Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Pele ga nna le mosadi wa me re ithuta boammaaruri, re ne ra dirisa mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng (in vitro fertilization) ka gonne re ne re batla go nna le ngwana. Mae ao a a kopantsweng le peo (embryo) ga a ka a dirisiwa otlhe; a mangwe a ne a gatsediwa mme a bewa. A a tshwanetse go nna a bolokilwe kgotsa a tshwanetse go latlhiwa?

Eno ke nngwe ya ditshwetso tse dintsi tse di botlhokwa thata tse di amanang le boitsholo tse banyalani ba lebanang le tsone fa ba akanyetsa go dirisa mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng (IVF). Banyalani botlhe ba tla ikarabelela mo go Jehofa ka tshwetso e ba e dirang. Le fa go ntse jalo, go ka thusa go tlhaloganya ka botlalo mokgwa ono wa go thusa mosadi go ima.

E ne e le ka 1978 fa mosadi wa ntlha kwa Engelane a ne a thusiwa go ima go dirisiwa mokgwa ono o e seng wa tlholego. O ne a ntse a sa kgone go ima ka gonne di-Fallopian tube tsa gagwe di ne di thibane, ka jalo peo e ne e sa kgone go kopana le lee la gagwe. Dingaka di ne tsa ntsha lee la gagwe le le godileng sentle ba le tsenya mo galaseng mme ba le kopanya le peo ya monna wa gagwe gore e le nontshe. Lee leno le le kopantsweng le peo le ne la golela mo galaseng e e nang le dikotla mme go tswa foo la tsenngwa mo popelong ya mosadi yoo. Fa nako e ntse e ya, o ne a tshola ngwana wa mosetsana. Mokgwa ono o ne wa bidiwa in vitro (mo galaseng) fertilization kgotsa IVF.

Le fa tsela e dilo di dirwang ka yone e ka farologana go ya ka dinaga, gantsi mokgwa ono wa IVF o akaretsa dilo tse di latelang: Mosadi o fetsa dibeke di le mmalwa a newa melemo e e dirang gore a tlhagise mae a le mantsinyana. Monna a ka kopiwa gore a neelane ka peo e e sa ntseng e le ntšha ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Mae le peo e e tlhatswitsweng di kopanngwa kwa laboratoring. Mae a le mmalwa a ka nna a nontshiwa a bo a simolola go kgaogana go nna di-embryo. Morago ga letsatsi le le lengwe kgotsa a le mmalwa, mae ano a a kopantsweng le peo a a tlhatlhobiwa go bona gore ke afe a a sa itekanelang sentle le a go lebegang a itekanetse e bile a ka gola sentle fa a ka tsenngwa mo popelong. Gantsi mo letsatsing la boraro mae a a kopaneng le peo a a itekanetseng sentle a le mabedi kgotsa a le mararo a tsenngwa mo popelong ya mosadi gore a nne le ditshono tse dintsi tsa go ima. Fa lengwe la mae ao kgotsa a le mmalwa a ka kgomarela mo popelong, mosadi o a ima mme go lebeletswe gore fa nako e ntse e ya a tshole ngwana.

Mme go tweng ka mae a a kopaneng le peo a a sa tsenngwang mo popelong ya mosadi, go akaretsa le a go lebegang a sa itekanela sentle kgotsa a a lebegang a le bokoa? Fa a ka tlogelwa fela, go ise go ye kae a tla bo a sa tlhole a tshela. Pele seo se direga, mae ano a ka nna a gatsediwa mo seeding sa naeterojene. Goreng? Fa  maiteko a ntlha IVF a sa atlege, mae a mangwe a a neng a beilwe a ka dirisiwa gape mme seo se tla fokotsa ditshenyegelo. Le fa go ntse jalo, seno se ka tsosa kgang ya moruthutha. Fela jaaka banyalani ba ba boditseng potso e e fa godimo, ba le bantsi ba fitlhela go le thata go dira tshwetso ya gore ba dire eng ka mae a bone a a kopaneng le peo a a gatseditsweng. Ba ka nna ba bo ba sa batle bana ba bangwe gape. Batsadi ba ka tswa ba setse ba godile kgotsa ba se na madi a go godisa ngwana yo mongwe gape. Ba ka tswa ba tshaba mathata a ka nnang teng ka ntlha ya go ima mafatlha. * Kgotsa gongwe loso lwa molekane yo mongwe kgotsa go tsena gape mo lenyalong ga yo mongwe go ka nna ga raraanya dilo. Ee, banyalani ba ka nna ba tshwenyega ka dilo tse dintsi mme seno sa dira gore ba tswelele ba duelela go bolokiwa ga mae a bone dingwaga di le dintsi.

