Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atlega ka Tsela ya Mmatota mo Botshelong

Atlega ka Tsela ya Mmatota mo Botshelong

“O tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.”—JOSH. 1:8.

1, 2. (a) Batho ba le bantsi ba amanya katlego le eng? (b) O ka sekaseka jang tsela e wena o lebang katlego ka yone?

GO KAYA eng go atlega mo botshelong? Fa o ka botsa batho potso eo, o tla fitlhela gore dikarabo tsa bone di farologane thata. Ka sekai, batho ba le bantsi ba tsaya gore motho o atlegile fa a na le madi, a na le tiro kgotsa a rutegile. Ba bangwe ba amanya katlego le tsela e motho a dirisanang ka yone le ba lelapa, ditsala le badirimmogo. Motho yo o direlang Modimo a ka nna a amanya katlego le maikarabelo mo phuthegong kgotsa se motho a se fitlheletseng mo bodireding.

2 E le go bona gore wena o leba jang katlego, o ka nna wa kwala maina a batho ba le mmalwa ba o tsayang gore ba atlegile—batho ba o ba ratang le ba o ba tseelang kwa godimo. Ke nonofo efe e e tlhomologileng e ba tshwanang ka yone? A ba humile kgotsa ba tumile? A ba a itsege? Dikarabo tsa dipotso tseo di ka tswa di senola se se mo pelong ya gago, mme seo se ka ama thata dilo tse o di tlhophang le mekgele e o e latelelang.—Luke 6:45.

3. (a) Joshua o ne a tshwanetse go dira eng go atlegisa tsela ya gagwe? (b) Re tlile go sekaseka eng gone jaanong?

3 Kgang ya botlhokwatlhokwa ke gore a Jehofa o re leba re atlegile, ka gonne matshelo a rona a ikaegile ka gore a re amogele. Fa Jehofa a ne a naya Joshua maikarabelo a magolo a go etelela pele Baiseraele go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, o ne a mmolelela gore a bale Molao wa ga Moshe “motshegare le bosigo” a bo a ele tlhoko gore a ikobele se se kwadilweng mo go one. Modimo o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” (Josh. 1:7, 8) Mme o a itse gore ruri Joshua o ne a atlega. Go tweng ka rona? Re ka itse jang gore re leba katlego ka tsela e Modimo a e lebang ka yone? Gore re kgone go dira seo, mma re sekaseke matshelo a banna ba babedi ba ba umakilweng mo Baebeleng.

 A SOLOMONE O NE A ATLEGILE MO BOTSHELONG?

4. Ke eng fa go ka twe Solomone o ne a atlegile?

4 Solomone o ne a atlegile thata ka ditsela tse dintsi. Ka ntlha yang? Ka gonne, ka dingwagangwaga, o ne a boifa le go ikobela Jehofa mme o ne a mo segofatsa thata. Gopola gore fa Jehofa a ne a re Solomone a mo kope sengwe le sengwe, kgosi eno e ne ya mo kopa botlhale jwa go kaela batho. Ka jalo, Modimo o ne a mo segofatsa ka botlhale le dikhumo. (Bala 1 Dikgosi 3:10-14.) Botlhale jwa gagwe bo ne bo le “bogolo go gaisa botlhale jwa botlhe ba Botlhaba le go gaisa botlhale jotlhe jwa Egepeto.” Solomone o ne a tuma “mo ditšhabeng tsotlhe tse di mo tikologong yotlhe.” (1 Dikg. 4:30, 31) Fa re bua ka khumo ya gagwe, ngwaga le ngwaga o ne a amogela gouta ya bokete jwa ditone di le 25! (2 Ditir. 9:13) O ne a na le bokgoni jwa go dirisana le ditšhaba tse dingwe, a itse go aga e bile a kgona go dira ditumalano tsa kgwebo le ditšhaba tse dintsi. Fa Solomone a ne a ikanyega mo Modimong, o ne a atlega.—2 Ditir. 9:22-24.

5. Solomone o ne a lemoga eng malebana le ba ba atlegileng mo matlhong a Modimo?

5 Se Solomone a se kwadileng mo bukeng ya Moreri se bontsha gore o ne a sa tsiediwa ke go akanya gore batho ba ba humileng kgotsa ba ba tumileng ke bone ba ba atlegileng le ba ba itumetseng thata. Le e seng. O ne a kwala jaana: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka mo go bone fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Mor. 3:12, 13) Mme o ne a lemoga gore dilo tseno di molemo fa motho a amogelwa ke Modimo e bile a na le kamano e e molemo le Ene. Go ne go tshwanela gore Solomone a kwale jaana: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Mor. 12:13.

