Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Kokoanya Lelapa la Gagwe

Jehofa o Kokoanya Lelapa la Gagwe

 Jehofa o Kokoanya Lelapa la Gagwe

“Ke lo rapela go boloka bongwefela jwa moya.”—BAEF. 4:1, 3.

O TLA TLHALOSA JANG?

Maikaelelo a tsamaiso ya Modimo ke afe?

Re “boloka bongwefela jwa moya” jang?

Ke eng se se tla re thusang go ‘nna pelonomi mo go ba bangwe’?

1, 2. Jehofa o ikaeletse eng malebana le lefatshe le batho?

LELAPA. Lefoko leo le dira gore o akanye ka eng? Lorato? Boitumelo? Go dirisana mmogo lo na le mokgele o le mongwe? Lefelo le le sireletsegileng le motho a ka golelang mo go lone, a ithuta, le go bolelela ba bangwe se a se akanyang? Go ka direga gore seo ke se o se akanyang fa e le gore o tswa mo lelapeng le le nang le lorato. Jehofa ka boene ke Mosimolodi wa lelapa. (Baef. 3:14, 15) O ne a ikaeletse gore dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tsa kwa legodimong le tsa mo lefatsheng di itumelele polokesego, di tshepane di bo di nne le kutlwano ya mmatota.

2 Fa batho ba se na go leofa, ba ne ba se tlhole ba nna karolo ya lelapa la Modimo la lobopo lotlhe, mme gone boikaelelo jwa ga Jehofa bo ne bo sa palelwa. O tla tlhomamisa gore ditlogolwana tsa ga Adame le Efa di nna mo lefatsheng la Paradaise. (Gen. 1:28; Isa. 45:18) O rulagantse sengwe le sengwe go fitlhelela boikaelelo jono. Bontsi jwa dilo tse a di dirileng re di lemoga fa re bala buka ya Baebele ya Baefeso, e e buang thata ka kutlwano. Mma re sekasekeng dingwe tsa ditemana tse di tswang mo bukeng eo mme re bone kafa re ka dirisanang ka gone le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go dira gore popo ya gagwe e nne seoposengwe.

TSAMAISO LE TIRO YA YONE

3. Tsamaiso ya Modimo e go builweng ka yone mo go Baefeso 1:10 ke eng, mme kgato ya yone ya ntlha e simolotse leng go dira?

3 Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.” (Dute. 6:4) Ditiro tsa ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe di a tsamaisana. Ka jalo, “fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela,” Modimo o tla dira gore “tsamaiso” ya gagwe e dire ka botlalo—ke go re thulaganyo ya go kopanya dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale. (Bala Baefeso 1: 8-10.) Tsamaiso eno e tla diragatsa boikaelelo jwa yone ka dikgato tse pedi. Kgato ya ntlha e tla baakanyetsa phuthego ya batlodiwa botshelo kwa legodimong ba laolwa ke Tlhogo ya bone ya semoya e bong Jesu Keresete. Kgato eno e simolotse ka Pentekosete 33 C.E. fa Jehofa a ne a simolola go kokoanya ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong. (Dit. 2:1-4) E re ka batlodiwa ba boletswe ba siametse botshelo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, ba amogela gore ba tsewa e le “bana ba Modimo.”—Bar. 3:23, 24; 5:1; 8:15-17.

4, 5. Kgato ya bobedi ya tsamaiso e dira eng?

4 Kgato ya bobedi e baakanyetsa batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng la Paradaise ba laolwa ke Bogosi jwa ga Keresete jwa Bomesia. “Boidiidi jo bogolo” ke karolo ya ntlha ya setlhopha seno. (Tshen. 7:9, 13-17; 21:1-5) Ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete, dibilione tsa batho ba ba tsositsweng ba tla tshela mmogo le boidiidi jo bogolo. (Tshen. 20:12, 13) Akanya fela kafa tsogo e tla re nayang ditshono tse dintsi ka gone go bontsha kutlwano! Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, “dilo tse di mo lefatsheng” di tla lebana le teko ya makgaolakgang. Ba ba tla ikanyegang ba tla tsewa e le “bana ba Modimo” ba mo lefatsheng.—Bar. 8:21; Tshen. 20:7, 8.

5 Dikgato tsoopedi tsa tsamaiso ya Modimo di tsweletse gompieno—kwa legodimong le mo lefatsheng. Gone jaanong rona re dirisana jang le tsamaiso ya Modimo?

