Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsheko E e Sa Feleng e Felela ka Phenyo!

Tsheko E e Sa Feleng e Felela ka Phenyo!

 Tsheko E e Sa Feleng e Felela ka Phenyo!

E SIMOLOTSE ka 1995 mme ya tsaya dingwaga di le 15. Mo nakong eo yotlhe, Bakeresete ba boammaaruri ba kwa Russia ba ne ba tlhasetswe ke batho ba ba ganetsang kgololosego ya bodumedi. Baganetsi bano ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla dira gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba amogelwa semolao kwa Moscow le kwa mafelong a a mabapi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bona go tshwanela gore a duele boikanyegi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang ba kwa Russia ka go dira gore ba fenye kgetsi ya molao. Le fa go ntse jalo, ke eng se se bakileng kgotlhang eno?

KGABAGARE—KGOLOLESEGO!

Mo masimologong a bo1990, bakaulengwe ba rona ba kwa Russia ba ne ba boa ba bona kgololesego ya bodumedi e ba e amogilweng ka 1917. Ka 1991 puso ya Soviet Union e ne ya ba kwadisa e le bodumedi jo bo kafa molaong. Morago ga go kgaogana ga Soviet Union, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa semolao mo Pusong ya Russia. Mo godimo ga moo, Puso e ne ya bolela fa Basupi ba ba neng ba bogisiwa ka ntlha ya bodumedi ka masomesome a dingwaga pele ga foo, e le batho ba ba ileng ba gatelelwa ka ntlha ya dipolotiki. Ka 1993, Lephata la Tshiamiso la kwa Moscow le ne la ba kwadisa semolao e le Basupi ba ga Jehofa ba kwa Moscow, mme ke lone leina le re itsegeng ka lone semolao koo. Mo go one ngwaga oo, molaomotheo o mosha wa kwa Russia o o tlhomamisang kgololesego ya bodumedi o ne wa simolola go dirisiwa. Ga go gakgamatse go bo mokaulengwe mongwe a ne a bua jaana: “Re ne re sa akanye gore re tla tsamaya re bona kgololesego e e ntseng jalo!” O ne a tswelela ka go re: “Ga re a bolo go leta seno dingwaga di le 50!”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Russia ba ne ba dirisa “paka [eo] e e dumelang,” ka tsela e e molemo ka gore ka bonako fela ba oketse seabe sa bone mo tirong ya go rera mme batho ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa. (2 Tim. 4:2) Motho mongwe o ne a re: “Batho ba ne ba kgatlhegela bodumedi fela thata.” Go ise go ye kae, palo ya baboledi, babulatsela le diphuthego e ne ya oketsega thata. Tota e bile, go tloga ka 1990 go ya go 1995, palo ya Basupi ba kwa Moscow e ne ya gola ka lobelo lo logolo go tswa go ba le 300 go ya go ba ba fetang 5 000! Fa palo ya batlhanka ba basha ba ga Jehofa kwa Moscow e ntse e gola, baganetsi ba kgololesego ya bodumedi ba ne ba simolola go tsenwa ke tsebetsebe. Mo magareng a bo1990, ba ne ba ba tlhasela ka go simolola ntwa ya semolao. Ntwa eo e ne e tla tsaya dikarolo di le nnè tse di neng di tla tsaya lobaka lo loleele pele ga kgabagare e rarabololwa.

