Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Ne Ba Leta Mesia

Ba Ne Ba Leta Mesia

 Ba Ne Ba Leta Mesia

“Batho ba ne ba letile, mme botlhe ba ne ba ipotsa ka ga Johane mo dipelong tsa bone, gore a e ka tswa e ne e se Mesia.”—LUKE 3:15, THE EMPHATIC DIAGLOTT.

1. Ke kitsiso efe e badisa bangwe ba neng ba e utlwa go tswa mo moengeleng?

GO BOSIGO. Badisa ba kwa nageng ba disitse matsomane a bone. A bo ba gakgamala jang ne fa ba bona moengele wa ga Jehofa a eme gaufi le bone mme kgalalelo ya Modimo e ba phatsimela! Reetsang! Moengele o bua jaana ka tsela e e gakgamatsang: “Se boifeng, gonne, bonang! Ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone, ka gonne lo tsaletswe Mmoloki gompieno, yo e leng Keresete Morena,” ene yo o tla itshupang e le Mesia. Badisa ba tla fitlhela lesea le laditswe mo bojelong jwa diruiwa mo motseng o o gaufi. Ka tshoganyetso, “lesomo le lentsi la selegodimo” la simolola go baka Jehofa le re: “Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.”—Luke 2:8-14.

2. Lefoko “Mesia” le kaya eng, mme a ka itsiwe jang?

2 Ke boammaaruri gore badisa ba Bajuda ba ne ba itse gore lefoko “Mesia” kgotsa “Keresete” le kaya “Motlodiwa” wa Modimo. (Ekes. 29:5-7) Mme gone, ba ne ba ka ithuta mo go oketsegileng mme ba tlhomamisetsa ba bangwe jang gore ngwana yo moengele a buileng ka ene e ne e tla nna Mesia yo o tlhomilweng wa ga Jehofa? Ka go tlhatlhoba dipolelelopele tse di mo Dikwalong tsa Sehebera le go di bapisa le ditiro le tsela e ngwana yoo a neng a tla tshela ka yone.

Ke Eng fa Batho Ba ne Ba Letile?

3, 4. Re tlhaloganya jang Daniele 9:24, 25?

3 Fa Johane Mokolobetsi a ne a goroga dingwaga di le dintsi morago ga foo, mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe di ne tsa dira gore bangwe ba ipotse gore a Mesia o ne a setse a gorogile. (Bala Luke 3:15.) Go ka tswa go ne go na le bangwe ba ba neng ba tlhaloganya sentle boporofeti jo bo ka ga Mesia jo bo malebana le dibeke di le “masome a supa.” Fa go le jalo, ba ka bo ba ile ba lemoga gore Mesia o ne a tla goroga leng. Karolo  nngwe ya boporofeti jono e bua jaana: “Go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi.” (Dan. 9:24, 25) Bakanoki ba ba farologaneng ba a dumalana gore dibeke tseno ke dingwaga. Ka sekai, Revised Standard Version ya re: “Dibeke di le masome a supa tsa dingwaga di tlhomamisitswe.”

4 Gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba a itse gore dibeke di le 69, kgotsa dingwaga di le 483 tse di tlhalosiwang mo go Daniele 9:25 di simolotse ka 455 B.C.E. fa Kgosi Aretaserese wa kwa Peresia a ne a laela Nehemia gore a tsosolose le go aga Jerusalema sesha. (Neh. 2:1-8) Dibeke tseo di ne tsa fela dingwaga di le 483 moragonyana, ka 29 C.E., fa Jesu wa Nasaretha a ne a kolobediwa a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo, ka jalo a nna Mesia.—Math. 3:13-17. *

5. Ke dipolelelopele dife tse jaanong re tla di sekasekang?

5 Mma jaanong re sekasekeng dipolelelopele di le mmalwa tsa tse dingwe tse dintsi tse di malebana le Mesia tse di neng tsa diragadiwa ka go tsholwa ga ga Jesu, botshelo jwa gagwe fa a ne a le monnye le bodiredi jwa gagwe. Kwantle ga pelaelo, seno se tla nonotsha tumelo ya rona mo lefokong la Modimo la boporofeti. Gape seno se tla naya bosupi jwa gore ruri Jesu e ne e le Mesia yo o sa bolong go letelwa.

