Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO TSWA MO MABOLOKELONG A RONA

“Ke ne Ke Tshwana le Khudu E e Mo Logapeng”

“Ke ne Ke Tshwana le Khudu E e Mo Logapeng”

KA NAKO ya letsholo le legolo le le tsereng malatsi a le robonngwe ka Phatwe/Lwetse 1929, baboledi ba ba fetang 10 000 ba ne ba rera go ralala United States. Ba ne ba tsamaisetsa batho dibuka le dibukana tse di ka nnang kotara ya milione. Mo baboleding bao ba Bogosi, go ne go na le babulatsela ba ka nna sekete. Mme a bo palo eo e oketsegile jang ne! Bulletin * e ne ya re ke “sengwe se go leng thata go se dumela” gore palo ya babulatsela e imenne gararo go simolola ka 1927 go ya go 1929.

Kwa bokhutlong jwa 1929, go ne ga nna le kwelotlase ya ikonomi. Ka Labobedi wa Matlhotlhapelo (Black Tuesday)—Diphalane 29, 1929—go phutlhama ga ditlhwatlhwa kwa New York Stock Exchange go ne ga bakela lefatshe lotlhe Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi. Dibanka di ne tsa latlhegelwa ke diketekete tsa madi. Dipolasi di ne tsa se ka tsa tlhola di bereka. Madirelo a magolo a ne a tswalwa. Dimilionemilione tsa batho di ne tsa latlhegelwa ke ditiro. Ka 1933, letsatsi le letsatsi batho ba ka nna 1 000 kwa U.S., ba ne ba tseelwa matlo ke mekgatlho e e adimisang madi.

Bareri ba nako e e tletseng ba ne ba tla kgona jang go itlamela mo maemong ao a a thata? Sengwe se se neng se ba thusa e ne e le koloi e ba neng ba ka kgona go robala mo go yone. Babulatsela ba le bantsi ba ne ba kgona go tswelela ka tirelo ya bone ba sa duele ditshenyegelo di le dintsi e bile ba sa tlhoke go duela rente kgotsa lekgetho, ka gonne koloi eo kgotsa kharabene e ba neng ba e dirisa e ne e ba thusa. * Mme ka nako ya kopano, koloi eno e e nang le bonno e ne e nna phaposi ya hotele e e sa duelelweng. Ka 1934, Bulletin e ne ya ntsha dipolane tsa go ikagela legae le lennye mme gone le le lentle, le na le dilo tse di tlhokegang tse di jaaka thulaganyo ya go tsamaisa metsi, setofo, bolao jo bo menwang le dilo tse di thibelang serame.

Bareri ba ba nang le bokgoni go ralala lefatshe ba ne ba simolola go itirela dikoloi tse ba neng ba di dirisa go nna matlo. Victor Blackwell o ne a re: “Noa o agile araka a se na maitemogelo a go aga, le nna ke ne ke se na maitemogelo a go aga kharabene.” Mme gone o ne a e aga.

Avery le Lovenia Bristow ba ne ba na le koloi e ba neng ba kgona go robala mo go yone. Avery a re: “Ke ne ke tshwana le khudu e e mo logapeng—ka metlha ke ne ke tsamaya ka ntlo ya me.” BooraBristow ba ne ba direla le Harvey le Anne Conrow ba koloi ya bone e ba neng ba kgona go robala mo go yone e neng e manegilwe pampiri ya sekontere mo maboteng. Nako le nako fa ba tsamaya ka koloi eo ya bone, dipampiri tseo di ne di wa. Avery a re: “Ga go ope yo o kileng a bona kharabene e e tshwanang le eo, mme ga go ope yo o ileng a e bona morago ga moo!” Le fa go ntse jalo, Avery a re, BooraConrow le bomorwaabone ba babedi “e ne e le lelapa le le itumetseng thata le a kileng a le bona.” Harvey Conrow o ne a kwala jaana: “Re ne re sa tlhoke sepe, mme re ne re ikutlwa re babalesegile ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa e bile o ne a re tlhokomela ka lorato.” Moragonyana booraConrow botlhe ba le banè, ba ne ba nna gone kwa Sekolong sa Gileade, mme ba ne ba abelwa go ya go direla kwa Peru e le barongwa.