DIPATLISISO DI FELELA DI TSERE TSELA E SELE

Karolo ya ntlha ya ntwa e ne ya simolola ka June 1995. Setlhopha sengwe sa kwa Moscow se se neng se dirisana le Kereke ya Orthodox ya Russia, se ne sa tsenya ngongorego se latofatsa bakaulengwe ba rona ka gore ba na le seabe mo ditirong tsa bokebekwa. Setlhopha seno se ne se bolela gore se emela batho bangwe mo malapeng ba ba neng ba tenwa ke go bo balekane kgotsa bana ba bone ba ile ba nna Basupi. Ka June 1996, babatlisisi ba ne ba simolola go batlisisa bosupi jwa seo mme ga ba a ka ba fitlhela sepe. Le fa go ntse jalo, sone setlhopha seo se ne sa tsenya ngongorego e nngwe gape—ba latofatsa gape bakaulengwe ba rona ka ditiro tsa bokebekwa. Babatlisisi ba ne ba dira dipatlisiso tse dingwe gape mme ga bonala fa ditatofatso tseo tsotlhe di se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, baganetsi bao ba ne tsenya ngongorego ya boraro, e e neng e tshwana le ditatofatso tse ba neng ba di dirile pele. Basupi ba ga Jehofa ba kwa Moscow ba ne ba batlisisiwa gape, mme mosekisi le ene o ne a fitlhela go se na mabaka a go ba sekisetsa kgang ya bokebekwa. Go tswa foo, baganetsi bao ba ne ba tsenya yone ngongorego eo lekgetlo la bonè mme le mo lekgetlong leno mosekisi ga a ka a fitlhela bosupi bope. Se se gakgamatsang ke gore, sone setlhopha seo se ne sa kopa gore go dirwe  patlisiso e nngwe gape. Kgabagare ka April 13, 1998, modiradipatlisiso yo mongwe o ne a tsholola kgetsi eo.

Mmueledi mongwe yo o neng a na le seabe mo kgetsing eo a re: “Mme gone, go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang.” Le mororo moemedi wa ofisi ya basekisi ba ba neng ba dira patlisiso ya botlhano a ne a dumalana le gore go ne go se na bosupi jwa gore bakaulengwe ba rona ba ne ba dira ditiro tsa bokebekwa, go ntse go le jalo o ne a akantsha gore go tlhatlhelwe kgetsi kgatlhanong le bone gore ba duedisiwe. Moemedi yoo o ne a re Mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Moscow o ne o tlotse molao wa naga ya bone le wa ditšhabatšhaba. Mosekisi wa Northern Administrative Circuit of Moscow o ne a dumalana le gone mme a tlhatlhela kgetsi eo. * Ka September 29, 1998, tsheko e ne ya simolola kwa Kgotlatshekelong ya Kgaolo ya Golovinsky kwa Moscow. Karolo ya bobedi e ne e simolotse.

BAEBELE KWA KGOTLATSHEKELO

Mo kgotlatshekelong e e pitlaganeng kwa bokone jwa Moscow, Mosekisi Tatyana Kondratyeva o ne a bolotsa tlhaselo, a dirisa molao wa puso o o neng o saenilwe ka 1997 o o tlhalosang Bokeresete jwa Orthodox, Boiselamo, Bojuda le Bobuda e le one fela madumedi a naga eo. * One molao oo o ne o thatafaletsa madumedi a mangwe gore a amogelwe semolao. Gape o ne o letlelela dikgotlatshekelo go thibela madumedi a a rotloetsang letlhoo. Mosekisi o ne a dirisa molao ono a latofatsa Basupi ba ga Jehofa ka maaka a re ba rotloetsa letlhoo e bile ba senya malapa ka jalo ba tshwanetse gore ba thibelwe.

Mmueledi yo o neng a femela bakaulengwe o ne a botsa jaana: “Ke batho bafe mo Phuthegong ya Moscow ba ba nang le molato wa go tlola molao oo?” Mosekisi ga a ka a kgona go umaka leina lepe. Go na le moo, o ne a re dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa di tlhotlheletsa letlhoo la bodumedi. Go tshegetsa kgang ya gagwe o ne a bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le dikgatiso tse dingwe (bona ditshwantsho tse di fa godimo). Fa a ne a bodiwa gore dibuka tseno di tlhotlheletsa letlhoo jang, o ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba ruta gore ke bone fela ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri.”

Mmueledi yono yo e leng mokaulengwe o ne a naya moatlhodi Baebele, a bo a naya le mosekisi e nngwe mme go tswa foo a bala Baefeso 4:5: “Morena a le mongwe, tumelo e le nngwe, kolobetso e le nngwe.” Go ise go ye kae moatlhodi, mosekisi le mmueledi—mongwe le mongwe wa bone a tshotse Baebele—ba ne ba tlotla ka ditemana tse di jaaka Johane 17:18 le Jakobe 1:27. Kgotla e ne ya botsa jaana: “A ditemana tseno di tlhotlheletsa letlhoo la bodumedi?” Mosekisi o ne a araba ka gore ga a tshwanelege go ka tshwaela ka dikgang tsa Baebele. Mmueledi o ne a bontsha kgotla dikgatiso tsa Kereke ya Orthodox ya Russia tse di neng di tshwaya Basupi ba ga Jehofa phoso fela thata mme a botsa jaana: “A dikakgelo tseno di tlola molao?” Mosekisi o ne a araba jaana: “Ga ke tshwanelege go bua sepe ka dikgang tsa baruti.”

