Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Itse Kafa a ka Gololang Batho ba Gagwe ka Gone

Jehofa o Itse Kafa a ka Gololang Batho ba Gagwe ka Gone

 Jehofa o Itse Kafa a ka Gololang Batho ba Gagwe ka Gone

“Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 PET. 2:9.

KE ENG FA RE KA TLHOMAMISEGA GORE JEHOFA O:

Itse nako e e tshwanetseng e ditiragalo di tla diregang ka yone gore maikaelelo a gagwe a diragale?

Tla dirisa maatla a gagwe mo boemong jwa batho ba gagwe?

Itse kafa ditiragalo tsa makgaolakgang di tla diregang ka gone?

1. Go tla nna le maemo afe ka nako ya “pitlagano e kgolo”?

GO DIRAGADIWA ga katlholo ya Modimo e e tla tlelang lefatshe leno la ga Satane go tla simolola ka tshoganyetso e kgolo. (1 Bathes. 5:2, 3) Fa “letsatsi le legolo la ga Jehofa” le ntse le tsweletse, batho ba tla tsenwa ke tsebetsebe. (Sefa. 1:14-17) Go tla nna le mathata le go ngomoga pelo mo letsatsing leo. E tla nna nako ya tlalelo “e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong.”—Bala Mathaio 24:21, 22.

2, 3. (a) Batho ba Modimo ba tla lebana le eng ka nako ya “pitlagano e kgolo”? (b) Ke eng se se ka re nonotshang gore re kgone go lebana le se se larileng kwa pele?

2 Fa “pitlagano e kgolo” e ya kwa setlhoeng, “Gogo wa lefatshe la Magogo” o tla lebisa tlhaselo ya gagwe mo bathong ba Modimo. Mo nakong ya tlhaselo eo “mophato o mogolo wa sesole” o tla ema kgatlhanong le batho ba Modimo “jaaka maru a a bipang lefatshe.” (Esek. 38:2, 14-16) Ga go na mokgatlho ope wa batho o o tla thusang batho ba ga Jehofa. Go falola ga bone go tla ikaega ka Modimo fela. Ba tla itshwara jang fa ba lebana le tlhaselo eo?

3 Fa e le gore o motlhanka wa ga Jehofa, a o na le tumelo ya gore Jehofa a ka kgona go boloka batho ba gagwe ba tshela ka nako ya pitlagano e kgolo e bile o tla dira jalo? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” (2 Pet. 2:9) Go tlhatlhanya ka ditiro tse Jehofa a di dirileng go boloka batho mo nakong e e fetileng, go ka re nonotsha gore re kgone go lebana le se se larileng kwa pele. A re sekasekeng dikai tse tharo tse di tla dirang gore re tlhomamisege gore Jehofa o na le bokgoni jwa go golola batho ba gagwe.

 GO FALOLA MORWALELA WA LEFATSHE LOTLHE

4. Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore dilo di dirwe ka nako e e tshwanetseng pele ga Morwalela?

4 Sa ntlha, a re sekasekeng pego ya Morwalela wa motlha wa ga Noa. Gore thato ya ga Jehofa e diragale, go ne go le botlhokwa gore dilo dingwe di dirwe ka nako e e tshwanetseng. Namane e tona ya tiro ya go aga araka e ne e tshwanetse go wediwa, le diphologolo di ne di tshwanetse go tsenngwa mo arakeng ka pabalesego pele morwalela o simolola. Pego ya Genesise e re bontsha gore Jehofa ga a ka a dira gore araka e agiwe pele, go tswa foo a bo a swetsa ka gore o tla tlisa morwalela leng, jaaka e kete o ne a sa baya nako e e tlhomameng ya gore Morwalela o tla simolola leng a direla gore fa tiro ya go aga e ka diega a se ka a siiwa ke nako. Go na le moo, dingwaga di le dintsi pele Modimo a bolelela Noa gore a age araka, o ne a tlhomile nako e e tlhomameng ya gore Morwalela o tla simolola leng. Re itse seo jang?

