Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Jehofa ka Bomasisi Jotlhe

Go Direla Jehofa ka Bomasisi Jotlhe

 Go Direla Jehofa ka Bomasisi Jotlhe

“Dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi . . . tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—BAFIL. 4:8.

1, 2. Ke eng se se dirileng gore batho ba le bantsi mo lefatsheng ba se ka ba tsaya botshelo masisi, mme seno se tsosa dipotso dife?

RE TSHELA mo nakong e e boima le e e utlwisang botlhoko go gaisa tsotlhe mo hisitoring ya motho. Mo bathong ba ba se nang kamano e e atamalaneng le Jehofa, go lepalepana le “dinako [tseno] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,” go ka lebega e le sengwe se se sa kgonegeng. (2 Tim. 3:1-5) Ba ikaegile ka nonofo ya bone gore ba kgone go tshela letsatsi le letsatsi—mme gantsi ba a palelwa. Bangwe ba tila go tsaya dilo masisi ka tsela e e feteletseng ka go tshelela menate le boitlosobodutu, ba leka go itebatsa mathata a botshelo.

2 Gantsi batho ba leka go emelana le mathata a botshelo ka go dira gore go rata menate e nne selo se se tlang pele mo matshelong a bone. Fa Bakeresete ba sa ikele tlhoko, go ka nna motlhofo gore le bone ba tshele ka yone tsela eo. Re ka tila seo jang? A seno se raya gore ka dinako tsotlhe re tshwanetse go tsaya dilo masisi mme re sa itumelele botshelo? Re ka bontsha jang tekatekano magareng ga go ijesa monate le go diragatsa maikarabelo a rona? Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e tshwanetseng go re kaela, gore le fa tsela e re tshelang ka yone e bontsha gore re tsaya dilo masisi, re se ka ra feteletsa dilo?

Go Tsaya Dilo Masisi mo Lefatsheng le le Ratang Menate

3, 4. Dikwalo di re thusa jang go bona botlhokwa jwa go tsaya dilo masisi?

3 Boammaaruri ke gore, lefatshe leno le dira gore dilo tse di seng botlhokwa tse di jaaka ‘go rata menate,’ e nne dilo tse di tlang pele mo botshelong. (2 Tim. 3:4) Tsela e le gatelelang go ijesa monate ka yone e ka tsenya kamano ya rona le Jehofa mo kotsing. (Dia. 21:17) Ka jalo, go a utlwala go bo makwalo a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo le Tito a ne a akaretsa kgakololo e e malebana le go tsaya dilo masisi. Go dirisa kgakololo eo go tla re thusa gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke mokgwa wa lefatshe leno wa go se tseye dilo masisi.—Bala 1 Timotheo 2:1, 2; Tito 2:2-8.

4 Makgolokgolo a dingwaga pelenyana, Solomone o ne a kwala ka botlhokwa jwa gore ka dinako dingwe re itime menate gore re kgone go tsaya dilo tse di botlhokwa masisi. (Mor. 3:4; 7:2-4) Ke boammaaruri gore e re ka botshelo bo le bokhutshwane, re tshwanetse go ‘iteka ka tlhagafalo’ gore re kgone go bolokega. (Luke 13:24) Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go nna re ela tlhoko dilo tsotlhe “tse di tsewang ka masisi.” (Bafil. 4:8, 9) Seno se kaya gore re tshwanetse go ela tlhoko dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa Bokeresete.

5. Ke karolo efe ya botshelo e re tshwanetseng go e tsaya e le botlhokwa?

5 Ka sekai, Bakeresete ba etsa Jehofa le Jesu ka go tsaya boikarabelo jwa bone jwa go dira ka natla e le jwa botlhokwa. (Joh. 5:17) Ka ntlha ya seo, gantsi ba akgolelwa mekgwa ya bone e e siameng ya go bereka le go ikanyega ga bone. Ditlhogo tsa malapa ke tsone tse segolobogolo di amegang ka go dira ka natla go tlamela ba malapa a tsone. Kana e bile, go se tlamele ba lelapa ka dilo tse ba di tlhokang ke go ‘itatola tumelo’ e leng se se tshwanang fela le go itatola Jehofa!—1 Tim. 5:8.

