“Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 TIM. 4:5.

1. Ke eng fa go ka twe Jehofa ke Moefangele wa ntlhantlha?

MOEFANGELE ke mongwe yo o bolelang dikgang tse di molemo. Jehofa Modimo ke ene Moefangele wa ntlhantlha. Morago fela ga gore batsadi ba rona ba ntlha ba tsuologe, Jehofa o ne a bolela dikgang tse di molemo tsa gore noga—Satane Diabolo—e tla senngwa. (Gen. 3:15) Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Jehofa o ne a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang go kwala dintlha tse di malebana le kafa kgobo e tla tlosiwang ka gone mo leineng la gagwe, kafa tshenyo e e bakilweng ke Satane e tla dirololwang ka gone le kafa batho ba tla boang gape ba nna le masego a a ileng a latlhegela Adame le Efa ka gone.

2. (a) Baengele ba na le seabe sefe mo tirong ya boefangele? (b) Jesu o tlhometse baefangele sekao sefe?

2 Baengele le bone ke baefangele. Ba bolela dikgang tse di molemo e bile ba thusa ba bangwe go rera dikgang tse di molemo. (Luke 1:19; 2:10; Dit. 8:26, 27, 35; Tshen. 14:6) Go tweng ka moengele yo mogolo e bong Mikaele? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhomela batho sekao sa go nna moefangele. Tota e bile, botshelo jwa gagwe bo ne bo remeletse mo go rereng dikgang tse di molemo!—Luke 4:16-21.

3. (a) Dikgang tse di molemo tse re di rerang ke dife? (b) Ke dipotso dife tse re tlhokang go di sekaseka e re ka re le baefangele?

3 Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba nne baefangele. (Math. 28:19, 20; Dit. 1:8) Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa modirimmogo le ene e bong Timotheo jaana: “Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.” (2 Tim. 4:5) Ke dikgang dife tse di molemo tse rona balatedi ba ga Jesu re di rerang? Di akaretsa boammaaruri jo bo re tlhomamisetsang gore Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa, o a re rata. (Joh. 3:16; 1 Pet. 5:7) Tsela ya konokono e Jehofa Modimo a re bontshang ka yone gore o a re rata ke ka Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, re itumelela go bolelela ba bangwe gore botlhe ba ba ikobelang puso ya Bogosi, ba ba utlwang Modimo, le ba ba dirang se se siameng, ba ka nna le kamano le ene ka go nna ditsala tsa gagwe. (Pes. 15:1, 2) Tota e bile, boikaelelo jwa ga Jehofa ke go fedisa pogo e e bakiwang ke tshiamololo. Gape o tla tlosa botlhoko  jo bo bakiwang ke go gopola pogo e e diregileng mo nakong e e fetileng. Ruri tseno ke dikgang tse di molemo! (Isa. 65:17) E re ka le rona re le baefangele, a re sekasekeng dikarabo tsa dipotso tseno tse pedi tsa botlhokwa: Ke eng fa go le botlhokwa gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo gompieno? Mme re ka kgona jang go diragatsa seabe sa rona sa go nna baefangele ka katlego?

KE ENG FA BATHO BA TLHOKA GO UTLWA DIKGANG TSE DI MOLEMO?

Dipotso tse di molemo di thusa batho gore ba bone lebaka la go bo ba dumela se ba se dumelang

4. Ke dilo dife tse di seng boammaaruri tse ka dinako dingwe batho ba di bolelelwang ka Modimo?

4 Akanya fela o bolelelwa gore rraago o go latlhile wena le lelapa lotlhe la gaeno. Gongwe batho ba ba reng ba a mo itse ba go bolelela gore ke motho yo o seng botsalano, o bofitlha e bile o setlhogo. E bile ba bangwe ba ka nna ba re ga go thuse sepe go leka go mmatla ka gonne o sule. Seo ke sone se batho ba le bantsi ba se boleletsweng ka Modimo. Ba rutiwa gore Modimo ke masaitseweng le gore o setlhogo. Ka sekai, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba re Modimo o tla otlhaya batho ba ba bosula ka bosakhutleng kwa lefelong la tlhokofatso. Bangwe ba re Modimo ke ene yo o bakang masetlapelo a tlholego. Tota le fa ditiragalo tseno di bolaya batho ba ba molemo le ba ba bosula, ba re ke kotlhao e e tswang kwa Modimong.