5. Jehofa o ne a reng mo taelong e e mo go Genesise 6:3, mme e ne ya ntshiwa leng?

5 Baebele e re bolelela gore Jehofa o ne a ntsha taelo kwa legodimong. Go ya ka Genesise 6:3 o ne a re: “Moya wa me ga o kitla o itshokela motho ka bosakhutleng ka gore le ene ke nama. Ka jalo malatsi a gagwe a tla fitlha go dingwaga di le lekgolo le masome a mabedi.” Fano Jehofa o ne a sa bue ka gore motho o tla tshela dingwaga di le kae. E ne e le taelo ya katlholo e mo go yone Jehofa a neng a bontsha gore o tla fedisa leng boikepo mo lefatsheng. * E re ka Morwalela o simolotse ka 2370 B.C.E., re swetsa ka gore Modimo o ntshitse taelo eo ka 2490 B.C.E. Ka nako eo, Noa o ne a na le dingwaga di le 480. (Gen. 7:6) Dingwaga di ka nna 20 morago ga foo, ka 2470 B.C.E., Noa a simolola go tshola bana ba basimane. (Gen. 5:32) Go ne go setse dingwaga di ka nna lekgolo pele Morwalela o simologa, mme gone Jehofa o ne a ise a senolele Noa seabe se se botlhokwa se a neng a tla nna le sone go dira gore batho ba bolokege. Modimo o ne a tla ema lobaka lo lokae pele ga a bolelela Noa?

6. Jehofa o laetse leng Noa gore a age araka?

6 Go bonala Jehofa a ile a leta masomesome a dingwaga pele a bolelela Noa se A neng a tla se dira. Ke eng fa re akanya jalo? Pego e e tlhotlheleditsweng e bontsha gore bomorwa Noa ba ne ba setse ba godile e bile ba nyetse fa Modimo a ne a laela Noa gore a age araka. Jehofa o ne a mmolelela jaana: “Ke tlhomamisa kgolagano ya me le wena; mme o tsene mo teng ga araka, wena le bomorwao le mosadi wa gago le basadi ba bomorwao ba na le wena.” (Gen. 6:9-18) Ka jalo, go ka direga gore fa Noa a ne a newa taelo ya go aga araka, go ne go setse dingwaga di le 40 kgotsa 50 fela pele Morwalela o simolola.

7. (a) Noa le lelapa la gagwe ba ne ba bontsha jang tumelo? (b) Modimo o boleletse Noa leng nako e Morwalela o tla simololang ka yone?

7 Fa tiro ya go aga araka e ntse e tsweletse, Noa le lelapa la gagwe ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore Modimo o tla diragatsa jang maikaelelo a gagwe le gore Morwalela o tla simolola leng. Le fa go ntse jalo, go se itse dintlha tseno ga go a ka ga ba thibela go aga araka. Pego ya Dikwalo ya re: “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Gen. 6:22) Malatsi a le supa pele ga morwalela o simolola—e leng nako e e lekaneng gore Noa le lelapa la gagwe ba tsenye diphologolo mo arakeng—kgabagare Jehofa o ne a bolelela Noa nako e e tlhomameng e Morwalela o tla simololang ka yone. Ke gone ka moo, fa dikgoro tsa morwalela tsa magodimo di ne di bulega “mo ngwageng wa bomakgolo a le marataro wa botshelo jwa ga Noa, mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi,” sengwe le sengwe se ne se siamisitswe.—Gen. 7:1-5, 11.

8. Pego ya Morwalela e re tlhomamisetsa jang gore Jehofa o itse nako e a tla gololang batho ba gagwe ka yone?

8 Pego ya Morwalela e re tlhomamisetsa  gore Jehofa o na le bokgoni jwa go nna Mmolokanako le go nna Mogolodi. Fa Jehofa a ntse a bala nako e e setseng pele ga tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong, re ka tlhomamisega gore sengwe le sengwe se a ikaeletseng go se dira se tla direga ka nako e a e tlhomileng, ka “letsatsi leo le ura.”—Math. 24:36; bala Habakuke 2:3.

