Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Kgang ya Botshelo

Jehofa o Nthutile go Dira Thato ya Gagwe

Jehofa o Nthutile go Dira Thato ya Gagwe

Jaaka go boletse Max Lloyd

Bosigo bongwe ka 1955, nna le mokaulengwe mongwe yo re neng re direla mmogo mo tirelong ya borongwa, re ne re le kwa kabelong ya rona kwa Paraguay, Amerika Borwa, fa ntlo e re neng re le mo go yone e ne e dikaganyediwa ke segopa se se galefileng se goa se re: “Modimo wa rona o nyoretswe madi, mme o batla madi a ma-gringo.” Go tlile jang gore rona ma-gringo (batswakwa) re tle fano?

SENO se simologile dingwaga tse dintsi tse di fetileng kwa Australia, kwa ke goletseng gone le kwa Jehofa a simolotseng go nthuta go dira thato ya gagwe gone. Rre o ne a newa buka ya Enemies ke Mosupi mongwe ka 1938. Ene le Mama ba ne ba sa itumedisiwe ke moruti wa bone, yo o neng a re dikarolo dingwe tsa Baebele ke ditlhamane. Mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, batsadi ba me ba ne ba kolobediwa e le go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. Go simolola ka nako eo go ya pele, go dira thato ya ga Jehofa e ne e le selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa lelapa la gaetsho. Kgaitsadiake e bong Lesley, yo o neng a mpheta ka dingwaga di le tlhano o ne a kolobediwa morago ga foo, mme nna ke ne ka kolobediwa ka 1940 ke le dingwaga di le robongwe.

Nakwana fela morago ga go runya ga Ntwa ya Lefatshe ya II, go ne ga thibelwa go gatisiwa le go anamisiwa ga dikgatiso tsa Baebele tsa Basupi ba ga Jehofa, kwa Australia. Ka jalo, fa ke sa ntse ke le monnye ke ne ka ithuta go tlhalosa mabaka a tumelo ya me ke dirisa Baebele fela. Ke ne ka tlwaela go tsamaya ka Baebele kwa sekolong go bontsha gore ke ka ntlha yang fa ke sa dumedise folaga, kgotsa ke sa tshegetse maiteko a ditšhaba a ntwa.—Ekes. 20:4, 5; Math. 4:10; Joh. 17:16; 1 Joh. 5:21.

Bontsi jwa bana kwa sekolong bo ne bo sa batle go tsalana le nna ka gonne ke ne ke bidiwa “setlhola sa Bajeremane.” Ka nako eo, go ne go bontshiwa difilimi kwa sekolong. Pele ga filimi e simolola, mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go ema ka dinao a bo a opela pina ya setšhaba. Fa ke sa emelele, basimane ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ne ba leka go nkemisa ba nkgoga ka moriri. Kgabagare ke ne ka lelekiwa kwa sekolong ka gonne ke ne ke emela dithuto tse di theilweng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go tswelela ke ithuta le setheo sengwe sa thuto ke le kwa gae.

MOKGELE O KGABAGARE KE NENG KA O FITLHELELA

Ke ne ke ipeetse mokgele wa gore fa ke tshwara dingwaga di le 14, ke tla tsenela tirelo ya nako e e tletseng ke le mmulatsela. Ka jalo, ke ne ka swaba tota fa batsadi ba me ba ne ba re ke tshwanetse go batla tiro pele mme ke bereke. Ba ne ba gatelela gore ke duele kamore e ke neng ke nna mo go yone kwa gae mme ba ntsholofetsa gore ke tla simolola go nna mmulatsela fa ke le dingwaga di le 18. Seno se ne sa felela ka gore gangwe le gape re bue ka madi a ke neng ke a amogela. Ke ne ka ba bolelela gore ke batla go boloka madi a me gore a nthuse fa ke le mmulatsela, le fa go ntse jalo, ba ne ba ntseela one.

