Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Morwa o Rata go Senola Rara’

‘Morwa o Rata go Senola Rara’

 ‘Morwa o Rata go Senola Rara’

“Rara ke mang, ga go yo o itseng fa e se Morwa, le ene yo Morwa a ratang go mo mo senolela.”—LUKE 10:22.

O TLA ARABA JANG?

Ke eng fa Jesu e ne e le ene fela a tshwanelegang go senola Rara?

Jesu o senoletse ba bangwe Rara jang?

O ka etsa Jesu ka ditsela dife fa o senola Rara?

1, 2. Ke potso efe e e akabaditseng batho ba le bantsi, mme ka ntlha yang?

‘MODIMO ke mang?’ Potso eno e akabatsa batho ba le bantsi. Ka sekai, le fa bontsi jwa madumedi a a ipitsang a Bokeresete a dumela gore Modimo ke Tharonngwe, batho ba le bantsi ba a dumela gore thuto eno ga e tlhaloganyesege. Mokwadi mongwe yo gape e leng moruti o ne a re: “Go thata gore motho a tlhalose thuto eno. Ke sengwe se motho a ka se kgoneng go se tlhaloganya.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi ba ba dumelang thuto ya gore dilo di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe, ba dumela gore Modimo ga a yo. Ba tsaya gore dilo tsotlhe tse di gakgamatsang tse re di bonang mo popong di itiragaletse fela. Go ntse go le jalo, go na le gore Charles Darwin a ganetse gore Modimo o teng o ne a re: “Mo go nna go bonala tshwetso e e molemo e le gore motho a ka se kgone go tlhaloganya kgang eno ya go nna gone ga Modimo.”

2 Batho ba le bantsi, le fa ba ka tswa ba dumela eng, ba ile ba tlhatlhanya ka dipotso tse di amanang le go nna gone ga Modimo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone bo palelwa ke go fitlhelela tshwetso e e kgotsofatsang mme ba feleletsa ba tlogetse go batlisisa ka Modimo. Eleruri, Satane o ‘foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ (2 Bakor. 4:4) Ga go gakgamatse go bo bontsi jwa batho ba le mo lefifing e bile ba tlhakane tlhogo malebana le boammaaruri ka ga Rara, Mmopi wa lobopo lotlhe!—Isa. 45:18.

3. (a) Ke mang yo o re senoletseng Mmopi? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore batho ba ithute boammaaruri ka Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ba “bitsang leina la ga Jehofa” ke bone fela ba ba tla bolokwang. (Bar. 10:13) Go bitsa leina la Modimo go akaretsa go itse Jehofa e le Motho wa mmatota. Jesu Keresete o ne a senolela barutwa ba gagwe kitso eno e e botlhokwa  thata. O ne a ba senolela Rara. (Bala Luke 10:22.) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a kgona go senola Rara ka tsela e go seng ope yo o neng a ka mo senola ka yone? Jesu o dirile seo jang? Mme re ka mo etsa jang ka go senolela ba bangwe Rara? Mma re sekasekeng dipotso tseno.

JESU KERESETE KE ENE FELA YO O TSHWANELEGANG

4, 5. Ke ka ntlha yang fa Jesu e ne e le ene fela yo o neng a ka senola Rraagwe?

4 Jesu ke ene yo o neng a tshwanelega thata go senola Rraagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne pele ga dilo tsotlhe tse di tshelang di bopiwa, sebopiwa sa moya se moragonyana e neng ya nna Jesu, se ne se setse se tshela kwa legodimong e le “morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo.” (Joh. 1:14; 3:18) Ruri jono ke boemo jo bo sa tshwaneng le bope! Fa go ne go se na sebopiwa sepe se sengwe, Morwa o ne a itumelela kamogelo ya ga Rraagwe a bo a ithuta ka ga Gagwe le ka dinonofo tsa Gagwe. Rre le Morwa ba tshwanetse ba bo ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsintsi ba buisana mme seo se ne sa dira gore ba ratane thata. (Joh. 5:20; 14:31) A bo Morwa a tshwanetse a bo a ile a ithuta go le gontsi jang ne ka botho jwa ga Rraagwe!—Bala Bakolosa 1:15-17.

