“A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.”—BAHEB. 10:24.

1, 2. Ke eng se se thusitseng Basupi ba ga Jehofa ba le 230 gore ba itshoke mo mogwantong wa loso kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe ya II?

FA PUSO ya Banasi e ne e phutlhama kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe ya II, go ne ga ntshiwa taolo ya gore go bolawe batho ba le diketekete ba ba neng ba sa ntse ba le mo dikampeng tsa pogisetso. Magolegwa a a kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen a ne a tla isiwa kwa maemakepeng, kwa a neng a tla pegiwa mo dikepeng gone, a bo a nwediwa mo lewatleng. Leno ke leano le moragonyana le neng la bidiwa mogwanto wa loso.

2 Magolegwa a le 33 000 a a tswang kwa Sachsenhausen a ne a tshwanetse go gwanta dikilometara di le 250 go ya kwa Lübeck, toropo ya boemakepe, kwa Jeremane. Mo bathong bano, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 230 go tswa mo dinageng di le thataro, mme bone ba ne ba laelwa gore ba gwante e le setlhopha. Botlhe ba ne ba koafaditswe ke tlala le bolwetse. Bakaulengwe ba rona ba kgonne jang go itshoka mo mogwantong oo? Mongwe wa bone o ne a re: “Re ne ra nna re kgothatsana gore re itshoke.” “Maatla a a fetang a a tlwaelegileng” a ba neng ba a neilwe ke Modimo mmogo le lorato lo ba neng ba ratana ka lone, lo ba thusitse gore ba itshokele maemo ao a a thata.—2 Bakor. 4:7.

3. Ke eng fa re tlhoka go kgothatsana?

3 Gompieno ga re mo mogwantong o o ntseng jalo wa loso, mme gone, re lebana le dikgwetlho di le dintsi. Fa Bogosi jwa Modimo bo sena go tlhomiwa ka 1914, Satane o ne a lelekwa kwa legodimong mme a latlhelwa mo lefatsheng, “a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshen. 12:7-9, 12) Fa Haramagedona e ntse e atamela, Satane o dirisa diteko le dikgatelelo go leka go re koafatsa semoyeng. Mme gape o dirisa ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi. (Jobe 14:1; Mor. 2:23) Ka dinako dingwe go oketsega ga mathata a rona go ka re ngomola pelo mo e leng gore re feleletsa re se na maatla a a lekaneng semoyeng le mo maikutlong, a a ka re thusang gore re kgone go lepalepana le go kgobega marapo. Akanya ka se se neng sa diragalela mokaulengwe  mongwe, yo mo masomesomeng a dingwaga a neng a thusa batho ba le bantsi semoyeng. Fa a ne a setse a godile, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba nna le mathata a botsogo mme o ne a simolola go kgobega marapo thata. Fela jaaka mokaulengwe yono, rotlhe re tlhoka “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” a a tswang kwa go Jehofa le go nna re kgothatsana.

4. Fa re batla go kgothatsa ba bangwe, re tshwanetse go akanya ka kgakololo efe ya ga moaposetoloi Paulo?

4 Fa re batla go kgothatsa ba bangwe, re tshwanetse go akanya ka kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e naya Bakeresete ba Bahebera. O ne a re: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Baheb. 10:24, 25) Re ka dirisa jang kgakololo e e mo mafokong ano a a botlhokwa?

‘AKANYETSANANG’

5. Go ‘akanyetsana’ go kaya eng, mme re tshwanetse go dira eng gore re fitlhelele seo?

5 Go ‘akanyetsana’ go kaya go “akanya ka dilo tse ba bangwe ba di tlhokang kgotsa go akanya ka bone.” A re ka re re akanyetsa se ba bangwe ba se tlhokang fa re ba dumedisa ka potlako fela kwa Holong ya Bogosi kgotsa fa re tlotla le bone ka dikgang tse di sa reng sepe fela? Le eseng. Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re ‘tlhokomele dikgang tsa rona’ le gore re se ka ra ‘itsenyatsenya mo mererong ya batho ba bangwe.’ (1 Bathes. 4:11; 1 Tim. 5:13) Le fa go ntse jalo, fa re batla go kgothatsa bakaulengwe ba rona, re tshwanetse go itse gore tota ke batho ba ba ntseng jang—maemo a bone a botshelo, dinonofo tsa bone, bomoya jwa bone, bokgoni jwa bone le makoa a bone. Ba tshwanetse gore ba re tseye re le ditsala tsa bone mme ba tlhomamisege gore re a ba rata. Gore re dire jalo, re tlhoka gore re fetse nako le bone—e seng fela fa ba na le mathata kgotsa fa ba kgobegile marapo mme le ka dinako tse dingwe.—Bar. 12:13.

