Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Baagi Ba Nakwana” ba Seoposengwe mo Kobamelong ya Boammaaruri

“Baagi Ba Nakwana” ba Seoposengwe mo Kobamelong ya Boammaaruri

“Batswakwa ba tla nna balemirui ba lona le babaakanyi ba lona ba mefine. Fa e le lona, lo tla bidiwa baperesiti ba ga Jehofa.”—ISA. 61:5, 6.

1. Batho bangwe ba leba jang batswakwa, mme ke eng fa seo se le phoso?

JAAKA go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, batho bangwe ba dirisa lefoko “motswakwa” go sotla, ba dira jalo e le go tseela ba bangwe kwa tlase le e leng go ba nyatsa. Mokgwa ono wa go tseela batho ba setšhaba se sengwe kwa tlase ke go ba tlontlolola. Mme tota go akanya jalo ke go sa bontshe bopelonomi. Bukana ya The Races of Mankind ya re: “Baebele e bitsa batho ba ditso tse di farologaneng e re ke—bakaulengwe.” Le fa gone bakaulengwe ba farologane thata, se se salang ke gore ke bakaulengwe.

2, 3. Jehofa o leba jang batswakwa?

2 Gone ke boammaaruri gore, go sa kgathalasege gore re nna kae, re tshela le batswakwa. Baiseraele ba bogologolo bao ka kgolagano ya Molao, ba neng ba na le kamano e e kgethegileng le Jehofa Modimo le bone ba ne ba tshela le batswakwa. Batho ba e neng e se Baiseraele ba ne ba na le ditshwanelo tse di lekanyeditsweng, le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ba tlotla le go ba tshwara sentle. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne se re ka se etsang! Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go tlhaolana. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Petere o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Dit. 10:34, 35.

3 Batswakwa kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba solegelwa molemo ke go nna le kamano e e gaufi le Baiseraele. Seno se ne se bontsha kafa Jehofa a ikutlwang ka teng ka kgang eno, jaaka e ile ya tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo dingwagangwaga moragonyana fa a ne a botsa jaana ka Jehofa: “A ke Modimo wa Bajuda fela? A gape ga se wa batho ba ditšhaba? Ee, le wa batho ba ditšhaba gape.”—Bar. 3:29; Joele 2:32.

4. Ke ka ntlha yang fa re ka re go ne go se na batswakwa mo “Iseraele wa Modimo”?

 4 Ka kgolagano e ntšha, phuthego ya batlodiwa ba Bakeresete e ne ya emisetsa Iseraele wa mmatota jaaka setšhaba se Modimo a neng a tla nna le kamano e e kgethegileng le sone. Ka jalo, se bidiwa “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) Mme jaaka Paulo a tlhalositse, mo setšhabeng seno se sesha, ‘ga go na Mogerika le fa e le Mojuda, go rupa le fa e le go sa rupa, motswakwa, Mosethia, motlhanka, mogololesegi, mme Keresete ke dilo tsotlhe e bile o mo go botlhe.’ (Bakol. 3:11) Ka jalo, mo phuthegong ya Bokeresete go ne go se na batswakwa.

5, 6. (a) Ke potso efe e e ka bodiwang malebana le Isaia 61:5, 6? (b) “Baperesiti ba ga Jehofa” le “batswakwa” ba ba umakilweng ke Isaia, ke bomang? (c) Ditlhopha tseno tse pedi di tshwana ka eng?

5 Ka fa letlhakoreng le lengwe, mongwe a ka nna a bua ka kgaolo 61 ya buka ya Isaia, e e nang le boporofeti jo bo diragadiwang mo phuthegong ya Bokeresete. Temana 6 ya kgaolo eo e bua ka bao e tla nnang “baperesiti ba ga Jehofa.” Le fa go ntse jalo, temana 5 e bua ka “batswakwa” ba ba tla dirisanang mmogo le “baperesiti” bao. Re tshwanetse go tlhaloganya seo jang?

