“Go molemo go leletsa Modimo wa rona pina.”—PES. 147:1.

1, 2. (a) Fa o akanya ka motho yo o mo ratang e bile o bua ka ene, go ka felela ka eng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.) (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

GO AKANYA ka mongwe yo re mo ratang le go bua ka ene go ka nonotsha kamano ya rona le ene. Go ntse fela jalo le ka kamano ya rona le Jehofa Modimo. Dafide yo e neng e le modisa, o ne a fetsa masigo a le mantsi a lebile dinaledi mme a tlhatlhanya ka Mmopi wa tsone yo o ka se bapisiweng le sepe. O ne a re: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?” (Pes. 8:3, 4) Morago ga gore moaposetoloi Paulo a akanye kafa boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le Iseraele wa semoya bo neng bo diragadiwa ka gone ka tsela e e gakgamatsang, o ne a re: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!”—Bar. 11:17-26, 33.

2 Fa re le mo bodireding, re bua ka Jehofa e bile re akanya ka ene. Seo se nna le diphelelo tse di molemo. Batho ba le bantsi ba ba kgonang go direla mo bodireding jwa nako e e tletseng ba lemogile gore tshegofatso nngwe e ba nnileng le yone mo tirelong eno ya Bogosi, ke gore bo dirile gore ba rate Modimo thata. Le fa gone jaanong o ka tswa o le mo tirelong ya nako e e tletseng kgotsa o sa ntse o batla go e tsenela, o tlhoka go ipotsa jaana: Bodiredi jwa nako e e tletseng bo ka nonotsha jang kamano ya me le Jehofa? Fa e le gore o mmulatsela, ipotse jaana, ‘Ke eng se se ka nthusang gore ke tswelele ka tirelo eno e e kgotsofatsang?’ Fa e le gore ga o mmulatsela, ipotse jaana, ‘Ke diphetogo dife tse nka di dirang gore ke nne mmulatsela?’ Mma re sekasekeng kafa tirelo ya nako e e tletseng e ka nonotshang kamano ya rona le Modimo ka gone.

TIRELO YA NAKO E E TLETSENG LE KAMANO YA RONA LE MODIMO

3. Fa re le mo bodireding, go bua ka masego a a tlang a Bogosi go re ama jang?

3 Go tlotla le ba bangwe ka masego a Bogosi bo tla re tlisetsang  one go dira gore re atamalane le Jehofa. O rata go dirisa temana efe fa o rera ka ntlo le ntlo? A o ka tswa o rata Pesalema 37:10, 11; Daniele 2:44; Johane 5:28, 29; kgotsa Tshenolo 21:3, 4? Nako le nako fa re buisana le ba bangwe ka ditsholofetso tseo, re gakologelwa gore ruri Modimo wa rona yo o pelonomi, ke monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” Seno se dira gore re atamalane le ene.—Jak. 1:17.

4. Ke ka ntlha yang fa tsela e re anaanelang molemo wa Modimo ka yone e gola fa re bona batho ba bangwe ba le mo lehumeng la semoya?

4 Go bona kafa batho ba re ba rerelang ba leng mo lehumeng la semoya ka gone, go dira gore re anaanele boammaaruri le go feta. Gompieno batho mo lefatsheng ga ba na kaelo epe e ba ka e ikanyang, e e ka ba thusang go bona katlego le boitumelo. Bontsi jwa bone ba tshwenyegile ka isagwe e bile ga ba na tsholofelo. Ba batla go itse lebaka la go bo re tshela. Tota le batho ba le bantsi ba ba ratang bodumedi ba na le kitso e nnye ya Dikwalo. Ba tshwana fela le batho ba kwa Ninife wa bogologolo. (Bala Jona 4:11.) Fa re oketsa seabe se re nnang le sone mo bodireding, re kgona go lemoga sentle pharologano fa gare ga boemo jwa semoya jwa batho ba re ba rerelang le jwa batho ba ga Jehofa. (Isa. 65:13) Re thusiwa gore re gopole gore Jehofa o molemo ka gonne ga a tlamele rona fela ka dilo tse re di tlhokang semoyeng; mme gape o laletsa botlhe gore ba tle go lapolosiwa semoyeng ba bo ba nne le tsholofelo ya semoya.—Tshenolo 22:17.

