“Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e ntsi, mme ga ba na sekgopi.”—PES. 119:165.

1. Re ka ithuta eng mo sekaong sa motabogi mongwe yo o neng a se ka a itlhoboga?

GO SIMOLOLA fa Mary Decker a sa ntse a le mosha, e ne e le motabogi yo o tumileng wa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng. Go ne go lebeletswe gore o tla gapa metale wa gauta mo lobelong lwa dimetara di le 3 000 kwa Diolimpiking tsa 1984. Le fa go ntse jalo, ga a ka a kgona go fetsa lobelo loo. O ne a kgopiwa ke leoto la motabogi yo mongwe mme a wa ka sefatlhego. O ne a ntshiwa mo lobelong ka gonne a ne a gobetse e bile a lela. Le fa go ntse jalo, Mary ga a ka a latlhela seditse. Pele ga ngwaga o fela, o ne a tsenela lobelo lo longwe gape mme a tlhoma rekoto e ntšha mo lobelong lwa basadi lwa dikilometara di le 1,6 ka 1985.

2. Bakeresete ba boammaaruri ba mo lobelong ka tsela efe, mme mokgele wa rona e tshwanetse go nna eng?

2 Rona Bakeresete re mo lobelong lwa tshwantshetso. Re tshwanetse go taboga ka boikaelelo jwa go fenya. Lobelo lwa rona ga se lo lokhutshwane lwa go taboga ka bonako fela. E bile ga se go tshematshema fela o tla o ema gantsi. Go na le moo, re ka lo tshwantsha le lobelo lwa marathone lo mo go lone go tlhokegang boitshoko gore motho a fenye. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, motse o o neng o itsege ka go tshwara dikgaisano tsa mabelo, o ne a dirisa tshwantshiso ya motabogi yo o mo lobelong. O ne a re: “A ga lo itse gore basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele? Sianang ka tsela ya gore lo se gape.”—1 Bakor. 9:24.

3. Batabogi botlhe ba ka kgona jang go fenya lobelo lwa botshelo jo bo sa khutleng?

3 Baebele ya re re taboge lobelo lono lwa tshwantshetso. (Bala 1 Bakorintha 9:25-27.) Bakeresete ba ba fenyang lobelo loo, ba tla amogela sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng, batlodiwa ba tla tshela kwa legodimong mme ba bangwe botlhe ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Go farologana le dikgaisano tse dintsi tsa mabelo, botlhe ba ba nnang le seabe  mo lobelong lono e bile ba itshoka go ya kwa bokhutlong, ba gapa sekgele. (Math. 24:13) Batabogi ba tla latlhegelwa fela fa ba sa taboge go ya ka melao, kgotsa ba sa kgabaganye mola wa phenyo. Mo godimo ga moo, lono ke lone fela lobelo lo batabogi ba ka bonang botshelo jo bo sa khutleng mo go lone.

4. Ke eng se se dirang gore go se ka ga nna motlhofo go taboga lobelo lwa rona lwa go bona botshelo jo bo sa khutleng?

4 Ga go motlhofo go wetsa lobelo lono. Go tlhokega gore motho a bo a ititeile sehuba. Ke motho a le nosi fela—Jesu Keresete—yo o ileng a kgona go wetsa lobelo lono a sa kgopiwa, tota le e leng gangwe fela. Le fa go ntse jalo, morutwa wa gagwe e bong Jakobe o ne a re balatedi ba ga Keresete ‘botlhe ba kgotšwa makgetlo a le mantsi.’ (Jak. 3:2) Ruri seno se boammaaruri! Rotlhe re amiwa ke bosaitekanelang jwa rona le jwa ba bangwe. Ka jalo, ka dinako dingwe re ka nna ra kgopiwa, ra thetheekela re bo re felelwa ke maatla. Re ka nna ra bo ra wa; le fa go ntse jalo, re a ema re bo re tswelela re taboga. Bangwe ba ile ba wa botlhoko thata mo ba ileng ba tshwanelwa ke gore ba thusiwe gore ba tsoge mme ba tswelele ka lobelo go fitlha kwa moleng wa phenyo. Ka jalo, go ka direga gore re kgopiwe kgotsa re we ka nakwana kgotsa ka makgetlo a le mmalwa.—1 Dikg. 8:46.