5 Rara o ne a tlhopha Morwa go nna mmueledi wa Gagwe, “Lefoko la Modimo.” (Tshen. 19:13) Ka jalo, Jesu e ne e le ene fela yo o neng a ka senolela ba bangwe Rara. Go a tshwanela go bo mokwadi wa Efangele e bong Johane a ile a tlhalosa Jesu e le “Lefoko,” a le mo “sehubeng kwa go Rara.” (Joh. 1:1, 18) Johane o ne a dirisa polelwana eo a lebisitse mo setsong se se neng se tlwaelegile mo motlheng wa gagwe ka nako ya dijo. Molalediwa o ne a nna ka go sekama fa pele ga yo mongwe ba ntse mo sekanamelong se le sengwe. E re ka ba ne ba atamalane thata, go ne go le motlhofo gore ba tlotle. Ka jalo, Morwa e re ka a ne a le mo “sehubeng,” o ne a nna le motlotlo o o itumedisang le Rraagwe.

6, 7. Kamano magareng ga Rara le Morwa e ne ya nna e gola jang?

6 Kamano magareng ga Rara le Morwa e ne ya nna e gola. Morwa o ne a “nna yo o neng a ratwa ke [Modimo] ka tsela e e kgethegileng letsatsi le letsatsi.” (Bala Diane 8:22, 23, 30, 31.) Ka jalo, go a utlwala gore kamano magareng ga bone e ne ya nonofa fa ba ntse ba bereka mmogo le fa Morwa a ntse a ithuta go etsa dinonofo tsa ga Rraagwe. Fa go bopiwa dibopiwa tse dingwe tse di botlhale, Morwa o ne a bona kafa Jehofa a neng a dirisana le sengwe le sengwe sa tsone ka teng mme kanaanelo ya gagwe mo bothong jwa Modimo ruri e ne ya nonofa.

7 Tota le kgwetlho e moragonyana Satane a neng a e simolola kgatlhanong le tshwanelo ya ga Jehofa ya bolaodi, e ne ya naya Morwa tshono ya go ithuta kafa Jehofa a neng a tla bontsha ka teng lorato, tshiamiso, botlhale le maatla fa A ne a lebane le maemo a a thata. Kwa ntle ga pelaelo, seno se ne sa thusa Jesu go ipaakanyetsa go itshokela mathata a ene ka boene a neng a lebana le one moragonyana mo bodireding jwa gagwe mo lefatsheng.—Joh. 5:19.

8. Dipego tsa Diefangele di re thusa jang go ithuta go le gontsi ka dinonofo tsa ga Rara?

8 E re ka Morwa a ne a atamalane thata le Jehofa, o ne a tlhalosa Rara ka tsela e e utlwalang go feta ope fela. Tsela e e molemolemo ya go itse Rara ke ka go ithuta ka se Morwa yo o tsetsweng a le esi a neng a se ruta le go se dira. Ka sekai, akanya kafa go neng go ka nna thata ka gone go tlhaloganya ka botlalo se lefoko “lorato” lo se kayang ka go bala fela tlhaloso ya lone mo dikishinaring. Le fa go ntse jalo, fa re sekaseka dipego tse di utlwalang sentle tsa bakwadi ba Diefangele tse di malebana le bodiredi jwa ga Jesu le kafa a neng a amega ka gone ka ba bangwe, re ka ithuta go le gontsi ka polelwana eno e e reng, “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8, 16) Go ntse jalo le ka dinonofo tse dingwe tsa Modimo tse Jesu a neng a di senolela barutwa ba gagwe fa a ne a le mo lefatsheng.

 KAFA JESU A SENOTSENG RRAAGWE KA GONE

9. (a) Jesu o ne a senola Rraagwe ka ditsela dife tse pedi? (b) Naya sekai se se bontshang kafa Jesu a senotseng Rraagwe ka gone ka dithuto tsa gagwe.

