Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikobele Modimo, o Solegelwe Molemo ke Ditsholofetso Tse A re Di Ikanetseng

Ikobele Modimo, o Solegelwe Molemo ke Ditsholofetso Tse A re Di Ikanetseng

“E re ka [Modimo] a ne a ka se ka a ikana ka ope yo mogolwane, o ne a ikana ka ene ka esi.”—BAHEB. 6:13.

1. Lefoko la ga Jehofa le farologana jang le la batho ba ba nang le boleo?

JEHOFA ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pes. 31:5) Batho ba ba nang le boleo bone ga se ka metlha ba ka ikanngwang, mme gone, ‘ga go kgonege gore Modimo a ake.’ (Baheb. 6:18; bala Dipalo 23:19.) Se a ikaelelang gore se solegele batho molemo, ka metlha se a diragala. Ka sekai, sengwe le sengwe se Modimo a rileng o tla se dira mo tshimologong ya lobaka longwe le longwe lwa popo, se ne sa “nna jalo.” Ka jalo, kwa bofelong jwa letsatsi la borataro la popo, “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.”—Gen. 1:6, 7, 30, 31.

2. Letsatsi la boikhutso la Modimo ke eng, mme ke ka ntlha yang fa a ile “a le itshepisa”?

2 Fa Jehofa Modimo a sena go sekaseka ditiro tsa gagwe tsa popo, o ne a itsise go simologa ga letsatsi la bosupa—e seng letsatsi la diura di le 24, mme e le lobaka lo loleele lwa nako lo mo go lone a ikhuditseng go dira ditiro tse dingwe tsa popo mo lefatsheng. (Gen. 2:2) Letsatsi la boikhutso la Modimo ga le ise le fele. (Baheb. 4:9, 10) Baebele ga e tlhalose ka tlhomamo gore letsatsi leo le simologile leng. Le simologile nako nngwe morago ga go bopiwa ga mosadi wa ga Adame e bong Efa, mo e ka nnang dingwaga di le 6 000 tse di fetileng. Go ise go ye kae, go tla latela Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete, e e tla tlhomamisang go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo jwa go dira lefatshe go nna paradaise ya bosakhutleng e e nang le batho ba ba itekanetseng. (Gen. 1:27, 28; Tshen. 20:6) A o ka tlhomamisega gore o tla nna le isagwe e e itumedisang jalo? Ruri o ka tlhomamisega! Ka gonne “Modimo [o ne] a segofatsa letsatsi la bosupa a ba a le itshepisa.” Seno e ne e le go tlhomamisa gore ruri maikaelelo a Modimo a tla diragala kwa bofelong jwa letsatsi la gagwe la boikhutso, le fa go ka tlhaga mathata a a sa lebelelwang.—Gen. 2:3.

3. (a) Fa letsatsi la boikhutso la Modimo le sena go simologa, go ne ga nna le botsuolodi bofe? (b) Jehofa o ne a tlhalosa jang maikaelelo a gagwe a go fedisa botsuolodi joo?

 3 Le fa go ntse jalo, fa letsatsi la Modimo la boikhutso le sena go simologa go ne ga nna le masetlapelo. Satane, yo e neng e le morwa wa Modimo wa moengele, o ne a itira modimo. O ne a bua maaka a ntlha mme a tsietsa Efa gore a se ka a ikobela Jehofa. (1 Tim. 2:14) Efa ene o ne a dira gore monna wa gagwe le ene a tsuologe. (Gen. 3:1-6) Tota le mo nakong eo e e thata go gaisa mo hisitoring ya lobopo lotlhe fa go ne go belaelwa gore Modimo o a ikanyega, Jehofa ga a ka a bona botlhokwa jwa go dira maikano e le go tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a sa ntse a tla diragala. Go na le moo, Modimo o ne a dira tsholofetso e e neng e tla tlhaloganngwa ka nako ya gagwe, o ne a bua gore botsuolodi joo bo ne bo tla fedisiwa jang: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago [Satane] le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O [Losika lo lo solofeditsweng] tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Gen. 3:15; Tshen. 12:9.

MAIKANO—SEDIRISIWA SE SE BOTLHOKWA SA MOLAO

4, 5. Aborahame o ne a dirisa sedirisiwa sefe sa molao ka dinako dingwe?

4 Go tla go fitlha ka nako eo, go ka direga gore go ne go sa tlhokege gore ope a ikane gore sengwe se boammaaruri. Dibopiwa tse di itekanetseng tse di ratang Modimo le tse di mo etsang ga di tlhoke go dira maikano; ka metlha di bua boammaaruri e bile di a ikanyana. Mme dilo di ne tsa fetoga fa batho ba ne ba leofa. Kgabagare, fa batho ba ne ba tlwaela go bua maaka le go tsietsa, go ne ga tlhokega gore ba dire maikano go tlhomamisa boammaaruri jwa dikgang dingwe tse di botlhokwa.

