Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’

Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’

“Re badirimmogo gore lo ipele.”—2 BAKOR. 1:24.

1. Ke eng se se neng sa dira gore Paulo a itumelele Bakeresete ba kwa Korintha?

E NE E le ka ngwaga wa 55 C.E. Moaposetoloi Paulo o ne a le kwa motseng wa boemakepe wa Teroase, le fa go ntse jalo o ne a ntse a akantse ka Korintha. Pelenyana mo ngwageng oo, o ne a utlwisitswe botlhoko ke go utlwa gore bakaulengwe ba koo ba ne ba na le dikgogakgogano. Ka jalo, e re ka a ne a ba rata jaaka rre a rata ngwana wa gagwe, o ne a ba romelela lekwalo go ba kgalemela. (1 Bakor. 1:11; 4:15) Gape o ne a romela Tito yo e neng e le modirimmogo le ene kwa go bone mme a rulaganya gore Tito a tle kwa Teroase go tla go mmolelela se se diragetseng. Jaanong Paulo o ne a letile Tito kwa Teroase, a tlhologeletswe go utlwa gore Bakorintha ba amogetse molaetsa wa gagwe jang. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a swabisiwa ke gore Tito ga a ka a kgona go boela kwa go ene. Ke eng se Paulo a neng a tla se dira? O ne a palama sekepe go ya Makedonia, mme a itumela tota fa ba kopana. Tito o ne a mmolelela gore bakaulengwe ba kwa Korintha ba ne ba amogetse lekwalo la gagwe sentle e bile ba ne ba tlhologeletswe go mmona. Fa Paulo a utlwa pego eo e e molemo, o ne a “ipela thata.”—2 Bakor. 2:12, 13; 7:5-9.

2. (a) Paulo o ne a kwalela Bakorintha eng malebana le tumelo le boipelo? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

2 Nakwana morago ga foo, Paulo o ne a kwalela Bakorintha lekwalo la bobedi. O ne a ba raya a re: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele, gonne lo eme ka tumelo ya lona.” (2 Bakor. 1:24) Paulo o ne a kaya eng ka seno? Mme mafoko ao a tshwanetse go ama jang bagolwane ba Bakeresete gompieno?

TUMELO YA RONA LE BOIPELO JWA RONA

3. (a) Paulo o ne a kaya eng fa a ne a kwala jaana: “Lo eme ka tumelo ya lona”? (b) Bagolwane ba latela sekao sa ga Paulo jang gompieno?

3 Paulo o ne a umaka dikarolo tse pedi tsa botlhokwa mo kobamelong ya rona—tumelo le boipelo. Gopola se a neng a se kwala malebana le tumelo, o ne a re: “E seng gore re  beng ba tumelo ya lona, . . . gonne lo eme ka tumelo ya lona.” Mo mafokong ano, Paulo o ne a bontsha gore o a tlhaloganya gore e ne e se ene kgotsa batho bangwe ba ba neng ba dira gore bakaulengwe ba kwa Korintha ba eme ba nitame, mme ba ne ba nitame ka ntlha ya tumelo e ba neng ba na le yone mo Modimong. Ka jalo, Paulo o ne a sa bone go tlhokega gore a laole tumelo ya bakaulengwe ba gagwe, e bile o ne a sa ikaelela go dira jalo. O ne a tlhatswegile pelo gore e ne e le Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba batlang go dira se se siameng. (2 Bakor. 2:3) Gompieno, bagolwane ba latela sekao sa ga Paulo ka go bontsha gore ba tlhatswegile pelo gore bakaulengwe ba bone ba na le tumelo le maitlhomo a a siameng a go direla Modimo. (2 Bathes. 3:4) Bagolwane ga ba tlhome melao e e gagametseng mo phuthegong, go na le moo ba ikaega ka melaometheo ya Dikwalo le kaelo e e tswang mo mokgatlhong wa ga Jehofa. Kana e bile, bagolwane ba gompieno ga se beng ba tumelo ya bakaulengwe ba bone.— 1 Pet. 5:2, 3.

4. (a) Paulo o ne a kaya eng fa a ne a kwala jaana: “Re badirimmogo gore lo ipele”? (b) Gompieno bagolwane ba etsa jang boikutlo jo Paulo a neng a na le jone?