9 Jesu o ne a senola Rara jang mo barutweng ba gagwe mme moragonyana le mo balateding ba gagwe ba mo isagweng? O ne a dira jalo ka ditsela tse pedi: ka dithuto tsa gagwe le ka boitshwaro jwa gagwe. Mma pele re sekasekeng dithuto tsa ga Jesu. Se Jesu a neng a se ruta balatedi ba gagwe se bontsha gore o itse go le gontsi ka dikakanyo tsa ga Rraagwe, maikutlo a gagwe le ditsela tsa gagwe. Ka sekai, Jesu o tshwantshanya Rraagwe le motho yo o lorato yo o nang le letsomane yo o tsamayang a ya go batla nku ya gagwe e le nngwe e e timetseng. Jesu o ne a re fa motho yono a bona nku eo e e timetseng “o ipelela yone thata go na le tse di masome a robongwe le borobongwe tse di sa timelang.” Setshwantsho seno se kaya eng? Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ka tsela e e tshwanang ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” (Math. 18:12-14) O ithuta eng ka ga Jehofa mo setshwantshong seno? Le fa ka dinako dingwe o ikutlwa e kete ga o botlhokwa kgotsa o lebetswe, Rraago yo o kwa legodimong o a go kgathalela e bile o amega ka wena. Mo go ene, o “mongwe wa ba bannye bano.”

10. Jesu o ne a senola jang Rraagwe ka tsela e a neng a itshwere ka yone?

10 Tsela ya bobedi e Jesu a ileng a senolela barutwa ba gagwe Rara ka yone e ne e le ka boitshwaro jwa gagwe. Ka jalo, fa moaposetoloi Filipo a ne a kopa Jesu a re: “Re bontshe Rara,” go ne go tshwanela gore Jesu a mo reye a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:8, 9) Ela tlhoko dikai dingwe tsa kafa Jesu a neng a bontsha dinonofo tsa ga Rraagwe ka gone. Fa molepero mongwe a ne a kopa Jesu gore a mo fodise, Jesu o ne a ama monna yono yo o “tletseng lepero” mme a mo raya a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” Fa molepero yono a sena go fodisiwa, ga go pelaelo gore o ne a kgona go bona ditiro tsa ga Jehofa mo go se Jesu a neng a se dirile. (Luke 5:12, 13) Gape, ka nako ya loso lwa ga Lasaro, barutwa ba tshwanetse ba bo ba ile ba bona kutlwelobotlhoko ya ga Rara fa Jesu a ne a “fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega” a bo a “tsholola dikeledi.” Le fa Jesu a ne a itse gore o tla tsosa Lasaro, o ne a utlwa botlhoko jo bo neng bo utlwiwa ke ba lelapa la ga Lasaro le ditsala tsa gagwe. (Joh. 11:32-35, 40-43) Ga go pelaelo gore go na le dipego tsa Baebele tse o di ratang tse di dirang gore o kgone go bona bopelotlhomogi jwa ga Rara jo Jesu a bo bontshitseng ka ditiro.

11. (a) Fa Jesu a ne a phepafatsa tempele, o ne a senola eng ka ga Rraagwe? (b) Ke eng fa pego ya ga Jesu ya go phepafatsa tempele e re kgothatsa jaana?

