Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhokomela Dirai Tsa Ga Diabolo!

Tlhokomela Dirai Tsa Ga Diabolo!

 Tlhokomela Dirai Tsa Ga Diabolo!

‘Tswa mo serung sa ga Diabolo.’—2 TIM. 2:26.

O TLA ARABA JANG?

Re tlhoka go itlhatlhoba jang fa re na le mokgwa wa go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso go sa tshwanela?

O ka ithuta eng mo sekaong sa ga Pilato le sa ga Petere malebana le go se ineelele poifo le kgatelelo?

O ka tila jang go ikutlwa o le molato ka tsela e e feteletseng?

1, 2. Re tla tlotla ka dirai dife tsa ga Diabolo mo setlhogong seno?

DIABOLO o tsoma batlhanka ba ga Jehofa. Maikaelelo a gagwe ga se go ba bolaya jaaka motsomi a bolaya phologolo. Go na le moo, maikaelelo a magolo a ga Diabolo ke go tshwara motho a tshela mme a bo a mo dirisa ka tsela e a batlang ka yone.—Bala 2 Timotheo 2:24-26.

2 Motsomi a ka nna a dirisa serai sa mofuta mongwe gore a thaise sengwe se a batlang go se tshwara se tshela. A ka nna a leka go dira gore phologolo e tswe mo lefelong le e iphitlhileng mo go lone gore a kgone go e tshwara ka segole. Kgotsa a ka dirisa serai se a se fitlhileng go tshwara phologolo e sa lemoge. Diabolo o dirisa dirai tse di tshwanang le tseo gore a tshware batlhanka ba Modimo ba tshela. Fa re batla gore a se ka a re tshwara, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng mme re tseye tsia ditlhagiso tse di re bontshang gore sengwe sa dirai tsa ga Satane se gaufi. Setlhogo seno se tla tlotla kafa re ka nnang re disitse ka gone, gore re se ka ra tshwarwa ke dirai di le tharo tse Diabolo a ileng a atlega go di dirisa. Dirai tseno ke (1) puo e e sa laolesegeng (2) poifo le kgatelelo, le (3) go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng. Setlhogo se se latelang sone se tla tlotla ka dirai tse dingwe tse pedi, tsa ga Satane.

TIMA MOLELO WA PUO E E SA LAOLESEGENG

3, 4. Fa re sa laole tsela e re buang ka yone go ka felela ka eng? Naya sekai.

3 E le go pateletsa diphologolo gore di tswe mo di iphitlhileng teng, motsomi a ka tlhosetsa karolo nngwe ya naga ka molelo go tswa foo a bo a tshwara diphologolo fa di ntse di leka go tshaba. Diabolo a ka nna a leka go tlhosetsa molelo mo phuthegong ya Bokeresete, ka tsela ya tshwantshetso. Fa a atlega, a ka dira gore maloko a phuthego a tswe mo lefelong le le sireletsegileng mme a wele mo teng ga diatla tsa gagwe. Re ka iphitlhela re dirisana jang le Diabolo re  sa lemoge mme ka go dira jalo re bo re wela mo seraing sa gagwe?

4 Morutwa Jakobe o ne a tshwantshanya loleme le molelo. (Bala Jakobe 3:6-8.) Fa re sa laole tsela e re buang ka yone, e ka nna rona ba re tlhosetsang molelo wa tshwantshetso mo phuthegong. Seno se ka direga jang? Akanya ka boemo jo bo latelang: Kwa pokanong nngwe ya phuthego, go dirwa kitsiso ya gore kgaitsadi mongwe o tlhomilwe go nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga dipokano baboledi bangwe ba babedi ba tlotla ka kitsiso eno. Yo mongwe o bontsha gore o itumetse e bile o eleletsa mmulatsela yono yo mosha katlego. Yo mongwe o belaela maitlhomo a mmulatsela yono mme o kaya gore o batla fela go tlhagelela mo phuthegong. Ke ofe wa baboledi bano ba babedi yo o ka ratang gore e nne tsala ya gago? Go motlhofo go bona gore ke ofe mo go bone yo o ka tlhosetsang molelo mo phuthegong ka se a se buang.