4 Gape Paulo o ne a re: “Re badirimmogo gore lo ipele.” Mo polelwaneng eo, Paulo o ne a bua ka ene le ditsala tsa gagwe tse di neng di atamalane thata le ene. Ke eng fa re ka rialo? Mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a gopotsa Bakorintha ka ditsala tsa gagwe tse pedi, fa a ne a kwala jaana: “Jesu [o ne] a rerwa mo gare ga lona ka rona, ke gore, ka nna le Silefano le Timotheo.” (2 Bakor. 1:19) Mo godimo ga moo, nako le nako fa Paulo a ne a dirisa lefoko “badirimmogo” mo makwalong a gagwe, ka metlha o ne a bua ka ditsala tsa gagwe tse di neng di atamalane le ene, tse di jaaka Apolose, Akhwila, Periseka, Timotheo, Tito, le ba bangwe. (Bar. 16:3, 21; 1 Bakor. 3:6-9; 2 Bakor. 8:23) Ka jalo, fa Paulo a ne a re: “Re badirimmogo gore lo ipele,” o ne a tlhomamisetsa Bakorintha gore ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba batla go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore botlhe mo phuthegong ba ipele. Ke se bagolwane ba Bakeresete ba eletsang go se dira le gompieno. Ba batla go dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa bakaulengwe ba bone gore ba ‘direle Jehofa ka go ipela.’—Pes. 100:2; Bafil. 1:25.

5. Re tlile go sekaseka dikarabo tsa potso efe, mme re tshwanetse go bontsha eng?

5 Bosheng jaana, setlhopha sa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhagafetseng ba ba nnang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba ne ba kopiwa go araba potso eno, “Ke eng se mogolwane a neng a se bua kgotsa a se dira se se neng sa dira gore o ipele?” Fa re ntse re sekaseka se setlhopha seo sa badumedimmogo se neng sa se lemoga, bapisa dikakgelo tsa bone le kafa wena o ka bong o arabile ka gone. Mo godimo ga moo, a rotlhe re sekasekeng kafa re ka dirang ka gone gore go nne le moya wa boipelo mo phuthegong e re kopanelang le yone. *

“DUMEDISANG PERESISE MORATWA WA RONA”

6, 7. (a) Bagolwane ba ka etsa jang Jesu, Paulo le batlhanka bangwe ba Modimo? (b) Ke eng fa go gopola maina a bakaulengwe ba rona go dira gore ba ipele thata?

6 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba re ba ipela thata fa bagolwane ba bontsha gore ba a ba kgatlhegela. Tsela nngwe ya konokono e bagolwane ba ka dirang seo ka yone ke ka go etsa sekao sa ga Dafide, Elihu le Jesu. (Bala 2 Samuele 9:6; Jobe 33:1; Luke 19:5.) Mongwe le mongwe wa batlhanka bano ba ga Jehofa o ne a bontsha go kgatlhegela ba bangwe ka go ba bitsa ka maina a bone. Paulo le ene o ne a bona botlhokwa jwa go gopola maina a badumedimmogo le ene le go a dirisa. O ne a konela lengwe la makwalo a gagwe ka go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 25 ka maina go akaretsa Peresise, kgaitsadi wa Mokeresete yo Paulo a neng a bua  jaana ka ene: “Dumedisang Peresise moratwa wa rona.”—Bar. 16:3-15.

7 Bagolwane bangwe ga ba kgone go gopola maina a batho. Le fa go ntse jalo, fa ba dira maiteko a go a gopola, tota ba a bo ba raya badumedimmogo le bone ba re, ‘O botlhokwa mo go nna.’ (Ekes. 33:17) Bagolwane ba tla itumedisa bakaulengwe ba bone thata ka go gopola maina a bone fa ba ba bitsa ka nako ya fa ba akgela mo Thutong ya Tora ya Tebelo kgotsa ka nako ya dipokano tse dingwe.—Bapisa le Johane 10:3.

