Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Itsietsa ka Tsela e e Phoso ya go Akanya

O se Ka wa Itsietsa ka Tsela e e Phoso ya go Akanya

 O se Ka wa Itsietsa ka Tsela e e Phoso ya go Akanya

“KE ENG seno se o se dirileng?” Modimo o ne a botsa Efa jalo morago ga gore a je go tswa mo setlhareng se se ileditsweng. O ne a araba jaana: “Noga—e ntsieditse mme ka ja.” (Gen. 3:13) Satane, noga e e boferefere e e dirileng gore Efa a tlole molao wa Modimo, moragonyana o ne a bidiwa “noga ya kwa tshimologong, . . . yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Tshen. 12:9.

Pego eno ya Genesise e bua ka Satane e le motsietsi, le motho yo o buang maaka ka maikaelelo a go raela ba ba sa ntshang matlho dinameng. Ruri Efa o ne a ineela mo thaelong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore Satane ke ene fela yo o ka re raelang. Baebele gape e re tlhagisa ka kotsi ya go “itsietsa ka tsela e e phoso ya go akanya.”—Jak. 1:22.

Kgang ya go itsietsa e ka bonala e sa kgonege kana tota e bile e le sengwe se se ka se kang sa direga. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore go na le lebaka la go bo tlhagiso eno ya Modimo e le teng. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re sekaseke gore re ka itsietsa jang le gore ke dikakanyo dife tsa maaka tse di ka re tsietsang. Sekao sa Dikwalo se ka re thusa go dira jalo.

Ditiro Tsa go Itsietsa

Mo e ka nnang ka ngwaga wa 537 B.C.E., Kurose yo Mogolo wa kwa Peresia o ne a ntsha taelo ya gore Bajuda ba ba neng ba tshwerwe kwa Babelona ba boele kwa Jerusalema mme ba tsosolose tempele. (Esera 1:1, 2) Mo ngwageng o o latelang batho ba ne ba thaya motheo wa tempele e ntšha go ya kafa Jehofa a neng a rulagantse ka gone. Ba ba neng ba boa botshwarwa ba ne ba baka Jehofa ka go bo a segofaditse karolo eno ya ntlha ya tiro eno e e botlhokwa. (Esera 3:8, 10, 11) Mme go ise go ye kae, go tsosolosiwa ga tempele go ne ga lebana le kganetso mme batho ba ne ba kgobega marapo. Mo e ka nnang dingwaga di le 15 morago ga go boa botshwarwa, balaodi ba Baperesia ba ne ba thibela tiro yotlhe ya go aga kwa Jerusalema. E le go gagamatsa thibelo eo, balaodi ba kgaolo ba ne ba goroga kwa Jerusalema mme “ba emisa [Bajuda] ka maatla a dibetsa.”—Esera 4:21-24.

E re ka Bajuda ba ne ba lebane le kganetso e e masisi, ba ne ba itsietsa ka dikakanyo tse di phoso. Ba ne ba ipolelela jaana: “Nako ga e ise e tle, nako ya ntlo ya ga Jehofa, gore e agiwe.” (Hag. 1:2) Ba ne ba swetsa ka gore Modimo o ne a sa batle gore tempele e agiwe ka yone nako eo. Go na le gore ba senke tsela ya go dira thato ya gagwe, ba ne ba tlogela kabelo ya bone e e boitshepo mme ba tshwarega thata ka go tokafatsa magae a bone. Moporofeti wa Modimo e bong Hagai o ne a ba botsa jaana ka tlhamalalo: “A ke nako ya gore lona lo nne mo matlong a lona a a manegilweng dikgong, fa ntlo eno [tempele ya ga Jehofa] yone e kgakgabetse?”—Hag. 1:4.

A go na le sengwe se o ka ithutang sone mo sekaing seno? Go nna le pono e e seng yone ka maikaelelo a Modimo go ka dira gore re itlhokomolose ditiro le dikabelo tse di amanang le kobamelo ya rona mme re bo re faposiwa ke dilo tse re di kgatlhegelang. Ka sekai, mma re re o letetse baeng. Go nna o ba letile go ka dira gore o nne o tshwaregile ka ditiro dingwe fa o ntse o ba baakanyetsa manno. Le fa go ntse jalo, a re re o amogela molaetsa o o reng baeng ba gago ba tla nna thari. A o tla tlogela go ba baakanyetsa?

