Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng

Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng

“Phutha batho, banna le basadi le ba bannye le moagi wa gago wa moeng.”—DUTE. 31:12.

1, 2. Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko ka dikopano tsa puso ya Modimo?

DIKOPANO tsa ditšhabatšhaba le tsa kgaolo ga di a bolo go nna karolo ya hisitori ya Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno. Bontsi jwa rona re ile ra nna gone mo ditiragalong tseno tse di itumedisang, gongwe mo masomesomeng a dingwaga a a fetileng re ile ra ya kwa go tse dintsintsi tsa tsone.

2 Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, batho ba Modimo le bone ba ne ba tshwara dikopano tse di boitshepo. Re tla sekaseka dikai dingwe tsa Dikwalo, re ele tlhoko gore dikokoano tsa bogologolo di tshwana jang le tsa gompieno, mme re tlhome mogopolo mo melemong e re e bonang fa re nna gone kwa go tsone.—Pes. 44:1; Bar. 15:4.

DIKOPANO TSE DI BOTLHOKWA TSA BOGOLOGOLO LE TSA GOMPIENO

3. (a) Go ne ga diragala eng kwa kopanong ya ntlha ya batho ba ga Jehofa e go builweng ka yone mo Baebeleng? (b) Baiseraele ba ne ba bidiwa jang go tla go kokoana mmogo?

3 Kokoano e e neng e tshwaretswe kwa tlase mo Thabeng ya Sinai ke ya ntlha e kgolo e go builweng ka yone mo Baebeleng e batho ba Modimo ba neng ba newa ditaelo tsa semoya kwa go yone. Ruri e ne e le tiragalo e e botlhokwa mo hisitoring ya kobamelo e e itshekileng. Mo tiragalong eo e e kgatlhang, e kwantle ga pelaelo ba ba neng ba le kwa go yone ba ka se e lebaleng, Jehofa o ne a bontsha Baiseraele maatla a gagwe fa a ne a ba naya Molao wa gagwe. (Ekes. 19:2-9, 16-19; bala Ekesodo 20:18; Duteronome 4:9, 10.) Tiragalo eo e ne e le tshimologo ya kafa Modimo a tla dirisanang le Iseraele ka gone. Nakwana morago ga foo, Jehofa o ne a dira thulaganyo e e tla dirisediwang go bitsa batho ba gagwe. O ne a laela Moshe gore a dire diterompeta di le pedi tsa selefera tse di neng di tla dirisediwa go bitsa “phuthego yotlhe” go tla go kopana kwa “kgorong ya mogope wa bokopanelo.” (Dipa. 10:1-4) Akanya fela gore go ne go na le boitumelo jo bo kana kang mo ditiragalong tseo!

4, 5. Ke ka ntlha yang fa dikopano tse di ileng tsa tshwarwa ke Moshe le Joshua di ne di le botlhokwa jaana?

 4 Go ela kwa bokhutlong jwa loeto lwa Baiseraele lwa dingwaga di le 40 mo nageng, ka nako e e botlhokwa thata mo hisitoring ya setšhaba se sesha, Moshe o ne a kokoanya Baiseraele. Ba ne ba tloga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Eno e ne e le nako e e tshwanetseng ya gore Moshe a gopotse bakaulengwe ba gagwe ka sotlhe se Jehofa a se ba diretseng le sotlhe se a neng a sa ntse a tla ba direla sone.—Dute. 29:1-15; 30:15-20; 31:30.

5 Gongwe kwa go yone kopano eo, Moshe o ne a ba bolelela gore go tlhokega gore batho ba Modimo ba kokoane ka metlha go tla go rutwa ke Ene. Mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa ka nako ya Moletlo wa Diobo banna, basadi, bana le baagi ba baeng ba kwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go kokoana mo lefelong le Jehofa a le tlhophileng e le ‘gore ba reetse le gore ba ithute go boifa Jehofa le go tlhokomela go diragatsa mafoko otlhe a molao.’ (Bala Duteronome 31:1, 10-12.) Ka jalo, ka nako eno go ne go setse go bonala sentle gore batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go kokoana ka metlha go ithuta lefoko la ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Fa Baiseraele ba ne ba setse ba gapile Lefatshe le le Solofeditsweng, mme ba sa ntse ba dikologilwe ke ditšhaba tsa baheitane, Joshua o ne a kokoanya Baiseraele botlhe gore a ba kgothaletse go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Mme batho ba ne ba dira maikano a go direla Modimo.—Josh. 23:1, 2; 24:1, 15, 21-24.