Dipotso di tlhotlheletsa megopolo le dipelo tsa bone gore ba amogele boammaaruri

5, 6. Batho ba amilwe jang ke thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tse dingwe tsa maaka?

5 Bangwe ba gatelela kgang ya gore ga go na Modimo. Mo kgannyeng eno, akanya ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe. Batho ba le bantsi ba ba e buelelang ba re botshelo bo nnile gone ka bojone fela, ga bo a tlhamiwa ke mongwe yo o botlhale. Ba re ga go na Mmopi. Bangwe ba re motho le ene ke phologolo fela, ka jalo, ga go gakgamatse fa batho ba itshwara ka tsela ya bophologolo. Ba re fa batho ba ba nang le maatla ba gatelela batho ba ba bokoa ka bosetlhogo, ba a bo ba latela se go tweng ke melao ya tlholego fela. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba dumela gore tshiamololo e tla nna e ntse e le gone. Ka gone, batho ba ba ikanyang thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ga ba na tsholofelo ya mmatota.

6 Ga go pelaelo gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tse dingwe tsa maaka, ke tsone di baketseng batho mathata a a leng gone mo metlheng eno ya bofelo. (Bar. 1:28-31; 2 Tim. 3:1-5) Dithuto tseno tsa batho di dirile gore batho ba se ka ba itse dikgang tse di molemo tsa mmatota le tse di nnelang ruri. Go na le moo, jaaka moaposetoloi Paulo a tlhalosa, di dirile gore batho ba nne ba le “mo lefifing mo mogopolong e bile ba kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo.” (Baef. 4:17-19) Mo godimo ga moo, thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe le dithuto tse dingwe tsa maaka di dirile gore batho ba se ka ba amogela dikgang tse di molemo tse di tswang kwa Modimong.—Bala Baefeso 2:11-13.

Gape dipotso di ba thusa gore ba ntshe mabaka a a tla dirang gore ba dire ditshwetso tse di siameng

7, 8. Tsela e le nngwe fela e ka yone batho ba ka tlhaloganyang ka botlalo dikgang tse di molemo ke efe?

7 Gore batho ba letlane le Modimo, sa ntlha ba tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o gone le gore go na le mabaka a a utlwalang a gore ba atamalane le ene. Re ka kgona go ba thusa gore ba nne le kitso eno ka go ba kgothaletsa gore ba ithute ka popo. Fa batho ba ithuta ka popo ba iketleeleditse go amogela dikgopolo tse disha, ba kgona go ithuta ka botlhale jwa Modimo le maatla a gagwe. (Bar. 1:19, 20) Fa re batla go thusa batho gore ba nne le kanaanelo fa ba akanya ka se Mmopi wa rona yo Mogolo a se dirileng, re ka dirisa diboroutšhara tseno tse pedi, BotsheloA ke Tiro ya Mmopi? le The Origin of Life—Five Questions Worth Asking. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ithutang popo fela ba ka se bone dikarabo tsa dipotso tse go leng thata go di araba tse di jaaka: Ke eng fa Modimo a letleletse pogo? Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? A Modimo o amega ka nna?

8 Go ithuta Baebele ke gone fela go ka thusang batho gore ba tlhaloganye ka botlalo dikgang  tse di molemo malebana le Modimo le boikaelelo jwa gagwe. Ruri ke tshiamelo go bo re kgona go thusa batho go bona dikarabo tsa dipotso tsa bone! Le fa go ntse jalo, gore re fitlhelele dipelo tsa bareetsi ba rona, ga re a tshwanela go ba naya tshedimosetso fela; re tshwanetse go ba tlhotlheletsa. (2 Tim. 3:14) Re ka kgona go tlhotlheletsa batho fa re etsa sekao sa ga Jesu. Ke eng fa a ne a atlega jaana? Sengwe se se mo thusitseng ke gore o ne a dirisa dipotso ka tsela e e molemo. Re ka mo etsa jang?