Botshelo Jwa Gagwe a sa Ntse a le Monnye bo Bolelelwa Pele

6. Tlhalosa kafa Genesise 49:10 e neng ya diragadiwa ka gone.

6 Mesia o ne a tla tsholwa mo lotsong lwa Iseraele lwa Juda. Fa tlhogo ya lotso e bong Jakobe, a ne a segofatsa bomorwawe pele a swa, o ne a bolelelapele jaana: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda, le fa e le lore lwa molaodi mo gare ga dinao tsa gagwe, go fitlha Shilo a tla; mme ditšhaba di tla utlwa ene.” (Gen. 49:10) Bakanoki ba le bantsi ba Bajuda ba nako e e fetileng ba ne ba amanya mafoko ao le Mesia. Go simolola ka go busa ga Kgosi Dafide wa kwa Juda, lore lwa segosi (bolaodi jwa segosi) le lore lwa molaodi (maatla a go laola) lo ne lo tla nna mo lotsong lwa Juda. Leina “Shilo” le kaya “Yo e Leng Lwa Gagwe.” Lotso lwa segosi lwa Juda lo ne lo tla fela ka “Shilo” e le Moruaboswa wa bogosi jo bo sa khutleng ka gonne Modimo o ne a bolelela Sedekia, kgosi ya bofelo ya Juda gore bogosi bo ne bo tla newa yo o nang le tshwanelo ya molao. (Esek. 21:26, 27) Morago ga Sedekia, Jesu e ne e le ene fela setlogolwana sa ga Dafide se se neng se solofeditswe bogosi. Pele ga Jesu a tsholwa, moengele Gabariele o ne a raya Maria a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Jesu Keresete yo e neng e le setlogolwana sa ga Juda le Dafide, e tshwanetse ya bo e le ene Shilo.—Math. 1:1-3, 6; Luke 3:23, 31-34.

7. Mesia o ne a tsholelwa kae, mme ke eng fa seno se le botlhokwa?

7 Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. Moporofeti Mika o ne a kwala jaana: “Wena, Bethelehema Eferatha, yo monnye thata go ka nna mo gare ga dikete tsa Juda, go tswa mo go wena go tla tla mo go nna yo o tla nnang mmusi mo Iseraele, yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo, mo metlheng e e se nang tshimologo.” (Mik. 5:2) Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Juda kwa motseng wa Bethelehema, o go bonalang o kile wa bo o bidiwa Eferatha. Le fa mmaagwe Jesu e bong Maria le rraagwe yo a mo godisitseng e bong Josefa ba ne ba nna kwa Nasaretha, molao o o ntshitsweng ke Baroma wa go kwadisiwa ga malapa o ne o dirile gore ba ye kwa Bethelehema, koo Jesu a neng a tsholelwa gone ka 2 B.C.E. (Math. 2:1, 5, 6) A bo boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng jang ne!

8, 9. Ke eng se se neng sa bolelelwa pele ka go tsholwa ga ga Mesia le ditiragalo tse di neng di tla latela go tsholwa ga gagwe?