Fa o ka wa, amogela thuso mme o tsoge!

LE FA O KA KGOPIWA, TSWELELA O LE MO LOBELONG

5, 6. (a) Mokeresete ‘ga a na sekgopi’ ka tsela efe, mme ke eng se se ka mo thusang gore a ‘tsoge’? (b) Ke eng fa bangwe ba sa kgone go tsoga fa ba kgopilwe?

5 Gongwe o kile wa dirisa polelwana “go kgopiwa” le “go wa” fa o tlhalosa boemo jwa motho jwa semoya. Dipolelwana tseno tsa Baebele di ka kaya sengwe se se tshwanang, mme ga se ka dinako tsotlhe go leng jalo. Ka sekai, ela tlhoko mafoko ano a a mo go Diane 24:16: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga; mme baikepi ba tla dirwa gore ba kgotšwe ke masetlapelo.”

6 Jehofa a ka se letlelele gore batho ba ba mo ikanyang ba kgopiwe kgotsa ba we—gore ba nne le masetlapelo kgotsa dikgoreletsi mo kobamelong—ka tsela e ka yone ba ka se kang ba kgona go itharabologelwa. Re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re thusa go “tsoga” gore re tswelele re mo direla ka botlalo. Ruri seno se kgothatsa botlhe ba ba ratang Jehofa go tswa pelong! Baikepi bone ga ba na keletso eo ya go tsoga. Ga ba batle thuso e e tswang mo bathong  ba Modimo le ya moya o o boitshepo wa Gagwe. Go farologana le batho bao, batho ba ba ‘ratang molao wa ga Jehofa’ bone, ga go na sekgopi sepe se se ka dirang gore ba se ka ba tlhola ba tswelela ka lobelo lwa botshelo.—Bala Pesalema 119:165.

7, 8. Go ka direga jang gore motho a ‘we’ mme gone Modimo a bo a sa ntse a mo amogela?

7 Bangwe ba dira boleo bongwe jo bonnye—gongwe ka makgetlo a le mmalwa—ka ntlha ya bokoa bongwe jo ba nang le jone. Le fa go ntse jalo, Jehofa o sa ntse a ba tsaya ba siame fa ba nna ba “tsoga,” ke gore, fa ba ikwatlhaya go tswa pelong ba bo ba lwela go tswelela ba mo direla ka boikanyegi. Re kgona go bona seo mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ba bogologolo ka yone. (Isa. 41:9, 10) Go na le gore Diane 24:16 e e nopotsweng pelenyana, e gatelele se se seng molemo—‘go wa’ ga rona—e gatelela sengwe se se molemo e leng ‘go tsoga’ ga rona re thusiwa ke bopelotlhomogi jwa Modimo wa rona. (Bala Isaia 55:7.) Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re bontsha bopelonomi ka go re kgothaletsa gore re ‘tsoge,’ mme seo se bontsha gore ba a re ikanya.—Pes. 86:5; Joh. 5:19.

8 Le fa gone motabogi a ka kgopiwa kgotsa a wa mo lobelong lwa marathone, fa a ka itharabologelwa ka bonako, a ka kgona go wetsa lobelo loo. Mo lobelong lwa rona lwa botshelo jo bo sa khutleng, ga re itse ‘letsatsi le ura’ e lobelo loo lo tla khutlang ka yone. (Math. 24:36) Le fa go ntse jalo, fa re lwela gore re se ka ra kgopiwa gantsi, re tla kgona go tswelela re taboga mme re wetse lobelo lwa rona ka katlego. Ka jalo, re ka dira eng gore re se ka ra kgopiwa?

GO KGOPIWA MO GO KA RE KGORELETSANG GO GATELA PELE

9. Re tlile go sekaseka dikgoreletsi dife?

9 Mma re sekasekeng dilo tse tlhano tse e ka nnang dikgoreletsi—makoa a rona, dikeletso tsa nama, go direlwa tshiamololo ke badumedimmogo le rona, dipitlagano kgotsa dipogiso le bosaitekanelang jwa ba bangwe. Mme gone, a re gopoleng gore le fa re ile ra kgopiwa, Jehofa o pelotelele le rona. Ga a potlakele go re tsaya re le batho ba ba sa ikanyegeng.

