Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Boitlosobodutu Jwa Gago bo go Solegela Molemo?

A Boitlosobodutu Jwa Gago bo go Solegela Molemo?

 A Boitlosobodutu Jwa Gago bo go Solegela Molemo?

“Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—BAEF. 5:10.

1, 2. (a) Lefoko la Modimo le supa jang gore Jehofa o batla gore re itumelele botshelo? (b) Go leba boitlosobodutu e le “mpho ya Modimo” go tla re tlhotlheletsa go dira eng?

MO BAEBELENG, re fitlhela dipolelwana tse di supang gore Jehofa ga a batle gore re tshele fela, gape o batla gore re itumelele botshelo. Ka sekai, Pesalema 104:14, 15 ya re Jehofa o dira gore “dijo di tlhoge mo lefatsheng, le beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa, go dira gore sefatlhego se phatsime leokwane, le senkgwe se se tshegetsang pelo ya motho yo o nang le go swa.” Eleruri, Jehofa o dira gore dijalo di ntshe dijo tsa ditlhaka, leokwane le beine gore re kgone go tswelela re tshela. Gape beine e ‘ipedisa pelo.’ Ga e re neye se re se tlhokang fela gore re tswelele re tshela, gape e dira gore re itumele. (Mor. 9:7; 10:19) Ee, Jehofa o batla gore re itumele, dipelo tsa rona di tlale ka “boitumelo jo bogolo.”—Dit. 14:16, 17.

2 Ka jalo, ga go na lebaka la go ikutlwa molato fa ka dinako dingwe re beela nako kwa thoko gore re ‘lebe ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo’ le “dithunya tsa masoma” kgotsa re itumelele ditiro tse dingwe tse di re lapolosang le tse di itumedisang mo botshelong. (Math. 6:26, 28; Pes. 8:3, 4) Botshelo jo bo itumedisang ke “mpho ya Modimo.” (Mor. 3:12, 13) Go leba nako ya go ijesa monate e le karolo ya mpho eo go tla re tlhotlheletsa gore re e dirise ka tsela e e tla tlisetsang Monei wa yone boitumelo. *

Dira Ditshwetso Tse di Siameng mo Boitlosobodutung

3. Ke eng fa go utlwala go tlhaloganya gore go na le mefuta e e farologaneng ya boitlosobodutu?

3 Batho ba ba lebang boitlosobodutu ka tsela e e siameng ba a tlhaloganya gore go na le mefuta e e farologaneng ya jone, le fa go ntse jalo, gape ba a lemoga gore go tshwanetse ga nna le melelwane. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Go bona karabo ya seo a re bapiseng boitlosobodutu le dijo. Batho ba mafatshe a a sa tshwaneng ba rata mefuta e e farologaneng ya dijo. Tota e bile, se bangwe mo lefelong lengwe ba ka tswang ba kgatlhegela go se ja, batho ba bangwe ba ba nnang kwa lefelong le lengwe ba ka tswa ba sa kgatlhegele go se ja. Ka tsela e e tshwanang, se Bakeresete ba se lebang e le boitlosobodutu jo bo monate kwa karolong e nngwe ya lefatshe se ka tswa se sa kgatlhe Bakeresete ba bangwe kwa lefelong le lengwe. Tota le magareng ga Bakeresete ba ba nnang mo lefelong le le lengwe, se yo mongwe a ka se lebang e le go iketla (gongwe a bala buka e e monate), yo mongwe a ka se leba se lapisa pelo; se mongwe a ka se lebang se lapolosa (gongwe a leba mafelo a a kgatlhang a le mo baesekeleng), yo mongwe ene a ka se leba se lapisa. Le fa go ntse jalo, re lemoga gore fela jaaka batho ba ka itlhophela mofuta wa dijo tse ba di ratang, ba ka tlhopha gape le mofuta wa boitlosobodutu jo ba bo ratang.—Bar. 14:2-4.