“O NE A DIRA DITIRO TSA BONATLA DI LE DINTSI MO MORENENG”

8. Paulo o ne a latela sekao sefe se se botlhokwa se a neng a se tlhometswe ke Jehofa le Jesu?

8 Gape Paulo o ne a bontsha go kgatlhegela batho ba bangwe ka go ba akgola go tswa pelong, e leng tsela e nngwe ya go oketsa boipelo jwa badumedimmogo le ene. Ka jalo, mo go lone lekwalo le a neng a bontsha gore o eletsa go direla bakaulengwe ba gagwe gore ba ipele, o ne a kwala jaana: “Ke ipelafatsa thata ka lona.” (2 Bakor. 7:4) Mafoko ao a go ba akgola a tshwanetse a bo a ile a dira gore bakaulengwe ba kwa Korintha ba itumele. Paulo o ne a kgothatsa diphuthego tse dingwe ka tsela e e tshwanang. (Bar. 1:8; Bafil. 1:3-5; 1 Bathes. 1:8) Tota e bile, fa Paulo a sena go umaka Peresise mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela phuthego ya kwa Roma, o ne a oketsa jaana: “O ne a dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng.” (Bar. 16:12) A bo kakgolo eo e ile ya kgothatsa kgaitsadi yoo yo o ikanyegang jang ne! Fa Paulo a ne a akgola batho ba bangwe o ne a latela sekao se a se tlhometsweng ke Jehofa le Jesu.—Bala Mareko 1:9-11; Johane 1:47; Tshen. 2:2, 13, 19.

9. Ke ka ntlha yang fa go akgolwa le go akgola ba bangwe go dira gore go nne le boipelo mo phuthegong?

9 Gompieno bagolwane le bone ba bona botlhokwa jwa go bolelela bakaulengwe ba bone gore ba a ba anaanela. (Dia. 3:27; 15:23) Nako le nako fa mogolwane a dira jalo, o a bo a bolelela mokaulengwe wa gagwe jaana: ‘Ke etse tlhoko se o se dirileng. Ke a go kgathalela.’ Ruri bakaulengwe le bokgaitsadi ba tlhoka go utlwa mafoko ao a bagolwane a a kgothatsang. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50 o ne a bua se ba le bantsi ba ka se buang fa a ne a re: “Ga se gantsi ke akgolwa kwa tirong. Go na le moya wa go tlhoka lorato le wa kgaisano. Ka jalo, fa mogolwane a nkakgola ka ntlha ya sengwe se ke se dirileng mo phuthegong, seno se a ntapolosa e bile se a nnonotsha! Se dira gore ke bone gore Rre yo o kwa legodimong o a nthata.” Mokaulengwe mongwe yo e leng motsadi yo o esi, yo o godisang bana ba babedi le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Bosheng jaana mogolwane mongwe o ne a mo akgola go tswa pelong. Seno se ne sa ama mokaulengwe wa rona jang? A re: “Mafoko a mogolwane yono a ne a nkgothatsa tota!” Eleruri, fa mogolwane a akgola badumedimmogo le ene go tswa pelong, seo se a ba lapolosa le go oketsa boipelo jwa bone. Mme seo se tla ba nonotsha gore ba kgone go tswelela ba tsamaya mo tseleng ya botshelo mme ba se ka “ba lapa.”—Isa. 40:31.

“DISANG PHUTHEGO YA MODIMO”

10, 11. (a) Bagolwane ba ka etsa jang sekao sa ga Nehemia? (b) Ke eng se se tla thusang mogolwane go naya badumedimmogo le ene mpho ya semoya fa a dira maeto a bodisa?

10 Ke tsela efe e e botlhokwa thata e ka yone bagolwane ba ka bontshang gore ba kgatlhegela bakaulengwe ba bone le e e dirang gore phuthego e nne le boipelo? Ka go tsaya matsapa go thusa batho ba ba tlhokang go kgothadiwa. (Bala Ditiro 20:28.) Fa bagolwane ba dira jalo ba etsa sekao sa badisa ba semoya ba motlha wa bogologolo. Ka sekai, ela tlhoko se molebedi yo o ikanyegang e bong Nehemia a neng a se dira fa a bona gore Bajuda mmogo le ene ba ne ba koafetse semoyeng. Pego ya Baebele ya re, ka bonako fela o ne a nanoga mme a ba kgothatsa. (Neh. 4:14) Bagolwane ba batla go dira se se tshwanang le gompieno. Ba a “nanoga”—ba tsaya kgato—go thusa badumedimmogo le bone gore ba nonofe mo tumelong. Gore ba kgone go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi  ba bone, ba ba etela kwa magaeng a bone fa maemo a ba letla. Mo maetong ao a bodisa ba batla go ba ‘naya mpho nngwe ya semoya.’ (Bar. 1:11) Ke eng se se tla thusang bagolwane go dira jalo?

