Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago?

Ke Mang yo o Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago?

 Ke Mang yo o Botlhokwa Thata mo Botshelong Jwa Gago?

“Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—PES. 83:18.

1, 2. Ke eng fa go sa lekana go itse fela leina la ga Jehofa gore re bolokege?

GONGWE lekgetlho la ntlha fa o ne o bona leina, Jehofa, ke fa o ne o le bontshiwa mo go Pesalema 83:18. O ka tswa o ne o gakgametse fa o bala mafoko ano: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Ga go pelaelo gore fa e sa le ka nako eo, o ile wa dirisa yone temana eo go thusa ba bangwe gore ba itse Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa.—Bar. 10:12, 13.

2 Le fa go le botlhokwa gore batho ba itse leina Jehofa, kitso eo ka boyone fela ga e a lekana. Ela tlhoko kafa mopesalema a gatelelang ka gone ntlha e nngwe e e boammaaruri e e tlhokegang gore re bolokege fa a re: “Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Ee, Jehofa ke motho wa botlhokwa thata mo lobopong lotlhe. E re ka e le Mmopi wa dilo tsotlhe, o na le tshwanelo ya go lebelela gore dibopiwa tsa gagwe tsotlhe di mo ikobele ka botlalo. (Tshen. 4:11) Ka jalo, go a tshwanela gore re ipotse, ‘Ke mang yo o botlhokwa thata mo botshelong jwa me?’ Go botlhokwa gore re sekaseke ka kelotlhoko gore re araba potso eo jang!

Kgwetlho e e Tsositsweng Kwa Tshimong ya Edene

3, 4. Satane o kgonne jang go tsietsa Efa, mme diphelelo e ne ya nna dife?

3 O ka kgona go bona kafa potso eno e leng masisi ka gone fa o sekaseka ditiragalo tse di diragetseng bogologolo kwa tshimong ya Edene. Ke teng kwa moengele wa motsuolodi yo moragonyana a neng a bidiwa Satane Diabolo, a neng a raela mosadi wa ntlha e bong Efa gore a dire gore thato ya gagwe e tle pele ga taelo ya ga Jehofa ya gore ba se ka ba ja leungo la setlhare se se rileng. (Gen. 2:17; 2 Bakor. 11:3) O ne a ineela fa a raelwa ka tsela eo mme ka jalo a bontsha go se tlotle bolaodi jwa ga Jehofa. Efa ga a ka a tsaya Jehofa e le motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Mme gone, Satane o kgonne jang go raela Efa?

4 Satane o dirisitse maano a le mmalwa a a bofitlha fa a ne a bua le Efa. (Bala Genesise 3:1-5.) Sa ntlha, Satane ga a ka a dirisa leina la Modimo e bong Jehofa. O ne a bua fela ka “Modimo.” Go farologana le ene, mokwadi wa Genesise o ne a dirisa leina Jehofa mo temaneng ya ntlha ya kgaolo eo. Sa bobedi, go na le gore a bue ka ‘taelo’ ya Modimo, Satane o ne a botsa fela gore Modimo ‘o rileng.’ (Gen. 2:16) Satane a ka tswa a ne a leka go nyenyefatsa botlhokwa jwa taelo eo ka tsela eno e e bofitlha. Sa boraro, le fa a ne a bua le Efa fela, o ne a re, “lo.” Ka go bua jalo, a ka tswa a ne a leka go dira gore Efa a ikgodise, a leka go dira gore a ikutlwe e le motho yo o botlhokwa—e kete o a ipuelela ene le monna wa gagwe. Diphelelo e ne ya nna dife? Go lebega Efa a ile a ipagololela mogodu mme a buelela ene le monna wa gagwe fa a ne a raya noga a re: “Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana.”

5. (a) Satane o ne a dira gore Efa a tlhome mogopolo mo go eng? (b) Efa o ne a supa eng ka go ja ga leungo le le ileditsweng?