6. Ke eng se se ka thusang mogolwane go ‘akanyetsa’ ba ba leng mo tlhokomelong ya gagwe?

6 Bagolwane mo phuthegong ba rotloediwa gore ba ‘dise letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng,’ ba dira jalo ka go rata le ka tlhagafalo. (1 Pet. 5:1-3) A mme gone ba ka kgona go dira tiro ya bone ya go nna badisa ka tsela e e molemo fa tota ba sa itse dinku tse ba di tlhokometseng? (Bala Diane 27:23.) Fa bagolwane ba ipha nako le badumedimmogo le bone mme ba itumelela go nna le bone, go ka nna motlhofo gore dinku di kope thuso mo go bone. Gape bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla tlhotlheletsega go ba bulela mafatlha le go ba bolelela dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone, mme seno se tla thusa bagolwane gore ba kgone go ‘akanyetsa’ ba ba leng mo tlhokomelong ya bone le go ba naya thuso e ba e tlhokang.

7. Re tshwanetse go leba jang “puo e e phomesegelang fela” ya batho ba ba kgobegileng marapo?

7 Fa Paulo a bua le phuthego ya kwa Thesalonika, o ne a re: “Tshegetsang ba ba bokoa.” (Bala 1 Bathesalonika 5:14.) “Meya e e tshwenyegileng maikutlo” e bokoa, mme go ntse jalo le ka ba ba kgobegileng marapo. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Mafoko a motho yo o kgobegileng marapo thata a ka nna “puo e e phomesegelang fela.” (Jobe 6:2, 3) Fa re ‘akanyetsa’ batho ba ba ntseng jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore se ba se buang se ka tswa se sa bontshe se tota ba leng sone. Rachelle yo mmaagwe a neng a tshwenyegile thata mo maikutlong o ne a ithuta seo ka se se mo diragaletseng. A re: “Gantsi Mama o ne a bua mafoko a a tlhabang. Mo makgetlhong a le mantsi fa a ne a dira jalo, ke ne ke leka go ikgopotsa gore tota Mama ke motho yo o ntseng jang—yo o lorato, yo o pelonomi le yo o pelotshweu. Ke ne ka lemoga gore batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba bua dilo di le dintsi tse tota e seng se ba se kayang. Se se maswe le go feta se motho a ka se dirang ke go ipusolosetsa ka mafoko kgotsa ka ditiro.” Diane 19:11 ya re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.”

8. Ke bomang ba segolobogolo re tshwanetseng go ba ‘tlhomamisetsa’ lorato lwa rona, mme ka ntlha yang?

 8 Re ka ‘akanyetsa’ jang motho yo o utlwileng botlhoko ka gonne a tlhabiwa ke ditlhong e bile a tlaletswe ka ntlha ya diphoso tse a di dirileng, le fa gone a tsere matsapa go di baakanya? Paulo o ne a bua jaana malebana le modiraphoso mongwe wa kwa Korintha yo o neng a ikwatlhaile: “Lo tshwanetse go mo itshwarela ka bopelonomi lo bo lo mo gomotse, gore ka tsela nngwe motho yo o ntseng jalo a tle a se ka a komediwa ke go utlwa botlhoko thata ga gagwe. Jalo ke lo rotloetsa gore lo mo tlhomamisetse lorato lwa lona.” (2 Bakor. 2:7, 8) Go ya ka buka nngwe ya tshedimosetso, lefoko le le ranotsweng e le go ‘tlhomamisetsa’ le kaya “go dumela sengwe, go bontsha gore sengwe se boammaaruri le go tiisa sengwe semolao.” Ga re a tshwanela go akanya fela gore motho o a tlhaloganya gore re a mo rata e bile re amega ka ene. Re tshwanetse go mmolelela re bo re mmontshe seo ka ditiro.

‘TLHOTLHELETSANANG MO LORATONG LE MO DITIRONG TSE DI MOLEMO’

9. Go ‘tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo’ go kaya eng?

9 Paulo o ne a re: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” Re tshwanetse go rotloetsa badumedimmogo le rona gore ba bontshe lorato le gore ba dire ditiro tse di molemo. Fa molelo o tloga o tima, re ka nna ra tlhoka go kgotletsa magala le go o butswela. (2 Tim. 1:6) Ka tsela e e tshwanang, re ka tlhotlheletsa bakaulengwe ba rona ka lorato gore ba bontshe gore ba rata Modimo le moagelani. Go akgola ba bangwe ka tsela e e siameng go ka ba tlhotlheletsa gore ba dire ditiro tse di molemo.