5. Go thusa ba bangwe semoyeng go dira gore re ikutlwe jang ka mathata a rona?

5 Go thusa ba bangwe semoyeng go re thusa gore re se ka ra hupediwa ke mathata a rona. Trisha yo e leng mmulatsela wa ka metlha, o lemogile boammaaruri jwa seo fa batsadi ba gagwe ba ne ba tlhalana. O tlhalosa jaana: “Seo ke sengwe sa dilo tse di ntiragaletseng mo botshelong se se ileng sa nkutlwisa botlhoko thata mo maikutlong.” Letsatsi lengwe fa a ne a utlwile botlhoko thata, o ne a ikutlwa a sa batle go ya bodireding, le fa go ntse jalo, o ne a ya go tshwara thuto ya Baebele le bana ba bararo ba lelapa la gabone le neng le aparetswe ke mathata. Rraabone o ne a ba tlogetse mme mogoloabone o ne a ba sotla. Trisha a re: “Mathata a ke neng ke na le one le kutlobotlhoko ya me, e ne e se sepe fa e bapisiwa le ya bone. Fa re ntse re ithuta, matlho a bone a ne a bontsha gore ba itumetse e bile ba ne ba khinkhinyega. Bana bao e ne e le mpho e e tswang kwa go Jehofa, segolobogolo mo letsatsing leo.”

6, 7. (a) Tumelo ya rona e nonofa jang fa re ruta ba bangwe Baebele? (b) Fa re bona batho ba re ithutang le bone Baebele ba fetola matshelo a bone ba dirisa melaometheo ya Dikwalo, go direga eng ka tsela e re anaanelang botlhale jwa Modimo ka yone?

6 Go ruta boammaaruri jwa Baebele go nonotsha tumelo ya rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka Bajuda bangwe ba mo motlheng wa gagwe ba ba neng ba sa dire se ba neng ba se ruta: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute?” (Bar. 2:21) Ruri gompieno babulatsela ga ba a nna jalo! Gantsi ba na le ditshono tse dintsi tsa go ruta ba bangwe boammaaruri le go tshwara dithuto tsa Baebele. Gore ba kgone go atlega go dira jalo, ba tshwanetse go baakanyetsa thuto nngwe le nngwe gongwe le go dira dipatlisiso gore ba kgone go araba dipotso tse di rileng. Mmulatsela mongwe e bong Janeen a re: “Nako le nako fa ke ruta ba bangwe boammaaruri, dithuto tseo di nwelelela mo mogopolong wa me le mo pelong ya me. Ka ntlha ya seo, tumelo ya me ga e a ema golo go le gongwe mme e nna e gola.”

7 Go bona batho ba re ithutang Baebele le bone ba fetola matshelo a bone ka go dirisa melaometheo ya Baebele, go dira gore re anaanele botlhale jwa Modimo thata. (Isa. 48:17, 18) Mme seo se re thusa gore le rona re kgone go ikemisetsa le go feta gore re tswelele re dirisa melaometheo eo mo matshelong a rona. Adrianna yo le ene e leng mmulatsela a re: “Batho ba nna le mathata mo botshelong fa ba ikaega ka botlhale jwa bone. Mme fa ba simolola go ikaega ka botlhale jwa ga Jehofa, ba solegelwa molemo ka yone nako eo.” Phil le ene a re: “O bona kafa Jehofa a kgonang go fetola batho ba ba neng ba sa kgone go fetola matshelo a bone ka gone, fa ba ne ba dirisa botlhale jwa bone.”

