a bua ka maikutlo a  gagwe a a bakilweng ke go swelwa ke monna yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le 25.

Susan o ne a akanya gore batlholagadi ba ba fetsang dingwaga di le dintsi ba hutsafaletse banna ba bone ba feteletsa dilo. Mme monna wa gagwe yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le 38, o ne a tlhokafala. Go fetile dingwaga di le 20, mme gone o sa ntse a re: “Ke akanya ka ene letsatsi le letsatsi.” Gantsi o a lela ka gonne a mo tlhoafalela thata.

Baebele e bontsha boammaaruri jwa gore botlhoko jwa go swelwa ke molekane bo bogolo e bile bo tsaya lobaka go fela. Fa Sara a ne a tlhokafala, monna wa gagwe e bong Aborahame, o ne a ‘mo hutsafalela le go mo lelela.’ (Gen. 23:1, 2) Le fa gone Aborahame a ne a dumela mo tsogong, o ne a hutsafala thata fa a swelwa ke moratiwa wa gagwe. (Baheb. 11:17-19) Fa Jakobe a sena go swelwa ke mosadi wa gagwe yo a neng a mo rata e bong Ragele, ga a ka a mo lebala ka bonako. O ne a bua ka ene ka tsela e e bonolo.—Gen. 44:27; 48:7.

Re tshwanetse go ithuta eng mo dikaong tseno tse di mo Dikwalong? Gantsi batlholagadi le baswagadi ba fetsa dingwaga di le dintsi ba utlwile botlhoko ka ntlha ya go swelwa. Ga re a tshwanela go tsaya gore go lela ga bone kgotsa khutsafalo ya bone e bontsha gore ba bokoa, go na le moo, re tshwanetse go tlhaloganya ditlamorago tsa go latlhegelwa ga bone. Ba ka nna ba tlhoka gore re ba gomotse le go ba ema nokeng ka lobaka lo loleele.

SE TSHWENYEGE KA LETSATSI LE LE LATELANG

Fa motho a nna motlholagadi kgotsa moswagadi ga se gore o boela mo boemong jwa go se nne mo lenyalong. Morago ga dingwaga di le dintsi monna le mosadi ba nyalane, gantsi monna o itse kafa a ka gomotsang mosadi wa gagwe ka gone le go mo kgothatsa fa a ngomogile pelo kgotsa a tlaletswe. Fa monna a sa tlhole a le gone, mosadi ga a tlhole a na le ope yo o ka mmontshang lorato le go mo gomotsa. Ka tsela e e tshwanang, fa nako e ntse e ya mosadi o ithuta kafa a ka dirang gore monna wa gagwe a nne a sireletsegile e bile a itumetse ka gone. Tsela e e bonolo e a mo amang ka yone, mafoko a gagwe a a monate le kafa a kgatlhegelang dilo tse a di ratang ka gone, ga di ka ke tsa bapisiwa le sepe. Fa a tlhokafala a ka nna a ikutlwa e kete botshelo jwa gagwe ga bo na bokao. Ka jalo, bangwe ba ba hutsafaletseng balekane ba bone ba a tlhobaela e bile ba a boifa fa ba akanya ka isagwe. Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o ka ba thusang gore ba nne le kagiso le tshireletsego?

Modimo a ka go thusa gore letsatsi le letsatsi o kgone go itshokela go swelwa ke molekane

“Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” (Math. 6:34) Mafoko ao a ga Jesu totatota a bua ka dilo tse re di tlhokang mo botshelong, mme gone a thusitse batho ba le bantsi gore ba itshokele kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke mongwe yo ba mo ratang. Moswagadi mongwe yo o bidiwang Charles o ne a kwala jaana morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi: “Ke sa ntse ke gopola Monique thata, mme ka dinako dingwe e kete go nna maswe le go feta. Le fa go ntse jalo, ke a lemoga gore ga go phoso go ikutlwa jalo le gore fa nako e ntse e ya, kgabagare botlhoko joo bo tla fokotsega.”