BASEKISI BA PALELWA KE GO NTSHA BOSUPI

Fa mosekisi a ne a latofatsa Basupi ka gore ba thuba malapa o ne a re ga ba keteke malatsi a boikhutso a a jaaka Keresemose. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a dumela gore molao wa Russia ga o pateletse baagi go keteka Keresemose. Batho ba Russia—go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa ba  kwa Russia—ba na le tshwanelo ya go itlhophela. Gape mosekisi o ne a re phuthego ya rona e ‘tima bana nako ya go ikhutsa le go itumelela botshelo.’ Go ntse go le jalo fa a botsolodiwa, o ne a dumela gore ga a ise a ko a bue le mosha ope yo o godisitsweng ke batsadi ba Basupi. Fa mmueledi a ne a botsa mosekisi gore a o kile a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa o ne a araba jaana: “Ga go tlhokege.”

Basekisi ba ne ba bitsa porofesa mongwe wa tlhaloganyo go nna mosupi yo o nang le kitso ka kgang eo. O ne a re go bala dibuka tsa rona go ka bakela motho mathata a tlhaloganyo. Fa mmueledi yo o re femelang a bontsha gore mafoko a porofesa a neng a a kwaletse kgotla a tshwana le a a mo lekwalong le le neng le kwadilwe ke mokgatlho wa Moscow Patriarchate, porofesa yoo o ne a dumela gore dikarolo dingwe tsa se a se kwadileng di tshwana le tsa lekwalo leo. O ne a re: “Ke kopolotse bontsi jwa mafoko a lone.” Fa a botsolotswa go ya pele go ne ga bonala gore ga a ise a ko a tlhatlhobe ope wa Basupi ba ga Jehofa. Go farologana le seo, porofesa mongwe wa tlhaloganyo o ne a naya kgotla bosupi jwa gore o ne a dirile dipatlisiso mo Basuping ba ba fetang 100 mo Moscow. O ne a fitlhela gore setlhopha seo se ne se itekanetse sentle mo tlhaloganyong, mme gape o ne a re bangwe mo setlhopheng seo ba ne ba kgona go tshedisana botoka le batho ba madumedi a mangwe fa e sa le e nna Basupi.

PHENYO—MME E SENG YA MAKGAOLAKGANG

Ka March 12, 1999, moatlhodi o ne a tlhopha barutegi ba le batlhano gore ba sekaseke dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa mme a bo a emisa tsheko eo ka nakwana. Mo kgannyeng nngwe e e sa amaneng le tsheko eno ya Moscow, Lephata la Tshiamiso la puso ya Russia le ne le setse le laetse setlhopha sengwe sa barutegi go sekaseka dikgatiso tsa rona. Ka April 15, 1999, setlhopha seno se se neng se laetswe ke Lephata la Tshiamiso se ne sa bega gore ga se a fitlhela sepe se se kotsi mo dikgatisong tsa rona. Ka jalo, ka April 29, 1999, Lephata la Tshiamiso le ne la boa la kwadisa Basupi ba ga Jehofa semolao. Le fa go ne go na le tshedimosetso eno ntšha ya gore babatlisisi ba ne ba sa bona sepe se se phoso ka dikgatiso tsa rona, kgotlatshekelo ya  Moscow e ne ya tatalalela gore go tlhomiwe setlhopha se sengwe gore se sekaseke dikgatiso tsa rona. Seno se ne sa dira gore go nne le sengwe se se sa tlwaelegang—Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogelwa semolao mo nageng yotlhe ya Russia ke Lephata la Tshiamiso e le bodumedi jo bo ikobelang molao, mme ka nako e e tshwanang ba batlisisiwa ke Lephata la Tshiamiso la kwa Moscow ka gonne le re ba tlola molao!