5. Gore re time molelo wa puo e e sa laolesegeng, go tla bo go le molemo gore re itshekatsheke ka tsela efe?

5 Re ka tima jang molelo wa puo e e sa laolesegeng? Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Math. 12:34) Ka jalo, kgato ya ntlha ke go sekaseka pelo ya rona. A re tila maikutlo a a sa siamang a a gotetsang puo e e senyang? Ka sekai, fa re utlwa gore mokaulengwe mongwe o kgaratlhela tshiamelo nngwe ya tirelo, a ka bonako fela re dumela gore o na le maitlhomo a a siameng, kgotsa a re belaela gore o laolwa ke boithati? Fa re na le mokgwa wa go nna re belaela, go molemo go gopola gore Diabolo o ile a belaela maitlhomo a motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo e bong Jobe. (Jobe 1:9-11) Go na le gore re belaele mokaulengwe wa rona, re tla bo re dira sentle go sekaseka lebaka la go bo re mo tshwayatshwaya diphoso. A ruri re na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo? Kgotsa a pelo ya rona e tlhotlheleditswe ke moya wa go tlhoka lorato o o anameng thata mo metlheng eno ya bofelo?—2 Tim. 3:1-4.

6, 7. (a) Mabaka mangwe a a ka dirang gore re tshwayatshwaye ba bangwe diphoso ke afe? (b) Re tshwanetse go itshwara jang fa re gobololwa?

6 Akanya ka mabaka a mangwe a a ka dirang gore re tshwaye ba bangwe diphoso. Lengwe la one e ka nna gore re batla go ikgantsha ka se re se fitlheletseng. Tota e bile, re ka tswa re leka go gatelela ba bangwe e le gore rona re tlhagelele. Kgotsa re ka tswa re leka go dira diipato tsa go bo re sa kgone go dira dilo tse di molemo. Go sa kgathalesege gore re tlhotlhelediwa ke boikgogomoso, lefufa kgotsa go ipelaela, diphelelo tsa gone di kotsi.

7 Gongwe re ka tswa re akanya gore re na le mabaka a a utlwalang a go tshwayatshwaya mongwe diphoso. Gongwe o kile a bua sengwe se se sa siamang ka rona. Fa go le jalo, go tla bo go se molemo go ipusolosetsa. Go dira jalo ke go gotetsa molelo mme go dumalana le thato ya ga Diabolo e seng ya Modimo. (2 Tim. 2:26) Re dira sentle go etsa sekao sa ga Jesu mo kgannyeng eno. Fa a ne a gobololwa, ‘ga a ka a gobolola le ene.’ Go na le moo, o ne “a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka  tshiamo.” (1 Pet. 2:21-23) Jesu o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a tla baakanya dilo ka tsela ya gagwe le ka nako ya gagwe. Le rona re tshwanetse go ikanya Modimo fela jalo. Fa re bua ka tsela e e molemo re thusa gore go nne le ‘sebofo se se kopanyang sa kagiso’ mo phuthegong ya rona.—Bala Baefeso 4:1-3.

TILA SERAI SA POIFO LE SA KGATELELO

8, 9. Ke ka ntlha yang fa Pilato a ne a atlhola Jesu?

8 Phologolo e e tshwerweng ke serai ga e kgone go dira sepe. Ka tsela e e tshwanang motho yo o ineelelang poifo le kgatelelo nngwe le ene ga a kgone go laola botshelo jwa gagwe ka botlalo. (Bala Diane 29:25.) Mma re sekasekeng dikao di le pedi tsa banna ba ba farologaneng ba ba ileng ba ineelela kgatelelo le poifo mme re bone gore re ka ithuta eng mo maitemogelong a bone.