Charles o ile a tshwanelwa ke go itshoka ka nako e e rileng. O kgonne jang go dira jalo? A re: “Jehofa o ne a nthusa gore ke kgone go lebana le letsatsi lengwe le lengwe.” Charles ga a ka a fekeediwa ke khutsafalo eo. Kutlobotlhoko ya gagwe ga e a ka ya fela ka letsatsi le le lengwe, mme gone ga e a ka ya mo fekeetsa. Fa e le gore o swetswe ke molekane, leka gore o se ka wa tlhobaela  ka letsatsi le le latelang. Ga o itse gore o tla kgothadiwa ke eng mo letsatsing le le latelang.

Loso e ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong. Go na le moo, ke nngwe ya “ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Joh. 3:8; Bar. 6:23) Satane o dirisa loso le poifo ya loso go dira gore batho ba se ka ba nna le tsholofelo. (Baheb. 2:14, 15) Satane o a itumela fa mongwe a felelwa ke tsholofelo ya gore o tla bona boitumelo jwa mmatota le kgotsofalo, tota le mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ka jalo, kutlobotlhoko e molekane yo o swetsweng a nnang le yone, ke ditlamorago tsa boleo jo Adame a bo dirileng le maano a a boferefere a ga Satane. (Bar. 5:12) Jehofa o tla dirolola tshenyo yotlhe e e bakilweng ke Satane, a fenya sebetsa sa gagwe se se setlhogo e leng loso. Batho ba ba tla bong ba golotswe mo poifong e e bakwang ke Satane, ba akaretsa batho ba le bantsi ba ba swetsweng ke balekane, jaaka go ka tswa go ntse ka wena.

Ga go pelaelo gore batho ba ba tsoseditsweng go tshela mo lefatsheng ba tla fitlhela go na le diphetogo di le dintsi mo tseleng e batho ba dirisanang ka yone. Akanya ka batsadi, borremogolo le bommèmogolo le bagologolwane ba bangwe, ba ba tla tshelang gape ba bo ba itekanela kgato ka kgato mmogo le bana ba bone le ditlogolo tsa bone. Ditlamorago tse di bakwang ke botsofe di tla bo di fedisitswe. A gongwe dikokomana tse disha di tla tshwanelwa ke go ithuta go leba bagologolwane ba bone ka tsela e e farologaneng thata le e ba ba lebang ka yone gompieno? Mme a ga re akanye gore diphetogo tseo e tla nna nngwe ya dilo tse di tla tokafatsang botshelo jwa batho?

Go na le dipotso di le dintsi tse re ka ipotsang tsone  ka batho ba ba tsositsweng, jaaka tse di malebana le batho ba ba swetsweng ke balekane ba babedi kgotsa go feta. Basadukae ba ne ba botsa potso malebana le mosadi yo monna wa gagwe wa ntlha a neng a tlhokafala, go tswa foo ga tlhokafala wa bobedi, mme ga nna jalo le ka ba bangwe ba ba latelang. (Luke 20:27-33) Mosadi yoo o tla nna le kamano efe le banna bao fa ba tsoga? Tota ga re itse, e bile ga go botlhokwa gore re nnele go fopholetsa kgotsa gore re tlhobaele ka dilo tseo tse re sa di itseng. Gone jaanong, re tshwanetse go ikanya Modimo. Sa botlhokwa ke gore sengwe le sengwe se Jehofa a tla se dirang mo isagweng se tla nna molemo, ke sengwe se re solofetseng go se bona e seng se re tshwanetseng go se boifa.

TSHOLOFELO YA TSOGO E A RE GOMOTSA

Nngwe ya dithuto tse di utlwalang sentle tse di mo Lefokong la Modimo ke gore batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tla tshela gape. Dipego tsa Baebele tsa batho ba ba tsositsweng mo nakong e e fetileng di re tlhomamisetsa gore ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la ga Jesu mme ba tla tswa.’ (Joh. 5:28, 29) Batho ba ba tla bong ba tshela ka nako eo, ba tla itumela fa ba kopana le batho ba ba golotsweng mo botshwarong jwa loso. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga re kgone go akanya ka boitumelo jo batho ba ba tla bong ba tsositswe ba tla nnang le jone.

