Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitshwarelo Jwa ga Jehofa bo go Solegela Molemo Jang?

Boitshwarelo Jwa ga Jehofa bo go Solegela Molemo Jang?

“Jehofa, [ke] Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa . . . , yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.”—EKES. 34:6, 7.

1, 2. (a) Jehofa o ile a itshupa e le Modimo yo o ntseng jang mo setšhabeng sa Iseraele? (b) Setlhogo seno se tlotla ka potso efe?

MO MOTLHENG wa ga Nehemia, setlhopha sengwe sa Balefi se ne sa bua mo thapelong e ba neng ba e dira phatlalatsa gore borraabonemogologolwane ba ne ba nna ba “gana go reetsa” ditaelo tsa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, gangwe le gape Jehofa o ne a itshupa e le ‘Modimo wa ditiro tsa boitshwarelo, yo o pelontle e bile a le kutlwelobotlhoko, a le bonya go galefa gape a tletse bopelonomi jwa lorato.’ Jehofa o ne a tswelela a bontsha batshwarwa bao ba ba boetseng gae ba motlha wa ga Nehemia, bopelonomi jwa lorato.—Neh. 9:16, 17.

2 Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana, ‘Boitshwarelo jwa ga Jehofa bo kaya eng mo go nna?’ Gore re kgone go araba potso eno ya botlhokwa, mma re sekasekeng tsela e Modimo a ileng a dirisana ka yone le banna ba babedi ba ba neng ba solegelwa molemo ke boitshwarelo jwa gagwe—dikgosi tse pedi e bong Dafide le Manase.

MALEO A A MASISI A GA DAFIDE

3-5. Dafide o ne a dira maleo afe a a masisi?

3 Le fa Dafide e ne e le monna yo o boifang Modimo, o ne a dira maleo a a masisi. A mabedi a one a ne a akaretsa banyalani, e bong Uria le Bathesheba. Ditlamorago tsa maleo ao di ne tsa dira gore botlhe ba ba neng ba amega ba utlwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, tsela e Modimo a ileng a thusa Dafide ka yone e bontsha go le gontsi ka boitshwarelo jwa ga Jehofa. Akanya ka se se ileng sa diragala.

4 Dafide o ne a romela masole a Baiseraele go ya go dikaganyetsa motsemogolo wa Baamone e bong, Raba. O ne o le dikilometara di ka nna 80 kwa botlhaba jwa Jerusalema, ka kwa ga noka ya Joredane. Fa masole a ntse a le kwa ntweng, Dafide o ne a le mo marulelong a ntlo ya gagwe ya segosi kwa Jerusalema, mme a bona Bathesheba—mosadi yo o nyetsweng—a tlhapa. Monna wa gagwe o ne a seyo. Fa Dafide a ntse a mo lebile, o ne a nna le keletso e kgolo  ya tlhakanelodikobo, mo a neng a kopa gore Bathesheba a tlisiwe kwa ntlong ya gagwe ya segosi, mme a dira boaka le ene.—2 Sam. 11:1-4.

5 Fa Dafide a utlwa gore Bathesheba o imile, o ne a dira gore monna wa gagwe e bong Uria, a busediwe kwa Jerusalema a solofetse gore Uria o tla tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Uria ga a ka a tsena mo ntlong ya gagwe—go sa kgathalesege maiteko a Dafide a ileng a a dira go mo kgothaletsa go tsena mo ntlong. Ka jalo, kgosi e ne ya kwalela molaodi wa masole lekwalo mo sephiring gore a beye Uria “kwa pele ga ditlhaselo tsa tlhabano tse di boima go feta tsotlhe,” mme a dire gore masole a mangwe a boe kafa morago ga gagwe. Uria o ne a bolawa ka bonako mo ntweng fela jaaka Dafide a ne a rulagantse. (2 Sam. 11:12-17) Kgosi eo e ne ya oketsa boleo jwa yone jwa boaka ka go dira gore monna yo o se nang molato a bolawe.

