Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—“Modimo yo o Nayang Kagiso”

Jehofa—“Modimo yo o Nayang Kagiso”

 Jehofa—“Modimo yo o Nayang Kagiso”

“E kete Modimo yo o nayang kagiso a ka nna le lona lotlhe.”—BAR. 15:33.

1, 2. Genesise kgaolo 32 le 33, e re bolelela ka boemo bofe, mme diphelelo e ne ya nna dife?

TIRAGALO eno e direga gaufi le motse wa Penuele, gaufi le mokgatšha wa Jaboke kwa botlhaba jwa noka ya Joredane. Esau o sa tswa go utlwa gore lewelana la gagwe, e bong Jakobe o boela gae. Tota le fa go setse go fetile dingwaga di le 20 fa e sa le Esau a rekisetsa morwarraagwe tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele, Jakobe a ka tswa a boifa gore morwarraagwe o sa ntse a mo tshwaretse sekgopi se se ka dirang gore a mmolaye. Esau, a patilwe ke banna ba le 400 o gwantela kwa go morwarraagwe yo o neng a tlhobogane le ene. E re ka Jakobe a akanya gore Esau o tla mo tshwara makgwakgwa, o mo romelela dimpho tse dintsi ka go latelana, e leng diphologolo tse di ruiwang tse di fetang 550. Batlhanka ba ga Jakobe ba bolelela Esau gore setlhopha sengwe le sengwe sa diphologolo se a se rometseng ka bone, ke mpho e e tswang kwa go morwarraagwe.

2 Kgabagare, nako ya goroga! Fa Jakobe a ntse a atamela kwa go Esau ka bopelokgale, o obama ga supa, e seng gangwe fela. Jakobe o setse a dirile sengwe le sengwe se a neng a ka kgona go se dira gore a nolofatse pelo ya morwarraagwe. Jakobe o rapetse Jehofa gore a mo golole mo seatleng sa ga Esau. A Jehofa o araba thapelo eo? Ee. Baebele ya re: “Esau a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela a wela mo molaleng wa gagwe a mo atla.”—Gen. 32:11-20; 33:1-4.

3. Re ithuta eng mo pegong ya ga Jakobe le Esau?

3 Pego ya ga Jakobe le Esau e bontsha gore re tshwanetse go dira bojotlhe gore re baakanye dilo fa go ka nna le mathata a a ka senyang kagiso e re nang le yone mo phuthegong ya Bokeresete. Jakobe o ne a batla go dira kagiso le Esau, e seng ka gonne Jakobe a ne a mo leofetse e bile  a tshwanelwa ke go mo kopa maitshwarelo. Nnyaa, Esau o ne a tseela kwa tlase tshwanelo ya gagwe ya botsalwapele, mme o ne a e rekisetsa Jakobe ka sejana se se nang le logodu. (Gen. 25:31-34; Baheb. 12:16) Le fa go ntse jalo, tsela e Jakobe a neng a rarabolola bothata jwa gagwe le Esau ka yone, e re bontsha matsapa a re tshwanetseng go a tsaya go boloka kagiso le bakaulengwe ba rona. Gape e re bontsha gore Modimo wa boammaaruri o segofatsa maiteko a re a dirang ka thapelo gore re dire kagiso. Baebele e na le dikai tse dingwe tse dintsi tse di re rutang gore re nne badirakagiso.