BAEFANGELE BA BA ATLEGILENG BA DIRISA DIPOTSO KA TSELA E E MOLEMO

9. Fa e le gore re batla go thusa batho semoyeng, re tshwanetse go dira eng?

9 Fa re le mo bodireding, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go botsa dipotso fela jaaka Jesu? Akanya ka boemo jono: Ngaka ya gago e go bolelela dikgang tse di molemo. A re, a ka kgona go alafa bolwetse jwa gago fa o ka dirwa karo e kgolo. O ka nna wa mo dumela. Mme go tweng fa a ka go solofetsa jalo a ise a go botse sepe ka botsogo jwa gago? Seno se ka dira gore o se ka wa mo ikanya. Le fa ngaka eo e ka tswa e na le bokgoni go le kana kang, o tshwanetse go go botsa dipotso a bo a reetse se o mmolelelang sone ka matshwao a bolwetse jwa gago, pele ga a ka go naya thuso e e tshwanetseng. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla go thusa batho gore ba amogele dikgang tse di molemo tsa Bogosi, re tshwanetse go ithuta go botsa dipotso ka tsela e e molemo. Fa re sena go lemoga ka botlalo gore boemo jwa bone jwa semoya ke bofe, ke gone fela re ka kgonang go ba thusa.

Gore re fitlhelele dipelo tsa bareetsi ba rona, re tshwanetse go ba tlhotlheletsa

10, 11. Re ka kgona go fitlhelela eng fa re etsa tsela ya ga Jesu ya go ruta?

10 Jesu o ne a itse gore go botsa dipotso tse di tshwanetseng, go thusa motho yo o rutang gore a ithute mo gontsi ka moithuti mme gape go thusa moithuti gore a nne le seabe mo motlotlong. Ka sekai, fa Jesu a ne a batla go ruta barutwa ba gagwe go nna boikokobetso, o ne a simolola ka go ba botsa potso e e dirang gore ba akanye. (Mar. 9:33) Jesu o ne a thusa Petere go akanya ka melaometheo mengwe ka go mmotsa potso a bo a mo naya dikarabo di le mmalwa tse a ka tlhophang mo go tsone. (Math. 17:24-26) Mo lekgetlong lengwe, fa Jesu a ne a batla go bona se se mo pelong ya barutwa ba gagwe, o ne a ba botsa dipotso tse di neng di dira gore ba ntshe maikutlo a bone. (Bala Mathaio 16:13-17.) Fa Jesu a ne a dirisa dipotso a bo a tlhalosetsa batho dilo dingwe, o ne a sa ntshe mabaka fela. O ne a ba ama dipelo, a ba tlhotlheletsa gore ba dire dilo go dumalana le dikgang tse di molemo.

11 Fa re etsa Jesu ka go botsa dipotso ka tsela e e molemo, seo se tla re thusa ka ditsela tse tharo. Re tla lemoga kafa re ka thusang batho ka tsela e e molemo ka teng, kafa re ka arabang batho ba ba ka nnang ba kgoreletsa puisano ka gone e bile re ka ruta batho ba ba ikokobeditseng kafa ba ka solegelwang molemo ka teng ke se ba se ithutang. Akanya ka maemo a mararo a a bontshang kafa re ka dirisang dipotso ka tsela e e molemo ka teng.

12-14. O ka thusa jang ngwana gore a ikutlwe a gololesegile go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo? Naya sekai.

12 Boemo 1: Fa o le motsadi, o ne o tla dira eng fa ngwana wa gago yo o mo dingwageng tsa bolesome a go bolelela gore ga a kgone go femela tumelo ya gagwe malebana le popo, fa a bua le ngwana yo a tsenang sekolo le ene? Ga go pelaelo gore o batla go mo thusa gore a kgone go rera dikgang tse di molemo a tlhatswegile pelo. Ka jalo, go na le go mo tshwaya phoso kgotsa go itlhaganelela go mo naya kgakololo ya gore a ka reng, ke eng fa o sa etse sekao sa ga Jesu mme o mmotse dipotso tse di tla dirang gore a akanye? O ka dira seo jang?