“BOLOKA BONGWEFELA JWA MOYA”

6. Dikwalo di bontsha jang gore Bakeresete ba tshwanetse go kopana mmogo?

6 Dikwalo di bontsha gore Bakeresete ba tshwanetse go kokoana mmogo. (1 Bakor. 14:23; Baheb. 10:24, 25) Seno se akaretsa se se fetang fela go fetsa nako e e rileng mmogo kwa lefelong le le lengwe, fela jaaka batho ba dira fa ba ya kwa mmarakeng kgotsa kwa lefelong la motshameko. Kutlwano ya mmatota e gaisa seo. Re bona kutlwano eno fa re dirisa ditaelo tsa ga Jehofa mme re itetla go bopiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.

7. “Go boloka bongwefela jwa moya” go kaya eng?

7 Le fa Jehofa a ile a tsaya batlodiwa ba gagwe e le barwa ba ba siameng le ba dinku tse dingwe e le ditsala tsa gagwe tse di siameng mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, go se utlwane go tla nna gone fa fela re sa ntse re tshela mo tsamaisong eno ya dilo. (Bar. 5:9; Jak. 2:23) Ka jalo, go ne go tla bo go sa tlhokege gore go nne le kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya gore re tswelele re “itshokelana.” Re ka fitlhelela jang kutlwano le badumedimmogo le rona? Re tshwanetse go nna le “mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le . . . bonolo.” Mo godimo ga moo, Paulo o re kgothaletsa gore re leke ka natla ka tlhoafalo “go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Bala Baefeso 4:1-3.) Go dirisa kgakololo eno go akaretsa gore re letle moya wa Modimo gore o re tlhotlheletse le go tlhagisa dinonofo tsa moya. Go farologana le ditiro tsa nama, tse gantsi di bakang dikgaogano, dinonofo tseo di re thusa go rarabolola mathata a re ka tswang re na le one le batho ba bangwe.

8. Ke ka tsela efe ditiro tsa nama di bakang dikgaogano?

8 Ela tlhoko kafa “ditiro tsa nama” di bakang dikgaogano ka gone. (Bala Bagalatia 5:19-21.) Kgokafalo e dira gore motho yo o e dirang a kgaogane le Jehofa le phuthego, mme boaka bo ka kgaoganya bana le batsadi ba bone mmogo le balekane ba ba se nang molato mo lenyalong ka tsela e e setlhogo. Boitshekologo bo ama kutlwano ya motho le Modimo le batho ba ba mo ratang. Motho yo o kileng a leka go kgomaretsa dilo tse pedi, o a itse gore pele a kgomaretsa dilo tseo, di tshwanetse tsa bo di le phepa, gore di kgone go kgomarelana sentle. Go nna le boitshwaro jo bo bontshang lenyatso go bontsha gore motho  ga a kgathalele melao e e siameng ya Modimo. Ditiro tse dingwe tsa nama le tsone di kgaoganya batho ka bobone gape di ba kgaoganya le Modimo. Boitshwaro joo ga bo dumalane gotlhelele le botho jwa ga Jehofa.

9. Re ka itlhatlhoba jang go bona gore a re “leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya”?

9 Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke leka ka natla go le kana kang “go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso”? Ke itshwara jang fa go tlhaga mathata? A ke ngongorega fa pele ga ditsala tsa me, ke leka go batla kemonokeng ya bone? A ke lebeletse gore bagolwane ba tsereganye mo boemong jwa me, go na le gore ke leke ka natla go boloka kagiso? Fa ke itse gore mongwe o na le sengwe kgatlhanong le nna, a ke tila go kopana le ene e le gore ke se ka ka rarabolola bothata?’ A ditiro tseo di tla bo di bontsha gore re dira go dumalana le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go kopanya batho botlhe go nna lelapa le le lengwe le le busiwang ke Keresete?

10, 11. (a) Go botlhokwa go le kana kang gore re nne le kagiso le bakaulengwe ba rona? (b) Ke dilo dife tse re ka di dirang gore go nne le kagiso le katlego ya semoya?

10 Jesu o ne a re: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarrago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarrago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo. Nna bofefo go rarabolola dikgang.” (Math. 5:23-25) Jakobe o ne a kwala gore, “peo ya leungo la tshiamo e jalwa mo maemong a a kagiso e jalelwa ba ba dirang kagiso.” (Jak. 3:17, 18) Ka jalo, ga re ka ke ra tswelela re na le boitshwaro jo bo siameng fa re se na kagiso.

