Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’

‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’

 ‘A Boteng Jwa Botlhale Jwa Modimo!’

“A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!”—BAR. 11:33.

1. Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba na le tshiamelo efe e kgolo thata?

KE TSHIAMELO efe e kgolo thata e o kileng wa e newa? Kwa tshimologong, o ka nna wa akanya ka kabelo kgotsa tlotla nngwe e o kileng wa e newa. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba neilwe tshiamelo e kgolo go di gaisa ya go nna le kamano e e gaufi le Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri e bong Jehofa. Seno se ne sa felela ka gore re “itsiwe ke ene.”—1 Bakor. 8:3; Bagal. 4:9.

2. Ke eng fa go itse Jehofa le go itsiwe ke ene e le tshiamelo e kgolo jaana?

2 Ke eng fa go itse Jehofa le go itsiwe ke ene e le tshiamelo e kgolo thata? Ka gonne ke Motho yo Mogolo go gaisa mo lobopong lotlhe e bile ke Mosireletsi wa ba a ba ratang. Moporofeti Nahume o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Jehofa o molemo, ke kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego. Gape o itse ba ba batlang botshabelo mo go ene.” (Nah. 1:7; Pes. 1:6) Tota e bile, tsholofelo e re nang le yone ya botshelo jo bo sa khutleng e ikaegile ka gore re itse Modimo wa boammaaruri le Morwawe e bong Jesu Keresete.—Joh. 17:3.

3. Go itse Modimo go akaretsa eng?

3 Go itse Modimo ga go kaye fela go itse leina la gagwe. Re tshwanetse go mo itse jaaka Tsala, re itse gore o rata eng le gore o tlhoile eng. Gape go botlhokwa gore re tshele go dumalana le kitso eo gore re bontshe gore tota re itse Modimo. (1 Joh. 2:4) Mme gone go tlhokega sengwe gape fa e le gore ruri re rata go itse Jehofa. Ga re a tshwanela go itse se a re diretseng sone fela mme re tshwanetse go itse gore o se dirile jang le gore ke ka ntlha yang fa a dirile jalo. Fa re ntse re tlhaloganya botoka maikaelelo a ga Jehofa, re tla nna re tlhotlheletsega go gakgamalela ‘boteng jwa botlhale jwa Modimo.’—Bar. 11:33.

Modimo yo o Nang le Boikaelelo

4, 5. (a) Lefoko “boikaelelo” le kaya eng go ya kafa le dirisitsweng ka gone mo Baebeleng? (b) Bontsha kafa boikaelelo bo ka fitlhelelwang ka gone ka ditsela di le mmalwa.

4 Jehofa ke Modimo yo o nang le boikaelelo mme Baebele e bua ka “boikaelelo [jwa gagwe] jo bo sa feleng.” (Baef. 3:10, 11) Tota polelwana eno e kaya eng? Mo Baebeleng lefoko “boikaelelo,” le kaya mokgele o o rileng kgotsa maitlhomo a a ka fitlhelelwang ka ditsela tse di farologaneng.

5 Ka sekai: Motho a ka batla go tsaya loeto go ya kwa lefelong le le rileng. Ka jalo, go fitlha koo e nna mokgele kana boikaelelo jwa gagwe. Go ka tswa go na le dipalangwa tse di farologaneng tse a ka di dirisang le ditsela di le mmalwa tse a ka di tsayang go ya koo. Fa a ntse a tsamaya mo tseleng e a e tlhophileng, a ka nna a lebana le maemo a bosa a a neng a sa a lebelela, pharakano le go tswalwa ga ditsela mo go ka mo tlhokang gore a tseye tsela e sele. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalasege gore o tlhoka go dira diphetogo dife, fa a fitlha kwa a yang gone o tla bo a fitlheletse mokgele wa gagwe.