5 Gape Satane o ne a sokamisa dintlha. O ne a kaya gore Modimo o ne a se na tshiamiso fa a ne a batla gore Adame le Efa ba se ka ba “ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana.” Go tswa foo, Satane o ne a dira gore Efa a ikakanyetse ene fela le go akanya kafa a ka itokafaletsang botshelo ka teng gore a ‘tshwane le Modimo.’ Kgabagare, o ne a dira gore a akanye ka setlhare le leungo la sone go na  le gore a akanye ka kamano ya gagwe le Ene yo o mo neileng dilo tsotlhe. (Bala Genesise 3:6.) Ka maswabi, fa Efa a ne a ja leungo leo, o ne a bontsha gore Jehofa o ne a se botlhokwa mo botshelong jwa gagwe.

Kgang e e Tsogileng mo Motlheng wa ga Jobe

6. Satane o ne a belaela jang bothokgami jwa ga Jobe, mme Jobe o ne a newa tshono ya go dira eng?

6 Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a nna le tshono ya go supa gore ke mang yo a neng a le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Fa Jehofa a ne a bolelela Satane ka bothokgami jwa ga Jobe, Satane o ne a araba jaana: “A Jobe o boifa Modimo lefela?” (Bala Jobe 1:7-10.) Satane ga a ka a gana gore Jobe o ne a ikobela Modimo. Go na le moo, o ne a belaela maitlhomo a ga Jobe. Ka boferefere o ne a latofatsa Jobe ka gore o direla Jehofa ka ntlha ya bopelotshetlha e seng ka gonne a mo rata. Ke Jobe fela yo o neng a ka supa gore tatofatso eo e ne e le maaka, mme o ne a newa tshono ya gore a dire jalo.

7, 8. Jobe o ile a tshwanelwa ke go lebana le diteko dife, mme o ile a bontsha eng ka go itshoka ga gagwe ka boikanyegi?

7 Jehofa o ne a letla Satane gore a tlisetse Jobe masetlapelo a a tlhomaganeng. (Jobe 1:12-19) Jobe o ne a itshwara jang fa maemo a gagwe a fetoga? Re bolelelwa gore “ga a ka a leofa kgotsa a kaya fa Modimo a dirile sepe se se sa tshwanelang.” (Jobe 1:22) Mme seo ga se a ka sa dira gore Satane a tlhoke molomo. O ne a tswelela a ngongorega: “Letlalo mo boemong jwa letlalo, mme sengwe le sengwe se monna a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” * (Jobe 2:4) Satane o ne a kaya gore fa Jobe a ne a ka utlwa botlhoko mo mmeleng, o ne a tla swetsa ka gore Jehofa o ne a se botlhokwa thata mo go ene.

8 Jobe o ne a senngwa letlalo ke bolwetse jo bo ferosang sebete mme mosadi wa gagwe a mo tlhotlheletsa gore a hutse Modimo gore a swe. Moragonyana, bagomotsi ba maaka ba le bararo ba ne ba mo pega molato wa go se itshware sentle. (Jobe 2:11-13; 8:2-6; 22:2, 3) Le fa Jobe a ne a boga jalo, ga a ka a latlha bothokgami jwa gagwe. (Bala Jobe 2:9, 10.) Ka go itshoka ga gagwe ka boikanyegi, o ne a bontsha gore o tsaya Jehofa a le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Gape Jobe o ne a bontsha gore go a kgonega gore motho yo o sa itekanelang a arabe ditatofatso tsa ga Diabolo, le fa e ka nna ka tsela e e lekanyeditsweng fela.—Bapisa le Diane 27:11.

Karabo ya ga Jesu e e Tlhatswang Pelo

9. (a) Satane o ne a leka go raela Jesu jang ka dikeletso tsa nama? (b) Jesu o ne a dira eng fa a raelwa?

9 Nakwana fela morago ga gore Jesu a kolobediwe, Satane o ne a leka go mo raela gore a ikakanyetse ka bopelotshetlha go na le go dira gore Jehofa e nne ene motho wa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. Diabolo o ne a raela Jesu ka makgetlo a le mararo. La ntlha, o ne a leka go raela Jesu ka keletso  ya nama, a mo raela gore a fetole maje gore e nne senkgwe. (Math. 4:2, 3) Jesu o ne a sa tswa go itima dijo ka malatsi a le 40 mme o ne a tshwerwe ke tlala tota. Ka jalo, Diabolo o ne a mo tlhotlheletsa gore a dirise maatla a gagwe a go dira dikgakgamatso, ka tsela e e sa siamang gore a itirele dijo. Jesu o ne a dira eng? Go farologana le Efa, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo Lefokong la ga Jehofa mme ka bonako fela a se ka a ineelela thaelo eo.—Bala Mathaio 4:4.

