“Le rona re tla tsosa badisa ba le supa kgatlhanong le ene, ee, dikgosana di le robedi tse di tswang mo bathong.”—MIK. 5:5.

1. Ke eng fa leano le le bosula la Siria le Iseraele le ne le se kitla le atlega?

NAKO nngwe magareng ga 762 B.C.E. le 759 B.C.E., kgosi ya Iseraele le kgosi ya Siria di ne tsa bolotsa ntwa kgatlhanong le bogosi jwa Juda. Maikaelelo a tsone e ne e le afe? E ne e le go tlhasela Jerusalema le go tlosa Kgosi Ahase mo bogosing mme ba mo emisetse ka monna yo mongwe, gongwe yo e seng wa losika lwa ga Kgosi Dafide. (Isa. 7:5, 6) Kgosi ya Iseraele e ka bo e itsile gore seo se ka se direge. Jehofa o ne a laetse gore mongwe wa ditlogolwana tsa ga Dafide o tla nna mo setulong sa Gagwe sa bogosi ka bosakhutleng, mme lefoko la Modimo ga le ke le nna le sa diragadiwe.—Josh. 23:14; 2 Sam. 7:16.

2-4. Tlhalosa kafa Isaia 7:14, 16 e neng ya diragadiwa ka gone (a) mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. (b) mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.

2 Kwa tshimologong, kgolagano ya Siria le Iseraele e ne e lebega e tla atlega. Mo ntweng e le nngwe fela, masole a le 120 000 a a pelokgale a ga Ahase a ne a bolawa! “Morwa kgosi” e bong Maaseia, o ne a bolawa. (2 Ditir. 28:6, 7) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a lebile se se diragalang. O ne a gopola se a neng a se solofetsa Dafide; ka jalo, o ne a romela moporofeti Isaia gore a bolele molaetsa o o kgothatsang thata.

3 Isaia o ne a re: “Bona! Morweetsana o tla ima, mme o tshola ngwana wa mosimane, mme ruri o tla mo raya leina a re Imanuele. . . . Pele ga mosimane a itse go gana bosula le go tlhopha molemo, lefatshe la dikgosi tse pedi tse lo ikutlwang lo di boifa mo go bobodisang [Siria le Iseraele] le tla tlogelwa gotlhelele.” (Isa. 7:14, 16) Gantsi karolo ya ntlha ya boporofeti jono e amanngwa le go tsalwa ga ga Mesia, mme seno se a tshwanela. (Math. 1:23) Le fa go ntse jalo, e re ka “dikgosi tse pedi” e bong kgosi ya Siria le kgosi ya Iseraele di ne di ka se tlhole di leretse  Juda kotsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., boporofeti jo bo malebana le Imanuele bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa diragadiwa la ntlha mo motlheng wa ga Isaia.

4 Nakwana fela morago ga gore Isaia a bue boporofeti joo jo bo itumedisang, mosadi wa gagwe o ne a ima mme a mo tsholela ngwana wa mosimane yo leina la gagwe e neng e le Mahere-shalale-hashe-base. Go ka direga gore ngwana yoo e ne e le ene “Imanuele” yo Isaia a neng a bua ka ene. * Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, ngwana o ne a ka tewa leina lengwe fa a tsholwa, gongwe e le go gopola tiragalo nngwe e e kgethegileng, le fa go ntse jalo, batsadi ba gagwe le ba losika ba ka mmitsa ka leina le lengwe. (2 Sam. 12:24, 25) Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore Jesu o ne a bidiwa ka leina la Imanuele.—Bala Isaia 7:14; 8:3, 4.

5. Kgosi Ahase o ne a dira tshwetso efe ya boeleele?

5 Fa setšhaba sa Iseraele le sa Siria di ne di tlhomile mogopolo mo Juda, setšhaba sengwe se se neng se na le sesole se se nonofileng, le sone se ne se batla go tlhasela naga eno. Setšhaba seo e ne e le Asiria e e neng e tla nna mmusomogolo wa lefatshe. Go ya ka Isaia 8:3, 4, Asiria o ne a tla tsaya “dikhumo tsa Damaseko le thopo ya Samarea” pele ga a tlhasela bogosi jwa Juda jo bo kwa borwa. Go na le gore Ahase yo o se nang tumelo a ikanye lefoko la Modimo le le builweng ke Isaia, o ne a roma barongwa kwa kgosing ya Asiria go ya go dira kgolagano le yone, mme kgabagare kgolagano eo e ne ya baka mathata a gore Asiria e gatelele Juda. (2 Dikg. 16:7-10) Ruri Ahase e ne e le modisa yo o swabisang wa Juda! Re ka nna ra ipotsa gore, ‘Fa ke tshwanetse go dira ditshwetso tse di botlhokwa, a ke ikanya Modimo kgotsa batho?’—Dia. 3:5, 6.