Go Tsaya Kobamelo ya Rona e le Masisi Mme Gone e Ipedisa

6. Re itse jang gore re tshwanetse go tsaya go obamela Jehofa go le masisi?

6 Le ka motlha Jehofa ga a ise a tseye kobamelo ya boammaaruri e se botlhokwa. Ka sekai, mo  Molaong wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba lebana le ditlamorago tse di botlhoko fa ba ne ba fapoga kobamelo ya ga Jehofa. (Josh. 23:12, 13) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., balatedi ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go lwa ka natla go dira gore kobamelo ya boammaaruri e se ka ya leswafadiwa ke dithuto le mekgwa e e bosula. (2 Joh. 7-11; Tshen. 2:14-16) Le gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba sa ntse ba tsaya kobamelo ya bone masisi.—1 Tim. 6:20.

7. Paulo o ne a baakanyetsa bodiredi jwa gagwe jang?

7 Tirelo ya rona ya tshimo e re naya lebaka la go ipela. Le fa go ntse jalo, gore re kgone go tswelela re ipelela bodiredi, re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka jone le go baakanyetsa go sa le gale. Paulo o ne a tlhalosa tsela e a ileng a akanya ka batho ba a neng a ba ruta ka yone. O ne a kwala jaana: “Ke ntse dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe, gore kafa go ka kgonegang ka gone ke boloke bangwe. Mme ke dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore ke tle ke di abalane le ba bangwe.” (1 Bakor. 9:22, 23) Paulo o ne a itumelela go thusa batho semoyeng, mme o ne a nna a akanya ka kelotlhoko gore o tla naya jang bareetsi ba gagwe se ba se tlhokang. Ka jalo, o ne a kgona go ba kgothatsa le go ba rotloetsa gore ba obamele Jehofa.

8. (a) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka batho ba re ba rutang fa re le mo bodireding? (b) Go tshwara thuto ya Baebele go ka dira jang gore re itumelele bodiredi?

8 Paulo o ne a tsaya bodiredi bo le botlhokwa ka tsela efe? O ne a iketleeleditse go ‘nna motlhanka’ wa ga Jehofa mmogo le wa ba ba neng ba tla reetsa molaetsa wa boammaaruri. (Bar. 12:11; 1 Bakor. 9:19) Fa re diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go ruta batho Lefoko la Modimo—e ka tswa e le ka nako ya thuto ya legae ya Baebele, ya dipokano tsa Bokeresete kgotsa ka nako ya Kobamelo ya Lelapa—a re lemoga boikarabelo jo re nang le jone mo bathong ba re ba rutang? Gongwe re akanya gore go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele ke mokgweleo o re ka se kgoneng go o sikara. Ke boammaaruri gore gantsi go tlhokega gore re tseye nako mo dilong tsa rona tsa botho mme re dirise nako eo go thusa ba bangwe. Mme a seo ga se dumalane le mafoko a ga Jesu a gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng”? (Dit. 20:35) Go ruta batho ba bangwe tsela e e isang kwa polokong go tla re leretse boitumelo jo bo ka se kang jwa bapisiwa le tiro le fa e ka nna efe e nngwe.

9, 10. (a) A go tsaya dilo masisi go raya gore re se ka ra iketla le go itumelela go fetsa nako le ba bangwe? Tlhalosa. (b) Ke eng se se ka thusang mogolwane go nna motho yo o kgothatsang le yo o atamelesegang?

9 Go tsaya dilo masisi ga go reye gore re ka se nne le nako ya go ijesa monate le ya go thuba kobo segole le batho ba bangwe. Jesu o ile a re tlhomela sekao se se molemo ka go ipha nako ya go ruta le ya go iketla le go dira botsala le ba bangwe. (Luke 5:27-29; Joh. 12:1, 2) Gape go tsaya dilo masisi ga go reye gore ka metlha re tshwanetse go lebega re se botsalano. Fa Jesu a ka bo a ne a lebega a se botsalano, ruri batho ba ne ba ka se ka ba mo atamela. Tota le bana ba ne ba itumelela go tla kwa go ene. (Mar. 10:13-16) Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a le tekatekano ka yone?