4. Ke goreng fa re tshwanetse go ipeela melelwane mo mofuteng wa boitlosobodutu jo re bo tlhophang? Tshwantsha.

4 Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo re tlhaloganya gore go na le mefuta e e farologaneng ya boitlosobodutu ga le reye gore re tshwanetse go nwelela mo go jone. Ka sekai, mma re akanyeng gape ka sekai sa dijo. Le fa re ka tswa re batla go ja mefuta e e farologaneng ya dijo, re ka se je ka boomo fela dijo tse di bodileng. Go ja dijo tse di ntseng jalo, go tla bo go sa utlwale e bile go ka tsenya botsogo jwa rona mo kotsing. Ka tsela e e tshwanang, le fa go ka tswa go na le mefuta e e farologaneng  ya boitlosobodutu jo bo siameng, re ka se batle go itlosa bodutu ka go dira dilo tse di ka tsenyang botshelo mo kotsing, tse di nang le thubakanyo, kgotsa boitsholo jo bo sa siamang. Go nna le seabe mo ditirong tse di ntseng jalo go tla bo go le kgatlhanong le melaometheo ya Baebele mme go tla tsenya bomoya jwa rona le botshelo jwa rona mo kotsing. Gore re tlhomamise gore re dira dilo ka tsela e e siameng, go tla bo go le molemo go ela tlhoko go sa le gale gore a boitapoloso bongwe jo re bo kgatlhegelang bo molemo kgotsa nnyaa. (Baef. 5:10) Re ka dira seo jang?

5. Re ka itse jang gore boitlosobodutu jwa rona bo dumalana le melao ya Modimo?

5 Gore boitlosobodutu bo re solegele molemo e bile bo itumedise mo matlhong a ga Jehofa, bo tshwanetse jwa dumalana le melao e e rileng e e kwadilweng mo Lefokong la Modimo. (Pes. 86:11) Go tlhatlhoba gore a go ntse jalo ka mofuta wa boitlosobodutu o re o ratang, re ka nna ra itlhatlhoba re dirisa lenaane le le motlhofo. Lenaane leo le na le dipotso tse tharo tse di ka sobokanngwang ka mafoko ano, eng, leng le mang. A re di sekasekeng ka bongwe ka bongwe.

Bo Akaretsa Eng?

6. Re tshwanetse go gana mofuta ofe wa boitlosobodutu, mme ka ntlha yang?

6 Pele ga o nna le seabe mo mofuteng le fa e ka nna ofe wa boitlosobodutu, potso ya ntlha e o tshwanetseng go ipotsa yone ke eno, Eng?—ke gore, ‘Ke eng se se dirang gore ke kgatlhiwe ke mofuta o o rileng wa boitlosobodutu?’ Fa o ntse o batla karabo, go molemo go nna o gakologetswe gore go na le dikarolo tse pedi tsa boitlosobodutu. Karolo ya ntlha, ga re dumalane le yone; ya bobedi ga re tlhomamisege ka yone. Ya ntlha ke efe? Mo lefatsheng leno le le boikepo, bontsi jwa boitlosobodutu bo na le mekgwa e e tlolang melao ya Baebele ka tlhamalalo kgotsa e roba melao ya Modimo. (1 Joh. 5:19) Bakeresete ba mmatota ba gana nnang ya banyana boitlosobodutu jo bo ntseng jalo. Seno se akaretsa boitlosobodutu jo bo nang le bosetlhogo, bodimona, bosodoma, ditshwantsho tse di hepisang kgotsa thubakanyo kgotsa jo bo galaletsang boitsholo bongwe jo bo bosula. (1 Bakor. 6:9, 10; bala Tshenolo 21:8.) Go sa kgathalesege gore re kwa kae, re bontsha Jehofa gore re ‘tlhoile boikepo’ ka go gana go nna le seabe mo boitlosobodutung jo bo ntseng jalo.—Bar. 12:9; 1 Joh. 1:5, 6.

7, 8. Re ka sekaseka jang boleng jwa mofuta mongwe wa boitlosobodutu? Bontsha.