 Fa nako ya gore ke simolole bobulatsela e goroga, batsadi ba me ba ne ba mpaya fa fatshe mme ba ntlhalosetsa gore madi a ke neng ke ba naya one, ba mpoloketse one mo akhaontong ya banka. Go tswa foo ba ne ba nnaya madi ao a me otlhe gore ke reke diaparo le dilo tse dingwe tse ke neng ke di tlhoka fa ke le mmulatsela. Ba ne ba nthuta gore ke itlhokomele mme ke se ke ka lebelela gore batho ba bangwe ba ntlhokomele. Fa ke leba kwa morago, thapiso eo e ne e le botlhokwa thata.

Fa nna le Lesley re ne re gola, gantsi babulatsela ba ne ba nna kwa gae mme re ne re itumelela go ya bodireding le bone. Ka mafelobeke re ne re dira bodiredi jwa ntlo le ntlo, bodiredi jwa mmila, re bo re tshwara dithuto tsa Baebele. Mo dingwageng tseo, baboledi ba ne ba tshwanetse go fitlhelela diura di le 60 ka kgwedi. Gantsi Mmè o ne a kgona go fitlhelela diura tseo, mme seo se ne sa tlhomela nna le Lesley sekao se se molemo.

FA KE LE MMULATSELA KWA TASMANIA

Kabelo ya me ya ntlha e ne e le kwa setlhaketlhakeng sa Tasmania, kwa Australia, kwa ke neng ka dira mmogo gone le kgaitsadiake le monna wa gagwe. Le fa go ntse jalo, nakwana morago ga foo ba ne ba ya go tsenela tlelase ya bo15 ya Sekolo sa Gileade. Ke ne ke le ditlhong tota, e bile ke ise ke tsamaye ke ye kgakala le kwa gae. Batho bangwe ba ne ba akanya gore nka se fetse dikgwedi tse di fetang tse tharo koo. Le fa go ntse jalo, pele ga ngwaga o ya bokhutlong, ka 1950, ke ne ka tlhomiwa go direla ke le motlhanka wa khampani, yo jaanong a bidiwang morulaganyi mo setlhopeng sa bagolwane. Moragonyana, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng mme mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a tla go direla le nna.

Kabelo ya rona e ne e le kwa toropong e e kwa thoko ya moepo wa kopore kwa go neng go se na Basupi gone. Re ne ra goroga koo ka bese maitseboa mangwe. Re ne ra robala kwa hoteleng ya bogologolo mo bosigong jwa ntlha. Mo letsatsing le le latelang, fa re rera ka ntlo le ntlo, re ne ra botsa beng ba matlo gore a ga ba itse kwa go nang le phaposi e e hirisiwang gone. Fa letsatsi le tloga le wela, motho mongwe o ne a umaka gore ntlo ya moruti e e gaufi le kereke ya Presbyterian, e ne e se na ope mme a re gongwe re ka bua le motiakone. O ne a le botsalano mme a re letla go nna mo ntlong eo. Go ne go lebega go gakgamatsa tota go tswa kwa ntlong ya moruti letsatsi le letsatsi re ya bodireding.

Batho ba tshimo eo ba ne ba re amogela. Re ne re tlotla monate le bone mme ra simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele. Fa baokamedi ba kereke kwa motsemogolo ba lemoga seo mme ba utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba nna mo ntlong ya moruti, ba ne ba laela motiakone gore a re leleke ka bonako. Re ne ra tlhoka lefelo la bonno gape.

Fa re sena go rera go fitlha thapama mo letsatsing le le latelang, re ne ra batla lefelo le re neng re tla lala kwa go lone. Re ne ra bona lefelo la go robala mo setadiamong sa metshameko, re bo re fitlha dibeke tsa rona gone mme ra tswelela ka go rera. Go ne go fifala, le fa go ntse jalo re ne ra dira tshwetso ya go etela malapa a le mmalwa fela gore re wetse tshimo mo seterateng se re neng re rera mo go sone. Kwa ntlong nngwe, monna mongwe o ne a re naya lefelo la bonno mo ntlong e nnye e e nang le diphaposi tse pedi e e kwa morago ga ntlo ya gagwe!