11 Pele ga mogolwane a dira loeto lwa bodisa o tshwanetse go ipha nako ya go akanya ka motho yo a tlileng go mo etela. Motho yoo o na le dikgwetlho dife? Ke eng se a ka se buang se se tla mo kgothatsang? A ka dirisa temana efe kgotsa a mmolelela maitemogelo afe a mongwe yo go buiwang ka ene mo Baebeleng a a tla mo thusang go lepalepana le maemo a gagwe? Go akanyetsa dipotso tseo go sa le gale go tla thusa mogolwane gore a kgone go bua sengwe se se tla thusang motho yoo go na le go mo kgopisa. Ka nako ya loeto lwa bodisa, mogolwane o tshwanetse go letla bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe go ntsha maikutlo mme ene a ba reetse ka tlhoafalo. (Jak. 1:19) Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ruri go a gomotsa fa mogolwane a go reetsa ka tlhoafalo.”—Luke 8:18.

Go baakanyetsa go thusa mogolwane gore a neye ba bangwe ‘mpho ya semoya’ fa a dira loeto lwa bodisa

12. Ke bomang ba ba tlhokang go kgothadiwa mo phuthegong, mme ka ntlha yang?

12 Ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke maeto a bodisa? Paulo o ne a gakolola bagolwane mmogo le ene ba Bakeresete gore ba “tlhokomele letsomane lotlhe.” Eleruri, botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go kgothadiwa, go akaretsa le baboledi le babulatsela ba ba sa bolong go direla Modimo ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi. Ke ka ntlha yang fa ba tlhoka gore badisa ba semoya ba ba eme nokeng? Ka gonne ka dinako dingwe batho bano ba ba nonofileng semoyeng le bone ba tshwenngwa ke kgatelelo e e bakiwang ke lefatshe leno le le boikepo. Go bona sekai sa go bo tota le motlhanka yo o nonofileng wa Modimo ka dinako dingwe a ka tlhokang go thusiwa ke tsala ya gagwe, mma re sekasekeng kgang e e diragetseng mo botshelong jwa ga Kgosi Dafide.

“ABISHAI . . . A TLA GO MO THUSA”

13. (a) Ishibi-benobe o ne a tlhopha go tlhasela Dafide leng? (b) Abishai o ne a kgona jang go thusa Dafide?

13 Nakwana morago ga gore Dafide yo mmotlana a tlodiwe go nna kgosi, o ne a tlhabana le Goliathe, mongwe wa Barefaime, e leng lotso lwa mekaloba. Dafide yo o pelokgale o ne a bolaya mokaloba yono. (1 Sam. 17:4, 48-51; 1 Ditir. 20:5, 8) Dingwaga di le dintsi  morago ga moo, fa ba ne ba lwa le Bafilisitia, Dafide o ne a lwa le mokaloba yo mongwe gape. Leina la mokaloba yoo e ne e le Ishibi-benobe, yo le ene e neng e le wa lotso lwa Barefaime. (2 Sam. 21:16) Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno, mokaloba yoo o ne a batla a bolaya Dafide. Ka ntlha yang? E ne e se ka gonne Dafide a ne a sa tlhole a le pelokgale mme e ne e le ka gonne a ne a feletswe ke maatla. Pego eo ya re: “Dafide a lapa.” Ka bonako fela fa Ishibi-benobe a lemoga gore Dafide o feletswe ke maatla, o ne “a akanya go tlhaba Dafide.” Mme ka bonako fela pele ga mokaloba yono a kolopa Dafide ka lerumo la gagwe, “Abishai morwa Seruia a akofa a tla go mo thusa mme a tlhaba Mofilisitia a ba a mmolaya.” (2 Sam. 21:15-17) Ruri Dafide o ne a falola ka tshoba la mogodu! Abo Dafide a tshwanetse a bo a ile a leboga jang ne go bo Abishai a ne a ntse a mmeile leitlho mme a ne a tla ka bonako go tla go mo thusa fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing! Ke eng se re ka ithutang sone mo pegong eno?

14. (a) Re ka kgona jang go fenya dikgwetlho tse di tshwanang le Goliathe? (b) Bagolwane ba ka thusa jang ba bangwe gore ba boe gape ba nne le nonofo le boipelo? Naya sekai.