DAFIDE O FETOLA TSELA E A LEBANG DILO KA YONE

6. Modimo o ne a tsibogela jang maleo a ga Dafide, mme seo se senola eng ka Jehofa?

6 Boammaaruri ke gore, Jehofa o ne a bona sengwe le sengwe se se diregileng. Ga go sepe se se fitlhegileng mo go ene. (Dia. 15:3) Le fa kgosi e ile ya feleletsa e nyetse Bathesheba, “selo se Dafide a neng a se dirile [se ne] sa lebega se le bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Sam. 11:27) Ka jalo, Modimo o ne a tsibogela jang maleo ao a a masisi a ga Dafide? O ne a romela moporofeti wa gagwe e bong Nathane kwa go Dafide. E re ka Jehofa e le Modimo yo o itshwarelang, o ne a batla go bona gore a ruri Dafide o tshwanelwa ke bopelotlhomogi jwa gagwe. A o bona tsela eno e Jehofa a dirileng dilo ka yone e itumedisa? Ga a ka a pateletsa Dafide go ipolela maleo a gagwe, mme o ne a dira gore Nathane a bolelele kgosi eo kgang e e neng e bontsha kafa maleo a gagwe a leng masisi ka teng. (Bala 2 Samuele 12:1-4.) A bo tsela eo e Jehofa a ileng a dira dilo ka yone e ne ya nna mosola jang ne!

7. Dafide o ne a itshwara jang fa Nathane a sena go mmolelela setshwantsho?

7 Setshwantsho sa ga Nathane se ne sa tlhotlheletsa kgosi gore e batle gore go dirwe tshiamiso. Dafide o ne a galefela monna wa mohumi wa mo setshwantshong mme a raya Nathane a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, monna yo o dirang seno se o tshwanelwa ke go swa!” Mo godimo ga moo, Dafide o ne a re motho yo o diretsweng tshiamololo o tshwanetse go duelwa ditshenyegelo tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bolelelwa sengwe se a neng a sa se lebelela. Nathane o ne a mo raya a re: “Ke wena monna yoo!” Go tswa foo Dafide o ne a bolelelwa gore ka ntlha ya se a se dirileng, “tšhaka” ga e kitla e tswa mo ntlong ya gagwe mme lelapa la gagwe le tla welwa ke masetlapelo. Gape o ne a tla tlontlololwa phatlalatsa ka ntlha ya diphoso tsa gagwe. Dafide o ne a lemoga bomasisi jwa se a se dirileng mme a bua jaana a ikwatlhaya: “Ke leofetse Jehofa.”—2 Sam. 12:5-14.

THAPELO YA GA DAFIDE LE BOITSHWARELO JWA MODIMO

8, 9. Pesalema 51 e bontsha jang dikakanyo tse di boteng tsa ga Dafide, mme e re ruta eng ka Jehofa?

8 Mafoko a pina e Kgosi Dafide a neng a e kwala morago ga foo a bontsha gore o ne a ikwatlhaya go tswa pelong. Pesalema 51 e na le dikopo tse di amang maikutlo tsa ga Dafide tse di yang kwa go Jehofa mme e bontsha sentle gore Dafide ga a ka a ikwatlhaela diphoso tsa gagwe fela. Gape o ne a ikwatlhaela maleo a gagwe. Dafide o ne a amegile thata ka kamano ya gagwe le Modimo. O ne a re: “Ke leofetse wena, wena fela.” Mme o ne a kopa Jehofa jaana: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng. . . . Busetsa boitumelo jwa poloko ya gago mo go nna, mme e kete o ka ntshegetsa ka moya o o ratang.” (Pes. 51:1-4, 7-12) A le wena o bulela Jehofa mafatlha o sa fitlhe sepe fa o mmolelela diphoso tsa gago?

9 Jehofa ga a ka a tlosa ditlamorago tse di botlhoko tsa maleo a ga Dafide. O ne a tla  tswelela a utlwa manokonoko a tsone botshelo jwa gagwe jotlhe. Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a lemoga gore Dafide o ikwatlhaile—o na le “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng”—o ne a mo itshwarela. (Bala Pesalema 32:5; Pes. 51:17) Modimo Mothatayotlhe o tlhaloganya maikutlo a mmatota a motho le lebaka la go bo a dirile boleo. Go na le gore Jehofa a letle gore baakafadi bao ba atlholelwe loso ke baatlhodi ba batho go ya ka Molao wa ga Moshe, o ne a tsereganya ka bopelotlhomogi, mme a rarabolola kgang ya ga Dafide le Bathesheba ka boene. (Lefi. 20:10) E bile Modimo o ne a tlhoma morwaabone e bong Solomone go nna kgosi e e latelang ya Iseraele.—1 Ditir. 22:9, 10.

10. (a) Jehofa a ka tswa a ne a na le lebaka lefe la go itshwarela Dafide? (b) Ke dilo dife tse di tlhotlheletsang Jehofa gore a itshwarele?

