Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Molebedi yo o Ikanyegang!

O Molebedi yo o Ikanyegang!

“Ga lo ba lona.”—1 BAKOR. 6:19.

1. Lefatshe le leba jang kgololesego?

DINGWAGA di ka nna 2 500 tse di fetileng, mokwadi mongwe wa metshameko wa Mogerika o ne a kwala jaana: “Ga go motho ope yo o nnang lekgoba ka go rata.” Batho ba le bantsi gompieno ba tla dumalana le seo. Bokgoba bo dira gore motho a akanye ka batho ba ba gateletsweng le ba ba tsentsweng mo kgolegelong, ba tiro ya bone le matsapa a bone a sa solegeleng bone molemo, mme a solegela molemo beng ba bone ba ba ba laolang.

2, 3. (a) Batlhanka ba ga Keresete ba ipelela maemo afe? (b)Re tlile go sekaseka dipotso dife malebana le balebedi?

2 Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa gore barutwa ba gagwe e tla nna batlhanka kgotsa makgoba a a ikokobeditseng. Mme gone, ga go na sepe se se tlontlololang kgotsa se se gatelelang malebana le bokgoba jono jwa Bakeresete ba boammaaruri. Makgoba ano a tseelwa kwa godimo, a ikanngwa e bile a a tlotlega. Ka sekai, akanya ka se Jesu a neng a se bua ka “motlhanka” mongwe pelenyana ga loso lwa Gagwe. Keresete o ne a bolelelapele gore o tla abela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ditiro.—Math. 24:45-47.

3 Go molemo go ela tlhoko gore mo pegong e e tsamaisanang le eo, motlhanka yoo o bidiwa “molebedi.” (Bala Luke 12:42-44.) Bontsi jwa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tshelang gompieno ga se maloko a setlhopha seo sa molebedi yo o boikanyego. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di bontsha gore botlhe ba ba direlang Modimo ke balebedi. Balebedi ba na le maikarabelo afe? Ba tshwanetse go leba maikarabelo ao jang? Gore re kgone go bona seo, mma re sekasekeng seabe se balebedi ba neng ba na le sone mo motlheng wa bogologolo.

TIRO YA BALEBEDI

4, 5. Balebedi ba bogologolo ba ne ba na le maikarabelo afe? Naya dikai.

4 Mo motlheng wa bogologolo, gantsi molebedi e ne e le  motlhanka yo o ikanngwang yo o neng a newa tiro ya go okamela ntlo kgotsa kgwebo ya mong wa gagwe. Go ne go tlwaelegile gore molebedi a nne le taolo e e rileng e bile o ne a newa maikarabelo a go tlhokomela dilo tsa mo ntlong, madi le batlhanka ba bangwe. Re kgona go bona seno mo kgannyeng ya ga Eliesere, yo o neng a newa maikarabelo a go tlhokomela dilo tse dintsi tse Aborahame a neng a na le tsone. E ka tswa e le ene yo Aborahame a ileng a mo roma kwa Mesopotamia go ya go batlela morwawe e bong Isake mosadi. Ruri eo e ne e le kabelo e e botlhokwa thata!—Gen. 13:2; 15:2; 24:2-4.

5 Setlogotlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa o ne a tlhokomela ntlo ya ga Potifaro. (Gen. 39:1, 2) Fa nako e ntse e ya, Josefa ka boene o ne a nna le molebedi, yo o neng a “okametse ntlo ya ga Josefa.” Molebedi yoo ke ene a neng a dira dithulaganyo tsa go amogela bomorwarraagwe Josefa ba le lesome. Mme Josefa o ne a mo laela gore a rulaganye dilo malebana le kgang ya senwelo sa selefera se se ‘utswilweng.’ Ga go pelaelo gore balebedi ba ne ba ikanngwa thata.—Gen. 43:19-25; 44:1-12.

6. Bagolwane ba ba farologaneng ba Bakeresete ba na le tiro efe ya bolebedi?

6 Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a re bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ‘balebedi ba Modimo.’ (Tito 1:7) E re ka balebedi ba tlhomilwe go disa “letsomane la Modimo,” ba kaela diphuthego le go di etelela pele. (1 Pet. 5:1, 2) Gone ke boammaaruri gore maikarabelo a bone ga a tshwane. Ka sekai, bagolwane ba le bantsi ba Bakeresete gompieno ba direla mo phuthegong e le nngwe. Balebedi ba ba etang bone ba direla mo diphuthegong tse dintsi. Mme maloko a Komiti ya Lekala one a tlhokomela diphuthego tsotlhe tse di mo nageng ya bone. Le fa go ntse jalo, go lebeletswe gore botlhe ba dire ditiro tsa bone ka boikanyegi; botlhe ba tshwanetse go ‘ikarabelela’ mo Modimong.—Baheb. 13:17.

