Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang

Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang

 Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang

“Dikgang tse di molemo tota . . . ke maatla a Modimo a poloko.”—BAR. 1:16.

1, 2. Ke eng fa o rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi,’ mme ke dikarolo dife tsa tsone tse o di gatelelang?

‘KE ITUMELELA go rera dikgang tse di molemo letsatsi le letsatsi.’ Gongwe o kile wa akanya kgotsa wa bua jalo. E re ka o le Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng, o a itse gore go botlhokwa go le kana kang go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ O ka nna wa tswa o kgona go bua ka tlhogo boporofeti jwa ga Jesu jwa gore re dire jalo.—Math. 24:14.

2 Fa o rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi,’ o tsweletsa pele se Jesu a se simolotseng. (Bala Luke 4:43.) Ga go pelaelo gore ntlha nngwe e o e gatelelang thata ke gore go ise go ye kae Modimo o tla tsereganya mo dikgannyeng tsa batho. O tla fedisa bodumedi jwa maaka ka “pitlagano e kgolo” a bo a tlosa boikepo jotlhe mo lefatsheng. (Math. 24:21) O ka tswa gape o gatelela gore Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore lefatshe le boe le nne Paradaise gore go nne le kagiso le boitumelo. Tota e bile, ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi’ ke karolo ya “dikgang tse di molemo [tse di neng tsa bolelelwa Aborahame] go sa le pele, tse di reng: ‘Ditšhaba tsotlhe di tla segofadiwa ka wena.’”—Bagal. 3:8.

3. Ke eng fa re ka re mo bukeng ya Baroma moaposetoloi Paulo o ne a gatelela dikgang tse di molemo?

3 Le fa go ntse jalo, a go ka direga gore ga re tseye tsia ka mo go lekaneng karolo ya botlhokwa ya dikgang tse di molemo e batho ba e tlhokang? Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a le kwaletseng Baroma, o ne a dirisa lefoko “bogosi” gangwe fela, le fa go ntse jalo o dirisitse polelwana “dikgang tse di molemo” ka makgetlo a le 12. (Bala Baroma 14:17.) Ke karolo efe ya dikgang tse di molemo e Paulo a buileng ka yone gantsi mo bukeng eo? Ke eng fa karolo eo ya dikgang tse di molemo e le botlhokwa? Mme ke eng fa re tshwanetse go nna re e gakologetswe fa re rerela batho ba ba mo tshimong ya rona “dikgang tse di molemo tsa Modimo”?—Mar. 1:14; Bar. 15:16; 1 Bathes. 2:2.

Se Batho ba ba Kwa Roma ba Neng ba se Tlhoka

4. Paulo o ne a rera ka eng fa a ne a tshwerwe lekgetlo la ntlha kwa Roma?

4 Go molemo go ela tlhoko dikgang tse Paulo a neng a bua ka tsone fa a ne a tshwerwe lekgetlo la ntlha kwa Roma. Re bala gore fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba mo etetse, o ne a ‘naya bosupi ka botlalo kaga (1) bogosi jwa Modimo le ka go dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga (2) Jesu.’ Diphelelo e ne ya nna dife? “Bangwe ba simolola go dumela dilo tse di buiwang; ba bangwe ba ne ba se ka ba dumela.” Morago ga moo, Paulo o ne ‘a amogela ka bopelonomi botlhe ba ba neng ba tsena kwa go ene, a ba rerela (1) bogosi jwa Modimo e  bile a ruta dilo tse di leng ka ga (2) Morena Jesu Keresete.’ (Dit. 28:17, 23-31) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a gatelela kgang ya Bogosi jwa Modimo. Mme gone, ke eng gape se a ileng a se gatelela? O ne a gatelela sengwe sa konokono mo Bogosing e leng seabe sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo.