8 Mesia o ne a tla tsholwa ke lekgarebana. (Bala Isaia 7:14.) Lefoko la Sehebera bethu·lahʹ  le kaya “morweetsana,” le fa go ntse jalo, lereo le lengwe (ʽal·mahʹ) le tlhagelela mo go Isaia 7:14. Mo go yone go ne ga porofetiwa gore “morweetsana [ha·ʽal·mahʹ]” o tla tshola morwa. Lefoko ʽal·mahʹ le dirisiwa mo go Rebeka yo a neng a ise a nyalwe. (Gen. 24:16, 43) Mathaio o ne a tlhotlhelediwa go dirisa lefoko la Segerika (par·theʹnos) le le kayang “morweetsana” fa a ne a bontsha gore Isaia 7:14 e ne ya diragadiwa malebana le go tsholwa ga ga Jesu. Bakwadi ba Diefangele e bong Mathaio le Luke ba bontsha gore Maria e ne e le lekgarebana le le neng la ithwala ka moya wa Modimo.—Math. 1:18-25; Luke 1:26-35.

9 Morago ga go tsholwa ga ga Mesia, bana ba bannye ba ne ba tla bolawa. Go ne ga direga sengwe se se tshwanang le seo makgolokgolo a dingwaga pelenyana fa Faro wa kwa Egepeto a ne a ntsha taelo ya gore bana ba basimane ba Bahebera ba latlhelwe mo Nokeng ya Nile. (Ekes. 1:22) Re tshwanetse go ela tlhoko gore Jeremia 31:15, 16 e tlhalosa Ragele a lelela barwa ba gagwe ba ba neng ba isiwa kwa “lefatsheng la mmaba.” Selelo sa gagwe se ne sa utlwiwa kwa Rama e e kgakala e e leng mo kgaolong ya Benjamine e e kwa bokone jwa Jerusalema. Mathaio o bontsha gore mafoko a ga Jeremia a ne a diragadiwa fa Kgosi Herode a ne a laela gore go bolawe bana ba basimane kwa Bethelehema le dikgaolo tse di mabapi. (Bala Mathaio 2:16-18.) Akanya ka kutlobotlhoko e e neng e aparetse lefelo leo!

10. Tlhalosa kafa Hosea 11:1 e neng ya diragadiwa ka gone mo go Jesu.

10 Fela jaaka Baiseraele, Mesia o ne a tla ntshiwa kwa Egepeto. (Hos. 11:1) Pele ga Herode a ntsha taelo ya gore bana ba bolawe, moengele o ne a laela gore Josefa, Maria le Jesu ba ye kwa Egepeto. Ba ne ba nna koo “go fitlha Herode aa swa, gore go diragadiwe se se neng sa buiwa ke Jehofa ka moporofeti wa gagwe [Hosea], a re: ‘Ke ne ka bitsa morwaake ka mo ntsha kwa Egepeto.’” (Math. 2:13-15) Ke boammaaruri gore Jesu ka boene o ne a ka se ka a laola ditiragalo tse di boleletsweng pele tse di malebana le go tsholwa ga gagwe le botshelo jwa gagwe fa a ne a le monnye.

Mesia o Simolola go Dira!

11. Motlodiwa wa Modimo o ne a tla baakanyediwa tsela jang?

11 Tsela e ne e tshwanetse go baakanyediwa Motlodiwa wa Modimo. Malaki o ne a bolelela pele gore “Elija moporofeti” o ne a tla dira tiro eno, a baakanya dipelo tsa batho ka ntlha ya go tla ga ga Mesia. (Bala Malaki 4:5, 6.) Jesu ka boene o ne a kaya “Elija” yono e le Johane Mokolobetsi. (Math. 11:12-14) Mme Mareko o ne a bontsha gore bodiredi jwa ga Johane bo ne bo diragatsa mafoko a boporofeti jwa ga Isaia. (Isa. 40:3; Mar. 1:1-4) Jesu ga a ka a rulaganya gore Johane a dire tiro e e tshwanang le ya ga Elija ya go mmaakanyetsa tsela. Tiro ya ga “Elija” yono yo o boleletsweng pele e ne ya dirwa go dumalana le thato ya Modimo e le tsela ya go itsise gore Mesia ke mang.