Kopanela mmogo le ba bangwe mo bodireding

10, 11. (a) Ke bomang mo go rona ba ba tlhokang go akgolwa? (b) Bontsha kafa go akgolwa go ka thusang motho ‘yo o tsereng kgato e e phoso’ ka gone.

10 Rotlhe re tlhoka go akgolwa re ka tswa re kgobegile marapo kgotsa nnyaa. Mogolwane mongwe o ne a re: “Rre ga a ise a ko a mpolelele gore ke dirile sengwe se se molemo. Ka jalo, ke godile ke inyatsa. . . . Le fa gone jaanong ke na le dingwaga di le 50, ke sa ntse ke itumela fa ditsala tsa me di ntlhomamisetsa gore ke dira tiro ya me ya bogolwane sentle. . . . Se se ntiragaletseng mo botshelong se nthutile botlhokwa jwa go kgothatsa ba bangwe, ka jalo, ke dira sotlhe se nka se kgonang go dira jalo.” Mongwe le mongwe o a kgothala fa a akgolwa—go akaretsa le babulatsela, batho ba ba godileng  le ba ba ka tswang ba kgobegile marapo.—Bar. 12:10.

11 Fa ‘ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba leka go lolamisa motho yo o tsereng kgato e e phoso,’ go mo naya kgakololo e e lorato le go mo akgola ka tsela e e tshwanetseng go ka mo thusa gore a boe a dire ditiro tse di molemo. (Bagal. 6:1) Seno se ne sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Miriam. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka lebana le nako e e utlwisang botlhoko thata mo botshelong fa ditsala tsa me tse dikgolo di ne di tlogela phuthego, mme ka yone nako eo, rre o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa go tshologela madi mo bobokong. Ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ka simolola go intsha le mosimane wa lefatshe ke leka go fenya bothata jwa me jwa go tshwenyega mo maikutlong.” Seno se ne sa dira gore Miriam a ikutlwe a sa tshwanelwe ke lorato lwa ga Jehofa mme o ne a akanya go tlogela boammaaruri. Fa mogolwane mongwe a ne a mo gakolola kafa a ileng a direla Jehofa ka boikanyegi ka gone, seo se ne sa mo ama maikutlo tota. O ne a letla bagolwane gore ba mo tlhomamisetse gore Jehofa o a mo rata. Seo se ne sa dira gore a boe gape a rate Jehofa. O ne a kgaogana le motho wa lefatshe yo a neng a ratana le ene mme a tswelela a direla Jehofa.

Tlhotlheletsanang mo loratong le mo ditirong tse di molemo

12. Go ka diragala eng fa o pateletsa motho go dira sengwe ka go mo tlhabisa ditlhong, o mo tshwaya diphoso kgotsa o mo dira gore a ikutlwe a le molato e le go leka go dira gore a nne matlhagatlhaga?

12 Go pateletsa motho go dira sengwe ka go mo tlhabisa ditlhong, ka go mmapisa le ba bangwe, ka go mo tshwaya diphoso o mmeela melao e e gagametseng, kgotsa ka go dira gore a ikutlwe a le molato ka go bo a sa dire mo go oketsegileng, go ka dira gore a nne matlhagatlhaga ka nakwana fela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go akgola modumedimmogo le wena le go mo thusa gore a lemoge gore re direla Modimo ka go bo re mo rata, go ka nna le diphelelo tse di molemo le tse di nnelang ruri.—Bala Bafilipi 2:1-4.

‘KGOTHATSANANG’

13. Go kgothatsa ba bangwe go akaretsa eng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

13 Re tshwanetse go ‘kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka re bona letsatsi le atamela.’ Go kgothatsa ba bangwe go akaretsa go ba rotloetsa gore ba tswelele ba direla Modimo. Fela jaaka go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo go ka tshwantshiwa le go kgotletsa molelo o o leng gaufi le go tima, go kgothatsa ba bangwe go ka tshwantshiwa le go tshela leokwane mo molelong go oketsa bogale jwa one. Go kgothatsa ba bangwe go akaretsa go nonotsha le go gomotsa ba ba utlwileng botlhoko. Fa re neilwe tshono ya gore re kgothatse motho yo o ntseng jalo, re tshwanetse go bua le ene ka tsela e e bonolo le e e bontshang lorato. (Dia. 12:18) Mo godimo ga moo, a re nne “bonako go utlwa” re bo re nne “bonya go bua.” (Jak. 1:19) Fa re reetsa ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko, re tla kgona go lemoga maemo a a kgobang Mokeresetemmogo le rona marapo re bo re bua sengwe se se tla mo thusang gore a lepalepane le maemo ao.