6, 7. Ke jang go ka tweng dikopano tsa motlha ono tsa batho ba ga Jehofa ke ditiragalo tse di botlhokwa?

6 Mo hisitoring ya motlha ono ya batho ba ga Jehofa, go ile ga nna le dikopano tse di botlhokwa—e leng ditiragalo tse di ileng tsa nna tshimologo ya diphetogo tse dikgolo mo ditirong tsa puso ya Modimo le mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone. (Dia. 4:18) Kopano ya ntlha e kgolo e Baithuti ba Baebele ba neng ba nna le yone morago ga Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e le ka 1919, kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. Kwa kokoanong eo, e go neng go na le batho ba le 7 000 kwa go yone, go ne ga itsisiwe ka go simololwa ga letsholo la lefatshe lotlhe la go rera. Ka 1922, fa go ne go tshwerwe kopano ya malatsi a le robongwe kwa go lone lefelo leo, Joseph F. Rutherford, o ne a neela puo e e maatla e e neng e bua ka tiro eno ya go rera, mme o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe jaana: “Nnang basupi ba ba ikanyegang le ba boammaaruri ba Morena. Tswelelang pele mo tlhabanong go fitlha motlhalanyana ope fela wa Babelona o nyeletse gotlhelele. Bolelang molaetsa ono gongwe le gongwe. Lefatshe le tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo le gore Jesu Keresete ke Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. Leno ke letsatsi le le gaisang malatsi otlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lona lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.” Batho ba ba neng ba le gone le batho ba Modimo lefatshe ka bophara, ba ne ba amogela kgothatso eo ka boitumelo.

7 Kwa Columbus, Ohio, ka 1931, Baithuti ba Baebele ba ne ba itumetse tota fa ba amogela leina Basupi ba ga Jehofa. Morago ga foo, ka 1935, kwa Washington, D.C., Mokaulengwe Rutherford o ne a itsise gore “boidiidi jo bogolo” jo bo tlhalositsweng mo go Tshenolo bo “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana,” ke bomang. (Tshen. 7:9-17) Ka 1942, fa Ntwa ya Lefatshe ya II e ntse e tsweletse, Nathan H. Knorr, o ne a neela puo e e amang maikutlo ya setlhogo se se reng, “Kagiso—A e Tla Nnela Ruri?” Mo go yone, o ne a itsise gore ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ se se mo go Tshenolo 17 ke mang, a bo a bontsha gore go sa ntse go na le tiro e ntsi ya go rera e e tshwanetseng go dirwa morago ga ntwa.

Kopano ya ditšhabatšhaba ya 1950, kwa New York City

8, 9. Ke ka ntlha yang fa dikopano dingwe di ne di ama maikutlo jaana?

8 Kwa Kopanong ya Puso ya Modimo ya 1946 ya setlhogo se se reng, “Merafe e e Itumetseng” e e neng e tshwaretswe kwa Cleveland, Ohio, Mokaulengwe Knorr o ne a neela puo e e reng, “Mathata a go Tlhabolola Dilo Sesha le go Oketsa.” Fa motho mongwe yo o  neng a le gone kwa kopanong eo a bua ka boitumelo jo bo neng jwa tlisiwa ke puo eo, o ne a kwala jaana: “Ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna gaufi le ene kwa seraleng mo maitseboeng ao, mme fa a ne a tlhalosa tiro e e tshwanetseng go dirwa a bo a re bolelela ka dithulaganyo tsa go oketsa legae le feketeri ya Bethele kwa Brooklyn, batho ba ne ba opa diatla gangwe le gape. Le fa motho yo o kwa seraleng a ne a sa kgone go bona difatlhego tsa batho, go ne go le motlhofo go bona boitumelo jwa bone.” Kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York City ka 1950, batlakopanong ba ne ba itumelela go amogela Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika (ka Seesemane), Baebele ya ntlha ya puo ya segompieno e e neng e buseditse leina la Modimo fa le tshwanetseng go nna gone mo Lefokong la gagwe.—Jer. 16:21.

