Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Baaposetoloing ba ga Jesu go Nna o Disitse

Ithute mo Baaposetoloing ba ga Jesu go Nna o Disitse

“Lo nne lo disitse le nna.”—MATH. 26:38.

1-3. Baaposetoloi ba ne ba retelelwa jang ke go nna ba disitse mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, mme ke eng se se bontshang gore ba ne ba ithuta mo diphosong tsa bone?

AKANYA ka se se diragetseng mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. Jesu o ne a tla mo go lengwe la mafelo a a neng a a rata thata e leng tshimo ya Gethesemane, e e leng kwa botlhaba jwa Jerusalema. O ne a tlile koo le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. E re ka Jesu a ne a ngomogile pelo le maikutlo, o ne a tlhoka go ya kwa lefelong le le kwa thoko a le esi go ya go rapela.—Math. 26:36; Joh. 18:1, 2.

2 Baaposetoloi ba le bararo—Petere, Jakobe, le Johane—ba ne ba tsenelela le Jesu kwa teng mo tshimong. O ne a ba laela jaana: “Nnang fano mme lo nne lo disitse le nna,” mme go tswa foo a ya go rapela. Fa a boa, o ne a fitlhela ditsala tsa gagwe di ile ka boroko. O ne a ba kopa jaana gape: “Nnang lo disitse.” Go ntse go le jalo, ba ne ba robala gape makgetlo a le mabedi! Moragonyana mo go jone bosigo joo, baaposetoloi botlhe ba ne ba palelwa ke go nna ba tsogile semoyeng. Tota e bile, ba ile ba tlogela Jesu ba tshaba!—Math. 26:38, 41, 56.

3 Ga go pelaelo gore baaposetoloi ba ile ba ikwatlhaela go bo ba ile ba se ka ba nna ba disitse. Banna bao ba ba ikanyegang ba ile ba ithuta mo diphosong tsa bone ka bonako. Buka ya Baebele ya Ditiro e bontsha gore ba ile ba tswelela ba tlhoma sekao se se molemo sa go nna ba disitse. Boikanyegi jwa bone bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa tlhotlheletsa Bakeresetemmogo le bone gore ba dire se se tshwanang. Jaanong, go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse go nna re disitse. (Math. 24:42) Mma re sekasekeng dithuto di le tharo tse di ka ga go nna re disitse, tse re ka ithutang tsone mo bukeng ya Ditiro.

BA NNA BA DISITSE MALEBANA LE KAELO YA GORE BA RERE KAE

4, 5. Paulo le ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba kaelwa jang ke moya o o boitshepo?

4 Thuto ya ntlha ke gore, baaposetoloi ba ne ba disitse malebana  le kaelo ya gore ba rere kae. Mo pegong nngwe, re ithuta kafa Jesu a dirisitseng moya o o boitshepo o a neng a o neilwe ke Jehofa ka gone, gore a kaele moaposetoloi Paulo le ba a neng a tsamaya le bone mo loetong lo lo sa tlwaelegang. (Dit. 2:33) Mma re tsamayeng le bone.—Bala Ditiro 16:6-10.

5 Paulo, Silase, le Timotheo ba ne ba tswa mo motseng wa Lisetera o o kwa borwa jwa Galatia. Malatsi moragonyana ba ne ba goroga mo tseleng e kgolo ya Roma e e lebang kwa bophirima mo lefelong le le nang le batho ba le bantsi mo kgaolong ya Asia. Ba ne ba batla go tsaya tsela eo gore ba tsene mo metseng e e neng e na le batho ba le diketekete ba ba neng ba tshwanetse go utlwa ka ga Keresete. Mme sengwe se ne sa ba thibela fa ba le mo tseleng. Temana ya borataro ya re: “Ba ne ba ralala Feregia le naga ya Galatia, ka gonne ba ne ba idiwa ke moya o o boitshepo go bua lefoko mo kgaolong ya Asia.” Ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang, moya o o boitshepo o ne wa ba itsa go rera mo kgaolong ya Asia. Go bonala Jesu—ka moya wa Modimo—a ne a batla go kaela Paulo le ba a neng a tsamaya le bone gore ba tseye tsela e sele.

6, 7. (a) Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba diragalelwa ke eng gaufi le Bithinia? (b) Ke tshwetso efe e barutwa ba neng ba e dira, mme diphelelo e ne ya nna dife?