5. Mo bukeng ya Baroma, Paulo o ne a re ke eng se batho ba tshwanetseng go se itse?

5 Batho botlhe ba tshwanetse go itse ka ga Jesu le go dumela mo go ene. Paulo o ne a bua ka seno mo bukeng ya Baroma. Kwa tshimologong ya lekwalo leo o ne a kwala ka “Modimo, yo ke mo direlang tirelo e e boitshepo ka moya wa me malebana le dikgang tse di molemo ka ga Morwawe.” Gape o ne a re: “Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, tsone ke maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.” Moragonyana o ne a bolela ka nako ya “fa Modimo ka Keresete Jesu a atlhola dilo tsa sephiri tsa batho, go ya ka dikgang tse di molemo tse ke di bolelang.” Mme o ne a re: “Go tswa Jerusalema le mo potologong go ya go fitlha kwa Ilirikomo ke rerile dikgang tse di molemo ka botlalo ka ga Keresete.” * (Bar. 1:9, 16; 2:16; 15:19) O akanya gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a gatelela seabe sa ga Jesu Keresete mo Baromeng?

6, 7. Re ka reng malebana le gore phuthego ya kwa Roma e simologile jang le gore ke bomang ba e neng e le karolo ya yone?

6 Ga re itse gore phuthego ya kwa Roma e simologile jang. A Bajuda kgotsa basokologi ba ba neng ba le teng ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba boela kwa Roma e le Bakeresete? (Dit. 2:10) Kgotsa a Bakeresete ba e neng e le bagwebi le batsamai ba ne ba anamisetsa boammaaruri kwa Roma? Go sa kgathalesege gore go ka tswa go diregile eng, fa Paulo a kwala buka eo mo e ka nnang ka 56 C.E., phuthego eo e ne e sa bolo go tlhomiwa. (Bar. 1:8) Ke bomang ba e neng e le karolo ya phuthego eo?

7 Ba bangwe e ne e le Bajuda. Paulo o ne a dumedisa Andoroniko le Juniase a re ke “ba losika lwa me,” gongwe a kaya ba losika lwa gagwe ba e neng e le Bajuda mmogo le ene. Modiri wa megope e bong Akhwila yo o neng a le kwa Roma le mosadi wa gagwe Periseka, le ene e ne e le Mojuda. (Bar. 4:1; 9:3, 4; 16:3, 7; Dit. 18:2) Mme go ka direga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba Paulo a neng a ba romelela ditumediso e ne e le Baditšhaba. Bangwe ba bone e ka tswa e ne e le “ba ntlo ya ga Kaesara,” gongwe e ne e le makgoba a ga Kaesara le badiredi ba ba botlana.—Bafil. 4:22; Bar. 1:6; 11:13.

8. Batho ba ba kwa Roma ba ne ba lebane le boemo bofe jo bo thata?

8 Mokeresete mongwe le mongwe wa kwa Roma o ne a lebane le boemo jo bo thata jo gape bo amang mongwe le mongwe wa rona. Paulo o ne a baya kgang eno jaana: “Gonne botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Bar. 3:23) Go bonala sentle gore batho botlhe ba Paulo a ba kwaletseng ba ne ba tlhoka go lemoga gore e ne e le baleofi le gore ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo mo thulaganyong e Modimo a neng a e dirile go baakanya boemo joo jwa bone.

Go Lemoga Bothata Jwa Boleo

9. Go ya ka se Paulo a neng a se tlhalosa, ke eng se se ka diregang ka ntlha ya dikgang tse di molemo?

9 Kwa tshimologong ya lekwalo le Paulo a le kwaletseng Baroma, o ne a tlhalosa sengwe se se molemo se se ka diregang ka ntlha ya dikgang tse di molemo tse a neng a nna a di umaka: “Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo; gonne ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, pele mo Mojudeng, le mo go ene Mogerika.” Go ne go ka kgonega gore ba bone poloko. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega tumelo go dumalana le boammaaruri jo bo nopotsweng mo go Habakuke 2:4: “Mosiami o tlaa tshela ka boikanyego jwa gagwe.” (Bar. 1:16, 17; Bagal. 3:11; Baheb. 10:38) Mme gone, dikgang tse di molemo tseo tse di ka  dirang gore motho a bone poloko di amana jang le kgang ya gore “botlhe ba leofile”?

