Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?

A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?

 A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?

GO NNA mogolwane mo phuthegong ke tshiamelo e kgolo. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le a dumela gore bagolwane ba lebana le mathata. Ka dinako dingwe ba tshwanelwa ke go rarabolola dikgetsi tsa batho ba ba dirileng diphoso, mme fa ba dira jalo ba “atlholela Jehofa.” (2 Ditir. 19:6) Kgotsa molebedi a ka amogela kabelo e a akanyang gore ga e a mo siamela, fela jaaka go ne go ntse ka Moshe yo o neng a botsa jaana ka boikokobetso malebana le kabelo nngwe: “Nna ke mang gore ke ye kwa go Faro?”—Ekes. 3:11.

Dikwalo tse di kwadilweng ka tlhotlheletso ya one moya o o tlhomang bagolwane, di re naya dikai tsa balebedi ba ba neng ba lebana le diteko ka katlego. Finease e ne e le morwa wa ga Eliasare mme e ne e le setlogolo sa ga Arone ka jalo o ne a tla nna moperesiti yo mogolo. Ditiragalo di le tharo tse di diregileng mo botshelong jwa gagwe di bontsha gore gompieno bagolwane ba tshwanetse go lebana le dikgwetlho ka bopelokgale, temogo le ka go ikaega ka Jehofa.

“A Akofa a Nanoga”

Finease e ne e le lekawana fa Baiseraele ba ne ba thibeletse mo Dipoeng tsa Moabe. Baebele e bega jaana: “Batho ba simolola go nna le kamano ya boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe. . . . Mme batho ba simolola go ja le go ikobela medimo ya bone.” (Dipa. 25:1, 2) Jehofa o ne a otlhaya badirabosula bao ka petso e e bolayang. A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo kafa pego eno ya bosula le petso e e e bakileng e neng ya ama Finease ka gone?

Pego eno e tswelela jaana: “Bona! monna wa bomorwa Iseraele a tla, o ne a tlisa mosadi wa Momidiana gaufi le bomorwarraagwe fa pele ga matlho a ga Moshe le fa pele ga matlho a phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele, fa ba ne ba lela kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo.” (Dipa. 25:6) Ke eng se moperesiti Finease a neng a tla se dira? E ne e le mosha, mme Moiseraele yo o neng a leofile e ne e le kgosana e e neng e etelela batho pele mo kobamelong.—Dipa. 25:14.

Mme Finease ene o ne a boifa Jehofa e seng batho. Fa a bona bobedi joo, ka gangwe a tsaya lerumo a sala monna yoo morago mme a tsena mo mogopeng a bo a ba tlhaba ka lerumo boobabedi. Jehofa o ne a leba jang bopelokgale jwa ga Finease le tshwetso e a e tsereng? Ka yone nako eo Jehofa o ne a fedisa petso eo mme a duela Finease ka kgolagano ya gore boperesiti bo ne bo tla nna mo lotsong lwa gagwe “ka bosakhutleng.”—Dipa. 25:7-13.

Ke boammaaruri gore gompieno bagolwane ba Bakeresete ga ba dire ditiro tsa thubakanyo. Mme fela jaaka Finease, bagolwane ba tshwanetse go iketleeletsa go tsaya ditshwetso le go nna pelokgale. Ka sekai, Guilherme o ne a na le dikgwedi di le mmalwa fela e le mogolwane fa a ne a kopiwa go direla mo komiting ya boatlhodi. Modiraphoso mo kgetsing eo e ne e le mogolwane yo o neng a thusitse Guilherme fa a ne a le monnye. A re: “Go ne go se motlhofo go nna mo boemong joo. Ke ne ke sa kgone go robala bosigo. Ke ne ke nna ke akanya ka ditsela tsa go tshwara kgetsi eno ke sa letle maikutlo a me go fifatsa kafa ke lebang dilo tsa semoya ka gone. Ke ne ka rapela ka malatsi a le mmalwa ka bo ka dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa Baebele.” Seno se mo thusitse  gore a nne le bopelokgale jo a neng a bo tlhoka gore a lebane le boemo jo bo sa tlwaelegang mme a naya mokaulengwe wa gagwe yo o dirileng phoso thuso ya semoya.—1 Tim. 4:11, 12.