10, 11. Dafide o ne a lwa le bokoa bofe?

10 Makoa a rona a ka tshwantshiwa le matlapa a a leng mo lebaleng le re tabogang mo go lone. Fa re sekaseka se se diragetseng mo botshelong jwa ga Kgosi Dafide le moaposetoloi Petere, re kgona go lemoga makoa ano a mabedi—go tlhoka boikgapo le go boifa batho.

11 Kgosi Dafide o ne a nna bokoa fa a ne a tshwanetse go bontsha boikgapo, jaaka re bona mo go se se diragetseng magareng ga gagwe le Bathesheba. Mme fa a ne a tlhapadiwa ke Nabale, Dafide o ne a batla a tsiboga ka mafega. Ga a ka a bontsha boikgapo, le fa go ntse jalo, ga a ka a tlogela go leka go itumedisa Jehofa. Batho ba bangwe ba ne ba mo thusa gore a kgone go itharabologelwa semoyeng.—1 Sam. 25:5-13, 32, 33; 2 Sam. 12:1-13.

12. Le fa Petere a ne a kgopiwa, ke eng se se neng sa mo thusa gore a tswelele ka lobelo lwa botshelo?

12 Ka dinako dingwe Petere o ne a boifa batho mme seo sa dira gore a kgopiwe; le fa go ntse jalo, o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa le Jesu. Ka sekai, o ne a itatola mong wa gagwe phatlalatsa gararo, e seng gangwe fela. (Luke 22:54-62) Moragonyana Petere o ne a palelwa ke go itshwara jaaka Mokeresete, o ne a tshwara badumedi ba Baditšhaba jaaka e kete ke ba maemo a a kwa tlase mo Bakereseteng ba Bajuda ba ba rupisitsweng. Mme gone, moaposetoloi Paulo o ne a bona dilo ka tsela e e farologaneng—phuthego e ne e se lefelo la go tlhaolana go ya ka maemo. Tsela e Petere a neng a itshwara ka yone e ne e le phoso. Pele ga boitshwaro joo jwa ga Petere bo ka kgopisa bakaulengwe, Paulo o ne a mo kgalemela ka tlhamalalo. (Bagal. 2:11-14) A Petere o ne a kgopisiwa ke kgakololo eo mo a neng a se ka a tswelela ka lobelo lwa botshelo? Le eseng. O ne a tsaya kgakololo ya ga Paulo masisi, a e dirisa mme a tswelela ka lobelo lwa botshelo.

13. Bolwetse bo ka dira jang gore re kgopiwe?

13 Ka dinako dingwe bokoa jo motho a nang le jone e ka nna mathata a gagwe a botsogo. Seno le sone e ka nna sekgoreletsi. Bothata jono bo ka re kgoreletsa go gatela pele semoyeng le e leng go dira gore re thetheekele re bo re lape. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa kwa Japane  o ile a tshwenngwa ke bolwetse morago ga dingwaga di le 17 a sena go kolobediwa. O ne a fetsa nako e ntsi a tshwaregile ka go leka go tokafatsa botsogo jwa gagwe mo a ileng a feleletsa a koafetse semoyeng. Fa nako e ntse e ya, o ne a tsidifala semoyeng. Bagolwane ba le babedi ba ne ba mo etela. E re ka a ne a kgothaditswe ke mafoko a bone a bopelonomi, o ne a simolola go tla dipokanong gape. A re: “Ke ne ka thubega ka selelo ka gonne bakaulengwe ba ne ba ntumedisa ka lorato.” Gone jaanong kgaitsadi yono wa rona o tsweletse ka lobelo gape.

14, 15. Re tshwanetse go tsaya kgato efe re nitame fa re nna le dikeletso tse di sa siamang? Bontsha.

