Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswelela re le “Baagi ba Nakwana”

Go Tswelela re le “Baagi ba Nakwana”

“Ke lo rotloetsa lo le baeng le baagi ba nakwana gore lo nne lo ithibe mo dikeletsong tsa senama.”—1 PET. 2:11.

1, 2. Petere o ne a bua ka bomang fa a ne a dirisa polelwana e e reng “ba ba tlhophilweng” mme ke ka ntlha yang fa a ne a ba bitsa “baagi ba nakwana”?

DINGWAGA di ka nna 30 fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, moaposetoloi Petere o ne a kwalela “baagi ba nakwana ba ba falaletseng kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia, le Bithinia, ba ba tlhophilweng.” (1 Pet. 1:1) Ga go pelaelo gore fa Petere a ne a kwala polelwana, “ba ba tlhophilweng” o ne a kaya ba ba tshwanang le ene ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo mme ba ‘tsalwa sesha gore ba nne le tsholofelo e e tshelang’ ya go busa le Keresete kwa legodimong. (Bala 1 Petere 1:3, 4.) Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa morago ga moo a bitsa ba ba tlhophilweng bano a re ke “baeng le baagi ba nakwana”? (1 Pet. 2:11) Mme seo se kaya eng mo go rona gompieno e re ka e le Basupi ba le mmalwa fela mo lefatsheng ba ba ipolelang gore ba tloditswe?

2 Go ne go tshwanela gore Petere a dirise polelwana “baagi ba nakwana” fa a bua ka batlodiwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Fela jaaka go ntse ka masalela a a tshelang mo lefatsheng gompieno, ba ne ba sa tle go tshelela ruri mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo yo le ene e neng e le mongwe wa “letsomanyane” la batlodiwa, o ne a tlhalosa jaana: “Mme rona, boagi jwa rona bo kwa magodimong, lefelo le kwa go lone gape re letetseng mmoloki ka tlhologelelo, e bong Morena Jesu Keresete.” (Luke 12:32; Bafil. 3:20) E re ka ‘boagi jwa bone bo le kwa magodimong,’ fa batlodiwa ba swa ba tloga mo lefatsheng mme ba ya kwa go sengwe se se botoka go gaisa seo, e leng botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Bala Bafilipi 1:21-23.) Ka jalo, e re ka ba tshela nako e khutshwane fela mo lefatsheng le le laolwang ke Satane, ba bidiwa “baagi ba nakwana.”

3. Go tsoga potso efe ka “dinku tse dingwe”?

3 Mme go tweng ka ba “dinku tse dingwe”? (Joh. 10:16)  A ga ba na tsholofelo e e theilweng mo Dikwalong ya go nna baagi ba ba tla nnelang ruri mo lefatsheng? Ee ruri, leo e tla nna legae la bone ka bosakhutleng! Le fa go ntse jalo ka tsela nngwe, le bone ba ka tsewa e le baagi ba nakwana. Ka tsela efe?

“POPO YOTLHE E NNA E FEGELWA”

4. Ke eng se baeteledipele ba lefatshe ba sa kgoneng go se thibela?

4 Fa fela tsamaiso ya ga Satane e sa ntse e letleletswe gore e tswelele, mongwe le mongwe, go akaretsa le Bakeresete o tla tswelela a boga ditlamorago tsa se se bakilweng ke botsuolodi jwa ga Satane kgatlhanong le Jehofa. Re bala jaana mo go Baroma 8:22: “Re a itse gore popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” Le fa baeteledipele ba lefatshe, baitsesaense, le batho ba ba thusang ba bangwe, ba ka nna le maikaelelo a a siameng go le kana kang, ga ba kgone go thibela seno.

5. Fa e sa le ka 1914, dimilionemilione tsa batho di ile tsa tsaya kgato efe, mme ka ntlha yang?

5 Fa e sa le ka 1914, dimilionemilione tsa batho di ile tsa tlhopha go nna babusiwa ba Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e bong Keresete Jesu. Ga ba eletse go nna karolo ya tsamaiso ya lefatshe la ga Satane. Ba gana go ema nokeng lefatshe la ga Satane. Go na le moo, ba dirisa matshelo a bone le dilo tse ba nang le tsone go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo.—Bar. 14:7, 8.

6. Go ka twe Basupi ba ga Jehofa ke baeng ka tsela efe?

6 Ee, Basupi ba ga Jehofa ke baagi ba ba ikobelang molao mo dinageng tse di fetang 200, le fa go ntse jalo go sa kgathalesege gore ba nna kae, ba tshwana le baagi ba baeng. Ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa loago. Tota le jaanong, ba itsaya e le baagi ba lefatshe le lesha le le tla dirwang ke Modimo. Ba itumelela go bona malatsi a bone a go nna baagi ba nakwana a ntse a ya kwa bokhutlong ka bofefo.