BooraBattaino ba ne ba tsenela tirelo ya bobulatsela e le lelapa. Fa Giusto le Vincenza ba ne ba lemoga gore ba tlile go nna le ngwana, ba ne ba fetola bene ya bone ya modiro wa 1929 Model A Ford gore e nne legae le “le neng le tshwana le hotele e ntle” fa le bapisiwa le  ditente tse ba neng ba nna mo go tsone pele. Ba ne ba tswelela ka kabelo ya bone e ba neng ba e rata, ba na le mosetsanyana wa bone, ba rerela Bantadiana ba ba neng ba nna kwa United States.

Batho ba le bantsi ba ne ba reetsa dikgang tse di molemo, mme gone batho ba ba humanegileng le ba ba sa berekeng, ba ne ba sa kgone go ntshetsa dikgatiso tsa Baebele moneelo wa madi. Go na le moo, ba ne ba ntsha dilwana tse ba nang le tsone gore ba amogele dikgatiso tseo. BooraBattaino ba ne ba umaka lenaane la dilo di le 64 tse ba di neilweng ke batho ba ba neng ba kgatlhega. Lenaane leo e ne e kete ke la “dilwana tsa mo lebenkeleng.”

Fred Anderson o ne a kopana le molemirui mongwe yo o neng a batla dibuka tsa rona mme a mo naya diborele tse e neng e le tsa ga mmaagwe. Mo polasing e e latelang, monna mongwe o ne a kgatlhegela dibuka tsa rona mme a re, “ga ke na diborele tsa go bala.” Le fa go ntse jalo, o ne a kgona go bala sentle ka diborele tse Basupi ba neng ba mo naya tsone tse ba neng ba di neilwe ke molemirui yo ba neng ba sa tswa go bua le ene, mme o ne a itumelela go ntsha moneelo wa dibuka le diborele.

Herbert Abbott o ne a tsamaya ka hoko e nnye ya dikgogo mo koloing ya gagwe. Fa a sena go ananya dibuka ka dikgogo tse tharo kgotsa tse nnè, o ne a ya go di rekisa kwa mmarakeng a bo a tshela leokwane mo koloing. O ne a re: “Go na le dinako tse ka tsone re neng re se na madi. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra letla seo go re thibela go dira tiro ya rona. Fa koloi ya rona e na le leokwane re ne re kgona go tswelela ka tiro ya rona, re dira seo re ikantse Jehofa e bile re na le tumelo mo go ene.”

Go ikanya Jehofa le go ititaya sehuba, go ne ga thusa batho ba gagwe mo dinakong tseo tse di thata. Nako nngwe fa go ne go na le dipula tsa matlakadibe, Maxwell le Emmy Lewis ba ne ba falola fa kharabene ya bone e ne e welwa ke setlhare e bo e kgaogana ka bogare. Maxwell o ne a kwala jaana: “Dilo tseno ga di a ka tsa re kgoreletsa e bile ga re a ka ra akanya ka go tlogela tiro ya rona. Go ne go na le tiro e ntsi e re tshwanetseng go e dira e bile re ne re ikaeletse go e dira.” Maxwell le Emmy ga ba a ka ba kgoreletsega mme ba ne ba tsosolosa kharabene eo ya bone ba thusiwa ke ditsala tsa bone tse di lorato.

Le mo metlheng eno e e thata, dimilionemilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng le bone ba bontsha moya oo wa go intsha setlhabelo. Tota e bile, fela jaaka babulatsela bao ba bogologolo, re ikemiseditse go tswelela ka tiro ya go rera go fitlha Jehofa a re go lekane.

^ ser. 3 Gone jaanong e bidiwa Tirelo ya Rona ya Bogosi.

^ ser. 5 Mo metlheng eo, babulatsela ba le bantsi ba ne ba sa bereke. Ba ne ba amogela dikgatiso tsa Baebele ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase ba bo ba dirisa moneelo wa dikgatiso tse ba di tsamaisitseng gore ba itshedise.