9 Dikopano tse Jehofa a ileng a kokoanya Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang kwa go tsone morago ga dinako tsa pogiso kgotsa thibelo le tsone di ne di ama maikutlo tota. Adolf Hitler o ne a ikanne gore o tla fedisa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane, le fa go ntse jalo, kwa kopanong ya 1955, Basupi ba le 107 000 ba ne ba tladitse lefelo le balatedi ba gagwe ba neng ba kokoana kwa go lone kwa Nuremberg. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le gone, ba ne ba tsholola dikeledi tsa boitumelo! Ka 1989, kwa dikopanong di le tharo tsa “Boineelo jwa Bomodimo” tse di neng di tshwaretswe kwa Poland, go ne go na le batlakopanong ba le 166 518, ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse pele di neng di bidiwa Soviet Union le Czechoslovakia, le kwa dinageng tse dingwe tse di kwa Botlhaba jwa Yuropa. Ba bangwe e ne e le lekgetlo la ntlha ba nna gone mo kokoanong e e nang le batho ba Modimo ba ba fetang 15 kgotsa 20. Mme akanya ka boitumelo jo bo neng bo le gone kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Thuto ya Bomodimo” ka 1993 e e neng e tshwaretswe kwa Kiev, Ukraine, kwa go neng ga kolobediwa batho ba le 7 402—e leng palo e kgolo e e kileng ya begiwa ya Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba kolobediwa.—Isa. 60:22; Hag. 2:7.

10. Ke dikopano dife tse o di gopolang thata mme ka ntlha yang?

10 Gongwe go na le dikopano tsa kgaolo kgotsa tsa ditšhabatšhaba tse o ka se di lebaleng. A o gopola kopano ya gago ya ntlha kgotsa gongwe kopano e o kolobeditsweng kwa go yone? Tseno e ne e le ditiragalo tse di botlhokwa tsa semoya mo go wena. Se lebale ditiragalo tseo tse di molemo!—Pes. 42:4

DITIRAGALO TSA KA METLHA TSA GO ITUMELA

11. Ke thulaganyo efe ya meletlo ya ka metlha e Modimo a e tlhomileng kwa Iseraele wa bogologolo?

11 Jehofa o ne a batla gore Baiseraele ba kokoane kwa Jerusalema mo meletlong e le meraro ngwaga le ngwaga—Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang, Moletlo wa Dibeke (o moragonyana o neng wa bidiwa Pentekosete), le Moletlo wa Diobo. Modimo o ne a ba laela jaana malebana le yone: “Gararo ka ngwaga mongwe le mongwe wa lona yo e leng monna o tla bonala fa pele ga sefatlhego sa Morena wa boammaaruri, e bong Jehofa.” (Ekes. 23:14-17) E re ka ditlhogo tsa malapa di le dintsi di ne di lemoga gore meletlo eno e botlhokwa thata mo kobamelong ya tsone, di ne di ya kwa meletlong eo le malapa otlhe a tsone.—1 Sam. 1:1-7; Luke 2:41, 42.

12, 13. Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba nne gone kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga?