8. Go rera mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo bodireding go re ama jang?

 8 Go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi mo bodireding go re nonotsha semoyeng. (Dia. 13:20) Babulatsela ba le bantsi ba fetsa nako e ntsi ba na le bareri ba bangwe mo bodireding. Seno se ba naya ditshono tse dintsi tsa ‘gore ba kgothatsane.’ (Bar. 1:12; bala Diane 27:17.) Mmulatsela mongwe yo o bidiwang Lisa o ne a re: “Gantsi kwa tirong go na le moya wa kgaisano le lefufa. Letsatsi le letsatsi o utlwa tshebo le puo e e leswe. Batho ba amegile ka go atlega go sa kgathalesege gore ba utlwisa bomang botlhoko. Ka dinako dingwe, o a sotliwa ka ntlha ya boitshwaro jwa gago jwa Bokeresete. Mme go dira le Bakeresetemmogo kwa bodireding go nonotsha tota. Fa ke goroga kwa gae, le fa nka tswa ke lapile, ke ikutlwa ke lapologetswe.”

9. Go direla mmogo le molekane wa gago lo le babulatsela, go ka solegela lenyalo la lona molemo jang?

9 Go nna mmulatsela le molekane wa gago go nonotsha mogala o o menaganeng gararo wa lenyalo. (Mor. 4:12) Madeline yo ene le monna wa gagwe e leng babulatsela, o tlhalosa jaana: “Nna le monna wa me re kgona go fetsa nako re bua ka se se re diragaletseng mo bodireding kgotsa ka sengwe se re se badileng mo Baebeleng se re ka se dirisang mo bodireding. Ngwaga mongwe le mongwe o re o fetsang re direla mmogo re le babulatsela, re a atamalana.” Mmulatsela yo mongwe e bong Trisha le ene a re: “Nna le monna wa me ga re batle go itsenya mo dikolotong, ka jalo, ga re nke re lwela madi. Re na le thulaganyo e e tshwanang ya dilo tsa semoya, e bile re ya mmogo kwa maetong a go boela le kwa dithutong tsa Baebele, mme seo se re thusa gore re atamalane re bo re atamalane le Jehofa.”

Go nna o tlhagafetse mo tirelong ya nako e e tletseng go dira gore o nne le botshelo jo bo kgotsofatsang (Bona serapa 9)

10. Fa re dira gore Bogosi bo tle pele mme re bona kafa Modimo a re emang nokeng ka gone, tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e amega jang?

 10 Tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e a gola fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, fa re bona kafa Jehofa a re emang nokeng ka gone e bile re bona kafa a arabang dithapelo tsa rona ka gone. Seno se diragalela Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang. Mme ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng bone, ba lemoga gore go ikaega ka Jehofa go ba thusa gore ba tswelele mo tirelong eo. (Bala Mathaio 6:30-34.) Curt, yo e leng mmulatsela e bile e le mothusi wa molebedi wa potologo, o ne a dumela go etela phuthego nngwe e e neng e le bokgakala jwa diura di le pedi le halofo go tswa kwa legaeng la gagwe. Ene le mosadi wa gagwe, yo le ene e leng mmulatsela, ba ne ba se na leokwane le le lekaneng mo koloing gore ba ye kwa phuthegong eo ba bo ba boe, mme go ne go tla feta beke pele a ka duelwa kwa tirong. Curt a re: “Ke ne ka simolola go ipotsa gore a mme gone ke dirile tshwetso e e siameng.” Fa ba sena go rapela, ba ne ba dira tshwetso ya gore ba tla diragatsa kabelo eo, ba tlhatswegile pelo gore Modimo o tla ba tlamela ka se ba se tlhokang. Fa ba ne ba le gaufi le go tsamaya, kgaitsadi mongwe o ne a ba bolelela gore o ba tshwaretse mpho. E ne e le one madi a ba neng ba a tlhoka gore ba tseye loeto loo. Curt a re: “Fa gangwe le gape o diragalelwa ke dilo tse di ntseng jalo mo botshelong, go motlhofo go bona gore Jehofa o a go segofatsa.”