Gakologelwa gore Hagai le Sekaria ba ne ba thusa Bajuda go tlhaloganya gore Jehofa o ne a sa ntse a batla gore tempele e tsosolosiwe ka bonako. Hagai o ne a ba rotloetsa jaana: “Lo nonofe, lona lotlhe batho ba lefatshe, . . . mme lo dire.” (Hag. 2:4) Ba ne ba tshwanetse go dira tiro e ba neng ba e neilwe, ba na le tsholofelo ya gore moya wa Modimo o tla ba ema nokeng. (Seka. 4:6, 7) A sekai seno se ka re thusa go tila  go dira ditshwetso tse di sa siamang malebana le letsatsi la ga Jehofa?—1 Bakor. 10:11.

Go Emisetsa Dikakanyo Tse di Phoso ka Tse di Siameng

Moaposetoloi Petere mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi o ne a bua ka thulaganyo ya ga Jehofa ya go tlhoma “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” (2 Pet. 3:13) O ne a bua gore basotli ba ne ba tsosa dipelaelo ka gore a Modimo o tla tsereganya mo dikgannyeng tsa batho. Ba ne ba bua ka tsela e e phoso gore ga go sepe se se tla diregang, ba bua gore “dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.” (2 Pet. 3:4) Petere o ne a batla go ganetsa dikakanyo tse di ntseng jalo tse di phoso. O ne a kwala jaana: ‘Ke kurusa bokgoni jwa lona jwa go akanya jo bo phepa e le go lo gakolola.’ O ne a gakolola Bakeresete ka ene gore basotli ba ne ba fositse. Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a tsereganya mo dikgannyeng tsa batho, mme a tlisa morwalela o o neng wa senya lefatshe lotlhe.—2 Pet. 3:1, 5-7.

Hagai o ne a naya Bajuda ba ba neng ba kgobegile marapo e bile ba tsidifetse kgothatso e e tshwanang le eo ka 520 B.C.E. O ne a ba tlhagisa jaana: “Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona.” (Hag. 1:5) Go kurusa bokgoni jwa bone jwa go akanya, o ne a gakolola baobamedi mmogo le ene ka maikaelelo a Modimo le ditsholofetso tsa gagwe tse di malebana le batho ba Gagwe. (Hag. 1:8; 2:4, 5) Morago fela ga go ba kgothatsa, tiro ya go aga e ne ya simolola gape—le fa balaodi ba ne ba e ganetsa. Baganetsi bao, ba ne ba leka gape go thibela tiro ya go aga, mme ba ne ba itaya sefololetse. Tiro ya go aga e ne ya tswelela, mme mo dingwageng di le tlhano, tempele e ne ya wediwa.—Esera 6:14, 15; Hag. 1:14, 15.

Go Baya Dipelo Tsa Rona mo Ditseleng Tsa Rona

A o akanya gore le rona re ka kgobega marapo fa go tlhaga mathata, fela jaaka Bajuda ba motlha wa ga Hagai? Fa seno se ka direga, re ka nna ra fitlhela go le thata go nna re tlhagafetse mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Mme gone ke eng se se ka re kgobang marapo? Re ka nna ra boga ka ntlha ya tshiamololo ya tsamaiso eno ya dilo. Akanya ka Habakuke yo o neng a botsa jaana: “Ke tla bitsa ka lobaka lo lo kae mme o sa utlwe, pele o re golola mo thubakanyong?” (Hab. 1:2, Today’s English Version) Mokeresete mongwe a ka akanya gore Modimo o a diega, mme a latlhegelwa ke boikutlo jwa go potlaka mme a bo a tshela botshelo jwa manobonobo. A o bona seo se go diragalela? Fa e le gore re akanya gore Modimo o a diega, re tla bo re itsietsa. Ruri go botlhokwa gore re tseye tsia kgakololo ya Dikwalo ya go ‘baya dipelo tsa rona mo ditseleng tsa rona’ le go ‘kurusa bokgoni jwa rona jwa go akanya jo bo phepa’! Re ka nna ra ipotsa, ‘A ke tshwanetse go gakgamadiwa ke gore tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tsere lobaka lo loleele go feta kafa ke neng ke akantse ka gone?’