9 Mmusimogolo wa Roma e bong Ponto Pilato o ne a itse gore Jesu o ne a se na molato mme go bonala a ne a sa batle go mo utlwisa botlhoko. Tota e bile, Pilato o ne a re Jesu o ne a sa dira “sepe se se tshwanetseng loso.” Le fa go ntse jalo, Pilato o ne a mo atlholela loso. Ka ntlha yang? Ka gonne Pilato o ne a ineelela go gatelelwa ke segopa. (Luke 23:15, 21-25) Baganetsi bao ba ne ba goa ba re, “fa o golola monna yono, ga o tsala ya ga Kaesara,” mme ka go dira jalo ba ne ba mo gatelela gore ba fitlhelele maikaelelo a bone. (Joh. 19:12) Pilato a ka tswa a ne a boifa gore o tla latlhegelwa ke maemo a gagwe—kgotsa gongwe le botshelo jwa gagwe—fa a ne a ka ema mo letlhakoreng la ga Keresete. Ka jalo, o ne a ineela mo kgatelelong mme a dira thato ya ga Diabolo.

10. Ke eng se se tlhotlheleditseng Petere gore a itatole Keresete?

10 Moaposetoloi Petere e ne e le mongwe wa ditsala tse di gaufi tsa ga Jesu. O ne a bolela phatlalatsa gore Jesu e ne e le Mesia. (Math. 16:16) Petere o ne a nna a ikanyega fa barutwa ba bangwe ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa se Jesu a neng a se bua mme ba mo tlogela. (Joh. 6:66-69) Mme fa baba ba ne ba tla go tshwara Jesu, Petere o ne a dirisa tšhaka go sireletsa Mong wa gagwe. (Joh. 18:10, 11) Le fa go ntse jalo, moragonyana Petere o ne a ineelela poifo mme a itatola gore o itse Jesu Keresete. Ka nakwana, moaposetoloi yono o ne a iphitlhela a tshwerwe ke serai sa go boifa batho mme a se letla gore se mo thibele go nna pelokgale.—Math. 26:74, 75.

11. Re ka nna ra tshwanelwa ke go lepalepana le ditlhotlheletso dife tse di bosula?

11 Rona Bakeresete re tshwanetse go emelana le kgatelelo ya go dira dilo tse di ka se itumediseng Modimo. Bathapi ba rona kgotsa batho ba bangwe ba ka nna ba leka go re pateletsa gore re se ka ra ikanyega kgotsa ba ka batla go re tlhotlheletsa gore re dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Baithuti ba ka nna ba tshwanelwa ke go lebana le balekane ba bone ba ba lekang go ba gatelela gore ba tsietse mo ditlhatlhobong, ba lebelele ditshwantsho tse di hepisang, ba goge, ba dirise diokobatsi, ba nwe bojalwa ka tsela e e feteletseng kgotsa ba dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka jalo, ke eng se se ka re thusang go tila serai sa go boifa le sa kgatelelo ya go dira dilo tse di sa itumediseng Jehofa?

12. Re ka ithuta dithuto dife mo go Pilato le mo go Petere?

12 Mma re boneng gore re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Pilato le sa ga Petere. Pilato o ne a sa itse Keresete go le kalo. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore Jesu o ne a se na molato e bile e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. Mme gone Pilato o ne a se na boikokobetso e bile a sa rate Modimo wa boammaaruri. Go ne ga nna motlhofo gore Diabolo a mo tshware a tshela. Petere ene o ne a na le kitso ya boammaaruri e bile a rata Modimo. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ne a se na boikokobetso, a boifa, a bo a ineelela kgatelelo. Pele ga Jesu a tshwarwa, Petere o ne a ipelafatsa jaana: “Le fa ba bangwe botlhe ba ka kgotšwa, le fa go ntse jalo nna ga ke na go kgotšwa.” (Mar. 14:29) Moaposetoloi yono a ka bo a ile a ipaakanyetsa diteko tseno e sa le gale fa a ka bo a ile a ikanya Modimo fela jaaka mopesalema yo o neng a opela jaana: “Jehofa o kafa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa. Motho wa mo  lefatsheng a ka ntirang?” (Pes. 118:6) Mo bosigong jwa Gagwe jwa bofelo mo lefatsheng, Jesu o ne a tsamaya le Petere le baaposetoloi ba bangwe ba babedi a tsenelela le bone kwa teng ga tshimo ya Gethesemane. Le fa go ntse jalo, go na le gore Petere le ditsala tsa gagwe ba nne ba ntshitse matlho dinameng, ba ne ba robala. Jesu o ne a ba tsosa a ba raya a re: “Banna, nnang lo disitse e bile lo rapela, gore lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Mar. 14:38) Le fa go ntse jalo, Petere o ne a robala gape mme moragonyana a ineelela mo poifong le mo kgatelelong.