6 Re tlhaloganya ‘baperesiti bao ba ga Jehofa’ e le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nang le seabe mo “tsogong ya ntlha” e bile “ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshen. 20:6) Mo godimo ga moo, go na le Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Bano le fa ba dirisana mmogo le ba ba tla direlang kwa legodimong, ke batswakwa ka tsela ya tshwantshetso. E re ka ba ema nokeng le go dira mmogo le “baperesiti ba ga Jehofa,” go ntse jaaka e kete ke “balemirui” le “babaakanyi ba mefine.” Fa ba ntse ba rera le go ruta batho, ba thusa go tlhagolela dinonofo tse moya o di tlhagisang e le go galaletsa Modimo. Eleruri, batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba batla batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba ratang go direla Modimo ka bosakhutleng.—Joh. 10:16.

“BAAGI BA NAKWANA” BA TSHWANA LE ABORAHAME

7. Gompieno Bakeresete ba tshwana jang le Aborahame le batho ba bogologolo ba ba ikanyegang?

7 Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Bakeresete ba boammaaruri ba  tshwana le batswakwa kgotsa baagi ba nakwana mo lefatsheng leno le le boikepo la ga Satane. Ka tsela eno, ba tshwana le batho ba bogologolo ba ba ikanyegang—go akaretsa le Aborahame—ba go buiwang gore “e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” (Baheb. 11:13) Le fa tsholofelo ya rona e ka tswa e le efe ka isagwe, re na le tshiamelo ya go nna le kamano le Jehofa, e Aborahame a neng a na le yone. Jakobe o tlhalosa gore “‘Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene, ‘ a ba a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’”—Jak. 2:23.

8. Aborahame o ne a newa tsholofelo efe, mme o ne a ikutlwa jang ka go diragadiwa ga yone?

8 Modimo o ne a solofetsa gore ka Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe, malapa otlhe a mo lefatsheng—e seng setšhaba se le sengwe—a tla segofadiwa. (Bala Genesise 22:15-18.) Le fa go diragadiwa ga tsholofetso eo ya Modimo go ne go sa ntse go le kgakala, Aborahame o ne a nna a solofetse gore e tla diragadiwa. Mo nakong e ntsi ya botshelo jwa gagwe, Aborahame le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo lefelong le lengwe ba ya kwa go le lengwe. Mme ga a ka a tlogela go nna tsala ya ga Jehofa.

9, 10. (a) Re ka etsa sekao sa ga Aborahame ka ditsela dife? (b) Ke taletso efe e re ka e isang kwa bathong ba bangwe?

9 Le fa Aborahame a ne a sa itse gore o tshwanetse go leta nako e kana kang pele tsholofelo ya gagwe e diragadiwa, lorato le boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ga di a ka tsa reketla. O ne a nna a tlhomile matlho, e seng gore a nne moagi wa leruri mo ditšhabeng dingwe. (Baheb. 11:14, 15) A bo go le botlhale jang ne go etsa sekao sa ga Aborahame, ka go tshela botshelo jo bo sa raraanang le ka go sa lwele go nna le dithoto tse dintsi, maemo mo setšhabeng kgotsa go nna le tiro e e duelang sentle! Ke ka ntlha yang fa o lwela go tshela botshelo jo go tweng bo tlwaelegile mo tsamaisong eno e e tlogang fela? Ke eng fa o tshwanetse go rata lefatshe leno le le tlogang le fela? Fela jaaka go ne go ntse ka Aborahame, re letetse sengwe se se botoka thata. Re ikemiseditse go bontsha bopelotelele le moya wa go leta go fitlha tsholofelo ya rona e diragadiwa.—Bala Baroma 8:25.

A o tla nna o tlhomile mogopolo mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo fela jaaka Aborahame?

10 Jehofa o sa ntse a laletsa batho ba ditšhaba tsotlhe gore ba tle go segofadiwa ka losika lwa ga Aborahame. Mme “baperesiti ba ga Jehofa” mmogo le ba dinku tse dingwe “batswakwa,” ba fetisetsa taletso eno kwa bathong ba bangwe lefatshe ka bophara ka dipuo tse di fetang 600.