Sekao se se Molemo Thata Se a Re Kgothatsa

4. Modimo o ile a dira thulaganyo efe go boloka batho mo boleong le mo losong?

4 Sekao se se tlhomologileng thata sa modirakagiso ke sa ga Jehofa—“Modimo yo o nayang kagiso.” (Bar. 15:33) Akanya ka matsapa a Jehofa a a tsereng go dira gore re kgone go nna le kamano e e molemo le ene. E re ka re le ditlogolwana tse di nang le boleo tsa ga Adame le Efa, re tshwanelwa ke “dituelo tse boleo bo di duelang [e leng] loso.” (Bar. 6:23) Go ntse go le jalo, Jehofa o ile a re bontsha lorato lo logolo ka go re rulaganyetsa poloko ka go romela Morwawe yo o rategang go tswa kwa legodimong gore a tsholwe e le motho yo o itekanetseng. Mme Morwawe o ne a dira jalo ka go rata. O ne a itetla gore a bolawe ke baba ba Modimo. (Joh. 10:17, 18) Modimo wa boammaaruri o ne a tsosa Morwawe yo o rategang yo moragonyana a ileng a neela Rraagwe boleng jwa madi a gagwe a a tsholotsweng, a e neng e tla nna thekololo go boloka baleofi ba ba ikwatlhayang gore ba se ka ba swela ruri.—Bala Bahebera 9:14, 24.

5, 6. Madi a ga Jesu a a tsholotsweng, a ama jang kamano e e senyegileng magareng ga Modimo le batho ba ba nang le boleo?

5 Thulaganyo ya setlhabelo sa thekololo sa Morwa Modimo e ama jang kamano e e senyegileng magareng ga Modimo le batho ba ba nang le boleo? Isaia 53:5 ya re: “O ne a kgwathisiwa gore rona re bone kagiso, mme re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.” Go na le gore batho ba ba kutlo ba lebiwe e le baba ba Modimo, jaanong ba ka nna le kamano e e molemo le ene. “Ka [Jesu], re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.”—Baef. 1:7.

6 Baebele ya re: “Modimo o ne a bona go le molemo gore botlalo jotlhe bo nne mo go [Keresete].” Seno ke ka gonne Keresete ke ene yo o nang le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo. Mme boikaelelo jwa ga Jehofa ke bofe? Ke “go letlanyetsa gape dilo tsotlhe tse dingwe ka ene ka go dira kagiso ka madi ao a a tsholotseng” a ga Jesu Keresete. “Dilo tsotlhe tse dingwe” tse Modimo a dirang gore di nne le kamano e e molemo le ene ke “dilo tse di kwa magodimong” le “dilo tse di mo lefatsheng.” Dilo tseo ke eng?—Bala Bakolosa 1:19, 20.

7. “Dilo tse di kwa magodimong” le “dilo tse di mo lefatsheng” tse di tla nnang le kamano e e molemo le Modimo ke eng?

7 Thulaganyo ya thekololo e dira gore go kgonege gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ‘boletsweng ba siame’ e le bomorwa Modimo, ba ‘ipelele kagiso le Modimo.’ (Bala Baroma 5:1.) Ba bidiwa “dilo tse di kwa magodimong” ka gonne ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong le go “busa lefatshe e le dikgosi” le go direla e le baperesiti ba Modimo. (Tshen. 5:10) Ka fa letlhakoreng le lengwe, “dilo tse di mo lefatsheng” ke batho ba ba ikwatlhaileng, ba kgabagare ba tla bonang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Pes. 37:29.

8. Matsapa a Jehofa a ileng a tshwanelwa ke go a tsaya go dira gore batho ba nne le kagiso le ene, a go ama jang?

8 Fa Paulo a ne a bontsha go leboga Jehofa go tswa pelong ka ntlha ya thulaganyo ya Gagwe, o ne a kwalela Bakeresete ba batlodiwa ba kwa Efeso jaana: “Modimo, yo o humileng kutlwelobotlhoko, . . . o ne a re tshedisa mmogo le Keresete, le fa re ne re sule mo ditlolong—lo bolokilwe ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (Baef. 2:4, 5) Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, re kolota Modimo thata ka ntlha ya bopelotlhomogi  le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang. Dipelo tsa rona di tletse tebogo fa re ntse re akanya ka se Jehofa a ileng a se dira gore batho ba kgone go nna le kagiso le ene. Fa re lebane le maemo a a ka senyang kagiso le kutlwano ya phuthego, a go akanya ka sekao sa Modimo ga go a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re nne badirakagiso?

Go Ithuta mo Sekaong sa ga Aborahame le Isake

9, 10. Aborahame o ne a itshupa jang gore ke modirakagiso fa a ne a dirisana le Lote fa go ne go tsoga dikgogakgogano fa gare ga badisa ba gagwe le ba ga Lote?