7 Mo karolong ya bobedi ya boitapoloso go na le mefuta ya boitlosobodutu e e se nang ditiro tse di kgalwang ka tlhamalalo mo Lefokong la Modimo. Mo maemong a a ntseng jalo, pele ga re tlhopha boitlosobodutu joo, re tshwanetse go bo bapisa ka kelotlhoko le se Jehofa a se lebang se siame, fela jaaka se tlhalositswe mo melaometheong ya Baebele. (Dia. 4:10, 11) Go tswa foo, re tshwanetse go itirela tshwetso e e dirang gore re nne le segakolodi se se molemo. (Bagal. 6:5; 1 Tim. 1:19) Re ka dira seo jang? Akanya ka seno: Pele ga re ja dijo tse re neng re sa di itse, re tla batla go itse gore di dirilwe ka eng. Ka tsela e e tshwanang, pele ga re nna le seabe mo mofuteng mongwe wa boitlosobodutu, re tshwanetse go batlisisa gore bo na le eng.—Baef. 5:17.

8 Ka sekai, o ka tswa o rata metshameko mme seo se a tlhaloganyesega. Metshameko e ka nna monate. Le fa go ntse jalo, go tweng fa o kgatlhegela metshameko mengwe ka gonne go na le kgaisano e e dikgoka mo go yone, go dirwa dilo tse di ka tsenyang botshelo mo kotsing fela thata, go na le batho ba le bantsi ba ba gobalang mo go yone, go ketekiwa ka tsela e e sa laolesegeng, go na le moya wa go rata bosetšhaba kgotsa dilo tse di ntseng jalo? Morago ga go sekaseka se se akarediwang mo go yone, gongwe o ka swetsa ka gore go ka nna thata go dumalanya tsela ya gago ya go akanya le ya ga Jehofa le molaetsa wa kagiso le lorato, o re rutang ba bangwe ka one. (Isa. 61:1; Bagal. 5:19-21) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa mofuta mongwe wa boitapoloso o na le dilo tse di itumedisang mo matlhong a ga Jehofa, boitlosobodutu jo bo ntseng jalo bo ka nna jwa go solegela molemo jwa bo jwa go lapolosa.—Bagal. 5:22, 23; bala Bafilipi 4:8.

 Ke Nna le Seabe Leng mo go Jone?

9. Ke eng se se senolwang ke karabo e re arabang ka yone potso e e reng, ‘Ke tla itumelela boitlosobodutu leng?’

9 Potso ya bobedi e o ka ipotsang yone ke gore Leng?—seo se raya gore, ‘Ke tla itumelela boitlosobodutu leng? Ke tla dirisa nako e kana kang mo go jone?’ Kafa re arabileng potso e e reng eng? ka gone go supa se tshekamelo ya rona e leng sone—gore ke eng se se amogelesegang le se se sa amogelesegeng mo go rona. Le fa go ntse jalo, kafa re arabang potso e e reng leng? ka gone go supa se se tlang pele mo matshelong a rona—se se botlhokwa le se se seng botlhokwa mo go rona. Ka jalo, re ka itse jang gore tsela e re tsayang boitlosobodutu bo le botlhokwa ka yone e siame?

10, 11. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33, a re thusa jang go tsaya tshwetso ya gore re tshwanetse go dirisa nako e e kana kang mo boitlosobodutung?

10 Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” (Mar. 12:30) Ka jalo, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tla pele mo matshelong a rona. Re supa gore seno se boammaaruri ka go latela tlhagiso eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Math. 6:33) Polelwana eo e ka re thusa jang go tlhomamisa gore re dirisa nako e e kana kang mo boitlosobodutung le gore re bo tsaya bo le botlhokwa go le kana kang?