Fa baswi ba tsoga, lefatshe le tla tlala boitumelo jo bo iseng bo ke bo nne gone. Dibilionebilione tsa batho ba ba neng ba sule di tla tshela gape. (Mar. 5:39-42; Tshen. 20:13) Fa batho botlhe ba ba swetsweng ke batho ba ba ba ratang ba tlhatlhanya ka kgakgamatso eno ya mo isagweng, ba tshwanetse go gomotsega.

A go na le ope fela yo o nang le lebaka le le utlwalang la go hutsafala fa tiragalo eo e e itumedisang ya tsogo e diragala? Baebele ya re ga go a nna jalo. Go ya ka Isaia 25:8, “ruri [Jehofa] o tla kometsa loso ka bosaengkae.” Seo se akaretsa go tlosa gotlhelele diphelelo tse di ngomolang pelo tse di bakiwang ke loso, ka gonne boporofeti joo bo tswelela ka go re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.” Fa e le gore gone jaanong o hutsafetse ka ntlha ya go swelwa ke molekane, ruri tsholofelo ya tsogo e tla go naya lebaka la go itumela.

Ga go ope yo o tlhaloganyang ka botlalo se Modimo a tla se dirang mo lefatsheng le lesha. Jehofa a re: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo  tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” (Isa. 55:9) Tsholofetso ya ga Jesu e e malebana le tsogo ya baswi e e tlang, e re naya tshono ya go ikanya Jehofa, fela jaaka Aborahame a ile a dira. Selo sa botlhokwa se Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetseng go se dira gone jaanong ke go dira se Modimo a batlang gore re se dire, mme ka jalo, a ‘kaiwe a tshwanela go bona tsamaiso ele ya dilo’ mmogo le ba ba tsositsweng.—Luke 20:35.

LEBAKA LA GO NNA LE TSHOLOFELO

Go na le gore o tlhobaele, lwela gore o nne le tsholofelo. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, isagwe e bonala e le letobo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re naya tsholofelo ya sengwe se se botoka. Ga re itse ka botlalo gore Jehofa o tla re naya jang se re se tlhokang le se re se eletsang, le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go belaela gore o tla dira jalo. Paulo o ne a re: “Tsholofelo e e bonwang ga se tsholofelo, gonne fa motho a bona selo, a o a se solofela? Mme fa e le gore re solofela se re sa se boneng, re nna re se letela ka boitshoko.” (Bar. 8:24, 25) Go nna le tsholofelo e e nonofileng mo ditsholofetsong tsa Modimo go tla go thusa gore o itshoke. Fa o itshokile, o tla bona isagwe eo e e itumedisang e mo go yone Jehofa a tlileng go “go naya dikopo tsa pelo ya gago.” O tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pes. 37:4; 145:16; Luke 21:19.

Ikanye tsholofetso ya ga Jehofa ya isagwe e e itumedisang

Fa nako ya gore Jesu a swe e ne e atamela, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba hutsafala thata. Jesu o ne a ba gomotsa ka mafoko ano: “Lo se ka lwa letla dipelo tsa lona go tshwenyega. Dumelang mo Modimong, dumelang le mo go nna.” Gape o ne a ba raya a re: “Ga ke na go lo tlogela lo hutsafetse. Ke etla kwa go lona.” (Joh. 14:1-4, 18, 27) Mafoko ano a ne a tla naya balatedi ba gagwe ba batlodiwa lebaka la go nna le tsholofelo le la go itshoka, go ralala makgolokgolo a dingwaga. Ba ba tlhologeletsweng go bona baratiwa ba bone ba tsosiwa le bone ga ba na lebaka la go itlhoboga. Jehofa le Morwawe ba ka se ka ba ba tlogela ba hutsafetse. O ka tlhomamisega ka seo!

^ ser. 3 Maina a fetotswe.