10 Fa mokaulengwe mongwe a ne a bua ka mogolwane mongwe o ne a re: “Ke motho yo o sa batleng go dira diphoso mme gone ga a lebelela gore batho ba bangwe ba se ka ba dira diphoso.” A go ka buiwa jalo le ka wena? Go a utlwala go lebelela gore batho bangwe ba itshware ka tsela e e rileng. Ka sekai, bana ba itshwara sentle fa batsadi ba ba beela mekgele e ba ka kgonang go e fitlhelela mme ba ba thusa go e fitlhelela. Bagolwane le bone ba ka nna ba kgothaletsa bangwe mo phuthegong gore ba gole semoyeng mme ba ba naya dikakantsho tse di maleba tsa gore ba ka dira seo jang. Mo godimo ga moo, fa mogolwane a iteba ka tsela e e tshwanetseng, o tla kgona go kgothatsa batho e bile o tla atamelesega motlhofo. (Bar. 12:3) Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ga ke batle gore mogolwane a tseye sengwe le sengwe e le motlae. Mme gone, fa e se motho yo o botsalano, go nna thata go mo atamela.” Yo mongwe ene o ne a re o akanya gore bagolwane ba bangwe “ba ka go tshosa tota ka gonne ba lebega ba se botsalano le e seng.” Le ka motlha bagolwane ba ka se batle go dira gore badumedi ka bone ba palelwe ke go nna le boipelo jo ba tshwanetseng go nna le jone fa ba obamela Jehofa, “Modimo yo o itumetseng.”—1 Tim. 1:11.

 Go Diragatsa Boikarabelo mo Phuthegong

11. Go ‘kgaratlha’ mo phuthegong go kaya eng?

11 Fa Paulo a ne a kgothatsa banna mo phuthegong gore ba kgaratlhele go tshwanelegela boikarabelo jo bogolwane, boikaelelo jwa gagwe e ne e se go ba kgothaletsa gore ba batle go nna le maemo mangwe. Go na le moo, o ne a kwala jaana: “Fa monna ope a kgaratlhela tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemo.” (1 Tim. 3:1, 4) Go ‘kgaratlha’ go tlhoka gore banna ba Bakeresete ba nne le keletso e e nonofileng ya go batla go dira ka natla gore ba nne le dinonofo tsa semoya tse ba di tlhokang go direla bakaulengwe ba bone. Fa mokaulengwe a na le mo e ka nnang ngwaga a kolobeditswe mme ka selekanyo se se rileng a na le ditshwanelego tsa Dikwalo tsa go nna motlhanka wa bodiredi tse di bontshitsweng mo go 1 Timotheo 3:8-13, a ka nna a buelelwa gore a tlhomiwe. Ela tlhoko gore temana 8 ya re: “Batlhanka ba bodiredi ka tsela e e tshwanang ba tshwanetse go nna ba ba dirang dilo ka masisi.”

12, 13. Tlhalosa ditsela tse bakaulengwe ba basha ba ka kgaratlhelang go nna le boikarabelo ka tsone.

12 A o mokaulengwe yo o kolobeditsweng yo o tsayang dilo masisi, yo o tlogang a wetsa dingwaga tsa bolesome? Go na le ditsela di le mmalwa tse o ka bontshang ka tsone gore o a kgaratlha. E nngwe ke ka go tokafatsa seabe se o nnang le sone mo tirelong ya tshimo. A o motho yo o itumelelang go bereka le bakaulengwe ba dingwaga tse di farologaneng mo tirelong ya tshimo? A o leka go batla motho yo o ka ithutang Baebele le ene? Fa o tshwara thuto ya Baebele go dumalana le dikakantsho tse re di newang kwa dipokanong tsa Bokeresete, o tla tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta. Mo godimo ga moo, o tla ithuta go akanyetsa motho yo o ithutang ditsela tsa ga Jehofa. Fa motho yo o ithutang le ene a simolola go bona botlhokwa jwa go dira diphetogo, o tla ithuta go mo thusa—ka bopelotelele le ka botlhale—gore a dirise melaometheo ya Baebele.