6. Jehofa o bontshitse jang gore o a fetofetoga gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe?

6 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o bontshitse gore o a fetofetoga gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong. E re ka a akanyetsa kgololesego ya go itlhophela e dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di nang le yone, o nna a iketleeleditse go fetola tsela e a diragatsang boikaelelo  jwa gagwe ka yone. Ka sekai, mma re sekaseke kafa Jehofa a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka gone malebana le Losika lo lo solofeditsweng. Kwa tshimologong, Jehofa o ne a bolelela batho ba babedi ba ntlha: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Gen. 1:28) A boikaelelo jo a neng a bo buile bo ile jwa kgorelediwa ke botsuolodi jwa kwa tshimong ya Edene? Le e seng! Jehofa o ne a tsaya kgato ka bonako ka boemo joo jo bo fetogileng ka go dirisa “tsela” e nngwe go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. O ne a bolelelapele go nna gone ga “losika” lo lo neng lo tla dirolola tshenyo e e bakilweng ke batsuolodi.—Gen. 3:15; Baheb. 2:14-17; 1 Joh. 3:8.

7. Re ithuta eng ka tsela e Jehofa a itlhalosang ka yone mo go Ekesodo 3:14?

7 Ntlha ya gore Jehofa o kgona go fetofetoga le maemo a masha a a tlhagang gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe, e dumalana le tsela e a itlhalosang ka yone. Fa Moshe a ne a bolelela Jehofa ka dilo tse di neng di tla mo kgoreletsa mo kabelong e a neng a e neilwe, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “‘Ke tla nna se ke tla nnang sone.’ Mme a oketsa a re: ‘O tla raya bomorwa Iseraele o re, “Ke tla nna o nthomile kwa go lona.”’” (Ekes. 3:14) Ruri Jehofa o kgona go nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone gore a fitlhelele boikaelelo jwa gagwe ka botlalo! Moaposetoloi Paulo o tshwantsha seno sentle mo kgaolong ya 11 ya buka ya Baroma. Mo go yone o bua ka setlhare sa motlhware sa tshwantshetso. Go tlhatlhoba setshwantsho seno go tla re thusa go oketsa tsela e re anaanelang botlhale jwa ga Jehofa ka yone, re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kana ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.

Boikaelelo Jwa ga Jehofa ka Losika lo lo Solofeditsweng

8, 9. (a) Ke dintlha dife tse nnè tsa konokono tse di tla re thusang go tlhaloganya setshwantsho sa setlhare sa motlhware? (b) Ke potso efe e karabo ya yone e senolang gore Jehofa o fetofetoga le maemo gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe?

8 Pele ga re ka tlhaloganya setshwantsho sa setlhare sa motlhware, re tshwanetse go itse dintlha di le nnè tse di amanang le go diragadiwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le losika lo lo solofeditsweng. Ya ntlha, Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore “setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa” ka losika lwa gagwe kgotsa ditlogolwana tsa gagwe. (Gen. 22:17, 18) Ya bobedi, setšhaba sa Iseraele se se tswang mo go Aborahame se ne sa newa tsholofelo ya go ntsha “bogosi jwa baperesiti.” (Ekes. 19:5, 6) Ya boraro, fa bontsi jwa Baiseraele ba tlholego ba ne ba sa amogele Mesia, Jehofa o ne a tsaya dikgato dingwe go dira gore go nne le “bogosi jwa baperesiti.” (Math. 21:43; Bar. 9:27-29) Ya bofelo, le fa Jesu e le ene karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame, ba bangwe ba newa tshiamelo ya go nna karolo ya losika loo.—Bagal. 3:16, 29.

9 Mo godimo ga dintlha tseno tse nnè tsa konokono tse di umakilweng, buka ya Tshenolo e re lemosa gore batho ba le 144 000 ba tla busa le Jesu e le dikgosi le baperesiti kwa legodimong. (Tshen. 14:1-4) Gape bano ba kaiwa e le “bomorwa Iseraele.” (Tshen. 7:4-8) Le fa go ntse jalo, a botlhe ba ba 144 000 ke Baiseraele kgotsa Bajuda ba tlholego? Karabo ya potso eo e bontsha kafa Jehofa a fetofetogang le maemo ka gone gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Mma jaanong re bone kafa lekwalo le moaposetoloi Paulo a le kwaletseng Baroma le re thusang ka gone go bona karabo ya potso eo.

“Bogosi Jwa Baperesiti”

10. Setšhaba sa Iseraele se ne se na le tsholofelo efe e e sa tshwaneng le e ope a neng a na le yone?

10 Jaaka go umakilwe pelenyana, setšhaba sa Iseraele e ne e le sone fela se se neng se na le tsholofelo ya go bopa maloko a “bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.” (Bala Baroma 9:4, 5.) Mme go ne go tla direga eng fa Losika lo lo solofeditsweng lo goroga? A setšhaba sa Iseraele sa tlholego se tla ntsha palo e e feletseng ya Baiseraele ba semoya ba ba 144 000 ba ba tla nnang karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame?