GO RATA BATHO BA DITŠHABA TSOTLHE

11. Solomone o ne a reng malebana le batho ba e neng e se Baiseraele?

11 Fa tempele e neelwa ka 1026 B.C.E., Solomone o ne a lemoga gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba ne ba tla kopana mmogo go galaletsa Jehofa go dumalana le tsholofetso e Jehofa a e dirileng le Aborahame. O ne a rapela jaana go tswa pelong: “Gape le motswakwa, yo e seng mongwe wa batho ba gago ba Iseraele yo o tswang kwa lefatsheng le le kgakala ka ntlha ya leina la gago (gonne ba tla utlwa ka leina la gago le legolo le ka seatla sa gago se se nonofileng le ka lebogo la gago le le otlologileng), mme ruri a tla a bo a rapela mo ntlong eno, e kete o ka reetsa o le kwa magodimong, kwa lefelong la gago le le tlhomameng la bonno, mme o dire go ya ka sotlhe se motswakwa a se go biletsang; gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tle di itse leina la gago gore di go boife fela jaaka batho ba gago Iseraele ba dira, le gore ba itse gore leina la gago le biditswe mo ntlong eno e ke e agileng.”—1 Dikg. 8:41-43.

12. Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba tsaya Basupi ba ga Jehofa e le ba ba siilweng ke nako kgotsa e le “batswakwa”?

12 Motswakwa ke motho yo o leng mo nageng e e seng ya gaabo kgotsa ke motho yo o tlileng mo setšhabeng se e seng sa gaabo.  Seno se tlhalosa Basupi ba ga Jehofa sentle. Ba ikobela puso ya kwa legodimong e leng bogosi jwa Modimo jo bo eteletsweng pele ke Keresete. Ka jalo, ga ba tsenelele mo dikgannyeng tsa dipolotiki, le fa seo se dira gore batho ba bangwe gompieno ba ba tseye ba siilwe ke nako.

Ga go ope wa bone yo Jehofa a mo lebang e le motswakwa

13. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhoma mogopolo fela mo go lebeng motho e le motswakwa? (b) A kwa tshimologong Jehofa o ne a ikaeletse gore batho ba tshwarane jaaka batswakwa? Tlhalosa.

13 Gantsi go na le dilo dingwe tse batswakwa ba lemogiwang ka tsone. E ka nna tsela e ba buang ka yone, tlwaelo nngwe e e rileng, tsela e ba lebegang ka yone tota le kafa ba aparang ka teng. Le fa go ntse jalo, dilo tse batho botlhe ba tshwanang ka tsone, go sa kgathalasege bomorafe jwa bone di botlhokwa thata go feta dilo tse ba farologanang ka tsone. Ka jalo, batho ba leba motho e le motswakwa fela ka go bo a farologane le bone ka ditsela dingwe. Fa re sa lebe fela tsela e re farologaneng le motho ka yone, re ka se mo tseye e le motswakwa. Fa batho botlhe mo lefatsheng e ka bo e le baagi ba puso e le nngwe, ga go na motho ope yo e neng e tla nna motswakwa. Tota e bile, go tswa kwa tshimologong, Jehofa o ne a ikaeletse gore batho botlhe ba nne seoposengwe e le lelapa le le lengwe, ba busiwa ke puso e le nngwe—puso ya gagwe. A go a kgonega gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlogele go leba ba bangwe jaaka batswakwa?

14, 15. Basupi ba ga Jehofa e le setlhopha ba anaanela eng?

14 Mo lefatsheng leno le le tletseng megagaru le bosetšhaba, go nametsa pelo go fitlhela batho ba ba ratang batho ba ditšhaba tsotlhe. Gone ke boammaaruri gore go fenya tlhaolele ga go motlhofo. Mothei wa seteishene sa thelebishene sa CNN, e bong Ted Turner o ne a akgela jaana malebana le tiro ya gagwe e a e dirang le batho ba le mmalwa ba ba nang le bokgoni ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng: “Go kopana le batho bano e ne e le selo se se itumedisang thata. Ke ne ka leba batho bano ba ba tswang mo dinageng tse dingwe e le baagi mmogo le nna mme e seng jaaka ‘batswakwa.’ Ke ne ka simolola go tsaya lefoko ‘motswakwa’ e le tshotlo mme ka tlhoma molao mo CNN wa gore lefoko leo le se ka la tlhola le dirisiwa mo thelebisheneng kgotsa fa go tlotliwa mo diofising. Go na le moo, go ne ga dirisiwa lereo, ‘baditšhaba.’”