14 Lefatshe ka bophara, rona batho ba ga Jehofa re nna le seabe mo bodireding go sa kgathalesege dikgoreletsi tse Satane le batho ba gagwe ba ka re beelang tsone. Bangwe ba rona re ile ra lebana le dikgwetlho tse di jaaka mekaloba, mme go ikaega ka Jehofa go ile ga re thusa gore re kgone go tlhabana le ‘Bo-Goliathe’ bano mme re ba fenye. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, go nna re lwa le kgatelelo ya lefatshe leno go ka dira gore re lape re bo re kgobege marapo. Fa re le mo boemong joo jwa go nna bokoa, go ka nna motlhofo gore re tsene mo kotsing ya go ‘tlhabiwa’ ke dikgatelelo tse mo maemong a a tlwaelegileng re ka bong re kgonne go emelana le tsone. Mo maemong ao, fa mogolwane a re ema nokeng ka nako e e tshwanetseng, seno se ka re thusa gore re boe gape re nne le boipelo le nonofo, fela jaaka go ile ga direga ka batho ba le bantsi. Mmulatsela mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 o ne a re: “Nako nngwe ke ne ke sa ikutlwe sentle mme tirelo ya tshimo e ne e dira gore ke lape. Mogolwane mongwe o ne a lemoga gore ke feletswe ke maatla mme a tla go bua le nna. Re ne ra tlotla ka kgang nngwe e e kgothatsang e e mo Baebeleng. Ke ne ka dirisa dikakantsho tse a neng a nnaya tsone, mme seno sa ntsholegela molemo.” Gape o ne a re: “Ruri mogolwane yono o ne a mpontsha lorato ka go nkela tlhoko fa ke ne ke le bokoa mme a nthusa!” Ruri go a kgothatsa go itse gore re na le bagolwane ba ba lorato ba ba re etseng tlhoko, ba fela jaaka Abishai wa bogologolo ba nnang ba iketleeleditse ‘go tla go re thusa.’

“LO ITSE LORATO LO KE NANG LE LONE . . . MO GO LONA”

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa badumedimmogo le Paulo ba ne ba mo rata thata jaana? (b) Ke ka ntlha yang fa re rata bagolwane ba rona ba ba lorato ba mo phuthegong?

15 Badisa ba na le tiro e ntsi. Ka dinako dingwe, bagolwane ga ba robale bosigo ba rapelela letsomane la Modimo le ba amegileng ka lone kgotsa ba ema nokeng badumedimmogo le bone. (2 Bakor. 11:27, 28) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba diragatsa maikarabelo a bone ka botlalo e bile ba itumetse, fela jaaka Paulo a ne a dira. O ne a kwalela Bakorintha jaana: “Ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke ba ke dirisediwa meya ya lona ka botlalo.” (2 Bakor. 12:15) Eleruri, Paulo o ne a rata bakaulengwe ba gagwe mme o ne a dirisa botshelo jwa gagwe ka botlalo go ba nonotsha. (Bala 2 Bakorintha 2:4; Bafil. 2:17; 1 Bathes. 2:8) Ga go gakgamatse go bo bakaulengwe ba ne ba rata Paulo thata jaana!—Dit. 20:31-38

16 Gompieno, le rona batlhanka ba Modimo re rata bagolwane ba rona ba Bakeresete ba ba lorato e bile fa re rapela, re leboga Jehofa go bo a re neile bone. Ba oketsa boipelo jo re nang le jone ka go re bontsha gore ba a re kgatlhegela. Maeto a bone a bodisa a a re kgothatsa. Mo godimo ga moo, re lebogela go bo ba iketleeleditse go re thusa ka dinako tse re ikutlwang re tlaletswe ka ntlha ya dikgatelelo tsa lefatshe leno. Ruri, bagolwane bano ba Bakeresete ba ba kelotlhoko ke ‘badirimmogo gore re ipele.’

^ ser. 5 Bone bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ne ba bodiwa jaana gape: “Ke nonofo efe e o e anaanelang thata mo mogolwaneng?” Bontsi jwa bone ba ne ba araba ka go re, “O tshwanetse go atamelesega.” Re tlile go sekaseka nonofo eno mo kgatisong e e latelang ya one makasine ono.