Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go a kgonega go bolela palo e e tlhomameng ya dipolelelopele tse di ka ga Mesia tse di leng mo Dikwalong tsa Sehebera?

Go ithuta Dikwalo tsa Sehebera ka kelotlhoko go re thusa go lemoga boporofeti jo bontsi jo bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete. Boporofeti jono bo ne jwa bolelelapele dintlha tse di amanang le gore Mesia o ne a tla tswa kae le gore o tla godisiwa jang, o ne a tla tlhaga leng, o ne a tla dira eng, o ne a tla tshwarwa jang le boemo jwa gagwe mo thulaganyong ya ga Jehofa Modimo. Boporofeti jono bo ne bo tla re thusa go lemoga sentle gore Jesu e ne e le Mesia. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re leka go bona palo e e tlhomameng ya boporofeti jo bo ka ga Mesia jo bo fitlhelwang mo Dikwalong tsa Sehebera.

Ga se mongwe le mongwe yo o dumelang gore boporofeti jo bo ka ga Mesia ke bofe le gore jo bo seng ka ga gagwe ke bofe. Mo bukeng ya gagwe ya The Life and Times of Jesus the Messiah, Alfred Edersheim o ne a bolela gore, dikwalo tsa borabi tsa bogologolo di bontsha gore ditemana di le 456 tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera di bua ka ga Mesia, le fa bontsi jwa tsone di sa umake Mesia ka tlhamalalo. Go sekaseka ka kelotlhoko ditemana tseo tse 456 go dira gore re ipotse gore a dingwe tsa tsone di bolelela pele ka Jesu Keresete. Ka sekai, Edersheim o ne a bolela gore Bajuda ba ne ba tsaya Genesise 8:11 e bua ka ga Mesia. Ba ne ba dumela gore “letlhare la motlhware, le le neng la tlisiwa ke leeba le ne le tserwe mo Thabeng ya Mesia.” Mokwadi yono o ne a umaka gape le Ekesodo 12:42. Fa a tlhalosa kafa Bajuda ba neng ba tlhaloganya temana eno ka tsela e e phoso ka teng, o ne a kwala jaana: “Fela jaaka Moshe a ne a tswa mo sekakeng, Mesia le ene o tla tswa kwa Roma.” Bakanoki ba le bantsi le batho ba bangwe ruri ba ne ba tla fitlhela go le thata go bona kafa ditemana tseno tse pedi le ditlhaloso tsa tsone tse di phoso di amanang ka gone le Jesu Keresete.

Tota le fa re ka tlhoma mogopolo mo boporofeting jo tota bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu Keresete, re nna le mathata a go dumalana ka palo e e tlhomameng ya jone. Ka sekai, akanya ka Isaia kgaolo 53, e e nang le dikarolo di le mmalwa tsa boporofeti jo bo ka ga Mesia. Isaia 53:2-7 ya re: “Ga a na tlotlomalo epe . . . O ne a nyadiwa e bile a tilwa ke batho . . . O ne a tshotse dipobolo tsa rona . . . O ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona . . . O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong.” A karolo eno yotlhe e e tserweng mo go Isaia kgaolo 53 e tshwanetswe go tsewa e le boporofeti bo le bongwe jo bo ka ga Mesia, kgotsa ntlha nngwe le nngwe e e tlhalosiwang ka ene e tshwanetse go tsewa e le boporofeti ka boyone?

Akanya gape ka Isaia 11:1 e e balegang jaana: “Go tla tswa kalana mo sesaneng sa ga Jese; mme letlhogela le le tswang mo meding ya gagwe le tla ungwa.” Mo temaneng ya 10 boporofeti jono bo tlhagelela gape bo kwadilwe ka mafoko a a tshwanang. A re tshwanetse go tsaya ditemana tseno tse pedi e le dipolelelopele tse pedi kgotsa e le polelelopele e le nngwe e e boeleditsweng? Ga go pelaelo gore, ditshwetso tse re di fitlhelelang fa re sena go sekaseka Isaia kgaolo 53 le Isaia kgaolo 11, di bontsha gore ga re ka ke ra fitlhelela palo e e tshwanang ya boporofeti jo bo ka ga Mesia.

Ka jalo, re dira sentle fa re tila go batla go itse palo yotlhe ya dipolelelopele tse di ka ga Mesia tse di mo Dikwalong tsa Sehebera. Phuthego ya ga Jehofa e gatisitse manaane a a bontshang dipolelelopele tse dintsi tse di malebana le Jesu le go diragadiwa ga tsone. * Manaane ano a ka re thusa a ba a re kgothatsa fa re dira thuto ya motho a le esi kgotsa ya lelapa le fa re le mo bodireding. Mo godimo ga moo, boporofeti jo bontsi jo bo ka ga Mesia go sa kgathalesege palo ya jone, bo re naya bosupi jo bo tlhomameng jwa gore Jesu ke Keresete kgotsa Mesia.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 1223; Bolumo 2, tsebe 387; :“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola? tsebe 343-344; Totatota Baebele e Ruta Eng? tsebe 200.