12. Ke taelo efe e e re thusang go bona gore Mesia ke mang?

12 Taelo e e tswang kwa Modimong e thusa go bontsha gore Mesia ke mang. Jesu o ne a bala go tswa mo memenong ya ga Isaia a le kwa sinagogeng e e kwa Nasaretha, e leng motse o a godiseditsweng kwa go one mme a bo a itebisa mafoko ano: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo, o ne a nthomela go rerela batshwarwa kgololo le difofu go kgona go bona gape, go tsamaisa ba ba gateletsweng thata ba golotswe, go rera ngwaga o o amogelesegang wa ga Jehofa.” Go a tshwanela go bo Jesu a ne a ka bua jaana ka gonne ruri e ne e le Mesia: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.”—Luke 4:16-21.

13. Bodiredi jwa phatlalatsa jwa ga Jesu jwa kwa Galalea bo ne jwa bolelelwa pele jang?

13 Go ne ga bolelelwa pele ka bodiredi jwa phatlalatsa jwa ga Mesia jwa kwa Galalea. Fa Isaia a ne a kwala malebana le “lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetali . . . Galalea wa ditšhaba,” o ne a re: “Batho ba ba neng ba tsamaya mo lefifing ba bone lesedi le legolo. Mme ba ba nnang mo lefatsheng la moriti o montsho, lesedi le ba phatsimetse.” (Isa. 9:1, 2) Jesu o ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa kwa Galalea a nna  kwa Kaperenama, koo bontsi jwa baagi ba Sebulone le Nafetali ba neng ba itumelela melemo ya lesedi la semoya le a ba tliseditseng lone. (Math. 4:12-16) Kwa Galalea, ke gone kwa Jesu a neng a neela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng e e neng e dira gore batho ba akanye, kwa a neng a tlhopha baaposetoloi ba gagwe gone, a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha gone, gongwe a bo a bonala mo barutweng bangwe ba le 500 morago ga tsogo ya gagwe. (Math. 5:1–7:27; 28:16-20; Mar. 3:13, 14; Joh. 2:8-11; 1 Bakor. 15:6) Ka jalo, o ne a diragatsa boporofeti jwa ga Isaia ka go rera kwa ‘lefatsheng la Sebulone le lefatshe la Nafetali.’ Ke boammaaruri gore Jesu o ne a tswelela a rera ka molaetsa wa Bogosi kwa mafelong a mangwe kwa Iseraele.

Ditiro Tse Dingwe Tsa ga Mesia di Bolelelwa Pele

14. Pesalema 78:2 e ne ya diragadiwa jang ke Jesu?

14 Mesia o ne a tla bua a dirisa ditshwantsho. Mopesalema Asafe o ne a opela jaana: “Ke tla bula molomo wa me ka polelo ya seane.” (Pes. 78:2) Re itse jang gore boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu? Mathaio o re bolelela jalo. Morago ga go bolela ka ditshwantsho tse mo go tsone Jesu a neng a tshwantsha Bogosi le tlhaka ya mosetara e e golang le sebediso, Mathaio o ne a re: “[Jesu] o ne a sa bue le bone sepe fa e se ka setshwantsho; gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka moporofeti yo o neng a re: ‘Ke tla bula molomo wa me ka ditshwantsho, ke tla itsise phatlalatsa dilo tse di fitlhilweng fa e sale go thaiwa.’” (Math. 13:31-35) Dipolelo tsa diane kana ditshwantsho e ne e le dingwe tsa dilo tse Jesu a neng a di dirisa go ruta ka tsela e e nang le matswela.

15. Bontsha gore Isaia 53:4 e ne ya diragadiwa jang.

15 Mesia o ne a tla sikara makoa a rona. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Ruri o ne a tshotse dipobolo tsa rona; mme fa e le ditlhabi tsa rona, o ne a di sikara.” (Isa. 53:4) Mathaio o ne a bolela gore morago ga gore Jesu a fodise mogwagwadiagwe Petere, o ne a fodisa ba bangwe “gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka Isaia moporofeti, go twe: ‘Ene ka boene o ne a tsaya dipobolo tsa rona a ba a rwala malwetse a rona.’” (Math. 8:14-17) Leno ke lengwe la makgetlo a le mantsi a a begilweng a Jesu a neng a fodisa batho ba ba lwalang ka one.