9 Fa Baebele e bua ka tlhogo ya lotso e bong Aborahame, ya re: “‘Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene,’ a ba a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’” (Jak. 2:23) Tumelo ya ga Aborahame e ne ya bonala ka tsela e a neng a rata kagiso ka yone. Ka sekai, fa matsomane le metlhape ya ga Aborahame e ntse e oketsega, go ne ga nna le kgogakgogano magareng ga badisa ba gagwe le ba setlogolo sa gagwe e bong Lote. (Gen. 12:5; 13:7) Tharabololo e ne e le fela gore Aborahame le Lote ba kgaogane. Aborahame o ne a tla dirang ka boemo jono jo bo neng bo ka nna jwa senyega? Aborahame ga a ka a dirisa bogolo jwa gagwe le boemo jwa gagwe le Modimo go bolelela setlogolo sa gagwe gore a dire eng, go na le moo o ne a itshupa e le modirakagiso.

10 Aborahame o ne a raya setlogolo sa gagwe a re: “Tsweetswee, o se ka wa letla gore go nne le komano epe fa gare ga me le wena le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho.” Tlhogo eno ya lotso e ne ya tswelela ka go re: “A lefatshe lotlhe ga le mo taolong ya gago? Tsweetswee, kgaogana le nna. Fa o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng; mme fa o ya kwa mojeng, nna ke tla ya kwa molemeng.” Lote o ne a tlhopha karolo e e nonneng thata ya lefatshe, mme Aborahame ga a ka a mo tshwara ka pelo. (Gen. 13:8-11) Moragonyana fa Lote a ne a isitswe botshwarwa ke masole a a neng a mo tlhasela, Aborahame ga a ka a okaoka go falotsa setlogolo seo sa gagwe.—Gen. 14:14-16.

11. Aborahame o ne a latelela kagiso le baagelani ba gagwe ba Bafilisitia jang?

11 Gape akanya kafa Aborahame a ileng a latelela kagiso ka gone le baagelani ba gagwe ba Bafilisitia mo nageng ya Kanana. Bafilisitia ba ne ba “tsere ka dikgoka” sediba se batlhanka ba ga Aborahame ba neng ba se epile kwa Beresheba. Monna yono yo o neng a golotse setlogolo sa gagwe ka go fenya dikgosi tse nnè tse di neng di mo tshwere o ne a tla itshwara jang ka kgang eo? Go na le gore Aborahame a lwe le bone gore a tseye sediba sa gagwe, o ne a tlhopha go didimala ka kgang eo. Fa nako e ntse e ya, kgosi ya Bafilisitia e ne ya etela Aborahame gore e dire kgolagano ya kagiso le ene. Aborahame o ne a bolelela kgosi ya Bafilisitia ka kgang ya sediba sa gagwe se se utswilweng fa kgosi eno e sena go dira gore a mo ikanele gore o tla nna pelonomi mo baneng ba yone. E re ka kgosi eo e ne e gakgametse go utlwa ka kgang eo, e ne ya busetsa Aborahame sediba sa gagwe. Mme Aborahame ene, a tswelela go tshela ka kagiso e le moagi wa moeng mo nageng eo.—Gen. 21:22-31, 34.

12, 13. (a) Isake o ne a latela jang sekao sa ga rraagwe? (b) Jehofa o ne a segofatsa jang go rata kagiso ga ga Isake?