GO GOLOLWA KWA LEWATLENG LE LEHIBIDU

9, 10. Jehofa o ne a dirisa batho ba gagwe jang go gogela mephato ya sesole sa Egepeto mo seraing?

9 Go tla go fitlha jaanong, re bone gore Jehofa o laola ka botlalo nako e ditiragalo di tshwanetseng go direga ka yone go diragatsa maikaelelo a gagwe. Sekai sa bobedi se re tla se sekasekang se gatelela lebaka le lengwe gape le le dirang gore re ikanye Jehofa gore o tla golola batho ba gagwe: O tla dirisa maatla a gagwe a magolo go tlhomamisa gore thato ya gagwe e a diragala. Jehofa o tlhomamisegile thata jaana ka bokgoni jwa gagwe jwa go golola batlhanka ba gagwe mo e bileng ka dinako dingwe a ileng a ba dirisa go gogela baba ba gagwe mo seraing. O ne a dira fela jalo fa a ne a golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto.

10 Baiseraele ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba ka tswa ba ne ba le dimilione di le tharo. Jehofa o ne a dira gore Moshe a ba tsamaise ka tsela e e neng ya dira gore Faro a akanye gore ba a kgarakgatshega e bile ba tlhakane tlhogo. (Bala Ekesodo 14:1-4.) E re ka Faro a ne a sa kgone go emelana le thaelo eno, o ne a etelelapele mephato ya gagwe ya sesole a lelekisa batho bano ba e neng e le makgoba, a ba kgabelela mo Lewatleng le Lehibidu. Go ne go bonala go se na kgoro ya botso. (Ekes. 14:5-10) Le fa go ntse jalo, tota Baiseraele ba ne ba se mo kotsing epe. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o ne a tla tloga a tsereganya mo boemong jwa bone.

11, 12. (a) Jehofa o ne a tsereganya jang mo boemong jwa batho ba gagwe? (b) Go tsereganya ga Modimo go ne ga felela ka eng, mme pego eno e re ruta eng ka ga Jehofa?

11 “Pilara ya leru” e e neng e eteletse Baiseraele pele e ne ya ba pota ka kwa morago, e thibela masole a ga Faro gore a se ka a ba atamela mme ya dira gore ba nne mo lefifing. Le fa go ntse jalo, mo Baiseraeleng pilara eno e ne e tshuba ka kgakgamatso  bosigo. (Bala Ekesodo 14:19, 20.) Go tswa foo, Jehofa o ne a kgaoganya lewatle ka bogare a dirisa phefo e e maatla e e tswang kwa botlhaba, “a fetola boalo jwa lewatle go nna lefatshe le le omileng.” Ga go pelaelo gore seno se ne sa tsaya lobaka lo loleele, ka gonne pego eno ya re phefo e ne ya foka “bosigo jotlhe,” mme morago ga foo, “bomorwa Iseraele ba kgabaganya mo gare ga lewatle mo lefatsheng le le omileng.” Baiseraele ba ne ba tsamaya ka bonya tota, fa ba bapisiwa le mophato wa sesole wa ga Faro o o neng o tsamaya ka dikara tsa ntwa. Le fa go ntse jalo, go ne go se ka tsela e Baegepeto ba neng ba ka fitlha kwa go bone ka gonne Jehofa o ne a lwela Iseraele. O ne “a tlhakatlhakanya bothibelelo jwa Baegepeto. Mme a nna a somola maotwana mo dikareng tsa bone mo ba neng ba di kgweetsa ka bothata.”—Ekes. 14:21-25.