 TIRO YA POTOLOGO LE GO YA KWA GILEADE

Morago ga dikgwedi di ka nna robedi re le mo kabelong eno, ofisi ya lekala ya Australia e ne ya nkopa go direla ke le molebedi wa potologo. Seno se ne sa nkgakgamatsa e re ka ke ne ke le dingwaga di le 20 fela. Fa ke sena go thapisiwa dibeke di le mmalwa, ke ne ka simolola go nna ke etela diphuthego le go di kgothatsa. Batho botlhe ba bagolo mo go nna, ba ne ba sa nnyatse ka go bo ke le mosha, go na le moo ba ne ba tlotla tiro e ke neng ke e dira.

Dipalangwa tse ke neng ke di dirisa fa ke etela diphuthego, di ne di farologane tota! Beke nngwe ke ne ke tsamaya ka bese, e nngwe ka terempe go tswa foo ke tsamaya ka koloi kgotsa ka sethuthuthu ke tshotse sutukheise le beke ya go neela bosupi. Go nna le Basupi mmogo go ne go itumedisa tota. Motlhanka mongwe wa khampani o ne a tlhagafaletse thata gore ke nne le ene, le fa a ne a ise a fetse go aga ntlo ya gagwe. Mo bekeng eo, ke ne ke robala mo bateng, mme gone roobabedi re ne ra nna le beke e e nonotshang semoyeng tota!

Ka 1953, ke ne ka gakgamadiwa ke go amogela foromo ya go tsenela tlelase ya bo22 ya Sekolo sa Gileade. Mme gone boitumelo jwa me bo ne bo kopane le go tlhobaela. Lebaka ke gore, kgaitsadiake le monna wa gagwe ba ne ba aloga kwa Gileade ka July 30, 1950, ba ne ba abelwa go direla kwa Pakistan. Pele ga ngwaga o fela, Lesley o ne a bobola mme a tlhokafalela koo. Ka jalo, ke ne ke ipotsa gore batsadi ba me ba tla ikutlwa jang fa le nna ke ne ke tshwanelwa ke go tsamaya go ya go direla kwa nageng nngwe nakwana fela morago ga foo? Le fa go ntse jalo, ba ne ba re: “Tsamaya o ye go direla Jehofa kwa a go kaelang gore o ye gone.” Ga ke a ka ka tlhola ke bona Rre gape. O ne a tlhokafala kwa bokhutlong jwa bo1950.

Go ise go ye kae, ke ne ka palama sekepe ke na le Basupi ba bangwe ba batlhano ba ba tswang kwa Australia, mo loetong lwa dibeke di le thataro go ya kwa New York City. Mo tseleng re ne re bala Baebele, re ithuta e bile re rerela batho ba re neng re palame sekepe le bone. Pele ga re ya kwa sekolo se tshwarelwang gone kwa South Lansing, New York, re ne ra ya kopanong ya ditšhabatšhaba ya July 1953 kwa Yankee Stadium. Tlhora ya batho ba ba neng ba le gone e ne e le 165 829!

Tlelase ya rona kwa Sekolong sa Gileade, e ne e na le baithuti ba le 120 ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Mo letsatsing le re neng re aloga ka lone, ke gone re neng ra bolelelwa gore re abetswe go ya go direla kae. Ka bonako fela, re ne ra tabogela kwa laeboraring ya Gileade go ya go bona gore dinaga tse re neng re abetswe go direla kwa go tsone di ntse jang. Ke ne ka lemoga gore naga e ke neng ke abetswe go direla kwa go yone e leng Paraguay, e ne e le naga e e nang le hisitori ya dikhuduego tsa dipolotiki. Nakwana morago ga go goroga koo, moso mongwe ke ne ka botsa barongwa ba bangwe gore go ne go “ketekiwa” eng bosigo. Ba ne ba nyenya mme ba re: “Seo ke dikhuduego tsa ntlha tse o itemogetseng tsone. Leba kwa ntle ga mojako o o kwa pele.” Go ne go na le masole gongwe le gongwe!