11. Mangwe a masego a babulatsela ba nnang le one ke afe?

11 Gantsi babulatsela ba lemoga gore fa ba nna ba dirisa nako ya bone go direla Jehofa le go leka ka natla go nna le kamano le ene, ba ‘welwa ka tshoganyetso’ ke masego a mantsi. (Dute. 28:2) Le fa go ntse jalo, bobulatsela bo na le dikgwetlho. Ga go na motlhanka ope wa Modimo yo o se nang mathata a a bakilweng ke botsuolodi jwa ga Adame. Le fa babulatsela bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go emisa tirelo ya bone ka nako e e rileng, gantsi ba sa ntse ba ka kgona go fenya dikgwetlho tsa bone. Ke eng se se ka thusang babulatsela go tswelela ba itumelela tshiamelo ya bone ya tirelo?

GO TSWELELA RE LE MO TIRELONG YA NAKO E E TLETSENG

12, 13. (a) Ke eng se mmulatsela a tshwanetseng go se dira fa a na le bothata jwa go fitlhelela diura tse di tlhokegang? (b) Ke eng fa go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna le thuto ya motho a le esi le go tlhatlhanya, go le botlhokwa?

12 Babulatsela ba le bantsi ba na le dilo tse dintsi tse ba tshwanetseng go di dira. E ka nna kgwetlho go dira sengwe le sengwe, ka jalo, go botlhokwa go rulaganya dilo sentle. (1 Bakor. 14:33, 40) Fa mmulatsela a na le bothata jwa go fitlhelela diura tse di tlhokegang, a ka nna a tshwanelwa ke go sekaseka gape kafa a dirisang nako ya gagwe ka gone. (Baef. 5:15, 16) A ka nna a ipotsa jaana: ‘Ke fetsa nako e kana kang mo boitlosobodutung kgotsa mo boitapolosong? A ke tlhoka go nna ke ikgalemela? A nka kgona go lekanyetsa nako e ke e dirisang mo tirong ya me ya boitshediso?’ Mokeresete mongwe le mongwe a ka dumela gore go ka direga gore motho a nne le dilo tse dintsi tse a di dirang; ka jalo, ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba ka nna ba tlhoka go sekaseka maemo a bone ka metlha le go dira diphetogo fa go tlhokega.

13 Go bala Baebele letsatsi le letsatsi, go nna le thuto ya motho a le esi le go tlhatlhanya, e tshwanetse go nna dilo tse mmulatsela a di dirang ka metlha. Ka jalo, mmulatsela o tshwanetse go nna le boikgapo gore dilo tse di seng botlhokwa di se ka tsa ja nako e a e beetseng kwa thoko go dira dilo tse di botlhokwa. (Bafil. 1:10) Ka sekai, akanya fela a boela gae morago ga go dira ka natla mo bodireding letsatsi lotlhe. O ikaeletse go dirisa nako ya maitseboa go baakanyetsa dipokano tse di latelang. Le fa go ntse jalo, mmulatsela yoo o simolola ka go bala makwalo a gagwe. Morago ga moo, o bula khomputara a bo a bala le go araba melaetsa ya e-mail. Fa a ntse a le mo Internet, o bula aterese nngwe go bona gore a tlhwatlhwa ya sengwe se a batlang go se reka e fokotsegile. O lemoga go setse go fetile diura di ka nna pedi gore ga a ise a simolole go baakanyetsa dipokano jaaka a ne a ikaeletse go dira mo maitseboeng ao. Ke eng fa seo e le bothata? Baatleletiki ba tshwanetse  go tlhokomela mebele ya bone fa ba batla go tswelela ba le mo motshamekong oo ka lobaka lo loleele. Ka tsela e e tshwanang, fa babulatsela ba batla go tswelela ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ba tlhoka thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta e le gore ba inonotshe semoyeng.—1 Tim. 4:16.

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa babulatsela ba tshwanetse go tshela botshelo jo bo sa raraanang? (b) Fa mmulatsela a lebana le mathata, o tshwanetse go dira eng?

14 Babulatsela ba ba atlegileng ba leka ka natla go boloka matshelo a bone a sa raraana. Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba nne le leitlho le le sa raraanang. (Math. 6:22) O ne a tshela botshelo jo bo sa raraanang gore a tle a wetse bodiredi jwa gagwe a sa kgorelediwe ke sepe. O ne a re: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Math. 8:20) Babulatsela ba ba batlang go ithuta mo sekaong sa ga Jesu ba tshwanetse go gopola gore, fa motho a na le dithoto tse dintsi, o tshwanetse go dirisa nako e ntsi a di tlhokomela, a di baakanya kgotsa e bile a reke tse dingwe.