Go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna pedi fa tsheko e simolola gape, mme ka February 23, 2001, Moatlhodi Yelena Prokhorycheva o ne a atlhola kgang. Morago ga gore a sekaseke dilo tse di neng di lemogilwe ke setlhopha se a neng a se tlhophile, o ne a atlhola jaana: “Ga go na mabaka a a utlwalang a gore go fedisiwe bodumedi jwa Basupi ba ga Jehofa ba Moscow le go thibela tiro ya bone.” Kgabagare molao o ne wa tlhomamisa gore bakaulengwe ba rona ba ne ba se molato mo ditatofatsong tsotlhe tse ba neng ba latofadiwa ka tsone! Le fa go ntse jalo, mosekisi o ne a se ka a amogela katlholo eo mme a ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Toropo ya Moscow. Dikgwedi di le tharo moragonyana, ka May 30, 2001, kgotlatshekelo e ne ya fetola tshwetso ya ga Moatlhodi Prokhorycheva. E ne ya laela gore kgang eo e sekwe gape go dirisiwa ene mosekisi yoo mme e okamelwe ke moatlhodi o sele. Karolo ya boraro e ne e tla tloga e simolola.

GO FENNGWA—MME E SENG GO FENYEDIWA RURI

Ka October 30, 2001, Moatlhodi Vera Dubinskaya o ne a simolola tsheko eo gape. * Mosekisi Kondratyeva o ne a boeletsa tatofatso ya gore Basupi ba ga Jehofa ba rotloetsa letlhoo, mme gone o ne a oketsa ka gore go thibela Basupi ba ga Jehofa semolao e ne e le tsela ya go sireletsa ditshwanelo tsa Basupi ba kwa Moscow! Basupi botlhe ba le 10 000 ba kwa Moscow ba ne ba bontsha go se dumalane le ditatofatso tseo, ka gore ka bonako fela ba saene kopo ya gore kgotlatshekelo e gane “tshireletso” e mosekisi a neng a re o ba naya yone.

Mosekisi o ne a re ga go tlhokege gore a ntshe bosupi jwa gore Basupi ba ne ba le molato wa go dira ditiro tse di sa siamang. O ne a re tsheko e ne e le ka ga dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa le se ba se dumelang, e seng ditiro tsa bone. O ne a bolela gore o tla bitsa moemedi mongwe wa Kereke ya Orthodox ya Russia gore e nne mosupi yo o nang le kitso ka kgang eo. Mafoko ao a ne a tlhomamisa gore tota baruti ba ne ba na le seabe se segolo mo go tlhotlheletseng gore Basupi ba thibelwe. Ka May 22, 2003, moatlhodi o ne a laela gore setlhopha sa baitse se sekaseke dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa gape.

Ka February 17, 2004, tsheko e ne ya simolola gore go sekasekiwe se setlhopha seo se se fitlheletseng. Baitse bao ba ne ba fitlhela gore dikgatiso tsa rona di kgothaletsa babadi go “tlhokomela malapa le go tlotla thulaganyo ya lenyalo” le gore “go ne go se na bosupi” jwa gore di rotloetsa letlhoo. Bakanoki ba bangwe ba ne ba dumalana le seo. Porofesa wa hisitori ya bodumedi o ne a bodiwa jaana: “Goreng Basupi ba ga Jehofa ba rera?” O ne a araba kgotlatshekelo a re: “Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go rera. Ke sone se Efangele e se buang e bile ke sone se Keresete a laetseng barutwa ba gagwe go se dira—‘tsamayang lo rute mo lefatsheng lotlhe.’” Le fa go ntse jalo, ka March 26, 2004, moatlhodi o ne a thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Moscow. Ka June 16, 2004, Kgotlatshekelo ya Toropo ya kwa Moscow e ne ya tshegetsa tshwetso eo. * Mongwe yo e nnileng Mosupi ka lobaka lo loleele o ne a bua jaana ka tshwetso eo: “Ka nako ya puso ya Soviet, motho mongwe le mongwe wa Russia o ne a tshwanelwa ke go nna molatolamodimo. Gompieno, mongwe le mongwe mo Russia o tshwanelwa ke go nna Mo-Orthodox.”