MAITEMOGELO A A SA LEBALESEGENG

Mo lekgetlong lengwe ke ne ka tsamaya le molebedi wa potologo go ya go etela phuthego nngwe e e kwa thoko go ya go ba bontsha filimi ya The New World Society in Action. Re tsamaile diura di le robedi kgotsa di  le robongwe, re simolotse re tsamaya ka terena, go tswa foo ra tsamaya ka karaki e e gogiwang ke dipitse mme kwa bokhutlong ra tsamaya ka kolotsana ya dikgomo. Re ne re tshotse jenereitara le porojeketara ya difilimi. Fa kgabagare re goroga kwa re neng re ya gone, re ne ra fetsa letsatsi le le latelang re etela dipolasi, re laletsa botlhe go tla go bona filimi maitseboa ao. Batho ba ka nna 15 ba ne ba tla go e leba.

Fa filimi e na le mo e ka nnang metsotso e le 20 e tsweletse, re ne ra bolelelwa gore re tsene mo ntlong ka bonako kafa re ka kgonang ka teng. Re ne ra phamola porojeketara mme ra dira se re neng re se bolelelwa. Ke ka yone nako eo banna bangwe ba neng ba simolola go goa ba hula ditlhobolo mme ba opela ba re: “Modimo wa rona o nyoretswe madi, mme o batla madi a ma-gringo.” Go ne go na le ma-gringo a le mabedi fela foo, mme ke ne ke le mongwe wa bone! Batho ba ba neng ba tlile go leba filimi ba ne ba thibela segopa seo gore se se ka sa tsena mo ntlong. Mme gone, baganetsi bao ba ne ba boa gape mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong, ba thuntshakaka ditlhobolo mme ba solofetsa gore ba tla re tshwara fa re boela kwa toropong moragonyana mo letsatsing leo.

Bakaulengwe ba ne ba ikgolaganya le molaodi mongwe mme o ne a tla ka dipitse tse pedi thapama go tla go re buledisa kwa toropong. Fa re boela morago, nako nngwe le nngwe fa re atamela lefelo le le nang le ditlhatshana kgotsa ditlhare tse di kitlaneng, o ne a ntsha tlhobolo ya gagwe mme a tsamaela kwa pele go lekola lefelo leo. Ke ne ka lemoga gore pitse ke sepalangwa se se botlhokwa, mme moragonyana ke ne ka ithekela pitse.

GO GOROGA BARONGWA BA BA OKETSEGILENG

Tiro ya go rera e ne ya tswelela e atlega le fa baruti ba ne ba nna ba re ganetsa. Ka 1955, go ne ga goroga barongwa ba bangwe ba le batlhano, go akaretsa le kgaitsadi yo mosha wa Mo-Canada, e bong Elsie Swanson, yo o neng a aloga mo tlelaseng ya bo25 ya Gileade. Re ne re le mmogo ka nakwana kwa ofising ya lekala pele ga a abelwa go direla kwa toropong e nngwe. O ne a ineetse go direla Jehofa mme batsadi ba gagwe ba ba neng ba se ka ba amogela boammaaruri, ba ne ba sa mo thuse go le kalo. Ka December 31, 1957, nna le Elsie re ne ra nyalana mme ra nna re le rosi kwa legaeng la barongwa kwa karolong e e kwa borwa jwa Paraguay.

Legae la rona le ne le se na pompo ya metsi; go na le moo go ne go na le sediba kwa morago ga ntlo. Ka jalo, go ne go se na shawara kgotsa ntlwana, go se na motšhini wa go tlhatswa diaparo, tota le setsidifatsi. Re ne re reka dijo tse di senyegang, letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, botshelo jo bo sa raraanang le kamano e e lorato e re neng re na le yone le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong e ne ya dira gore nako eno e nne e e itumedisang mo botshelong jwa rona jwa lenyalo.