10, 11. Ke eng fa kgopolo e e mo go Baroma 3:23, e le e e tlwaelegileng mo bathong bangwe mme e sa tlwaelega mo go ba bangwe?

10 Pele ga motho a ka nna le tumelo e e bolokang botshelo jwa gagwe, o tshwanetse a lemoga gore ke moleofi. Kgopolo ya go nna moleofi e tlwaelegile mo go ba ba golang ba dumela mo Modimong e bile ba tlwaelane le Baebele. (Bala Moreri 7:20.) Go sa kgathalesege gore ba dumalana le yone kgotsa ba na le dipelaelo, ba ka tswa ba na le kitsonyana ka se Paulo a neng a se kaya fa a ne a re: “Botlhe ba leofile.” (Bar. 3:23) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re le mo bodireding, re ka kopana le batho ba le bantsi ba ba sa tlhaloganyeng kgang eo.

11 Mo dinageng dingwe, batho ga ba gole ba akanya gore ba tsetswe e le baleofi, gore ba ruile boleo. Ke boammaaruri gore ba ka tswa ba itse gore ba dira diphoso, ba na le mekgwa mengwe e e sa siamang, e bile gongwe ba dirile dilo dingwe tse di bosula. Mme ba a lemoga gore batho ba bangwe le bone ba mo seemong se se tshwanang le sa bone. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone tota ga ba tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa bone le batho ba bangwe ba le mo seemong seo. Tota e bile, mo dipuong dingwe fa o re motho ke moleofi, bangwe ba ka nna ba akanya gore o raya gore ke sekebekwa kgotsa gongwe ke motho yo o tlolang melao mengwe. Ga go pelaelo gore motho yo o godisiwang ka tsela e e ntseng jalo a ka nna a se itseye e le moleofi go ya ka tsela e Paulo a neng a e tlhalosa.

12. Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa dumele gore batho botlhe ke baleofi?

12 Tota le mo mafatsheng a batho ba ba ipitsang Bakeresete, batho ba le bantsi ga ba dumele gore ke baleofi. Ke eng fa go ntse jalo? Le fa ba a tle ba ye kerekeng, ba tsaya pego ya Baebele e e malebana le Adame le Efa e le kinane kgotsa tlhamane fela. Ba bangwe ba gola ba sa dumele mo Modimong. Ba belaela gore Modimo o gone mme seo se dira gore ba se ka ba tlhaloganya gore Mogodimodimo o beetse batho melao ya boitsholo le gore go sa ikobele melao eo ke boleo. Ka tsela nngwe, ba tshwana le batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Paulo a ileng a ba tlhalosa e le ba ba ‘se nang tsholofelo’ e bile ‘ba se na Modimo mo lefatsheng.’—Baef. 2:12.

13, 14. (a) Lebaka lengwe la go bo ba ba sa dumeleng mo Modimong le mo boleong ba se na seipato ke lefe? (b) Go tlhoka tumelo go dirile gore ba le bantsi ba dire eng?

13 Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Baroma, o ne a tlhalosa mabaka a mabedi a go bo tsela e motho a godisitsweng ka yone e ka se ka ya nna seipato—mo nakong eo, le gompieno. Lebaka la ntlha ke gore popo ka boyone e naya bosupi jwa gore go na le Mmopi. (Bala Baroma 1:19, 20.) Seno se dumalana le se Paulo a se buileng fa a ne a kwalela Bahebera a le kwa Roma: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Baheb. 3:4) Go baya mabaka ka tsela eo go bontsha gore go na le Mmopi yo o bopileng kgotsa yo o dirileng gore lobopo lotlhe lo nne gone.