15 Go ralala lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ke bone fela setlhopha se se nang le pono e e tshwanang le ya Modimo ka batho ba ditšhaba tsotlhe. Ba ithutile go nna le pono e e tshwanang le ya ga Jehofa ka batho, ka ntlha ya seo ba fetotse tsela e ba neng ba akanya le go ikutlwa ka yone ka batho ba bangwe.  Go na le gore ba tshware batho ba ditšhaba tse dingwe ka go sa ba tshepe, go ba belaela kgotsa le e leng bo ba tlhoa, ba ithutile go anaanela bokgoni jwa bone. A o ile wa akanya ka fa seno se go solegetseng molemo ka gone fa o dirisana le batho ba bangwe?

LEFATSHE LE LE SE NANG BATSWAKWA

16, 17. Go diragadiwa ga Tshenolo 16:16 le Daniele 2:44, go ka kaya eng mo go wena?

16 Go ise go ye kae, ditšhaba tsotlhe tsa gompieno di tla lebana le Jesu Keresete le masole a gagwe a kwa legodimong mo ntweng ya makgaolakgang e e malebana le bolaodi jwa Modimo, e e bidiwang “Hara-Magedona ka Sehebera.” (Tshen. 16:14, 16; 19:11-16) Dingwaga di le 2 500 tse di fetileng, moporofeti Daniele o ne a tlhotlhelediwa go bolelela pele ditlamorago tsa dipuso tsa batho tse di leng kgatlhanong le maikaelelo a Modimo, fa a re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Dan. 2:44.

17 Akanya gore seo se kaya eng mo go wena. Melelwane e e tlhomilweng ke batho, e gompieno e dirang gore mongwe le mongwe e nne motswakwa e tla bo e seyo. Le fa gone batho ba tla bo ba farologane, seno se tla bo se bontsha pharologanyo e ntle mo popong ya Modimo. Tsholofelo eno e e itumedisang e tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona gore a dire ka fa a ka kgonang ka teng gore a tswelele a galaletsa le go bontsha Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo tlotlo.

A o lebile pele mo nakong e go tla bong go se na melelwane e e tlhomilweng ke batho, fa go tla bo go se na motswakwa?

18. Ke dilo dife tse di diragetseng bosheng jaana tse di bontshang gore lefoko “motswakwa” le ka fedisiwa?

18 A go a utlwala go dumela gore phetogo eo e tla diragala mo lefatsheng lotlhe? Ee. Ruri go a utlwala gore e tla diragala. Basupi ba ga Jehofa ga ba tlhole ba leba batho ba bangwe e le “batswakwa,” ga ba amege thata ka gore ba tswa mo ditšhabeng dife. Ka sekai, bosheng jaana, diofisi tsa makala di ile tsa kopanngwa e le go tlhofofatsa tiro le go tokafatsa tiro ya go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Math. 24:14) Ditshwetso tseno ga di a dirwa ka ntlha ya tlhotlheletso ya melao ya puso. Seno gape ke bosupi jwa gore Jesu Keresete yo o tlhomilweng go nna Mmusi o fedisa melelwane ya batho, e bile o tloga a “digela phenyo ya gagwe” mo bogautshwaneng!—Tshen. 6:2.

19. Ke eng se puo e e itshekileng ya boammaaruri e kgonneng go se dira?

19 E re ka Basupi ba ga Jehofa ba tswa mo ditšhabeng tse dintsi e bile ba bua dipuo tse di farologaneng, ba lwela go bua puo ya boammaaruri. Seno se dira gore ba nne seoposengwe mme ba se ka ba aroganngwa. (Bala Sefania 3:9.) Leno ke lelapa la batho ba ditšhaba tsotlhe le le aroganeng le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Lelapa leno le le seoposengwe ke maoko fela a lefatshe le le tlang—lefatshe le le se nang batswakwa. Ga go na pelaelo gore mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo, o tla dumela boammaaruri jwa mafoko ano a bukana e e nopotsweng kwa pelenyana a a reng: “Baebele e bitsa batho ba ditso tse di farologaneng e re ke—bakaulengwe.”—The Races of Mankind.