6 Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba ya kae? Temana ya bosupa e tlhalosa jaana: “Mo godimo ga moo, e rile ba fologela kwa Misia ba dira maiteko a go tsena mo Bithinia, mme moya wa ga Jesu o ne wa se ka wa ba letla.” E re ka moya o ne o ba itsa go rera kwa Asia, Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba leba kwa bokone, ba ikaeletse go rera kwa metseng ya Bithinia. Le fa go ntse jalo, fa ba atamela Bithinia, Jesu o ne a dirisa gape moya o o boitshepo go ba thibela. Ka nako eo, banna bao ba tshwanetse ba bo ba ne ba akabetse. Ba ne ba itse gore ba tshwanetse go rera ka eng le gore ba rere jang, le fa go ntse jalo ba ne ba sa itse gore ba tla rera kae. Re ka re: Ba ne ba kokota mo kgorong e e ba lebisang kwa Asia—mme go ne go se nko e e tswang lemina. Ba ne ba kokota mo kgorong e e ba lebisang kwa Bithinia—le teng ga retela. A ba ne ba kgaotsa? E seng bareri bao ba ba tlhagafetseng!

7 Ka nako eo, banna bao ba ne ba dira tshwetso e go neng go ka bonala e ne e sa tlwaelega. Temana ya borobedi ya re: “Ba feta Misia mme ba fologela mo Teroase.” Banna bao ba ne ba leba bophirima mme ba tsamaya dikilometara di le 563, ba feta metse e mentsi go fitlha ba goroga kwa boemelakepe jwa Teroase, e leng tsela e e dirisiwang go ya Makedonia. Fa Paulo le bapati ba gagwe ba le koo, ba ne ba kokota lekgetlho la boraro, mme mo lekgetlhong leno, dikgoro di ne tsa bulega. Temana ya borobongwe e bega se se neng sa direga morago ga foo: “Mo bosigong ponatshegelo ya bonala kwa go Paulo: monna mongwe wa Momakedonia o ne a eme a mo rapela a re: ‘Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.’” La bofelo Paulo o ne a itse gore o tshwanetse go rera kae. Kwantle ga go senya nako, banna bao ba ne ba tsamaya ka sekepe go ya Makedonia.

8, 9. Ke eng se re ka ithutang sone mo pegong ya loeto lwa ga Paulo?

8 Ke eng se re ka ithutang sone mo pegong eno? Ela tlhoko gore morago ga gore Paulo a tseye loeto go ya kwa Asia, ke gone moya wa Modimo o neng wa simolola go mo kaela. Go tswa foo, morago ga gore Paulo a atamele Bithinia, e ne ya nna gone Jesu a mo nayang kaelo e e oketsegileng. Mme kwa bofelong, morago ga gore Paulo a goroge kwa Teroase Jesu o ne a mo kaela go ya kwa Makedonia. E re ka Jesu e le Tlhogo ya phuthego a ka nna a dirisana le rona ka tsela e e tshwanang. (Bakol. 1:18) Ka sekai, o ka tswa o ile wa akanya ka go nna mmulatsela kgotsa go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Mme gone, e ka nna morago ga gore o tseye dikgato tse di rileng gore o fitlhelele mokgele wa gago, e le gore Jesu a go kaele a dirisa moya wa Modimo. Go tshwantsha seo: Mokgweetsi a ka dira gore koloi ya gagwe e ye ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng, mme seo se direga fa fela e tsamaya. Ka tsela e e tshwanang, Jesu a ka kgona go re kaela gore re oketse bodiredi jwa rona fa fela re tsere dikgato—fa re dira maiteko a go fitlhelela mokgele wa rona.

9 Le fa go ntse jalo, go tweng fa maiteko a gago a sa atlege ka yone nako eo? A o tshwanetse go latlhela seditse, o swetsa ka gore moya wa Modimo  ga o go kaele? Gakologelwa gore Paulo le ene o ne a lebana le mathata. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a kokota go fitlhela a bona kgoro e e bulegang. Ka tsela e e tshwanang, le wena fa o itshokela go batla “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong,” o ka nna wa bona tuelo.—1 Bakor. 16:9.

GO NNA RE THANTSE MALEBANA LE DITHAPELO

10. Ke eng se se bontshang gore go nna re thantse malebana le thapelo go botlhokwa gore re nne re disitse?

10 Jaanong akanya ka thuto ya bobedi, e e ka ga go nna re disitse e re ka ithutang yone mo bakaulengweng ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga: Ba ne ba thantse malebana le dithapelo. (1 Pet. 4:7) Go nnela ruri mo thapelong go botlhokwa gore re nne re disitse. Gakologelwa gore fa Jesu a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane pele ga a tla tshwarwa, o ne a bolelela barutwa ba gagwe ba le bararo jaana: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse.”Math. 26:41.