12 Fa Baiseraele botlhe ba setse ba kgabagantse lewatle, Jehofa o ne a laela Moshe jaana: “Otlololela lewatle seatla, gore metsi a tle a boele mo Baegepetong, mo dikareng tsa bone tsa ntwa le mo bapalaming ba bone ba dipitse.” Fa masole a leka go tshabela metsi a a neng a tla kwa go bone ka bonako, “Jehofa [o ne] a ribegetsa Baegepeto mo gare ga lewatle.” Go ne go se na ka tsela e ba neng ba ka falola ka yone. “Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o neng a sala.” (Ekes. 14:26-28) Ka jalo, Jehofa o ne a bontsha gore o na le maatla a go golola batho ba gagwe mo maemong ape fela.

GO FALOLA TSHENYEGO YA JERUSALEMA

13. Jesu o ne a ntsha ditaelo dife, mme balatedi ba gagwe ba ka tswa ba ne ba ipotsa eng?

13 Jehofa o itse kafa ditiragalo di tla diregang ka gone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Sekao sa boraro se re tla se sekasekang se gatelela botlhokwa jwa seno: go dikanyediwa ga Jerusalema mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jehofa o ne a dirisa Morwawe go ntsha ditaelo gore Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le Judea pele ga motse o senngwa ka 70 C.E., ba bolokiwe. Jesu o ne a re: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo, jaaka go buiwa ka sone ka Daniele moporofeti, se eme mo lefelong le le boitshepo, . . . foo a ba ba kwa Judea ba tshabele kwa dithabeng.” (Math. 24:15, 16) Mme gone balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla lemoga jang gore boporofeti jono bo a diragadiwa?

14. Go direga ga ditiragalo go ne ga dira jang gore ditaelo tsa ga Jesu di nne le bokao?

14 Bokao jwa mafoko a ga Jesu bo ne jwa bonala fa ditiragalo di ntse di direga. Ka 66 C.E., masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ne a goroga kwa Jerusalema go tla go fedisa botsuolodi jwa Bajuda. Fa batsuolodi ba Bajuda, ba ba itsegeng e le Batlhagafalelasejuta, ba ne ba tshabela mo kagong ya phemelo e e mo tempeleng, masole a Roma a ne a simolola go koafatsa lobota lwa tempele. Bakeresete ba ba kelotlhoko ba ne ba itse gore seno se kaya eng: Masole ano a baheitane a a neng a rata kobamelo ya medingwana (“selo se se ferosang sebete”) a ne a eme mo loboteng lwa tempele (‘lefelo le le boitshepo’). E ne e le nako ya gore balatedi ba ga Jesu ba “tshabele kwa dithabeng.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba tla tswa jang mo motseng o o neng o  dikanyeditswe? Dilo di ne di tla tloga di direga ka tsela e e sa lebelelwang.

15, 16. (a) Jesu o ne a ntsha taelo efe e e maleba, mme ke eng fa go ne go le botlhokwa gore balatedi ba gagwe ba e ikobele? (b) Go gololwa ga rona go ikaegile ka eng?

15 Cestius Gallus le mephato ya gagwe ba ne ba tswa mo Jerusalema mme ba simolola go ikgogela morago kwantle ga lebaka. Batlhagafalelasejuta ba ne ba ba lelekisa. Fa ditlhopha tseno tse pedi tse di ratang ntwa di sena go tswa mo motseng, ka bonako balatedi ba ga Jesu ba ne ba bona tshono ya go tshaba. Jesu o ne a ba neile taelo e e maleba ya gore ba tlogele dithoto tsa bone mme ba tswe kwantle ga go senya nako. (Bala Mathaio 24:17, 18.) A tota go ne go le botlhokwa gore ba tseye kgato ka bonako? Go ise go ye kae karabo e ne ya bonala. Mo malatsing a le mmalwa fela, Batlhagafalelasejuta ba ne ba boa mme ba simolola go pateletsa baagi ba Jerusalema le Judea gore ba tsuologe mmogo le bone. Maemo mo motseng a ne a senyega ka bonako fa makoko a a lwantshanang a Bajuda a ntse a lwela taolo. Go ne ga nna go thatafalela pele gore Bakeresete ba kgone go tshaba. Fa Baroma ba boa ka 70 C.E., go ne go sa kgonege gore ba tshabe. (Luke 19:43) Ope fela yo o neng a diegile o ne a gaeletswe mo motseng! Mo Bakereseteng ba ba neng ba tshabetse kwa dithabeng, go reetsa ditaelo tsa ga Jesu go ne ga boloka matshelo a bone. Ba ne ba itemogela gore Jehofa o kgona go golola batho ba gagwe. Re ka ithuta eng mo pegong eno?