13. Re ka emelana jang le kgatelelo ya go dira sengwe se se phoso?

13 Sekao sa ga Pilato le sa ga Petere se ka re ruta thuto e nngwe e e botlhokwatlhokwa: Gore motho a atlege go emelana le kgatelelo go tlhoka gore a nne le dilo tse di jaaka kitso ya boammaaruri, boikokobetso, boingotlo, go rata Modimo le go boifa Jehofa e seng batho. Fa tumelo ya rona e theilwe mo kitsong ya boammaaruri, re tla kgona go bua se re se dumelang ka bopelokgale le ka go tlhatswega pelo. Seno se tla re thusa gore re se ka ra ineela mo kgatelelong mme re fenye go boifa batho. Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go itshepa thata. Go na le moo, re tshwanetse go ikokobetsa mme re lemoge gore re tlhoka maatla a Modimo gore re kgone go emelana le kgatelelo. Re tshwanetse go rapelela moya wa ga Jehofa mme re letle lorato lo re mo ratang ka lone lo re tlhotlheletse gore re tlotlomatse leina la gagwe le melao ya gagwe. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ipaakanyetsa kgatelelo pele ga re lebana le teko. Ka sekai, go thusa bana ba gago e sa le gale go ipaakanyetsa go lebana le kgatelelo ya balekane mmogo le go rapela le bone go ka ba thusa gore ba kgone go emelana le balekane ba bone fa ba leka go ba tlhotlheletsa go dira sengwe se se phoso.—2 Bakor. 13:7. *

TILA SERAI SE SE GATELELANG—GO IKUTLWA MOLATO KA TSELA E E FETELETSENG

14. Diabolo o batla gore re dire tshwetso efe malebana le diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng?

14 Ka dinako dingwe serai sa phologolo se ka nna le leje kgotsa kota e e bokete e e lepeleditsweng mo tseleng e gantsi phologolo e fetang mo go yone. Fa phologolo e sa bone mogala o o golagantsweng le serai, e ka o kgopa, e bo e welwa ke kota kgotsa leje leo. Go ikutlwa o le molato ka tsela e e feteletseng go ka tshwana le morwalo o o boima o o gatelelang. Fa re akanya ka diphoso tse re di dirileng mo nakong e e fetileng re ka ikutlwa re “gateletswe fela thata.” (Bala Pesalema 38:3-5, 8.) Satane o batla go dira gore re akanye gore ga re tshwanelwe ke kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e bile re palelwa ke go tshela ka melao ya Gagwe.

15, 16. O ka tila jang serai sa go ineelela go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng?

15 O ka tila jang serai seno se se gatelelang? Fa o dirile boleo jo bo masisi tsaya kgato e e tshwanetseng gone jaanong gore o kgone go boa o nna le kamano le Jehofa. Kopa thuso mo bagolwaneng. (Jak. 5:14-16) Dira se o ka se kgonang go baakanya phoso eo. (2 Bakor. 7:11) Fa o kgalemelwa o se ka wa tshwenyega thata mo maikutlong. Kotlhao ke sesupo sa gore Jehofa o a go rata. (Baheb. 12:6) Ikemisetse gore ga o kitla o boeletsa dilo tse di bakileng gore o leofe, mme o dire go dumalana le maikemisetso ao. Fa o setse o ikwatlhaile mme o sokologile, nna le tumelo ya gore setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete ruri se ka bipa ditlolo tsa gago.—1 Joh. 4:9, 14.