 11 Ela tlhoko ntlha eno: Jesu o ne a re laela gore re ‘nne re batle pele bogosi.’ Ga a ka a re re ‘nne re batle bogosi fela.’ Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse gore ga re kitla re tshwanelwa ke go batla Bogosi fela mme re tla batla le dilo tse dingwe tse dintsi mo botshelong. Re tlhoka bonno, dijo, diaparo, thuto ya motheo, tiro, boitlosobodutu, fa re bala di le mmalwa fela. Le fa go ntse jalo, mo dilong tsotlhe tse dingwe tse re di batlang, ke e le nngwe e e tlang pele—dilo tse di direlwang Bogosi. (1 Bakor. 7:29-31) Dithuto tsa motheo tsa boammaaruri di tshwanetse go re tlhotlheletsa go batla dilo tse dingwe tse di akaretsang boitlosobodutu, ka tsela e e tla dirang gore re kgone go dira selo sa konokono—go dira dilo tse di direlwang Bogosi. Fa re dira jalo, boitlosobodutu jo bo lekanyeditsweng bo ka re solegela molemo.

12. Molaomotheo o o fitlhelwang mo go Luke 14:28, o ka dirisiwa jang mo boitlosobodutung?

12 Ka jalo, fa go tla mo nakong e re e dirisetsang boitlosobodutu, go molemo go sekaseka ditshenyegelo go sa le gale. (Luke 14:28) Re tshwanetse go sekaseka gore tiro nngwe ya boitapoloso e tla re jela nako e e kana kang. Go tswa foo re tshwanetse go leba gore nako eo e mosola go le kana kang. Fa boitlosobodutu bongwe bo ka dira gore re tlhokomologe ditiro tsa botlhokwa tse di jaaka thuto ya Baebele ya motho a le esi, kobamelo ya lelapa, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, ga bo mosola go le kalo. (Mar. 8:36) Mme gone, fa se re se dirang go itapolosa se re naya maatla a go tswelela re latelela dilo tse di direlwang Bogosi, re ka nna ra tsaya tshwetso ya gore nako e re e dirisetsang boitlosobodutu joo e mosola.

Ditsala Tsa me ke Bomang?

13. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko gore re itlosa bodutu le bomang?

13 Potso ya boraro e o ka ipotsang yone ke eno, Bomang?—ke gore, ‘Ke bomang ba ke batlang go itumelela nako ya boitapoloso le bone?’ Go botlhokwa go sekaseka karolo eno ya boitlosobodutu. Ka ntlha yang? Ka gonne, boleng jwa boitlosobodutu jwa rona bo tlhotlhelediwa thata ke mofuta wa batho ba re tsalanang le bone. Fela jaaka go ja dijo, gantsi go itumedisa fa o di ja le ditsala tse di molemo, boitlosobodutu le jone, gantsi bo monate fa o na le ditsala tse di molemo. Ka jalo, go a utlwala gore bontsi jwa rona, segolobogolo basha, ba itumelela go itlosa bodutu le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go tlhomamisa gore boitlosobodutu joo bo tla re solegela molemo, go botlhale gore re tlhatlhobe go sa le gale gore re tlhopha batho ba ba ntseng jang go nna ditsala tsa rona le gore ke batho ba ba ntseng jang ba re tilang go tsalana le bone.—2 Ditir. 19:2; bala Diane 13:20; Jak. 4:4.

14, 15. (a) Jesu o ne a tlhoma sekao sefe ka go tlhopha ditsala tse di siameng? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife malebana le ditsala tsa rona?

 14 Go molemo go latela sekao sa ga Jesu fa re tlhopha ditsala. Jesu o ile a rata batho, go tswa tshimologong ya popo go ya pele. (Dia. 8:31) Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha go akanyetsa batho ba mefuta yotlhe ka lorato. (Math. 15:29-37) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse pharologanyo magareng ga go nna botsalano le go nna tsala e e gaufi. Le fa a ne a le botsalano mo bathong botlhe, o ne a tsalane fela le batho ba ba fitlhelelang dilo tse di rileng tse a neng a di tlhoka mo tsaleng. Fa Jesu a ne a bua le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11 o ne a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Joh. 15:14; bona gape le Johane 13:27, 30.) Batho fela ba Jesu a neng a ba tsaya e le ditsala tsa gagwe ke ba ba neng ba mo latela e bile ba direla Jehofa.