Itumelele botsalano jo bo molemo

14. Mokaulengwe mongwe yo o neng a kgobegile marapo o ne a thusiwa jang?

14 Akanya kafa mogolwane mongwe yo o kutlwelobotlhoko a neng a kgona go thusa mokaulengwe mongwe ka gone, yo o neng a na le dingwaga di le dintsi a tsidifetse. Fa mogolwane  yoo a ntse a mo reeditse, o ne a lemoga gore mokaulengwe yoo o sa ntse a rata Jehofa thata. O ne a ithuta makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo ka tlhoafalo mme o ne a leka ka natla go nna gone mo dipokanong ka metlha. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe tse bangwe ba di dirang mo phuthegong di ne di dirile gore a kgobege marapo a bo a galefe. Mogolwane yoo o ne a mo reetsa ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko a sa mo atlhole mme a mmontsha gore o amega ka ene le lelapa la gagwe. Ka bonya ka bonya, mokaulengwe yoo o ne a lemoga gore o ne a letla dilo tse di bosula tse di mo diragaletseng mo nakong e e fetileng gore di mo kgoreletse go direla Modimo yo a mo ratang. Mogolwane o ne a kopa mokaulengwe yoo gore a tsamaye le ene mo tirong ya go rera. Mogolwane o ne a thusa mokaulengwe yoo gore a boe a nne le seabe mo bodireding mme kgabagare a tshwanelegela go nna mogolwane gape.

Reetsa motho yo o tlhokang go kgothadiwa, ka bopelotelele (Bona serapa 14, 15)

15. Re ka ithuta eng mo go Jehofa malebana le go kgothatsa ba ba utlwileng botlhoko?

15 Motho yo o kgobegileng marapo a ka nna a se ka a ikutlwa botoka ka bonako kgotsa a amogela thuso e re mo nayang yone ka yone nako eo. Re ka nna ra tshwanelwa ke go tswelela re mo ema nokeng. Paulo o ne a re: “Tshegetsang ba ba bokoa, nnang pelotelele le mongwe le mongwe.” (1 Bathes. 5:14, An American Translation) Go na le gore re tlhoboge batho ba ba bokoa ka bonako, a re ba ‘tshegetseng,’ re bo re ba eme nokeng. Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ne a nna pelotelele le batlhanka ba gagwe ba ka dinako dingwe ba neng ba kgobega marapo. Ka sekai, Modimo o ne a bontsha Elija bopelontle, a akanyetsa maikutlo a gagwe. Jehofa o ne a naya moporofeti yoo se a neng a se tlhoka gore a tswelele ka tirelo ya gagwe. (1 Dikg. 19:1-18) Jehofa o ne a bontsha Dafide bopelonomi ka go mo itshwarela, ka gonne o ne a ikwatlhaya go tswa pelong. (Pes. 51:7, 17) Gape Modimo o ne a thusa mokwadi wa Pesalema 73, yo o neng a batla a tlogela go mo direla. (Pes. 73:13, 16, 17) Jehofa o re bontsha bopelontle le bopelonomi, segolobogolo fa re utlwile botlhoko e bile re kgobegile marapo. (Ekes. 34:6) Mautlwelobotlhoko a gagwe “a masha moso mongwe le mongwe” mme “ruri ga a na go khutla.” (Dikhu. 3:22, 23) Jehofa o lebeletse gore re etse sekao sa gagwe mme re tshware ka bonolo ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.

KGOTHATSANANG GORE LO NNE LO LE MO TSELENG E E ISANG BOTSHELONG

16, 17. Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela, re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng, mme ka ntlha yang?

16 Mo bagolegweng ba le 33 000 ba ba neng ba tswa kwa kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen, go ne ga swa ba le diketekete. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa botlhe ba le 230 ba ba neng ba tswa kwa kampeng, ba ne ba falola tiragalo eo. Selo sa konokono se se ba thusitseng gore ba falole mogwanto oo wa loso ke gore ba ne ba kgothatsana e bile ba emana nokeng.

17 Gompieno, re mo ‘tseleng e e isang botshelong.’ (Math. 7:14) Go ise go ye kae, baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba tla tsamaya ba le seoposengwe go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo. (2 Pet. 3:13) A re ikemisetseng go thusana fa re ntse re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.