Fa bagolwane ba bontsha bopelokgale le go tsaya ditshwetso fa mo phuthegong go tlhaga maemo a a tlhokang gore ba dire jalo, ba nna dikao tsa tumelo le boikanyegi. Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba bangwe le bone ba tshwanetse go nna pelokgale ka go bega phoso e e masisi e ba ka tswang ba e itse. Ka tsela e e tshwanang, go tlhokega boikanyegi gore o kgaotse go dirisana le tsala kgotsa mongwe wa losika yo o kgaotsweng.—1 Bakor. 5:11-13.

Temogo e Thibela Bothata

Bopelokgale jwa ga Finease e ne e se mafega fela a bosha. Ela tlhoko kafa a ileng a bontsha temogo ka gone—ka go dira dilo ka botlhale—fa a ne a utlwa ka pego e nngwe gape. Ditso tsa ga Rubene le Gada le karolo ya lotso lwa ga Manase di ne di agile sebeso gaufi le Noka ya Joredane. Baiseraele ba bangwe ba ne ba swetsa ka gore se ne se agetswe kobamelo ya maaka mme ba ne ba ipaakanyetsa go ba lwantsha.—Josh. 22:11, 12.

Finease o ne a dira eng? Finease mmogo le dikgosana tsa Iseraele, ka botlhale ba ne ba tlotla ka kgang eo le batho ba ba neng ba agile sebeso seo. Ditso tse di neng di latofadiwa di ne tsa tlhalosa lebaka la go bo di agile sebeso seo, di bolela gore tota se ne se agetswe “tirelo ya ga Jehofa.” Ka jalo, ba ne ba kgona go thibela bothata.—Josh. 22:13-34.

Fa Mokeresete a utlwa tatofatso e e rileng kgotsa pego nngwe e e sa siamang ka motlhanka wa ga Jehofa, ruri go tla bo go le botlhale go etsa sekao sa ga Finease! Temogo e re thusa gore re se ka ra kgopisega kgotsa ra senola makoa a bakaulengwe ba rona.—Dia. 19:11.

Temogo e ka thusa jang bagolwane go dira fela jaaka Finease a dirile? Jaime yo o nang le dingwaga tse di fetang lesome e le mogolwane a re: “Fa mmoledi mongwe a simolola go bua ka kgotlhang e a nang le yone le motho yo mongwe, ka bonako fela ke kopa Jehofa gore a nthuse gore ke se ka ka tsaya letlhakore go na le moo, ke ba neye kaelo ya Dikwalo. Kgaitsadi mongwe o kile a mpolelela ka bothata jo a neng a na le jone malebana le tsela e mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo wa kwa phuthegong e nngwe a ileng a dirisana le ene ka yone. E re ka mokaulengwe yoo e ne e le tsala ya me, go ne go ka nna motlhofo gore ke bue le ene. Go na le moo, nna le kgaitsadi yoo re ne ra tlotla ka melaometheo e le mmalwa ya Baebele. O ne a dumela gore sa ntlha o tla ya go bua le mokaulengwe yoo. (Math. 5:23, 24) Ga go a ka ga nna le kagiso ka yone nako eo. Ka jalo, ke ne ka mo rotloeletsa gore a sekaseke melaometheo e mengwe ya Dikwalo. O ne a swetsa ka gore o tla rapelela bothata joo gape mme a leke ka natla go mo itshwarela.”

Diphelelo e ne ya nna dife? Jaime o ne a re: “Dikgwedi di le mmalwa moragonyana kgaitsadi yoo o ne a tla mo go nna. O ne a ntlhalosetsa gore fa nako e ntse e ya, mokaulengwe yoo o ne a ikwatlhaela se a neng a se buile. Mokaulengwe yoo o ne a rulaganya go bereka le kgaitsadi yoo mo bodireding a bo a bontsha gore o a mo anaanela. Bothata joo bo ne jwa rarabololwa. A nka bo ke ile ka baakanya dilo, fa nka bo ke ile ka tsaya letlhakore  mo kgotlhang eo?” Baebele e re gakolola jaana: “O se ka wa potlakela go ya go sekaseka kgetsi ya molao.” (Dia. 25:8) Bagolwane ba ba nang le temogo ba supa botlhale ka go kgothaletsa Bakeresete ba ba nang le dikgotlhang gore ba dirise melaometheo ya Dikwalo go dira gore go nne le kagiso.

O ne A Botsa Jehofa

Finease o ne a na le tshiamelo ya go nna moperesiti wa batho ba Modimo a ba tlhophileng. Jaaka go bontshitswe, o ne a na le bopelokgale jo bogolo le temogo tota le fa a ne a le mosha. Le fa go ntse jalo, gore a atlege fa a lebane le dikgwetlho go ne go ikaegile ka gore a ikanye Jehofa.