MODISA YO MONGWE O DIRA DILO KA TSELA E E FAROLOGANENG

6. Bapisa puso ya ga Ahase le ya ga Hesekia.

6 Ahase o ne a swa ka 746 B.C.E., mme morwawe e bong Hesekia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe ka nako e batho ba Juda ba neng ba humanegile e bile ba le bokoa semoyeng. Fa Hesekia yo o neng a sa ntse a le mosha a simolola go busa, o ne a tla simolola ka go dira eng? A o ne a tla tsosolosa maemo a a phutlhameng a ikonomi ya naga ya Juda? Nnyaa. Hesekia e ne e le monna wa semoya, modisa yo o tshwanetseng wa setšhaba sa gagwe. Se a neng a se dira pele, e ne ya nna go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri le go dira gore setšhaba seo se se tlhogoethata se boe se nne le kamano e e molemo le Jehofa. Fa Hesekia a sena go tlhaloganya se Modimo a neng a ikaeletse gore a se dire, o ne a tsaya dikgato tse di botlhale. Ruri o re tlhometse sekao se se molemo!—2 Ditir. 29:1-19.

7. Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore Balefi ba tlhomamisediwe gore kgosi e ntšha e tla ba ema nokeng?

7 Balefi ba ne ba tla nna le seabe se se botlhokwa thata mo go tsosoloseng kobamelo e e itshekileng. Ka jalo, Hesekia o ne a kopana le bone a ba tlhomamisetsa gore o tla ba ema nokeng. Akanya fela Balefi ba ba ikanyegang ba ba neng ba le gone kwa pokanong eo, ba tsholola dikeledi tsa boitumelo fa ba utlwa kgosi e re: “Ke lona ba Jehofa a lo tlhophileng gore lo eme fa pele ga gagwe lo mo direle.” (2 Ditir. 29:11) Eleruri, Balefi ba ne ba neilwe taelo e e utlwalang ya go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri!

8. Hesekia o ne a tsaya dikgato dife tse dingwe gore a nonotshe bomoya jwa setšhaba, mme seo se ne sa felela ka eng?

8 Hesekia o ne a laletsa Bajuda botlhe le Baiseraele go tla moletlong o mogolo wa Tlolaganyo, o o neng wa latelwa ke Moletlo wa Dikuku tse di sa Bedisiwang o o tsayang malatsi a le supa. Batho ba ne ba itumelela moletlo thata jaana mo o neng wa okediwa ka malatsi a mangwe a le supa. Baebele ya re: “Ga nna le boipelo jo bogolo mo Jerusalema,  gonne go simolola mo metlheng ya ga Solomone morwa Dafide kgosi ya Iseraele go ne go se na bope jo bo tshwanang le jono mo Jerusalema.” (2 Ditir. 30:25, 26) Ruri moletlo oo wa semoya o ne wa kgothatsa batho bao botlhe! Re bala jaana mo go 2 Ditiragalo 31:1: “Fela fa ba fetsa seno sotlhe, . . . ba thuba dipilara tse di boitshepo ba bo ba rema dikota tse di boitshepo le go rutla mafelo a a kwa godimo le dibeso.” Ka go dira jalo, Juda e ne ya simolola go boela kwa go Jehofa ka tsela e kgolo. Go itshekisiwa semoyeng moo, e ne e tla nna selo sa botlhokwa thata fa re akanya ka se se neng se tla diragala.

KGOSI E IKANYA JEHOFA

9. (a) Leano la Iseraele le ne la kgorelediwa jang? (b) Senakaribe o ne a fenya Juda jang kwa tshimologong?