14 Ka jalo, Paulo o ne a ka kgona go kwalela Baroma gore mongwe le mongwe—go akaretsa le Baiseraele ba bogologolo—yo o neng a obamela ditshwantsho tse di sa tsheleng ‘o ne a se na seipato.’ Go ka buiwa jalo le ka ba ba ineetseng mo mekgweng e e sa siamang ya tlhakanelodikobo e e sa dumalaneng le tsela ya tlholego e banna le basadi ba tshwanetseng go dirisa mebele ya bone ka yone. (Bar. 1:22-27) Go a tshwanela go bo Paulo a ka swetsa ka gore “Bajuda mmogo le Bagerika botlhe ba ka fa tlase ga boleo.”—Bar. 3:9.

 ‘Mosupi’

15. Ke bomang ba ba nang le bokgoni jwa go dirisa segakolodi, mme seo se felela ka eng?

15 Buka ya Baroma e tlhalosa lebaka le lengwe gape la go bo batho ba tshwanetse go lemoga gore ke baleofi e bile ba tlhoka tsela ya go gololwa mo boemong joo jo bo thata. Paulo o ne a kwala jaana malebana le molao o o kwadilweng o Modimo a neng a o neela Iseraele wa bogologolo: “Botlhe ba ba neng ba leofa ba le tlase ga molao ba tla atlholwa ka molao.” (Bar. 2:12) Fa a tswelela ka go baya mabaka a gagwe, o ne a tlhalosa gore batho ba ditšhaba kgotsa ba ditso ba ba sa tlwaelanang le molao oo wa Modimo gantsi “ba dira ka tlholego dilo tsa molao.” Ke eng fa gantsi batho bao ba iletsa go tlhakanela dikobo le wa losika, polao le go utswa? Paulo o tlhalosa lebaka la seo: Ba na le segakolodi.—Bala Baroma 2:14, 15.

16. Ke eng fa go nna le segakolodi go sa reye gore motho a ka se ka a dira boleo?

16 Le fa go ntse jalo, o ka tswa o bone gore go nna le segakolodi se se ntseng jaaka mosupi yo o ka fa teng ga go reye gore motho o tla latela kaelo ya sone. Se se diragaletseng Baiseraele ba bogologolo se bontsha seo. Le fa Baiseraele ba ne ba na le segakolodi se ba se neilweng ke Modimo le melao e e tlhamaletseng e e neng e ba iletsa go utswa le go dira boaka, gantsi ba ne ba itlhokomolosa segakolodi sa bone e bile ba tlola Molao wa ga Jehofa. (Bar. 2:21-23) Ba ne ba ikarabelela tota ka se ba neng ba se dira mme ka jalo e ne e le baleofi, ba palelwa ke go diragatsa melao ya Modimo le thato ya gagwe. Seno se ne sa senya thata kamano ya bone le Modiri wa bone.—Lefi. 19:11; 20:10; Bar. 3:20.

17. Ke kgothatso efe e re e fitlhelang mo bukeng ya Baroma?

17 Se re se sekasekileng mo bukeng ya Baroma se ka dira gore boemo jwa batho, go akaretsa le jwa rona bo lebege bo se na tsholofelo mo go Mothatayotlhe. Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a felela foo. Fa moaposetoloi yono a nopola mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 32:1, 2, o ne a kwala jaana: “Go itumela ba ba lebaletsweng ditiro tsa bone tsa botlhokamolao le ba maleo a bone a bipilweng; go itumela motho yo Jehofa a se kitlang a tsaya tsia boleo jwa gagwe ka gope.” (Bar. 4:7, 8) Modimo o dirile gore go kgonege gore a itshwarele maleo a sa tlole melao ya gagwe e e siameng.

Dikgang Tse di Molemo di Remeletse mo go Jesu

18, 19. (a) Mo go Baroma Paulo o ne a gatelela karolo efe ya dikgang tse di molemo? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se lemoga gore re amogele masego a Bogosi?

18 O ka nna wa re: “Ruri tseo ke dikgang tse di molemo!” Tota ke tsone, mme seno se re busetsa mo karolong ya dikgang tse di molemo e Paulo a e gateletseng mo bukeng ya Baroma. Fela jaaka go umakilwe, Paulo o ne a re: “Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo; tota e bile, tsone ke maatla a Modimo a poloko.”—Bar. 1:15, 16.