12 Morwa Aborahame e bong Isake le ene o ne a latela ditsela tsa go rata kagiso tsa ga rraagwe. Re kgona go bona seo mo tseleng e Isake a neng a dirisana le Bafilisitia ka yone. Ka gonne go ne go na le leuba mo nageng, Isake o ne a fudusa lelapa la gagwe go tswa kwa bokone kwa Beere-lahai-roi e e mo kgaolong e e omileng ya Negebe a ba isa kwa nageng e e nonneng e e mo kgaolong ya Bafilisitia ya Gerare. Fa Isake a le koo Jehofa o ne a mo segofatsa ka thobo e kgolo mme a oketsa le leruo la gagwe. Bafilisitia ba ne ba simolola go mo fufegela. E re ka Bafilisitia ba ne ba sa batle gore Isake a atlege jaaka rraagwe, ba ne ba katela didiba tse batlhanka ba ga Aborahame ba neng ba di epile mo kgaolong eo. Kgabagare, kgosi ya Bafilisitia e ne ya bolelela Isake gore a ‘tswe mo tikologong eo.’ Monna yo o ratang kagiso e bong Isake o ne a dira se a se laetsweng.—Gen. 24:62; 26:1, 12-17.

13 Fa Isake a sena go fudusetsa bothibelelo jwa  gagwe kwa kgakala, badisa ba gagwe ba ne ba epa sediba se sengwe. Badisa ba Bafilisitia ba ne ba re metsi ao ke a bone. Fela jaaka Rraagwe e bong Aborahame, Isake ga a ka a lwela sediba seo. Go na la moo, Isake o ne a laela banna ba gagwe gore ba epe sediba se sengwe gape. Mme le sone Bafilisitia ba ne ba se itseela. E le go dira kagiso, Isake o ne a fudusetsa bothibelelo jwa gagwe jo bogolo kwa lefelong le lengwe gape. Fa a tsena koo batlhanka ba gagwe ba ne ba epa sediba se sengwe se Isake a neng a se bitsa Rehobothe. Fa nako e ntse e ya, o ne a fudugela kwa nageng e e nonneng thata ya Beere-sheba, kwa Jehofa a neng a mo segofatsa gone mme a mo raya a re: “O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena, mme ke tla go segofatsa ke bo ke ntsifatsa losika lwa gago ka ntlha ya ga Aborahame motlhanka wa me.”—Gen. 26:17-25.

14. Isake o ne a itshupa jang gore ke modirakagiso fa kgosi ya Bafilisitia e ne e batla go dira kgolagano ya kagiso le ene?

14 Ga go pelaelo gore Isake o ne a na le bokgoni jwa go lwela tshwanelo ya gagwe ya go dirisa didiba tsotlhe tse batlhanka ba gagwe ba neng ba di epile. Aitsane, kgosi ya Bafilisitia le badiredi ba yone ba ne ba tlile go mo etela kwa Beere-sheba ba batla go dira kgolagano ya kagiso le ene, ba re: “Kwantle ga pelaelo re bone gore Jehofa o na le wena.” Le fa go ntse jalo, gore go nne le kagiso, Isake o ne a itlhophela go fuduga ka makgetlho a le mmalwa go na le go lwa. Le mo nakong eno, Isake o ne a itshupa e le modirakagiso. Pego ya ditiragalo e bega jaana: “Foo a . . . direla [baeng ba gagwe] modiro mme ba ja ba bo ba nwa. Moso o o latelang ba tsoga go sa le phakela mme ba ikanelana. Morago ga moo Isake a ba tsamaisa . . . ka kagiso.”—Gen. 26:26-31.

Go Ithuta go Tswa mo go Morwa yo Jakobe a Neng a mo Rata Thata

15. Ke eng fa bomogoloe Josefa ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso?

15 Morwa Isake e bong Jakobe o ne a nna “monna yo o se nang molato.” (Gen. 25:27) Jaaka re tlotlile kwa tshimologong, Jakobe o ne a batla go dira kagiso le morwarraagwe e bong Esau. Ga go pelaelo gore Jakobe o ne a solegelwa molemo ke sekao sa go nna modirakagiso sa ga rraagwe e bong Isake. Go ka tweng ka bomorwa Jakobe? Mo go bomorwawe ba le 12, Josefa e ne e le ene yo Jakobe a neng a mo rata thata. Josefa e ne e le morwa yo o kutlo le yo o nang le tlotlo, yo o neng a kgatlhegela thata ditlhoko tsa ga rraagwe. (Gen. 37:2, 14) Le fa go ntse jalo, bomogoloe Josefa ba ne ba mo fufegela thata jaana mo e leng gore ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso. Ba ne ba nna setlhogo ka go rekisa Josefa go nna lekgoba ba bo ba tsietsa rraabone gore a dumele gore Josefa o ne a bolailwe ke dibatana.—Gen. 37:4, 28, 31-33.