10. Ke eng fa Satane a ne a gwetlha Jesu gore a itatlhele kwa tlase go tswa kwa setlhoeng sa tempele?

10 Gape Satane o ne a leka go raela Jesu gore a nne bogagapa. O ne a mo gwetlha gore a itatlhele kwa tlase go tswa kwa setlhoeng sa tempele. (Math. 4:5, 6) Satane o ne a batla go fitlhelela eng ka seo? Ka se a neng a se bua, o ne a kaya gore fa Jesu a ne a ka se gobale fa a wa, seo se ne se tla supa gore e ne e le “morwa Modimo.” Kwantle ga pelaelo, Diabolo o ne a batla gore Jesu a amege thata ka go itirela leina, go ya bokgakaleng jwa gore a dire tiro ya mponeng. Satane o ne a itse gore motho a ka dira sengwe se se kotsi fa a gwetlhiwa, e le ka ntlha ya boikgogomoso le ka ntlha ya go se batle go latlhegelwa ke tlotlo mo go ba bangwe. O ne a sokamisa temana ya Dikwalo, mme Jesu o ne a bontsha gore o tlhaloganya Lefoko la ga Jehofa sentle. (Bala Mathaio 4:7.) Fa Jesu a ne a gana go ineelela kgwetlho eo, le fano o ne a bontsha gore Jehofa o ne a le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe.

11. Ke eng fa Jesu a ile a gana fa Diabolo a ne a mo solofetsa magosi otlhe a lefatshe?

11 Fa jaanong Satane a setse a tlaletswe, o ne a raya Jesu a re o tla mo naya magosi otlhe a lefatshe. (Math. 4:8, 9) Ka bonako fela, Jesu o ne a gana magosi ao. O ne a lemoga gore go amogela magosi ao go tla bo go kaya gore o gana bolaodi jwa ga Jehofa—tshwanelo ya Modimo ya go nna Mogodimodimo. (Bala Mathaio 4:10.) Nako nngwe le nngwe fa Jesu a ne a araba Satane, o ne a nopola temana e e nang le leina, Jehofa.

12. Jesu o ile a lebana le tshwetso efe e e boima fa a atamela bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng, mme re ithuta eng mo tseleng e a neng a dira tshwetso eo ka yone?

12 Fa Jesu a ne a setse a tla go wetsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e boima thata. Ka nako yotlhe ya bodiredi  jwa gagwe, o ne a bontshitse gore o iketleeditse go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Math. 20:17-19, 28; Luke 12:50; Joh. 16:28) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a lemoga gore o ne a tlile go latofadiwa ka maaka mme a atlholwe ka thulaganyo ya molao wa Sejuda a bo a bolawe jaaka e kete ke motlhapatsi. Kgang eno e e ka ga loso lwa gagwe e ne ya mo utlwisa botlhoko thata. O ne a rapela jaana: “Rra, fa go kgonega, a senwelo seno se mphete.” Mme o ne a tswelela: “Le fa go ntse jalo, e seng jaaka go rata nna, mme jaaka go rata wena.” (Math. 26:39) Ee, go ikanyega ga ga Jesu go fitlha a swa go ne ga bontsha gore tota ke mang yo o neng a le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe!

Rona re Araba Potso eo Jang?

13. Go tla go fitlha jaanong, re ithutile eng ka sekao sa ga Efa, sa ga Jobe le sa ga Jesu Keresete?

13 Go tla go fitlha jaanong, re ithutile eng? Mo kgannyeng ya ga Efa, re ithutile gore batho ba ba ineelelang dikeletso tsa bopelotshetlha le go batla go nna botlhokwa thata, ba bontsha gore ga ba tseye Jehofa a le botlhokwa mo botshelong jwa bone. Mme bothokgami jwa ga Jobe jone bo re ruta gore tota le batho ba ba sa itekanelang ba ka bontsha gore Jehofa o tla pele mo botshelong jwa bone ka go nna ba itshokela mathata ka boikanyegi—le fa ba sa tlhaloganye ka botlalo lebaka la mathata a bone. (Jak. 5:11) Mme sekao sa ga Jesu sone, se re ruta gore re iketleeletse go tlhabisiwa ditlhong le gore re se ka ra batla go ikakanyetsa rona fela. (Baheb. 12:2) Mme gone, re ka dirisa jang se re se ithutileng fano?