16 Fa ditiragalo di ntse di direga ka nako ya pitlagano e kgolo, Bakeresete ba tla tshwanelwa ke go tsaya tsia ditaelo tse di tswang mo Lefokong la Modimo le mo phuthegong ya gagwe. Ka sekai, taelo ya ga Jesu ya go “tshabela kwa dithabeng” e mosola le gompieno. Ga re itse gore re tla tshaba jang. * Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re senolela ka tsela e e utlwalang bokao jwa ditaelo tseo fa nako ya gore re di latele e goroga. E re ka kgololo ya rona e tla ikaega ka go nna kutlo, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: ‘Gone jaanong ke itshwara jang fa Jehofa a neela batho ba gagwe ditaelo? A ke di ikobela ka bonako kgotsa ke a okaoka?’—Jak. 3:17.

GO NONOTSHEDIWA SE SE LARILENG KWA PELE

17. Boporofeti jwa ga Habakuke bo senola eng malebana le tlhaselo e e tlelang batho ba Modimo?

17 Mma jaanong re boeleng kwa tlhaselong ya Gogo e re buileng ka yone kwa tshimologong. Mo boporofeting jo bo tsamaisanang le jo go builweng ka jone malebana le Gogo, Habakuke o ne a re: “Ke ne ka utlwa, mme mpa ya me ya simolola go fuduega; dipounama tsa me tsa roroma fa ke utlwa modumo; marapo a me a simolola go bola; mme mo boemong jwa me ke ne ke fuduegile, gore ke letele letsatsi la matshwenyego ka tidimalo, ke letele go tla ga [Modimo] kwa bathong [masole a a tshosetsang], gore a ba tlhasele.” (Hab. 3:16) Fa moporofeti yono a utlwa ka pego ya go tlhaselwa ga batho ba Modimo go go larileng kwa pele mala a gagwe a ne a fuduega, dipounama tsa gagwe tsa roroma mme a felelwa ke maatla. Tsela e Habakuke a neng a tsiboga ka yone e bontsha kafa boemo jwa rona bo tla lebegang bo boitshega ka teng fa masole a ga Gogo a re tlhasela. Le fa go ntse jalo, moporofeti yono o ne a ikemiseditse go letela letsatsi le legolo la ga Jehofa, a ikanya gore Jehofa o tla golola batho ba gagwe. Le rona re ka ikanya Jehofa fela jaaka ene.—Hab. 3:18, 19.

18. (a) Ke eng fa re na le lebaka la gore re se ka ra boifa tlhaselo e e tlang? (b) Re tla sekaseka eng?

18 Dikai tse tharo tse re di sekasekileng di bontsha gore ga go pelaelo gore Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba gagwe ka gone. Maikaelelo a gagwe ga a kitla a itaya sefololetse; ruri o tla fenya. Le fa go ntse jalo, gore re itumelele phenyo eo, re tshwanetse go nna re ikanyega go ya bokhutlong. Jehofa o re thusa jang gore re nne re ikanyega gone jaanong? Re tla tlotla ka seo mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 16 Bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1999, tsebe 19.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

A masole a ga Faro a ne a tsenya Baiseraele mo kotsing epe fela?