13 Lona bakaulengwe ba basha, lo ka iketleeletsa go thusa batho ba ba godileng mo phuthegong, lo ba thusa ka ditsela tsotlhe tse di ka kgonegang. Gape lo ka bontsha gore lo kgatlhegela kafa Holo ya Bogosi e lebegang ka gone, ka go thusa gore e nne e le phepa e bile e lebega sentle. Fa lo thusa ka tsela epe fela e lo ka kgonang ka yone, go iketleeletsa ga lona go thusa e tla nna bosupi jwa gore lo tsaya bodiredi jwa lona masisi. Lo ka kgona go ithuta go tlhokomela sentle dilo tse phuthego ya lona e di tlhokang fela jaaka Timotheo a ne a dira.—Bala Bafilipi 2:19-22.

14. Ke jang bakaulengwe ba basha ba ka ‘lekwang pele gore a ba tshwanelegela’ go direla mo phuthegong?

14 Bagolwane, elang tlhoko gore lo dirisa bakaulengwe ba basha ba ba lekang go “tshaba dikeletso tse basha ba nang le tsone” le ba ba latelelang “tshiamo, tumelo, lorato, kagiso” le dinonofo tse dingwe tse di molemo. (2 Tim. 2:22) Fa lo ba naya ditiro dingwe tse ba ka di dirang mo phuthegong, ba ka ‘lekwa pele gore a ba tshwanelegela’ go sikara maikarabelo, gore ‘botswelelopele jwa bone bo bonatshege mo bathong botlhe.’—1 Tim. 3:10; 4:15.

Go Bontsha Gore o Tsaya Dilo Masisi mo Phuthegong le mo Lelapeng

15. Go ya ka 1 Timotheo 5:1, 2, re ka bontsha jang gore re tsaya dilo masisi ka tsela e re lebang ba bangwe ka yone?

15 Go tsaya dilo masisi go akaretsa go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona tlotlo. Fa Paulo a ne a naya Timotheo kgakololo, o ne a bua ka botlhokwa jwa go leba ba bangwe ka tlotlo. (Bala 1 Timotheo 5:1, 2.) Seno se botlhokwa thata  fa o dirisana le batho ba bong bo sele. Sekao sa ga Jobe, mo kgannyeng ya go tlotla basadi, bogolo jang mosadi wa gagwe, ke sekao se se molemo se re ka se etsang. O ne a dira ka natla gore a ithibe gore a se ka a leba mosadi yo mongwe ka go mo eletsa. (Jobe 31:1) Go tlotla bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi go tla raya gore re se ka ra tshameka ka maikutlo a bone a lorato kgotsa ra dira le fa e ka nna eng se se ka dirang gore ba ikutlwe ba sa gololesega fa ba na le rona. Go tlotla ba bangwe ke sengwe sa botlhokwa segolobogolo fa batho ba babedi ba ratana ka maikaelelo a go nyalana. Mokeresete yo o tsayang dilo masisi a ka se ka a tshameka ka maikutlo a mongwe wa bong bo sele.—Dia. 12:22.

16. Bontsha kafa tsela e bangwe mo lefatsheng ba lebang seabe sa monna le rre ka yone e farologanang le tsela e Baebele e tlhalosang seabe sa gagwe ka yone.

16 Gape re tshwanetse go ela tlhoko gore re nne re tseye masisi seabe se re se neilweng ke Modimo mo lelapeng. Lefatshe la ga Satane le dira metlae ka seabe sa monna le rre. Metswedi ya boitlosobodutu e itumelela go dira gore ditlhogo tsa malapa di lebege di tshwanelwa ke go sotliwa le go tlontlololwa fela. Le fa go ntse jalo, Baebele e naya monna boikarabelo jo bogolo jwa go nna “tlhogo ya mosadi wa gagwe.”—Baef. 5:23; 1 Bakor. 11:3.

17. Tlhalosa kafa go nna le seabe mo kobamelong ya lelapa go ka bontshang ka gone gore re tsaya maikarabelo a rona masisi.