11, 12. Ke ka ntlha yang le gone ke jang Herode a neng a tshwara Bakeresete makgwakgwa, go akaretsa le Petere?

11 Petere yo o neng a le teng mo tiragalong eo, moragonyana o ne a iponela ka matlho maatla a dithapelo tse di tswang pelong. (Bala Ditiro 12:1-6.) Mo ditemaneng tse di simololang tsa pego eno, re ithuta gore Herode o ne a tshwara Bakeresete makgwakgwa gore Bajuda ba tle ba mo amogele. A ka tswa a ne a itse gore Jakobe e ne e le moaposetoloi yo o neng a atamalane thata le Jesu. Ke gone ka moo Herode a neng a dira gore Jakobe a bolawe “ka tšhaka.” (Temana ya bobedi) Ka jalo, phuthego e ne ya latlhegelwa ke moaposetoloi yoo yo o rategang. A bo seo e ne e le teko jang ne mo bakaulengweng!

12 Go tswa foo, ke eng se Herode a neng a se dira? Temana ya boraro ya re: “Ya re a bona gore go ne go itumedisa Bajuda, a tswelela pele go tshwara le Petere.” Mme gone, ga se ka metlha dikgolegelo di neng di kgona go tshola baaposetoloi, go akaretsa le Petere. (Dit. 5:17-20) Herode a ka tswa a ne a itse seno sentle. O ne a batla go tlhomamisa gore Petere ga a kitla a mo tswa dinaleng. Ka jalo, o ne a dira gore Petere a “fapaanelwe ganè ke masole a le manè gore lengwe le lengwe le mo dise, ka a ne a ikaeletse go mo ntshetsa batho morago ga tlolaganyo.” (Temana ya bonè) Akanya fela! Herode o ne a dira gore Petere a golegwe ka dikeetane a le fa gare ga masole a mabedi, a disitswe ke masole a le 16 a a neng a refosana bosigo le motshegare go tlhomamisa gore moaposetoloi yono ga a tlhanole direthe. Maikaelelo a ga Herode e ne e le gore Petere a ntshediwe kwa bathong morago ga Tlolaganyo gore a bolawe, mme katlholo eo e ne e diretswe go itumedisa boidiidi. Mo maemong ano a a sa itumediseng, ke eng se Bakeresetemmogo le Petere ba neng ba ka se dira?

13, 14. (a) Phuthego e ne ya itshwara jang fa e utlwa ka go tshwarwa ga ga Petere? (b) Ke eng se re ka ithutang sone mo sekaong se se tlhomilweng ke Bakeresetemmogo le Petere mo kgannyeng ya thapelo?

13 Phuthego e ne e itse sentle gore e tshwanetse go dira eng. Temana ya botlhano e balega jaana: “Ka gone Petere o ne a bewa mo kgolegelong; mme phuthego e ne e tswelela e mo rapelela mo Modimong ka tlhoafalo.” Ruri dithapelo tse ba neng ba di rapelela mokaulengwe wa bone yo o rategang, e ne e le tse di tlhoafetseng e bile di tswa pelong. Ka jalo, loso lwa ga Jakobe ga lo a ka lwa dira gore ba tlalelwe; kgotsa lwa dira gore ba tseye thapelo e se botlhokwa. Go na le moo, ba ne ba itse gore dithapelo tsa baobamedi ba ba ikanyegang di ne di le botlhokwa mo go Jehofa. Fa dithapelo tse di ntseng jalo di dumalana le thato ya gagwe, o a di araba.—Baheb. 13:18, 19; Jak. 5:16.

14 Re ka ithuta eng mo go se Bakeresetemmogo le Petere ba ileng ba se dira? Go nna re disitse go akaretsa go ithapelela re bo re rapelele le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Baef. 6:18) A o itse badumedimmogo le wena ba ba lebaneng le diteko? Ba bangwe ba ka tswa ba itshokela go bogisiwa, dithibelo tsa puso kgotsa masetlapelo a tlholego. Ke eng fa o sa ba umake mo dithapelong tsa gago tse di tswang pelong. O ka tswa o itse ba bangwe ba ba nang le mathata a a sa lemotshegeng motlhofo. Ba ka tswa ba leka ka natla go itshokela mathata a lelapa, go kgobega marapo kgotsa bolwetse. Ke ka ntlha yang fa o sa akanye ka batho ba ba rileng ba o ka ba umakang ka maina fa o ntse o bua le Jehofa, “Moutlwi wa thapelo”?—Pes. 65:2.

15, 16. (a) Tlhalosa kafa moengele wa ga Jehofa a golotseng Petere mo kgolegelong ka gone. (Bona setshwantsho se se kwa tlase.) (b) Ke eng fa go nametsa pelo go akanya kafa Jehofa a ileng a golola Petere ka gone?

 15 Le fa go ntse jalo, Petere o ne a diragalelwa ke eng? Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo mo kgolegelong, fa a ne a ile ka boroko a le fa gare ga masole a mabedi, o ne a bona metseletsele ya ditiragalo tse di gakgamatsang. (Bala Ditiro 12:7-11.) Akanya ka se se diragetseng: Ka tshoganyetso fela, lesedi le legolo la tlala mo phaposaneng ya kgolegelo. Moengele o ne a eme foo, go bonala masole a ne a sa mmone, mme ka bonako a tsosa Petere. Mme dikeetane tse a neng a golegilwe diatla ka tsone, di ne tsa wa! Moengele o ne a ntshetsa Petere kwa ntle ga phaposana ya kgolegelo, ba feta teng mo masole a neng a le gone, le mo setswalong se segolo sa tshipi, se se neng sa bulega “ka bosone fela.” Fa ba setse ba le kwa ntle ga kgolegelo, moengele o ne a nyelela. Petere o ne a golotswe!

16 A ga go nonotshe tumelo go akanya ka maatla a ga Jehofa a go golola batlhanka ba gagwe? Ke boammaaruri gore ga re a lebelela gore Jehofa a re golole ka kgakgamatso mo nakong eno. Le fa go ntse jalo, re na le tumelo e e feletseng ya gore o dirisa maatla a gagwe go thusa batho ba gagwe gompieno. (2 Ditir. 16:9) A ka re thusa gore re lepalepane le thaelo epe fela e re ka lebanang le yone a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo o o maatla. (2 Bakor. 4:7; 2 Pet. 2:9) Mme go ise go ye kae, Jehofa o tla naya Morwawe maatla gore a golole dimilionemilione tsa batho mo kgolegelong e ba sa kgoneng go tswa mo go yone, e leng loso. (Joh. 5:28, 29) Go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo go ka re kgothatsa fela thata fa re lebane le diteko gompieno.

GO NAYA BOSUPI KA BOTLALO GO SA KGATHALESEGE DIKGORELETSI

17. Paulo o ne a re tlhomela sekao se se molemo jang fa a ne a rera ka tlhoafalo le go nna le boikutlo jwa go potlaka?

17 Thuto ya boraro e re ka ithutang yone malebana le baaposetoloi ke eno: Ba ne ba tswelela ba naya bosupi ka botlalo le fa ba lebane le dikgoreletsi. Gore re kgone go nna re tsogile, go botlhokwa thata gore re rere ka tlhoafalo e bile re na le boikutlo jwa go potlaka. Moaposetoloi Paulo o ne a re tlhomela sekao se se molemo thata mo kgannyeng eno. O ne a dira ka natla e bile a tlhoafetse mo tirong ya gagwe, a tsamaya maeto a maleele a ntse a tlhoma diphuthego tse dintsi. O ne a itshokela mathata a le mantsi, mme gone o ne a nna a tlhoafetse e bile a na le boikutlo jwa go potlaka.—2 Bakor. 11:23-29.

18. Paulo o ne a tswelela jang a naya bosupi fa a ne a golegilwe kwa Roma?

18 A re sekasekeng ntlha ya bofelo e re ithutang yone mo go Paulo jaaka e tlhalositswe mo go Ditiro kgaolo 28. Moaposetoloi yono o ne a goroga kwa Roma, kwa a neng a tshwanetse go tlhagelela fa pele ga ga Nero teng. O ne a le mo kgolegelong, gongwe a bofeletswe ka keetane mo lesoleng le le neng le mo disitse. Le fa go ntse jalo, dikeetane di ne di ka se ka tsa dira gore moaposetoloi yono yo o tlhoafetseng a se ka a rera! Paulo o ne a tswelela a batla ditsela tsa go naya bosupi. (Bala Ditiro 28:17, 23, 24.) Morago ga malatsi a le mararo, Paulo  o ne a phutha banna ba bagolo ba Bajuda gore a ba neye bosupi. Go tswa foo, mo letsatsing le le tlhomilweng, Paulo o ne a naya bosupi jo bogolwane go feta joo. Ela tlhoko gore temana ya 23 ya reng: “[Bajuda ba lefelo leo] ba rulaganya gore ba nne letsatsi le ene, mme ba tla ka dipalo tse dikgolwane kwa go ene mo lefelong la gagwe la bonno. Mme a ba tlhalosetsa kgang a naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo le ka go dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga Jesu a a mo molaong wa ga Moshe le Baporofeti, go tloga mo mosong go fitlha maitseboa.”

19, 20. (a) Ke eng fa Paulo a ne a atlega fa a naya bosupi? (b) Paulo o ne a itshwara jang fa bangwe ba gana go amogela dikgang tse di molemo?

19 Ke eng fa Paulo a ile a atlega fa a naya bosupi? Ela tlhoko mabaka a le mmalwa a a tlhalosiwang mo temaneng ya 23. (1) O ne a tlhomile mogopolo mo Bogosing jwa Modimo le mo go Jesu Keresete. (2) O ne a leka go fitlhelela dipelo tsa batho ba ba mo reeditseng “ka go dirisa mafoko a a tlhatswang pelo.” (3) O ne a tlhalosa mabaka a dirisa Dikwalo. (4) O ne a bontsha moya wa go intsha setlhabelo, a naya bosupi “go tloga mo mosong go fitlha maitseboa.” Paulo o ne a naya bosupi jo bo maatla tota, mme ga se botlhe ba ba neng ba amogela molaetsa wa gagwe. Temana ya 24 ya re: “Bangwe ba simolola go dumela dilo tse di buiwang; ba bangwe ba ne ba se ka ba dumela.” Go ne ga tsoga kganetsano, mme batho ba phatlalala.

20 A Paulo o ile a kgobega marapo ka gonne ga se batho botlhe ba ba ileng ba amogela dikgang tse di molemo? Le e seng! Ditiro 28:30, 31 ya re: “A nna dingwaga di le pedi tse di tletseng mo ntlong ya gagwe e e hirilweng, a amogela ka bopelonomi botlhe ba ba neng ba tsena kwa go ene, a ba rerela bogosi jwa Modimo e bile a ruta dilo tse di leng kaga Morena Jesu Keresete ka kgololesego e kgolo thata ya go bua, a sa kgorelediwe.” Mafoko ano a ruri a amang pelo ke one a konelang buka e e tlhotlheleditsweng ya Ditiro.

21. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo fa a ne a tswaletswe mo ntlong?

21 Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo? Fa a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe, o ne a sa kgone go rera ka ntlo le ntlo. Le fa go ntse jalo, o ne a nna a leba dilo ka tsela e e siameng, a rerela batho botlhe ba ba neng ba mo etela. Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo ba le bantsi gompieno ba nna ba itumetse e bile ba tswelela ba rera le fa ba tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela ka ntlha ya tumelo ya bone. Bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ga ba kgone go tswa mo magaeng a bone, gongwe e bile ba nna kwa mafelong a kwa go one go tlhokomelwang batsofe kgotsa batho ba ba lwalang. Fa ba kgona, ba rerela dingaka le batho ba ba berekang foo, batho ba ba ba etelang le ba bangwe ba ba tlang kwa lefelong leo. Ba eletsa thata go naya bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo. Ruri re anaanela thata sekao se ba re tlhomelang sone!

22. (a) Ke eng se se re thusang go solegelwa molemo ke buka ya Baebele ya Ditiro? (Bona lebokose le le fa godimo.) (b) O ititeile sehuba go dira eng fa o ntse o letetse bokhutlo jwa tsamaiso eno ya bogologolo ya dilo?

22 Ruri go sekaseka se re ka ithutang sone mo baaposetoloing le mo Bakereseteng ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba umakilweng mo bukeng ya Baebele ya Ditiro, go re kgothaditse fela thata. Fa re ntse re letile bokhutlo jwa tsamaiso eno ya bogologolo ya dilo, a re ititeyeng sehuba go etsa sekao sa Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka go naya bosupi ka bopelokgale le ka tlhagafalo. Ga go na tshiamelo epe e re ka nnang le yone e e fetang ya go nna le seabe mo go ‘neyeng bosupi ka botlalo’ ka Bogosi jwa Modimo!—Dit. 28:23.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 13]

“NKA SE TLHOLE KE LEBA BUKA YA DITIRO KA TSELA E KE NENG KE E LEBA KA YONE”

Morago ga gore molebedi mongwe yo o etang a bale buka ya Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo, o ne a bua jaana ka tsela e a ikutlwang ka yone: “Nka se tlhole ke leba buka ya Ditiro ka tsela e ke neng ke e leba ka yone. Ke badile pego ya Ditiro makgetlho a le mantsi mme e kete ke ne ke e bala ke tshotse kerese e bile ke rwele diborele tse di leswe. Jaanong ke ikutlwa e kete ke segofaditswe gore ke bone kgalalelo ya yone mo letsatsing le le phatsimang.”

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Moengele o ne a fetisa Petere mo setswalong se segolo sa tshipi