Ka 2008, moitse mogolo wa embryology o ne a akgela mo lekwalodikgang la The New York Times, a tlhalosa gore batho ba le bantsi ba ne ba sa itse gore ba dire eng ka mae a bone a a kopaneng le peo a a sa dirisiwang. Lokwalodikgang loo lwa re: “Go setse go beilwe bobotlana mae a a kopaneng le peo a le 400 000 mo ditleliniking tse di mo nageng yotlhe mme a nna a oketsega letsatsi le letsatsi . . . Mae a a kopaneng le peo a ka tswelela a tshela dingwaga di le lesome kgotsa go feta fa e le gore a gatseditswe sentle mme ga se otlhe a a ka tswelelang a tshela fa a sena go gakolosiwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Kgang e re sa tswang go tlotla ka yone e tlhoka gore Mokeresete a e akanyetse ka kelotlhoko. Ka ntlha yang?

Go botlhokwa gore banyalani ba Bakeresete ba ba tlhokang go dira tshwetso e e amanang le go dirisa mokgwa IVF ba akanyetse ditlamorago tsa maemo a tsa kalafi a a tshwanang le a a tlhalositsweng fa godimo. Mokeresete a ka nna a tshwanelwa ke go dira tshwetso ka wa losika yo go se nang tsholofelo ya gore a ka tshela yo o thusiwang ke sedirisiwa se se tshegetsang botshelo, jaaka motšhine o o thusang go hema. Bakeresete ba boammaaruri ba tlotla botshelo; go dumalana le Ekesodo 20:13 le Pesalema 36:9, e bile ba bo tseela kwa godimo.  Tsogang! ya May 8, 1974 (ka Seesemane), e ne ya akgela jaana: “Ka gonne ba tlotla tsela e Modimo a lebang botshelo bo le boitshepo ka yone, e bile ba kaelwa ke segakolodi sa bone le go ikobela melao ya puso, ba ba batlang gore matshelo a bone a dumalane le melaometheo ya Baebele ga ba ka ke ba bolaya ka boomo motho yo o lwalang thata.” Le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe wa losika a ka tswa a tshela fela ka gonne a thusiwa ke sedirisiwa sa thekenoloji gore a tswelele a tshela. Ba losika ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ba tshwanetse go tswelela ba mmolokile mo sedirisiweng seo se se tshegetsang botshelo.

Ke boammaaruri gore kgang eno ga e tshwane le ya banyalani ba ba neng ba dirisa mokgwa wa IVF e bile ba sa ntse ba bolokile mae a a kopaneng le peo. Mme gone, ba ka nna ba akantshiwa gore ba ntshe mae ao a a kopaneng le peo a a gatseditsweng mo naeterojeneng gore a gakologe. Fa mae ao a ntshitswe mo segatsetsing, a a senyega mme a bo a sa tlhole a le mo boemong jwa go dirisiwa. Banyalani ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ba tla letlelela seno.— Bagal. 6:7.

Ka gonne banyalani ba dirisitse mokgwa wa IVF gore mosadi a kgone go ima ka tsholofelo ya gore a tshole ngwana, ba ka nna ba tlhopha go tswelela ba duelela ditshenyegelo tsa go boloka mae a a kopaneng le peo a a setseng mo segatsetsing kgotsa gongwe ba ka batla go a dirisa mo nakong e e tlang fa ba batla go nna le ngwana. Le fa go ntse jalo, banyalani ba bangwe bone ba ka nna ba swetsa ka gore ba emise go duelela mae a a kopaneng le peo, ba tsaya gore mae ao a tshela fela ka gonne go dirisiwa mokgwa o e seng wa tlholego. Bakeresete ba ba tshwanelwang ke go dira tshwetso eno ba ikarabelela mo Modimong gore ba dirise segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele. Ba batla go nna le segakolodi se se se nang molato mme gape ba akanyetsa le digakolodi tsa ba bangwe.—1 Tim. 1:19.