 13 Fa o sena go bala le ngwana wa gago dikarolo dingwe tsa boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking, o ka nna wa mmotsa gore ke dintlha dife tse a boneng di ka dira gore motho a akanye. Mo kgothaletse gore a batle se se mo tlhotlheleditseng go dumela gore go na le Mmopi le gore ke ka ntlha yang fa a batla go dira thato ya Modimo. (Bar. 12:2) Dira gore ngwana wa gago a itse gore ga go tlhokege gore mabaka a gagwe a tshwane le a gago.

14 Tlhalosetsa ngwana wa gago gore a ka nna a dira jaaka o mmontshitse, fa a buisana le ngwana yo a tsenang sekolo le ene. Seno se raya gore ngwana wa gago a ka nna a sekaseka dintlha dingwe, a bo a botsa motho yoo dipotso tse di tla dirang gore a ntshe maikutlo a gagwe. Ka sekai, a ka nna a kopa ngwana yo a tsenang sekolo le ene gore a bale lebokose le le mo go tsebe 21 mo boroutšhareng jwa Origin of Life. Go tswa foo, ngwana wa gago a ka nna a mmotsa jaana, “A ke boammaaruri gore DNA e kgona go boloka tshedimosetso e ntsi go feta dikhomputara tsa gompieno?” Go ka direga gore a arabe ka ee. Mme ngwana wa gago a ka nna a botsa jaana, “Fa e le gore baitse ba dikhomputara ga ba kgone go dira gore khomputara e boloke tshedimosetso e ntsi jalo, go tla jang gore DNA e kgone go dira jalo ka boyone fela?” Gore o thuse ngwana wa gago gore a ikutlwe a gololesegile go tlotla le ba bangwe ka tumelo ya gagwe, gangwe le gape o ka nna wa ikatisa le ene. Fa o mo thusa gore a dirise dipotso ka tsela e e molemo, o tla bo o mo thusa gore a kgone go diragatsa seabe sa gagwe sa go nna moefangele.

15. Re ka dirisa jang dipotso go thusa motho yo o sa dumeleng gore Modimo o teng?

15 Boemo 2: Fa re le mo bodireding, re kopana le batho ba ba belaelang gore Modimo o teng. Ka sekai, motho a ka nna a re bolelela gore ene ga a dumele gore Modimo o teng. Go na le go letla gore se a se buang se kgoreletse motlotlo, re ka nna ra mmotsa ka tlotlo gore o na le nako e kae a dumela seo le gore ke eng se se dirileng gore a ikutlwe jalo. Fa re sena go utlwa karabo ya gagwe le go mo lebogela go bo a akantse thata ka kgang eno, re ka nna ra mmotsa gore a o akanya gore go phoso go  bala sengwe se se nayang bosupi jwa gore go na le mmopi. Fa e le gore mong wa ntlo o iketleeditse go amogela dikgopolo tse disha, a ka nna a re ga go utlwale go gana go sekaseka bosupi jo bo ntseng jalo. Fa go ntse jalo, re ka nna ra mo naya boroutšhara jwa BotsheloA ke Tiro ya Mmopi? kgotsa jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking. Fa re botsa dipotso ka tsela e e botlhale e bile re le pelonomi, seo se ka dira gore motho a re neye tshono ya go mmolelela dikgang tse di molemo.

16. Ke eng fa re sa tshwanela go kgotsofalela fela gore motho yo re ithutang Baebele le ene a bale dikarabo mo bukeng e re ithutang Baebele ka yone?