11 Le fa go ntse jalo, o ka dira tshwetso efe ka go phepafatsa tempele ga ga Jesu? Bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo: Jesu o ne a loga seme sa megala, a bo a kobela kwa ntle batho ba ba rekisang dikgomo le dinku. O ne a tsholola madi a  tshipi a baananyi a bo a pitikolola ditafole tsa bone. (Joh. 2:13-17) Kgato eo e e gagametseng e Jesu a neng a e tsaya e ne ya dira gore barutwa ba gagwe ba gopole mafoko ano a boporofeti a ga Kgosi Dafide: “Tlhoafalo ya ntlo ya gago e njele.” (Pes. 69:9) Fa Jesu a ne a tsaya kgato e e gagametseng, o ne a bontsha gore o kgatlhegela thata go femela kobamelo ya boammaaruri. A o bona botho jwa ga Rara mo pegong eo? E re gopotsa gore Modimo o na le maatla a magolo a go fedisa boikepo e bile o na le keletso e kgolo ya go dira jalo. Tsela e e gagametseng e Jesu a neng a e tsaya kgatlhanong le go dira phoso, e bontsha kafa Rara a tshwanetseng a bo a ikutlwa ka gone fa a ntse a lebile boikepo jo bo anameng mo lefatsheng gompieno. Ruri seno se a re kgothatsa fa re ntse re lepalepana le go tlhoka tshiamiso!

12, 13. Ke eng se re ka ithutang sone ka ga Jehofa malebana le tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone?

12 A re sekasekeng sekai se sengwe gape—tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone. Ba ne ba nna ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo. (Mar. 9:33-35; 10:43; Luke 9:46) E re ka Jesu a ile a nna le Rraagwe ka nako e telele, o ne a itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka mekgwa eno ya boikgogomoso. (2 Sam. 22:28; Pes. 138:6) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a ile a bona Satane Diabolo a bontsha mekgwa e e ntseng jalo. Sebopiwa seno se se mabela se ne se amegile thata ka go rata maemo le go tlhagelela. Ka jalo, ruri Jesu o tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko thata fa a bona barutwa ba a neng a ba thapisitse ba tswelela ba na le moya wa boikgodiso! Moya ono o ne o fitlhelwa tota le mo bathong ba a neng a ba tlhophile go nna baaposetoloi! Ba ne ba bontsha moya wa boikgodiso go fitlha mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. (Luke 22:24-27) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a nna a ba kgalema ka bonolo, a na le tsholofelo ya gore kgabagare ba tla ithuta go etsa boikutlo jwa mogopolo o o ikokobeditseng.—Bafil. 2:5-8.

13 A o bona botho jwa ga Rara mo tseleng e Jesu a neng a bontsha bopelotelele ka yone fa a ne a lolamisa mekgwa e e phoso ya barutwa ba gagwe? A mo go se Jesu a neng a se dira le go se bua, o kgona go bona Rara, yo o sa tlogeleng batho ba gagwe le fa ba nna ba boaboeletsa diphoso? E re ka re itse dinonofo tsa Modimo, a ga re tlhotlheletsege go mo atamela re mmolelele gore re a ikwatlhaya fa re dira diphoso?

MORWA O NE A SENOLA RRAAGWE KA GO RATA

14. Jesu o bontshitse jang gore o ikemiseditse go senola Rraagwe?

14 Babusaesi ba le bantsi ba leka go laola batho ka go dira gore ba se ka ba itse sepe mme ba ba ganela ka tshedimosetso. Go farologana le bone, Jesu o ne a ikemiseditse go re bolelela tshedimosetso e a nang le yone malebana le Rara, a mo senolela ba bangwe ka botlalo. (Bala Mathaio 11:27.) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe ‘nonofo ya botlhale gore ba kgone go nna le kitso ya Modimo wa boammaaruri’ e bong Jehofa. (1 Joh. 5:20) Seo se kaya eng? Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe gore ba tlhaloganye dithuto tsa gagwe tse di malebana le Rara. Ga a ka a dira gore Rraagwe e nne masaitseweng ka go ruta thuto e e sa tlwaelegang ya gore ke karolo ya Tharonngwe e e sa tlhaloganyesegeng.