9 Go dumalana le mafoko a ga Isaia, Baasiria ba ne ba fenya bogosi jwa Iseraele jwa kwa bokone mme ba fudusa baagi ba koo, ka go dira jalo, ba kgoreletsa leano la Iseraele la go leka go itseela setulo sa bogosi sa ga Dafide ka dikgoka. Mme go tweng ka leano la Asiria? Jaanong Baasiria ba ne ba tlhasela Juda. “Mo ngwageng wa bolesome le bonè wa ga Kgosi Hesekia, Senakaribe kgosi ya Asiria a tsogologela metse yotlhe e e sireletsegileng ya Juda mme a e gapa.” Go begwa gore Senakeribe o ne a fenya metse ya Juda e le 46. Akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o nna kwa Jerusalema ka nako eo. Masole a Baasiria a fenya metse ya Juda ka bonako mme a ntse a atamela gaufi le legae la gago!—2 Dikg. 18:13.

10. Ke ka ntlha yang fa Mika 5:5, 6 e ka tswa e ile ya nonotsha Hesekia?

10 Gone ke boammaaruri gore Hesekia o ne a lemoga kotsi e e neng e ba gomagomela, le fa go ntse jalo, go na le gore a tlalelwe mme a batle thuso ya ditšhaba tsa baheitane, fela jaaka rraagwe wa motlhanogi e bong Ahase a ne a dira, Hesekia o ne a ikanya Jehofa. (2 Ditir. 28:20, 21) A ka tswa a ne a itse mafoko a ga moporofeti Mika, yo o neng a bolelela pele jaana malebana le Asiria: “Fa e le Moasiria ene, . . . le rona re tla tsosa badisa ba le supa kgatlhanong le ene, ee, dikgosana di le robedi tse di tswang mo bathong. Mme ruri ba tla disa lefatshe la Asiria ka tšhaka.” (Mik. 5:5, 6) Ruri mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ka tswa a ile a kgothatsa Hesekia, ka gonne a bontsha gore masole a a sa tlwaelegang a ne a tla lwa le Baasiria mme kgabagare batlhabani bano ba ba setlhogo ba ne ba tla fenngwa.

11. Boporofeti jo bo malebana le badisa ba le supa le dikgosana di le robedi bo tla diragadiwa leng ka tsela e kgolwane?

11 Boporofeti jo bo malebana le badisa ba  le supa le dikgosana di le robedi bo ne bo tshwanetse go diragadiwa ka tsela e kgolwane morago ga go tsholwa ga ga Jesu “mmusi mo Iseraele, yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo.” (Bala Mika 5:1, 2.) Seno se ne se tla diragala ka nako ya fa batlhanka ba ga Jehofa ba tshosediwa ke “Baasiria” ba motlha ono. Jehofa o tla kokoanya masole afe a dirisa Morwawe yo jaanong e leng Kgosi, gore a lwe le mmaba yono yo o boifisang? Re tla bona seo. Le fa go ntse jalo, a re simololeng ka go sekaseka gore re ka ithuta eng mo kgatong e Hesekia a e tsereng fa Baasiria ba ne ba mo tshosetsa.

HESEKIA O TSAYA DIKGATO TSE DI TSHWANETSENG

12. Hesekia le ba ba neng ba na le ene ba ne ba tsaya dikgato dife gore ba sireletse batho ba Modimo?

12 Ka metlha, Jehofa o iketleeditse go re direla se re sa kgoneng go se dira, le fa go ntse jalo, o lebeletse gore re dire se re ka se kgonang. Hesekia o ne a bitsa “dikgosana tsa gagwe le banna ba gagwe ba ba thata” mme botlhe ba dira tshwetso ya gore “ba thibe metsi a metswedi e e neng e le kwa ntle ga motse . . . Mo godimo ga moo, [Hesekia] a nna pelokgale mme a aga lobota lotlhe lo lo thubegileng a ba a tsholetsa ditora mo godimo ga lone, le lobota lo longwe ka kwa ntle, . . . le go dira dibetsa tse dintsi tse di konopiwang le dithebe.” (2 Ditir. 32:3-5) Jehofa o ne a dirisa banna ba le mmalwa ba digatlhamelamasisi—Hesekia, dikgosana tsa gagwe, le baporofeti ba ba nonofileng semoyeng—gore a sireletse batho ba Gagwe ka nako eo.

13. Ke kgato efe ya botlhokwatlhokwa e Hesekia a e tsereng go thusa batho gore ba ipaakanyetse tlhaselo e e neng e tla? Tlhalosa.