17 Monna a ka tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang. Le fa go ntse jalo, fa a sa ba neye kaelo ya semoya, o tla bo a bontsha go tlhoka temogo le botlhale. (Dute. 6:6, 7) Ka jalo, 1 Timotheo 3:4 ya re fa o le tlhogo ya lelapa mme o kgaratlhela go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng mo phuthegong, o tshwanetse wa bo o le monna “yo o okamelang ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemo [yo o nang le] bana ba ba mo taolong ka bomasisi jotlhe.” Ipotse jaana malebana le kgang eno, ‘A ka metlha ke dira gore re nne le nako ya kobamelo ya lelapa?’ Basadi bangwe ba Bakeresete ba tshwanelwa ke go nna ba kopa banna ba bone gore ba etelele pele mo dilong tsa semoya. Monna mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka tsela e a lebang boikarabelo jono ka yone. Mme gone mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go ema nokeng thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa mme a dirisane le monna wa gagwe go dira gore e atlege.

18. Bana ba ka ithuta jang go tlhoma mogopolo mo dilong tsa botlhokwa?

18 Bana le bone ba kgothalediwa gore ba tlhome mogopolo mo dilong tse di botlhokwa mo botshelong. (Mor. 12:1) Ga go phoso gore bana ba bannye ba ithute go dira ka natla, ba dira ditiro tsa mo gae tse ba di abetsweng tse di siametseng dingwaga le bokgoni jwa bone. (Dikhu. 3:27) Fa Kgosi Dafide e ne e sa ntse e le mosimanyana, o ne a ithuta go nna modisa yo o molemo. Gape o ne a ithuta go nna moopedi le go nna motlhami wa dipina—e leng bokgoni jo bo dirileng gore a direle mmusi wa Iseraele. (1 Sam. 16:11, 12, 18-21) Ga go pelaelo gore fa Dafide e ne e sa ntse e le mosimanyana o ne a itse go tshameka, mme gape o ne a ithuta bokgoni jo moragonyana a ileng a bo dirisa go baka Jehofa. Bokgoni jwa gagwe e le  modisa bo ne jwa mo thusa gore a nne pelotelele fa a etelela setšhaba sa Iseraele pele. Lona basha, ke bokgoni bofe jo lo ithutang jone—bokgoni jo bo tla lo thusang go direla Mmopi wa lona le jo bo tla lo baakanyetsang boikarabelo jo lo tla nnang le jone mo isagweng?

Go Nna Tekatekano

19, 20. O ititeile sehuba go nna tekatekano jang malebana le tsela e o itebang ka yone le e o lebang kobamelo ya gago ka yone?

19 Rotlhe re ka leka ka natla go nna tekatekano mo tseleng e re itebang ka yone—re sa tseye dilo masisi ka tsela e e feteletseng. Ga re batle go “siama ka tsela e e feteletseng.” (Mor. 7:16) Go se tseye dilo masisi ka tsela e e feteletseng go ka dira gore go se ka ga sisibala thata, e ka ne e le kwa gae, kwa tirong kana fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi. Ba lelapa ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba tshwayatshwayana diphoso ka tsela e e feteletseng e le gore ba se ka ba senya kagiso e legae le tshwanetseng go nna le yone. Mo phuthegong, rotlhe re ka ithuta go tshega le ba bangwe le go itumelela go nna mmogo le bone, re dira gore metlotlo ya rona le tsela e re rutang ka yone e age e bo e kgothatse.—2 Bakor. 13:10; Baef. 4:29.

20 Re tshela mo lefatsheng le le sa tseyeng Jehofa kgotsa melao ya gagwe e le botlhokwa. Go farologana le lone, batho ba ga Jehofa ba tshwenyegile thata ka go ikobela Modimo wa bone le go ikanyega mo go ene. A bo go itumedisa jang ne go nna karolo ya phuthego e kgolo jaana ya batho ba ba obamelang Jehofa “ka bomasisi jotlhe”! E kete re ka ititaya sehuba go tsaya botshelo jwa rona le kobamelo ya rona masisi.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re tshwanetse go nna kgatlhanong le mokgwa wa lefatshe leno wa go se tseye dilo masisi?

• Re ka dira jang gore bodiredi jwa rona bo ipedise, mme gone bo le masisi?

• Tsela e re lebang boikarabelo jwa rona ka yone e bontsha jang gore re tsaya dilo masisi kgotsa nnyaa?

• Tlhalosa gore ke eng fa go tlotla bakaulengwe le ba malapa a rona e le kgang e e masisi.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Monna o tshwanetse go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tsa senama le tsa semoya