6. Sekao sa ga Solomone se re lemosa eng mo kgannyeng ya go lemoga se e leng katlego ya mmatota?

6 Solomone o ne a tsamaya le Modimo ka dingwagangwaga e bile a mmoifa. Baebele ya re o ne a “tswelela go rata Jehofa ka go tsamaya mo melaong ya ga Dafide rraagwe.” (1 Dikg. 3:3) A ga o tseye seo e le katlego ya mmatota? Modimo o ne a laela Solomone go aga tempele e ntle e go neng go tla dirwa kobamelo ya boammaaruri mo go yone le go kwala dibuka tse tharo tsa Baebele. Le fa rona re ka se dire se se tshwanang le seo, sekao sa ga Solomone fa a ne a ikanyega mo Modimong se tshwanetse go re bontsha gore katlego ya mmatota ke eng mme se re thuse go e fitlhelela. Mo kgannyeng eno, gopola gore Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala gore dilo tse gompieno batho ba le bantsi ba di lebang e le tsone tse di bontshang katlego—khumo, botlhale, botumo le maatla—ke lefela. Dilo tseno ga se sepe fela, ke go “kgaratlhela phefo.” A ga o ise o lemoge gore batho ba le bantsi ba ba ratang khumo ba batla go nna ba e oketsa? Mme gantsi ba nna ba tshwenyega ka se ba nang le sone. Mo godimo ga moo, ka letsatsi lengwe, khumo eo ya bone e tla ya kwa go ba bangwe.—Bala Moreri 2:8-11, 17; 5:10-12.

7, 8.  Ke ka tsela efe Solomone a ileng a palelwa ke go ikanyega, mme seo se ne sa felela ka eng?

7 Kgabagare Solomone o ne a se ka a tlhola a ikanyega. Lefoko la Modimo la re: “Ga diragala mo nakong ya fa Solomone a tsofala gore basadi ba gagwe ba ne ba fapositse pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago; mme pelo ya gagwe e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa Modimo wa gagwe jaaka pelo ya ga Dafide rraagwe. . . . Solomone a simolola go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.”—1 Dikg. 11:4-6.

8 Jehofa o ne a sa itumela fa a ne a raya Solomone a re: “Ka lebaka la gore . . . ga o a boloka kgolagano ya me le melao ya me e ke e go laetseng, ruri ke tla gagolaka bogosi ke bo ntsha mo go wena, mme ruri ke tla bo naya motlhanka wa gago.” (1 Dikg. 11:11) A bo go utlwisa botlhoko jang ne! Le fa Solomone a ne  a atlegile ka ditsela di le dintsi, fa nako e ntse e ya o ne a swabisa Jehofa. Solomone o ne a palelwa ke go dira selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong, e leng go ikanyega mo Modimong. Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana, ‘A ke ikemiseditse go dira gore thuto e ke ithutileng yone mo botshelong jwa ga Solomone e nthuse gore ke atlege?’

KATLEGO YA MMATOTA MO BOTSHELONG

9. Go ya ka tsela e lefatshe le lebang dilo ka yone, a Paulo o ne a atlegile? Tlhalosa.

9 Botshelo jwa ga moaposetoloi Paulo bo ne bo farologana thata le jwa ga Kgosi Solomone. Paulo ene, o ne a sa tshele botshelo jwa manobonobo jwa segosi le fa e le go ja le dikgosi. Go na le moo, go na le dinako tse ka tsone a neng a tshwarwa ke tlala, lenyora, a bolawa ke serame e bile a sa ikatega. (2 Bakor. 11:24-27) Fa Paulo a sena go amogela Jesu e le Mesia, o ne a sa tlhole a na le maemo a a tlotlegang mo tumelong ya Sejuda. Go na le moo, baeteledipele ba tumelo ya Sejuda, ba ne ba mo tlhoile. O ne a tsenngwa mo kgolegelong, a kgwathisiwa, a itewa ka dithobane a bo a kgobotlediwa ka maje. Paulo o ne a re ene le Bakeresetemmogo le ene ba ne ba gobololwa, ba bogisiwa ba bo ba senngwa leina. “Re ntse jaaka matlakala a lefatshe, matladika a dilo tsotlhe, go fitlha jaanong.”—1 Bakor. 4:11-13.