5 Maikano e ne e le sedirisiwa sa molao se tlhogo ya lotso e bong Aborahame a neng a se dirisa bobotlana makgetlo a le mararo. (Gen. 21:22-24; 24:2-4, 9) Ka sekai, Aborahame o ne a ikana fa a sena go fenya kgosi ya Elama le dinaga tse e neng e dirile semphato le tsone. Kgosi ya Salema le ya Sodoma di ne tsa tla go kgatlhantsha Aborahame. Melekisedeke kgosi ya Salema, gape e ne e le “moperesiti wa Modimo Mogodimodimo.” Ka jalo, o ne a segofatsa Aborahame a bo a baka Modimo ka go bo a ne a dirile gore Aborahame a fenye baba ba gagwe. (Gen. 14:17-20) Go tswa foo fa kgosi ya kwa Sodoma e ne e batla go duela Aborahame ka go bo a faloditse batho ba kgosi mo masoleng a a neng a ba tlhasela, Aborahame o ne a ikana jaana: “Ke tsholeletsa seatla sa me ka ikano kwa go Jehofa Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe, gore, go simolola ka tlhale go fitlha ka kgole ya mpaatšhane, nnyaa, ga nkitla ke tsaya sepe mo go sepe fela se e leng sa gago, gore o tle o se ka wa re, ‘Ke nna ke neng ka humisa Aberame.’”—Gen. 14:21-23.

TSHOLOFETSO E JEHOFA A E IKANETSENG ABORAHAME

6. (a) Aborahame o re tlhometse sekao sefe? (b) Go nna kutlo ga ga Aborahame go re solegela molemo jang?

6 E le gore batho ba ba nang le boleo ba ikanye ditsholofetso tsa gagwe, Jehofa Modimo le ene o ne a dira maikano a dirisa dipolelwana tse di jaaka, “‘Jaaka ke tshedile’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Esek. 17:16) Baebele e tlhalosa makgetlho a a fetang 40 a mo go one Jehofa Modimo a neng a dira maikano. Gongwe sekai se se itsegeng thata ke fa Modimo a ne a dirisana le Aborahame. Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, Jehofa o ne a dira ditsholofetso di le mmalwa tsa kgolagano le Aborahame tse di bontshang gore Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tswa mo go Aborahame, ka morwawe e bong Isake. (Gen. 12:1-3, 7; 13:14-17; 15:5, 18; 21:12) Morago ga foo, Jehofa o ne a tlisetsa Aborahame teko e kgolo, a mo laela gore a ntshe morwawe yo o rategang setlhabelo. Kwantle ga go diega, Aborahame o ne a ikobela Modimo  mme o ne a tloga a ntsha Isake setlhabelo fa moengele wa Modimo a ne a mo thibela. Go tswa foo Modimo o ne a dira maikano ano: “Ruri ke ikana ka nna . . . gore ka lebaka la gore o dirile selo seno le gore ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela, ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka moshawa o o fa losing lwa lewatle; mme losika lwa gago lo tla rua kgoro ya baba ba lone. Mme setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.”—Gen. 22:1-3, 9-12, 15-18.

7, 8. (a) Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ikanela Aborahame? (b) “Dinku tse dingwe” tsa ga Jesu di tla solegelwa molemo jang ke tsholofetso e Modimo a e ikanetseng Aborahame?

7 Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ikanela Aborahame gore ditsholofetso tsa Gagwe di tla nna boammaaruri? O ne a dira seo e le go tlhomamisetsa batho ba ba neng ba tla nna baruaboswammogo le Keresete, ba e leng karolo ya bobedi ya “losika” lo lo solofeditsweng, le go nonotsha tumelo ya bone. (Bala Bahebera 6:13-18; Bagal. 3:29) Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa, Jehofa “o ne a tsena ka ikano, gore ka dilo di le pedi tse di ka se kang tsa fetoga [tsholofetso le maikano a gagwe] tse go sa kgonegeng gore Modimo a ake mo go tsone, rona . . . re tshware tsholofelo e e tlhomilweng fa pele ga rona.”

Go ise go ye kae Aborahame o tla bona ditsholofetso tsa ga Jehofa di diragadiwa

8 Bakeresete ba ba tloditsweng ga se bone fela ba ba solegelwang molemo ke maikano a Modimo a a diretseng Aborahame. Jehofa o ne a ikana gore batho ba “setšhaba sotlhe sa lefatshe [ba] tla itshegofatsa” ka “losika” lwa ga Aborahame. (Gen. 22:18) Batho bano ba ba segofaditsweng ba akaretsa “dinku tse dingwe” tse di kutlo tsa ga Keresete, tse di nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Joh. 10:16) Le fa tsholofelo ya gago e ka tswa e le go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, e “tshware” ka go tswelela o tshela botshelo jwa go ikobela Modimo.—Bala Bahebera 6:11, 12.