10 Gongwe lebaka le lengwe gape la go bo Jehofa a ne a itshwarela Dafide ke ka gonne Dafide le ene a ile a bontsha Saulo bopelotlhomogi. (1 Sam. 24:4-7) Fela jaaka Jesu a ile a tlhalosa, Jehofa o re tshwara ka tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone. Jesu o ne a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Math. 7:1, 2) A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa o tla re itshwarela maleo a rona—tota le maleo a a masisi a a jaaka boaka le go bolaya! O tla dira jalo fa le rona re na le moya wa go itshwarela, re ipolela maleo a rona kwa go ene, e bile re bontsha gore re fetotse mekgwa ya rona e e bosula. Fa baleofi ba ikwatlhaya go tswa pelong, Jehofa o ba naya “dipaka tse di lapolosang.”—Bala Ditiro. 3:19.

MANASE O DIRA MALEO A A MASISI MME O A IKWATLHAYA

11. Kgosi Manase o ne a dira se se bosula mo matlhong a Modimo ka ditsela dife?

11 Akanya ka pego e nngwe ya Dikwalo e e bontshang kafa Jehofa a iketleeleditseng go itshwarela ka gone. Dingwaga di ka nna 360 morago ga gore Dafide a simolole go busa, Manase o ne a nna kgosi ya Juda. Puso ya gagwe e e tsereng dingwaga di le 55 e ne e itsege ka boikepo, mme ditiro tsa gagwe tse di makgapha di ne tsa dira gore a se ka a tlhola a amogelwa ke Jehofa. Dingwe tsa dilo tse Manase a neng a di dira e ne e le go tlhomela Baale dibeso, go obamela “lesomo lotlhe la magodimo,” go ralatsa bomorwawe molelo le go rotloetsa kobamelo ya meya. “O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo.”—2 Ditir. 33:1-6.

12. Manase o ne a boela jang kwa go Jehofa?

12 Kgabagare, Manase o ne a ntshiwa mo nagagaeng ya gaabo mme a latlhelwa mo kgolegelong ya Bababelona. Fa a le koo, a ka tswa a ile a gopola mafoko ano a Moshe a neng a a bolelela Baiseraele: “Fa o le mo mathateng a magolo mme o diragaletswe ke mafoko ano otlhe kwa bokhutlong jwa malatsi, foo o tla boela kwa go Jehofa Modimo wa gago le go  reetsa lentswe la gagwe.” (Dute. 4:30) Manase o ne a boela kwa go Jehofa. Jang? O ne a “nna a ikokobetsa thata” mme a “nna a . . . rapela” Modimo (jaaka go bontshitswe mo go tsebe 21). (2 Ditir. 33:12, 13) Ga go na gope kwa re fitlhelang mafoko a Manase a a buileng mo dithapelong tseo, le fa go ntse jalo, re ka akanya gore ka tsela nngwe a ka tswa a ne a tshwana le a ga Kgosi Dafide, a a kwadilweng mo go Pesalema 51. Mme gone, Manase o ne a fetola mekgwa ya gagwe gotlhelele.

13. Ke eng fa Jehofa a ile a itshwarela Manase?

13 Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Manase jang? O ne “a dumela go rapelesega mme A utlwa kopo ya [ga Manase] ya gore a mo utlwele botlhoko.” Fela jaaka Dafide, Manase o ne a lemoga bomasisi jwa maleo a gagwe mme a ikwatlhaya ka tsela ya mmatota. Ke gone ka moo Modimo a ileng a itshwarela Manase a bo a mmusetsa mo bogosing kwa Jerusalema. Ka ntlha ya seo, “Manase a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” (2 Ditir. 33:13) Ruri go a itumedisa go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko o itshwarela ba ba ikwatlhayang ka tsela ya mmatota!

Manase o ne a busediwa mo bogosing jwa gagwe kwa Jerusalema ka gonne Jehofa a ne a mo itshwaretse

A KA METLHA JEHOFA O A ITSHWARELA?

14. Ke eng se se dirang gore Jehofa a itshwarele baleofi?

14 Ke batho ba Modimo ba le mmalwa fela gompieno ba ba ka tshwanelwang ke go kopa go itshwarelwa maleo a a masisi a a jaaka a ga Dafide le Manase. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo Jehofa a ile a itshwarela dikgosi tseo tse pedi, le re thusa go lemoga gore Modimo wa rona o iketleeleditse go itshwarela tota le maleo a a masisi, fa moleofi a ikwatlhaya go tswa pelong.