Ga re leke go falotsa lefatshe la ga Satane. Re ema nokeng lefatshe le lesha la Modimo

7. Ke jang batlhanka ba Modimo e tla nnang baagi ba ba nnelang ruri, mme gone kae?

7 Go ise go ye kae, Keresete o tla dirisa taolo ya gagwe go fedisa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane. Puso e e itekanetseng ya ga Keresete e tla golola lefatshe mo boleong le mo kutlobotlhokong. E tla tlosa masaledi otlhe a a bonalang le a a sa bonaleng a botsuolodi jo bo kgatlhanong le tshwanelo ya ga Jehofa ya  go busa. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tla nna le tshono ya go nna baagi ba ba tla nnelang ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Bala Tshenolo 21:1-5.) Ka nako eo, popo e tla bo e “[golotswe ka botlalo] mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.

KE ENG SE SE LEBELETSWENG MO BAKERESETENG BA BOAMMAARURI?

8, 9. Tlhalosa se Petere a neng a se kaya fa a ne a re, “lo ithibe mo dikeletsong tsa senama.”

8 Petere o tlhalosa se se lebeletsweng mo Bakereseteng jaana: “Baratwa, ke lo rotloetsa lo le baeng le baagi ba nakwana gore lo nne lo ithibe mo dikeletsong tsa senama, tse e leng tsone tota tse di tlhabanang le moya.” (1 Pet. 2:11) Kwa tshimologong kgakololo eo e ne e lebisitswe mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, le fa go ntse jalo, e sa ntse e dira le mo dinkung tse dingwe tsa ga Jesu.

9 Fa dikeletso dingwe di kgotsofadiwa ka tsela e Mmopi a e amogelang, ga di phoso ka botsone. Tota e bile, di dira gore motho a itumelele botshelo. Ka sekai, go na le dikeletso tse di tlwaelegileng tsa go itumelela dijo, dino, boitapoloso le go itumelela botsala jo bo molemo. Tota le keletso ya go tlhakanela dikobo le molekane wa lenyalo e siame e bile e na le nako ya yone. (1 Bakor. 7:3-5) Le fa go ntse jalo, Petere o ne a tlhalosa gore, “dikeletso tsa senama” tse a neng a bua ka tsone ke tse tota “di tlhabanang le moya.” Fa thanolo nngwe e tlhalosa se tota se kaiwang ke seo ya re ke “dikeletso tsa boleo.” (New International Version). Ga go pelaelo gore keletso le fa e ka nna efe ya motho e e kgatlhanong le se se tlhalosiwang ke boikaelelo jwa ga Jehofa le e e ka amang ka tsela e e sa siamang kamano e e molemo e motho a nang le yone le Modimo, e tshwanetse go tlhatlhobiwa. Go seng jalo, tsholofelo ya Mokeresete ya go boloka botshelo jwa gagwe e ka nna mo kotsing e e seng kana ka sepe.

10. Dingwe tsa dilo tse Satane a di dirisang go raela Bakeresete gore ba nne karolo ya lefatshe la gagwe ke dife?

10 Maikaelelo a ga Satane ke go koafatsa maikemisetso a Bakeresete ba boammaaruri a go itshwara jaaka “baagi ba nakwana” mo tsamaisong eno. Satane o batla gore re rate dikhumo, re kgatlhiwe ke boitsholo jo bo sa siamang, re batle go itseela kwa godimo, re lwele go nna ba ntlha mo go sengwe le sengwe re bo re nne le boipelafatso jwa bomorafe—tseno tsotlhe ke dirai tsa ga Satane mme re tshwanetse go di lemoga. Fa re ikemiseditse go ithiba mo dikeletsong tseno tse di sa siamang tsa senama, re bontsha sentle gore ga re batle go nna karolo ya lefatshe le le boikepo la ga Satane. Re bontsha gore re baagi ba nakwana fela mo go lone. Se tota re se batlang le se re lekang ka natla go se fitlhelela ke go nna baagi ba ba tla nnelang ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo.

BOITSHWARO JO BO SIAMENG

11, 12. Ka dinako dingwe batswakwa ba lebiwa jang, mme go ka tweng ka Basupi ba ga Jehofa?