7. Re itse jang gore ka tsela nngwe, Bakeresete botlhe ke balebedi?

7 Mme go tweng ka Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba e seng bagolwane? Moaposetoloi Petere o ne a kwalela Bakeresete botlhe jaana: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Pet. 1:1; 4:10) Modimo o re bontshitse bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang ka go abela mongwe le mongwe wa rona dimpho, dithoto le bokgoni jo re ka bo dirisang go solegela badumedimmogo le rona molemo. Ka jalo, botlhe ba ba direlang Modimo ke balebedi, mme o ba neile tiro eno ya bolebedi ka go bo a ba tseela kwa godimo, a ba ikanya e bile a lebeletse gore ba dire maikarabelo a bone.

RE BA MODIMO

8. Ke molaomotheo ofe wa botlhokwa o re tshwanetseng go o gopola?

8 Re tlile go sekaseka melaometheo e meraro ya konokono e rona balebedi re tshwanetseng go e gopola. Wa ntlha: Rotlhe re ba Modimo e bile re ikarabelela mo go ene. Paulo o ne a kwala jaana: “Ga lo ba lona, gonne lo ne lwa rekwa ka tlhwatlhwa,” madi a setlhabelo sa ga Keresete. (1 Bakor. 6:19, 20) E re ka re le ba ga Jehofa, re patelesega go ikobela melao ya gagwe e e seng boima. (Bar. 14:8; 1 Joh. 5:3) Gape re nna batlhanka ba ga Keresete. Fela jaaka balebedi ba bogologolo, re na le kgololesego e kgolo—mme gone e lekanyeditswe. Re tshwanetse go diragatsa maikarabelo a rona jaaka re laetswe. Le fa re ka tswa re na le ditshiamelo dife mo tirelong, re sa ntse re le batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete.

9. Jesu o ne a bontsha jang kamano magareng ga mong le motlhanka?

9 Jesu o re thusa go tlhaloganya kamano magareng ga mong le motlhanka. Nako nngwe o ne a bolelela barutwa ba gagwe ka motlhanka mongwe yo o neng a tla gae morago ga go bereka letsatsi lotlhe. A mong wa gagwe  o mo raya a re: “Akofa o tle kwano mme o nne ka go sekama fa tafoleng?” Nnyaa. A re: “Mpaakanyetsa sengwe gore ke je sejo sa me sa maitseboa, mme o apare khiba o bo o ntirele go fitlha ke fetsa go ja le go nwa, mme morago ga moo o ka nna wa ja wa ba wa nwa.” Jesu o ne a tlhalosa jang setshwantsho seno? O ne a re: “Jalo, le lona, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’”—Luke 17:7-10.

10. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o anaanela maiteko a rona a go mo direla?

10 Gone ke boammaaruri gore Jehofa o anaanela maiteko a rona a go mo direla. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” (Baheb. 6:10) Jehofa ga a ka ke a batla gore re dire sengwe se re sa kgoneng go se dira. Mo godimo ga moo, sengwe le sengwe se a kopang gore re se dire se re solegela molemo e bile ga se mokgweleo. Le fa go ntse jalo, go dumalana le setshwantsho sa ga Jesu, motlhanka ga a iitumedise ka go dira gore se ene a se ratang se tle pele. Ntlha ya botlhokwa ke gore, fa re ineela mo Modimong re tlhopha go dira gore thato ya gagwe e nne yone e tlang pele mo matshelong a rona. A ga go jalo?

SE JEHOFA A BATLANG GORE ROTLHE RE SE DIRE

11, 12. E re ka re le balebedi, re tshwanetse go bontsha nonofo efe, mme ke eng se re tshwanetseng go se tila?

11 Molaomotheo wa bobedi ke ono: E re ka re le balebedi, rotlhe re ikobela melao e e tshwanang. Gone ke boammaaruri gore maikarabelo mangwe a newa batho ba le mmalwa fela mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, maikarabelo a le mantsi a dirwa ke rona rotlhe. Ka sekai, e re ka re le barutwa ba ga Keresete e bile re le Basupi ba ga Jehofa, re patelesega go ratana. Jesu o ne a re lorato ke letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri. (Joh. 13:35) Mme gone, ga re rate bakaulengwe ba rona fela. Re leka go rata batho ba ba sa amaneng le rona ka tumelo. Seno ke se rotlhe re ka kgonang go se dira e bile re tshwanetse go se dira.