14, 15. Tsela e Jesu a ileng a itshwara ka yone fa a lekwa e farologana jang le e Efa a ileng a itshwara ka yone, mme re ka etsa Jesu jang? (Akgela ka setshwantsho se se mo tsebe 18.)

14 Le ka motlha ga o a tshwanela go letla dithaelo di dira gore o lebale Jehofa. Efa o ne a itetla go tlhoma matlho mo go se a neng a raelwa ka sone. O ne a bona leungo le le “molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa.” (Gen. 3:6) Ruri tsela e a ileng a dira ka yone e farologane thata le kafa Jesu a ileng a itshwara ka teng fa a ne a lekwa ka makgetlo a mararo! Mo lekgetlong lengwe le lengwe Jesu o ne a kgona go bona diphelelo tsa go ineela mo tekong eo mme a akanya ka ditlamorago tsa gone. O ne a ikaega ka Lefoko la Modimo mme a dirisa leina Jehofa.

15 Fa re lebane le thaelo ya go dira sengwe se se sa itumediseng Jehofa, re tlhoma mogopolo mo go eng? Fa re nna re o tlhomile mo thaelong, keletso ya go dira se se phoso e tla gola. (Jak. 1:14, 15) Re tshwanetse go kumola keletso eo ka bonako, tota le fa go dira jalo go ka lebega e le sengwe se se thata, jaaka go kgaola karolo nngwe ya mmele. (Math. 5:29, 30) Fela jaaka Jesu, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo diphelelong tsa se re se dirang—kafa di tla amang kamano ya rona le Jehofa ka gone. Re tshwanetse go gakologelwa se Lefoko la gagwe, Baebele le se buang. Fa re dira jalo ke gone fela re ka kgonang go bontsha gore ruri Jehofa o botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.

16-18. (a) Ke eng se se ka re kgobang marapo? (b) Ke eng se se tla re thusang go itshokela maemo a a ngomolang pelo?

16 Ga o a tshwanela go letla masetlapelo a a go tlhagelang a dire gore o galefele Jehofa. (Dia. 19:3) Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo, bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba amiwa ke dikotsi le masetlapelo. Ga re a lebelela gore gone jaanong re tla bolokiwa ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jobe, re ka nna ra kgobega marapo fa re latlhegelwa ke batho ba re ba ratang kgotsa fa re lebana le mathata mangwe.

17 Jobe o ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa Jehofa a letla dilo dingwe gore di direge, mme le rona ka dinako dingwe re ka tswa re sa tlhaloganye gore ke eng fa dilo tse di bosula di direga. Gongwe re utlwetse ka bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba bolailweng ke thoromo ya lefatshe, jaaka e e neng ya direga kwa Haiti, kgotsa ba ba bolailweng ke masetlapelo mangwe a tlholego. Kgotsa re ka tswa re itse ka mmoloka bothokgami mongwe yo o neng a utlwisiwa botlhoko mo tirong nngwe ya thubakanyo kgotsa a swa mo kotsing e e setlhogo. Kgotsa re ka lebana le maemo mangwe a a ngomolang pelo kgotsa a re tsayang gore ke go tlhoka tshiamiso ka tsela nngwe. Ka ntlha ya go tlalelwa, re ka akanya jaana: ‘Ao tlhe, Jehofa. Goreng nna? Ke dirile eng se se phoso?’ (Hab. 1:2, 3) Ke eng se se ka re thusang go itshokela maemo a a ntseng jalo?

18 Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra akanya gore ditiragalo tse di ntseng jalo di supa  gore Jehofa ga a re amogele. Jesu o ne a gatelela ntlha eno fa a ne a bolela ka masetlapelo a mabedi a a neng a direga mo motlheng wa gagwe. (Bala Luke 13:1-5.) Masetlapelo a mantsi a direga ka ntlha ya “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Mme go sa kgathalesege gore ke eng se se re ngomolang pelo, re ka kgona go emelana le sone fa re tlhoma mogopolo mo ‘Modimong wa kgomotso yotlhe.’ O tla re naya nonofo e re e tlhokang gore re kgone go tswelela re ikanyega.—2 Bakor. 1:3-6.