Bakaulengwe ba ne ba dira eng morago ga thibelo eo? Ba ne ba dira se se neng sa dirwa ke Nehemia wa bogologolo. Mo motlheng oo, fa baba ba batho ba Modimo ba ne ba le kgatlhanong le maiteko a gagwe a go tsosolosa dipota tsa Jerusalema, Nehemia le batho ba gaabo ba ne ba se ka ba itetla go itewa tsebe ke mofuta ope fela wa kganetso. Go na le moo, ba ne ba ‘nna ba aga’ mme “ba tswelela  go nna le pelo ya go dira.” (Neh. 4:1-6) Bakaulengwe ba rona ba kwa Moscow le bone ga ba a ka ba letla baganetsi gore ba ba kgoreletse mo tirong e e tshwanetseng go dirwa gompieno—go rera dikgang tse di molemo. (1 Pet. 4:12, 16) Ba ne ba tlhomamisegile gore Jehofa o tla ba tlhokomela, mme ba ne ba iketleeleditse go itebanya le karolo ya bonè ya ntwa eno e e sa feleng.

LETLHOO LE A OKETSEGA

Ka August 25, 2004, bakaulengwe ba ile ba isa ngongorego ya bone kwa Pusong ya Russia, ngongorego e ba neng ba e kwaletse Vladimir Putin yo ka nako eo e neng e le poresidente wa Russia. Ngongorego eo, e mo go yone ba neng ba supa go tshwenngwa ke kgang ya go bo ba thibetswe, e ne e kwadilwe mo dibolumong di le 76 mme e saenilwe ke batho ba ba fetang 315 000. Ka yone nako eo, baruti ba Orthodox ya Russia ba ne ba itshupa se tota ba leng sone. Moemedi wa lekgotla la Moscow Patriarchy o ne a re: “Re kgatlhanong le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa gotlhelele.” Moeteledipele mongwe wa Bamoseleme o ne a re thibelo eo e ne e le “phitlhelelo e kgolo e bile e le sengwe se se molemo.”

Ga go gakgamatse go bo baagi bangwe ba Russia ba ba tsieditsweng ba ile ba ikutlwa ba na le lebaka la go tlhasela Basupi ba ga Jehofa. Basupi bangwe ba ba neng ba le mo bodireding kwa Moscow ba ne ba itewa le go ragiwa ke baganetsi. Monna mongwe yo o shakgetseng o ne a koba kgaitsadi mo kagong nngwe a bo a mo raga botlhoko mo mokwatleng mo a neng a wa mme a gobala tlhogo. Kgaitsadi yoo o ne a tlhoka go alafiwa; le fa go ntse jalo, mapodisi ga a ka a dira sepe ka monna yoo. Mapodisi a ne a tshwara Basupi ba bangwe, a ba gatisa menwana, a ba tsaya ditshwantsho le go ba latsa kwa kgolegelong. Baokamedi ba mafelo a Basupi ba neng ba a hira kwa Moscow gore ba tshwarele dipokano mo go one, ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla lelekwa fa ba ka tswelela ba ba hirisetsa diholo tseo. Go ise go ye kae, diphuthego di le dintsi di ne tsa se tlhole di nna le mafelo a di neng di a hiretse dipokano. Diphuthego di le 40 di ne tsa tshwanelwa ke go kopanela kago ya Holo ya Bogosi e e nang le diholo di le nnè. Phuthego nngwe e e dirisang lefelo leo e ne ya tshwanelwa ke go simolola dipokano ka 7:30 mo mosong. Molebedi yo o  etang o ne a re: “Baboledi ba ne ba tshwanetse go tsoga ka ura ya botlhano gore ba kgone go nna gone kwa dipokanong mme ba ne ba dira jalo ka lobaka lo lo fetang ngwaga kwantle ga go ngongorega.”

