Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Solomone e ka nna sekao se se re tlhagisang ka tsela efe?

Modimo o ne a segofatsa Kgosi Solomone a bo a mo dirisa. Le fa go ntse jalo, ka nako ya puso ya gagwe, Solomone o ne a fapoga kgakololo ya Modimo. O ne a nyala morwadia Faro wa moheitane, a itseela basadi ba le bantsi, a bo a letla basadi ba baheitane gore ka bonya ka bonya ba mo faposetse mo kobamelong ya maaka. Re tshwanetse go tila gore ka bonya ka bonya, re nne le maikutlo a a sa siamang kgotsa mekgwa e e sa siamang. (Dute. 7:1-4; 17:17; 1 Dikg. 11:4-8)—12/15, tsebe 10-12.

Ke eng fa re ka leba Sara e le mosadi yo o nyetsweng yo o rategang le yo o neng a ikobela Modimo?

Fa Modimo a ne a laela Aborahame gore a tswe mo Ure, go ne go kaya gore o tla tlogela balelapa, ditsala le tsela e a neng a tshela ka yone a ya kwa lefelong le a sa le itseng. Le fa go ntse jalo, Sara o ne a dira dilo ka go rata, a ikantse Modimo gore o tla mo segofatsa. O ne a tlotla Aborahame, a bontsha dinonofo tse di molemo.—1/1, tsebe 8.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a re Aborahame a ntshe morwawe yo o rategang setlhabelo?

Go botlhokwa go gakologelwa gore Modimo ga a ka a letla Aborahame go ntsha Isake setlhabelo. Tiragalo eno e bontsha kafa Modimo a neng a tla amega thata ka teng ka go ntsha Morwawe e bong Jesu setlhabelo.—1/1, tsebe 23.

Ke eng se se bontshang gore go simolola mo lekgolong la ntlha la dingwaga go ya pele, go ntse go na le Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba mmatota mo lefatsheng?

Mo setshwantshong sa ga Jesu sa “korong” le “mofero,” “peo e e molemo” e emela “bana ba bogosi.” (Math. 13:24-30, 38) Mofero o ne o tla gola mmogo le korong go fitlha ka nako ya thobo. Ka jalo, lefa re ka se ka ra tlhomamisega gore ke bomang ba e neng e le setlhopha sa korong, go tshwanetse ga bo go ne go na le bangwe ba bone go fitlha mo motlheng wa rona.—1/15, tsebe 7.

Ke ditiragalo dife tse di tla felelang ka Haramagedona?

Ditšhaba di tla bolela ka tsela e e utlwalang sentle gore go na le “Kagiso le polokesego!” (1 Bathes. 5:3) Dipuso di tla tlhasela bodumedi jwa maaka. (Tshen. 17:15-18) Go tla tlhaselwa baobamedi ba boammaaruri. Go tswa foo bokhutlo bo tla tla.—2/1, tsebe 9.

Re ka dira eng gore re fenye mokgwa wa go nna lefufa?

Re ka thusiwa ke dikgato tse di latelang: Leka ka natla go nna le lorato lwa bokaulengwe, kopanela le batho ba Modimo, batla go dira molemo, ‘ipele le batho ba ba ipelang.’ (Bar. 12:15)—2/15, tsebe 16-17.

Ke bomang ba ba buang Se-Nahuatl, mme gone jaanong ba direlwa eng?

E ne e le puo ya Ba-Aztec, mme e sa ntse e buiwa ke batho ba le milione le halofo kwa Mexico. Basupi ba rera ka Se-Nahuatl, mme le dikgatiso dingwe tsa rona di gone ka puo eo.—3/1, tsebe 13-14.

Fa o neela kgakololo, o tshwanetse go nna o gakologelwa melaometheo efe?

Tlhaloganya boemo ka botlalo. Tila go araba ka lepotlapotla. Ikokobetse mme o dirise Lefoko la Modimo. Fa go kgonega dirisa dikgatiso tsa Baebele. Tila go direla ba bangwe ditshwetso.—3/15, tsebe 7-9.

Jesu o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe gore ba tsamaye dimaele tse pedi. (Math. 5:41) O ne a kaya eng ka seo?

Ka nako eo kwa Iseraele, Baroma ba ba neng ba gapile Baiseraele, ba ne ba ka pateletsa motho gore a ba direle. Fa Jesu a ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe go tsamaya dimaele tse pedi, o ne a kaya gore ba dire ditirelo tsa bone tse balaodi ba neng ba na le tshwanelo ya go batla gore ba di dire ba sa ngongorege.—4/1, tsebe 9.