11 Mo temaneng ya 12, Petere o tswelela go tlhalosa se se lebeletsweng mo Bakereseteng ba e leng “baagi ba nakwana,” a re: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” Ka dinako dingwe batswakwa kgotsa baagi ba nakwana mo nageng e e seng ya bone ba a nyadiwa. Ba ka lebiwa e le badirabosula e le fela ka gonne ba farologane le baagelani ba bone. Puo ya bone, ditiro tsa bone, moaparo wa bone tota le tsela e ba lebegang ka yone e ka nna ya bo e sa tshwane le ya baagi ba koo. Le fa go ntse jalo, fa ba dira molemo, ke gore fa boitsholo jwa bone bo siame, dilo tse di sa siamang tse di neng di buiwa ka bone ka gonne ba farologane  le batho ba bangwe, di a bonala gore ga di boammaaruri.

12 Bakeresete ba boammaaruri le bone ba farologane le baagelani ba bone ka dilo dingwe, tse di jaaka metlotlo ya bone le boitlosobodutu jo ba bo tlhophang. Tsela e ba aparang le e ba ipaakanyang ka yone gantsi e dira gore ba farologane le batho ba ba mo lefelong la bone. Ka dinako dingwe dilo tseno di dira gore batho ba ba boleletsweng se e seng boammaaruri ka bone ba ba pege molato wa go nna badirabosula. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ka nna ba ba akgola ka ntlha ya tsela e ba tshelang ka yone.

13, 14. Botlhale “bo supiwa [jang] bo siame ka ditiro tsa jone”? Bontsha.

13 Boitshwaro jo bo siameng bo ka thusa go fedisa go tshwaiwa diphoso kwantle ga mabaka a a utlwalang. Tota le Jesu yo e neng e le ene fela motho yo o neng a ikanyega ka botlalo mo Modimong, o ne a latofadiwa ka maaka. Bangwe ba ne ba mmitsa “monna yo o jang bobe le yo o lemaletseng go nwa beine, tsala ya bakgethisi le baleofi.” Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a direla Modimo ka botlhale ka yone e ne ya bontsha gore ditatofatso tsa gore ke moleofi, ke maaka. Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Math. 11:19) Go ntse jalo le gompieno. Ka sekai, baagelani bangwe ba ne ba tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang kwa Bethele ya kwa Selters, kwa Jeremane, e le batho ba ba gakgamatsang. Le fa go ntse jalo ramotse wa lefelo leo o ne a buelela baithaopi bao a re: “Basupi ba ba direlang koo ba tshela ka tsela ya bone, mme seo ga se kgoreletse ka gope matshelo a batho ba bangwe mo motseng.”

Boammaaruri ba Baebele bo ne jwa thusa go kopanya lelapa leno la kwa Russia

14 Bosheng jaana go ne ga fitlhelelwa tshwetso e e tshwanang le eo malebana le Basupi ba ga Jehofa ba kwa Moscow, Russia. Ba ne ba latofadiwa ka maaka gore ba dirile ditiro dingwe tse di sa siamang. Go tswa foo ka June 2010, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho kwa Strasbourg, Fora, e ne ya dira tshwetso eno: “Kgotlatshekelo e fitlhetse gore [Moscow] e ile ya gataka ditshwanelo tsa balatofadiwa tsa go nna le kgololesego ya bodumedi le go nna le dipokano. Dikgotlatshekelo tse dinnye ga di a ka tsa tlhalosa mabaka a a ‘utlwalang le a a lekaneng’ a go bontsha gore balatofadiwa” ba ne ba le molato, ka sekai, wa go thuba malapa, go dira gore batho ba ipolaye kgotsa go ganela batho ka kalafi. Ka jalo, “dikgotlatshekelo tse dinnye di ne di dirisa dithibelo le melao kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa ka tsela e e gobelelang.”

GO IKOBELA TAOLO KA TSELA E E SIAMENG

15. Bakeresete ba boammaaruri lefatshe ka bophara ba latela molaomotheo ofe wa Baebele?

15 Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow—tota le mo lefatsheng ka bophara—ba dira sengwe gape se Bakeresete ba lebeletsweng gore ba se dire se se tlhalositsweng ke Petere. O ne a kwala jaana: “Ka ntlha ya Morena ipeyeng mo taolong ya sebopiwa sengwe le sengwe se e leng motho: e ka ne e le kgosi ka e le kgolo kgotsa balaodi.” (1 Pet. 2:13, 14) Le fa Bakeresete ba boammaaruri e se karolo ya lefatshe leno le le boikepo, ba iketleeleditse go ikobela  balaodi ba puso “mo maemong a bone a a lekanyeditsweng” fela jaaka Paulo a ne a ba laela.—Bala Baroma 13:1, 5-7.

16, 17. (a) Ke eng se se bontshang gore ga re kgatlhanong le dipuso? (b) Ke eng se baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ileng ba se lemoga?