 Ka 1963, nakwana fela morago ga go etela mmè kwa Australia, o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa pelo, jo go bonalang bo bakilwe ke boitumelo jwa go bona morwawe morago ga dingwaga di le lesome. Fa nako ya gore re boele kwa kabelong ya rona kwa Paraguay e ntse e atamela, re ne ra tshwanelwa ke go dira nngwe ya ditshwetso tse di thata mo botshelong jwa rona. A re tlogele mmè kwa bookelong, re solofela gore mongwe o tla mo tlhokomela, re bo re boela kwa kabelong ya rona e re neng re e rata thata kwa Paraguay? Morago ga go rapela thata, nna le Elsie re ne ra dira tshwetso ya gore re se ka ra tsamaya mme re tlhokomele Mmè. Re ne ra kgona go mo tlhokomela mme ra tswelela re le mo tirelong ya nako e e tletseng go fitlha a tlhokafala ka 1966.

E ne e le tshiamelo go dirisiwa mo tirong ya potologo le ya kgaolo kwa Australia dingwaga di le mmalwa le go ruta kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi sa bagolwane. Morago ga foo, go ne ga tla phetogo e nngwe gape mo matshelong a rona. Ke ne ka abelwa go direla ke le leloko la Komiti ya Lekala ya ntlha kwa Australia. Go tswa foo, fa re ne re tshwanetse go aga ofisi e ntšha ya lekala, ke ne ka tlhomiwa go nna modulasetulo wa komiti ya kago. Batho ba le bantsi ba ba nang le maitemogelo le ba ba nang le tirisanommogo ba ne ba thusa gore go agiwe moago o montle wa lekala.

Morago ga foo ke ne ka abelwa go direla mo Lefapheng la Tirelo, le tiro ya lona e leng go okamela tiro ya go rera mo nageng. Gape ke ne ka nna le tshiamelo ya go etela makala a mangwe mo lefatsheng ke le molebedi yo o etelang makala ke ba thusa le go ba kgothatsa. Go ne go nnonotsha tumelo tota go etela dingwe tsa dinaga tse di nang le bakaulengwe ba ba feditseng dingwaga di le dintsi—tota le masomesome a dingwaga—kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya go bo ba ile ba ikanyega mo go Jehofa.

KABELO YA RONA GONE JAANONG

Ka 2001, fa re boa mo loetong lwa go etela makala, re lapile, ke ne ka fitlhela lekwalo le le nkopang go ya kwa Brooklyn, New York, go ya go direla ke le leloko la Komiti ya Lekala ya United States e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Nna le Elsie re ne ra akanyetsa kopo eo ka thapelo mme ra itumelela go amogela kabelo eo. Re sa ntse re le kwa Brooklyn, morago ga dingwaga di feta 11.

Ke itumela tota go bo ke na le mosadi yo o itumelelang go dira sengwe le sengwe se Jehofa a se kopang. Gone jaanong nna le Elsie re mo dingwageng tsa bo80 mme re sa ntse re na le botsogo jo bo botoka. Re lebile pele go itumelela dithuto tsa ga Jehofa ka bosakhutleng le masego otlhe a ba ba tswelelang go dira thato ya gagwe ba tla a bonang.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Beke nngwe ke ne ke tsamaya ka bese, e nngwe ka terempe, go tswa foo ke tsamaya ka koloi kgotsa ka sethuthuthu ke tshotse sutukheise le beke ya go neela bosupi

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Re lebile pele go itumelela dithuto tsa ga Jehofa ka bosakhutleng

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Kafa molemeng: Fa ke le mo tirong ya potologo kwa Australia

Kafa mojeng: Ke na le batsadi ba me

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Letsatsi la rona la lenyalo, December 31, 1957