Go ya ka tsela e batho ba neng ba leba dilo ka yone, go ne go lebega Saulo a tlile go atlega

10. Ke eng fa go ne go lebega e kete Paulo o ganne go atlega?

10 Fa moaposetoloi Paulo e ne e sa ntse e le lekawana le le bidiwang Saulo, go ne go lebega dilo di mo tsamaela sentle thata. E re ka a ne a tsholetswe mo lelapeng le go lebegang le ne le itsege, o ne a rutiwa ke Gamaliele, morutisi yo o tlotlegang, e bile moragonyana o ne a kwala jaana: “Ke ne ke dira botswelelopele jo bogolo thata mo Bojudeng go feta ba le bantsi ba balekane ba me.” (Bagal. 1:14) O ne a kgona go bua Sehebera le Segerika sentle, mme a na le boagi jwa kwa Roma, e leng ditshiamelo le ditshwanelo tse ba le bantsi ba neng ba di eletsa. Fa a ka bo a ile a tlhopha go gagamalela katlego eo ya lefatshe, gongwe o ne a tla tuma a bo a nne le madi a mantsi. Go na le moo, o ne a tlhopha botshelo jo mo go ba bangwe—gongwe le bangwe ba losika lwa gagwe—bo neng bo lebega e le boeleele tota. Ka ntlha yang?

11. Ke dilo dife tse Paulo a neng a di anaanela, mme ka ntlha yang?

11 Paulo o ne a rata Jehofa go feta dikhumo le go batla go itsege mo bathong, e bile o ne a eletsa thata gore Jehofa a mo amogele. Fa Paulo a sena go nna le kitso ya boammaaruri, o ne a anaanela thekololo, bodiredi jwa Bokeresete le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong—e leng dilo tse gantsi lefatshe le di itlhokomolosang. Paulo o ne a lemoga gore go na le kgang e e tlhokang go rarabololwa. Satane o ne a rile a ka kgona go dira gore batho ba tlogele go direla Modimo. (Jobe 1:9-11; 2:3-5) Paulo o ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo Modimong le go itshoka mo kobamelong ya boammaaruri,  go sa kgathalesege gore o ne a lebana le diteko dife. Seo ke sengwe se gompieno batho ba le bantsi mo lefatsheng ba ba batlang go atlega ba palelwang ke go se dira.

Paulo o ne a atlegile ka tsela ya mmatota

12. Ke ka ntlha yang fa o ile wa tlhopha go ikanya Modimo?

12 A le wena o ikemiseditse go dira fela jaaka Paulo? Le fa go tshela ka boikanyegi go se motlhofo ka metlha, re a itse gore seo se tla dira gore Jehofa a re segofatse a bo a re amogele mme ke sone se se tla dirang gore re atlege ka tsela ya mmatota. (Dia. 10:22) Re solegelwa molemo gone jaanong, e bile gape re ka solofela go bona masego a a oketsegileng mo isagweng. (Bala Mareko 10:29, 30.) Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la gore re se ka ra solofela “mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme [re] solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.” Re ‘ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego gore re tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’ (1 Tim. 6:17-19) Ruri re ka tlhomamisega gore dingwaga di le lekgolo kgotsa le e leng di le sekete kgotsa go feta go tloga jaanong, re tla kgona go leba kwa morago mme re bo re re, “Ruri ke tlhophile go atlega ka tsela ya mmatota mo botshelong!”

KWA LETLOTLO LA GAGO LE LENG GONE

13. Jesu o ne a naya kgakololo efe malebana le go ipolokela matlotlo?

13 Jesu o ne a bua jaana ka matlotlo: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng, mo motoutwane le ruse di jang gone, le mo magodu a thubang gone a ba a utswa. Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong, kwa motoutwane le fa e le ruse di sa jeng gone, le kwa magodu a sa thubeng gone a ba a utswa. Gonne kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.”—Math. 6:19-21.

14. Ke eng fa go se botlhale go batla dikhumo tsa lefatshe?

14 Matlotlo a motho a ka nnang le one mo lefatsheng, ga se madi fela. Ka tsela nngwe, seo se ka akaretsa dingwe tsa dilo tse Solomone a neng a kwala ka tsone gore ke go atlega mo matlhong a batho—maemo a a kwa godimo, botumo le tlhotlheletso. Jesu o ne a bua se se tshwanang le se Solomone a neng a bua ka sone mo bukeng ya Moreri—dikhumo tsa lefatshe ga di nnele ruri. Jaaka o ka tswa o setse o bone mo lefatsheng, khumo segwagwa e a pharuma. Porofesa F. Dale Bruner o ne a kwala jaana malebana le dikhumo tseno: “Go a itsege gore go tuma ga go nnele ruri. Motho yo o tumileng gompieno o tla bo a sa itsewe mo nakong e e tlang. Motho yo o dirang madi a mantsi monongwaga a ka mo latlhegela otlhe mo ngwageng o o latelang . . . [Jesu] o rata batho. O ba kgothaletsa go tila go swabisiwa mo go ka bakwang ke go batla kgalalelo e e nyelelang. Ga e nnele ruri. Jesu ga a batle gore barutwa [ba gagwe] ba swabe nko go feta molomo. ‘Letsatsi le letsatsi lefatshe le tlhanogela motho yo o neng a atlegile.’” Le fa bontsi jwa batho bo ka dumalana le mafoko ao, ke ba le kae ba ba letlang gore boammaaruri jwa one bo fetole tsela e ba lebang botshelo ka yone? A wena o tla dira jalo?