MAIKANO A MANGWE A MODIMO

9. Modimo o ne a dira maikano afe fa ditlogolwana tsa ga Aborahame e ne e le makgoba kwa Egepeto?

9 Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Jehofa o ne a ikana gape gore o tla diragatsa ditsholofetso tse di umakilweng fa godimo, fa a ne a romela Moshe go ya go bua le ditlogolwana tsa ga Aborahame, tse ka nako eo e neng e le makgoba kwa Egepeto. (Ekes. 6:6-8) Fa Modimo a bua ka tiragalo eo o ne a re: “Mo letsatsing la fa ke tlhopha Iseraele, . . . ke ne ka tsholetsa seatla sa me ke ba ikanela, gore ke tla ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto ke ba isa kwa lefatsheng le ke neng ke tswa go le ba tlholela, le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”—Esek. 20:5, 6.

10. Modimo o ne a dira tsholofetso efe fa a sena go golola Baiseraele kwa Egepeto?

 10 Go tswa foo, fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa Egepeto, Jehofa o ne a dira maikano a mangwe gape: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.” (Ekes. 19:5, 6) A bo Modimo a ne a naya Baiseraele tshiamelo e kgolo jang ne ka go bua jalo! Seo se ne se kaya gore, fa batho ba ba tswang mo setšhabeng seo ba ka nna kutlo, ba ne ba tla nna le tsholofelo ya gore Modimo a ba dirise go nna bogosi jwa baperesiti, e le gore batho botlhe ba segofadiwe. Moragonyana, fa Jehofa a ne a tlhalosa se a se diretseng Baiseraele mo lekgetlong leo o ne a re: “Ke ne ka . . . go ikanela mme ka tsena mo kgolaganong le wena.”—Esek. 16:8.

11. Baiseraele ba ne ba araba jang fa Modimo a ne a ba laletsa gore ba tsene mo kgolaganong le ene e le batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng?

11 Ka nako eo, Jehofa ga a ka a pateletsa Baiseraele go dira maikano a gore ba tla mo ikobela; e bile Modimo ga a ka a ba pateletsa gore ba nne le tshiamelo eno ya go nna le kamano le ene. Go na le moo, ba ne ba bua jaana ba sa patelediwe ke ope: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.” (Ekes. 19:8) Malatsi a le mararo morago ga foo, Jehofa Modimo o ne a bolelela Baiseraele gore ba ne ba tshwanetse go dira eng gore e nne setšhaba sa gagwe se a se itlhophetseng. Sa ntlha, o ne a ba naya Melao e e Lesome, mme go tswa foo Moshe o ne a ba bolelela ditaelo tse dingwe tse di kwadilweng mo go Ekesodo 20:22 go ya go Ekesodo 23:33. Baiseraele ba ne ba araba ka go reng? “Batho botlhe ba araba ka lentswe le le lengwe ba re: ‘Re iketleeleditse go dira mafoko otlhe a Jehofa a a buileng.’” (Ekes. 24:3) Go tswa foo, Moshe o ne a kwala melao eo mo ‘bukeng ya kgolagano’ mme a e balela kwa godimo gore setšhaba sotlhe se e utlwe gape. Morago ga foo, batho ba ne ba ikana jaana lekgetlo la boraro: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng le go nna kutlo.”—Ekes. 24:4, 7, 8.

12. Jehofa le batho ba a neng a ba tlhophile ba ne ba itshwara jang malebana le kgolagano e ba neng ba e dirile?

12 Ka bonako fela Jehofa o ne a simolola go diragatsa se a neng a se solofeditse mo kgolaganong ya Molao ka go rulaganya mogope wa kobamelo le boperesiti jo bo dirileng gore go kgonege gore batho ba ba nang le boleo ba nne le kamano le ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, ka bonako fela Iseraele e ne ya lebala boineelo jwa yone mo Modimong mme ya “utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” (Pes. 78:41) Ka sekai, fa Moshe a ntse a amogela ditaelo tse di oketsegileng kwa Thabeng ya Sinai, Baiseraele ba ne ba simolola go fela pelo mme ba felelwa ke tumelo mo Modimong, ba akanya gore Moshe o ba latlhile. Ka jalo, ba ne ba dira setshwantsho sa gauta sa namane mme ba raya batho ba re: “Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.” (Ekes. 32:1, 4) Go tswa foo, ba dira se ba neng ba re ke “modiro wa ga Jehofa” mme ba obamela setshwantsho se ba se itiretseng ba bo ba se direla setlhabelo. Fa Jehofa a bona seo, o ne a raya Moshe a re: “Ba itlhaganetse ba fapoga mo tseleng e ke ba laetseng gore ba tsamaye ka yone.” (Ekes. 32:5, 6, 8) Ka maswabi go simologa ka nako eo go ya pele Iseraele e ne ya nna le mokgwa wa go direla Modimo maikano a moragonyana ba neng ba sa a diragatse.—Dipa. 30:2.