11, 12. (a) Go tlhophiwa ga ba ba tla bopang karolo ya Bogosi jwa legodimo go simolotse leng, mme bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba itshwara jang? (b) Jehofa o ne a dira jang gore “palo e e tletseng” ya ba ba tla nnang losika lwa ga Aborahame e felele?

11 Bala Baroma 11:7-10. Setšhaba sa Bajuda  ba lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa gana Jesu. Ka jalo, ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya gore e nne bone fela ba ba ka ntshang losika lwa ga Aborahame. Le fa go ntse jalo, fa ba ba tla bopang “bogosi jwa baperesiti” jwa kwa legodimong ba ne ba simolola go tlhophiwa ka Pentekosete ya 33 C.E., go ne go na le Bajuda bangwe ba ba dipelo tse di siameng ba ba neng ba amogela taletso eo. E re ka ba ne ba le dikete di le mmalwa fela, ba ne ba tshwana le “masalela” fela fa ba bapisiwa le setšhaba sotlhe sa Bajuda.—Bar. 11:5.

12 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tla dira jang gore “palo e e tletseng” ya ba ba neng ba tla nna losika lwa ga Aborahame e felele? (Bar. 11:12, 25) Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo o araba jang: “Ga go jaaka e kete lefoko la Modimo le ne le paletswe. Gonne ga se botlhe ba ba tswang mo Iseraele [wa tlholego] ba tota e leng ‘Iseraele.’ Le gone ga se gore botlhe ke bana [karolo ya losika lwa ga Aborahame] ka gonne e le losika [bana] lwa ga Aborahame . . . Ke gore, bana ba ba mo nameng tota ga se bana ba Modimo, mme bana ba tsholofetso ba kaiwa e le losika.” (Bar. 9:6-8) Ka jalo, go ne go sa tlhokege gore motho e nne wa losika lwa ga Aborahame lwa tlholego gore boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo malebana le losika bo diragadiwe.

Setlhare sa Motlhware sa Tshwantshetso

13. Ke eng se se emelwang ke (a) setlhare sa motlhware, (b) modi wa sone, (c) kutu ya sone le (d) dikala tsa sone?

13 Moaposetoloi Paulo o tswelela ka go bapisa ba ba nnang karolo ya losika lwa ga Aborahame le dikala tse di mo setlhareng sa motlhware sa tshwantshetso. * (Bar. 11:21) Setlhare seno sa motlhware se se jetsweng se emela go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo malebana le kgolagano ya ga Aborahame. Modi wa setlhare seo o boitshepo mme o emela Jehofa e re ka e le ene yo o nayang Iseraele wa semoya botshelo. (Isa. 10:20; Bar. 11:16) Kutu ya sone e emela Jesu e re ka e le ene karolo ya konokono ya losika lwa ga Aborahame. Dikala tsa sone tsotlhe di emela “palo e e tletseng” ya batho ba ba bopang karolo ya bobedi ya losika lwa ga Aborahame.

14, 15. Ke bomang ba ba neng ba “amololwa” mo setlhareng sa motlhware se se jetsweng, mme ke bomang ba ba neng ba lomelelwa mo go sone?

14 Mo setshwantshong sa setlhare sa motlhware, Bajuda ba tlholego ba ba ileng ba gana Jesu ba tshwantshanngwa le dikala tsa motlhware tse di neng tsa “amololwa.” (Bar. 11:17) Ka jalo, ba ne ba latlhegelwa ke tshono ya go nna karolo ya losika lwa ga Aborahame. Mme ba ne ba tla emisediwa ka bomang? Bajuda ba tlholego ba ba neng ba  ikgogomosa ka gore ke ditlogolwana tsa tlholego tsa ga Aborahame, ba ne ba se kitla ba dumela karabo ya potso eo. Mme gone, Johane Mokolobetsi o ne a setse a ba tlhagisitse gore fa Jehofa a ne a batla, o ne a ka tsosetsa Aborahame bana mo majeng.—Luke 3:8.