15. Re tshwanetse go lwela go atlega ka tsela efe?

 15 Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ne ba rera gore go phoso go batla katlego le gore maiteko otlhe fela a go batla go atlega a tshwanetse go thibelwa. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore Jesu o ne a sa kgale maiteko otlhe a a ntseng jalo. Go na le moo, o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba dire maiteko a go bona katlego e e siameng, ka gore ba ipolokele “matlotlo [a a sa senyegeng] kwa legodimong.” Keletso ya rona e kgolo e tshwanetse ya nna go lwela go leba katlego ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone. Mafoko a ga Jesu a re gopotsa gore re ka kgona go itirela tshwetso ya gore re batla go latelela dilo dife. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore re tla latelela se se leng mo pelong ya rona e leng se re se tsayang se le botlhokwa.

16. Re ka tlhomamisega ka eng?

16 Fa ruri re batla go itumedisa Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. A ka nna a letla gore re tshwarwe ke tlala le lenyora ka nakwana fela jaaka go ile ga direga ka moaposetoloi Paulo. (1 Bakor. 4:11) Le fa go ntse jalo, re ka ikanya mafoko ano a a botlhale a ga Jesu: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Math. 6:31-33.

ATLEGA KA TSELA E E ITUMEDISANG MODIMO

17, 18. (a) Katlego ya mmatota e ikaegile ka eng? (b) Katlego ga e a ikaega ka eng?

17 Ntlha ya konokono ke eno: Go atlega ga rona ka tsela ya mmatota ga go a ikaega ka dilo tse re di fitlheletseng kgotsa maemo a re nang le one mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, katlego ya mmatota ga e amane le go nna le maikarabelo a a rileng mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, re filwe maikarabelo ka gonne re ile ra nna kutlo le go ikanyega mo Modimong, yo o re tlhomamisetsang jaana: “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.” (1 Bakor. 4:2) Ruri re tshwanetse go itshoka ka boikanyegi. Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Math. 10:22) A ga o dumele gore fa motho a ka bolokiwa seno e tla bo e le bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore o atlegile?

18 Fa re akanya ka dintlha tse re tlotlileng ka tsone, re lemoga gore go ikanyega mo Modimong ga go amane le go itsege, thutego, go nna le madi a mantsi kgotsa maemo a gago mo setšhabeng; e bile boikanyegi ga bo a ikaega ka botlhale kgotsa bokgoni jo bo rileng. Re ka ikanyega mo Modimong le fa re ka iphitlhela re lebane le maemo ape fela. Mo bathong ba Modimo ba lekgolo la ntlha la dingwaga, go ne go na le bangwe ba ba neng ba humile le ba ba neng ba humanegile. Go ne go tshwanela gore Paulo a gakolole batho ba ba neng ba humile gore “ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana.” Bahumi le bahumanegi ba ne ba ka ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata.’ (1 Tim. 6:17-19) Go ntse jalo le mo motlheng wa rona. Rotlhe re na le tshono le maikarabelo a a tshwanang: Re tshwanetse go nna re ikanyega le go ‘huma ditiro tse di molemo.’ Fa re dira jalo, re tla atlega mo matlhong a Mmopi wa rona mme re tla nna le boipelo jwa go itse gore re a mo itumedisa.—Dia. 27:11.

19. O ikemiseditse go dira eng mo kgannyeng ya go atlega?

19 O ka nna wa se ka wa kgona go laola maemo a gago ka botlalo, mme gone o ka kgona go laola tsela e o lepalepanang le one ka yone. Leka go nna o ikanyega go sa kgathalasege gore maemo a gago ke afe. Go dira jalo ga se matsapa a bophiri fela. Tlhomamisega gore Jehofa o tla go segofatsa thata—gone jaanong le ka bosakhutleng. Se lebale mafoko ano a Jesu a neng a a bua le Bakeresete ba ba tloditsweng: “Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.” (Tshen. 2:10) Ruri eo ke katlego ya mmatota!