12 Gape re tshwanetse go itshwara sentle. Re batla go tila boitshwaro le mekgwa e e sa dumalaneng le Lefoko la Modimo. Paulo o ne a kwala jaana: “Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakor. 6:9, 10) Ke boammaaruri gore go tlhoka maiteko gore motho a tshele go dumalana le melao ya Modimo e e siameng. Mme gone, seo ga se matsapa a bophiri fela, go dira jalo go re solegela molemo ka ditsela tse dintsi, tse di akaretsang gore re tshele botshelo jo bo dirang gore re nne le botsogo jo bo siameng, kamano e e molemo le ba bangwe re bo re amogelwe ke Modimo.—Bala Isaia 48:17, 18.

13, 14. Bakeresete botlhe ba neilwe maikarabelo afe mme ba tshwanetse go a leba jang?

13 Gape gakologelwa gore molebedi o ne a na le tiro e a tshwanetseng go e dira. Go ntse fela jalo le ka rona. Re neilwe mpho e e tlhwatlhwakgolo—kitso ya boammaaruri. Modimo o lebeletse gore re abele ba bangwe kitso eo. (Math. 28:19, 20) Paulo o ne a kwala jaana: “A motho a re kaye jalo re le ba ba leng tlase ga ga Keresete le balebedi ba diphiri tse di boitshepo tsa Modimo.” (1 Bakor. 4:1) Paulo o ne a lemoga gore tiro eno ya bolebedi e ne e kaya gore a tlhokomele “diphiri tse di boitshepo” ka kelotlhoko le gore a di abele ba bangwe jaaka a laetswe ke mong wa gagwe e bong Jesu Keresete.—1 Bakor. 9:16.

14 Ruri go abelana boammaaruri le ba bangwe ke go bontsha lorato. Ke boammaaruri gore maemo a Bakeresete ga a tshwane. Re ka se nne le seabe se se lekanang mo bodireding. Jehofa o tlhaloganya seo. Sa botlhokwa  ke gore re dire sotlhe se re ka se kgonang. Fa re dira jalo, re bontsha gore re rata Modimo le moagelani ka lorato lo lo se nang bopelotshetlha.

A re direng maikarabelo a rona ka boikanyegi

BOTLHOKWA JWA GO IKANYEGA

15-17. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore molebedi a ikanyege? (b) Jesu o ne a bontsha jang ditlamorago tsa go sa ikanyege?

15 Molaomotheo wa boraro o o amanang thata le e mebedi e re tlotlileng ka yone ke ono: Re tshwanetse go ikanyega. Molebedi a ka nna le dinonofo tse di molemo le bokgoni, le fa go ntse jalo, di ka se nne mosola fa a sa dire maikarabelo a gagwe kgotsa a sa ikanyege mo go mong wa gagwe. Gore motho e nne molebedi yo o molemo le yo o atlegileng, o tshwanetse go ikanyega. Gopola gore Paulo o ne a kwala jaana: “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.”—1 Bakor. 4:2.

16 Fa re ikanyega, ga go pelaelo gore re tla duelwa. Fa re sa ikanyege, Modimo ga a kitla a tlhola a re amogela. Re bona molaomotheo ono mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta. Batlhanka ba ba ileng ba dirisa madi a mong wa bone go “dira kgwebo” ka boikanyegi, ba ne ba akgolwa ba bo ba segofadiwa thata. Motlhanka yo o neng a se ka a dirisa sentle se mong wa gagwe a neng a mo neile sone, o ne a bolelelwa gore “o boikepo,” “o bobodu” e bile ke motho “yo o se nang molemo wa sepe.” Talenta e a neng a e neilwe e ne ya tsewa, mme o ne a latlhelwa kwa ntle.—Bala Mathaio 25:14-18, 23, 26, 28-30.

17 Nako nngwe, Jesu o ne a bua ka ditlamorago tsa go sa ikanyege. O ne a re: “Monna mongwe o ne a humile e bile a na le molebedi, mme yono o ne a latofadiwa mo go ene gore o tshwara dithoto tsa gagwe botlhaswa. Jalo a mmitsa mme a mo raya a re, ‘Ke eng seno se ke se utlwang kaga gago? Tlisa pego ya gago ya tiro ya bolebedi, gonne o ka se tlhole o tlhokomela ntlo.’” (Luke 16:1, 2) Ka gonne  molebedi yono o ne a tshwara dithoto tsa mong wa gagwe botlhaswa, o ne a mo leleka. Abo seno e le thuto e e molemo jang ne! Ruri ga re batle go nna ba ba sa ikanyegeng mo go se go lebeletsweng gore re se dire.