“GORE E NNE BOSUPI”

Go bontsha gore thibelo eo ya kwa Moscow e ne e se kafa molaong, ka December 2004, babueledi ba rona ba ne ba kopa thuso kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. (Bona lebokose le le reng “Lebaka La go Bo Katlholo ya Kwa Russia e Sekasekiwa Kwa France,” mo go tsebe 6.) Dingwaga di le thataro morago ga foo, ka June 10, 2010, Kgotlatshekelo e ne ya dumalana ka bongwe fela jwa pelo go atlhola kgang ka go re Basupi ba ga Jehofa ga ba molato! * Kgotlatshekelo e ne ya sekaseka ditatofatso tsotlhe tse di neng di dirilwe kgatlhanong le rona mme ya fitlhela di se na mabaka a a utlwalang. Gape e ne ya re Russia e na le boikarabelo go ya ka molao go “kgaotsa tshiamololo e Kgotlatshekelo e e fitlhetseng le go dira bojotlhe go baakanya ditlamorago tsa gone.”—Bona lebokose le le reng “Katlholo ya Kgotlatshekelo,” mo go tsebe 8.

Tshwetso ya Kgotlatshekelo e e tlhalositsweng sentle e e malebana le kafa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e sireletsang ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa ka gone, e tshwanelwa ke go diragadiwa ke dinaga tse dingwe tse 46 tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa e seng ke Russia fela. Go feta moo, e re ka molao o akaretsa dilo di le dintsi le tse di farologaneng, tshwetso eno e tla kgatlhegelwa thata ke bakanoki ba molao, baatlhodi, batlhomamolao le babueledi ba ditshwanelo tsa batho go dikologa lefatshe. Ka ntlha yang? Fa Kgotlatshekelo e ne e dira tshwetso eno, e ne ya se ka ya akanyetsa fela ditshwetso tse robedi tse e di dirileng mo nakong e e fetileng ka go se bone Basupi ba ga Jehofa molato mme e ne ya akanyetsa le dikgetsi di le robongwe tse di neng tsa fenngwa ke Basupi ba ga Jehofa mo dikgotlatshekelongkgolo tsa Afrika Borwa, Argentina, Canada, Japane, Russia, Spain, United Kingdom le United States. Dikai tseno le tsela e Kgotlatshekelo e neng ya ganetsa ditatofatso tsa mosekisi wa Moscow ka yone, di naya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe sengwe se se molemo se ba ka itshireletsang ka sone le go femela tumelo le ditiro tsa bone.

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla gogelwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, gore e nne bosupi mo go bone le mo ditšhabeng.” (Math. 10:18) Ntwa eno ya semolao e e diragetseng mo dingwageng di le 15 tse di fetileng e neile bakaulengwe ba rona tshono ya go dira gore leina la ga Jehofa le itsiwe go feta le fa e le leng pele kwa Moscow le mo dinageng tse di mabapi. Se babatlisisi ba ileng ba se dira Basupi, dikgetsi tsa kgotlatshekelo le katlholo ya kgotlatshekelo ya ditšhabatšhaba, ruri e ‘nnile bosupi’ mme se dirile gore “dikgang tse di molemo di tswelele pele.” (Bafil. 1:12) Tota e bile, gompieno fa Basupi ba kwa Moscow ba le mo tirong ya go rera, beng ba matlo ba le bantsi ba re: “A kante ga lo a thibelwa?” Gantsi potso eo e naya bakaulengwe tshono ya gore ba bolelele beng ba matlo mo gontsi ka se re se dumelang. Kwantle ga pelaelo ga go na kganetso epe e e ka re thibelang mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi. Re rapela gore Jehofa a tswelele a segofatsa le go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba rategang le ba ba pelokgale ba kwa Russia.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Go tlhatlhelwa ga kgetsi eo go ne ga dirwa ka April 20 1998. Dibeke di le pedi moragonyana, ka May 5, Russia e ne ya dumela go dirisa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho.

^ ser. 10 “Go ne ga tlhomiwa molao ono ka ntlha ya kgatelelo e e neng e tswa mo Kerekeng ya Orthodox ya Russia ka gonne e ne e batla go sireletsa maemo a yone kwa Russia e bile e batla gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe.”—Associated Press, June 25, 1999.

^ ser. 20 Se se gakgamatsang ke gore letsatsi leo e ne e le letsatsi le ka lone mo dingwageng di le lesome tse di fetileng kwa Russia, go neng ga tlhomiwa molao o o neng o bolela fa Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba neng ba gatelelwa ka ntlha ya bodumedi mo pusong ya Soviet.