15. Re itse jang gore ga se ka metlha Jehofa a itshwarelang?

15 Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra swetsa ka gore ka metlha Jehofa o itshwarela batho botlhe maleo a bone. Mo kgannyeng eno, mma re bapise boikutlo jwa ga Dafide le Manase le boikutlo jo batho ba ba seng kutlo ba Iseraele le Juda ba neng ba na le jone. Modimo o ne a romela Nathane gore a ye go bua le Dafide mme a mo neye tshono ya gore a fetole boikutlo jwa gagwe. Dafide o ne a dirisa tshono eo. Fa Manase a iphitlhela a le mo  mathateng a magolo, o ne a tlhotlheletsega go ikwatlhaya go tswa pelong. Le fa go ntse jalo, baagi ba Iseraele le Juda bone ga ba a ka ba ikwatlhaya ka makgetlo a le mantsi. Ka jalo, Jehofa ga a ka a ba itshwarela. Go na le moo, o ne a romela baporofeti ba gagwe gangwe le gape gore ba ba bolelele kafa a neng a ikutlwa ka teng ka botlhokakutlo jwa bone. (Bala Nehemia 9:30.) Tota le fa batshwarwa ba sena go boela kwa nagagaeng ya bone go tswa kwa Babelona, Jehofa o ne a tswelela a ba romelela barongwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba jaaka moperesiti Esera le moporofeti Malaki. Fa batho ba ne ba dira dilo tumalanong le thato ya ga Jehofa, ba ne ba ipela fela thata.—Neh. 12:43-47.

16. (a) Fa setšhaba sotlhe sa Iseraele se sa ikwatlhaye, se ne sa lebana le ditlamorago dife? (b) Mongwe le mongwe yo e leng setlogolwana sa Iseraele wa bogologolo a ka nna le diphelelo dife?

16 Fa Jesu a sena go romelwa mo lefatsheng go tla go ntsha setlhabelo se le sengwe sa thekololo se se itekanetseng, Jehofa o ne a sa tlhole a amogela ditlhabelo tsa diphologolo tse Baiseraele ba neng ba di ntsha. (1 Joh. 4:9, 10) Fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa Jehofa a lebang dilo ka gone fa a ne a bua mafoko ano a a amang pelo: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla.” Jesu o ne a bolela jaana: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Math. 23:37, 38) Ka jalo, setšhaba sa baleofi se se sa ikwatlhayeng se ne sa emisediwa ke Iseraele wa semoya. (Math. 21:43; Bagal. 6:16) Mme go tweng ka mongwe le mongwe yo e leng leloko la Iseraele wa tlholego? Jehofa o iketleeleditse go ba itshwarela le go ba bontsha kutlwelobotlhoko, fa ba bontsha tumelo mo Modimong le mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete. Mme gape Modimo o tla itshwarela le batho ba ba ileng ba swa ba sa ikwatlhaela maleo a bone, mme ba tsoseditswe mo lefatsheng le le phepafaditsweng.—Joh. 5:28, 29; Dit. 24:15.

GO SOLEGELWA MOLEMO KE BOITSHWARELO JWA GA JEHOFA

17, 18. Re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a re itshwarele?

17 Re tshwanetse go ikutlwa jang ka kgang ya go bo Jehofa a iketleeleditse go itshwarela? Ga go pelaelo gore re tshwanetse go dira fela jaaka Dafide le Manase. Re tshwanetse go dumela maleo a rona, re ikwatlhaele diphoso tsa rona, re rapele Jehofa go tswa pelong gore a re itshwarele, re bo re mo kope gore a dire gore re nne le pelo e e itshekileng. (Pes. 51:10) Fa re dirile maleo a a masisi, re tshwanetse gore gape re kope thuso ya semoya kwa bagolwaneng. (Jak. 5:14, 15) Le fa maemo a rona e ka tswa e le afe, go a gomotsa go nna re gopotse gore Jehofa o ntse fela jaaka a ile a itlhalosa mo go Moshe—“Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.” Jehofa ga a ise a fetoge.—Ekes. 34:6, 7.

18 Jehofa o ne a dirisa tshwantshanyo e e maatla fa a solofetsa Baiseraele ba ba ikwatlhayang gore o tla tlosa gotlhelele selabe sa maleo a bone, a dira se se neng se le “bohibidu jo bo letlhololo” go nna sesweu jaaka “kapoko.” (Bala Isaia 1:18.) Ka jalo, boitshwarelo jwa ga Jehofa bo kaya eng mo go rona? Bo kaya go itshwarelwa ga maleo le diphoso tsa rona ka botlalo, fa re bontsha tebogo e bile re ikwatlhaya.

19. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 E re ka Jehofa a re itshwarela, re ka mo etsa jang fa re dirisana le ba bangwe? Re ka tila jang go nna le mokgwa wa go sa itshwarele ba ba dirang boleo jo bo masisi mme ba ikwatlhaya go tswa pelong? Setlhogo se se latelang se tla re thusa go sekaseka dipelo tsa rona gore re tshwane le Rraarona, e bong Jehofa yo o “molemo e bile [a] iketleeleditse go itshwarela.”—Pes. 86:5.