15 Ka jalo, Jehofa o ne a dira eng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe? Paulo o tlhalosa gore dikala tsa setlhare sa motlhware sa naga di ne di tla lomelelwa mo setlhareng sa motlhware se se jetsweng gore di emele dikala tse di robilweng. (Bala Baroma 11:17, 18.) Ka jalo, Bakeresete ba baditšhaba ba ba tloditsweng ka moya, ba ba jaaka bangwe ba ba mo phuthegong ya kwa Roma, ba ne ba lomelelwa ka tsela ya tshwantshetso mo setlhareng seno sa motlhware sa tshwantshetso. Ka tsela eno, ba ne ba nna karolo ya losika lwa ga Aborahame. Kwa tshimologong ba ne ba tshwana le dikala tsa setlhare sa motlhware sa naga, ba se na tshono epe ya go nna karolo eno ya kgolagano e e kgethegileng. Mme Jehofa o ne a ba bulela tsela ya gore le bone ba nne Bajuda ba semoya.—Bar. 2:28, 29.

16. Moaposetoloi Petere o tlhalositse jang go bopiwa ga setšhaba se sesha sa semoya?

16 Moaposetoloi Petere o tlhalosa boemo jono jaana: “Jalo, [Jesu Keresete] o tlhwatlhwakgolo mo go lona [Iseraele wa semoya, go akaretsa le Bakeresete ba Baditšhaba], ka gonne lo badumedi; mme mo go ba ba sa dumeleng, ‘leje le le tshwanang le baagi ba neng ba le gana le fetogile tlhogo ya sekhutlo,’ le ‘leje le le kgopang le lefika la kgopiso.’ . . . Mme lona lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang. Gonne lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo; lo ne lo le ba ba neng ba sa bontshiwa kutlwelobotlhoko, mme jaanong lo ba ba bontshitsweng kutlwelobotlhoko.”—1 Pet. 2:7-10.

17. Ke jang sengwe se Jehofa a se dirileng se neng ‘se se kafa tlholegong’?

 17 Jehofa o ne a dira sengwe se ba le bantsi ba ka se lebang e le sengwe se se sa lebelelwang gotlhelele. Paulo o tlhalosa gore se se diregileng ga ‘se kafa tlholegong.’ (Bar. 11:24) Jang? Go ne go tla lebega go sa tlwaelega e bile e se ga tlholego go lomelela kala ya setlhare sa naga mo setlhareng se se jetsweng; le fa go ntse jalo seo ke se balemi bangwe ba neng ba se dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. * Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a dira sengwe se se sa tlwaelegang. Go ya ka Bajuda, Baditšhaba ba ne ba ka se kgone go ungwa maungo a a amogelesegang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira gore bone bano e nne karolo ya “setšhaba” se se ungwang maungo a Bogosi. (Math. 21:43) Go simolola ka go tlodiwa ga ga Korenelio—Moditšhaba wa ntlha yo o sa rupang yo o neng a sokologa—ka 36 C.E., tshono e ne e bulegetse batho ba ba sa rupang ba e neng e se Bajuda gore ba lomelelwe mo setlhareng seno sa motlhware sa tshwantshetso.—Dit. 10:44-48. *

18. Bajuda ba tlholego ba ne ba bulegetswe ke tshono efe morago ga 36 C.E.?

18 A seno se raya gore morago ga 36 C.E., go ne go sa tlhole go na le tshono epe e e bulegetseng Bajuda ba tlholego gore ba nne karolo ya losika lwa ga Aborahame? Nnyaa. Paulo o tlhalosa jaana: “Le bone [Bajuda ba tlholego], fa ba sa nnele ruri mo go tlhokeng tumelo ga bone, ba tla lomelelwa; gonne Modimo o kgona go ba lomelela gape. Gonne fa e le gore o ne wa amololwa mo setlhareng sa motlhware se e leng sa naga ka tlholego mme o ne wa lomelelwa e se ka fa tlholegong mo setlhareng sa motlhware sa tshingwana, a bo bano ba e leng ba tlholego ba tla lomelelwa mo setlhareng sa bone sa motlhware jang ne!” *Bar. 11:23, 24.