MAIKANO A MANGWE A MABEDI

13. Modimo o ne a solofetsa Kgosi Dafide eng, mme seo se amana jang le Losika lo lo solofeditsweng?

13 Ka nako ya puso ya ga Kgosi  Dafide, Jehofa o ne a dira ditsholofetso tse dingwe tse pedi tse di neng di tla solegela molemo botlhe ba ba mo ikobelang. Ya ntlha, o ne a ikanela Dafide gore setulo sa gagwe sa bogosi se tla nnela ruri. (Pes. 89:35, 36; 132:11, 12) Seno se ne se kaya gore Losika lo lo solofeditsweng  lo ne lo tla bidiwa, “Morwa Dafide.” (Math. 1:1; 21:9) Ka boikokobetso Dafide o ne a bitsa setlogolwana se a neng a tla nna le sone a re ke “Morena” wa gagwe, ka gonne Keresete o ne a tla nna le boemo jo bo kwa godimo.—Math. 22:42-44.

14. Ke tsholofetso efe e Jehofa a e dirileng malebana le Losika lo lo solofeditsweng, mme e re solegela molemo jang?

14 Mo tsholofetsong ya bobedi, Jehofa o ne a tlhotlheletsa Dafide gore a bolelele pele gore Kgosi eno e e tlhomologileng gape e ne e tla nna Moperesiti yo Mogolo wa batho. Kwa Iseraele, bogosi le boperesiti e ne e le dilo tse pedi tse di farologaneng gotlhelele. Baperesiti ba ne ba tswa mo lotsong lwa Lefi, mme dikgosi tsone di ne di tswa mo lotsong lwa Juda. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a bolelela pele jaana malebana le yo e neng e tla nna moruaboswa wa gagwe: “Jehofa o raya Morena wa me a re: ‘Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.’ Jehofa o ikanne (e bile ga a kitla a ikwatlhaya): ‘O moperesiti ka bosakhutleng kafa mokgweng wa ga Melekisedeke!’” (Pes. 110:1, 4) Fela jaaka go ne go boleletswe pele, gone jaanong Jesu Keresete yo e leng Losika lo lo solofeditsweng, o busa a le kwa legodimong. Gape o direla e le Moperesiti yo Mogolo wa batho ka go thusa batho ba ba ikwatlhayang gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo.—Bala Bahebera 7:21, 25, 26.

ISERAELE YO MOSHA WA MODIMO

15, 16. (a) Ke ditšhaba dife tse pedi tsa Iseraele tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng, mme ke sefe se Modimo a se segofatsang gompieno? (b) Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe taelo efe malebana le go dira maikano?

15 Kgabagare setšhaba sa Iseraele se ne sa latlhegelwa ke kamano e e molemo e ba neng ba na le yone le Modimo mmogo le tsholofelo ya go nna “bogosi jwa baperesiti” ka gonne ba ne ba ganne Jesu Keresete. Jesu a ne a bolelela baeteledipele ba Bajuda jaana: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Math. 21:43) Setšhaba seo se sesha se ne sa tsholwa ka Pentekosete ya 33 C.E. fa moya wa Modimo o ne o tshololelwa mo barutweng ba ga Jesu ba ka nna 120 ba ba neng ba kokoane kwa Jerusalema. Se ne sa itsege e le “Iseraele wa Modimo” mme go ise go ye kae se ne sa gola go nna batho ba le dikete di le mmalwa ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe.—Bagal. 6:16.

16 Go farologana le Iseraele wa tlholego, setšhaba se sesha sa Modimo sa semoya se ntse se ungwa maungo a a molemo ka go tswelela se ikobela Modimo. Taelo nngwe e maloko a sone a e ikobelang e amana le go dira maikano. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, batho ba ne ba dira maikano ka tsela e e sa tshwanelang, ba dira maikano a maaka kgotsa ba ikanela dilo tse di sa reng sepe. (Math. 23:16-22) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa ikana ka gope . . . Fela a lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa; gonne se se fetang tseno se tswa kwa go yo o boikepo.”—Math. 5:34, 37.

Ka metlha Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe

17. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

17 A seo se kaya gore ka metlha go phoso go dira maikano? Sa botlhokwa le go feta, gore Ee ya rona e reye Ee go akaretsa eng? Re tla sekaseka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang. Fa re ntse re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, a re tlhotlheletsegeng go tswelela re ikobela Jehofa. Mme ene o tla itumelela go re segofatsa ka bosakhutleng tumalanong le ditsholofetso tsa gagwe tse di molemo tse a re ikanetseng tsone.