13 Se Hesekia a neng a se dira morago ga foo, se ne se le botlhokwa thata go feta go emisa metsi le go nonotsha dipota tsa motse. E re ka Hesekia e ne e le modisa yo o molemo, o ne a kokoanya batho mme a ba kgothatsa semoyeng ka mafoko ano: “Lo se ka lwa boifa le fa e le go tshoga ka ntlha ya kgosi ya Asiria . . . gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le ene. O na le lebogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go tlhabana ditlhabano tsa rona.” Ruri ano e ne e le mafoko a a nonotshang tumelo—Jehofa o ne a tla lwela batho ba gagwe! Fa Bajuda ba utlwa seno, “ba simolola go itshegeletsa ka mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juda.” Ela tlhoko gore “mafoko a ga Hesekia” ke one a neng a nonotsha batho. Ene le dikgosana tsa gagwe le banna ba ba nonofileng, mmogo le moporofeti Mika le moporofeti Isaia ba ne ba nna badisa ba ba molemo, fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele ka moporofeti wa gagwe.—2 Ditir. 32:7, 8; bala Mika 5:5, 6.

Mafoko a ga Hesekia a ne a nonotsha batho (Bona serapa 12 le 13)

14. Rabeshake o ne a dira eng, mme batho ba ne ba itshwara jang?

14 Kgosi ya Asiria e ne ya thibelela kwa Lakishe, e e kwa borwabophirima jwa Jerusalema. Fa a le koo, o ne a romela barongwa ba le bararo gore ba bolelele batho ba motse wa Jerusalema gore ba ineele. Mmueledi wa gagwe, yo sereto sa gagwe sa semolao e leng Rabeshake, o ne a dirisa maano a mantsi. O ne a bua Sehebera, a rotloetsa batho gore ba tsuologele kgosi mme ba ineele mo Baasirieng, a ba bolelela maaka a gore o tla ba isa kwa nageng e ba neng ba tla itumelela botshelo jo bo monate kwa go yone. (Bala 2 Dikgosi 18:31, 32.) Go tswa foo, Rabeshake o ne a bua gore fela jaaka medimo ya ditšhaba tse dingwe e ile ya palelwa ke go sireletsa baobamedi ba yone, Jehofa le ene ga a kitla a kgona go golola Bajuda mo seatleng sa Baasiria. Batho ba ne ba nna botlhale mme ba se ka ba leka go araba maaka ao, e leng se batlhanka ba ga Jehofa ba se dirang le mo motlheng wa rona.—Bala 2 Dikgosi 18:35, 36.

15. Baagi ba Jerusalema ba ne ba tshwanetse go dira eng, mme Jehofa o ne a boloka motse jang?

15 Go a utlwala go bo Hesekia a ne a galefile, le fa go ntse jalo, go na le gore a batle thuso ya ditšhaba tse dingwe, o ne a laela gore go bidiwe moporofeti Isaia. Isaia o ne a bolelela  Hesekia jaana: “[Senakaribe] ga a na go tsena mo motseng ono le fa e le go hulela motswi teng.” (2 Dikg. 19:32) Se se neng se tlhokega fela ke gore baagi ba Jerusalema ba eme ba nitame. Jehofa o ne a tla lwela Juda. Mme ruri o ne a dira jalo! “Ga diragala mo bosigong joo gore moengele wa ga Jehofa a tswe a ye go kgemetha ba le dikete di le lekgolo le masome a robabobedi le botlhano mo bothibelelong jwa Baasiria.” (2 Dikg. 19:35) Juda ga e a ka ya bolokwa ke go bo Hesekia a ile a emisa metsi a motse kgotsa a ile a aga dipota tsa one, mme e ne ya bolokwa ke go bo Modimo a ile a ba thusa.

SE RE ITHUTANG SONE GOMPIENO

16. Gompieno ke bomang ba ba emelwang ke (a) Baagi ba Jerusalema (b) “Baasiria” (c) badisa ba le supa le dikgosana di le robedi?