 12 Akanya ka se lelapa la kwa Iseraele le neng le tshwanetse go se dira gore le tseye loeto loo. Ka sekai, Josefa le Maria, ba ne ba tshwanetse go tsamaya dikilometara di le 100 go tswa Nasaretha go ya Jerusalema. O akanya gore go tla go tsaya lobaka lo lo kana kang go wetsa loeto loo, o tsamaya ka dinao le bana ba bannye? Pego e e ka ga loeto lwa ga Jesu a ya kwa Jerusalema e sa ntse e le mosimane, e bontsha gore ba losika le ditsala ba ne ba ka tsaya maeto ao e le setlhopha. Akanya fela gore go ne go ntse jang mo go bone go tsaya loeto le go baakanyetsa dijo mmogo, le go dira dithulaganyo tsa marobalo kwa mafelong a ba sa a tlwaelang. Le fa go ntse jalo, go ne go sireletsegile mo e bileng Jesu yo o neng a le dingwaga di le 12, a neng a letlelelwa go tsamaya a le esi fa ba goroga koo. Akanya kafa tiragalo eo e neng e ka se lebalesege ka gone, segolobogolo mo basheng!—Luke 2:44-46.

13 Fa Baiseraele ba ne ba phatlaletse kwa ntle ga melelwane ya nagagae ya bone, batho ba ba neng ba tla kwa meletlong eo ba ne ba tswa mo ditšhabeng tse dintsi. Ka Pentekosete ya ngwaga wa 33 C.E., Bajuda le basokologi ba ba neng ba anaanela meletlo eo ba ne ba tsaya loeto go ya Jerusalema ba tswa kwa mafelong a jaaka Itali, Libia, Kereta, Asia Minor le Mesopotamia.—Dit. 2:5-11; 20:16.

14. Baiseraele ba ne ba solegelwa molemo jang ke go nna gone kwa meletlong ya ngwaga le ngwaga?

14 Mo Baiseraeleng ba ba ikanyegang, sengwe se se botlhokwa le se se kgatlhang ka go tsaya maeto ano e ne e le go obamela Jehofa ka tlhoafalo, ba na le diketekete tsa batho ba le bone ba anaanelang go nna gone koo. Batho ba ba neng ba tlile meletlong ba ne ba ikutlwa jang? Re bona karabo mo ditaelong tse Jehofa a di neileng batho ba gagwe malebana le Moletlo wa Diobo: “O ipele mo nakong ya moletlo wa gago, wena le morwao le morwadio le motlhanka wa gago le lelata la gago le Molefi le moagi wa moeng le mosimane yo o se nang rre le motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago. O ketekele Jehofa Modimo wa gago moletlo malatsi a le supa mo lefelong le Jehofa a tla le tlhophang, ka gonne Jehofa Modimo wa gago o tla go segofatsa mo maungong otlhe a gago le mo tirong nngwe le nngwe ya seatla sa gago, mme o ipele fela thata.”—Dute. 16:14, 15; bala Mathaio 5:3.

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO ANAANELA DIKOPANO TSA GOMPIENO?

15, 16. O ile wa tshwanelwa ke go ithontsha eng gore o nne gone kwa dikopanong? Ke eng fa o ile wa itumelela go dira seo?

15 Ruri dikokoano tseo tsa bogologolo ke dikai tse di molemolemo mo bathong ba Modimo gompieno! Le fa dilo di le dintsi di fetogile mo makgolokgolong a dingwaga, dikarolo tse di botlhokwa tsa dikopano tseno, tsone ga di a fetoga. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, batlakopanong ba ne ba tshwanetse go ithontsha dilo dingwe gore ba kgone go nna gone kwa go tsone. Go ntse jalo le ka ba le bantsi gompieno. Le fa go ntse jalo, re itumelela go dira seo ka gonne re a itse gore re solegelwa molemo kwa go tsone. Ditiragalo tseno e ne e le dikokoano tse di botlhokwa tsa semoya—e bile di sa ntse di le botlhokwa. Di re naya tshedimosetso mme di re thusa go tlhaloganya dilo tse di leng botlhokwa gore re tswelele re na le kamano e e gaufi le Modimo. Dikopano di re rotloetsa go dirisa se re se ithutang, di re thusa go tila mathata, e bile di re kgothaletsa go nna re tlhomile mogopolo mo dilong tse di tla re itumedisang go na le tse di tla re kgobang marapo.—Pes. 122:1-4.