15 Ka jalo, fa o akanyetsa go tlhopha motho yo o rileng gore e nne tsala ya gago e e gaufi kgotsa go se mo tlhophe, go tla bo go le botlhale go nna o akantse ka mafoko ao a ga Jesu. Ipotse dipotso tse di jaaka: ‘A motho yono o bontsha ka mafoko le ka ditiro gore o ikobela ditaelo tsa ga Jehofa le Jesu? A o tshela ka ditekanyetso le maitsholo a a tshwanang le a ke nang le one a a theilweng mo Baebeleng? A go fetsa nako le ene go tla nkgothaletsa gore ke beye Bogosi pele mo botshelong jwa me le gore ke nne motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa?’ Fa o tlhomamisegile gore o ka araba dipotso tseno ka go re ee, o bone tsala e e molemo e o ka itumelelang go itlosa bodutu le yone.—Bala Pesalema 119:63; 2 Bakor. 6:14; 2 Tim. 2:22.

Boitlosobodutu Jwa Rona —A bo A Tshwanelega?

16. Re tshwanetse go sekaseka eng malebana le boitlosobodutu jwa rona?

16 Re sekasekile ka bokhutshwane dikarolo di le tharo tsa boitlosobodutu—boleng, selekanyo le ditsala. Gore boitlosobodutu jwa rona bo re solegele molemo, bo tshwanetse go dumalana le melao e e mo Baebeleng e e malebana le nngwe le nngwe ya dikarolo tse tharo tseno. Ka jalo, pele ga re nna le seabe mo mofuteng le fa e ka nna ofe wa boitlosobodutu, re tshwanetse go bo sekaseka pele. Fa go tla mo kgannyeng ya boleng, re batla go itse gore: ‘Boitlosobodutu jono bo akaretsa eng? A bo molemo kgotsa bo tlhabisa ditlhong?’ (Dia. 4:20-27) Malebana le selekanyo sa jone, re batla go itse gore: ‘Ke dirisa nako e e kana kang mo go jone? A nako eo e a tshwanela kgotsa nnyaa?’ (1 Tim. 4:8) Mme malebana le kgang ya ditsala, re batla go sekaseka seno: ‘Ke bomang ba ke tla itlosang bodutu le bone? A ditsala tseo di molemo kgotsa di bosula?’—Mor. 9:18; 1 Bakor. 15:33.

17, 18. (a) Re ka itshekatsheka jang go bona gore a boitlosobodutu jwa rona bo dumalana le melao ya Baebele? (b) Wena ka bowena o ititeile sehuba go dira eng fa go tla mo go tlhopheng boitlosobodutu?

17 Fa mofuta mongwe wa boitlosobodutu o sa dumalane le melao e e theilweng mo Baebeleng mo go nngwe ya dikarolo tseno tse tharo, ga o tshwanelege. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re tlhomamisa gore ditiro tsa rona tsa boitapoloso di dumalana le melao e e theilweng mo Baebeleng mo dikarolong tsotlhe tseno tse tharo, boitlosobodutu jwa rona bo tla leretse Jehofa tlotlo mme bo tla re solegela molemo.—Pes. 119:33-35.

18 Ka jalo, fa go tla mo boitlosobodutung, a re lweleng go dira se se siameng ka nako e e siameng le batho ba ba siameng. Ee, e kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna le keletso e e tswang mo pelong ya go latela kgakololo eno ya Baebele: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakor. 10:31.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Mo setlhogong seno mafoko “boitapoloso” le “boitlosobodutu” a dirisiwa ka go refosana go kaya nako e re e beelang kwa thoko go dira ditiro tsa go ijesa monate.

A o Ka Tlhalosa?

Malebana le boitlosobodutu, o ka dirisa jang melaometheo e e fitlhelwang mo go . . .

Bafilipi 4:8?

Mathaio 6:33?

Diane 13:20?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Eng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Leng

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Mang

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re ka latela sekao sa ga Jesu jang malebana le go tlhopha ditsala le dilo tse re itlosang bodutu ka tsone?