14 Dikeletso tsa nama di dirile gore ba le bantsi ba kgopiwe. Fa re raelwa ka tsela eno, re tshwanetse go tsaya kgato gore re boloke mogopolo, boitsholo le bomoya jwa rona bo le phepa. Gopola kgakololo eno ya ga Jesu ya gore, re “latlhele kgakala” ka tsela ya tshwantshetso sepe fela se se ka dirang gore re kgopiwe, tota le e leng leitlho kgotsa seatla sa rona. Seno se akaretsa dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang le ditiro dingwe tse di sa siamang tse di dirileng gore bangwe ba se ka ba tlhola ba tswelela ka lobelo.—Bala Mathaio 5:29, 30.

15 Mokaulengwe mongwe yo o goletseng mo lelapeng la Bakeresete a re ga a bolo go lwantshana le mokgwa wa go nna le dikeletso tsa bosodoma. O ne a re: “Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Ke ikutlwa e kete ga ke na mosola.” Fa a ne a na le dingwaga di le 20, e ne e setse e le mmulatsela wa ka metlha e bile e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Morago ga moo o ne a kgopiwa botlhoko, a bo a kgalemelwa mo phuthegong mme a amogela thuso ya bagolwane. Go rapela, go ithuta Lefoko la Modimo le go tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe, go ne ga mo thusa gore a kgone go tsoga le go boela mo lobelong lwa semoya. O ne a bua jaana dingwaga di le mmalwa moragonyana: “Ka dinako dingwe ke a tle ke nne le maikutlo ao, le fa go ntse jalo, ga ke a letle gore a mphekeetse. Ke ithutile gore Jehofa ga a kitla a letla gore re raelwe go feta kafa re ka kgonang go itshoka ka gone. Ka jalo, ke dumela gore Modimo o a itse gore nka kgona go fenya.” Mokaulengwe yono o konela ka go re: “Dikgwetlho tsotlhe tse ke di itshoketseng di tla bo di sa tlhole di le gone mo lefatsheng le lesha. Ke sone se ke solofetseng go se bona! Go fitlha ka nako eo, ke tla nna ke ntse ke kgaratlha.” Mokaulengwe yono o ikemiseditse go tswelela a le mo lobelong.

16, 17. (a) Ke eng se se neng sa thusa mokaulengwe mongwe yo o neng a akanya gore o diretswe tshiamololo? (b) Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go eng gore re se ka ra kgopiwa?

16 Go direlwa tshiamololo ke badumedimmogo le rona e ka nna sekgoreletsi. Mokaulengwe mongwe wa kwa Fora yo e kileng ya bo e le mogolwane, o ne a akanya gore o diretswe tshiamololo ka tsela nngwe mme o ne a galefa. Seo se ne sa dira gore a se ka a tlhola a kopanela le phuthego mme o ne a tsidifala semoyeng. Bagolwane ba le babedi ba ne ba mo etela mme ba mo reetsa ka tsela e e bontshang gore ba mo utlwela botlhoko ba sa mo tsene ganong fa a ntse a ba bolelela kgang ka tsela e ene a e bonang ka yone. Ba ne ba mo kgothaletsa go latlhela morwalo wa gagwe mo go Jehofa mme ba gatelela kgang ya gore go botlhokwa go itumedisa Modimo. O ne a amogela kgakololo eo mme go ise go ye kae, o ne a boetse mo lobelong e bile a tlhagafetse mo ditirong tsa phuthego.

17 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Jesu Keresete yo e leng Tlhogo e e tlhomilweng ya phuthego, e seng mo bathong ba ba sa itekanelang. Jesu yo matlho a gagwe a ntseng “jaaka kgabo e e tukang” o leba dilo tsotlhe ka tsela e e siameng e bile o bona se se fetang se rona re kgonang go se bona. (Tshen. 1:13-16) Ka sekai, o lemoga gore se re ka tswang re akanya gore ke go direlwa tshiamololo, e ka tswa e le fela gore re a bo re sa tlhaloganya sengwe. Jesu o tla rarabolola dilo mo phuthegong ka tsela e e siameng le ka nako e e tshwanetseng. Ka jalo, ga re a tshwanela go letla gore boitshwaro kgotsa ditshwetso tsa Mokeresete mmogo le rona e nne dikgoreletsi mo go rona.