11 Ka sekai, go fopholediwa gore mo dinageng dingwe tse di ganyaotsweng ke dintwa, diperesente di le 35 tsa lefatshe di ne di ka kgona go lemiwa fa baagi ba ne ba sa tshwenyege ka dibomo tse di epetsweng koo. Fa bomo e e epetsweng e thunya, balemi ba tlogela masimo, baagi ba metse ba latlhegelwa ke maruo a bone le batho ba ba nnang mo ditoropong ga ba tlhole ba kgona go tlamelwa ka dijo. Ka tsela e e tshwanang, re tla palelwa ke go gola semoyeng fa re na le mekgwa e e ka dirang gore re se ka ra nna le kagiso le bakaulengwe ba rona. Fa re nna bonako go itshwarela ba bangwe le go ba direla dilo tse di molemo, re rotloetsa maemo a a felelang ka gore go nne le katlego ya mmatota.

12. Bagolwane ba ka re thusa jang gore re nne seoposengwe?

12 Mo godimo ga moo, “dimpho tse e leng banna” ba ka re thusa gore re nne le kutlwano. Ba neilwe maikarabelo a go re thusa gore re ‘fitlhelele bongwefela mo tumelong.’ (Baef. 4:8, 13) Fa bagolwane ba dirisana le rona mo tirelong e e boitshepo ba a bo ba re lemotsha se ba se boneng mo Lefokong la Modimo, ka go dira jalo ba re thusa gore re  gatele pele re bo re apare botho jo bosha. (Baef. 4:22-24) A o bona kgakololo ya bone e le matsapa a ga Jehofa a go go baakanyetsa botshelo mo lefatsheng le lesha mo pusong ya Morwawe? Bagolwane, a lo leka go thusa ba bangwe lo na le maikaelelo ao?—Bagal. 6:1.

“NNANG PELONOMI MONGWE GO YO MONGWE”

13. Fa re ne re sa ikobele kgakololo e e fitlhelwang mo go Baefeso 4:25-32, diphelelo e ne e tla nna dife?

13 Baefeso 4:25-29 e tlhalosa boitshwaro jo re tshwanetseng go bo tila. Seno se akaretsa go bua maaka, go galefa kgotsa go nna setshwakga, le go bua puo e e bodileng go na le go bua dilo tse di molemo le tse di agang. Fa mongwe a ne a ka palelwa ke go reetsa kgakololo eno, o ne a tla hutsafatsa moya wa Modimo ka gonne moya o o boitshepo ke maatla a a rotloetsang kutlwano. (Baef. 4:30) Gape go dirisa se Paulo a se kwadileng go botlhokwa gore go nne le kagiso le kutlwano: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le ene a ne a lo itshwarela ka Keresete a gololesegile.”—Baef. 4:31, 32.

14. (a) Mafoko a a reng, “nnang pelonomi” a akantsha eng? (b) Ke eng se se tla re thusang go nna pelonomi?

14 Mafoko a a reng, “nnang pelonomi” a akantsha gore re ka tswa re ne re se pelonomi le gore re ka tswa re tlhoka go tokafatsa. A bo go tshwanela jang ne go ithuta go baya dikgatlhego tsa ba bangwe kwa pele ga tsa rona! (Bafil. 2:4) Gongwe sengwe se re akanyang go se bua se ka dira gore batho ba tshege kgotsa se ka dira gore re bonale re le botlhale, mme gone a e tla bo e le bopelonomi? Go akanya ka kgang eno e sa le gale go tla re thusa gore re “nne pelonomi.”

GO ITHUTA GO NNA LE LORATO LE TLOTLO MO LELAPENG

15. Mo go Baefeso 5:28, Paulo o umaka dikarolo dife tsa kafa Keresete a neng a dirisana le phuthego ka gone?

15 Baebele e tshwantshanya kamano ya monna le mosadi, le kamano e Keresete a nang le yone le phuthego. Seno se tshwanetse gore ka gangwe se gatelele mo go rona kaelo e monna a tshwanetseng go e naya, go rata le go tlhokomela—mmogo le boikobo jo mosadi a tshwanetseng go bo bontsha—mo kamanong ya lenyalo. (Baef. 5:22-33) Fa Paulo a ne a kwala jaana: “Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone,” o ne a bua ka “tsela” efe? (Baef. 5:28) Mafoko a gagwe a a a buileng pelenyana a bontsha tsela e “Keresete le ene a neng a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone . . . a e ntlafatsa ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko.” Eleruri, gore monna a dire tumalanong le maikaelelo a ga Jehofa a go kgobokanya dilo tsotlhe gape mo go Keresete, o tshwanetse go ela tlhoko gore o tlamela lelapa la gagwe semoyeng.