16 Fa Basupi ba ga Jehofa ba itshwara jaaka “baagi ba nakwana” mo tsamaisong eno, ga ba dire jalo ka gonne ba batla go nna kgatlhanong le puso kgotsa go tshwaya batho ba bangwe diphoso; e bile ga ba kgatlhanong le batho ba bangwe ka ditshwetso tse ba di dirileng malebana le dikgang tsa dipolotiki kgotsa tsa loago. Go farologana le madumedi a mangwe, Basupi ba ga Jehofa ga ba itshunye nko mo dipolotiking. Ga ba leke go laela badiredi ba puso gore ba tshwanetse go dira eng. Le ka motlha ga ba na kgopolo ya go tsuologela puso kgotsa go dira gore batho ba bangwe ba tsuologe!

17 E re ka Bakeresete ba ikobela balaodi go dumalana le kgakololo ya ga Petere ya gore ga ‘tlotle kgosi,’ ba naya balaodi tlotla e e ba tshwanetseng go ya ka maemo a bone. (1 Pet. 2:17) Ka dinako dingwe, balaodi ba ile ba dumela gore ga ba na lebaka le le utlwalang la go tshwenyega ka Basupi ba ga Jehofa. Ka sekai, radipolotiki wa Mojeremane e bong Steffen Reiche, yo e neng e le tona ya palamente mo kgaolong ya Brandenburg, mme moragonyana ya nna leloko la palamente ya Jeremane o ne a re: “Boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa mo dikampeng tsa pogisetso le mo dikgolegelong bo ne bo bontsha dinonofo tse di leng botlhokwa gompieno fela jaaka mo nakong e e fetileng gore go tswelele go na le temokerasi mo nageng ya rona: ka sekai, go nna ba nitame kgatlhanong le setlhopha sa SS e bile ba tshwara batshwarwa ba bangwe sentle. Fa re akanya ka tsela e e makgwakgwa e batswakwa ba tshwarwang ka yone, le kafa batho ba ba nang le dikgopolo tse di farologaneng ba tshwarwang ka yone, re lemoga gore dinonofo tseno di botlhokwa mo baaging ba naga ya rona.”

GO BONTSHA LORATO

18. (a) Ke eng fa go le motlhofo gore re rate bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe? (b) Ke eng se batho bangwe ba se lemogileng ka Basupi?

18 Moaposetoloi Petere o ne a re: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe, boifang Modimo.” (1 Pet. 2:17) Basupi ba ga Jehofa ba tila go kgopisa Modimo, mme seo se ba rotloetsa gore ba batle go dira thato ya gagwe. Ba itumelela go direla Jehofa e le karolo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba lefatshe lotlhe ba le bone ba nang le maikaelelo a a tshwanang. Ka jalo, go nna motlhofo mo go bone gore ba ‘rate bakaulengwe botlhe.’ Ka dinako dingwe lorato lo lo ntseng jalo lwa bokaulengwe, lo lo sa bonweng motlhofo mo lefatsheng la gompieno le le pelotshetlha, lo gakgamatsa batho ba e seng Basupi. Ka sekai, motho yo o tsamaisang bajanala kwa khampaning nngwe ya Amerika e e rulaganyang maeto, o ne a gakgamaletse lorato le tsela e ka yone Basupi ba neng ba thusa batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe, ba ba neng ba tlile kopanong ya ditšhabatšhaba ya 2009 kwa Jeremane. O ne a re mo dingwageng tsotlhe tse a di feditseng a dira tiro ya go tsamaisa bajanala, ga a ise a bone sepe se se tshwanang le seo. Moragonyana, mongwe wa Basupi o ne a akgela jaana: “Sengwe le sengwe se a se buileng ka rona se ne se bontsha gore o gakgametse e bile o kgatlhegile.” Kwa kopanong e o kileng wa ya kwa go yone, a o kile wa utlwa batho ba bua ka tsela eo morago ga go bona tsela e Basupi ba dirang dilo ka yone?

19. Re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng, mme ka ntlha yang?

19 Basupi ba ga Jehofa ba bontsha gore tota ke “baagi ba nakwana” mo tsamaisong eno ya ga Satane, ka ditsela tse re sa tswang go tlotla ka tsone—le tse dingwe. E bile ba ititeile sehuba go tswelela pele ba itumelela go dira jalo. Ba na le tsholofelo e e nonofileng ya gore mo bogautshwaneng ba tla nna baagi ba ba tla nnelang ruri ba lefatshe le lesha la Modimo la tshiamo. A ke se le wena o lebileng pele go se bona?