A GO BOTLHALE GO IPAPISA LE BA BANGWE?

18. Ke eng fa re sa tshwanela go ipapisa le ba bangwe?

18 Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana, ‘Ke leba jang tiro ya me ya bolebedi?’ Go ka nna le mathata fa re ipapisa le ba bangwe. Baebele e re gakolola jaana: “Mme a mongwe le mongwe a bontshe se tiro ya gagwe e leng sone, mme ke gone a tla nnang le lebaka la go itumela ka ga gagwe ka esi, mme e seng a ipapisa le motho yo mongwe.” (Bagal. 6:4) Go na le gore re ipapise le ba bangwe, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se re kgonang go se dira. Seno se tla re sireletsa gore re se ka ra ikgogomosa le gore re se ka ra kgobega marapo. Fa re itshekatsheka, re tshwanetse go lemoga gore maemo a a fetoga. Gongwe ga re kgone go dira se re neng re se dira, ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa, dingwaga le maikarabelo a a farologaneng. Kafa letlhakoreng le lengwe, re ka nna ra kgona go dira se se fetang se re se dirang gone jaanong. Fa go le jalo, ke eng fa re sa leke go oketsa tirelo ya rona?

19. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re sa newe tshiamelo nngwe?

19 Sengwe gape se re tshwanetseng go akanya ka sone ke maikarabelo a re nang le one le a re batlang go nna le one. Ka sekai, mokaulengwe a ka nna a eletsa go nna mogolwane mo phuthegong kgotsa gore a newe dikabelo dingwe mo dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Go molemo go lwela go tshwanelegela ditshiamelo tseo, le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re sa di newe jaaka re ne re solofetse. Ka ntlha ya mabaka mangwe a re ka tswang re sa a tlhaloganye, re ka nna ra newa ditshiamelo dingwe moragonyana go feta kafa re neng re lebeletse ka gone. Gopola gore Moshe o ne a akanya gore o setse a siametse go etelela Baiseraele pele go tswa kwa Egepeto, mme gone o ne a tshwanelwa ke go leta dingwaga di le 40 pele ga a ka dira jalo. Seno se ne sa mo thusa go nna le nako e e lekaneng ya gore a nne le dinonofo tse a neng a di tlhoka gore a etelele pele batho ba ba thamoethata le ba ba neng ba tsuologa.—Dit. 7:22-25, 30-34.

20. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jonathane?

20 Ka dinako dingwe re ka se ka ra newa tshiamelo nngwe. Go ne ga direga se se tshwanang ka Jonathane. E ne e le morwa Saulo, ka jalo o ne a tla nna kgosi e e latelang ya Iseraele. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tlhopha Dafide yo o neng a le monnye thata mo go ene, gore e nne kgosi. Jonathane o ne a itshwara jang ka ntlha ya seo? O ne a amogela seo mme a ema Dafide nokeng, tota le fa seo se ne se tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. O ne a raya Dafide a re: “Wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago.” (1 Sam. 23:17) O ithuta eng mo go seo? Jonathane o ne a amogela boemo jwa gagwe, mme go farologana le rraagwe, ga a ka a fufegela Dafide. Go na le gore re fufegele ba bangwe ka ntlha ya dikabelo tse ba ka tswang ba di neilwe, mongwe le mongwe wa rona a ka tlhoma mogopolo mo go direng maikarabelo a a nang le one. Re ka tlhomamisega gore mo lefatsheng le lesha, Jehofa o tla kgotsofatsa keletso e e siameng ya mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe.

21. Re tshwanetse go leba jang tiro ya rona ya bolebedi?

21 A re gopoleng gore e re ka re le balebedi ba ba ikanngwang, ga re makgoba a a patelediwang go direla mong yo o setlhogo. Go na le moo, re dira tiro e e tlotlegang, e bile re neilwe maikarabelo a go dira tiro e e se kitlang e dirwa gape ya go bolela dikgang tse di molemo mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Fa re ntse re dira jalo, re nna le kgololesego e kgolo ya kafa re ka dirang maikarabelo a rona ka gone. Ka jalo, a re nneng balebedi ba ba ikanyegang. Mme e kete re ka ipelela tshiamelo e re nang le yone ya go direla Motho yo mogolo go gaisa mo lobopong lotlhe.