Bakeresete ba ba tshwanelwang ke go dira tshwetso eno ba ikarabelela mo Modimong gore ba dirise segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele

Moitse mongwe wa mathata a go palelwa ke go tshola (boopa) o ne a lemoga gore banyalani ba le bantsi “ba ne ba sa itse gore ba dire eng e bile ba tshwenyegile thata ka maikarabelo a ba nang le one a go dira tshwetso ya gore ba dire eng ka mae a bone a a kopaneng le peo” a a gatseditsweng. O ne a swetsa ka gore: “Mo banyalaning ba le bantsi, go lebega go se na tshwetso e e siameng.”

Ga go pelaelo gore Bakeresete ba boammaaruri ba ba akanyetsang go dirisa mokgwa ono wa IVF ba tshwanetse go sekaseka ditlamorago tse di masisi tsa go dirisa mokgwa ono. Baebele e gakolola jaana: “Motho yo o botlhale o bona kotsi mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba feta fela mme ba utlwe botlhoko ka ntlha ya gone.”—Dia. 22:3, NET Bible.

Baratani ba ba sa nyalanang ba ba ithutang Baebele ba batla go kolobediwa, mme ga ba kgone go kwadisa lenyalo la bone semolao ka gonne monna ga a tsena mo nageng ka molao. Puso ga e letle motswakwa yo o tseneng mo nageng e se ka molao gore a nyale. A ba ka saena setlankana sa Declaration Pledging Faithfulness mme ba bo ba kolobediwa?

Seno se ka lebega e le tharabololo mme gone, ga se tsela ya Dikwalo ya go rarabolola bothata jwa bone. Go tlhaloganya lebaka la seo, a re simololeng ka go sekaseka boikaelelo jwa Declaration Pledging Faithfulness, lebaka la go bo e le gone le kafa e tshwanetseng go dirisiwa ka gone.

Seno ke setlankana se se kwadilweng se se saeniwang fa pele ga basupi, se saeniwa ke baratani ba ba palelwang ke go nyalana ka ntlha ya lebaka le le umakilweng fa tlase. Mo setlankaneng seno, baratani bano ba ikana gore ba tla ikanyega mongwe go yo mongwe le gore ba tla kwadisa lenyalo la bone semolao fa go ka kgonega. Phuthego e tla ba tsaya ba ikanne fa pele ga Modimo le batho gore ba tla ikanyega mongwe go yo mongwe ka jalo, kamano ya bone e ka tsewa e tshwana le fa ba ka bo ba saenile semolao.

Ke ka ntlha yang fa go dirisiwa Declaration Pledging Faithfulness mme gone e dirisiwa leng? Jehofa ke mosimolodi wa lenyalo mme o le tseela kwa godimo. Morwawe o ne a re: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Math. 19:5, 6; Gen. 2:22-24) Jesu o ne a oketsa ka go re: “Le fa e le mang yo o tlhalang  mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo [boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo], mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Math. 19:9) Ka jalo, “kgokafalo” e leng boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ke lone fela lebaka la Dikwalo la go tlhala. Ka sekai, fa monna a tlhakanela dikobo le mongwe yo e seng molekane wa gagwe wa lenyalo, mosadi wa gagwe a ka nna a dira tshwetso ya gore a mo tlhale kgotsa a se ka a mo tlhala. Fa a mo tlhala, o gololesegile go nyalwa gape.

Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse dingwe, segolobogolo mo nakong e e fetileng, kereke e e nang le tlhotlheletso e kgolo mo nageng e ne e sa amogele molao ono wa Dikwalo. Go na le moo, e ne e ruta gore tlhalo ga ya letlelelwa go sa kgathalesege lebaka lepe fela. Ka jalo, mo mafelong mangwe, a kereke e neng e na le tlhotlheletso e kgolwane mo go one, molao ga o letlelele tlhalo, tota le ka ntlha ya lebaka le le utlwalang le Jesu a le umakileng. Mo dinageng tse dingwe, tlhalo e letleletswe mme gone tsela e dilo di dirwang ka yone e tsaya lobaka lo loleele, e raraane e bile go batliwa dilo tse dintsi. Go ka tsaya dingwaga di le dintsi gore motho a bone lekwalo la tlhalo. Go ntse jaaka e kete kereke kgotsa puso e “thibela” se Modimo a se amogelang.—Dit. 11:17.