Morago ga gore mogadingwana wa Molefi mongwe a betelelwe le go bolawa ke banna ba kwa Gibea ba lotso lwa Benjamine, ditso tse dingwe di ne tsa bolotsa ntwa kgatlhanong le Babenjamine. (Baatlh. 20:1-11) Ditso tseo di ne tsa kopa thuso mo go Jehofa ka thapelo pele ba lwa, mme ba ne ba fenngwa gabedi ka phenyo e kgolo. (Baatlh. 20:14-25) A ba ne ba tla swetsa ka gore dithapelo tsa bone di ne di sa utlwale? A ruri Jehofa o ne a itumelela go ba bona ba dira sengwe ka boleo jo bo neng bo dirilwe?

E re ka Finease yo jaanong e neng e le moperesiti yo mogolo wa Iseraele, a ne a na le tsholofelo e e tlhomameng o ne a botsa Jehofa gape. O ne a rapela jaana: “A ke tla tswa gape ke ya go tlhabana le bomorwa Benjamine morwarre kgotsa ke kgaotse go dira jalo?” Mme Jehofa o ne a araba thapelo eo ka go tsenya Babenjamine mo seatleng sa bone mme Gibea e ne ya fisiwa.—Baatlh. 20:27-48.

Re ka ithutang eng mo go seno? Mathata mangwe mo phuthegong a ka tswelela a le gone le fa bagolwane ba dira maiteko a magolo e bile ba rapelela thuso ya Modimo. Fa seno se direga go tla bo go le molemo gore bagolwane ba gakologelwe mafoko ano a ga Jesu: “Nnang lo kope [kgotsa lo rapele], mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.” (Luke 11:9) Tota le fa go lebega e kete thapelo ya balebedi e diega go arabiwa, ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba araba ka nako ya gagwe.

Ka sekai, phuthego nngwe ya kwa Ireland e ne e tlhoka Holo ya Bogosi thata, le fa go ntse jalo mookamedi wa lefapha le le rebolang tetla ya dipolane o ne a sa batle go ba thusa. O ne a gana dikopo tsotlhe tse bakaulengwe ba neng ba di isa kwa go ene tsa gore ba newe lefelo la go aga. Go ne go bonala motho fela yo o neng a ka amogela dikopo tsa bone e ne e le mookamedimogolo wa lefapha le le rebolang tetla ya dipolane wa porofense eo yotlhe. A thapelo e ne e tla ba thusa, fela jaaka e ne ya thusa mo motlheng wa ga Finease?

Mogolwane wa lefelo leo a re: “Morago ga go rapela thata le go dira mokokotlelo, re ne ra ya kwa ofisingkgolo e e rebolang tetla ya dipolane. Ke ne ka bolelelwa gore gongwe go tla tsaya dibeke pele ga re ka bona mookamedimogolo. Le fa go ntse jalo, re ne ra kgona go kopana le ene metsotso e le metlhano fela. Fa a sena go bona dipolane tsa rona tse di dirilweng bosha, ka bonako fela o ne a re naya tetla ya go tswelela, mme go tswa foo, mookamedi wa lefapha le le rebolang tetla ya dipolane o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go re thusa. Maitemogelo ao a ne a gatelela mo go rona maatla a thapelo.” Ee ruri, Jehofa o tla araba dithapelo tse di tswang pelong tsa bagolwane ba ba ikaegang ka ene.

Finease o ne a sikere morwalo o mogolo wa maikarabelo kwa Iseraele wa bogologolo, le fa go ntse jalo ka ntlha ya bopelokgale, temogo le go ikaega ka Modimo, o ne a kgona go atlega fa a lebane le dikgwetlho. Mme Jehofa o ne a amogela tsela e Finease a neng a dira ka natla go tlhokomela phuthego ya Modimo ka yone. Mo e ka nnang dingwaga di le 1 000 moragonyana, Esera o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Finease morwa Eliasare ke ene yo e neng e le moeteledipele wa bone mo nakong e e fetileng. Jehofa o ne a na le ene.” (1 Ditir. 9:20) E kete go ka nna fela jalo ka botlhe ba ba etelelang pele mo gare ga batho ba Modimo gompieno, tota e bile, e kete go ka nna jalo ka Bakeresete botlhe ba ba direlang Modimo ka boikanyegi.