19 Dikgang tseo tse di molemo di remeletse mo seabeng se Jesu a nang le sone mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo. Paulo o ne a leba pele kwa ‘letsatsing la fa Modimo ka Keresete Jesu a atlhola dilo tsa sephiri tsa batho, go ya ka dikgang tse di molemo.’ (Bar. 2:16) Fa a ne a bolela jalo, o ne a sa nyenyefatse ‘bogosi jwa ga Keresete le jwa Modimo’ kgotsa se Modimo a tla se dirang ka Bogosi. (Baef. 5:5) Mme gone o ne a re bontsha gore, e le gore re tshele re bo re itumelele masego a a tla nnang gone mo Bogosing jwa Modimo re tshwanetse go lemoga (1) gore re baleofi mo matlhong a Modimo le gore (2) ke eng fa re tshwanetse go nna le tumelo mo go Jesu Keresete gore maleo a rona a itshwarelwe. Fa motho a tlhaloganya e bile a dumela dikarolo tseo tsa boikaelelo jwa Modimo e bile a bona kafa seo se mo nayang tsholofelo ka gone, go a tshwanela gore a re, “Ruri tseo ke dikgang tse di molemo!”

20, 21. Fa re le mo bodireding, ke eng fa re tshwanetse go nna re gakologelwa dikgang tse di molemo tse di gatelelwang mo bukeng ya Baroma, mme go ka nna le diphelelo dife?

20 Ruri re tshwanetse go nna re gopotse karolo  eno ya dikgang tse di molemo fa re ntse re diragatsa bodiredi jwa rona jwa Bokeresete. Paulo o ne a nopola mafoko ano a ga Isaia a a malebana le Jesu: “Ga go na ope yo o dumelang mo go ene yo o tla swabisiwang.” (Bar. 10:11; Isa. 28:16) Molaetsa o o ka ga Jesu o tlwaelegile mo bathong ba ba tlwaelaneng le se Baebele e se buang ka boleo. Le fa go ntse jalo, mo go ba bangwe molaetsa ono e ka nna sengwe se sesha, sengwe se ba sa se itseng kgotsa sengwe se se sa tlwaelegang mo setsong sa bone. Fa batho bano ba simolola go dumela mo Modimong le go ikanya Baebele, re tla tshwanelwa ke go ba tlhalosetsa seabe sa ga Jesu. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kafa kgaolo ya botlhano ya Baroma e tlhalosang karolo eno ya dikgang tse di molemo ka gone. Gongwe setlhogo seo se ka go solegela molemo mo bodireding jwa gago.

21 Ruri go a itumedisa go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go tlhaloganya dikgang tse di molemo tse di umakilweng gangwe le gape mo bukeng ya Baroma, dikgang tse di molemo tse “tota e bile, [e leng] . . . maatla a Modimo a poloko mo go mongwe le mongwe yo o nang le tumelo.” (Bar. 1:16) Mo godimo ga boitumelo jono, re tla bona fa ba bangwe ba dumalana le mafoko a ga Paulo a a nopotseng mo go Baroma 10:15 a a reng: “A bo dinao tsa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo di le dintle jang ne!”—Isa. 52:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go na le dipolelwana tse di tshwanang le tseno mo dibukeng dingwe tse di tlhotlheleditsweng.—Mar. 1:1; Dit. 5:42; 1 Bakor. 9:12; Bafil. 1:27.

A o A Gakologelwa?

• Buka ya Baroma e gatelela karolo efe ya dikgang tse di molemo?

• Ke ntlha efe e re tshwanetseng go thusa ba bangwe gore ba e tlhaloganye?

• Ke jang ‘dikgang tse di molemo ka ga Keresete’ di ka kayang masego mo go rona le mo go ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Dikgang tse di molemo tse di builweng mo go Baroma di akaretsa seabe sa botlhokwa sa ga Jesu mo boikaelelong jwa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Rotlhe re tshotswe re na le bokoa jo bo masisi—boleo!