Ka sekai, banyalani ba ka tswa ba nna mo nageng e go sa kgonegeng gore motho a tlhale kgotsa e go tsayang dingwaga di le dintsi go bona lekwalo la tlhalo. Fa e le gore ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang go fedisa lenyalo la bone le le ka fa molaong mme ba tshwanelega mo matlhong a Modimo go nyala gape, ba ka nna ba saena Declaration Pledging Faithfulness. Eno ke thulaganyo e e lorato e e diretsweng diphuthego tsa Bokeresete mo mafelong a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ga se thulaganyo e e dirisiwang mo dinageng tse dintsi koo tlhalo e letleletsweng gone, tota le fa tsela e dilo di dirwang ka yone e raraane kgotsa e ja madi a mantsi.

E re ka bangwe ba sa tlhaloganye Declaration Pledging Faithfulness, batho bangwe ba ba nnang kwa mafelong a kwa go one tlhalo e kgonegang ba ile ba botsa ka ga go saena setlankana seno go na le gore ba lebane le dithulaganyo tse di tlhakatlhakaneng tsa go tlhala.

Mo kgannyeng e go builweng ka yone fa godimo, monna le mosadi ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, ba batla go nyalana. Mongwe le mongwe wa bone o gololesegile go ya ka Dikwalo; ga a golegiwa mo molekaneng wa gagwe wa pele. Le fa go ntse jalo, monna yoo o tsene mo nageng e se kafa molaong, mme puso ga e ka ke ya letlelela lenyalo la batswakwa ba ba tseneng mo nageng e se kafa molaong. (Mo dinageng di le dintsi puso e letla batho go nyalana, le fa a le mongwe fela wa bone kgotsa boobabedi e se baagi ba naga eo.) Mme fano re tlotla ka naga e tlhalo e letleletsweng mo go yone. Ka jalo, batho bano ga ba a tshwanela go saena Declaration Pledging Faithfulness. Ela tlhoko gore ga go ope wa baratani bano boobabedi, yo o batlang lekwalo la tlhalo mme a thibelwa go nna le lone. Ba gololesegile go nyalana. Le fa go ntse jalo, e re ka monna a tsene mo nageng e se kafa molaong, ba ka kgona jang go nyalana? Ba ka nna ba tshwanelwa ke go ya kwa nageng e nngwe kwa boemo jwa gagwe bo ka se kang jwa mo kgoreletsa gone. Kgotsa ba ka nna ba kgona go nyalana mo nageng eo e ba nnang mo go yone, fa monna yoo a ka tsaya matsapa a go ikwadisa gore e nne moagi wa naga eo semolao.

Ee ruri, baratani bano ba ka kgona go dira gore matshelo a bone a dumalane le melao ya Modimo le ya Kaesara. (Mar. 12:17; Bar. 13:1) Re solofela gore ba tla dira jalo. Mme morago ga moo, ba ka tshwanelega gore ba kolobediwe.—Baheb. 13:4.

^ ser. 6 Go tweng fa e le gore ngwana yo o golang mo popelong o lebega a sa itekanela kgotsa mae a le mmalwa a kgomarela mo popelong? Fa mosadi a ka fedisa go ima moo ka boomo, seno e tla bo e le go senya mpa. Gantsi fa go dirisiwa mokgwa ono wa IVF, go ka direga gore mosadi a ime mafatlha (a le mabedi, a le mararo kgotsa go feta) mme seno se ka dira gore ngwana a tsholwe pele ga nako kgotsa mosadi a ka dutlela madi ka fa teng ka nako ya fa a imile. Mosadi yo o imileng bana ba ba fetang a le mongwe a ka nna a kgothalediwa gore a bolaye a le mongwe kgotsa ba le mmalwa. Seno e tla bo e le go senya mpa ka boomo, e leng se se tshwanang fela le go bolaya.—Ekes. 21:22, 23; Pes. 139:16.