Korea Borwa

16 Ka metlha, dikopano di dira gore batho ba ba tlileng kwa go tsone ba itumele. Pego nngwe e e malebana le kopano ya 1946 e ne ya re: “Go ne go kgatlha tota go bona basupi ba le diketekete ba ntse mmogo mo lefelong le le lengwe, e bile go ne go itumedisa thata go reetsa okhesetara e kgolo e tshameka mmino mme batho ba le bantsi ba opela le yone dipina tse di monate tsa Bogosi ba baka Jehofa.” Pego eo e ne ya tswelela ka go re: “Lephata la Tirelo ya Boithaopo le ne la kwadisa baithaopi go tla go bereka mo mafapheng a a farologaneng, ba  itumeletse go direla basupi mmogo le bone.” A le wena o kile wa nna le boitumelo joo fa o le kwa kopanong ya kgaolo kgotsa ya ditšhabatšhaba?—Pes. 110:3; Isa. 42:10-12.

17. Go rulaganngwa ga dikopano go ile ga fetolwa jang mo metlheng ya gompieno?

17 Go na le dilo dingwe tse di ileng tsa fetolwa mo tseleng e dikopano di rulaganngwang ka yone. Ka sekai, batho bangwe ba Modimo ba gopola nako e ka yone dikopano di neng di tsaya malatsi a le robedi! Go ne go na le thulaganyo ya mo mosong, ya thapama, le ya maitseboa. Thulaganyo ya kopano ka metlha e ne e akaretsa go ya tirelong ya tshimo. Dikarolo di le mmalwa di ne di simolola ka ura ya borobongwe mo mosong mme gantsi thulaganyo e ne e tswelela go fitlha ka ura ya borobongwe bosigo. Baithaopi ba ne ba dira ka natla le ka diura tse dintsi go baakanyetsa batlakopanong dijo tsa phakela, tsa motshegare le tsa maitseboa. Gone jaanong, malatsi a kopano a fokoditswe, mme e re ka batho ba itirela dijo, seo se thusa gore ba kgone go reetsa ka tlhoafalo thulaganyo ya semoya.

Mozambique

18, 19. Ke eng se o lebang pele go se itumelela kwa kopanong, mme ka ntlha yang?

18 Re nna re lebile pele go bona dilo dingwe tse di sa bolong go nna karolo ya thulaganyo ya kopano. ‘Dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng’ tse di re thusang go tlhaloganya botoka boporofeti jwa Baebele le dithuto tse dingwe, di tswa mo dipuong tse di neelwang kwa dikopanong le mo dikgatisong tse disha tse di gololwang. (Math. 24:45) Dikgatiso tseo tse di gololwang, gantsi di thusa batho ba ba peloephepa go tlhaloganya boammaaruri jwa Dikwalo. Diterama tsa Baebele tse di kgatlhang di kgothaletsa basha le bagolo go sekaseka maitlhomo a bone le go ikela tlhoko mo dikgatelelong tse di tlisiwang ke tsela e lefatshe leno le le sa rateng Modimo le akanyang ka yone. Puo ya kolobetso le yone e re naya tshono ya go sekaseka dilo tse di tlang pele mo matshelong a rona le go itumelela go bona batho ba bangwe ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa ka kolobetso.

19 Dikopano ga di a bolo go nna karolo e kgolo ya kobamelo e e itshekileng, mme di thusa batho ba ba itumetseng ba ga Jehofa go mo direla ka tsela e e tshwanetseng mo dinakong tse di thata. Dikokoano tseo di re naya kgothatso ya semoya, le ditshono tsa go kopana le ditsala tse disha, di re thusa go anaanela bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe e bile ke tsela e ka yone Jehofa a segofatsang batho ba gagwe le go ba tlhokomela. Ga go pelaelo gore mongwe le mongwe wa rona o tla batla go rulaganya dilo gore a kgone go nna gone mo thulaganyong nngwe le nngwe ya kopano mme e mo solegele molemo.—Dia. 10:22.