^ ser. 22 Thibelo eo e ne ya iletsa mokgatlho wa semolao o o neng o dirisiwa ke diphuthego tsa kwa Moscow go tswelela ka ditiro tsa one. Baganetsi ba ne ba solofetse gore seo se ne se tla kgoreletsa bakaulengwe go diragatsa bodiredi jwa bone.

^ ser. 28 Ka November 22, 2010, setlhopha sa baatlhodi ba le batlhano sa Kgorokgolo ya Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho se ne sa gana kopo ya Russia ya gore kgetsi e fetisediwe kwa Kgorongkgolo ya Kgotlatshekelo. Ka go dira jalo, katlholo e e dirilweng ka June 10, 2010, e ne ya nna ya makgaolakgang mme ya tshwanelwa ke go diragadiwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Lebaka La go Bo Katlholo ya Kwa Russia e Sekasekiwa Kwa France

Ka February 28, 1996, Russia e ne ya saena tumalano le Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. (Ka May 5, 1998 Russia e ne ya dumela go dirisa Tumalano eo.) Ka go saena tumalano eo, puso ya Russia e ne e bolela gore batho ba e ba busang ba na le:

‘tshwanelo ya bodumedi ya go obamela ka kgololesego le tshwanelo ya go dira ditiro tsa bodumedi jwa bone kwa lapeng le mo phatlalatseng le go fetola bodumedi fa ba batla go dira jalo.’—Molawana 9.

‘tshwanelo ya go bua kana go kwala se ba se akanyang le se ba se nayang batho ba bangwe, ka tsela e e bontshang gore ba na le maikarabelo.’—Molawana 10.

‘tshwanelo ya go nna le seabe mo dipokanong tse di nang le kagiso.’—Molawana 11.

Batho kana mekgatlho e e sa tshwarwang sentle ka ntlha ya go tlolwa ga kgolagano eno e bile e dirisitse ka botlalo ditsela tsotlhe tsa semolao tsa naga ya bone, ba ka tlhatlhela kgetsi ya bone kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e e kwa Strasbourg, France (e e bontshitsweng fa godimo). E na le baatlhodi ba le 47—palo e e lekanang le dinaga tse di saenileng Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho. Dikatlholo tsa Kgotlatshekelo di tshwanetse go ikobelwa. Dinaga tse di saenileng tumalano eo di tshwanetse go ikobela dikatlholo tsa Kgotlatshekelo.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Katlholo ya Kgotlatshekelo

Tseno ke dintlhanyana tse dikhutshwane tse di nopotsweng go tswa mo katlholong ya Kgotlatshekelo.

Tatofatso nngwe e ne e re Basupi ba ga Jehofa ba kgaoganya malapa. Kgotlatshekelo ga ya ka ya dumalana le yone. E ne ya re:

“Se se bakileng kgotlhang ke fa bangwe mo lelapeng ba e seng badumedi ba lwa e bile ba sa rate go amogela le go tlotla kgololesego ya Mosupi yoo ya bodumedi ya go bontsha se a se dumelang le ya go nna ga gagwe modumedi.”—Ser. 111.

Gape Kgotlatshekelo ga ya fitlhela bosupi jo bo emang nokeng tatofatso ya gore Basupi ba “laola megopolo ya batho,” e ne ya re:

“Kgotlatshekelo e bona go gakgamatsa gore dikgotlatshekelo [tsa kwa Russia] ga di a ka tsa kgona go umaka leina la motho ope fela yo go bonalang tshwanelo ya gagwe ya kgololesego e ile ya se ka ya tlotlwa ka ntlha ya go latelwa ga ditsela tseo.”—Ser. 129.

Tatofatso e nngwe e ne e supa gore ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshela madi, ba tsenya botsogo jwa badumedi mo kotsing. Kgotlatshekelo e ne ya atlhola ka tsela e e sa dumalaneng le se ba neng ba se bua, fa e re:

“Kgololesego ya go amogela kana go gana kalafi e e rileng, kgotsa ya go tlhopha mokgwa mongwe wa kalafi, e botlhokwa thata mo melaometheong le mo kgololesegong ya motho. Molwetse yo o godileng o gololesegile go itlhophela, ka sekai, gore a o tla dira karo kgotsa o tla dirisa mofuta o o rileng wa kalafi kgotsa nnyaa, mme go ntse jalo le ka go tshela madi.”—Ser. 136.