19, 20. Ke eng se se ileng sa thusa Jesu gore a itshokele maemo a a tlhabisang ditlhong, mme ke eng se se ka re thusang gore le rona re dire jalo?

19 Le ka motlha ga o a tshwanela go tlhoma mogopolo mo go ikgogomoseng le mo go boifeng go tlhabiwa ke ditlhong. Go ikokobetsa ga ga Jesu go ile ga mo thusa gore a kgone go ‘iithontsha, a bo a tsaya sebopego sa motlhanka.’ (Bafil. 2:5-8) O ne a kgona go itshokela maemo a le mantsi a a neng a tlhabisa ditlhong ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa. (1 Pet. 2:23, 24) Ka go dira jalo, Jesu o ne a dira gore thato ya ga Jehofa e tle pele mo botshelong jwa gagwe, mme seo se ile sa felela ka gore a godisediwe kwa boemong jo bo kwa godimo. (Bafil. 2:9) Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe gore le bone ba tshele botshelo jo bo tshwanang le joo.—Math. 23:11, 12; Luke 9:26.

20 Ka dinako dingwe, diteko tse di re tlhagelang tse di lekang tumelo ya rona di ka re tlhabisa ditlhong. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna le tsholofelo jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a re: “Ka lone lebaka leno gape ke boga dilo tseno, mme ga ke tlhabiwe ke ditlhong. Gonne ke itse yo ke mo dumetseng, mme ke tshepa gore o kgona go disa se ke se mo neileng e le boikarabelo go fitlha ka letsatsi leo.”—2 Tim. 1:12.

21. Le fa lefatshe leno le na le moya wa bogagapa, wena o ititeile sehuba go dira eng?

21 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona, batho ba tla nna “baithati.” (2 Tim. 3:2) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba re tshelang le bone ba rata go ipaya kwa pele. A le ka motlha re se ka ra tshwaediwa ke mokgwa o o ntseng jalo wa bogagapa! Go na le moo, le fa re ka tswa re lebane le thaelo, re tlhagetswe ke masetlapelo kgotsa re lebane le maemo a a ka re tlhabisang ditlhong, a mongwe le mongwe wa rona a ititeye sehuba go supa gore ruri Jehofa ke motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bakanoki bangwe ba Baebele ba akanya gore polelwana “letlalo mo boemong jwa letlalo” e ka tswa e kaya gore Jobe o ne a tla nna pelotshetlha mme a iketleeletse go letla bana ba gagwe le diphologolo tsa gagwe gore di latlhegelwe ke letlalo kgotsa botshelo jwa tsone, fa ene a ka boloka letlalo kgotsa botshelo jwa gagwe. Ba bangwe ba akanya gore polelwana eo e gatelela gore motho a ka tlhopha go latlhegelwa ke letlalo gore a boloke botshelo jwa gagwe. Ka sekai, motho a ka ithiba tlhogo ka seatla fa a itewa, ka go dira jalo a latlhegelwa ke letlalo gore a boloke letlalo le lengwe. Go sa kgathalesege gore leele leo le ne le kaya eng, ga go pelaelo gore le ne le gatelela gore Jobe o ne a ka itetla go latlhegelwa ke sengwe le sengwe fa fela a ka boloka botshelo jwa gagwe.

Re ka Ithuta Eng mo . . . 

• tseleng e Satane a ileng a raela Efa ka yone?

• tseleng e Jobe a ileng a itshwara ka yone fa a tlhagelwa ke masetlapelo?

• go se tota se neng se le botlhokwa thata mo go Jesu?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Efa ga a ka a dira gore kamano ya gagwe le Jehofa e nne yone e tlang pele

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a gana go ineelela dithaelo tsa ga Satane mme a tlhoma mogopolo mo go direng thato ya ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Go neela bosupi mo ditenteng morago ga thoromo ya lefatshe kwa Haiti

Ka dinako tsa masetlapelo, re ka tlhoma mogopolo mo ‘Modimong wa kgomotso yotlhe’