Nako e Baebele e Neng ya Bolelela Pele ka Yone

Akanya ka mafoko a Jesu a a buileng ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Pego ya ga Mareko ka boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le metlha ya bofelo e bontsha gore Jesu o ne a re gakolola gangwe le gape go nna re ntshitse matlho  dinameng. (Mar. 13:33-37) Re bona tlhagiso e e tshwanang le eo mo boporofeting jo bo tlhalosang letsatsi le legolo la ga Jehofa ka Haramagedona. (Tshen. 16:14-16) Ke eng fa re tlhagisiwa gangwe le gape jaana? Re tlhoka dikgakololo tse di ntseng jalo ka gonne fa batho ba leta lobaka le go bonalang le le loleele, ba ka nna ba se ka ba tlhola ba nna le boikutlo jwa go potlaka.

Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa gore re nne re ntshitse matlho dinameng fa re ntse re letile bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. O ne a bua ka motho yo ntlo ya gagwe e neng e thubilwe. O ne a ka dira jang gore a se ka a utswediwa? Ka go nna a tsogile bosigo jotlhe. Jesu o ne a wetsa setshwantsho seno ka go re gakolola jaana: “Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Math. 24:43, 44.

Setshwantsho seo se bontsha botlhokwa jwa go nna re ipaakanyeditse go leta, le fa e ka nna ka lobaka lo loleele. Ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka gore tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e ka tswa e tsere lobaka lo loleele go feta kafa re neng re solofetse ka gone. E bile ga re a tshwanela go itsietsa ka gore re akanye ka tsela e e phoso ya gore ‘nako ya ga Jehofa ga e ise e goroge.’ Go akanya jalo go ka fokotsa tsela e re ratang go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka yone.—Bar. 12:11.

Go Tlosa Dikakanyo Tse di Phoso

Molaomotheo o o mo go Bagalatia 6:7 o o malebana le go akanya ka tsela e e phoso, o a dira: “Lo se ka lwa tsietsega . . . Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” Fa mmu o tlogelwa fela o sa lemiwa, go motlhofo gore mefero e tlhoge mo go one. Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re sa godise bokgoni jwa rona jwa go akanya, dikakanyo tse di phoso di ka tlhoga mo megopolong ya rona. Ka sekai, re ka nna ra akanya jaana, ‘Gone letsatsi la ga Jehofa le a tla—mme e seng jaanong.’ Go akanya ka tsela e e ntseng jalo go ka dira gore re goge dinao mo ditirong tsa rona tse di direlwang puso ya Modimo. Go ise go ye kae, re ka simolola go tlhokomologa tlhagafalo e re neng re na le yone mo kobamelong. Mme letsatsi la ga Jehofa la re wela re sa lemoge.—2 Pet. 3:10.

Le fa go ntse jalo, go akanya ka tsela e e phoso go ka se ka ga tlhoga mo dikakanyong tsa rona fa re nna re iponela “se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Bar. 12:2) Go bala Lefoko la Modimo ka metlha ke sengwe sa dilo tse di ka re thusang mo metlheng eno ya bokhutlo. Dikwalo di ka dira gore re tlhatswege pelo le go feta gore ka dinako tsotlhe, Jehofa o tsaya kgato ka nako e a e tlhomileng.—Hab. 2:3.

Go ithuta ga rona, go rapela, go ya dipokanong ka metlha, go rera, mmogo le ditiro tsa rona tsa bopelonomi tse re di dirang ka lorato di tla re thusa go nna re “ntse [re] akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Pet. 3:11, 12) Jehofa o tla lemoga gore re mo direla ka metlha. Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagal. 6:9.

Ruri eno ga se nako ya go letla dikakanyo tse di phoso go re tsietsa gore re akanye gore Jehofa o buseditse letsatsi la gagwe kwa morago. Go na le moo, ke nako ya go nonotsha dipelo tsa rona, gonne letsatsi la ga Jehofa le gaufi.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Hagai le Sekaria ba ne ba rotloetsa Bajuda go aga

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go tweng fa e le gore mong wa ntlo o ne a itse gore legodu le a tla?