16, 17. Josefa o ne a bontsha bomorwarraagwe jang gore o rata kagiso?

16 Jehofa ga a ka a latlha Josefa. Fa nako e ntse e ya, Josefa o ne a nna tonakgolo ya kwa Egepeto—a fetiwa ke Faro fela ka maemo. Fa leuba le legolo le ne le dira gore bomorwarraagwe Josefa ba ye kwa Egepeto, ba ne ba sa mo itse ka a ne a apere diaparo tsa gagwe tsa balaodi ba kwa Egepeto. (Gen. 42:5-7) Ruri go ne go tla nna motlhofo gore Josefa a ipusolosetse mo go bomorwarraagwe ka ntlha ya bosetlhogo jo ba neng ba mo direla jone, ene le rraagwe! Le fa go ntse jalo, go na le gore Josefa a ipusolosetse, o ne a leka go dira kagiso le bone. Fa a setse a lemogile gore ruri bomorwarraagwe ba ikwatlhaile, o ne a ba ikitsise a ba raya a re: “Lo se ka lwa utlwa botlhoko e bile lo se ka lwa ikgalefela ka gonne lo nthekisitse fano; ka gonne Modimo o nthomile kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo.” Go tswa foo, a atla bomorwarraagwe botlhe mme a lelela mo go bone.—Gen. 45:1, 5, 15.

17 Morago ga loso lwa rraabone e bong Jakobe, bomorwarraagwe Josefa ba ne ba akanya gore a ka nna a ipusolosetsa mo go bone. Fa ba mmolelela se ba neng ba se boifa, Josefa o ne a “thubega ka selelo” mme a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa. Nna ka bonna ke tla nna ke lo tlamela lona le bana ba lona ba ba botlana ka dijo.” Josefa yo o ratang kagiso o ne “a ba gomotsa a ba a bua le bone ka go ba tlhomamisetsa.”—Gen. 50:15-21.

 “Di ne Tsa Kwalelwa go re Laya”

18, 19. (a) O solegetswe molemo jang ke go sekaseka dikao tsa badirakagiso tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong seno? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Re solegetswe molemo jang ke go sekaseka sekao se se molemo thata sa ga Jehofa mmogo le dipego tsa Dikwalo tse di ka ga Aborahame, Isake, Jakobe le Josefa?

19 A go sekaseka ka kanaanelo se Jehofa a se dirileng go baakanya kamano e e senyegileng magareng ga gagwe le batho ba ba nang le boleo, ga go re tlhotlheletse go dira sotlhe se re ka se kgonang go latelela go nna le kagiso le ba bangwe? Sekao sa ga Aborahame, Isake, Jakobe le Josefa se bontsha gore batsadi ba ka nna le tlhotlheletso e e molemo mo baneng ba bone. Mo godimo ga moo, dipego tseno gape di bontsha gore Jehofa o segofatsa matsapa a batho ba a tsayang a go leka go dira kagiso. Ga go gakgamatse go bo Paulo a re Jehofa ke “Modimo yo o nayang kagiso”! (Bala Baroma 15:33; 16:20.) Setlhogo se se latelang se tla sekaseka gore goreng Paulo a ile a gatelela lebaka la go bo re tshwanetse go latelela kagiso le kafa re ka nnang badirakagiso ka gone.

O Ithutile Eng?

• Jakobe o ne a batla go dira kagiso ka tsela efe fa a tla tloga a kopana le Esau?

• O amilwe jang ke se Jehofa a se dirileng go dira gore batho ba kgone go nna le kagiso le ene?

• O ithutile eng mo sekaong sa ga Aborahame, Isake, Jakobe, le Josefa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ke kgato efe e e botlhokwatlhokwa e Jakobe a ileng a e tsaya go dira kagiso le Esau?