“Iseraele Yotlhe e Tla Bolokwa”

19, 20. Ke eng se Jehofa a se fitlhelelang jaaka go bontshitswe ka setlhare sa motlhware sa tshwantshetso?

19 Ee, boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le “Iseraele wa Modimo” bo diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang. (Bagal. 6:16) Fela jaaka Paulo a buile, “Iseraele yotlhe e tla bolokwa.” (Bar. 11:26) Ka nako e Jehofa a e tlhomileng, “Iseraele yotlhe”—ke gore, palo e e feletseng ya Iseraele wa semoya—e tla nna dikgosi le baperesiti kwa legodimong. Ga go na sepe se se ka dirang gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo iteye sefololetse!

20 Fela jaaka go ile ga bolelelwa pele, losika lwa ga Aborahame—Jesu Keresete le ba ba 144- 000—lo tla leretse ‘batho ba ditšhaba’ masego. (Bar. 11:12; Gen. 22:18) Ka tsela eno, batho botlhe ba Modimo ba solegelwa molemo ke thulaganyo eno. Ke boammaaruri gore fa re ntse re tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone, re gakgamadiwa ke “boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso.”—Bar. 11:33.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Go bonala sentle gore setlhare sa motlhware ga se tshwantshetse Iseraele wa tlholego. Le fa Iseraele wa tlholego a ile a ntsha dikgosi le baperesiti, setšhaba seno ga se a ka sa nna sa bogosi jwa baperesiti. Kwa Iseraele molao o ne o thibela dikgosi go nna baperesiti. Ka jalo, setlhare sa motlhware se ne se ka se ka sa tshwantshetsa setšhaba seno. Paulo o ne a dirisa setshwantsho seno go bontsha kafa boikaelelo jwa Modimo jwa go ntsha “bogosi jwa baperesiti” bo diragadiwang ka gone malebana le Iseraele wa semoya. Eno ke tlhaloso ya bosheng ya dintlha tse di tlhalositsweng mo go Tora ya Tebelo ya February 1, 1984, tsebe 13-18.

^ ser. 17 Seno se ne sa direga kwa bokhutlong jwa dingwaga tse tharo le sephatlo tse e neng e le tshono e e neng e neilwe Bajuda ba tlholego gore ba nne karolo ya setšhaba se sesha sa semoya. Boporofeti jo bo malebana le dibeke di le 70 tsa dingwaga bo ne bo boleletse pele ka seno.—Dan. 9:27.

^ ser. 18 Noko e e simololang ya lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tshingwana” mo go Baroma 11:24 e tswa mo lefokong le le kayang “molemo,” “molemolemo” kgotsa “sengwe se se diragatsang boikaelelo jo se bo diretsweng.” Gantsi e dirisediwa dilo tse di diragatsang maikaelelo a di a diretsweng.

A o A Gakologelwa?

• Re ithuta eng ka Jehofa mo tseleng e a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone?

• Mo go Baroma kgaolo 11, ke eng se se emelwang ke . . . 

setlhare sa motlhware?

modi wa sone?

kutu ya sone?

dikala tsa sone?

• Ke eng fa go lomelelwa ga setlhare sa motlhware go “se kafa tlholegong”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

 Go Lomelelwa ga Dikala Tsa Setlhare sa Motlhware sa Naga—Ka Ntlha Yang?

▪ Lucius Junius Moderatus Columella e ne e le lesole la kwa Roma e bile e le molemirui yo o neng a tshela mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. O itsege thata ka dibuka tse 12 tse a di kwadileng tse di kaga botshelo jwa kwa polasing le temothuo.

Mo bukeng ya gagwe ya botlhano, o nopola seane seno sa bogologolo: “Yo o lemang setlhare sa motlhware, o se kopa leungo; yo o se tshelang motshotelo o se lopa leungo; yo o se pomang dikala, o se pateletsa go ungwa.”

Morago ga go tlhalosa ka ditlhare tse di golang sentle mme di palelwa ke go ntsha maungo, o buelela mokgwa ono: “Go molemo go se phunya mme o bo o tsenya kala e tala ya setlhare sa motlhware wa naga mo o phuntseng teng; kwa bofelong setlhare se go tsentsweng kala eo mo go sone, se ntsha maungo le go feta.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o tlhaloganya setshwantsho sa setlhare sa motlhware sa tshwantshetso?