15 Babulatsela ba lemoga gore tshiamelo e ba nang le yone ya tirelo ga se ka ntlha ya go bo ba na le dinonofo dingwe tse di kgethegileng. Go na le moo, mpho kgotsa tshiamelo epe fela e re ka tswang re na le yone, ke ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o batlang go tswelela e le mmulatsela o tshwanetse go ikaega ka Jehofa. (Bafil. 4:13) Mme gone mathata le dikgwetlho di tla nna di le teng. (Pes. 34:19) Fa go nna jalo, babulatsela ba tshwanetse go kopa kaelo ya ga Jehofa le go mo letla gore a ba thuse, go na le gore ba itlhaganelele go tlogela tshiamelo ya go nna babulatsela. (Bala Pesalema 37:5.) Fa ba ntse ba bona gore Modimo o ba thusa ka lorato, ba tla atamalana le ene e re ka e le Rraabone yo o kwa legodimong yo o ba tlhokomelang.—Isa. 41:10.

A LE WENA O KA NNA MMULATSELA?

16. O tshwanetse go dira eng fa o batla go nna mmulatsela?

16 Fa le wena o batla go itumelela masego a ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba nang le one, bua le Jehofa ka seo. (1 Joh. 5:14, 15) Buisana le ba gone jaanong e leng babulatsela. Ipeele mekgele e e ka go thusang gore o kgone go nna mmulatsela. Ke sone se Keith le Erika ba neng ba se dira. Ba ne ba na le tiro ya boitshediso ya ka metlha, mme jaaka banyalani ba le bantsi ba dingwaga tsa bone, ba ne ba reka ntlo le koloi e ntšha fela fa ba sena go nyalana. Ba re: “Re ne re akanya gore dilo tseo di tla dira gore re kgotsofale—mme ga go a ka ga nna jalo.” Fa Keith a sena go felelwa ke tiro, o ne a nna mmulatsela yo o thusang. A re: “Bobulatsela bo ne jwa dira gore ke lemoge kafa bodiredi bo ka leretseng motho boitumelo ka gone.” Ba ne ba nna ditsala le banyalani bangwe ba babulatsela ba ba neng ba ba thusa go lemoga kafa go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go nna babulatsela, go lereng boipelo ka gone. Keith le Erika ba ne ba dira eng? Ba re: “Re ne ra dira lenaane la mekgele ya rona ya semoya, ra le kgomaretsa mo setsidifatsing, mme re bo re nna re tshwaya mokgele ope fela o re o fitlheletseng.” Fa nako e ntse e ya, ba ne ba kgona go nna babulatsela.

17. Ke eng fa go tla bo go le botlhale gore o akanyetse go fetola thulaganyo ya gago ya letsatsi le letsatsi gore o kgone go nna mmulatsela?

17 A le wena o ka nna mmulatsela? Fa e le gore gone jaanong ga o kgone go nna mmulatsela, leka ka natla go atamalana le Jehofa ka go nna le seabe ka botlalo mo bodireding. Morago ga gore o rapele o bo o akanye ka tlhoafalo ka maemo a gago, o ka nna wa lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo dingwe mo thulaganyong ya gago ya letsatsi le letsatsi, gore o kgone go nna mmulatsela. Fa e le gore o ka kgona go nna mmulatsela, boitumelo jo o tla nnang le jone bo tla feta kgakala dilo tse o ileng wa di ithontsha. O tla kgotsofala thata ka gonne o tla bo o beile dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele ga dilo tse wena o di ratang. (Math. 6:33) Gape o tla bona boitumelo jo bogolo ka gonne o abela ba bangwe. Mo godimo ga moo, o tla nna le ditshono tse dintsi tsa go akanya le go bua ka Jehofa mme seo se tla nonotsha tsela e o mo ratang ka yone e bile se tla mo itumedisa.