16 Boporofeti jo bo malebana le badisa ba le supa le dikgosana di le robedi bo diragadiwa ka botlalo mo motlheng wa rona. Baagi ba motse wa bogologolo wa Jerusalema ba ne ba tlhaselwa ke Baasiria. Go ise go ye kae, batho ba ga Jehofa ba ba tla bong ba lebega ba sa sireletsega, ba tla tlhaselwa ke “Baasiria” ba motlha ono ba ba tla bong ba ikaeletse go ba nyeletsa. Dikwalo di bua ka tlhaselo eo le tlhaselo ya ‘Gogo wa Magogo’ le tlhaselo ya “kgosi ya bokone” le tlhaselo ya “dikgosi tsa lefatshe.” (Esek. 38:2, 10-13; Dan. 11:40, 44, 45; Tshen. 17:14; 19:19) A ditlhaselo tseno di farologane? Go ka tswa go sa nna jalo. Baebele e ka tswa e bua ka tlhaselo e le nngwe mme gone e dirisa maina a a farologaneng. Boporofeti jwa ga Mika bo bontsha gore ke sebetsa sefe se Jehofa a tla se dirisang kgatlhanong le mmaba yono yo o setlhogo e leng “Asiria”? Ke sebetsa se se sa tlwaelegang—‘badisa ba le supa, ee, dikgosana di le robedi’! (Mik. 5:5) Badisa le dikgosana tse go buiwang ka tsone fano ke bagolwane ba phuthego. (1 Pet. 5:2) Ruri gompieno Jehofa o dirisa banna ba le bantsi ba semoya go tlhokomela dinku tsa gagwe tse di botlhokwa, go nonotsha batho ba gagwe gore ba kgone go emelana le tlhaselo e e tlang ya “Baasiria” ba motlha ono. * Boporofeti jwa ga Mika bo tlhalosa gore “ba tla disa lefatshe la Asiria ka tšhaka.” (Mik. 5:6) Ee, mo gare ga ‘dibetsa tsa bone tsa ntwa’ go na le “tšhaka ya moya,” e leng, Lefoko la Modimo.—2 Bakor. 10:4; Baef. 6:17.

17. Bagolwane ba ka ithuta dilo dife di le nnè go tswa mo pegong e re sa tswang go tlotla ka yone?

17 Bagolwane ba ba balang setlhogo seno ba ka ithuta dintlha tseno tsa botlhokwa go tswa mo pegong eno e re sa tswang go tlotla ka yone: (1) Kgato ya botlhokwa thata e re ka e tsayang go ipaakanyetsa tlhaselo e e tlang ya “Baasiria,” ke go nonotsha tumelo ya rona mo Modimong le go thusa bakaulengwe ba rona gore le bone ba dire se se tshwanang. (2) Fa “Baasiria” ba tlhasela, bagolwane ba tshwanetse ba bo ba tlhatswegile pelo tota gore Jehofa o tla re golola. (3) Ka nako eo, taelo e e bolokang matshelo e re e tla e newang ke phuthego ya ga Jehofa, e ka nna ya lebega e sa utlwale go ya kafa batho ba lebang dilo ka gone. Rotlhe re tshwanetse go iketleeletsa go ikobela ditaelo dipe fela tse re tla di newang, le fa di ka lebega di sa utlwale go ya kafa batho ba lebang dilo ka gone. (4) Eno ke nako ya gore ope fela yo o ka tswang a ikanya dithuto tsa lefatshe, dithoto, kgotsa mekgatlho ya batho, a fetole tsela e a akanyang ka yone. Bagolwane ba tshwanetse go thusa motho ope fela yo gone jaanong tumelo ya gagwe e ka tswang e le bokoa.

18. Go akanya ka pego eno go ka re solegela molemo jang mo isagweng?

18 Go tla fitlha nako e batlhanka ba Modimo ba mo motlheng wa rona ba tla lebegang ba sa sireletsega fela jaaka Bajuda ba ba neng ba gaeletswe mo teng ga motse wa Jerusalema mo motlheng wa ga Hesekia. Ka nako eo, e kete rotlhe re ka nonotshiwa ke mafoko a ga Hesekia. A re se lebaleng gore baba ba rona ba na le “lebogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go tlhabana ditlhabano tsa rona”!—2 Ditir. 32:8.

^ ser. 4 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “morweetsana” mo go Isaia 7:14, le ka raya mosadi yo o nyetsweng kgotsa yo e sa ntseng e le kgarebana. Ka jalo, lefoko leo le ka dirisiwa fa go buiwa ka mosadi wa ga Isaia le lekgarebana la Mojuda e bong Marea.

^ ser. 16 Gantsi mo Dikwalong, palo ya supa e dirisediwa go kaya sengwe se se feletseng. Palo ya robedi, (e e fetang supa ka nngwe) ka dinako dingwe e emela bontsi.