16. Diphelelo e nna dife fa batsadi ba diragatsa maikarabelo a bone a Dikwalo mo lelapeng?

16 Batsadi ba tshwanetse go nna ba gakologelwa gore ba dira kabelo e ba e abetsweng ke Jehofa. Go utlwisa botlhoko gore gompieno mo lefatsheng batho ba le bantsi ‘ga ba na lorato lwa tlholego.’ (2 Tim. 3:1, 3) Borre ba le bantsi ba itlhokomolosa maikarabelo a bone, mme seno se ama bana ba bone ka tsela e e sa siamang e bile se dira gore ba utlwe botlhoko. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a gakolola borre ba Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Mo lelapeng ke gone koo bana ba simololang go ithuta lorato le tsela ya go tlotla bolaodi. Batsadi ba ba rutileng bana ba bone dithuto tseo ka katlego, ba ile ba dira tumalanong le tsamaiso ya ga Jehofa. Fa re dira magae a rona lefelo le go nang le lorato, kwa  re sa diriseng bogale le tšhakgalo le puo e e kgobang gone, re a bo re ruta bana ba rona dithuto tse di botlhokwa tsa kafa ba ka bontshang lorato le go tlotla bolaodi ka gone. Seno se tla ba baakanyetsa botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo.

17. Go tlhokega eng gore re kgone go ganetsa Diabolo?

17 Re tshwanetse go lemoga gore Diabolo, yo kwa tshimologong a ileng a senya kagiso ya lefatshe lotlhe, o tla dira sengwe le sengwe se a se kgonang go kgoreletsa maiteko a rona a go dira thato ya Modimo. Ga go pelaelo gore maikaelelo a ga Satane a a diragadiwa e re ka selekanyo sa tlhalo se ntse se oketsega, batho ba nna mmogo ba sa nyalana le manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang a a amogelwa. Ga re a tshwanela go dira gore maitsholo a rona a tshwane le a batho ba motlha wa gompieno. Keresete ke sekao sa rona. (Baef. 4:17-21) Ka jalo, re gakololwa gore re ‘apare diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong’ gore re emelane le Diabolo le madimona a gagwe ka katlego.—Bala Baefeso 6:10-13.

“LO TSWELELE LO TSAMAYA MO LORATONG”

18. Selo sa konokono se se re thusang gore re nne Bakeresete ba ba seoposengwe ke eng?

18 Selo sa konokono se se re thusang gore re nne Bakeresete ba ba seoposengwe ke lorato. Dipelo tsa rona di phophoma ka lorato, e re ka re rata “Morena a le mongwe,” “Modimo a le mongwe” e bile re ratana, re ititeile sehuba gore re tla “boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:3-6) Jesu o ne a rapelela lorato loo jaana: “Ke a kopa, e seng kaga bano fela, mme le ka ga ba ba dumelang mo go nna ka lefoko la bone; gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona . . . me ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla dira gore le itsiwe, gore lorato lo o nthatileng ka lone lo tle lo nne mo go bone le nna ke le seoposengwe le bone.”—Joh. 17:20, 21, 26.

19. O ititeile sehuba gore o tla dira eng?

19 Fa re na le sengwe mo bothong jwa rona se go leng thata gore re se fetole ka ntlha ya bosaitekanelang jwa rona, e kete lorato lo ka re tlhotlheletsa gore re rapele jaaka mopesalema a ile a dira: “Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” (Pes. 86:11) A re ititeyeng sehuba go ganetsana le maiteko a ga Diabolo a go re katosetsa kgakala le Rraarona yo o lorato le bakaulengwe ba rona. Dira ka natla gore o nne ‘moetsi wa Modimo, jaaka bana ba ba rategang, o bo o tswelele o tsamaya mo loratong’—mo lelapeng, mo bodireding le mo phuthegong.—Baef. 5:1, 2.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

O tlogela mpho ya gagwe fa pele ga sebeso, a bo a ya go agisanya le morwarraagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Batsadi, rutang bana ba lona go bontsha tlotlo