15. Ke eng fa Jesu a sa bolelela barutwa ba gagwe tshedimosetso yotlhe malebana le Rraagwe?

15 A Jesu o ne a senola sengwe le sengwe se a neng a se itse malebana le Rraagwe? Nnyaa, o ne a bontsha botlhale fa a ne a sa bolelele barutwa ba gagwe sengwe le sengwe. (Bala Johane 16:12.) Ka ntlha yang? Ka gonne ka nako eo, barutwa ba gagwe ba ne ba ‘sa kgone go sikara’ kitso eo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu a tlhalositse, kitso e kgolo e ne e tla senolwa fa “mothusi,” e bong moya o o boitshepo, a goroga, mme o tla ba kaela “go ya mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 16:7, 13) Fela jaaka batsadi ba ba botlhale ba sa bolelele bana ba bone tshedimosetso nngwe go fitlha bana ba bone ba  godile mo ba ka kgonang go tlhaloganya, Jesu le ene o ne a leta go fitlha barutwa ba gagwe ba godile sentle mo ba ka kgonang go tlhaloganya dintlha tse di rileng malebana le Rara. Jesu o ne a akanyetsa makoa a bone ka bopelonomi.

ETSA JESU KA GO THUSA BA BANGWE GO ITSE JEHOFA

16, 17. Ke eng fa o ka kgona go senolela ba bangwe Rara?

16 Fa o simolola go itse mongwe sentle le go anaanela botho jwa gagwe jo bo lorato, a ga o tlhotlheletsege go bolelela ba bangwe ka ene? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua ka ga Rraagwe. (Joh. 17:25, 26) A go a kgonega gore re mo etse ka go senola Jehofa mo go ba bangwe?

17 Jaaka re setse re ithutile, Jesu o ne a na le kitso e e boteng ka ga Rraagwe go feta e batho ba bangwe ba neng ba na le yone. Le fa go ntse jalo, o ne a ikemiseditse go bolelela ba bangwe dilo dingwe tse a neng a di itse, tota le go naya balatedi ba gagwe bokgoni jwa go tlhaloganya dikarolo tse di boteng tsa botho jwa Modimo. A Jesu ga a re thuse go tlhaloganya Rraarona ka tsela e bontsi jwa batho ba sa mo tlhaloganyeng ka yone? Ruri re leboga go bo Jesu a ile a dirisa dithuto tsa gagwe le boitshwaro jwa gagwe go re senolela Rraagwe ka go rata! Tota e bile re ka ikgantsha ka tsela e e siameng go bo re itse Rara. (Jer. 9:24; 1 Bakor. 1:31) E re ka re lekile ka natla go atamela Jehofa, le ene o re atametse. (Jak. 4:8) Ka jalo, re kgona go bolelela ba bangwe ka kitso e re nang le yone. Re ka dira seo jang?

18, 19. O ka senola Rara mo go ba bangwe ka ditsela dife? Tlhalosa.

18 Re tshwanetse go etsa Jesu ka go senola Rara ka se re se buang le se re se dirang. A re nneng re gakologelwa gore bontsi jwa batho ba re kopanang le bone kwa tirelong ya tshimo ga ba itse gore Modimo ke mang. Tsela e ba lebang Modimo ka yone e ka tswa e sirilwe ke dithuto tsa maaka. Re ka nna ra ba bolelela se re se itseng ka leina la Modimo, boikaelelo jwa gagwe ka batho, le botho jwa gagwe jo bo tlhalositsweng mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlotla le badumedimmogo le rona ka dipego dingwe tsa Baebele tse di senolang botho jwa Modimo ka tsela e re neng re sa e itse pele. Ka tsela eo, le bone ba ka solegelwa molemo.

19 Go tweng ka go senola Rara ka boitshwaro jwa gago, fa o ntse o leka ka natla go etsa Jesu? Fa batho ba bona lorato lwa ga Keresete mo ditirong tsa rona, ba tla rata go atamalana le Rara le Jesu. (Baef. 5:1, 2) Moaposetoloi Paulo o ne a re rotloetsa gore re ‘nne baetsi ba gagwe, fela jaaka le ene e le wa ga Keresete.’ (1 Bakor. 11:1) A bo eno e le tshiamelo e e molemo jang ne e re nang le yone ya go thusa batho gore ba bone Jehofa mo tseleng e rona re itshwereng ka yone! A rotlhe re nneng re etsa Jesu ka go senolela ba bangwe Rara.

[Dipotso Tsa Thuto]