16 Boemo 3: Fa re tshwere thuto ya Baebele, re ka nna ra letla moithuti gore a bale dikarabo fela jaaka di ntse mo bukeng e re ithutang Baebele ka yone. Le fa go ntse jalo, fa re dira seo re ka nna ra dira gore moithuti a se ka a gatela pele semoyeng. Ka ntlha yang? Ka gonne fa moithuti a bala dikarabo fela jaaka di ntse mme a sa tlhatlhanye ka tsone, a ka nna a se ka a nonofa semoyeng. Fela jaaka sejalo se se swabang fa se utlwa mogote, le ene a ka ineela motlhofo fa a ganediwa. (Math. 13:20, 21) Gore seo se se ka sa direga, re tshwanetse go botsa moithuti gore o ikutlwa jang ka se a ithutang sone. Leka go bona gore a o dumalana le dintlha tse a di ithutang. Sa botlhokwa le go feta, dira gore a go bolelele lebaka la go bo a di dumela kgotsa a sa di dumele. Go tswa foo, mo thuse gore a beye mabaka ka Dikwalo gore kgabagare a kgone go itirela ditshwetso tse di siameng. (Baheb. 5:14) Fa re dirisa dipotso ka tsela e e molemo, batho ba re ithutang le bone ba ka nna le tumelo e e nonofileng mme ba ka kgona go emelana le maiteko a ba bangwe a go ba ganetsa kgotsa go ba tsietsa. (Bakol. 2:6-8) Ke eng gape se re ka se dirang gore re diragatse seabe sa rona sa go nna baefangele?

BAEFANGELE BA BA ATLEGILENG BA A THUSANA

17, 18. Fa o tsamaya le mongwe mo bodireding o ka dirisana jang le ene?

17 Jesu o ne a romela barutwa ba gagwe ka bobedi ka bobedi gore ba ye go rera. (Mar. 6:7; Luke 10:1) Moragonyana, Paulo o ne a umaka ‘badirimmogo le ene’ ba ba “oleng ba tsoga le [ene] mo dikgannyeng tse di molemo.” (Bafil. 4:3) Ka 1953, baboledi ba Bogosi ba ile ba simolola go thapisa ba bangwe mo bodireding e le go dumalana le se Dikwalo di reng Jesu o ne a se dira.

18 Fa re tsamaya le Mokeresete yo mongwe mo bodireding, re ka dirisana jang le ene? (Bala 1 Bakorintha 3:6-9.) Leba ditemana mo Baebeleng ya gago fa mmoledi yo o tsamayang le ene a di bala. Lebisa tlhokomelo ya gago mo mothong yo o tsamayang le ene le mo go mong wa ntlo fa ba ntse ba bua. Tlhoma mogopolo mo go se se buiwang gore fa mong wa ntlo a ganetsa, o kgone go thusa motho yo o tsamayang le ene. (Mor. 4:12) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko: Ithibe gore o se ka wa tsena motho yo o tsamayang le ene ganong fa a tlhalosa dintlha sentle. Matlhagatlhaga a gago a a feteletseng a ka nna a mo kgoba marapo mme a tlhakanya mong wa ntlo tlhogo. Ka dinako dingwe go ka nna molemo gore o nne le seabe mo motlotlong. Mme fa o batla go bua sengwe, bua dintlha tse dikhutshwane. Go tswa foo, letla motho yo o tsamayang le ene gore a tswelele ka motlotlo.

19. Go tla bo go le molemo gore re gopole eng mme ka ntlha yang?

19 Wena le motho yo o tsamayang le ene lo ka thusana jang fa lo tswa mo ntlong e nngwe lo ya kwa go e nngwe? Ke eng fa lo sa dirise nako eo go tlotla ka ditsela tse lo ka tokafatsang tsela e lo rerang ka yone? Ela tlhoko gore o se ka wa bua dilo tse di kgobang marapo ka batho ba mo tshimong ya lona. Mme gape, tila serai sa go nna o bua dilo tse di sa siamang ka Bakeresetemmogo le wena. (Dia. 18:24) Go molemo gore re nne re gopola gore re dijana tsa letsopa. Jehofa o re bontshitse bopelonomi jo bogolo ka go re naya letlotlo le legolo la go rera dikgang tse di molemo. (Bala 2 Bakorintha 4:1, 7.) Ka jalo, a rotlhe re bontshe gore re anaanela letlotlo leno ka go dira bojotlhe fa re diragatsa seabe sa rona sa go nna baefangele.