18. Re ka emelana jang le diteko le maemo a a thata?

18 Dilo tse dingwe tse pedi tse di ka dirang  gore re kgopiwe ke pitlagano kgotsa pogiso le bosaitekanelang jwa ba bangwe mo phuthegong. Mo setshwantshong sa mojadi, Jesu o ne a re, bangwe ba ne ba tla kgotšwa ka ntlha ya lefoko fa ba lebane le “pitlagano kgotsa pogiso.” Le fa pogiso eo e ka tswa e bakilwe ke eng—ba lelapa, baagisani kgotsa balaodi ba puso—e ka nna ya ama segolobogolo motho ‘yo o se nang modi mo go ene,’ yo o sa golang semoyeng. (Mat 13:21) Mme fa re tswelela re na le pelo e e thokgameng, peo ya Bogosi e tla re thusa gore modi wa tumelo ya rona o nonofe. Fa o lebane le diteko, leka ka natla go rapela, o bo o tlhatlhanye ka dilo tse di tshwanelwang ke pako. (Bala Bafilipi 4:6-9.) Jehofa a ka re nonotsha gore re kgone go emelana le diteko le gore re se ka ra letla maemo a a thata gore e nne sekgoreletsi.

Se letle sepe se go thibela go wetsa lobelo!

19. Re ka dira jang gore go kgopisiwa e se ka ya nna sekgoreletsi mo go rona?

19 Ka maswabi, fa nako e ntse e ya, bangwe ba ile ba letla gore bosaitekanelang jwa ba bangwe bo dire gore ba se ka ba tlhola ba tswelela ka lobelo. Tsela e e farologaneng e re lebang dilo ka yone mo dikgannyeng tse di amanang le segakolodi e ile ya dira gore ba bangwe ba kgotšwe. (1 Bakor. 8:12, 13) Fa mongwe a re kgopisa, a re letla gore seo e nne kgang e kgolo? Baebele e gakolola Bakeresete gore ba tlogele go atlhola, mme ba itshwarelane le go tila go akanya gore tsela e ba lebang dilo ka yone ke yone fela e e siameng. (Luke 6:37) Fa o na le bothata jwa go atlhola ba bangwe, ipotse jaana: ‘A ke atlhola ba bangwe go ya ka se nna ke akanyang gore se siame? E re ka ke itse gore bakaulengwe ba me ga ba a itekanela, a ke tla letla bosaitekanelang jwa mongwe gore bo dire gore ke se ka ka tlhola ke tswelela ka lobelo lwa botshelo?’ Go rata Jehofa go tla re thusa go nna re ikemiseditse gore re se ka ra letla sepe se batho ba bangwe ba se dirang se re thibela go wetsa lobelo lwa rona.

TABOGA KA BOITSHOKO—TILA GO KGOPIWA

20, 21. O ikemiseditse go dira eng mo lobelong lwa botshelo?

20 A o ikemiseditse go ‘taboga lobelo go ya bofelong’? (2 Tim. 4:7, 8) Fa go le jalo, o tshwanetse go nna le thuto ya motho a le nosi. Dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go dira dipatlisiso, go tlhatlhanya le go lemoga dilo tse e ka nnang dikgoreletsi. Rapelela moya o o boitshepo gore o go neye nonofo e o e tlhokang. Gopola gore ga go motabogi ope yo o ka palelwang ke go fenya lobelo fela ka ntlha ya go bo a ile a kgopiwa kgotsa a wa makgetlo a le mmalwa. A ka kgona go tsoga mme a tswelele ka lobelo. A ka nna a bo a dira gore dilo tse di ka mo kgopang, e nne sengwe se se ka mo solegelang molemo, a ithuta thuto ya botlhokwa mo dikgwetlhong dipe fela tsa tumelo tse a ileng a lebana le tsone.

21 Baebele e tlhalosa go tsaya karolo mo lobelong lwa botshelo jo bo sa khutleng e le selo se se tswelelang e seng sa nakwana. Ga go tshwane le go palama bese e e isang batho kwa phenyong. Rona ka borona re tshwanetse go taboga lobelo lono lwa botshelo. Fa re ntse re dira jalo, “kagiso e ntsi” e e tswang kwa go Jehofa e tla re naya maatla. (Pes 119:165) Re tlhatswegile pelo gore botlhe ba ba tla wetsang lobelo, ba tla bona masego a a sa feleng a a tswang kwa go Jehofa.—Jak. 1:12.