16. Moaposetoloi Johane o ne a bontsha jang gore Jesu o ne a diragaditse Isaia 53:1?

16 Go sa kgathalesege dilo tse di molemo tse Mesia a di dirileng, batho ba le bantsi ba ne ba ka se dumele mo go ene. (Bala Isaia 53:1.) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana fa a ne a bontsha go diragadiwa ga boporofeti jono: “Le mororo [Jesu] a ne a dirile ditshupo tse dintsi thata jalo fa pele ga bone, ba ne ba sa dumele mo go ene, mo lefoko la ga Isaia moporofeti le neng la diragadiwa le a neng a le bua a re: ‘Jehofa, ke mang yo o dumetseng mo selong se se utlwilweng ke rona? Mme fa e le lebogo la ga Jehofa, ke mang yo o le senoletsweng?’” (Joh. 12:37, 38) Le ka nako ya bodiredi jwa ga moaposetoloi Paulo, ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba dumela dikgang tse di molemo tse di ka ga Jesu, Mesia.—Bar. 10:16, 17.

17. Johane o ne a dirisa jang Pesalema 69:4?

17 Mesia o ne a tla tlhoiwa kwantle ga lebaka. (Pes. 69:4) Moaposetoloi Johane o nopola mafoko a ga Jesu a a reng: “Fa ke ne ke sa dira mo gare ga [batho] ditiro tse go seng ope o sele yo o di dirileng, ba ka bo ba se na boleo; mme jaanong ba bone ba bo ba ntlhoa mmogo le Rre. Mme ke gore lefoko le le kwadilweng mo Molaong wa bone le tle le diragadiwe le le reng, ‘Ba ne ba ntlhoa kwantle ga lebaka.’” (Joh. 15:24, 25) Gantsi “Molao” o kaya Dikwalo tsotlhe. (Joh. 10:34; 12:34) Dipego tsa Efangele di supa gore Jesu o ne a tlhoilwe, segolobogolo ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Mo godimo ga foo, Keresete o ne a re: “Lefatshe ga le na lebaka la go lo tlhoa, mme le ntlhoile, ka gonne ke naya bosupi ka ga lone gore ditiro tsa lone di boikepo.”—Joh. 7:7.

18. Ke eng se re ka tswelelang re se sekaseka se se tshwanetseng go nonotsha go tlhatswega pelo ga rona gore Jesu ke Mesia?

18 Balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhomamisegile gore Jesu e ne e le Mesia, ka gonne ruri o ne a diragatsa dipolelelopele  tse di ka ga Mesia tse di fitlhelwang mo Dikwalong tsa Sehebera. (Math. 16:16) Jaaka re bone, dipolelelopele dingwe di ne tsa diragadiwa ka nako ya botshelo jwa ga Jesu wa Nasaretha fa a le monnye le ka nako ya bodiredi jwa gagwe. Boporofeti jo bongwe gape jwa ga Mesia bo tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang. Fa re rapela re bo re akanya ka jone, ruri re tla nonotsha go tlhatswega pelo ga rona gore Jesu Keresete ke Mesia yo o tlhomilweng ke Rraarona wa selegodimo, Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le “dibeke di le some a supa,” bona kgaolo 11 ya buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!

O Tla Araba Jang?

• Ke dipolelelopele dife tse di neng tsa diragadiwa malebana le go tsholwa ga ga Jesu?

• Tsela e ne ya baakanngwa jang pele ga Mesia a goroga?

• Ke mafoko afe a boporofeti a a mo go Isaia kgaolo 53 a a neng a diragadiwa mo go Jesu?

[Dipotso Tsa Thuto]