16 Batho bangwe ba nna ba tshwenyega go sa tlhokege ka maleo a tota ba setseng ba a itshwaretswe. Fa go le jalo le ka wena, gakologelwa gore Jehofa o ne a itshwarela Petere le baaposetoloi ba bangwe ka gonne ba ne ba latlha Morwawe yo o rategang e bong Jesu ka nako e a neng a ba tlhoka thata ka yone. Jehofa o ne a itshwarela monna yo o neng a kobilwe mo phuthegong ya kwa Korintha ka ntlha ya boitshwaro jo bo sa siamang  mme moragonyana o ne a ikwatlhaya. (1 Bakor. 5:1-5; 2 Bakor. 2:6-8) Lefoko la Modimo le bua ka batho ba ba neng ba dirile maleo a a masisi ba bo ba ikwatlhaya mme Modimo a ba itshwarela.—2 Ditir. 33:2, 10-13; 1 Bakor. 6:9-11.

17. Thekololo e ka re direla eng?

17 Jehofa o tla go itshwarela a bo a lebale diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, fa ruri o ikwatlhaya mme o amogela bopelotlhomogi jwa gagwe. Le ka motlha o se ka wa akanya gore setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ga se ka ke sa bipa maleo a gago. Fa o dira jalo o tla bo o wela mo seraing sengwe sa ga Satane. Go sa kgathalesege se Diabolo a batlang gore o se dumele, thekololo e ka bipa maleo a batho botlhe ba ba leofileng ba bo ba ikwatlhaya. (Dia. 24:16) Go dumela mo thekololong go ka tlosa morwalo wa go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng mme ga go nonotsha gore o direle Modimo ka pelo ya gago yotlhe le ka mogopolo otlhe le ka moya otlhe.—Math. 22:37.

RE ITSE MAANO A GA SATANE

18. Re ka tila jang dirai tsa ga Diabolo?

18 Satane ga a kgathale gore re tshwarwa ke serai sefe, o batla fela go re tshwara. E re ka re itse maano a ga Satane, re ka tila go tsiediwa ke Diabolo. (2 Bakor. 2:10, 11) Re ka se wele mo diraing tsa gagwe, fa fela re rapelela botlhale jwa go lepalepana le diteko. Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jak. 1:5) Re tshwanetse go dira tumalanong le dithapelo tsa rona ka go nna le thuto ya ka metlha ya motho a le nosi le ka go dirisa Lefoko la Modimo. Dikgatiso tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale tse di re thusang go ithuta Baebele, di re bontsha dirai tse Diabolo a re beetseng tsone mme di re thusa gore re di tile.

19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhoa se se bosula?

19 Go rapela le go ithuta Baebele go dira gore re rate se se molemo. Mme gape go botlhokwa thata gore re ithute go tlhoa se se bosula. (Pes. 97:10) Go tlhatlhanya ka ditlamorago tsa go latelela dikeletso tsa bopelotshetlha go ka re thusa gore re di tile. (Jak. 1:14, 15) Fa re ithuta go tlhoa se se bosula mme ruri re rata se se molemo, dilo tse Satane a di dirisang go re gogela mo seraing, di ka se re ngoke.

20 A bo re leboga jang ne go bo Modimo a re thusa gore Satane a se ka a re tshwara ka dirai tsa gagwe! Jehofa o re golola “mo go yo o boikepo” a dirisa moya wa Gagwe, Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. (Math. 6:13) Mo setlhogong se se latelang re tla ithuta kafa re ka tilang ka gone dirai tse dingwe gape tse pedi tse Diabolo a atlegileng go di dirisa go tshwara batlhanka ba Modimo ba tshela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Go tla bo go le molemo gore batsadi ba tlotle le bana ba bone ka setlhogo se se reng, “Thulaganyo ya go Fenya Kgatelelo ya Balekane” se se mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di BotsangDikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2, tsebe 132-133. Setlhogo seno se ka dirisiwa mo maitseboeng a Kobamelo ya Lelapa.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Puo e e sa laolesegeng e ka baka mathata a a jaaka molelo mo phuthegong

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

O ka kgona go tlosa morwalo wa go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng