Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Botshelo le Kagiso, Tsamaya Tumalanong le Moya

Go Bona Botshelo le Kagiso, Tsamaya Tumalanong le Moya

 Go Bona Botshelo le Kagiso, Tsamaya Tumalanong le Moya

“Tsamayang, e seng tumalanong le nama, mme tumalanong le moya.”—ROM. 8:4.

1, 2. (a) Motho yo o kgweetsang a iteegile tsebe a ka baka boemo bofe jo bo kotsi? (b) Ke kotsi efe e e ka bakiwang ke go iteega tsebe semoyeng?

“GO ITEEGA tsebe fa o kgweetsa ke bothata jo bo anamang mme go bonala bo ntse bo etegela pele ngwaga le ngwaga.” Seo ke se se fitlheletsweng ke tona ya dipalangwa ya kwa United States. Difouno tsa selula ke dingwe tsa dilo tse di ka itayang bakgweetsi tsebe mo selong sa konokono se ba tshwanetseng go se dira—go kgweetsa. Batho ba ba fetang nngwetharong ba ba ileng ba botsolodiwa mo patlisisong nngwe, ba re ba ne ba thulwa kgotsa ba batlile ba thulwa ke koloi e mokgweetsi wa yone a neng a dirisa founo ya selula. Go dira dilo di le dintsi fa o kgweetsa go ka bonala go le molemo mme ditlamorago tsa gone e ka nna masetlapelo.

2 Go ka nna fela jalo le ka bomoya jwa rona. Fela jaaka gantsi mokgweetsi yo o iteegileng tsebe a ka palelwa ke go lemoga matshwao a kotsi, motho yo o iteegang tsebe semoyeng le ene go ka nna motlhofo gore a wele mo kotsing. Fa re itetla go katogela kgakala le tsela ya rona ya Bokeresete le ditiro tse di direlwang puso ya Modimo, diphelelo e ka nna go senyegelwa ke tumelo ya rona jaaka go thubega ga sekepe. (1 Tim. 1:18, 19) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetemmogo le ene ba kwa Roma ka kotsi eno fa a ne a re: “Go tlhoma mogopolo  mo nameng go raya loso, mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.” (Bar. 8:6) Paulo o ne a kaya eng ka seo? Re ka tila jang go “tlhoma mogopolo mo nameng” mme re bo re lwela go “tlhoma mogopolo mo moyeng”?

“Ga ba Bonwe Molato”

3, 4. (a) Paulo o ne a kwala ka kgwetlho efe e a nnileng le yone? (b) Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela boemo jo Paulo a neng a le mo go jone?

3 Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Baroma o ne a bua ka ntwa e a nnileng le yone—kgotlhang magareng ga nama ya gagwe le mogopolo wa gagwe. (Bala Baroma 7:21-23.) Paulo o ne a sa ipeele diipato kgotsa a sa itlhomogele pelo, a dira e kete ga a kgone go dira se se siameng. Tota e bile, e ne e le Mokeresete yo o godileng sentle, yo o tloditsweng, yo o tlhophilweng go nna “moaposetoloi mo ditšhabeng.” (Bar. 1:1; 11:13) Ka jalo, ke eng fa Paulo a ile a kwala ka ntwa ya gagwe?

4 Paulo o ne a lemoga gore ka boene fela o ne a palelwa ke go dira thato ya Modimo ka tsela e a neng a ka rata ka yone. Ka ntlha yang? O ne a re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Bar. 3:23) E re ka Paulo e ne e le setlogolwana sa ga Adame, o ne a tla nna le ditlamorago tsa boleo le bosaitekanelang. Re kgona go tlhaloganya kafa a neng a ikutlwa ka gone ka gonne le rona rotlhe ga re a itekanela mme letsatsi le letsatsi re tshwanelwa ke go lebana le ntwa e e tshwanang le ya gagwe. Mo godimo ga moo, go na le dilo di le dintsi tse di re itayang tsebe tse di ka faposang mogopolo wa rona mme tsa re ntsha ‘mo tseleng e e pitlaganeng e e isang kwa botshelong.’ (Math. 7:14) Le fa go ntse jalo, go ne go sa reye gore Paulo o ne a se na kgoro ya botso mo boemong jo a neng a le mo go jone, mme go ntse fela jalo le ka boemo jwa rona.

5. Paulo o bone kae thuso le kgololo?

5 Paulo o ne a kwala jaana: “Ke mang yo o tla nnamolang . . . ? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Bar. 7:24, 25) Go tswa foo, o bua le ba ba leng “seoposengwe le Keresete Jesu”—Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bala Baroma 8:1, 2.) Jehofa o ba dira bomorwaawe a dirisa moya o o boitshepo mme o ba bitsa “baruaboswammogo le Keresete.” (Bar. 8:14-17) Moya wa Modimo mmogo le tumelo e ba nang le yone mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete, o ba thusa go fenya ntwa e Paulo a e tlhalositseng mme ka jalo “ga ba bonwe molato.” Ba golotswe “mo molaong wa boleo le wa loso.”

6. Ke eng fa batlhanka botlhe ba Modimo ba tshwanetse go tsaya mafoko a ga Paulo tsia?

6 Le fa Paulo fano a ne a bua le Bakeresete ba ba tloditsweng, se a se buileng ka moya wa Modimo le ka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se ka solegela batlhanka botlhe ba ga Jehofa molemo go sa kgathalasege tsholofelo e ba nang le yone. Le mororo Paulo a ne a tlhotlhelediwa go naya Bakeresete ba ba tloditsweng kgakololo eo, go botlhokwa thata gore batlhanka botlhe ba Modimo ba tlhaloganye se a se kwadileng mme ba leke go dira gore se ba solegele molemo.

Kafa Modimo a Neng a “Bona Boleo Molato mo Nameng” ka Gone

7, 8. (a) Ke ka tsela efe Molao o neng o le “bokoa ka nama”? (b) Modimo o fitlheletse eng ka moya wa gagwe le ka thekololo?

7 Mo kgaolong ya bosupa ya Baroma, Paulo o tlhalosa gore boleo bo na le maatla mo nameng e e sa itekanelang. Mo kgaolong ya borobedi, o bua ka maatla a moya o o boitshepo. Moaposetoloi yono o tlhalosa kafa moya wa Modimo o ka thusang Bakeresete ka teng mo ntweng ya bone kgatlhanong le maatla a boleo, gore ba kgone go tshela tumalanong le thato ya ga Jehofa le gore a ba amogele. Paulo o ne a bontsha gore Modimo o fitlheletse sengwe se Molao wa ga Moshe o paletsweng ke go se fitlhelela, a dirisa moya wa Gagwe le setlhabelo sa thekololo sa Morwawe.

8 Molao wa ga Moshe o o neng o na le ditaelo tse dintsi, o ne o bona baleofi molato. Mo godimo ga moo, baperesiti ba bagolo ba kwa  Iseraele ba ba neng ba direla ka fa tlase ga Molao ba ne ba sa itekanela mme ba ne ba sa kgone go ntsha setlhabelo se se neng se tshwanela boleo jo bo dirilweng. Ka jalo, Molao o ne o le “bokoa ka nama.” Mme gone, “ka go roma Morwawe a le mo setshwanong sa nama,” Modimo o ne a “bona boleo molato mo nameng,” ka go dira jalo a fenya “go sa kgoneng kafa letlhakoreng la Molao.” Ka ntlha ya seo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba kaiwa ba siame mo motheong wa tumelo ya bone mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. Ba rotloediwa go ‘tsamaya, e seng tumalanong le nama, mme tumalanong le moya.’ (Bala Baroma 8:3, 4.) Eleruri ba tshwanetse go dira jalo ka boikanyegi go fitlha ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng, gore ba newe “serwalo sa botshelo.”—Tshen. 2:10.

9. Bokao jwa lefoko “molao,” le le dirisitsweng mo go Baroma 8:2 ke bofe?

9 Mo godimo ga go bua ka “Molao” Paulo o ne a bua gape ka “molao wa moya oo” le ‘molao wa boleo le wa loso.’ (Bar. 8:2) Melao eno ke eng? Lefoko “molao” mo temaneng eno ga le kaye melawana mengwe, e e tshwanang le e e mo Molaong wa ga Moshe. Tshupiso nngwe e akantsha gore, ‘Lereo la Segerika le le emelang molao fano le kaya dilo tse di siameng le tse di bosula tse batho ba di dirang, tse di ba laolang jaaka molao. Lereo leno gape le kaya ditekanyetso tse motho a tshelang ka tsone.’

10. Ke jang re leng batlhanka ba molao wa boleo le wa loso?

10 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Bar. 5:12) E re ka re le ditlogolwana tsa ga Adame, rotlhe re batlhanka ba boleo le ba loso. Keletso ya rona ya boleo e nna e re rotloetsa go dira dilo tse di sa itumediseng Modimo, tse di felelang ka loso. Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Bagalatia, o ne a bitsa ditiro le mekgwa eo a re ke “ditiro tsa nama.” Go tswa foo o ne a re: “Ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (Bagal. 5:19-21) Batho ba ba ntseng jalo, ba tshwana le batho ba ba tsamayang tumalanong le nama. (Bar. 8:4) ‘Dilo tse di siameng le tse di bosula tse ba di dirang,’ le ‘ditekanyetso tsa bone tsa botshelo’ ke tsa senama. Mme gone, a batho ba ba dirang kgokafalo, ba ba obamelang medingwana le ba ba dirang ditiro tse di amanang le tirisabadimo kgotsa ba ba dirang maleo a mangwe a a masisi ke bone fela ba ba tsamayang tumalanong le nama? Nnyaa, ka gonne ditiro tsa nama gape di akaretsa se bangwe ba ka se tsayang e le bokoa jwa  botho jaaka lefufa, go phatloga ka bogale, manganga le bopelotshetlha. Ke mang yo o ka reng o ikgolotse gotlhelele mo go tsamayeng tumalanong le nama?

11, 12. Jehofa o re baakanyeditse eng go re thusa go fenya molao wa boleo le wa loso, mme re tshwanetse go dira eng gore a re amogele?

11 Ruri re itumelela go bo Jehofa a dirile gore go kgonege gore re fenye molao wa boleo le wa loso! Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” Fa re amogela lorato lwa Modimo le fa re bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete, re ka gololwa mo go bonweng molato ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng. (Joh. 3:16-18) Ka jalo, re ka ikutlwa fela jaaka Paulo, fa a ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!”

12 Boemo jwa rona bo tshwana le go fodisiwa bolwetse jo bo masisi. Fa e le gore re batla go fola ka botlalo, re tshwanetse go dira se ngaka e re bolelelang gore re se dire. Le fa go bontsha tumelo mo thekololong go ka re golola mo molaong wa boleo le wa loso, re sa ntse re sa itekanela e bile re baleofi. Gore re nne le kamano e e gaufi le Modimo le gore a re amogele a bo a re segofatse, go sa ntse go na le sengwe se re tshwanetseng go se dira. Go dumalana le go diragadiwa ga “se se siameng se se tlhokwang ke Molao,” Paulo gape o bua ka kgang ya go tsamaya tumalanong le moya.

Re ka Tsamaya Jang Tumalanong le Moya?

13. Go tsamaya tumalanong le moya go kaya eng?

13 Fa re tsamaya, re a bo re leka go fitlhelela mokgele mongwe kgotsa re ya kwa lefelong lengwe kgato ka kgato. Ka jalo, gore re tsamaye tumalanong le moya re tshwanetse go tswelela pele re gola semoyeng—e seng gore re itekanele semoyeng. (1 Tim. 4:15) Letsatsi le letsatsi re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona go leka go tsamaya kgotsa go tshela matshelo a rona tumalanong le kaelo ya moya. Go ‘tsamaya ka moya’ go felela ka gore Modimo a re amogele.—Bagal. 5:16.

14. Batho ba ba tshelang “tumalanong le nama,” gantsi ba itshwara jang?

14 Mo lekwalong le a le kwaletseng Baroma, Paulo jaanong o bua ka mefuta e mebedi ya batho e e sa akanyeng ka tsela e e tshwanang. (Bala Baroma 8:5.) Fano Paulo o bua ka nama mme ga a bue ka mmele wa motho. Mo Baebeleng lefoko “nama” ka dinako dingwe le dirisiwa go tlhalosa boemo jwa batho jwa bosaitekanelang le jwa go nna baleofi. Boemo jono ke  jone jo bo bakang kgotlhang e Paulo a e umakileng pelenyana e e magareng ga nama le mogopolo. Le fa go ntse jalo, go farologana le ene, batho ba ba tshelang “tumalanong le nama” ga ba leke go lwa le maikutlo a bone a a sa siamang. Go na le go akanya ka se Modimo a batlang gore ba se dire le go amogela thuso e a ba neileng yone, gantsi “ba tlhoma megopolo ya bone mo dilong tsa nama.” Ba letla dikeletso tsa bone tsa nama le tsa boleo go ba laola. Go farologana le bone, batho ba ba tshelang “tumalanong le moya” ba tlhoma mogopolo mo “dilong tsa moya”—ba letla Jehofa go ba kaela.

15, 16. (a) Fa motho a tlhoma mogopolo mo go sengwe, seo se ka ama jang tsela e a akanyang ka yone? (b) Gompieno batho ba le bantsi ba tlhoma mogopolo mo go eng?

15 Bala Baroma 8:6. Gore motho a dire sengwe le sengwe—se ka tswa se siame kgotsa se sa siama—o tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go sone. Fa batho ba nna ba tlhoma mogopolo mo dilong tsa nama, go ise go ye kae ba tla batla go dira dilo tsa nama. Gantsi ba nna ba akanya ka dilo tsa nama e bile ke tsone tse ba di kgatlhegelang le tse ba di ratang thata.

16 Batho ba le bantsi gompieno ba tshwaregile ka eng? Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” (1 Joh. 2:16) Dikeletso tseno di akaretsa dilo tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, go rata maemo le go rata dithoto. Dibuka, dimakasine, makwalodikgang, difilimi, dithulaganyo tsa thelebishene le Internet di tletse ka dilo tse di ntseng jalo, ka gonne ke tsone dilo tse batho ba le bantsi ba tlhomang mogopolo mo go tsone le tse ba di batlang. Le fa go ntse jalo, go “tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso”—go swa semoyeng gone jaanong le go swa ka tsela ya mmatota mo bogautshwaneng. Ka ntlha yang? “Ka gonne go tlhoma mogopolo mo nameng go raya bobaba le Modimo, gonne ga e mo taolong ya molao wa Modimo, tota e bile, le gone ga e ka ke ya nna mo go yone. Jalo ba ba tumalanong le nama ga ba ka ke ba itumedisa Modimo.”—Bar. 8:7, 8.

17, 18. Re ka lwela jang go tlhoma mogopolo mo moyeng, mme fa re dira jalo go tla nna le diphelelo dife?

17 Kafa letlhakoreng le lengwe, “go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso”—botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng mmogo le kagiso ya mogopolo le go nna le kagiso le Modimo gone jaanong. Re ka lwela jang go “tlhoma mogopolo mo moyeng”? Ka gore ka metlha re tlhome mogopolo mo dilong tsa semoya le go itetla go nna le boikutlo jwa go rata dilo tsa semoya. Fa re dira jalo, mogopolo wa rona o nna “mo taolong ya molao wa Modimo” e bile o nna “tumalanong le” dikakanyo tsa gagwe. Fa re lebane le thaelo, re ka se etsaetsege ka gore re tshwanetse go dira eng. Re tla tlhotlheletsega go dira tshwetso e e siameng—e e leng tumalanong le moya.

18 Ka jalo, go botlhokwa gore re tlhome mogopolo mo dilong tsa moya. Re dira jalo ka go ‘tlama megopolo ya rona,’ ka metlha re nna re dira dilo tsa semoya tse di akaretsang go rapela ka metlha, go bala le go ithuta Baebele, go nna gone kwa dipokanong le kwa bodireding jwa Bokeresete. (1 Pet. 1:13) Go na le go letla gore dilo tsa nama di re iteye tsebe, a re tlhomeng mogopolo mo dilong tsa moya. Ka go dira jalo re tla tswelela re tsamaya tumalanong le moya. Go dira jalo go tla re leretse masego, ka gonne go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.—Bagal. 6:7, 8.

A o Ka Tlhalosa?

• “Go sa kgoneng kafa letlhakoreng la Molao” go ne go kaya eng, mme Modimo o ne a go fenya jang?

• “Molao wa boleo le wa loso” ke eng, mme re ka gololwa jang mo go one?

• Re tshwanetse go dira eng go lwela go “tlhoma mogopolo mo moyeng”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

A o tsamaya tumalanong le nama kgotsa tumalanong le moya?